Ithute Boitsholo Jwa Bokeresete Mme O bo Rute ba Bangwe
“Le fa go ntse jalo, a wena yo o rutang motho mongwe o sele, a ga o ithute?”—BAROMA 2:21.
1, 2. O na le mabaka a fe a go batla go ithuta Baebele?
ONA le mabaka a mantsi a go ithuta Lefoko la Modimo. Ga go pelaelo gore o batla go itse dintlha tse di mo go lone—tse di kaga batho, ditiragalo, mafelo le dilo tse dingwe. O batla go itse dithuto tse di boammaaruri e seng maaka a bodumedi, a a jaaka thuto ya Tharonngwe kgotsa molelo wa dihele. (Johane 8:32) Gape o tshwanetse go itse Jehofa botoka gore o tle o tshwane thata le ene le gore o tsamaye fa pele ga gagwe ka thokgamo.—1 Dikgosi 15:4, 5.
2 Lebaka lengwe le le botlhokwa la go ithuta Lefoko la Modimo ke gore o itlhomelele sentle gore o kgone go ruta ba bangwe—batho ba re ba ratang, ba re ba tlwaetseng le ba re iseng re ba itse. Bakeresete ba boammaaruri ba patelesega go dira jalo. Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, . . . lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.”—Mathaio 28:19, 20.
3, 4. Ke ka ntlha yang fa go tlotlega go ruta ka tsela e Jesu a laetseng ka yone?
3 Go ithuta Baebele o na le keletso ya go ruta ba bangwe go a tlotlega e bile go ka tlisetsa motho kgotsofalo e e nnetseng ruri. Go ruta ga e bolo go nna tiro e e tlotlegang. Encarta Encyclopedia e tlhalosa jaana: “Mo Bajudeng, bagolo ba le bantsi ba ne ba tsaya barutabana e le bagogi ba ba isang polokong mme ba ne ba rotloetsa bana go tlotla barutabana go feta batsadi ba bone.” Ke selo se se tlotlegang thata gore Bakeresete ba ithute Baebele mme ba e rute ba bangwe.
4 “Tiro ya go ruta e dirwa ke batho ba le bantsi go feta le fa e ka nna epe e nngwe. Banna le basadi ba ka nna dimilione di le 48 mo lefatsheng lotlhe ke barutabana.” (The World Book Encyclopedia) Morutabana o neetswe boikarabelo jwa go ruta basha mme thuto ya gagwe e ka ba tlhotlheletsa le mo dingwageng tse di tlang. Fa o ikobela taelo ya ga Jesu ya go ruta ba bangwe, matswela a gone e nna a a molemo thata; o ka ama isagwe ya bone ka bosakhutleng. Moaposetoloi Paulo o ne a gatelela seno fa a ne a rotloetsa Timotheo jaana: “Nna o itlhokometse e bile o tlhokometse go ruta ga gago. Nna mo dilong tseno, gonne ka go dira seno o tla ipoloka o bo o boloka ba ba go reetsang.” (1 Timotheo 4:16) Ee, tsela e o rutang ka yone e tla dira gore ba bolokwe.
5. Ke ka ntlha yang fa thuto ya Bokeresete e le ya maemo a a kwa godimo?
5 Molaodimogolo wa lobopo, e bong Mogodimodimo, o laetse gore o ithute o bo o rute ba bangwe. Ntlha eno ka boyone e dira gore tiro eno ya go ruta e nne botlhokwa go feta ya mofuta ope fela, e ka tswa e le ya go ruta dithuto tsa motheo, bokgoni jwa go bereka, kgotsa le e leng go nna le bokgoni mo go tsa kalafi. Thuto ya Bokeresete e raya gore motho yo o ithutang o tshwanetse go etsa Morwa Modimo, Keresete Jesu, le go ruta ba bangwe go dira se se tshwanang.—Johane 15:10.
Ke Eng fa o Tshwanetse go Ithuta?
6, 7. (a) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ithuta pele? (b) Ke ka tsela efe Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba palelwa ke go nna barutisi?
6 Ke ka ntlha yang fa go twe re tshwanetse go ithuta pele? Re ka se kgone go ruta ba bangwe sentle fa re sa ithute pele. Paulo o ne a gatelela seno mo ditemaneng dingwe tse di dirang gore motho a akanye tse di neng di le botlhokwa mo Bajudeng ba nako eo mme di na le molaetsa mo Bakereseteng ba gompieno. Paulo o ne a botsa jaana: “A wena yo o rutang motho mongwe o sele, a ga o ithute? Wena, yo o rerang o re “O se ka wa utswa,” a o a utswa? Wena, yo o reng “O se ka wa dira boaka,” a o dira boaka? Wena, yo o bontshang gore o ila medingwana, a o thukutha ditempele? Wena, yo o ipelafatsang ka molao, a o tlontlolola Modimo ka go tlola Molao?”—Baroma 2:21-23.
7 Paulo o ne a dirisa dipotso go umaka diphoso tse pedi tse Melao e e Lesome e neng e bua ka tsone, e leng: O se ka wa utswa, le o se ka wa dira boaka. (Ekesodo 20:14, 15) Bajuda bangwe mo motlheng wa ga Paulo ba ne ba ikgantsha ka go re ba itse Molao wa Modimo. Ba ne ba ‘laiwa ka molomo mo Molaong mme ba ne ba tlhomamisegile gore ke bagogi ba difofu le lesedi la ba ba leng mo lefifing, ba ba rutang masea.’ (Baroma 2:17-20) Le fa go ntse jalo, bangwe ba bone e ne e le baitimokanyi ka gonne ba ne ba utswa e bile ba dira boaka mo sephiring. Seo se ne se tla tlontlolola Molao le Modiri wa one kwa legodimong. Re kgona go bona gore ba ne ba sa tshwanelegele go ruta ba bangwe; tota e bile ba ne ba sa ithute.
8. Bajuda bangwe mo motlheng wa ga Paulo ba ka tswa ba ne ba ‘thukutha ditempele’ jang?
8 Paulo o ne a bua ka go thukutha ditempele. A Bajuda bangwe ba ne ba dira jalo ka tsela ya mmatota? Paulo o ne a akantse ka eng? Eleruri, ka go bo re se na tshedimosetso e e feletseng mo temaneng eno, ga re tlhomamisege gore Bajuda bangwe ba ne ba ‘thukutha ditempele’ jang. Mokwaledi wa motse wa Efeso o ne a bolela gore ditsala tsa ga Paulo e ne e se ‘bathukuthi ba ditempele,’ mo go rayang gore go ne go na le batho bangwe ba ba neng ba akanya gore Bajuda ba ne ba na le molato wa go dira jalo. (Ditiro 19:29-37) A ba ne ba dirisa kgotsa ba gweba ka dilo tse di tlhwatlhwakgolo tse di tswang mo ditempeleng tsa baheitane tse di neng di thopilwe ke bafenyi kgotsa batho ba ba tlhagafetseng mo bodumeding? Go ya ka Molao wa Modimo, gauta le medingwana ya selefera di ne di tshwanetse go senngwa, e seng gore ba di itseele. (Duteronome 7:25)a Ka jalo Paulo a ka tswa a ne a bua ka Bajuda ba ba neng ba tlhokomologa taolo ya Modimo mme ba sola dilo tse di tswang mo ditempeleng tsa baheitane molemo.
9. Ke ditiro dife tse di sa siamang tse di neng di direlwa mo tempeleng kwa Jerusalema tse di ka tswang di ne di tshwana fela le go thukutha tempele?
9 Kafa letlhakoreng le lengwe, Josephus o ne a bua ka matlhabisaditlhong a a neng a dirwa ke Bajuda ba le banè kwa Roma, ba eteletswe pele ke morutisi wa Molao. Bonè joo bo ne jwa dira gore mosadi mongwe wa Moroma, yo o neng a sokologetse mo Sejudeng, a ba neye gauta le dilo dingwe tse di tlhwatlhwakgolo e le moneelo wa tempele ya Jerusalema. Fa a sena go ba naya dilo tseno, ba ne ba itseela dikhumo tseo mo go neng go tshwana le go thukutha tempele.b Ba bangwe ba ne ba thukutha tempele ya Modimo ka go ntsha ditlhabelo tse di golafetseng le go dira kgwebo ya bopelotshetlha mo mabaleng a yone, ba fetola tempele eo go nna “logaga lwa dinokwane.”—Mathaio 21:12, 13; Malaki 1:12-14; 3:8, 9.
Ruta ba Bangwe Boitsholo Jwa Bokeresete
10. Ga re a tshwanela go tlhokomologa molaetsa ofe wa ga Paulo mo go Baroma 2:21-23?
10 Go sa kgathalesege dilo tse di neng di tlwaetswe go dirwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga tse di jaaka go utswa, go dira boaka le go thukutha ditempele mo Paulo a neng a bua ka gone, re se ka ra tlhokomologa molaetsa wa gagwe. O ne a botsa jaana: “Le fa go ntse jalo, a wena yo o rutang motho mongwe o sele, a ga o ithute?” Go a utlwala gore dikai tse Paulo a buang ka tsone di amana le boitsholo. Moaposetoloi fano o ne a sa bue ka dithuto tsa Baebele kgotsa ka hisitori. Go ithuta le go ruta ba bangwe mo Paulo a neng a bua ka gone, le gone go ne go amana le boitsholo jwa Bokeresete.
11. Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go nna kelotlhoko ka boitsholo jwa Bokeresete fa o ithuta Lefoko la Modimo?
11 Gore re kgone go dirisa thuto e e mo go Baroma 2:21-23, go raya gore re ithute boitsholo jwa Bokeresete mo Lefokong la Modimo mme re dirise se re se ithutileng, re bo re rute ba bangwe go dira jalo. Ka jalo, fa o ithuta Baebele, ela tlhoko ditekanyetso tsa ga Jehofa tse di buang ka boitsholo jwa Bokeresete jwa boammaaruri. Tlhatlhanya ka kgakololo le dithuto tse o di fitlhelang mo Baebeleng. Morago ga moo re dirise se re se ithutang ka bopelokgale. Go dira jalo go tlhoka bopelokgale le boikemisetso. Go motlhofo gore batho ba ba sa itekanelang ba dire diipato, ba ntshe mabaka a go bo boemo bongwe bo dirile gore ba tlhokomologe boitsholo jwa Bokeresete. Gongwe Bajuda ba Paulo a neng a bua ka bone ba ne ba tlwaetse go ntsha mabaka a a ntseng jalo a a sa utlwaleng ka maikaelelo a go nyenyefatsa phoso ya bone kgotsa go tsietsa ba bangwe. Le fa go ntse jalo, mafoko a ga Paulo a supa gore ga re a tshwanela go akanya gore re ka nyatsa kana go itlhokomolosa boitsholo jwa Bokeresete.
12. Boitsholo jo bo siameng kana go tlhoka boitsholo go ama Jehofa Modimo jang, mme ke ka ntlha yang fa go le mosola go nna re akantse ka seno?
12 Moaposetoloi o ne a tlhomolola lebaka la konokono la go ithuta le go tshela go ya ka boitsholo jo Baebele e buang ka jone. Go tlhoka boitsholo ga Bajuda go ne ga dira gore Jehofa a bue jaana ka bone: “Wena, yo o ipelafatsang ka molao, a o tlontlolola Modimo ka go tlola Molao? Gonne ‘leina la Modimo le tlhapadiwa ka ntlha ya lona mo ditšhabeng.’” (Baroma 2:23, 24) Jaanong ga go pelaelo gore fa re tlhokomologa boitsholo jwa Bokeresete, re tlontlolola Mong wa one. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa re ngaparela ditekanyetso tsa Modimo, go a mo itumedisa e bile go a mo tlotla. (Isaia 52:5; Esekiele 36:20) Go lemoga ga gago seno go ka nonotsha boikemisetso jwa gago fa o lebane le diteko kana fa o le mo maemong a go ka nnang motlhofo thata mo go one gore o tlhokomologe boitsholo jwa Bokeresete. Mo godimo ga moo, mafoko a ga Paulo a re ruta sengwe gape. E re ka o lemoga gore boitsholo jwa gago bo ama Modimo, fa o ntse o ruta ba bangwe, ba thuse go lemoga gore tsela e ba dirisang ditekanyetso tsa boitsholo ka yone tse ba di ithutang e ama Jehofa. Boitsholo jwa Bokeresete ga bo tlisetse motho kgotsofalo fela le go sireletsa boitekanelo jwa gagwe. Gape bo ama Ene yo o bo re tlhometseng a bo a re kgothaletsa go tshela ka jone.—Pesalema 74:10; Jakobe 3:17.
13. (a) Baebele e re thusa jang ka boitsholo? (b) Tlhalosa mooko wa kgakololo e e mo go 1 Bathesalonika 4:3-7.
13 Boitsholo bo ama le batho ba bangwe gape. O ka lemoga seno ka go leba dikai tse di mo Lefokong la Modimo tse di supang botlhokwa jwa go tshela ka ditekanyetso tsa Modimo tsa boitsholo le matswela a go di itlhokomolosa. (Genesise 39:1-9, 21; Joshua 7:1-25) Gape o tla bona kgakololo e e botlhokwa ka boitsholo e e reng: “Gonne seno ke se Modimo o se ratang, go itshepisiwa ga lona, gore lo ithibe mo kgokafalong; gore mongwe le mongwe wa lona a itse kafa a ka tsholang sejana sa gagwe ka gone se le boitshepo e bile se tlotlega, e seng mo go eletseng tlhakanelodikobo ka bopelotshetlha mo go ntseng jaaka mo ditšhaba tse di sa itseng Modimo le tsone di nang le gone; gore motho a se ka a feleletsa a gobaditse e bile a tseneletse mo ditshwanelong tsa mokaulengwe wa gagwe mo kgannyeng eno, . . . gonne Modimo o ne a re bitsa, e seng gore a letlelele boitshekologo, mme e ne e le gore re itshepisiwe.”—1 Bathesalonika 4:3-7.
14. O ka ipotsa eng ka kgakololo e e mo go 1 Bathesalonika 4:3-7?
14 Mongwe le mongwe o kgona go bona mo ditemaneng tseno gore boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo ke go roba molao wa Bokeresete wa boitsholo. Le fa go ntse jalo, o ka kgona go tlhaloganya ditemana tseno go ya pele. Ditemana dingwe di re tlhoka gore re di ithute re bo re tlhatlhanye ka tsone mo go tla dirang gore re di tlhaloganye ka mo go oketsegileng. Ka sekai, o ka nna wa akanya ka se Paulo a neng a se raya fa a ne a re go dira kgokafalo go ka dira gore motho a “feleletse . . . a tseneletse mo ditshwanelong tsa mokaulengwe wa gagwe mo kgannyeng eno.” Ke ditshwanelo dife tseno, mme go tlhaloganya seno botoka go ka go thusa jang gore o nne o itshwere ka tsela ya Bokeresete? Se o se fitlheletseng mo patlisisong ya gago se ka go tlhomelela jang gore o rute ba bangwe mme o ba thuse go tlotla Modimo?
Ithute Gore o Kgone go Ruta
15. Ke didirisiwa dife tse o ka di dirisang fa o ithuta?
15 Basupi ba ga Jehofa ba na le didirisiwa tse ba di dirisang go batlisisa dipotso kgotsa dikgang tse di tsogang fa ba ntse ba ithuta kgotsa ba ruta ba bangwe. Sedirisiwa se ba nang le sone ka dipuo di le dintsi ke Watch Tower Publications Index. Fa o na le yone, o ka e dirisetsa go bona tshedimosetso e e mo dikgatisong tsa Basupi ba ga Jehofa tse di theilweng mo Baebeleng. O ka dira patlisiso ka setlhogo kgotsa ka go dirisa lenaane la ditemana tsa Baebele. Sedirisiwa se sengwe se Basupi ba ga Jehofa ba nang le sone ka dipuo di le dintsi ke Watchtower Library. Thulaganyo eno ya khomputara ya CD-ROM e na le dikgatiso di le dintsi. E thusa motho go batlisisa ditlhogo dingwe kgotsa tsela e ditemana dingwe di tlhalosiwang ka yone. Fa e le gore o na le se le sengwe kana di le pedi tsa didirisiwa tseno, di dirise ka metlha fa o ntse o ithuta Lefoko la Modimo gore o rute ba bangwe.
16, 17. (a) O ka bona kae dikakgelo tse di sedimosang ka ditshwanelo tse di umakilweng mo go 1 Bathesalonika 4:6? (b) Kgokafalo e ka tsenelela mo ditshwanelong tsa ba bangwe ka ditsela dife?
16 A re diriseng sekai se se umakilweng fa godimo, sa 1 Bathesalonika 4:3-7. Go ne ga bodiwa potso ka ditshwanelo. Ditshwanelo tsa ga mang? Mme go ka tsenelelwa jang mo ditshwanelong tseo? Fa o dirisa didirisiwa tse di umakilweng tsa go ithuta, ga go pelaelo gore o tla bona dikakgelo di le dintsi tse di sedimosang ka ditemana tseno, le ka ditshwanelo tse di umakiwang ke Paulo. O ka bala dikakgelo tseo mo kgatisong ya Insight on the Scriptures, Bolumo 1, ditsebe 863-4; Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?, tsebe 145; Tora ya Tebelo, ya November 15, 1989, tsebe 31.
17 Fa o ntse o ithuta, o tla lemoga gore dikgatiso tseo di bontsha kafa mafoko a ga Paulo a leng boammaaruri ka gone. Mogokafadi o leofela Modimo mme o ipaya mo kotsing ya go tsenwa ke malwetse. (1 Bakorintha 6:18, 19; Bahebera 13:4) Monna yo o gokafalang o tsenelela mo ditshwanelong tse di farologaneng tsa mosadi yo a leofang le ene. O dira gore a se ka a nna le boitsholo jo bo phepa le segakolodi se se siameng. Fa a sa nyalwa, o tsenelela mo tshwanelong ya gagwe ya go tsena mo lenyalong e le kgarebane le mo tshwanelong ya monna wa gagwe yo a lebeletseng go bo a le kgarebane. O utlwisa batsadi ba mosadi yoo botlhoko le monna wa gagwe fa a nyetswe. Monna wa boitsholo jo bo sa siamang o senya tshwanelo ya lelapa la gaabo ya go bo e le batho ba boitsholo jo bo phepa. Fa a le leloko la phuthego ya Bokeresete, o e tlisetsa kgobo le go e senya leina.—1 Bakorintha 5:1.
18. O solegelwa molemo jang fa o ithuta ka boitsholo jwa Bokeresete mo Baebeleng?
18 A dikakgelo tse di ntseng jalo tse di buang ka ditshwanelo tseo ga di thuse go tlhaloganya temana eno botoka? Ruri go ithuta ka tsela e e ntseng jalo go mosola thata. O a bo o ithuta fa o e dirisa. Tsela e o tlhaloganyang boammaaruri jwa molaetsa wa Modimo ka yone le matswela a one e a gola. O ititaya sehuba gore o tla ngaparela boitsholo jwa Bokeresete go sa kgathalesege diteko tse di go tlelang. Mme akanya fela gore o ka nna morutisi yo o nang le matswela go le go kana kang! Ka sekai, fa o ruta ba bangwe boammaaruri jwa Baebele, o ka dira gore ba tlhaloganye 1 Bathesalonika 4:3-7 botoka mme seo se tla dira gore ba anaanele boitsholo jwa Bokeresete thata. Ka jalo, go ithuta ga gago go tla go thusa wena le ba bangwe ba bantsi gore lo tlotle Modimo. Mme fano, re umakile sekai se le sengwe fela se se tswang mo lekwalong la ga Paulo le a le kwaletseng Bathesalonika. Go na le ditsela tse dingwe gape tse dintsi tsa boitsholo jwa Bokeresete, dikgakololo le dikai tse dingwe tse dintsi tse di mo Baebeleng tse o ka di ithutang, wa di dirisa le go di ruta ba bangwe.
19. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re nne re na le boitsholo jwa Bokeresete?
19 Ga go pelaelo gore go botlhale go dira jalo. Jakobe 3:17 ya re “botlhale jo bo tswang kwa godimo,” kwa go Jehofa Modimo ka boene, “sa ntlha bo itshekile.” Seo se bontsha ka phepafalo go latela ditekanyetso tsa Modimo tsa boitsholo. Tota e bile, Modimo o batla gore ba ba mo emelang ka go ruta Baebele e nne dikai tse di molemo tsa go ‘itsheka.’ (1 Timotheo 4:12) Mokgwa o barutwa ba bogologolo o Paulo le Timotheo ba neng ba tshela ka one o bontsha seo; ba ne ba se ka ba itshwara ka tsela e e sa siamang, Paulo o ne a ba a kwala jaana: “A kgokafalo le boitshekologo jwa mofuta mongwe le mongwe kgotsa bogagaru di se ka tsa ba tsa umakwa mo go lona, fela jaaka go tshwanela batho ba ba boitshepo; le fa e le boitshwaro jo bo tlhabisang ditlhong kgotsa puo ya boeleele kgotsa nyao e e ferosang sebete.”—Baefeso 5:3, 4.
20, 21. Ke ka ntlha yang fa o dumalana le se moaposetoloi Johane a se kwadileng mo go 1 Johane 5:3?
20 E re ka ditekanyetso tsa boitsholo tse di fitlhelwang mo Lefokong la Modimo di utlwala, ga se mokgweleo o o re imelang. Seno re se bona mo go Johane moaposetoloi yo o neng a tshela lobaka lo loleele go feta ba bangwe. Go ya ka se a neng a se lemoga ka masomesome a dingwaga a botshelo jwa gagwe, o ne a itse gore boitsholo jwa Bokeresete ga bo kotsi. Go na le moo, bo siame, bo solegela molemo e bile bo tlisetsa motho masego. Johane o ne a gatelela seno, ka go kwala jaana: “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe; mme ditaelo tsa gagwe ga di imele.”—1 Johane 5:3.
21 Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore Johane o ne a sa re go nna le boitsholo jwa Bokeresete ke tsela e e molemo bogolo ya go utlwa Modimo fela ka gonne go re sireletsa mo mathateng, le mo diphelelong tse di kotsi tsa go sa itshware sentle. Go na le moo, o baya dilo ka tsela e e re thusang go lemoga gore sa ntlha eo ke tsela e re bontshang ka yone gore re rata Jehofa Modimo, mme seno se re naya sebaka se se molemo sa go bontsha lorato loo. Ke boammaaruri gore go ithuta kgotsa go ruta ba bangwe go rata Modimo go re tlhoka gore re amogele ditekanyetso tse di kwa godimo le go di dirisa. Ee, go raya go ithuta boitsholo jwa Bokeresete le go bo ruta ba bangwe.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Fa Josephus a ne a bua ka Bajuda jaaka ba ba tlotlang dilo tse di boitshepo, o ne a tlhalosa molao wa Modimo jaana: “A ope a se ka a tlhapatsa medimo e dinaga tse dingwe di e obamelang, le fa e le go thukutha ditempele tsa dinaga di sele, kgotsa go itseela matlotlo a a tlisitsweng ka leina la modimo ope fela.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—Jewish Antiquities, Buka ya bo4, kgaolo 8, serapa 10.
b Jewish Antiquities, Buka ya bo18, kgaolo 3, serapa 5.
A o A Gakologelwa?
• Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ithuta pele re ruta ba bangwe?
• Boitsholo jwa rona bo ama Jehofa jang?
• Mogokafadi a ka tswa a tsenelela mo ditshwanelong tsa ga mang?
• O ikemiseditse go dira eng ka boitsholo jwa Bokeresete?
[Setshwantsho mo go tsebe 22]
‘Ditaelo tsa gagwe ga di re imele’