KGAOLO 30
“Tswelelang Lo na Le Lorato”
1-3. Re solegelwa molemo jang fa re etsa sekao sa ga Jehofa sa go bontsha lorato?
“GO ABA go itumedisa thata go feta go amogela.” (Ditiro 20:35) Mafoko ao a ga Jesu a gatelela boammaaruri jono jo bo botlhokwa: Lorato lo e seng lwa bogagapa lo na le melemo e megolo. Le fa go abelwa lorato go itumedisa, go le abela ba bangwe kana go le ba bontsha, go itumedisa le go feta.
2 Ga go na ope yo o itseng seno botoka go gaisa Rraarona yo o kwa legodimong. Jaaka fa re bone mo dikgaolong tse di fetileng tsa karolo eno, Jehofa ke sekao se se di gaisang tsotlhe sa lorato. Ga go na ope yo o kileng a bontsha lorato ka ditsela tse dikgolo kana ka lobaka lo loleele go mo gaisa. Ka gone, a go a gakgamatsa go bo Jehofa a bidiwa gore ke “Modimo yo o itumetseng”?—1 Timotheo 1:11.
3 Modimo wa rona yo o lorato o batla gore re leke go tshwana le ene, segolobogolo malebana le go bontsha lorato. Baefeso 5:1, 2 e re bolelela jaana: “Etsang Modimo ka gonne lo bana ba gagwe ba ba rategang, e bile tswelelang lo na le lorato.” Fa re etsa sekao sa ga Jehofa sa go bontsha lorato, re nna le boitumelo jo bogolo jo bo nnang gone ka ntlha ya go abela ba bangwe. Gape re kgotsofadiwa ke go itse gore re itumedisa Jehofa, ka gonne Lefoko la gagwe le re kgothaletsa gore re “kolotane lorato.” (Baroma 13:8) Mme gone, go na le mabaka a mangwe gape a go bo re tshwanetse go ‘tswelela re tsamaya mo loratong.’
Lebaka La go Bo Lorato lo le Botlhokwa
4, 5. Ke eng fa go le botlhokwa gore re bontshe badumedikarona lorato lwa go intsha setlhabelo?
4 Ke eng fa go le botlhokwa gore re rate bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona? Ka bokhutshwane fela re ka re, lorato ke nonofo ya konokono mo Bakereseteng ba boammaaruri. Fa re se na lorato re ka se ka ra nna le kamano e e molemo le Bakeresetemmogo le rona, mme sa botlhokwa go feta, Jehofa o tla re tsaya re se batho ba sepe. Akanya ka tsela e Lefoko la Modimo le gatelelang boammaaruri jono ka yone.
5 Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe jaana mo bosigong jwa bofelo jwa botshelo jwa gagwe mo lefatsheng: “Ke lo naya taelo e ntšha ya gore lo ratane; fela jaaka ke lo ratile, le lona lo tshwanetse go ratana. Fa lo ratana, batho botlhe ba tla lemoga gore lo barutwa ba me.” (Johane 13:34, 35) Fa Jesu a ne a re, “fela jaaka ke lo ratile,” o ne a re laela gore re bontshe lorato lo lo tshwanang le lo a neng a lo bontsha. Mo Kgaolong ya 29 re ile ra lemoga gore Jesu o ne a re tlhomela sekao se se molemo mo go bontsheng lorato lwa go intsha setlhabelo, a dira gore dilo tse ba bangwe ba di tlhokang le tse ba di ratang di tle pele ga tsa gagwe. Le rona re tshwanetse ra bontsha lorato lo e seng lwa bogagapa, mme re dire jalo ka tsela e e bonalang sentle gore lorato lwa rona le lemogiwe le ke batho ba ba seng mo phuthegong ya Bokeresete. Ee ruri, lorato lwa bokaulengwe lwa go intsha setlhabelo ke letshwao le le tlhaolang balatedi ba boammaaruri ba ga Keresete.
6, 7. (a) Re itse jang gore Lefoko la ga Jehofa le gatelela botlhokwa jwa go bontsha lorato? (b) Mafoko a ga Paulo a a mo go 1 Bakorintha 13:4-8 a bua thata ka karolo efe ya lorato?
6 Go tweng fa re se na lorato? Moaposetoloi Paulo o ile a re: “Fa ke . . . se na lorato, ke tshwana fela le tshipi e e tsosang modumo.” (1 Bakorintha 13:1) Semebala e e opanngwang e ntsha modumo o o seng monate. Go tweng ka kapetla ya kgotlho e e tsosang modumo? Dithanolo tse dingwe tsa re “tshipi e e modumo” kana “tshipi e e tsosang modumo.” A ditshwantsho tse di tshwanelang ruri! Motho yo o se nang lorato o tshwana le seletswa sa mmino se se tsosang modumo o o kwa godimo le o o gagashang, o o bosula go na le gore o nne monate. Motho yo o ntseng jalo a ka itumelela botsala jang le batho ba bangwe? Gape Paulo o ile a re: “[Fa] ke na le tumelo e e nonofileng mo nka sutisang dithaba, mme gone ke se na lorato, ga ke sepe.” (1 Bakorintha 13:2) Akanya fela, motho yo o se nang lorato ke “motho yo o se nang mosola” go sa kgathalasege ditiro dipe tse a ka tswang a di dira! (The Amplified Bible) A seno ga se bontshe sentle gore Lefoko la ga Jehofa le gatelela botlhokwa jwa go bontsha lorato?
7 Mme gone, re ka bontsha nonofo eno jang ka tsela e re dirisanang le ba bangwe ka yone? Go araba potso eo, a re sekasekeng mafoko a ga Paulo a a fitlhelwang mo go 1 Bakorintha 13:4-8. Ditemana tseno ga di gatelele tsela e Modimo a re ratang ka yone kana e rona re ratang Modimo ka yone. Go na le moo, Paulo o ne a bua thata ka tsela e re tshwanetseng go bontshana lorato ka yone. O ne a tlhalosa dilo tse lorato e leng tsone le tse lorato e seng tsone.
Se Lorato e Leng Sone
8. Bopelotelele bo ka re thusa jang mo tseleng e re dirisanang le ba bangwe ka yone?
8 ‘Lorato lo pelotelele.’ Ka jalo, go nna le lorato go kaya go itshokela batho ba bangwe o le pelotelele. (Bakolosa 3:13) A ga re tlhoke bopelotelele jo bo ntseng jalo? E re ka re le dibopiwa tse di sa itekanelang tse di dirang mmogo, a ga re a tshwanela go lebelela gore gangwe le gape bakaulengwe ba rona ba Bakeresete ba ka re kgopisa le gore le rona re ka ba dira se se tshwanang. Mme gone, bopelotelele le boiphapaanyo di ka re thusa go itshokela go utlwisana botlhoko le go kgopisana go go sa reng sepe go go re tlhagelang fa re ntse re dirisana le ba bangwe—kwantle ga gore re senye kagiso ya phuthego.
9. Re ka bontsha ba bangwe bopelonomi ka ditsela dife?
9 ‘Lorato lo pelonomi.’ Bopelonomi bo bontshiwa ka go thusa ba bangwe ka tsela e e molemo le ka go dirisa mafoko a a akanyetsang. Lorato lo re tlhotlheletsa go batla ditsela tse re ka bontshang bopelonomi ka tsone, segolobogolo mo go ba ba lo tlhokang thata. Ka sekai, modumedikarona yo o godileng a ka tswa a jewa ke bodutu mme a tlhoka go etelwa gore a kgothadiwe. Mmè yo o se nang molekane kana kgaitsadi yo o nnang mo lelapeng le le kgaoganeng ka bodumedi a ka tswa a tlhoka thuso ka tsela nngwe. Motho yo o lwalang kana yo o diragaletsweng ke sengwe se se botlhoko a ka tswa a tlhoka mafoko a a kgothatsang go tswa mo tsaleng e e ikanyegang. (Diane 12:25; 17:17) Fa re tsaya kgato ya go bontsha bopelonomi ka ditsela tse di ntseng jalo, re bontsha gore lorato lwa rona ke lwa mmatota.—2 Bakorintha 8:8.
10. Lorato lo re thusa jang go kgomarela le go bua boammaaruri le fa go se motlhofo go dira jalo?
10 ‘Lorato lo itumelela boammaaruri.’ Thanolo nngwe e bolela jaana: “Lorato . . . lo ipelela go ema le boammaaruri.” Lorato lo re tlhotlheletsa go kgomarela boammaaruri le gore mongwe le mongwe wa rona “a bue boammaaruri le yo mongwe.” (Sekarea 8:16) Ka sekai, fa mongwe yo re mo ratang a dirile boleo jo bo masisi, go rata Jehofa—le ene yo o dirileng boleo—go tla re thusa go kgomarela melao ya Modimo go na le gore re leke go fitlha, go dira diipato, kana le e leng go bua maaka ka boleo joo. Ke boammaaruri gore, go ka nna ga se ka ga nna motlhofo go amogela se se diragetseng. Mme gone, fa e le gore re batla gore motho yono yo re mo ratang a thusege, re tla batla gore a amogele le go tsaya kgato ka kotlhao e e lorato e e tswang mo Modimong. (Diane 3:11, 12) E re ka re le Bakeresete ba ba nang le lorato, gape re batla “go ikanyega mo dilong tsotlhe.”—Bahebera 13:18.
11. E re ka lorato lo “emelana le dilo tsotlhe,” ke eng se re sa tshwanelang go se dira fa badumedikarona ba dira diphoso?
11 ‘Lorato lo emelana le dilo tsotlhe.’ Mafoko ao fa a ranolwa fela jaaka a ntse a kaya gore “lo bipa dilo tsotlhe.” (Kingdom Interlinear) Temana ya 1 Petere 4:8 ya re: “Motho yo o nang le lorato o iketleeleditse go itshwarela ba bangwe ka metlha.” Ee, Mokeresete yo o laolwang ke lorato ga a itlhaganelele go senola makoa le bosaitekanelang jwa bakaulengwe ba gagwe. Gantsi diphoso tsa badumedikarona ke tse e seng tsa sepe mme re ka di bipa ka lorato.—Diane 10:12; 17:9.
12. Moaposetoloi Paulo o ne a bontsha jang gore o dumela se se molemo ka Filemone, mme re ka ithuta eng mo sekaong sa ga Paulo?
12 ‘Lorato lo dumela dilo tsotlhe.’ Thanolo ya ga Moffatt ya re lorato lo “nna lo tlhagafaletse go dumela se se molemo ka metlha.” Ga re nnele go belaela badumedikarona, re belaela sengwe le sengwe se ba se dirang. Lorato lo re thusa go “dumela se se molemo” ka bakaulengweng ba rona le go ba tshepa.a Ela tlhoko sekai se se mo lekwalong le Paulo a le kwaletseng Filemone. Paulo o ne a kwalela Filemone go mo kgothaletsa gore a amogele ka bopelonomi lekgoba la gagwe le le neng le tshabile e bong Onesimo, yo jaanong e neng e le Mokeresete. Paulo o ne a se ka a leka go pateletsa Filemone go dira jalo, go na le moo, o ne a mo kopa ka lorato. O ne a bontsha ka mafoko ano gore o tshepa gore Filemone o tla dira se se siameng: “Ke go kwalela jaana ke go tshepa, ke itse gore o tla dira se se fetang dilo tse ke di buang.” (Temana ya 21) Fa lorato lo re dira gore re bontshe go tshepa bakaulengwe ba rona ka tsela e e ntseng jalo, re dira gore ba bontshe dinonofo tse di molemo tse ba nang le tsone.
13. Re ka bontsha jang gore re solofela se se molemo mo bakaulengweng ba rona?
13 ‘Lorato lo solofela dilo tsotlhe.’ Fela jaaka lorato lo dira gore motho a ikanye ba bangwe, gape lo dira gore a nne le tsholofelo mo go bone. Ka ntlha ya go tlhotlhelediwa ke lorato, re solofela dilo tse di molemo ka bakaulengwe ba rona. Ka sekai, fa mokaulengwe a tsaya “tsela e e phoso mme a sa lemoge,” re nna le tsholofelo ya gore o tla amogela maiteko a go mo lolamisa ka lorato. (Bagalatia 6:1) Gape re na le tsholofelo ya gore ba ba bokoa mo tumelong ba tla nonofa gape. Re nna pelotelele le ba ba ntseng jalo, e bile re dira sotlhe se re ka se kgonang go ba thusa gore ba nne le tumelo e e nonofileng. (Baroma 15:1; 1 Bathesalonika 5:14) Tota le fa yo re mo ratang a ka tswa mo tseleng, ga re felelwe ke tsholofelo ya gore letsatsi lengwe o tla itharabologelwa mme a boele kwa go Jehofa, fela jaaka morwa yo o latlhegileng wa setshwantsho sa ga Jesu.—Luke 15:17, 18.
14. Ba bangwe mo mo phuthegong ba ka leka boitshoko jwa rona ka ditsela dife, mme lorato lo ka re thusa go tsibogela seo jang?
14 ‘Lorato lo itshokela dilo tsotlhe.’ Boitshoko bo re thusa go ema re nonofile fa re swabisitswe kana fa re lebane le mathata. Boitshoko jwa rona ga bo lekwe fela ke batho ba e seng ba phuthego. Ka dinako tse dingwe re ka lekwa le ke ba ba mo phuthegong. E re ka bakaulengwe ba rona ba sa itekanela, ba ka re swabisa ka dinako tse dingwe. Motho a ka re utlwisa botlhoko ka go bua sengwe a sa akanya. (Diane 12:18) Gongwe kgang nngwe mo phuthegong ga ya rarabololwa ka tsela e re neng re akantse gore e tla rarabololwa ka yone. Tsela e mokaulengwe mongwe yo o tlotlegang a itshwarang ka yone e ka re kgopisa, e dira gore re ipotse gore, ‘Ke eng fa a itshwara jaana mme a re ke Mokeresete?’ Fa re lebana le maemo a a ntseng jalo, a re tla ngalela phuthego mme re bo re tlogela go direla Jehofa? Re ka se dire jalo fa re na le lorato! Ee, lorato lo tla re thibela gore re se ka ra tlhoma matlho thata jaana mo makoeng a bakaulengwe ba rona mo re sa tlholeng re kgona go bona sepe se se molemo mo go bone kana mo phuthegong ka kakaretso. Lorato lo re thusa go nna re ikanyega mo Modimong le go ema phuthego ya gagwe nôkeng go sa kgathalasege se batho ba bangwe ba ba sa itekanelang ba ka se buang kana ba se dira.—Pesalema 119:165.
Se Lorato e Seng Sone
15. Lefufa ke eng, mme lorato lo ka re thusa jang go tila mokgwa ono o o kotsi?
15 ‘Lorato ga lo lefufa.’ Lefufa le ka dira gore re tswele pelo dilo tse ba bangwe ba nang le tsone—dithoto tsa bone, ditshiamelo tsa bone, kana bokgoni jwa bone. Lefufa le le ntseng jalo ke boikutlo jwa bogagapa, jo bo kotsi, mme le ka senya kagiso ya phuthego fa le ka tlogelwa fela. Ke eng se se tla re thusang go fenya tshekamelo ya go fufega? (Jakobe 4:5) Re ka thusiwa ke lorato. Nonofo eno e e botlhokwa e ka re thusa go itumela le batho ba go bonalang ba bona melemo mengwe mo botshelong e rona re se nang yone. (Baroma 12:15) Lorato lo tla re thusa gore re se ka ra kgopisega fa motho mongwe a akgolelwa go nna le bokgoni bongwe kana a atlegile ka tsela nngwe.
16. Fa ruri re rata bakaulengwe ba rona, goreng re ka tila go ikgantsha ka dilo tse re di dirang mo tirelong ya ga Jehofa?
16 ‘Lorato ga lo ikgantshe, ga lo ikgogomose.’ Lorato lo re thibela go itlotlomatsa ka bokgoni jwa rona kana dilo tse re atlegileng mo go tsone. Fa ruri re rata bakaulengwe ba rona, a re ka nnela go ikgantsha ka katlego ya rona mo bodireding kana ka ditshiamelo tse re nang le tsone mo phuthegong? Go ikgantsha jalo go ka kgoba ba bangwe marapo, go ba dira gore ba ikutlwe ba inyatsa fa ba ipapisa le rona. Lorato ga lo re letle go ikgantsha ka dilo tse Modimo a re abetseng tsone mo tirelong ya gagwe. (1 Bakorintha 3:5-9) Mo godimo ga moo, lorato ‘ga lo ikgogomose,’ kana jaaka fa The New Testament in Modern English e bolela, “ga lo itseele kwa godimo.” Lorato lo re thibela gore re se ka ra itseela kwa godimo.—Baroma 12:3.
17. Lorato lo re tlhotlheletsa go bontsha go akanyetsa ba bangwe ka tsela efe, mme ka gone, ke boitshwaro bofe jo re tla bo tilang?
17 ‘Lorato lo na le maitseo.’ Motho yo o se nang maitseo o dira dilo ka tsela e e sa siamang kana e e kgopisang. Tsela e e ntseng jalo ga e bontshe lorato, ka gonne e bontsha go tlhokomologa maikutlo a batho ba bangwe. Go na le moo, lorato lo pelonomi ka lo re tlhotlheletsa go akanyetsa batho ba bangwe. Lorato lo dira gore re nne le maitsholo a mantle, boitshwaro jo bo amogelwang ke Modimo le go tlotla badumedikarona. Ka gone, lorato lo ka se re letle go dira “boitshwaro jo bo tlhabisang ditlhong”—tota re ka re, lo ka se re letle go itshwara ka tsela epe fela e e ka gakgamatsang bakaulengwe ba rona ba Bakeresete kana ya ba kgopisa.—Baefeso 5:3, 4.
18. Ke eng fa motho yo o lorato a sa gagamalele gore sengwe le sengwe se dirwe ka tsela ya gagwe?
18 “Motho yo o lorato . . ga a dire se se tswelang ene mosola fela.” Revised Standard Version ya re: “Lorato ga lo gagamalele tsela ya lone fela.” Motho yo o lorato ga a pateletse gore sengwe le sengwe se dirwe ka tsela ya gagwe, jaaka e kete megopolo ya gagwe e nepile ka metlha. Ga a gatelele batho ba bangwe, a dirisa maatla a gagwe a go tlhotlheletsa go fekeetsa ba ba nang le kgopolo e e farologanang le ya gagwe. Botlhogoethata jo bo ntseng jalo bo senola gore motho yoo o boikgogomoso ka tsela nngwe, mme Baebele ya re: “Boikgogomoso bo dira gore motho a we.” (Diane 16:18) Fa ruri re rata bakaulengwe ba rona, re tla tlotla megopolo ya bone, mme fa go kgonega, re tla bontsha go iketleeletsa go ineela. Moya wa go ineela o dumalana le mafoko ano a ga Paulo: “A mongwe le mongwe a nne a dire se se tswelang motho yo mongwe mosola, e seng se se tswelang ene mosola.”—1 Bakorintha 10:24.
19. Lorato lo re thusa go tsiboga jang fa ba bangwe ba re kgopisa?
19 ‘Lorato ga lo galefe ka bonako, ga lo boloke sekgopi.’ Lorato ga lo galefsiwe motlhofo ke se ba bangwe ba se buang kana ba se dirang. Ke boammaaruri gore, re ka galefa fa ba bangwe ba re kgopisa. Mme gone, tota le fa re na le lebaka le le utlwalang la go galefa, lorato ga lo re letle go nna re galefile. (Baefeso 4:26, 27) Re ka se nnele go ikgopotsa mafoko kana ditiro tse di re utlwisitseng botlhoko, jaaka e kete re di kwadile mo bukeng gore re se ka ra di lebala. Go na le moo, lorato lo re tlhotlheletsa go etsa Modimo wa rona yo o lorato. Jaaka fa re bone mo Kgaolong ya 26, Jehofa o a re itshwarela fa go na le lebaka le le utlwalang la go dira jalo. Fa a re itshwarela, o lebala maleo ao, ke gore, ga a nnele go re gopotsa one mo nakong e e tlang. A ga re lebogele go bo Jehofa a sa nnele go boloka sekgopi?
20. Re tshwanetse go itshwara jang fa modumedikarona a dirile phoso mme dilo di sa mo tsamaele sentle ka ntlha ya seo?
20 ‘Lorato ga lo itumelele maaka (kgotsa tshiamololo).’ The New English Bible ya re: “Lorato . . . ga lo ke lo kgatlhiwa ke maleo a batho ba bangwe.” Thanolo ya ga Moffatt ya re: “Lorato ga lo ke lo itumelela diphoso tsa batho ba bangwe.” Lorato ga lo itumelele tshiamololo, ka jalo ga re mpampetse boitsholo jo bo maswe jwa mofuta ope fela. Re itshwara jang fa modumedikarona a wetse mo boleong mme dilo di bo di sa mo tsamaele sentle ka ntlha ya gone? Fa re na le lorato re ka se itumelele seo, jaaka e ke te ra re, ‘Ehee! O baakanyegile!’ (Diane 17:5) Le fa go ntse jalo, re a itumela fa mokaulengwe yo o dirileng phoso a tsaya dikgato tse di siameng gore a baakanye botsala jwa gagwe le Jehofa.
“Sengwe Se se Di Gaisang Tsotlhe”
21-23. (a) Paulo o ne a bolela eng fa a ne a re “lorato ga lo ke lo fela”? (b) Ke eng se se tla sekasekwang mo kgaolong ya bofelo?
21 “Lorato ga lo ke lo fela.” Paulo o ne a bolelang ka mafoko ao? Go ya ka se go buiwang ka sone mo ditemaneng tseno, o ne a bua ka dimpho tsa moya tse Bakeresete ba pele ba neng ba na le tsone. Dimpho tseo di ne di bontsha gore Modimo o ne a amogela phuthego eo e e neng e sa tswa go tlhongwa. Mme gone, e ne e se Bakeresete botlhe ba ba neng ba kgona go fodisa, go porofeta, kana go bua ka diteme. Le fa go ntse jalo, seo se ne se sa tshwenye; moragonyana dimpho tseo tsa go dira dikgakgamatso di ne di tlile go khutlisiwa. Le fa go ntse jalo, go na le sengwe se se neng se tla tswelela se le teng, sengwe se Bakeresete botlhe ba neng ba ka kgona go nna le sone. Se ne se le botlhokwa thata, se nnela ruri go gaisa mpho epe fela ya go dira dikgakgamatso. Tota e bile, Paulo o ne a bitsa selo seo a re ke “sengwe se se di gaisang tsotlhe.” (1 Bakorintha 12:31) ‘Selo seno se se di gaisang tsotlhe’ e ne e le eng? E ne e le lorato.
22 Ee ruri, lorato lono lwa Bokeresete lo Paulo a neng a lo tlhalosa “ga lo ke lo fela,” ke gore, le ka motlha lo ka se ka lwa nyelela. Le gompieno lorato lwa bokaulengwe lwa go intsha setlhabelo lo sa ntse lo tlhaola balatedi ba boammaaruri ba ga Jesu. A ga re bone lorato lo lo ntseng jalo mo diphuthegong tsa baobamedi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe? Lorato loo lo tla nnela ruri, ka gone Jehofa o solofetsa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang botshelo jo bo sa khutleng. (Pesalema 37:9-11, 29) E kete re ka nna re dira sotlhe se re ka se kgonang gore re ‘tswelele re na le lorato.’ Fa re dira jalo, re tla iponela ka borona gore go aba go itumedisa thata. Go feta moo, re ka kgona go tshelela ruri e bile re ka kgona go bontsha lorato ka bosakhutleng jaaka Modimo wa rona yo o lorato, Jehofa.
Batho ba ga Jehofa ba lemogiwa ka go ratana
23 Mo kgaolong eno e e konelang karolo eno e e buang ka lorato, re sekasekile kafa re ka bontshanang lorato ka teng. Le fa go ntse jalo, e re ka go na le ditsela tse dintsi tse ka tsone re solegelwang molemo ke lorato lwa ga Jehofa—go akaretsa le maatla a gagwe, tshiamiso le botlhale—go ka nna molemo fa re ka ipotsa jaana, ‘Nka bontsha Jehofa jang gore ruri ke a mo rata?’ Potso eno e tla sekasekiwa mo kgaolong ya rona ya bofelo.
a Ke boammaaruri gore, lorato lwa Bokeresete ga lo ikanye selo ka tsela e e feteletseng mo le ka tsietsegang motlhofo. Baebele e re gakolola jaana: “Lo ele tlhoko ba ba bakang dikgaogano le ba ba dirang gore ba bangwe ba kgopiwe. . . . Lo se ka lwa itsalanya le bone.”—Baroma 16:17.