‘Modimo, A ko O Rome Lesedi la Gago’
“A ko o rome lesedi la gago le boammaaruri jwa gago; a di nkgoge.”—PESALEMA 43:3.
1. Jehofa o senola maikaelelo a gagwe jang?
JEHOFA o akanyetsa batlhanka ba gagwe thata fa a ba itsise maikaelelo a gagwe. Go na le gore a re senolele lesedi la boammaaruri le lentsi ka nako e le nngwe ka tsela e e tla re foufatsang, o le re senolela kgato ka kgato. Tsela ya botshelo e re leng mo go yone e ka tshwantshiwa le mosepele o motho a o tsereng mo nageng. O simolola mosepele go sa le phakela thata mo mosong a sa bone sentle. Fa go ntse go apoga ka iketlo, motsamai o simolola go bona dilo di sekae mo a tsamayang teng. Bontsi jwa tse dingwe o di bona ka tsela e e letobo. Mme fa letsatsi le ntse le tlhatloga, o kgona go bonela kwa kgakala. Go ntse jalo le ka lesedi la semoya le Modimo a re nayang lone. O re letla go tlhaloganya dilo di le mmalwa kgato ka kgato. Morwa Modimo e bong Jesu Keresete, le ene o ile a neela batho lesedi la semoya ka tsela e e ntseng jalo. A re sekasekeng kafa Jehofa a ileng a sedimosetsa batho ba gagwe ka teng mo metlheng ya bogologolo le kafa a dirang seno ka teng gompieno.
2. Jehofa o ne a sedimosetsa batho jang mo metlheng ya pele ga Bokeresete?
2 Go ka nna ga direga gore batlhami ba Pesalema ya bo43 ke barwa ba ga Kora. E re ka e ne e le Balefi, ba ne ba na le tshiamelo ya go ruta batho Molao wa Modimo. (Malaki 2:7) Ke boammaaruri gore Jehofa e ne e le ene Motlhatlheledi wa bone yo Mogolo, mme ba ne ba mo tsaya e le ene Motswedi wa botlhale jotlhe. (Isaia 30:20) Mopesalema o ile a rapela jaana: “Modimo, . . . a ko o rome lesedi la gago le boammaaruri jwa gago; a di nkgoge.” (Pesalema 43:1, 3) Jehofa o ne a ruta Baiseraele ditsela tsa gagwe, fa fela ba ne ba ikanyega mo go ene. Makgolo a dingwaga moragonyana, Jehofa o ne a ba segofatsa ka go ba abela lesedi le boammaaruri jo bo sa tshwaneng le bope. Modimo o ne a dira jalo fa a ne a romela Morwawe mo lefatsheng.
3. Dithuto tsa ga Jesu di ne tsa leka Bajuda ka tsela efe?
3 Fa Morwa Modimo, Jesu Keresete e sa ntse e le motho, e ne e le “lesedi la lefatshe.” (Johane 8:12) O ne a ruta batho “dilo di le dintsi ka ditshwantsho”—dilo tse disha. (Mareko 4:2) O ne a raya Ponto Pilato a re: “Bogosi jwa me ga se jwa lefatshe leno.” (Johane 18:36) Seo e ne e le kgopolo e ntšha mo mothong wa Roma tota le mo Bajudeng ba ba ratang botšhaba ka gonne ba ne ba akanya gore Mesia o ne a tlile go phutlhamisa Mmusomogolo wa Roma le go dira gore Iseraele e boe e tlotlomale gape. Jesu o ne a senola lesedi le le tswang kwa go Jehofa, mme gone mafoko a gagwe a ne a sa itumedise balaodi ba Bajuda ba ba neng ba “rata kgalaletso ya batho bogolo go kgalaletso ya Modimo.” (Johane 12:42, 43) Bontsi jwa batho ba ne ba rata go kgomarela dingwao tsa bone tse di itlhametsweng ke batho go na le go amogela lesedi la semoya le boammaaruri jwa Modimo.—Pesalema 43:3; Mathaio 13:15.
4. Ke eng se se bontshang gore barutwa ba ga Jesu ba ne ba tla tswelela pele ba gola mo go tlhaloganyeng dilo?
4 Lefa go ntse jalo, banna le basadi ba sekae ba ba dipelo di ikanyegang ba ne ba amogela boammaaruri jo bo neng bo rutwa ke Jesu ka boipelo. Tsela e ba neng ba tlhaloganya maikaelelo a Modimo ka yone e ne ya gola kgato ka kgato. Fa nako e ntse e atamela ya gore Morutisi wa bone a wetse botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng, ba ne ba sa ntse ba na le dilo tse dintsi go di ithuta. Jesu o ile a ba raya a re: “Ke na le dilo di le dintsi tse ke santseng ke tshwanetse go di bua le lona, mme ga lo kgone go di sikara mo nakong eno.” (Johane 16:12) Ee, barutwa ba ne ba tla tswelela pele ba gola mo tseleng e ba tlhaloganyang boammaaruri jwa Modimo ka yone.
Lesedi le Nna le Phatsimela Pele
5. Go ne ga tsoga potso efe mo lekgolong la ntlha la dingwaga, mme ke bomang ba ba neng ba e rarabolola?
5 Lesedi la Modimo le ne la phatsimela pele morago ga loso le tsogo ya ga Jesu. Mo ponatshegelong e Petere a neng a e bontshiwa, Jehofa o ne a senola gore go tloga ka nako eo Baditšhaba ba ba sa rupang ba ne ba ka nna balatedi ba ga Keresete. (Ditiro 10:9-17) Seo e ne e le tshedimosetso e ntšha! Lefa go ntse jalo, moragonyana go ne ga tsoga potso ya gore: A Jehofa o ne a lebeletse gore Baditšhaba bano ba rupisiwe fa ba sena go nna Bakeresete? Potso eno e ne e sa arabiwa mo ponatshegelong ka jalo e ne ya tsosa kgang ya moruthutha mo Bakereseteng. E ne e tshwanetse go rarabololwa e seng jalo e ne e tla senya kutlwano ya bone. Ka gone, kwa Jerusalema, “baaposetoloi le banna ba bagolwane ba phuthega mmogo go tla go bona kaga kgang eno.”—Ditiro 15:1, 2, 6.
6. Baaposetoloi le banna ba bagolwane ba ile ba tsaya dikgato dife fa ba ne ba sekaseka kgang ya go rupa?
6 Batho ba ba neng ba kopane mo pokanong eno ba ne ba ka itse jang thato ya Modimo ka badumedi bano ba Baditšhaba? Jehofa ga a ka a romela moengele go okamela motlotlo oo e bile ga a ka a bontsha ba ba neng ba le moo ponatshegelo. Le fa go ntse jalo, o ne a sa tlogela baaposetoloi le banna ba bagolwane fela ba se na sepe se se ba kaelang. Ba ile ba sekaseka bosupi jo bo tswang mo Bakereseteng bangwe ba Bajuda ba ba neng ba bone kafa Modimo a neng a simolotse go dirisana le baditšhaba ka teng, a tshololela Baditšhaba ba ba sa rupang moya wa gagwe o o boitshepo. Gape ba ne ba sekaseka Dikwalo go bona kaelo. Seno se ne sa dira gore morutwa Jakobe a ntshe kakantsho e e neng e theilwe mo lokwalong lo lo nayang tshedimosetso. Fa ba ntse ba akanya ka bosupi joo, ba ne ba simolola go tlhaloganya thato ya Modimo botoka. Go ne go sa tlhokege gore baditšhaba ba rupisiwe e le gore Jehofa a ba amogele. Baaposetoloi le banna ba bagolo ba ne ba se ka ba senya nako, ba ne ba kwala tshwetso eo e ba neng ba e dirile e le gore ba ke ba kaele Bakeresetekabone ka yone.—Ditiro 15:12-29; 16:4.
7. Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba gatela pele ka tsela efe?
7 Bontsi jwa Bakeresete ba Bajuda ba ne ba se ka ba tshwana le baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ba neng ba kgomaretse dingwao tsa borraabonemogolo, bone ba ne ba itumela tota fa ba ne ba amogela tsela eno e ntšha ya go tlhaloganya maikaelelo a Modimo malebana le baditšhaba, le mororo go e amogela go ne go ba tlhoka gore ba fetole tsela e ba neng ba leba Baditšhaba ka yone. Jehofa o ne a segofatsa moya wa bone wa boikokobetso, mme “diphuthego tsa tswelela di nitamisiwa mo tumelong e bile di oketsega ka palo letsatsi le letsatsi.”—Ditiro 15:31; 16:5.
8. (a) Ke eng se se re bontshang gore go ne go ka lebelelwa lesedi le le oketsegileng fa lekgolo la ntlha la dingwaga le tloga le fela? (b) Re tlile go sekaseka dipotso dife tse di maleba?
8 Lesedi la semoya le ne la phatsimela pele go ralala lekgolo la ntlha la dingwaga. Mme gone Jehofa ga a ka a senolela Bakeresete ba pele dilo tsotlhe malebana le maikaelelo a gagwe. Moaposetoloi Paulo o ile a bolelela badumedikaene ba lekgolo la ntlha la dingwaga a re: “Mo nakong eno re bona ka tsela e e letobo ka seipone sa tshipi.” (1 Bakorintha 13:12) Seipone se se ntseng jalo se ne se sa kgone go phatsima thata. Ka gone, kwa tshimologong, ba ne ba se kitla ba tlhaloganya lesedi la semoya go le kalo. Morago ga loso lwa baaposetoloi, lesedi le ne la nna letobo ka nakwana, mme gone mo metlheng ya bosheng jaana kitso ya Dikwalo e ile ya oketsega. (Daniele 12:4) Gompieno Jehofa o sedimosetsa batho ba gagwe ka tsela efe? Mme re tshwanetse go tsiboga jang fa a oketsa tsela e re tlhaloganyang Dikwalo ka yone?
Lesedi le Phatsimela Pele Kgato ka Kgato
9. Baithuti ba pele ba Baebele ba ne ba dirisa mokgwa ofe o o molemo o o sa tshwaneng le ope wa go ithuta Baebele?
9 Mo motlheng wa gompieno, matlhasedi a ntlha a mmatota a lesedi a ne a simolola go bonala mo karolong ya bofelo ya lekgolo la bo19 la dingwaga fa setlhopha sa banna le basadi bangwe ba Bakeresete ba ne ba simolola go ithuta Dikwalo ka tlhoafalo. Ba ne ba tlhama mokgwa mongwe o o molemo wa go ithuta Baebele. Mongwe wa bone o ne a botsa potso; go tswa foo setlhopha seno se ne se sekaseka ditemana tsotlhe tsa Dikwalo tse di amanang le yone. Fa go bonala e kete ditemana dingwe tsa Baebele di a ganetsana, Bakeresete bano ba ba tlhoafetseng ba ne ba leka go di dumalanya. Baithuti ba Baebele (Basupi ba ga Jehofa jaaka ba ne ba itsege ka nako eo) ba ne ba sa tshwane le baeteledipele ba bodumedi ba nako eo, bone ba ne ba ikemiseditse go letla gore Dikwalo Tse di Boitshepo e nne tsone di ba kaelang, e seng ngwao kana dithuto tse di itlhametsweng ke batho. Fa ba sena go sekaseka bosupi jotlhe jwa Dikwalo jo bo neng bo le gone, ba ne ba kwala ditshwetso tse ba dumalaneng ka tsone. Seno se ne se dira gore tsela e ba tlhaloganyang dithuto tsa motheo tsa Baebele ka yone e tokafale.
10. Charles Taze Russell o ne a kwala dibuka dife tse di molemo tsa go ithuta Baebele?
10 Mongwe wa Baithuti ba Baebele yo o neng a tlhomologile e ne e le Charles Taze Russell. O ne a kwala motseletsele wa dibuka tsa go ithuta Baebele tse di neng di bidiwa Studies in the Scriptures. Mokaulengwe Russell o ne a ikaeletse go kwala bolumo ya bosupa e e neng e tla tlhalosa buka ya Baebele ya Esekiele le ya Tshenolo. O ne a re: “Nako nngwe le nngwe fela e nka bonang tlhaloso ka yone ke tla kwala Bolumo ya Bosupa.” Le fa go ntse jalo, o ile a oketsa jaana: “Fa Morena a ka dira gore mongwe o sele a bone tlhaloso, a ka nna a e kwala.”
11. Nako e e tshwanetseng e amana jang le go tlhaloganya ga rona maikaelelo a Modimo?
11 Mafoko a a fa godimo a ga C. T. Russell a bontsha selo sa botlhokwa se se amanang le go tlhaloganya ga rona ditemana dingwe tsa Baebele—nako e e tshwanetseng. Mokaulengwe Russell o ne a itse gore o ne a ka se pateletse lesedi go phatsimela buka ya Tshenolo fela jaaka motsamai yo o tlhobaelang a ka se pateletse letsatsi go tlhaba pele ga nako ya lone e e tshwanetseng.
Go Senolwa—Ka Nako ya Modimo e e Tshwanetseng
12. (a) Boporofeti jwa Baebele bo tlhaloganngwa botoka leng? (b) Ke sekai sefe se se bontshang gore go tlhaloganya ga rona boporofeti jwa Baebele go ikaegile ka thulaganyo ya Modimo ya nako? (Bona mokwalo o o kwa tlase.)
12 Fela jaaka baaposetoloi ba ile ba tlhaloganya bontsi jwa dipolelelopele tse di malebana le Mesia morago ga loso lwa ga Jesu le tsogo ya gagwe, le gompieno Bakeresete ba tlhaloganya bontsi jwa dintlha tse di malebana le boporofeti jwa Baebele fa bo setse bo diragaditswe. (Luke 24:15, 27; Ditiro 1: 15-21; 4:26, 27) Tshenolo ke buka ya bopofofeti, ka jalo re ka lebelela gore re tla e tlhaloganya sentle fa ditiragalo tse e di tlhalosang di ntse di diragadiwa. Ka sekai, C. T. Russell, o ne a ka se tlhaloganye bokao jwa sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo se se umakwang mo go Tshenolo 17:9-11 sentle e re ka mekgatlho e sebatana seno se e emelang, e leng lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba le lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, e ne ya nna gone morago ga loso lwa gagwe.a
13. Ka dinako tse dingwe go direga eng fa lesedi le phatsimela thuto nngwe ya Baebele?
13 Fa Bakeresete ba pele ba ne ba utlwa gore Baditšhaba ba ba sa rupang ba ne ba ka nna badumedikabone, phetogo eo e ne ya dira gore go tsoge potso malebana le gore a go a tlhokega gore baditšhaba ba rupisiwe. Seno se ne sa dira gore baaposetoloi le banna ba bagolwane ba sekaseke kgang yotlhe ya go rupa. Go ntse fela jalo le gompieno. Go phatsima ga lesedi le le rileng malebana le thuto nngwe ya Baebele ka dinako tse dingwe go dira gore batlhanka ba Modimo ba ba tloditsweng, “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela,” ba sekaseke ditlhogo tse di amanang le thuto eo jaaka fa sekai se se latelang sa bosheng se bontsha.—Mathaio 24:45.
14-16. Phetogo e e neng ya dirwa mo ponong ya rona malebana le tempele ya semoya e ne ya ama jang tsela e re tlhaloganyang dikgaolo 40 go ya go 48 tsa Esekiele ka yone?
14 Ka 1971 go ne ga gatisiwa tlhaloso ya boporofeti jwa Esekiele mo bukeng ya “The Nations Shall Know That I Am Jehovah”—How? Kgaolo nngwe ya buka eno e tlhalosa ponatshegelo ya ga Esekiele ya tempele ka bokhutshwane. (Esekiele, dikgaolo 40-48) Ka nako eo, go ne go lebisitswe tlhokomelo thata mo kgannyeng ya kafa ponatshegelo ya ga Esekiele e tla diragadiwang ka teng mo lefatsheng le lesha.—2 Petere 3:13.
15 Le fa go ntse jalo, dikgatiso tse pedi tse di gatisitsweng mo go Tora ya Tebelo ya December 1, 1972, di ile tsa ama tsela e re tlhaloganyang ponatshegelo ya ga Esekiele ka yone. Di ne di bua ka tempele e kgolo ya semoya e e tlhalosiwang ke moaposetoloi Paulo mo go Bahebera kgaolo 10. Tora ya Tebelo e ile ya tlhalosa gore lefelo la Boitshepo le lelwapa le le kwa teng la tempele eno ya semoya le amana le boemo jwa batlodiwa fa ba sa ntse ba le mo lefatsheng. Fa dikgaolo 40 go ya go 48 tsa Esekiele di ne di sekasekwa sesha dingwaga di sekae morago ga foo, go ne ga tlhaloganngwa gore fela jaaka tempele ya semoya e dira gompieno, le tempele e Esekiele a neng a e bona mo ponatshegelong e tshwanetse ya bo e dira fela jalo le gompieno. Jang?
16 Mo ponatshegelong ya ga Esekiele, baperesiti ba bonwa ba tsamayatsamaya mo malwapeng a tempele fa ba ntse ba direla ditso tse e seng tsa seperesiti. Ga go pelaelo gore baperesiti bano ba emela “boperesiti jwa segosi,” e leng batlhanka ba ga Jehofa ba batlodiwa. (1 Petere 2:9) Le fa go ntse jalo, ba ka se ka ba direla mo lelwapeng la selefatshe la tempele ka nako ya Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete. (Tshenolo 20:4) Bontsi jwa nako eo, fa e se yotlhe, batlodiwa ba tla e fetsa ba direla Modimo mo lefelong la Boitshepotshepo la tempele ya semoya, e leng “mo legodimong ka bolone.” (Bahebera 9:24) E re ka baperesiti ba bonwa ba tsamayatsamaya mo malwapeng a tempele ya ga Esekiele, ponatshegelo eo e tshwanetse ya bo e diragadiwa gompieno, mo nakong eno e bangwe ba batlodiwa ba sa ntseng ba le mo lefatsheng ka yone. Ke gone ka moo kgatiso ya makasine ono ya March 1, 1999, e ileng ya tlhalosa pono e e tokafaditsweng ya kgang eno. Ka gone, lesedi la semoya le le malebana le boporofeti jwa Esekiele le ne la nna la senolwa go ya jalo le dingwaga go fitlha kwa bofelong jwa lekgolo la bo20.
Iketleeletse go Fetola Pono ya Gago
17. Ke diphetogo dife tse o neng wa di dira mo ponong ya gago fa e sa le o ithuta boammaaruri, mme di ne tsa go solegela molemo jang?
17 Mongwe le mongwe yo o batlang go itse boammaaruri o tshwanetse go iketleeletsa go tsenya “kakanyo nngwe le nngwe mo botshwarong go e dira gore e utlwe Keresete.” (2 Bakorintha 10:5) Ga se ka metlha go dira jalo go leng motlhofo, segolobogolo fa dipono tsa rona di setse di nweleletse thata. Ka sekai, pele ga o ithuta boammaaruri jwa Modimo o ka tswa o ile wa itumelela go keteka malatsi mangwe a boikhutso a bodumedi le lelapa la gago. Morago ga go simolola go ithuta Baebele, o ile wa lemoga gore mekete eno tota e simologa mo boheiteneng. Kwa tshimologong, o ka tswa o ile wa etsaetsega go dirisa se o neng o ithuta sone. Le fa go ntse jalo, kgabagare tsela e o ratang Modimo ka yone e ne ya nonofa go feta dikgopolo tseo tsa bodumedi, mme wa tlogela go tlhola o inaakanya le mekete e e sa itumediseng Modimo. A Jehofa o ne a se ka a go segofaletsa tshwetso eo ya gago?—Bapisa Bahebera 11:25.
18. Re tshwanetse go itshwara jang fa tsela e re tlhaloganyang boammaaruri jwa Baebele ka yone e tlhalosiwa sentle?
18 Ka metlha re solegelwa molemo fa re dira dilo ka tsela ya Modimo. (Isaia 48:17, 18) Ka jalo, fa tsela e re tlhaloganyang temana nngwe ya Baebele ka yone e tokafadiwa, re tshwanetse go itumelela go bo boammaaruri bo gatela pele! Tota e bile, kgang ya go bo re nna re sedimosediwa e re tlhomamisetsa gore re mo tseleng e e siameng. Ke “tselana ya mosiami,” e e ‘ntseng jaaka lesedi le le phatsimang, le phatsimela pele fela go ya motshegareng o mogolo.’ (Diane 4:18) Ke boammaaruri gore, gone jaanong re bona dilo dingwe tse di malebana le boikaelelo jwa Modimo “ka tsela e e letobo.” Mme gone, e tla re fa nako e e tshwanetseng ya Modimo e fitlha, re tla lemoga boammaaruri jotlhe bo feletse, fa fela e le gore maoto a rona a tla tswelela pele a tsepame mo ‘tselaneng.’ Fa go sa ntse go le jalo, a re itumeleleng boammaaruri jo Jehofa a re senoletseng jone, re letetse go sedimosediwa jo re iseng re bo tlhaloganye sentle.
19. Tsela e nngwe e re ka bontshang gore re rata boammaaruri ka yone ke efe?
19 Re ka bontsha ka tsela efe e e molemo gore re rata lesedi? Tsela e nngwe ke ka go bala Lefoko la Modimo ka metlha—fa go kgonega, letsatsi le letsatsi. A o na le thulaganyo ya ka metlha ya go bala Baebele? Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! le tsone di re tlamela ka dijo tse dintsi tse di molemo tsa semoya. Akanya le ka dibuka, diboroutšhara le dikgatiso tse dingwe tse di diretsweng go re solegela molemo. Mme go tweng ka dipego tse di kgothatsang tsa tiro ya go rera ka Bogosi tse di gatisiwang mo go Yearbook of Jehovah’s Witnesses?
20. Lesedi le boammaaruri jwa ga Jehofa di amana jang le go nna gone ga rona kwa dipokanong tsa Bokeresete?
20 Ee, Jehofa o ile a araba thapelo e e tlhalositsweng mo go Pesalema 43:3 ka tsela e e molemo tota. Mafoko a bofelo a temana eno a re: “A . . . [lesedi la gago le boammaaruri] di ntlise kwa thabeng ya gago e e boitshepo le kwa metlaaganeng ya gago.” A o tlhoafalela go obamela Jehofa le matshwitshwiti a batho ba bangwe? Dilo tsa semoya tse re di rutwang kwa dipokanong tsa rona ke tsela e e botlhokwa e Jehofa a re sedimosetsang ka yone gompieno. Ke eng se re ka se dirang go godisa kanaanelo ya rona ka dipokano tsa Bokeresete? Re go kopa gore o akanyetse kgang eno ka thapelo mo setlhogong se se latelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Morago ga loso lwa ga C. T. Russell go ne ga kwalwa kgatiso e e neng ya tlhalosiwa e le bolumo ya bosupa ya Studies in the Scriptures ka boikaelelo jwa go tlhalosa buka ya Esekiele le Tshenolo. Bontlhanngwe jwa bolumo eno bo ne bo ikaegile ka dilo tse Russell a neng a kile a di bua malebana le dibuka tseno tsa Baebele. Le fa go ntse jalo, nako e ne e ise e fitlhe ya gore go senolwe bokao jwa dipolelelopele tseo, ka jalo bontsi jwa ditlhaloso tsa bolumo eo ya Studies in the Scriptures di ne di le letobo. Mo dingwageng tse di neng tsa latela, bopelonomi jwa ga Jehofa jo bo sa re tshwanelang le ditiragalo tsa lefatshe di ne tsa dira gore Bakeresete ba tlhaloganye bokao jwa dibuka tseo tsa boporofeti sentle.
A o Ka Araba?
• Ke eng fa Jehofa a senola maikaelelo a gagwe kgato ka kgato?
• Baaposetoloi le banna ba bagolo ba kwa Jerusalema ba ne ba rarabolola kgang ya go rupa jang?
• Ke mokgwa ofe wa go ithuta Baebele o Baithuti ba Baebele ba neng ba o dirisa, mme ke eng fa o ne o sa tshwane le ope?
• Bontsha kafa lesedi la semoya le senolwang ka teng ka nako ya Modimo e e tshwanetseng.
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Charles Taze Russell o ne a itse gore lesedi le ne le tla phatsimela buka ya Tshenolo ka nako ya Modimo e e tshwanetseng