Kgaolo ya Bobedi
Rre le Barwa ba Gagwe ba Batsuolodi
1, 2. Tlhalosa kafa Jehofa a ileng a nna le barwa ba batsuolodi ka gone.
O NE a tlamela bana ba gagwe sentle, fela jaaka motsadi mongwe le mongwe yo o lorato a ne a ka dira. Ka dingwaga di le dintsi o ne a tlhomamisa gore ba a ja, ba a apara, e bile ba na le fa ba latsang tlhogo teng. Fa go tlhokega, o ne a ba otlhaya. Mme kotlhao ya bone e ne e se ke e fetelela; ka metlha e ne e dirwa “ka selekanyo se se tshwanetseng.” (Jeremia 30:11) Ka gone, re ka kgona go bona fela gore rre yono yo o lorato o utlwa botlhoko jang fa a tshwanelwa ke go bua mafoko ano: “Ke otlile ka ba ka godisa bana ba basimane, mme ba ntlhanogetse.”—Isaia 1:2b.
2 Bana ba basimane ba batsuolodi ba go buiwang ka bone fano ke batho ba Juda, mme rre yo o utlwileng botlhoko ke Jehofa Modimo. A masisapelo! Jehofa o tlametse Bajudea, mme a ba tsholeletsa mo boemong jo bo kwa godimo mo ditšhabeng. “Ke ne ka go apesa seaparo se se kgabisitsweng le go go rwesa ditlhako tsa letlalo la lenyebi mme ka go hapa ka leloba le le boleta le go go bipa ka letsela le le jang madi a mantsi,” o ba gakolola jalo moragonyana ka moporofeti Esekiele. (Esekiele 16:10) Le fa go ntse jalo, bontsi jwa batho ba Juda ga ba anaanele se Jehofa a se ba diretseng. Go na le moo, ba a tsuologa, kgotsa ba a tlhanoga.
3. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a bitsa magodimo le lefatshe gore di supele botsuolodi jwa Juda?
3 Ke ka lebaka le le utlwalang go bo Jehofa a simolola mafoko ano malebana le barwa ba gagwe ba batsuolodi ka polelwana e e reng: “Utlwang, lona magodimo, sekega tsebe, wena lefatshe, gonne Jehofa ka boene o buile.” (Isaia 1:2a) Makgolo a dingwaga pelenyana magodimo le lefatshe di ne tsa utlwa, jaaka go ka tualo, fa Baiseraele ba ne ba newa ditlhagiso tse di utlwalang sentle kaga ditlamorago tsa go sa utlwe. Moshe o ne a re: “Ke tsaya magodimo le lefatshe jaaka basupi kgatlhanong le lona gompieno, gore ruri lo tla nyelela ka bonako mo lefatsheng le lo kgabaganyang Joredane lo ya go le rua.” (Duteronome 4:26) Jaanong mo motlheng wa ga Isaia, Jehofa o bitsa magodimo a a sa bonaleng le lefatshe le le bonalang gore di supele botsuolodi jwa Juda.
4. Jehofa o tlhopha go bua le Juda jang?
4 Tsela e seemo se leng masisi ka yone e tlhoka gore go buiwe ka tlhamalalo. Le fa go ntse jalo, tota le mo maemong ano a a maswe, go a kgatlha—e bile go a kgothatsa—gore Jehofa o bua le Juda jaaka motsadi yo o lorato e seng mong fela yo o ba rekileng. E bile tota, Jehofa o kgothatsa batho ba gagwe gore ba lebe kgang eno ba ipeile mo seemong sa rre yo o hutsafaditsweng ke barwa ba gagwe ba diganana. Gongwe batsadi bangwe kwa Juda ba ka utlwisisa bothata jono ka ntlha ya se se ba diragaletseng mme ba amiwa ke setshwantsho seno. Legale, Jehofa o tla tloga a bolela kgang ya gagwe kgatlhanong le Juda.
Ba Gaisiwa ke Diphologolo
5. Go fapaana le Iseraele, poo le esele di bontsha jang moya wa go ikanyega?
5 Jehofa o bolela jaana a dirisa Isaia: “Poo e itse moreki wa yone sentle, le esele bojelo jwa diruiwa jwa mong wa yone; Iseraele ga a ka a itse, batho ba me ga ba a itshwara ka tlhaloganyo.” (Isaia 1:3)a Poo le esele ke diphologolo tse di dirisediwang go belesa tse di itseweng ke batho ba ba nnang kwa Botlhabagare. Eleruri, Bajudea ba ne ba ka se ka ba ganetsa gore le tsone diphologolo tseno tsa maemo a a kwa tlase di a ikanyega, di lemoga sentle gore di na le mong. Mo ntlheng eno, ela tlhoko se mmatlisisi mongwe wa Baebele a neng a se bona fa letsatsi le phirima kwa motseng mongwe wa Botlhabagare: “Fela fa motlhape o se na go tsena mo teng ga dithako ke fa o phatlalala. Pholo nngwe le nngwe e ne e itse mong wa yone sentle, le tsela e e yang kwa ntlong ya gagwe, le gone e ne e sa tlhakane tlhogo le e leng ka motsotswana mo tharaanong ya ditselana tse ditshesane tse di matsoketsane. Fa e le esele yone, e ne e tsamaya e tlhamalaletse fela kwa kgorong, e bo e ya kwa ‘mokgorong wa mong wa yone.’”
6. Batho ba Juda ba paletswe jang ke go itshwara ka go tlhaloganya?
6 E re ka go tlwaelegile go bona ditiragalo tse di ntseng jalo mo motlheng wa ga Isaia, molaetsa wa ga Jehofa o a utlwala: Fa le yone phologolo fela e kgona go itse mong wa yone le bojelo jwa yone, batho ba Juda ba ka ntsha seipato sefe sa go tlogela Jehofa? Eleruri, “ga ba a itshwara ka tlhaloganyo.” Go ntse jaaka e kete ga ba lemoge gotlhelele gore go atlega ga bone le gone go nna teng ga bone go ikaegile ka Jehofa. Ruri go supa kutlwelobotlhoko go bo Jehofa a sa ntse a bitsa Bajudea a re “batho ba me”!
7. Re ka bontsha go anaanela dithulaganyo tsa ga Jehofa ka ditsela dife tse dingwe?
7 Le ka motlha re ka se ka ra batla go itshwara ka go sa tlhaloganye ka go sa bontshe go anaanela sotlhe se Jehofa a se re diretseng! Go na le moo, re tshwanetse ra etsa mopesalema Dafide, yo o neng a re: “Ke tla go baka, wena Jehofa, ka pelo ya me yotlhe; ke tla bolela ditiro tsa gago tsotlhe tse di gakgamatsang.” (Pesalema 9:1) Go tswelela pele re oketsa kitso ya rona kaga Jehofa go tla re thusa mo ntlheng eno, gonne Baebele e bontsha gore “kitso ya Yo O Boitshepotshepo ke se tlhaloganyo e leng sone.” (Diane 9:10) Go tlhatlhanya malatsi otlhe kaga masego a ga Jehofa go tla re kgothatsa gore re leboge mme re se ka ra tlhaetsa Rraarona wa selegodimo matlho. (Bakolosa 3:15) “Yo o ntshang ditebogo e le setlhabelo sa gagwe ke ene yo o nkgalaletsang,” ga rialo Jehofa, “mme fa e le yo o bolokang tsela e e beilweng, ke tla dira gore a bone poloko ya Modimo.”—Pesalema 50:23.
Go Tlhapatsa “Moitshepi wa Iseraele” mo go Maswe
8. Ke ka ntlha yang fa batho ba Juda ba ka bidiwa “setšhaba se se nang le boleo”?
8 Isaia o tsweletsa molaetsa wa gagwe ka mafoko a a bogale a a lebisitsweng go setšhaba sa Juda: “A bo go latlhega setšhaba se se nang le boleo, batho ba ba imelwang ke tlolo, losika lo lo dirang bosula, bana ba basimane ba ba senyang! Ba tlogetse Jehofa, ba tshwere Moitshepi wa Iseraele ka go tlhoka tlotlo, ba retologetse kwa morago.” (Isaia 1:4) Ditiro tse di boikepo di ka koelana gore di bo di nne jaaka morwalo o o gatelelang. Mo motlheng wa ga Aborahame Jehofa o ne a tlhalosa maleo a Sodoma le Gomora a re a “boima thata.” (Genesise 18:20) Jaanong go bonala sengwe se se tshwanang ka batho ba Juda, gonne Isaia a re ba ‘imelwa ke tlolo.’ Mo godimo ga moo, o ba bitsa “losika lo lo dirang bosula, bana ba basimane ba ba senyang.” Ee, Bajudea ba ntse jaaka bana ba diganana. Ba “retologetse kwa morago,” kana jaaka New Revised Standard Version e bolela, ba “kgaogane gotlhelele” le Rraabone.
9. Polelwana e e reng “Moitshepi wa Iseraele” e kaya eng?
9 Ka tsela ya bone ya boganana, batho ba Juda ba bontsha go tlontlolola “Moitshepi wa Iseraele” mo go feteletseng. Polelwana eno e e fitlhelwang makgetlo a le 25 mo bukeng ya Isaia e kaya eng? Go nna boitshepo go kaya go nna phepa le go itsheka. Jehofa o boitshepo ka tsela e e ka se lekanngweng le epe. (Tshenolo 4:8) Baiseraele ba gakololwa ntlha eno nako le nako fa ba bona mafoko a a gabilweng mo papetlaneng e e phatsimang ya gouta mo serwalong sa moperesiti yo mogolo: “Boitshepo ke jwa ga Jehofa.” (Ekesodo 39:30) Ka gone, fa Isaia a bitsa Jehofa a re “Moitshepi wa Iseraele,” o gatelela kafa boleo jwa Juda bo leng masisi ka gone. Kana e bile, batsuolodi bano ba roba one molao o o neilweng borraabonemogologolwane: “Lo iitshepise lo itshupe lo le boitshepo, ka gonne ke boitshepo”!—Lefitiko 11:44.
10. Re ka tila jang go tlontlolola “Moitshepi wa Iseraele”?
10 Gompieno Bakeresete ba tshwanetse go leka ka natla yotlhe gore ba tile go latela sekai sa Juda sa go tlontlolola “Moitshepi wa Iseraele.” Ba tshwanetse go nna boitshepo jaaka Jehofa. (1 Petere 1:15, 16) Gape ba tshwanetse go ‘tlhoa se se bosula.’ (Pesalema 97:10) Mekgwa e e maswe e e jaaka boitsholo jo bo maswe jwa kafa dikobong, kobamelo ya medimo ya disetwa, bogodu le botagwa, e ka senya phuthego ya Bokeresete. Ke gone ka moo ba ba ganang go tlogela mekgwa eno ba kgaolwang mo phuthegong. Kgabagare, ba ba latelang tsela e e ntseng jalo e e maswe ba sa ikwatlhae ba tla tingwa masego a puso ya Bogosi jwa Modimo. Eleruri, ditiro tsotlhe tse di ntseng jalo tse di boikepo ke go tlhapatsa “Moitshepi wa Iseraele” mo go maswe.—Baroma 1:26, 27; 1 Bakorintha 5:6-11; 6:9, 10.
Go Lwala go Tloga mo Tlhogong Go ya Mo Lonaong
11, 12. (a) Tlhalosa boemo jo bo maswe jwa Juda. (b) Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go utlwela Juda botlhoko?
11 Go tswa foo Isaia o leka go beela batho ba Juda mabaka ka go ba bontsha gore ba a lwala. A re: “Lo sa ntse lo tla itewa fa kae gape, e re ka lo tlhanogela pele?” E bile tota, Isaia o ba botsa jaana: ‘A ga lo a boga mo go lekaneng? Ke ka ntlha yang fa lo ikokeletsa matlhoko ka go tswelela pele lo tsuologa?’ Isaia o tswelela jaana: “Tlhogo yotlhe e a bobola, le pelo yotlhe e bokoa. Go tloga mo patong ya lonao go ya go fitlha kwa tlhogong ga go na fa go itekanetseng mo go sone.” (Isaia 1:5, 6a) Juda o lwala ka tsela e e maswe thata—o lwala semoyeng go tloga mo tlhogong go ya mo lonaong. Tlhaloso e e sa nametseng pelo ruri!
12 A re tshwanetse ra utlwela Juda botlhoko? Le e seng! Makgolo a dingwaga pelenyana setšhaba sotlhe sa Iseraele se ne sa tlhagisiwa sentle kaga kotlhao ya go sa utlwe. Mafoko a mangwe a ba neng ba a bolelelwa ke ano: “Jehofa o tla go itaya ka ditlhagala tse di kotsi mo mangoleng ka bobedi le mo maotong ka bobedi, tse di se kitlang di fola mo go wena, go simolola mo patong ya lonao lwa gago go fitlha kwa phogong ya tlhogo ya gago.” (Duteronome 28:35) Ka tsela ya tshwantshetso, jaanong Juda o utlwa tsone ditlamorago tseno tsa tsela ya gagwe ya botlhogoethata. Mme dilo tseno tsotlhe di ka bo di ile tsa tilwa fa fela batho ba Juda ba ka bo ba ile ba utlwa Jehofa.
13, 14. (a)Juda o gobaditswe ka ditsela dife? (b) A go boga ga Juda go dira gore a fetole tsela ya gagwe ya botsuolodi?
13 Isaia o tswelela pele go tlhalosa seemo se se botlhoko sa Juda: “Dintho le matsadi le dititeo tse disha—ga di a tamolwa kgotsa tsa hapiwa, le fa e le go sidilwa ka leokwane.” (Isaia 1:6b) Fano moporofeti o bua ka mefuta e meraro ya dikgobalo: dintho (go segwa, jaaka ka tšhaka kana ka thipa), matsadi (matsadi a a bakilweng ke go itewa), le dititeo tse disha (dintho tse di sa tswang go direga, tse di bulegileng tse go sa lebegeng di ka fola). Kgopolo e e tlhalosiwang ke ya motho yo o otlhailweng botlhoko thata ka mokgwa ope fela o motho a ka o akanyang, go se karolo epe ya mmele wa gagwe e e sa gobalang. Ruri Juda o mo seemong se se tlhomolang pelo.
14 A seemo sa Juda se se botlhoko se mo tlhotlheletsa gore a boele kwa go Jehofa? Nnyaa! Juda o tshwana le motsuolodi yo o tlhalositsweng mo go Diane 29:1: “Motho yo o kgalemelwang kgapetsa mme a thatafatsa thamo ya gagwe o tla robega ka tshoganyetso, mme ga a na go fola.” Go lebega e kete setšhaba seno se ka se ka sa fola. Jaaka Isaia a e baya, dintho tsa gagwe “ga di a tamolwa kgotsa tsa hapiwa, le fa e le go sidilwa ka leokwane.”b Ka tsela nngwe, Juda o tshwana le ntho e e bulegileng, e e sa bofiwang, e e kekelang.
15. Re ka itlhokomela jang gore re se ka ra lwala semoyeng?
15 Re tshwanetse ra ithuta mo go Juda mme ra itisa mo bolwetseng jwa semoya. Jaaka bolwetse jwa mo mmeleng, bo ka ama mongwe le mongwe wa rona. Kana gone, ke mang mo go rona yo o ka se kang a amiwa ke dikeletso tsa nama? Bopelotshetlha le go eletsa menate e e feteletseng go ka itsetsepela mo dipelong tsa rona. Ka jalo, re tshwanetse go ithapisa go ‘tlhoa se se boikepo’ le go ‘ngaparela se se molemo.’ (Baroma 12:9) Gape re tshwanetse go lwela go nna le maungo a moya wa Modimo mo matshelong a rona a letsatsi le letsatsi. (Bagalatia 5:22, 23) Ka go dira jalo, re tla tila boemo jo bo neng bo tlhagetse Juda—jwa go lwala go tloga mo tlhogong go ya mo lonaong.
Naga e e Kgakgabetseng
16. (a) Isaia o tlhalosa boemo jwa naga ya Juda jang? (b) Ke ka ntlha yang fa bangwe ba re mafoko ano a tshwanetse a bo a ile a buiwa ka nako ya fa go busa Ahase, mme re ka a tlhaloganya jang?
16 Jaanong Isaia o tlogela tshwantshiso ya gagwe ya tsa kalafi mme o bua ka boemo jwa naga ya Juda. O bua jaana, jaaka e kete o lebile lebala le le gautlhantsweng ke ntwa: “Lefatshe la lona ke kgakgabalo, metse ya lona e fisitswe ka molelo; lefatshe la lona—batswakwa ba a le ja gone fa pele ga lona, mme kgakgabalo eo e tshwana le go menolwa ke batswakwa.” (Isaia 1:7) Bakanoki bangwe ba bolela gore le fa mafoko ano a fitlhelwa kwa tshimologong mo bukeng ya ga Isaia, a tshwanetse a bo a builwe moragonyana mo bodireding jwa moporofeti yono, gongwe ka nako ya fa go busa Kgosi Ahase yo o boikepo. Ba bolela gore puso ya ga Usia e ne e atlegile thata gore e ka tshwanelwa ke tlhaloso e e sa itumediseng jalo. Gone boammaaruri ke gore, ga go itsewe ka tlhomamo gore a buka ya ga Isaia e kopantswe go ya ka tatelano ya ditiragalo. Le fa go ntse jalo, mafoko a ga Isaia kaga kgakgabalo e tshwanetse ya bo e le a boporofeti. Fa Isaia a bua mafoko a a fa godimo, o tshwanetse a bo a dirisa mokgwa o o fitlhelwang mo mafelong a mangwe mo Baebeleng—wa go tlhalosa tiragalo ya mo isagweng jaaka e kete e setse e diragetse, ka jalo a gatelela gore ruri boporofeti joo bo tla diragadiwa.—Bapisa Tshenolo 11:15.
17. Ke ka ntlha yang fa tlhaloso ya boporofeti ya kgakgabalo e sa tshwanela go gakgamatsa batho ba Juda?
17 Legale, tlhaloso ya boporofeti ya go kgakgabadiwa ga Juda ga e a tshwanela go gakgamatsa batho bano ba ba tlhogoethata ba ba sa utlweng. Makgolo a dingwaga pelenyana Jehofa o ne a ba tlhagisa ka se se neng se tla diragala fa ba ne ba ka tsuologa. O ne a re: “Fa e le nna, ke tla kgakgabatsa lefatshe, baba ba lona ba ba nnang mo go lone ba tla le rotolela matlho ba gakgametse. Mme lona ke tla lo gasamisetsa mo ditšhabeng, ke tla somola tšhaka kafa morago ga lona; mme lefatshe la lona le tla kgakgabala, le metse ya lona e tla nna kgakgabalo.”—Lefitiko 26:32, 33; 1 Dikgosi 9:6-8.
18-20. Mafoko a Isaia 1:7, 8 a diragadiwa leng, mme Jehofa o ‘tlogela ba le mmalwa fela’ jang jaanong?
18 Mafoko a a mo go Isaia 1:7, 8 go lebega a diragadiwa ka ditlhaselo tsa Asiria tse di felelang ka go senngwa ga Iseraele le tshenyo e ntsi le pogo kwa Juda. (2 Dikgosi 17:5, 18; 18:11, 13; 2 Ditiragalo 29:8, 9) Le fa go ntse jalo, Juda ga a senngwe gotlhelele. Isaia a re: “Morwadia Siona o tlogetswe jaaka loobo mo tshimong ya mofine, jaaka ntlwana ya bolebedi mo tshimong ya dikomokomore, jaaka motse o o dikanyeditsweng.”—Isaia 1:8.
19 Mo gare ga tshenyo eno yotlhe, “morwadia Siona,” Jerusalema, o tla sala a eme. Mme o tla lebega a ka tlhaselwa motlhofo thata—jaaka mokhukhu mo tshimong ya mofine kana loobo lwa molebeledi mo tshimong ya dikomokomore. Fa mokanoki mongwe wa lekgolo la bo19 la dingwaga a ne a le mo mosepeleng a iphaphathile le noka ya Nile, o ne a gakologelwa mafoko a ga Isaia fa a ne a bona diobo tse di tshwanang le tseo, tse a di tlhalosang e le “legoranyana fela le le emeng bolebana le phefo ya bokone.” Kwa Juda fa thobo e ne e wetse, diobo tseno di ne di tlogelwa gore di sasamologe di we. Go ntse go le jalo, le fa Jerusalema a ka tswa a lebega a le bokoa fa pele ga mophato o o sa fenngweng wa Asiria, o tla falola.
20 Isaia o konela mafoko ano a boporofeti jaana: “Fa Jehofa wa masomosomo a ne a sa re tlogelela bafalodi ba le mmalwa fela, re ka bo re ntse fela jaaka Sodoma, re ka bo re tshwana le Gomora.” (Isaia 1:9)c La bofelo Jehofa o tla thusa Juda kgatlhanong le maatla a Asiria. Juda a ka se tshwane le Sodoma le Gomora, ene ga a kitla a phimolwa. O tla falola.
21. Fa Babelona a sena go senya Jerusalema, ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a ‘tlogela ba le mmalwa fela’?
21 Dingwaga di feta 100 moragonyana, Juda o ne a boa gape a nna mo kotsing. Batho ba ne ba sa ithuta mo kotlhaong e e neng e neilwe ka Asiria. “Ba ne ba nna ba sotla barongwa ba Modimo wa boammaaruri ba nyatsa mafoko a gagwe e bile ba sotla baporofeti ba gagwe.” Seo se ne sa felela ka gore “tšararego ya ga Jehofa e [tle] mo bathong ba gagwe, go fitlha go se na phodiso.” (2 Ditiragalo 36:16) Mmusi wa Babelona e bong Nebukadenesare o ne a fenya Juda, mme jaanong, ga se ka ga sala sepe “jaaka loobo mo tshimong ya mofine.” Tota le Jerusalema o ne a senngwa. (2 Ditiragalo 36:17-21) Le fa go ntse jalo Jehofa o ne a ‘tlogela ba le mmalwa fela.’ Le fa Juda a ile a fetsa dingwaga di le 70 a le kwa botshwarwa, Jehofa o ne a tlhomamisa gore setšhaba se tswelela pele, segolobogolo losika lwa ga Dafide, lo lo neng lo tla tlhagisa Mesia yo o solofeditsweng.
22, 23. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a ‘tlogela ba le mmalwa fela’?
22 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Iseraele o ne a nna mo masetlapelong a gagwe a bofelo e le setšhaba se se nang le kgolagano le Modimo. Fa Jesu a ne a tla go nna Mesia yo o solofeditsweng, setšhaba se ne sa mo gana, mme ka ntlha ya seo, Jehofa o ne a ba latlha. (Mathaio 21:43; 23:37-39; Johane 1:11) A Jehofa o ne a se kitla a tlhola a nna le setšhaba se se kgethegileng mo lefatsheng? Nnyaa. Moaposetoloi Paulo o ne a bontsha gore Isaia 1:9 e ne e na le tiragatso e nngwe gape. O ne a kwala jaana, a nopola thanolo ya Septuagint: “Fela jaaka Isaia a ne a bua go sa le pele a re: ‘Fa Jehofa wa masomosomo a ne a sa re tlogelela losika, re ka bo re ntse fela jaaka Sodoma, e bile re ka bo re dirilwe fela jaaka Gomora.’”—Baroma 9:29.
23 Mo lekgetlong leno bafalodi e ne e le Bakeresete ba ba tloditsweng, ba ba neng ba dumela mo go Jesu Keresete. Lantlha, bano e ne e le Bajuda ba ba dumelang. Morago ba ne ba okediwa ke badumedi ba Baditšhaba. Fa ba le mmogo ba ne ba bopa Iseraele yo mosha, “Iseraele wa Modimo.” (Bagalatia 6:16; Baroma 2:29) “Losika” lono lo ne lwa falola go senngwa ga tsamaiso ya dilo ya Bajuda ka 70 C.E. Eleruri, “Iseraele wa Modimo” o sa ntse a na le rona gompieno. Jaanong o okeditswe ke dimilione tsa batho ba ba dumelang ba ditšhaba, ba ba bopang “boidiidi jo bogolo, jo go seng motho ope yo o [ka kgonang] go bo bala, bo tswa mo merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme.”—Tshenolo 7:9.
24. Rotlhe re tshwanetse ra ela eng tlhoko fa re batla go falola masetlapelo a magolo go gaisa otlhe a batho?
24 Go ise go ye kae lefatshe leno le tla lebana le ntwa ya Haramagedona. (Tshenolo 16:14, 16) Le fa ano e tla nna masetlapelo a magolo go feta tlhaselo ya Asiria kana ya Babelona kwa Juda, e bile a feta go ripitlwa ga Iseraele ke Roma ka 70 C.E., go tla nna le bafalodi. (Tshenolo 7:14) A bo go le botlhokwa jang he gore rotlhe re tlhatlhobe ka kelotlhoko mafoko a Isaia a neng a a raya Juda! A ne a thusa batho ba ba ikanyegang morago koo gore ba falole. Mme a ka thusa batho ba ba dumelang gompieno gore ba falole.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Mo kgannyeng eno, fa go twe “Iseraele” go tewa bogosi jwa Juda jwa ditso tse pedi.
b Mafoko a ga Isaia a bontsha mokgwa wa kalafi wa motlha wa gagwe. Mmatlisisi wa Baebele e bong E. H. Plumptre o bolela gore: “Go ‘tswala’ kana go ‘tamosa’ ntho e e tutetseng e ne e le yone tsela e e lekwang pele go ntsha boladu; go tswa foo, jaaka ka Hesekia (kgao. xxxviii. 21), e ne e ‘hapiwa,’ ka molemo, go tswa foo go bo go dirisiwa leokwane kana mafura, gongwe, jaaka mo go Luke x. 34, go ne go dirisiwa leokwane le beine, go phepafatsa seso.”
c Commentary on the Old Testament, e e kwadilweng ke C. F. Keil le F. Delitzsch ya re: “Mafoko a moporofeti fano a tlile mo bowelong jwa karolo e e rileng. Sebaka se se tlogetsweng fa gare ga tem. 9 le 10 ke sone se bontshang gore fano go arogantswe ka dikarolo tse pedi. Mokgwa ono wa go kgaoganya dikarolo tse dikgolo le tse dipotlana, e ka tswa e le ka go tlogela sebaka kgotsa ka go kgaosetsa mola, o mogologolo go na le dintlha tsa ditumanosi le matshwao a modumo, mme o thailwe mo tlwaelong ya bogologolo.”
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
Go fapaana le Sodoma le Gomora, Juda ga a kitla a tlogelwa a sa nniwe ka bosakhutleng