‘Tlotlang ba ba Dirang ka Natla mo Gare ga Lona’
“Lo tlotle ba ba dirang ka natla mo gare ga lona ba bile ba lo okametse mo Moreneng le go lo tlhagisa.”—1 BATHES. 5:12.
1, 2. (a) Boemo e ne e le bofe kwa phuthegong ya kwa Thesalonika fa Paulo a ba kwalela lekwalo la gagwe la ntlha? (b) Paulo o ne a kgothaletsa Bathesalonika go dira eng?
AKANYA o le leloko la phuthego ya lekgolo la ntlha la dingwaga ya kwa Thesalonika, nngwe ya diphuthego tsa ntlha tse di tlhomilweng kwa Yuropa. Moaposetoloi Paulo o feditse nako e ntsi a kgothatsa bakaulengwe ba koo. A ka tswa a ile a tlhoma banna ba bagolwane gore ba etelele pele, fela jaaka a ile a dira mo diphuthegong tse dingwe. (Dit. 14:23) Mme morago ga gore phuthego eo e tlhomiwe, Bajuda ba ne ba rulaganya segongwana gore se ntshe Paulo le Silase mo motseng. Bakeresete ba ba neng ba setse koo, ba ka tswa ba ile ba ikutlwa ba latlhilwe gongwe e bile ba boifa.
2 Go a utlwala gore fa Paulo a sena go tswa kwa Thesalonika, o ne a tshwenyegile thata ka phuthego eo e e sa tswang go tlhomiwa. O ne a leka go boela kwa go bone mme ‘Satane o ne a ema tselana ya gagwe pele.’ Ka jalo, o ne a romela Timotheo go ya go kgothatsa phuthego eo. (1 Bathes. 2:18; 3:2) Fa Timotheo a boa ka pego e e molemo, Paulo o ne a tlhotlheletsega go kwalela Bathesalonika lekwalo. Nngwe ya dilo tse Paulo a neng a ba kgothaletsa go di dira e ne e le go ‘tlotla ba ba ba okametseng.’—Bala 1 Bathesalonika 5:12, 13.
3. Bakeresete ba kwa Thesalonika ba ne ba na le mabaka afe a go tlotla banna ba bagolwane ka tsela e e fetang e e tlwaelegileng?
3 Bakaulengwe ba ba neng ba etelela pele Bakeresete ba kwa Thesalonika ba ne ba se na maitemogelo a Paulo le bapati ba gagwe ba neng ba na le one; e bile ba ne ba se na kitso ya dilo tsa semoya jaaka bagolwane ba kwa Jerusalema. Kana e bile, phuthego eo e ne e se na ngwaga e tlhomilwe! Le fa go ntse jalo, ba ba neng ba le mo phuthegong ba ne ba na le lebaka la go itumelela banna ba bagolwane ba ba neng ba ‘dira ka natla’ e bile ba “okametse” phuthego le go “tlhagisa” bakaulengwe. Eleruri ba ne ba na le lebaka le le utlwalang la go ‘tlotla bagolwane ka tsela e e fetang e e tlwaelegileng ka lorato.’ Mafoko ao a latelwa ke kgakololo ya ga Paulo ya gore “mongwe le mongwe a nne le kagiso le yo mongwe.” Fa o ka bo o le gone kwa Thesalonika, a o ka bo o bontshitse gore o anaanela thata tiro e bagolwane ba e dirang? O leba jang “dimpho tse e leng banna” tse Modimo a di abetseng phuthego ya lona a dirisa Keresete?—Baef. 4:8.
‘Ba Dira ka Natla’
4, 5. Ke eng fa e ne e le tiro e e boima gore banna ba bagolwane ba motlha wa ga Paulo ba rute phuthego, mme ke eng fa go ntse jalo le gompieno?
4 Morago ga gore Paulo le Silase ba romelwe kwa Berea, banna ba bagolwane ba kwa Thesalonika ba ne ba ‘dira ka natla’ jang? Ga go pelaelo gore ba ne ba etsa sekao sa ga Paulo ka go ruta phuthego ba dirisa Dikwalo. O ka tswa o ipotsa gore, ‘A Bakeresete ba kwa Thesalonika ba ne ba anaanela Lefoko la Modimo?’ Kana e bile, Baebele ya re Baberea ba ne ba “na le mogopolo o o bulegileng thata go gaisa ba ba kwa Thesalonika, . . . ba tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko letsatsi le letsatsi.” (Dit. 17:11) Le fa go ntse jalo, fano go buiwa ka bontsi jwa Bajuda ba kwa Thesalonika e seng Bakeresete. Ba ba neng ba nna badumedi ba ne ba ‘amogela lefoko la Modimo e seng jaaka lefoko la batho mme jaaka lefoko la Modimo.’ (1 Bathes. 2:13) Banna ba bagolwane ba tshwanetse ba bo ba ne ba dira ka natla go tlamela batho bao semoyeng.
5 Gompieno, motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale o naya letsomane la Modimo “dijo . . . ka nako e e tshwanetseng.” (Math. 24:45) Bagolwane ba diphuthego ba dira ka natla go tlamela bakaulengwe ba bone semoyeng, ba kaelwa ke motlhanka yoo. Baboledi ba mo diphuthegong ba ka tswa ba na le motlele wa dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng, mme mo dipuong tse dingwe go na le didirisiwa tse di jaaka Watch Tower Publications Index le Watchtower Library ka CD-ROM. Bagolwane ba dirisa nako e ntsi ba baakanyetsa dikabelo tse ba tla nnang le tsone mo dipokanong gore ba di neele ka tsela e e utlwalang, gore phuthego e solegelwe molemo semoyeng. A o kile wa akanya gore bagolwane ba dirisa nako e e kana kang ba baakanyetsa dikabelo tse ba tla nnang le tsone kwa dipokanong le kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo?
6, 7. (a) Banna ba bagolwane ba kwa Thesalonika ba ne ba ithuta eng mo sekaong sa ga Paulo? (b) Ke eng fa e ka nna kgwetlho gore bagolwane gompieno ba etse Paulo?
6 Banna ba bagolwane ba kwa Thesalonika ba ne ba gakologelwa sekao se se molemo se Paulo a se tlhomileng sa go disa letsomane. O ne a sa dire dilo ka go diragatsa molao fela. Fela jaaka re tlotlile mo setlhogong se se fetileng, Paulo o ne a “nna bonolo . . . , jaaka fa mmè yo o amusang a ngomaela bana ba gagwe.” (Bala 1 Bathesalonika 2:7, 8.) E bile o ne a ikemiseditse ‘go ba naya moya wa gagwe’! Banna ba bagolwane ba ne ba tshwanetse go disa letsomane fela jaaka ene.
7 Badisa ba Bakeresete gompieno ba etsa Paulo ka go bontsha letsomane lorato. Ka tlholego fela, dinku tse dingwe ga di botsalano e bile ga di pelonomi. Le fa go ntse jalo, bagolwane ba leka go bontsha temogo le go “bona molemo” mo go tsone. (Dia. 16:20) Ke boammaaruri gore e re ka bagolwane ba sa itekanela, mogolwane a ka nna a thatafalelwa ke go leba mongwe le mongwe ka tsela e e siameng. Le fa go ntse jalo, fa a ntse a leka go nna bonolo mo go botlhe, a ga a tshwanelwa ke go akgolelwa maiteko a gagwe a go nna modisa yo o molemo yo o kaelwang ke Keresete?
8, 9. Dingwe tsa ditsela tse bagolwane ba motlha wa rona ba ‘lebeletseng meya ya rona’ ka tsone ke dife?
8 Rotlhe re na le lebaka la go ‘ikobela’ bagolwane. Jaaka Paulo a ne a kwala, ‘ba lebeletse meya ya rona.’ (Baheb. 13:17) Polelwana eo e re gakolola modisa wa mmatota yo o itimang boroko gore a sireletse letsomane la gagwe. Bagolwane gompieno le bone ba itima boroko gore ba thuse ba ba nang le botsogo jo bo bokoa ka se ba se tlhokang le go thusa ba ba nang le mathata a maikutlo kgotsa a semoya. Ka sekai, bakaulengwe ba ba leng mo Dikomiting Tsa Puisano le Dikokelo ba ka tsosiwa ba robetse gore ba ye go thusa bangwe ka bothata bongwe jwa tsa kalafi. Le fa go ntse jalo, fa re lebana le boemo jo bo ntseng jalo, ruri re anaanela se ba re direlang sone fa re lebane le maemo a a ntseng jalo!
9 Bagolwane ba ba leng mo Dikomiting Tsa Kago Tsa Kgaolo le mo dikomiting tsa thuso ya namolo ba dira ka natla go thusa bakaulengwe ba bangwe. Re tshwanetse go ba ema nokeng ka botlalo! Akanya ka maiteko a go thusa batho morago ga gore Sefefo sa Nargis se senye kwa Myanmar ka 2008. E le gore setlhopha sa thuso ya namolo se kgone go fitlhelela Phuthego ya Bothingone e e mo kgaolong e e gaufi le lewatle e e neng e senyegile thata ya Irrawaddy, bakaulengwe ba ne ba tshwanelwa ke go tsamaya mo lefelong le le tletseng ditopo. Fa bakaulengwe ba koo ba bona setlhopha sa ntlha se se fitlhileng kwa Bothingone se se neng se tsamaya le yo e kileng ya bo e le molebedi wa bone wa potologo ba ne ba goa ba re: “Bonang! Ke molebedi wa rona wa potologo! Jehofa o re bolokile!” A o anaanela tiro e e tswileng diatla e bagolwane ba e dirang bosigo le motshegare? Bagolwane bangwe ba tlhomilwe gore ba direle mo dikomiting tse di kgethegileng tsa boatlhodi tse di rarabololang mathata a a masisi. Bagolwane bao ga ba ikgogomose ka se ba se fitlheletseng; e bile ba ba solegetsweng molemo ke tirelo ya bone ba ba leboga go menagane.—Math. 6:2-4.
10. Bagolwane ba dira ditiro dife tse di sa lemotshegeng go le kalo?
10 Bagolwane ba le bantsi gompieno gape ba na le tiro ya go bala le go kwala dilo dingwe. Ka sekai, morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane o dira thulaganyo ya dipokano tsa beke le beke. Mokwaledi wa phuthego o kokoanya dipego tsa tirelo ya tshimo tsa kgwedi le tsa ngwaga. Molebedi wa sekolo o akanyetsa ka kelotlhoko thulaganyo ya sekolo. Morago ga dikgwedi dingwe le dingwe tse tharo, diakhaonto tsa phuthego di tshwanetse go tlhatlhobiwa. Bagolwane ba bala makwalo a a tswang kwa ofising ya lekala mme ba dirisa kaelo eo e e ba thusang go boloka “bongwefela mo tumelong.” (Baef. 4:3, 13) Go dira ka natla ga bagolwane ba ba ntseng jalo go thusa gore “dilo tsotlhe di diragale ka mokgwa o montle le ka thulaganyo.”—1 Bakor. 14:40.
‘Ba ba Lo Okametseng’
11, 12. Ke bomang ba ba okamelang phuthego, mme go dira jalo go akaretsa eng?
11 Paulo o ne a tlhalosa banna ba ba dirang ka natla ba kwa Thesalonika e le ba ba ‘okametseng’ phuthego. Mo puong ya ntlhantlha, lefoko leno le kaya “go ema fa pele ga,” mme le ka tlhalosiwa e le go “kaela; go etelelapele mo gare ga batho.” (1 Bathes. 5:12) Paulo o ne a re bone bagolwane bao ba ‘dira ka natla.’ Fano o ne a sa bue ka “molebedi yo o okamelang” a le mongwe fela mme o ne a bua ka banna botlhe ba bagolwane mo phuthegong. Gompieno, bontsi jwa bagolwane ba ema fa pele ga phuthego mme ba tshwara dipokano. Tsela e ntšha eno ya go dirisa polelwana “morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane” e re thusa go leba bagolwane botlhe e le maloko a setlhopha se se lomaganeng.
12 Go ‘okamela’ phuthego ga go kaye go e ruta fela. Lefoko leno le dirisiwa gape mo go 1 Timotheo 3:4. Paulo o ne a re molebedi o tshwanetse go nna “monna yo o okamelang ba ntlo ya gagwe ka mokgwa o o molemo, a na le bana ba ba mo taolong ka bomasisi jotlhe.” Fano lefoko go ‘okamela’ ga le akaretse fela go ruta bana ba gagwe gape le akaretsa le go etelela lelapa pele le go nna le “bana ba ba mo taolong.” Ee, bagolwane ba etelela phuthego pele ba thusa botlhe gore ba nne mo taolong ya ga Jehofa.—1 Tim. 3:5.
13. Ke eng fa go tsaya nako gore bagolwane ba fitlhelele tshwetso kwa pokanong ya bagolwane?
13 Gore bagolwane ba kgone go okamela letsomane sentle, ba tshwanetse go buisana ka gore ke eng se phuthego e tlhokang go thusiwa mo go sone. Le fa go ka nna bonako gore ditshwetso tsotlhe di dirwe ke mogolwane a le mongwe fela, ditlhopha tsa bagolwane tsa motlha wa rona di latela sekao sa setlhopha se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga ka go tlotla ka dikgang ba gololesegile, ba batla kaelo mo Dikwalong. Mokgele wa bone ke go dirisa melaometheo ya Dikwalo go thusa phuthego ya bone ka se e se tlhokang. Seno se molemo fa mogolwane mongwe le mongwe a baakanyetsa dipokano tsa bagolwane, a akanyetsa Dikwalo le dikaelo tse di tswang mo setlhopheng sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale. Gone ke boammaaruri gore go dira jalo go tsaya nako e ntsi. Fa go na le sengwe se ba sa utlwaneng ka sone, fela jaaka go ne ga direga fa setlhopha se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga se ne se sekaseka kgang ya go rupa, ba dirisa nako e ntsi ba dira dipatlisiso tse di tlhokegang gore ba kgone go fitlhelela tumalano e e theilweng mo Dikwalong.—Dit. 15:2, 6, 7, 12-14, 28.
14. A o anaanela ntlha ya gore bagolwane ba dirisana mmogo ka kutlwano? Ke eng fa o ikutlwa jalo?
14 Go ka direga eng fa mogolwane a le mongwe a tatalela gore dilo di dirwe ka tsela ya gagwe mme a leka go buelela dikgopolo tsa gagwe? Kgotsa go tweng fa mongwe—jaaka Dioterefese wa mo lekgolong la ntlha la dingwaga—a dira gore go nne le dikgogakgogano? (3 Joh. 9, 10) Ruri phuthego yotlhe e tla boga. Fa Satane a ile a leka go tlhakatlhakanya phuthego ya lekgolo la ntlha la dingwaga, re ka tlhomamisega gore le gompieno o batla go senya kagiso ya phuthego. A ka nna a dirisa tshekamelo ya batho ya bopelotshetlha, jaaka go rata go tlhagelela. Ka jalo, bagolwane ba tshwanetse go lwela go nna boikokobetso mme ba dirisane mmogo e le setlhopha se se lomaganeng. Ruri re anaanela boikokobetso jwa bagolwane ba ba dirisanang mmogo e le setlhopha!
Ba “lo Tlhagisa”
15. Ke eng se se tlhotlheletsang bagolwane gore ba tlhagise mokaulengwe kgotsa kgaitsadi?
15 Go tswa foo, Paulo o ne a gatelela tiro nngwe e e boima mme gone e le botlhokwa e banna ba bagolwane ba tshwanetseng go e dira: go tlhagisa letsomane. Mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika, ke moaposetoloi Paulo fela yo o dirisang lereo la Segerika le le ranotsweng e le go “tlhagisa.” Le ka kaya kgakololo e e masisi mme ga le kaye go nna kgatlhanong le mongwe. (Dit. 20:31; 2 Bathes. 3:15) Ka sekai, Paulo o ne a kwalela Bakorintha jaana: “Ke kwala dilo tseno, e seng go lo tlhabisa ditlhong, fa e se go lo tlhagisa jaaka bana ba me ba ba rategang.” (1 Bakor. 4:14) O ne a tlhotlheletsega go tlhagisa batho ka gonne o ne a ba rata.
16. Bagolwane ba tshwanetse go nna ba gakologetswe eng fa ba tlhagisa ba bangwe?
16 Bagolwane ba nna ba gakologetswe botlhokwa jwa tsela e ba tlhagisang batho ba bangwe ka yone. Ba leka ka natla go etsa Paulo ka go nna pelonomi, lorato, le go thusa ba bangwe. (Bala 1 Bathesalonika 2:11, 12.) Ke boammaaruri gore, bagolwane ba ‘tshwareletse ka nitamo mo lefokong le le ikanyegang gore ba kgone go rotloetsa ka thuto e e itekanetseng.’—Tito 1:5-9.
17, 18. O tshwanetse go nna o gakologetswe eng fa mogolwane a go tlhagisa?
17 Ke boammaaruri gore bagolwane ga ba a itekanela mme ba ka bua kgotsa ba dira dilo tse moragonyana ba tla di ikwatlhaelang. (1 Dikg. 8:46; Jak. 3:8) Gape, bagolwane ba a itse gore, gantsi kgalemelo e bakaulengwe le bokgaitsadi ba e amogelang, ‘ga e ipedise mme e a hutsafatsa.’ (Baheb. 12:11) Ka jalo, fa mogolwane a atamela mongwe gore a mo tlhagise, a ka tswa a dira jalo morago ga go akanya ka kelotlhoko ka kgang eo le go e rapelela. Fa o kile wa tlhagisiwa, a o anaanela gore mogolwane yoo o amegile ka wena e bile o a go rata?
18 A re re gongwe o na le bothata bongwe jwa botsogo jo go lebegang go se na ngaka epe e e kgonang go bo tlhalosa. Jaanong o fitlhela ngaka nngwe e e kgonang go go bolelela sentle gore bothata ke eng mme go le thata gore o amogele se e go bolelelang sone. A o tla kgotswela ngaka eo? Nnyaa! Tota le fa a ka akantsha gore o dirwe karo, o ka nna wa amogela kalafi eo, o dumela gore e tla go solegela molemo. Tsela e ngaka e go bolelelang dikgang ka yone e ka ama tsela e o ikutlwang ka yone, mme gone a o tla letla seo se ama tshwetso e o tla e dirang? Gongwe ga o ne o dira jalo. Ka tsela e e tshwanang, o se ka wa letla tsela e o tlhagisiwang ka yone e go thibela gore o reetse ba Jehofa le Jesu ba ka tswang ba ba dirisa go go itsise gore o ka itshireletsa jang semoyeng.
Anaanela Bagolwane ba Jehofa a ba Tlhomileng
19, 20. O ka bontsha jang gore o anaanela “dimpho tse e leng banna”?
19 O ne o ka dira eng fa o ne o ka amogela mpho e e diretsweng wena? A o ne o tla bontsha gore o a e anaanela ka go e dirisa? Jehofa o dirisitse Jesu Keresete go go naya “dimpho tse e leng banna.” Tsela nngwe e o ka bontshang ka yone gore o lebogela dimpho tseno ke ka go reetsa ka kelotlhoko fa bagolwane ba neela dipuo le ka go leka go dirisa dintlha tse ba di bolelang. Gape o ka bontsha kanaanelo ka go akgela go tswa pelong fa o le kwa dipokanong. Ema nokeng tiro e bagolwane ba e eteletseng pele, e e jaaka tirelo ya tshimo. Fa o solegetswe molemo ke kgakololo nngwe e mogolwane mongwe a go neileng yone, ke eng fa o sa mmolelele? Mo godimo ga moo, ke eng o sa bontshe go anaanela malapa a bagolwane? Gakologelwa gore, e le gore mogolwane a dire ka natla mo phuthegong, lelapa la gagwe le ithontsha nako e ba ka bong ba e fetsa le ene.
20 Ee, re na le mabaka a mantsi a go bontsha gore re anaanela bagolwane ba ba dirang ka natla mo gare ga rona, ba re okamela e bile ba re tlhagisa. “Dimpho tseno tse e leng banna” ruri ke mpho e e lorato e e tswang kwa go Jehofa!
A o A Gakologelwa?
• Bakeresete ba kwa Thesalonika ba ne ba na le mabaka afe a go anaanela ba ba eteletseng pele mo gare ga bone?
• Bagolwane ba mo phuthegong ya lona ba go direla ka natla jang?
• O solegelwa molemo jang ke bagolwane ba ba go okametseng?
• Fa mogolwane a go tlhagisa, ke eng se o tshwanetse go nna o se gakologetswe?
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
A o anaanela ditsela tse dintsi tse bagolwane ba disang phuthego ka tsone?