Kafa o ka Bonang Bodumedi Jwa Boammaaruri ka Teng
Bangwe ba botsa gore, ‘fa e le gore go na le boammaaruri jo bo tswang kwa Modimong, ke ka ntlha yang fa ke tshwanetse go bo batla? Fa e le gore Modimo o na le molaetsa o o botlhokwa wa batho botlhe, a o ne a se kitla a o fetisa ka tsela e e utlwalang sentle mo e leng gore batho ba ka kgona go o tlhaloganya ka bonako, ba sa tlhoke go o sekaseka?’
GA GO na pelaelo gore Modimo a ka kgona go dira jalo. Mme a ke kafa a tlhophileng go fetisa boammaaruri ka teng?
Kafa Modimo a Fetisang Boammaaruri ka Teng
Totatota, Modimo o fetisa melaetsa ya gagwe ka tsela e e dirang gore batho ba ba batlang boammaaruri ka tlhoafalo ba kgone go bo bona. (Pesalema 14:2) Akanya ka molaetsa o Modimo a ileng a o fetisa ka moporofeti wa gagwe e bong Jeremia makgolokgolo a dingwaga a a fetileng. Molaetsa oo o ne wa newa batho ba Modimo ba ba neng ba tsuologile, ba bolelelwa gore Jerusalema e ne e tla senngwa ke Bababelona.—Jeremia 25:8-11; 52:12-14.
Le fa go ntse jalo, ka yone nako eo go ne go na le baporofeti ba bangwe ba ba neng ba bolela gore melaetsa ya bone e tswa kwa Modimong. Hanania o ne a bolelela pele gore go tla nna le kagiso kwa Jerusalema. E ne e le molaetsa o o farologaneng thata le o Jeremia a neng a o bolela. Ka gone ke mang yo ka nako eo a neng a tshwanetse go dumelwa—Jeremia kgotsa ba bangwe ba ba neng ba mo ganetsa?—Jeremia 23:16, 17; 28:1, 2, 10-17.
Gore Bajuda ba ba tlhoafetseng ba itse se se siameng, ba ne ba tshwanetse go itse Jehofa ka boene. Ba ne ba tshwanetse go tlhaloganya melao le melaometheo ya gagwe, le gore o ikutlwa jang ka bosula. Ka go dira jalo, ba ne ba tla bo ba dumalana le mafoko a Modimo a a buileng ka Jeremia gore “go ne go se na motho yo o ikwatlhaelang bosula jwa gagwe.” (Jeremia 8:5-7) Mo godimo ga moo, ba ne ba tla lemoga gore boemo jono jo bo utlwisang botlhoko bo ne bo se kitla bo kaya isagwe e e itumedisang ka Jerusalema le baagi ba teng.—Duteronome 28:15-68; Jeremia 52:4-14.
Boporofeti jwa ga Jeremia ka Jerusalema bo ne jwa diragadiwa. Motse ono o ne wa ripitlwa ke Bababelona ka 607 B.C.E.
Le fa gone ditlamorago tsa go sa utlwe di ile tsa bolelelwa pele nako e telele pele ga di nna teng, go ne go tlhokega gore batho ba tseye matsapa go lemoga gore nako ya gore Modimo a tseye kgato e fitlhile.
Go Tweng ka Boammaaruri Jwa Bokeresete?
Go ka tweng ka boammaaruri jo Jesu Keresete a neng a bo bolela? A mongwe le mongwe o ne a lemoga gore ke molaetsa o o neng o tswa go Modimo? Nnyaa. Tota le fa Jesu a ne a le gone fa gare ga batho ba Iseraele, a ba ruta le go dira dikgakgamatso, bontsi jwa bareetsi ba gagwe ba ne ba sa lemoge gore e ne e le Mesia yo go boleletsweng pele ka ene—Keresete kgotsa Motlodiwa.
Jesu ka boene o ne a raya Bafarasai ba ba neng ba botsa gore Bogosi jwa Modimo bo tla tla leng a re: “Bogosi jwa Modimo ga bo tle bo lemotshega pepenene.” O ne a oketsa ka gore: “Bogosi jwa Modimo bo mo gare ga lona.” (Luke 17:20, 21) Mmusi yo o tlhophilweng ke Modimo e bong Jesu, o ne a le mo gare ga bone! Mme Bafarasai bao ba ne ba gana go amogela bosupi jwa gore o ne a diragatsa boporofeti jo bo neng bo bontsha gore ke Mesia le go mo amogela jaaka “Keresete, Morwa Modimo yo o tshedileng.”—Mathaio 16:16.
Tsela e batho ba neng ba tsibogela boammaaruri jo bo neng bo bolelwa ke barutwa ba ga Keresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e tshwana le yone eno. Le fa gone dikgakgamatso di ne di thusa go bontsha gore Modimo o eme barutwa nokeng, go ne go se motlhofo mo go ba le bantsi go lemoga boammaaruri. (Ditiro 8:1-8; 9:32-41) Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba ‘dire batho barutwa’ ka go ba ruta. Mme ka ntlha ya go reetsa le go ithuta boammaaruri jwa Dikwalo, batho ba ba batlang boammaaruri ka tlhoafalo ba ne ba nna badumedi.—Mathaio 28:19; Ditiro 5:42; 17:2-4, 32-34.
Go ntse jalo le gompieno. ‘Dikgang tse di molemo tsa bogosi di rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe.’ (Mathaio 24:14) Mme ga se gore seno se dirwa gore ‘se lemotshege pepenene’—ka tsela ya gore motho mongwe le mongwe mo lefatsheng a lemoge gore ke molaetsa o o tswang kwa Modimong. Le fa go ntse jalo, boammaaruri jwa Modimo bo ka kgona go lemogiwa e bile bo ama batho ba ba dipelo tse di ikanyegang ba ba batlang go obamela Modimo ka tsela e a e amogelang.—Johane 10:4, 27.
Lebaka la go bo o bala makasine o o theilweng mo Baebeleng le bontsha gore go ka direga gore o mongwe wa batho ba ba batlang boammaaruri ka tlhoafalo. O ka tlhomamisa jang gore ke bodumedi bofe jo bo rutang boammaaruri?
Tsela e e Molemo ya go Bona Bodumedi Jwa Boammaaruri
Moaposetoloi Paulo o ne a akgola baagi bangwe ba kwa Berea ba lekgolo la ntlha la dingwaga ka ntlha ya tsela e ba neng ba tsiboga ka yone fa a ne a ba ruta. Ga ba a ka ba amogela ka bonako fela se Paulo a neng a se bua e le boammaaruri; le fa go ntse jalo, ba ne ba reetsa ka tlotlo. Re ka ithuta sengwe ka se Baberea ba ileng ba se dira fa re sena go utlwa molaetsa.
Ela tlhoko gore Baebele e tlhalosa jaana: “Jaanong [Baberea] ba ne ba na le mogopolo o o bulegileng thata go gaisa ba ba kwa Thesalonika, gonne ba ne ba amogela lefoko ka mogopolo o o tlhagafetseng thata, ba tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko letsatsi le letsatsi gore a dilo tseno di ne di ntse jalo. Jalo ba le bantsi ba bone ba ne ba nna badumedi.” (Ditiro 17:10-12) Ka jalo, go batla ga bone e ne e le go go tseneletseng. Ba ne ba sa lebelela go bona matswela a e neng e tla nna makgaolakgang morago ga gore ba nne le puisano e le nngwe kgotsa tse pedi fela tse dikhutshwane le Paulo.
Ela tlhoko gape gore Baberea “ba ne ba amogela lefoko ka mogopolo o o tlhagafetseng thata.” Seno se re bolelela sengwe ka boikutlo jo ba neng ba na le jone fa ba ne ba sekaseka Dikwalo. E ne e se bomadumelagotlhe mme e bile gape ba ne ba sa belaele sengwe le sengwe se se buiwang. Ba ne ba se na boikutlo jwa go tshwaya phoso dilo tse di neng di tlhalosiwa ke Paulo yo e neng e le moemedi wa Modimo.
Akanya gape ka seno: E ne e le la ntlha Baberea ba utlwa ka Bokeresete. Bo ne bo utlwala bo le molemo thata, gongwe e bile bo le molemo ka tsela e motho a ka se kang a dumela gore ke boammaaruri. Mme go na le gore ba bo gane, ba ne ba tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko, ba batla go bona gore ‘a dilo tse Paulo a neng a di bua di ne di ntse jalo.’ Ela tlhoko gape gore batho ba ba neng ba le kwa Berea le kwa Thesalonika ba ba neng ba tlhatlhoba dilo ka kelotlhoko ba ne ba nna badumedi. (Ditiro 17:4, 12) Ga ba a ka ba itlhoboga ba ipolelela gore ba ka se kgone go bona boammaaruri. Ba ne ba lemoga bodumedi jwa boammaaruri.
Kafa Boammaaruri bo Amang Batho ka Teng
Fa motho a bona boammaaruri, jaaka Baberea, o tlhotlheletsega go bo bolelela ba bangwe ka tlhagafalo. Batho ba bangwe ba ka tswa ba sa rate fa a dira jalo, ba tsaya gore e tla bo e le go bontsha boikokobetso go tsaya gore madumedi a mangwe le one a ka tswa a le boammaaruri. Le fa go ntse jalo, boammaaruri jwa Baebele—fa bo setse bo bonwe—bo dira gore motho a tlhatswege pelo. Ga bo dire gore motho a nne a belaele gore a go a kgonega go bona boammaaruri kgotsa gore a madumedi otlhe a ka tswa a kgona go dira gore motho a bolokege. Le fa go ntse jalo, go bona boammaaruri, go simolola ka gore motho a dire dipatlisiso ka tlhoafalo, e leng selo se se tlhokang gore motho a nne boikokobetso tota.
Basupi ba ga Jehofa ba dirile dipatlisiso tse di ntseng jalo. Ke ka moo ba dumelang gore ba bone bodumedi jwa boammaaruri. Mme ba go laletsa gore o tlhatlhobe Dikwalo gore o tle o bone gore ke bomang ba ba leng mo bodumeding jwa boammaaruri gompieno. Le fa gone go akaretsa go le gontsi go feta fela go nna le lenaane la dintlha tse o di sekasekang, tshedimosetso e e malebana le Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga e e mo lebokosong le le mo tsebeng eno e ka go thusa gore o simolole ka dipatlisiso tsa gago.
Ka go dumela go ithuta Baebele kwa gae mahala le Basupi ba ga Jehofa, o ka kgona go dira dipatlisiso tse di tseneletseng malebana le se tota Baebele e se rutang. Fa o ithuta seno o ka kgona go bona gore ke bodumedi bofe jo e leng jwa boammaaruri.
[Lebokoso mo go tsebe 9]
Dilo Tse di Supang Bodumedi Jwa Boammaaruri
Sekaseka dilo tse di neng di dirwa ke Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga le dithuto tsa bone:
◼ Ba ne ba ikaega ka Lefoko la Modimo gore e nne lone le ba kaelang.—2 Timotheo 3:16; 2 Petere 1:21.
◼ Ba ne ba ruta gore Jesu e ne e le Morwa Modimo mme o farologane le Modimo ka boene e bile o kafa tlase ga gagwe.—1 Bakorintha 11:3; 1 Petere 1:3.
◼ Ba ne ba ruta gore baswi ba tla boa ba tshela gape ka go tsosiwa mo baswing ka nako e e tlang.—Ditiro 24:15.
◼ Ba ne ba itsege gongwe le gongwe ka ntlha ya lorato lo ba ratanang ka lone.—Johane 13:34, 35.
◼ Ba ne ba sa obamele fela e le motho ka bongwe mme ba ne ba rulagantswe ka diphuthego e bile ba ne ba utlwana kafa tlase ga balebedi le setlhopha sa bagolwane se se neng se tsaya Jesu e le tlhogo ya bone.—Ditiro 14:21-23; 15:1-31; Baefeso 1:22; 1 Timotheo 3:1-13.
◼ Ba ne ba rera ka tlhoafalo gore Bogosi jwa Modimo ke jone fela tsholofelo e batho ba nang le yone.—Mathaio 24:14; 28:19, 20; Ditiro 1:8.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Batho ba ne ba tla itse jang gore a Jeremia e ne e le moporofeti wa boammaaruri fa ba bangwe ba ne ba mo ganetsa?
[Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]
Baberea ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba reetsa Paulo mme morago ga foo ba bo ba tlhatlhoba Dikwalo go tlhomamisa gore a dilo tse a neng a di bua di boammaaruri
[Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]
Go ithuta Baebele ka kelotlhoko go ka go thusa gore o bone bodumedi jwa boammaaruri