Buka ya Bibela ya bo 45—Baroma
Mokwadi: Paulo
Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Korintha
Go Wediwa ga go E Kwala: mo e ka nnang ka 56 C.E.
1. Ke eng seo Paulo a tlotlang ka sone mo lokwalong lo lo yang kwa go Baroma?
RE NE ra bona kafa Paulo, monna yo a neng a bogisa Bakeresete ba Bajuda botlhoko, a neng a fetoga moaposetoloi yo o tlhaga wa ga Keresete mo merafeng e e neng e se ya Bajuda ka gone mo go Ditihō. Baroma e simolola dibuka tse di lesome le bonè tsa Bibela tseo moya o o boitshepo o neng wa tlhotlheletsa monna yo e neng e le Mofarasai pele yono, yo jaanong e neng e le motlhanka yo o ikanyegang wa Modimo go di kwala. Ka nako ya fa a kwala Baroma, Paulo o ne a setse a weditse maeto a le mabedi a maleele a go rera mme o ne a setse a le mo go la boraro. O kwadile makwalo a mangwe gape a matlhano a a tlhotlheleditsweng: Bathesalonia wa Ntlha le wa Bobedi, Bagalatia, Bakorintha wa Ntlha le wa Bobedi. Lefa go le jalo, go tshwanela sentle go bo Baroma e tla pele ga a mangwe otlhe mo Dibibeleng tsa rona tsa segompieno, ereka e tlotla thata ka tiragalo e ntšha ya tekatekano e e neng e tshwanetse go nna gone fa gare ga Bajuda le ba e seng Bajuda, ditlhopha tse pedi tseo Paulo a neng a di rerela. E tlhalosa phetogo mo go dirisaneng ga Modimo le batho ba gagwe mme e supa gore Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng tsa Sehebera ga di bolo go bolelela pele gore mafoko a a molemo a ne a tla rerelwa le ba e seng Bajuda.
2. (a) Paulo o tlotla ka mathata afe mo go Baroma? (b) Ke eng seo lokwalo lono lwa gagwe lo se tlhomamisang?
2 Paulo, a dirisa Teretio jaaka mokwaledi, o tswakanya dipolelo tse a di bolelang ka bofefo le ditsopolo tse dintsi ka mo go gakgamatsang tsa Dikwalo tsa Sehebera mo bukeng eno e e leng nngwe ya dibuka tse di nonofileng tota tsa Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika. O tlhalosa mathata a a neng a tsoga mo phuthegong ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga e e neng e dirilwe ke Bajuda le Bagerika ka puo e ntle tota. A Bajuda ba ne ba le kwa godimo ka gonne e ne le ditlogolwana tsa ga Aberahame? A Bakeresete ba ba nonofileng, ba ba neng ba golotswe mo Molaong wa ga Moshe ba ne ba tshwanetse go dirisa seo go kgopisa bakaulengwe ba bone ba ba bokoa ba Bajuda ba ba neng ba santse ba setse dingwao tsa bogologolo morago? Paulo o bontsha ka tsela e e nonofileng mo lokwalong lono gore Bajuda le ba eseng Bajuda ba ne ba tshwana fela fa pele ga Modimo le gore batho ba bolelwa ba siame, eseng ka Molao wa ga Moshe, mme ka go dumela mo go Jesu Keresete le ka bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa Modimo. Ka nako e e tshwanang, Modimo o batla gore Bakeresete ba supe boineelo jo bo tshwanetseng mo babusing ba ba farologaneng ba ba iphitlhelang ba ba okametse.
3. Phuthego ya kwa Roma e ne ya simologa jang, mme Paulo o ka tswa a ile a itse ba bantsi ba ba nnang koo jang?
3 Phuthego ya kwa Roma e ne ya simologa jang? Go ne go na le Bajuda ba le bantsi mo Roma fa esale Pompey a thopa Jerusalema ka 63 B.C.E. Go bolelwa ka mo go kgethegileng mo go Ditihō 2:10 gore bangwe ba Bajuda bao ba ne ba le teng kwa Jerusalema ka Pentekosete 33 C.E., koo ba neng ba utlwa mafoko a a molemo a rerwa gone. Baeti bao ba ba sokologileng ba ne ba nna mo Jerusalema go ithuta sengwe mo baaposetoloing, mme ga go belaetse gore moragonyana batho bao ba ba neng ba tswa kwa Roma ba ne ba boela koo, gongwe ka nako ya fa go ne go tsoga pogiso mo Jerusalema. (Dit. 2:41-47; 8:1, 4) Mo godimo ga moo, batho ba nako eo ba ne ba tsamaya tota, mme seno se re naya lebaka la go bo Paulo a ne a tlwaelane thata le bontsi jwa maloko a phuthego ya Roma, bao bangwe ba bone ba ka tswang ba utlwile boammaaruri kwa Gerika kana kwa Asia ka ntlha ya go rera ga ga Paulo.
4. (a) Baroma e re naya tshedimosetso efe kaga phuthego ya mo motsemogolong oo? (b) Ke eng se se supiwang ke go nna ga ga Akwila le Peresila kwa Roma?
4 Tshedimosetso ya ntlha e e ka ikanngwang ka phuthego eno e bonwa mo lokwalong lwa ga Paulo. Go phepafetse go tswa mo go lone gore phuthego e ne e dirilwe ke Bakeresete ba Bajuda, mmogo le ba eseng Bajuda le gore ba ne ba tshwanetse go bakiwa ka ntlha ya botlhaga jwa bone. O ba bolelela jaana: “Tumèlō ea lona e bolèlwa mo lehatshiñ yeotlhe,” le, “Go utlwa ga lona go utlwaletse kwa bathoñ botlhe.” (Bar. 1:8; 16:19) Suetonius, yo a neng a kwala mo lekgolong la bobedi la dingwaga, o bega gore Bajuda ba ne ba kobiwa mo Roma fa go ne go busa Claudius (41-54 C.E.). Lefa go ntse jalo, moragonyana ba ne ba boa, mme seno se supiwa ke go nna ga ga Akwila le Peresila mo Roma. E ne e le Bajuda bao Paulo a neng a kopana le bone kwa Korintha le bao ba neng ba tloga kwa Roma ka nako ya molao wa ga Claudius bao ba neng ba boetse mo Roma fa Paulo a ne a kwalela phuthego ya koo.—Dit. 18:2; Bar. 16:3.
5. Ke ntlha efe e e supang gore Baroma e boammaaruri?
5 Go a tlhomamisiwa tota gore lokwalo lono lo boammaaruri. Jaaka ketapele ya lone e bolela gore le tswa kwa go “Paulo, motlhanka oa ga Yesu Keresete, . . . [le ya kwa go] lona lotlhe ba lo koñ Roma, baratwa ba Modimo, ba lo bidicweñ go nna baitshepi.” (Bar. 1:1, 7) Mekwalo e mengwe ya lone ke ya ntlha go bonwa mo Dikwalong tsotlhe tsa Bokeresete tsa Segerika. Petere o dirisa mafoko a mantsi a a tshwanang mo lokwalong lwa gagwe lwa ntlha, leo go lebegang a ne a le kwala dingwaga di le thataro go ya go di le robedi moragonyana, mo bakanoki ba bangwe ba bantsi ba akanyang gore a ka tswa a ne a setse a bone sekaelo sa Baroma. Baroma e ne e lejwa ka phepafalo fela jaaka karolo ya dikwalo tsa ga Paulo mme e tsopolwa gore e jalo ke Clement wa kwa Roma, Polycarp wa Semerena, le Ignatius wa Antioka, bao botlhe ba neng ba tshela kwa bofelong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga le kwa tshimologong ya lekgolo la bobedi C.E.
6. Mokwalo wa bogologolo wa papyrus o supa jang gore Baroma ke karolo ya Dikwalo?
6 Buka ya Baroma, mmogo le makwalo a mangwe a le robedi a ga Paulo e fitlhelwa mo go codex e e bidiwang Chester Beatty Papyrus No. 2 (P46). Sir Frederic Kenyon o ne a kwala jaana kaga codex eno ya bogologolo: “Fano re na le mokwalo o o batlang o feletse wa Dikwalo tsa ga moaposetoloi Paulo, tseo go lebegang di kwadilwe mo e ka nnang kwa tshimologong ya lekgolo la boraro la dingwaga.”a Mekwalo ya papyrus ya Chester Beatty ya Segerika ya Bibela e na le dingwaga tse di fetang tsa Sinaitic Manuscript le Vatican Manuscript No. 1209, tse di itsegeng thata tseo bobedi jwa tsone e leng tsa lekgolo la bonè la dingwaga C.E. Tseno le tsone di na le buka ya Baroma.
7. Ke bosupi bofe jo bo supang gore Baroma e kwaletswe kae le gone leng?
7 Baroma e ne ya kwalwa leng le gone kwa kae? Ba ba akgelang ka Bibela ba dumalana gore lokwalo lono lo ne lwa kwalelwa kwa Gerika, bogolo thata kwa Korintha, fa Paulo a ne a etetse koo ka dikgwedi dingwe kwa bokhutlong jwa loeto lwa gagwe lwa boraro lwa borongwa. Bosupi jo bo mo teng bo supa gore ke kwa Korintha. Paulo o ne a kwala lokwalo lono a le mo ntlong ya ga Gaio, yoo e neng e le leloko la phuthego ya koo, mme o akgola Febe wa phuthego e e fa gaufi ya Kenkerea, eleng boemelakepe jwa Korintha. Go lebega Febe e le ene a neng a isa lokwalo lono kwa Roma. (Bar. 16:1, 23; 1 Bakor. 1:14) Paulo o ne a kwala jaana mo go Baroma 15:23: “Ka ke sa tlhole ke na le gopè mo mahatshiñ ano,” mme o supa mo ditemaneng tse di latelang gore o ikaelela go atolosetsa tiro ya gagwe ya borongwa kwa bophirima, go ya kwa Spain. O ne a ka nna a kwala ka tsela eno kwa bokhutlong jwa loeto lwa gagwe lwa boraro, kwa tshimologong ya 56 C.E.
SEO SE LENG MO GO BAROMA
8. (a) Ke eng seo Paulo a se bolelang ka thomo ya gagwe? (b) O supa jang gore Bajuda mmogo le Bagerika ba tshwanelwa ke bogale jwa Modimo?
8 Go sa tlhaoleng ga Modimo mo Bajudeng le mo Baditšhabeng (1:1–2:29). Ke eng seo Paulo yo o tlhotlheleditsweng a se bolelelang Baroma? Mo mafokong a gagwe a a mo tshimologong, o ipolela fa e le moaposetoloi yo o tlhophilweng ke Keresete go ruta “boinèlō mo tumeloñ” mo merafeng. O bolela fa a eleditse tota go etela baitshepi ba ba kwa Roma, go ipelela ‘go gomotsana mmogo’ le bone, le go ba bolelela mafoko a a molemo, ke go re, “thata ea Modimo e e isañ polokoñ mo go moñwe le moñwe eo o dumèlañ.” Jaaka go ne go setse go kwadilwe pele, motho yo o siameng o tla tshela “ka tumèlō.” (1:5, 12, 16, 17) Jaaka a bontsha, Bajuda mmogo le Bagerika ba tshwanelwa ke bogale jwa Modimo. Motho ga a na seipato sa go dira bosula ka gonne “dilō tse di sa bonaleñ tsa [Modimo], eboñ nonohō ea ōna e e sa khutleñ, le bomodimo yoa ōna, di sa le di bōnala sentlè galè mo tlholegoñ ea lehatshe.” (1:20) Lefa go le jalo, merafe ka boeleele e itirela medimo ka dilo tse di tlhodilweng. Lefa go ntse jalo, Bajuda ga baa tshwanela go leba merafe eo ka leitlho le le maswe, ereka le bone ba na le molato wa boleo. Ditlhopha tsoopedi tseno di tla atlholwa ka ditiro tsa tsone, ka go bo Modimo ga o tlhaole. Go rupisiwa mo nameng ga se gone go atlholang kgang; “me Moyuda tōta ke eo e leñ èna mo teñ; le go rupa ke ga pelo.”—2:29.
9. (a) Bajuda ba kwa godimo ka eng, mme lefa go le jalo ke lokwalo lofe loo Paulo a lo tsopolang loo lo bontshang gore boleo bo na le thata mo go botlhe? (b) He motho a ka bolelwa fa a siame jang, mme mabaka ano a gagwe a tshegediwa ke sekao sefe?
9 Botlhe ba bolelwa fa ba siame ka tumelo (3:1–4:25). “Me yalo Moyuda o na le kgaishō ea eñ?” Go a itsege gore Bajuda ba ne ba neilwe melao ya Modimo e e boitshepo. Lefa go le jalo, ‘Bajuda le Bagerika ba mo thateng ya boleo botlhe,’ mme ga go ope yo o “siameñ” mo matlhong a Modimo. Go dirwa ditsopolo tse supa go tswa mo Dikwalong tsa Sehebera go supa fa seno se le boammaaruri. (Bar. 3:1, 9-18; Pes. 14:1-3; 5:9; 140:3; 10:7; Dia. 1:16; Isa. 59:7, 8; Pes. 36:1) Molao o senola boleo jwa motho, ka jalo “ga go nama epè e e tla siamisiwañ mo matlhoñ a ōna ka ditihō tsa molaō.” Lefa go ntse jalo, ke ka bopelonomi jwa Modimo jo bo sa tshwanelang le kgololo ya thekololo, Bajuda mmogo le Bagerika ba ka bolelwang ba siame “ka tumèlō, kwa ntlè ga ditihō tsa molaō.” (Bar. 3:20, 28) Paulo o tshegetsa mabaka ao ka go umaka sekai sa ga Aberahame, mme eseng ka ntlha ya ditiro tsa gagwe kana ka ntlha ya go rupa, mme ka ntlha ya sekao sa gagwe sa go bontsha tumelo. Ka gone Aberahame o ne a nna rraagwe “botlhe ba ba dumèlañ,” eseng Bajuda fela.—4:11.
10. (a) Go tlile jang gore loso lo buse jaaka kgosi? (b) Go supa kutlo ga ga Keresete go ne ga felela ka eng, mme ke tlhagiso efe e e ntshiwang kaga boleo?
10 Ga e tlhole e le batlhanka ba boleo mme ke ba tshiamo ka Keresete (5:1–6:23). Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe fela, ebong Adame, mme boleo jwa lere loso, “me yalo losho loa hetèla mo bathuñ botlhe, ka botlhe ba leohile.” (5:12) Loso lo ne lwa busa jaaka kgosi go tloga ka Adame go fitlha ka Moshe. Fa Molao o ne o newa ka Moshe, boleo bo ne jwa ntsifala, mme loso lo ne lwa tswelela go busa. Mme jaanong bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa Modimo bo bogolo go gaisa pele, mme ba le bantsi ba bolelwa ba siame go ka tshelela ruri ka gonne Keresete a ne a nna le kutlo. Lefa go le jalo seno ga se letle ope go tshelela mo boleong. Batho ba ba kolobeleditsweng mo go Keresete ga ba a tshwanela go dira boleo. Botho jwa bone jwa bogologolo bo a bapolwa, mme ba tshelela Modimo. Boleo ga bo na thata mo go bone, mme ba nna batlhanka ba tshiamo, ba lebile go itshepisiwa. “Maduō a boleo ke losho; me nèō ea mphō hèla ea Modimo ke botshelō yo bo sa khutleñ mo go Keresete Yesu Morèna oa rona.”—6:23.
11. (a) Paulo o tshwantsha go gololwa ga Bakeresete ba Bajuda mo Molaong jang? (b) Molao o ne wa senola eng, mme ka gone ke dilo dife tseo di lwantshanyang mo Mokereseteng?
11 Ba sule mo ntlheng ya Molao, ba tshela ka moya mo bokopanong jwa bone le Keresete (7:1–8:39). Paulo o dirisa sekai sa mosadi, yoo a bofeletsweng mo monneng wa gagwe mo lobakeng lwa fa a santse a tshela mme a gololesega go nyalwa fa monna yoo a tlhokafala, go bontsha kafa Bakeresete ba Bajuda ba neng ba swa mo ntlheng ya Molao ka gone ka ntlha ya setlhabelo sa ga Keresete mme ba ne ba gololesegile go nna ba ga Keresete mme ba ungwe maungo a Modimo. Molao o o boitshepo o ne wa dira gore maleo a bonale, mme boleo bo ne jwa lere loso. Boleo, jo bo leng mo mebeleng ya nama, bo lwa le maikaelelo a rona a a molemo. Ke fela jaaka Paulo a re: “Gonne molemō o ke o ratañ, ga ke o dihe: me boshula yo ke sa bo rateñ, ke yōna ke bo dihañ.” Ka gone, “se ke se dihañ, ga e tlhole e le nna eo ke se dihañ, me ke boleo yo bo agileñ mo go nna.”—7:19, 20.
12. Ba bangwe ba nna baruaboswa mmogo le Keresete jang, mme ke eng seo bano ba se fenyang ka botlalo?
12 Ke mang yo o ka ntshang motho mo boemong jo bo tlhakatlhakaneng jono? Modimo o kgona go tshedisa bao e leng ba ga Keresete ka moya wa Gagwe! Ba itshenkelwa jaaka barwa, ba bolelwa fa ba siame, ba nna baruaboswa ba Modimo le baruaboswa mmogo le Keresete ba bo ba galalediwa. Paulo o ba raya a re: “Ha Modimo o le ntlheñ ea rona, eo o ka ganèlañ le rona e be e le mañ? Mañ eo o tla re kgaoganyañ le loratō loa ga Keresete?” Ga go ope! O bua jaana ka phenyo: “Re gaisa bahenyi ka èna eo o re ratileñ. Gonne kea tlhōmamisa, go re, go le losho, go le botshelō, go le baengele, go le magōsana, go le dilō tse di leeoñ, go le dilō tse di tla tlañ, go le dinonohō, Go le bogodimo, go le boteñ, leha e ka bo e le sebopiwa señwe se sele, ga go ketla go nonoha sepè go re kgaoganya le loratō loa Modimo, lo lo mo go Keresete Yesu Morèna oa rona.”—8:31, 35, 37-39.
13. (a) Go ya ka boperofeti, ke bomang ba ba akarediwang mo go Iseraele wa mmatota wa Modimo, mme seno se dumalana le molaomotheo ofe wa bomodimo? (b) Ke ka ntlhayang fa Iseraele wa nama a ne a palelwa, mme go tlhokega eng malebana le poloko?
13 “Iseraela” o bolokilwe ka tumelo le ka bopelotlhomogi jwa Modimo (9:1–10:21). Paulo o supa fa a na le “bohutsana yo bogolo” ka ntlha ya Baiseraele ka ene, mme o lemoga gore ga se Baiseraele botlhe ba nama bao e leng “Baiseraela” tota, ereka Modimo o na le thata ya go itlhophela yo a mo ratang. Jaaka go bontshitswe kafa Modimo o neng wa dirisana le Faro ka gone le ka setshwantsho sa modiri wa dijana, “ga se ga eo o ikaèlèlañ, leha e le ga eo o sianañ, ha e se ga Modimo o o utlwèlañ botlhoko.” (9:2, 6, 16) O itshenkela barwa “e señ mo Bayudeñ ba le bosi, e leñ le mo go Badichaba,” jaaka Hosea a ne a bolelela pele bogologolo. (Hos. 2:23) Baiseraele ba ne ba palelwa ka gonne ba ne ba batla go amogelwa ke Modimo, e seng ka “tumèlō me ea bo e le ekete ka ditihō,” le ka gonne ba ne ba palelwa mme ba kgopiwa mo go Keresete, “lehika ya kgopishō.” (Baroma 9:24, 32, 33) Ba ne ba na le “tlhōahalō kaga Modimo” mme eseng “kaha kicoñ.” Keresete ke bokhutlo jwa Molao mo go bao ba dumelang mo go direng tshiamo, mme motho o tshwanetse gore a bolele phatlalatsa “ha Yesu e le Morèna” gore a bone poloko, a bo a dumele gore “Modimo o mo cositse mo loshuñ.” (10:2, 9) Bareri ba romiwa kwa bathong ba merafe yotlhe gore ba utlwe, ba nne le tumelo, mme ba bitse leina la ga Jehofa gore ba tle ba bolokwe.
14. Ke eng seo Paulo a se tshwantshang ka setlhare sa motlhware?
14 Setshwantsho sa setlhare sa motlhware (11:1-36). Masalela a Iseraele wa tlholego a ne a tlhophiwa ka ntlha ya bopelonomi jo bo sa tshwanelang, mme “polokō e tletse Badichaba,” ka gonne bontsi jwa bone bo ne jwa wa. (11:11) Paulo o dirisa setshwantsho sa setlhare sa motlhware go bontsha kafa bao e seng Bajuda ba neng ba lomelwa mo teng ka gone, ka ntlha ya go tlhoka tumelo ga Baiseraele ba nama. Lefa go ntse jalo, ba eseng Bajuda ga ba a tshwanela go itumelela go se amogelweng ga Baiseraele, ereka Modimo o ile wa seka wa boloka dikala tsa tlholego tse di neng di sa ikanyege, ga a kitla a boloka dikala tse eseng tsa tlholego tse di neng tsa lomelwa tse di tswang mo merafeng.
15. Ke eng se se kopanyelediwang mo go neeleng Modimo setlhabelo se se tshedileng?
15 Go fetola mogopolo; babusi ba bagolo (12:1–13:14). Paulo o re gakolola gore re neeleng mebele ya rona mo Modimong jaaka setlhabelo se se tshelang. Re se ka ra tlhola re “bopèga yaka lehatshe yeno,” mme re “hetolwè ke boshahaco yoa pelo tsa [r]ona.” Lo se ka lwa ikgogomosa. Mmele wa ga Keresete jaaka mmele wa motho, o na le ditokololo tse dintsi, tseo di dirang dilo tse di farologaneng, mme di dira mmogo ka kutlwano. Se busetse bosula ka jo bongwe. Tlogelela Jehofa e nne ene a ipusolosetsang. Fenya “boshula ka molemō.”—12:2, 21.
16. Bakeresete ba tshwanetse go itshwara jang mo babusing le mo go ba bangwe?
16 Lo ineele mo babusing ba bagolo; ke thulaganyo ya Modimo. Lo nne lo dire molemo lo se ka lwa kolota ope sepe fela fa e se go ratana. Poloko e a atamela, ka jalo ‘latlhang ditiro tsa lefifi’ mme lo ‘apare moitshomelo wa phemelo wa lesedi.’ (13:12) Lo nneng le boitshwaro jo bo siameng, eseng kafa dithatong tsa nama.
17. Ke kgakololo efe e e newang malebana le go atlhola le go agelela ba ba bokoa?
17 Se tlhaoleng lo se atlhole (14:1–15:33). Lo itshokele bao ka ntlha ya tumelo e e bokoa ya bone, ba sa jeng dijo dingwe kana ba tlhokomelang malatsi a meletlo mengwe. O se ka wa atlhola mokaulengwe wa gago kana wa mo kgopisa ka go ja dijo kana go nwa ga gago, ereka Modimo o atlhola mongwe le mongwe. Latelela kagiso le dilo tse di agelelang, mme o itshokele makoa a ba bangwe.
18. (a) Ke ditsopolo dife tse di oketsegileng tseo Paulo a di dirang go supa gore Modimo o amogela bao e seng Bajuda? (b) Paulo ka boene o dirisa bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa Modimo jang?
18 Moaposetoloi o kwala jaana: “Dilō cotlhe tse di kwadilweñ galè, di kwadilwe gore di re rutè,” mme o naya ditsopolo tse dingwe gape tse nnè tsa Dikwalo tsa Sehebera jaaka bosupi jo bo konelang jwa gore baperofeti ba ba tlhotlheleditsweng ga ba bolo go bolelela pele gore ditsholofetso tsa Modimo di tla atolosediwa kwa merafeng e e seng ya Bajuda. (Bar. 15:4, 9-12; Pes. 18:49; Dute. 32:43; Pes. 117:1; Isa. 11:1, 10) “Ke gōna,” Paulo o a kgothatsa, “cholanañ, hèla yaka Keresete le èna a lo chotse, go tla lo nna kgalaleco ea Modimo.” (Bar. 15:7) Paulo o supa gore o anaanela bopelonomi jo bo sa tshwanelang joo Modimo o bo mmontshitseng ka go mo dira motlhanka wa botlhe wa merafe, a “dihèla mo Mahokuñ a a Molemō a Modimo.” O rata go simolola ditshimo tse disha ka metlha go na le go “aga mo motheoñ [wa] motho eo moñwe.” Mme ga a ise a fetse ka go bo o rulaganyetsa loeto lo loleele go gaisa lwa go ya kwa Spain, morago ga go tsaya meneelo kwa Jerusalema fa a le mo tseleng ya go ya koo, o tla isa “botlalō yoa tshegōhaco ea ga Keresete” kwa bakaulengweng ba gagwe ba semoya ba ba kwa Roma.—15:16, 20, 29.
19. Lokwalo lono lo konelwa ka ditumediso dife le kgothatso efe?
19 Ditumediso tse di konelang (16:1-27). Paulo o romela ditumediso ka namana go maloko a le 26 a phuthego ya Roma a a bitsa ka maina, mmogo le go ba bangwe gape, mme o ba kgothaletsa go tila batho bao ba bakang dikgaogano le go ‘nna botlhale mo go se se molemo, le masisi mo go se se bosula.’ Sotlhe seno ke ka ntlha ya go galaletsa Modimo “ka Yesu Keresete . . . ka bosaeeñkae. Amen.”—16:19, 27.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
20. (a) Ke mabaka afe a a utlwalang ao Baroma e a nayang kaga go dumela mo Modimong? (b) Tshiamo ya Modimo le boutlwelobotlhoko jwa gagwe di supiwa jang, mme seno se dira gore Paulo a khutse jang?
20 Buka ya Baroma e re naya mabaka a a utlwalang a go dumela mo Modimong, ereka e bolela gore “nonohō ea ōna e e sa khutleñ, le bomodimo yoa ōna, di sa le di bonala sentlè galè mo tlholegoñ ea lehatshe, ka di lemogwa ka dilō tse di dihilweñ.” Mme go feta foo, e tswelela go tlotlomatsa tshiamo ya gagwe le go itsise bopelotlhomogi jwa gagwe jo bogolo le bopelonomi jwa gagwe jo bo sa tshwanelang. Mme re di bontshiwa sentle fela ka setshwantsho sa setlhare sa motlhware, seo se tsenngwang dikala tse eseng tsa sone fa dikala tsa tlholego di kgaolwa. Fa a akanya ka go gagamala le bopelotlhomogi jono jwa Modimo, Paulo o khutsa jaana: “A boteñ yoa khumō, le yoa botlhale, le yoa kicō ea Modimo! dikatlholō tsa ōna ga di hopholesege yañ, le ditsela tsa ōna ga di tlhotlhomisege yañ!”—1:20; 11:33.
21. Baroma e supa jang kafa bosaitsiweng jo bo boitshepo jwa Modimo bo ntseng bo tswelela ka gone?
21 Ke ka ntlha ya seno buka ya Baroma e tlhalosang kafa bosaitsiweng jo bo boitshepo jwa Modimo bo neng jwa nna jwa tswelela ka gone. Ga go sa tlhole go tlhaolwa fa gare ga Mojuda le Moditšhaba mo phuthegong ya Bokeresete, mme batho ba merafe yotlhe ba ka nna le seabe mo bopelonoming jo bo sa tshwanelang jwa ga Jehofa ka Jesu Keresete. “Gonne mo Modimoñ ga go na go tlhōkōmèla bomañmañ yoa batho.” “Moyuda tōta ke eo e leñ èna mo teñ; le go rupa ke ga pelo, mo go emeñ mo moeeñ, e señ mo ditlhakeñ tsa lokwalō.” “Ga go na pharologanyō ea Moyuda le Mogerika: ka go bo eo e leñ Morèna, ke Morèna oa botlhe, o bile o humetse botlhe ba ba mmitsañ.” Gonne botlhe bano ba dirwa tshiamo ke tumelo eseng ditiro.—2:11, 29; 10:12; 3:28.
22. Ke kgakololo efe e e dirang eo Baroma e e nayang malebana le go dirisana le ba ba ka kwa ntle ga phuthego?
22 Kgakololo e e dirang e e leng mo lokwalong lono lo lo neng lo ya kwa Bakereseteng ba kwa Roma e ntse e solegela molemo Bakeresete ba gompieno ba ba nang le mathata a a tshwanang mo lefatsheng leno le le bobaba. Mokeresete o kgothalediwa gore a “nnè kagishō le batho botlhe,” go akaretsa le ba ba ka kwa ntle ga phuthego. Moya mongwe le mongwe o tshwanetse gore o “ineèlè mo go utlweñ babusi ba bagolo,” ka gonne seno ke thulaganyo ya Modimo mme ba tshwanetse go boifiwa, eseng ke ba ba ikobelang molao, mme ke bao ba dirang ditiro tse di bosula. Bakeresete ba tshwanetse go ikobela molao eseng fela ka ntlha ya go tshaba kotlhao mme ka ntlha ya segakolodi sa Bokeresete, ka gone ba duela makgetho a bone, ba dira se ba tshwanetseng go se dira, ba fitlhelela se se tlhokwang mo go bone, ba sa kolote ope sepe, “ha e se go ratana hèla.” Lorato lo diragatsa Molao.—12:17-21; 13:1-10.
23. Paulo o gatelela botlhokwa jwa go bua phatlalatsa jang, mme ke sekai sefe seo a se nayang kaga go ipaakanyetsa bodihedi?
23 Paulo o gatelela kgang ya go bua phatlalatsa. Lemororo motho a lejwa a siame fa a dumela mo pelong, go bua ka molomo phatlalatsa go dira gore a bolokwe. “Leha e le mañ eo o tla bitsañ leina ya Morèna o tla bolokwa.” Mme gore seno se diragale, bareri ba tshwanetse gore ba tsamaye mme ba ‘rere mafoko a a itumedisang a dilo tse di molemo.’ Abo re itumela jang fa e le gore re gareng ga bareri bano ba tumo ya bone e tswetseng kwa “dikhutloñ tsa lehatshe”! (10:13, 15, 18) Mme fa re ipaakanyetsa go dira tiro eno ya go rera, a re itlwaelanyeng thata le Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng jaaka Paulo, ka gonne mo karolong eno fela (10:11-21) o tsopola a bo a tsopola Dikwalo tsa Sehebera. (Isa. 28:16; Yoele 2:32; Isa. 52:7; 53:1; Pes. 19:4; Dute. 32:21; Isa. 65:1, 2) Ke gone ka moo a neng a ka re: “Gonne dilō cotlhe tse di kwadilweñ galè, di kwadilwe gore di re rutè, gore re bōnè cholohèlō ka pelotelele le ka kgomoco ea dikwalō.”—Bar. 15:4.
24. Ke kgakololo efe eo Paulo a e nayang malebana le go nna tlhaga le go dirisana ka boitumelo le ba bangwe mo phuthegong?
24 Go newa kgakololo e e molemo e e dirang malebana le dikamano tse di molemo mo phuthegong ya Bokeresete. Go sa kgathalesege gore pele e ne e le ba morafe ofe, lotso lofe, kana gore ba tswa kae, botlhe ba tshwanetse go fetola megopolo ya bone go neela Modimo tirelo e e itshekileng tumalanong le go ‘rata ga ona go go molemo go go lebosegang, le go go itekanetseng.’ (11:17-22; 12:1, 2) Abo kgakololo ya ga Paulo yotlhe e e mo go Baroma 12:3-16 e le e e dirang le e e utlwalang jang ne! Eno eleruri ke kgakololo e e molemo thata ya go nna tlhaga, boikokobetso, le go nna le lorato lo lo neneketsang mo go botlhe ba ba leng mo phuthegong ya Bokeresete. Paulo o naya kgothatso e e nonofileng mo dikgaolong tse di konelang kaga go tlhokomela le go tila bao ba dirang gore go nne le dikgaogano, mme o bua gape ka boitumelo le tapologo tse di tswang mo bokopanong jo bo phepa mo phuthegong.—16:17-19; 15:7, 32.
25. (a) Baroma e naya pono efe e e siameng le go tlhaloganya Bogosi jwa Modimo ka mo go oketsegileng? (b) Go ithuta Baroma go tshwanetse ga re solegela molemo ka ditsela dife?
25 Jaaka Bakeresete re tshwanetse go tswelela re etse tlhoko dikamano tsa rona le ba bangwe. “Gonne bogosi yoa Modimo ga se go ya le go nwa, me ke tshiamō, le kagishō, le boitumèlō mo Moeeñ o o Boitshèpō.” (14:17) Tshiamo, kagiso, le boitumelo tseno segolobogolo ke tsa “baruaboshwa mmōgō le Keresete,” bao ba ‘galalediwang mmogo’ nae mo Bogosing jwa selegodimo. Tlhokomela gape kafa Baroma e supang kgato e nngwe gape ya go diragadiwa ga tsholofetso ya Bogosi e e dirilweng kwa Edena, jaaka e re: “Me Modimo oa kagishō o tla akoha o tapetèla Satane ha tlhatse ga dinaō tsa lona.” (Bar. 8:17; 16:20; Gen. 3:15) Ereka re dumela boammaaruri jono, a re tsweleleng go tlala ka boitumelo le kagiso le tsholofelo. A boikaelelo jwa rona e nne go fenya le Losika lwa Bogosi, ka go bo re tlhatswegile pelo gore ga go sepe se se kwa godimo kwa legodimong kana mo lefatsheng kwa tlase “leha e ka bo e le sebopiwa señwe se sele, ga go ketla go nonoha sepè go re kgaoganya le loratō loa Modimo.”—Bar. 8:39; 15:13.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Our Bible and the Ancient Manuscripts, ya 1958, tsebe 188.