Go Direla Modimo re sa Ikwatlhaye
“Ke lebala dilo tse di kwa morago mme ke gagamalela pele kwa dilong tse di kwa pele.”—BAFIL. 3:13.
1-3. (a) Go ikwatlhaya go kaya eng, mme go ka re ama jang? (b) Ke eng se re ka ithutang sone mo go Paulo ka go direla Modimo re sa ikwatlhaye?
MMOKI mongwe o ne a kwala jaana: “Mo mafokong otlhe a a kwadilweng le a a builweng, mafoko a a botlhoko go gaisa ke a a reng: ‘Fa nkabo!’” Mmoki yoo e ne e le J. G. Whittier, mme o ne a bua ka dilo tse re di ikwatlhaelang, tse re eletsang e kete re ka boela morago mme ra di dira ka tsela e e farologaneng. “Go ikwatlhaya” ke go utlwa botlhoko mo mogopolong ka ntlha ya sengwe se o se dirileng kgotsa gongwe se o sa kgonang go se dira, mme gape go ka kaya “go lela.” Rotlhe re na le dilo tse re di dirileng tse re eletsang e kete re ka boela morago mme ra di dira ka tsela e e farologaneng. Wena o ikwatlhaela eng?
2 Batho bangwe ba dirile diphoso tse dikgolo mo matshelong a bone, tota le e leng go dira maleo a a masisi. Ba bangwe bone ga ba a dira dilo tse di maswe go le kalo, mme gone ba ipotsa gore a tota ditshwetso dingwe tse ba di dirileng mo botshelong di ne di le molemo. Batho bangwe ba ile ba kgona go lebala dilo tse di kwa morago mme ba tswelela ka matshelo a bone. Ba bangwe ba santse ba ikwatlhaela thata dilo tse ba di dirileng mo nakong e e fetileng. (Pes. 51:3) Go tweng ka wena? A o eletsa e kete o ka direla Modimo o sa ikwatlhaye—go tloga jaanong go ya pele? A go na le sekao sengwe sa mmatota se o ka ithutang mo go sone gore o kgone go dira jalo? Ee, se teng, ke sekao sa ga moaposetoloi Paulo.
3 Paulo o ne a dira diphoso tse dikgolo thata le ditshwetso tse di botlhale mo botshelong jwa gagwe. O ne a utlwisiwa botlhoko thata ke dilo tse a di dirileng mo nakong e e fetileng, le fa go ntse jalo, o ne a ithuta go tlhoma mogopolo mo go direleng Modimo ka boikanyegi. A re bone gore sekao sa gagwe se ka re ruta eng malebana le go direla Modimo re sa ikwatlhaye.
DILO TSE PAULO A NENG A DI DIRA MO NAKONG E E FETILENG
4. Paulo o ne a dira dilo dife mo nakong e e fetileng tse a neng a di ikwatlhaela?
4 Fa Paulo e ne e sa ntse e le mosha e bile e le Mofarasai, o ne a dira dilo tse moragonyana a neng a di ikwatlhaela. Ka sekai, o ne a etelelapele letsholo la go bogisa barutwa ba ga Keresete setlhogo. Pego nngwe ya Baebele e tlhalosa gore, ka bonako fela fa Setefane a se na go bolaelwa tumelo, “Saulo [yo moragonyana a neng a bidiwa Paulo], a simolola go tshwara phuthego makgwakgwa. A tlhasela matlo ka go latelana, a gogagogela banna le basadi kwa ntle, a ba isa kgolegelong.” (Dit. 8:3) Mokanoki mongwe e bong Albert Barnes a re lefoko la Segerika le le reng, go “tshwara . . . makgwakgwa” ke “polelwana e e bontshang tlhoafalo le kgalefo e kgolo e [Saulo] a neng a na le yone fa a bogisa” balatedi ba ga Jesu. Ke ka moo Barnes a reng, “Saulo o ne a galefela kereke jaaka sebatana sa naga.” E re ka Saulo e ne e le Mojuda yo o tlhagafetseng, o ne a dumela gore Modimo o mo neile tiro ya go fedisa Bokeresete. Ka jalo, o ne a latelela Bakeresete ka tsela e e setlhogo “a hema go tshosetsa le go bolaya . . . banna mmogo le basadi,” a leka go ba fedisa.—Dit. 9:1, 2; 22:4.a
5. Tlhalosa kafa Saulo a neng a sokologa ka teng, a tlogela go bogisa balatedi ba ga Jesu mme a simolola go rera ka Keresete.
5 Saulo o ne a ikaeletse go ya kwa Damaseko go ya go gogagoga barutwa ba ga Jesu go tswa mo matlong a bone mme a ba ise kwa Jerusalema gore ba atlholwe ke Sanehederine. Le fa go ntse jalo, ga a ka a atlega ka gonne o ne a lwantshana le Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete. (Baef. 5:23) Fa Saulo a le mo tseleng go ya kwa Damaseko, Jesu o ne a bua le ene mme Saulo o ne a foufadiwa ke lesedi ka kgakgamatso. Go tswa foo, Jesu o ne a romela Saulo kwa Damaseko gore a ye go letela ditaelo tse di oketsegileng. Re itse se se diragetseng morago ga foo.—Dit. 9:3-22.
6, 7. Ke eng se se bontshang gore Paulo o ne a lemoga dilo tse di utlwisang botlhoko tse a di dirileng mo nakong e e fetileng?
6 Dilo tse Paulo a neng a di tsaya di le botlhokwa di ne tsa fetoga ka bonako fela fa a sena go nna Mokeresete. Go na le gore e nne mmaba yo mogolo wa Bokeresete, o ne a nna mmueledi yo o tlhoafetseng wa jone. Tota e bile, moragonyana o ne a kwala jaana ka ga gagwe: “Ke boammaaruri gore, lona lo utlwaletse ka boitshwaro jwa me jwa pele mo Bojudeng, gore ke ne ka nna ka bogisa phuthego ya Modimo mo go feteletseng ka ba ka e swafatsa.” (Bagal. 1:13) Mme moragonyana o ne a umaka gape dilo tse a neng a di ikwatlhaela fa a ne a kwalela Bakorintha, Bafilipi le Timotheo. (Bala 1 Bakorintha 15:9; Bafil. 3:6; 1 Tim. 1:13) Paulo o ne a se motlotlo fa a ne a kwala ka dilo tseno tse a di dirileng, le fa go ntse jalo, ga a ka a leka go dira e kete le ka motlha ga di a ka tsa direga. O ne a itse sentle gore o ne a dirile diphoso tse di masisi.—Dit. 26:9-11.
7 Mokanoki mongwe wa Baebele e bong Frederic W. Farrar o tlhalosa seabe se Saulo a neng a na le sone mo “pogisong eo e e setlhogo.” Gape Farrar o ne a tlhalosa gore fa re akanya ka dilo tse Paulo a di dirileng, re kgona go bona kafa a neng a utlwa botlhoko ka gone le kafa ba bangwe ba ka tswang ba ne ba mmona molato ka gone. Gongwe ka dinako dingwe bakaulengwe mo diphuthegong tse di farologaneng ba ba neng ba bona Paulo la ntlha ba ne ba tla kwa go ene fa a etetse diphuthego tsa bone mme ba re, ‘Ke wena Paulo—yo o neng o re bogisa!’—Dit. 9:21.
8. Paulo o ne a ikutlwa jang ka bopelotlhomogi le lorato lo Jehofa le Jesu ba mmontshitseng lone, mme re ka ithuta eng mo go seno?
8 Paulo o ne a lemoga gore o ne a kgona go dira bodiredi jwa gagwe ka ntlha ya bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo. O ne a umaka nonofo eno e e molemo ya Modimo ka makgetlo a ka nna 90 mo makwalong a gagwe a le 14—go feta mokwadi le fa e ka nna ope fela wa Baebele. (Bala 1 Bakorintha 15:10.) Paulo o ne a anaanela tsela e e pelonomi e a neng a tshwarwa ka yone, e bile o ne a batla go tlhomamisa gore bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jo Modimo a neng a mmontshitse jone ga e nne lefela. Ka jalo, o ne a “dira ka natla go gaisa” baaposetoloi ba bangwe botlhe. Sekao se se molemo sa ga Paulo se bontsha gore Jehofa o ikemiseditse go phimola maleo a rona a a masisi a dirisa setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo, fa re ipolela maleo a rona mme re fetola tsela e re tshelang ka yone. Ruri eno ke thuto e e molemo mo go ope fela yo o fitlhelang go le thata go dumela gore setlhabelo sa ga Keresete se ka mo solegela molemo! (Bala 1 Timotheo 1:15, 16.) Tota le fa Paulo e ne e le mmogisi yo o feteletseng wa ga Keresete, o ne a ka kgona go kwala jaana: ‘Morwa Modimo, o nthatile a ba a ineela ka ntlha ya me.’ (Bagal. 2:20; Dit. 9:5) Paulo o ne a ithuta molaomotheo wa kafa a ka direlang ka gone a sa nne a tshwenngwa thata ke dilo tse a di dirileng bakaulengwe ba gagwe mo nakong e e fetileng. A ke sengwe se le wena o se ithutileng?
A GO NA LE DILO DINGWE TSE O DI IKWATLHAELANG?
9, 10. (a) Ke dilo dife tse batlhanka bangwe ba ga Jehofa ba di ikwatlhaelang? (b) Ke eng se se phoso ka go nnela go tshwenyega ka dilo tse di diragetseng mo nakong e e fetileng?
9 A go na le dilo dingwe tse o di dirileng tse gone jaanong o di ikwatlhaelang? A o kile wa senya nako ya gago le maatla o latelela dilo dingwe tse di seng mosola? A o ile wa itshwara ka tsela nngwe e e utlwisitseng ba bangwe botlhoko? Kgotsa gongwe o ka tswa o ikutlwa o sa itumela ka ntlha ya dilo dingwe tse o ikwatlhaelang tsone. Ipotse jaana, Ke eng se o ka se dirang ka gone?
10 Batho ba le bantsi ba tshwenyegile! Go nna o tshwenyegile go kaya go ikutlwisa botlhoko kgotsa go ipogisa. Go dira gore motho a nne le tlhobaelo e kgolo. A go tshwenyega go rarabolola mathata? Le e seng! Go tshwenyega go senya nako e bile go fetsa maatla. Go na le go nna o tshwenyegile, go ka nna molemo gore o dire sengwe se se mosola. O ka nna wa kopa maitshwarelo mo mothong yo o mo diretseng phoso, gongwe e bile o dire kagiso le ene. O ka nna wa tila go dira sepe fela se se dirileng gore o mo kgopise, ka go dira jalo o tla tila mathata a mangwe a a ka nnang teng mo nakong e e tlang. Mme ka dinako dingwe o ka nna wa tshwanelwa ke go itshokela ditlamorago tse di bakilweng ke se se diragetseng. Le fa go ntse jalo, go tshwenyega ka diphoso tsa mo nakong e e fetileng go ka se go thuse, tota e bile, go ka dira gore go nne thata go direla Modimo ka botlalo. Mme e bile go tshwenyega ga go na mosola ope!
11. (a) Re ka dira eng gore Jehofa a re bontshe bopelotlhomogi le bopelonomi jwa lorato? (b) Modimo o dirisa tsela efe go re thusa go nna le kagiso ya mogopolo fa go na le diphoso tse re di dirileng mo nakong e e fetileng?
11 Bangwe ba ile ba itetla go nna le boikutlo jwa gore Modimo ga a tlhole a ba amogela ka ntlha ya diphoso tse ba di dirileng mo nakong e e fetileng. Ba ka ikutlwa ba sa tshwanelwe ke bopelotlhomogi jwa Modimo, gongwe e le ka gonne ba ile ba dira diphoso tse di masisi kgotsa ba dirile diphoso ka makgetlo a le mantsi. Mme gone, boammaaruri ke gore, go sa kgathalesege gore ba dirile eng mo nakong e e fetileng, ba ka ikwatlhaya, ba fetola matshelo a bone mme ba kopa maitshwarelo. (Dit. 3:19) Jehofa a ka ba bontsha bopelotlhomogi le bopelonomi jwa lorato fela jaaka a bo bontsha batho ba bangwe ba bantsi. Fa motho a le boikokobetso, a ikanyega, e bile a ikwatlhaya go tswa pelong, Jehofa o tla mmontsha bopelotlhomogi. Jehofa o ne a utlwela Jobe botlhoko, mme Jobe o ne a re: “Ke a ikwatlhaya mo loroleng le mo moloreng.” (Jobe 42:6) Rotlhe re tshwanetse go latela tsela eno e Modimo a re thusang ka yone gore re nne le kagiso ya mogopolo, Baebele ya re: “Yo o bipang ditlolo tsa gagwe ga a na go atlega, mme yo o di ipolelang a bo a di tlogela o tla utlwelwa botlhoko.” (Dia. 28:13; Jak. 5:14-16) Ka jalo, re ka ipolela maleo a rona mo Modimong, re rapele gore a re itshwarele, mme re tseye kgato go baakanya se se phoso se re se dirileng. (2 Bakor. 7:10, 11) Fa re dirile jalo, re tla bontshiwa bopelotlhomogi ke Ene yo o ‘itshwarelang ka tsela e kgolo.’—Isa. 55:7.
12. (a) Sekao sa ga Dafide se re ruta eng malebana le tsela e e molemolemo ya go imolola segakolodi se se molato? (b) Jehofa o ne a ikwatlhaya ka tsela efe, mme go itse seo go re thusa jang? (Bona lebokose.)
12 Thapelo e na le maatla; Modimo a ka re thusa fa re mo rapela. Dafide o ne a ntsha maikutlo a gagwe a a kwa teng ka thapelo ya tumelo e e tlhalositsweng bontle mo Dipesalemeng. (Bala Pesalema 32:1-5.) Jaaka Dafide a tlhalositse, go leka go gatelela segakolodi se se phoso go ne ga mo imela! Go bonala a ile a tlhobaela, a lwala a bo a tlhoka boitumelo ka ntlha ya go se ipolele maleo a gagwe. Ke eng se se ileng sa dira gore Dafide a itshwarelwe a bo a nne le kagiso ya mogopolo? Ke go ipolela maleo a gagwe mo Modimong. Jehofa o ne a araba dithapelo tsa ga Dafide mme a mo nonotsha gore a kgone go tswelela pele ka botshelo a bo a dire sengwe se se mosola. Le wena fa o rapela Jehofa go tswa pelong, o ka tlhomamisega gore o tla reetsa mekokotlelo ya gago ka tlhoafalo. Fa diphoso tse o di dirileng mo nakong e e fetileng di go tshwenya, dira sotlhe se o ka se kgonang gore o di baakanye mme o tlhomamisege gore Jehofa o go itshwaretse!—Pes. 86:5.
AKANYA KA ISAGWE
13, 14. (a) Ke eng se re tshwanetseng go tshwenyega thata ka sone gone jaanong? (b) Ke dipotso dife tse di ka re tlhotlheletsang gore re tlhatlhobe tsela e re tshelang ka yone gone jaanong?
13 Ga twe gore o tlhaloganye botshelo o tshwanetse go leba kwa morago mme gore o bo tshele o tshwanetse go leba kwa pele. Ka jalo, go na le gore re nne re tshwenyegile ka dilo tsa mo nakong e e fetileng, re tshwanetse go amega ka tsa gone jaanong le tsa mo isagweng. Ke eng se re se dirang gone jaanong, kgotsa se re palelwang ke go se dira, se mo dingwageng tse di tlang re tla eletsang e kete re ka bo re sa se dira kgotsa re se dirile ka tsela e e farologaneng? A re tswelela re ikanyega e bile re tshela ka tsela e e tla dirang gore mo nakong e e tlang re se ka ra ikwatlhaela se re se dirileng?
14 Fa pitlagano e kgolo e ntse e atamela, ga re batle go nna re tshwenngwa ke go akanya jaana: ‘A gongwe nka bo ke dirile mo go oketsegileng mo tirelong ya Modimo? Ke eng fa ke ne ke sa nne mmulatsela fa ke ne ke na le tshono ya go dira jalo? Ke eng se se nkgoreleditseng gore ke se ka ka kgaratlhela go nna motlhanka wa bodiredi? A ke lekile ka natla go apara botho jo bosha? A ke motho yo Jehofa a mmatlang mo lefatsheng la gagwe le lesha?’ Go na le go tshwenyega ka dipotso tseno, go ka nna molemo gore re di dirise go itlhatlhoba le go tlhomamisa gore re dira sotlhe se re ka se kgonang mo tirelong ya ga Jehofa. Go seng jalo, re ka tswelela re tshela botshelo ka tsela e e tla dirang gore re ikwatlhaye.—2 Tim. 2:15.
O SE KA WA IKWATLHAELA TIRELO YA GAGO E E ITSHEKILENG
15, 16. (a) Batho ba le bantsi ba ile ba ithontsha dilo dife go dira gore tirelo ya Modimo e tle pele mo matshelong a bone? (b) Ke eng fa re sa tshwanela go ikwatlhaela go bo re ile ra intsha setlhabelo ka go dira gore dilo tsa Bogosi di tle pele?
15 Go tweng ka ba ba ithontshitseng dilo dingwe gore ba direle Jehofa ka nako e e tletseng? Gongwe o tlogetse tiro e e duelang madi a mantsi kgotsa kgwebo e e atlegileng mme wa tlhofofatsa botshelo jwa gago gore o nne le nako e e oketsegileng ya go dira dilo tsa Bogosi. Kgotsa gongwe o ile wa tlhopha go nna o se mo lenyalong kgotsa fa e le gore o mo lenyalong o ile wa tlhopha gore o se ka wa nna le bana gore o kgone go tsenela mofuta mongwe wa tirelo ya nako e e tletseng e o neng o ka se kgone go e tsenela—tirelo ya Bethele, tiro ya go aga mo dinageng tse di farologaneng, tiro ya potologo kgotsa tirelo ya borongwa. A o tshwanetse go ikwatlhaela ditshwetso tseo fa o ntse o gola o le mo tirelong ya nako e e tletseng? A o tshwanetse go akanya gore go ne go sa tlhokege gore o dire ditshwetso tse o di dirileng kgotsa o itshenyeditse nako fela? Le eseng!
16 O dirile ditshwetso tseo ka gonne o rata Jehofa thata e bile o eletsa go thusa ba bangwe ba ba batlang go mo direla. Ga o a tshwanela go akanya gore botshelo jwa gago bo ka bo bo le botoka fa o ka bo o dirile ditshwetso tse di farologaneng. O ka itumela thata ka gonne o itse gore o dirile tshwetso e e go siametseng. O ka nna le boipelo ka gonne o dirile sotlhe se o ka se kgonang go direla Jehofa. Ga a kitla a lebala gore o ile wa intsha setlhabelo. Mo botshelong jwa mmatota jo bo tlang, o tla go segofatsa ka masego a gone jaanong o sa kgoneng go akanya ka one!—Pes. 145:16; 1 Tim. 6:19.
KAFA RE KA DIRELANG KA GONE RE SA IKWATLHAYE
17, 18. (a) Ke molaomotheo ofe o o neng wa thusa Paulo go direla Modimo a sa ikwatlhaye? (b) O ikemiseditse go dira eng malebana le tirelo ya gago ya nako e e fetileng, ya gone jaanong le ya nako e e tlang?
17 Paulo o ne a ithuta molaomotheo ofe o o neng wa mo thusa go direla Modimo a sa ikwatlhaele sepe? Go ya ka thanolo ya ga J. B. Phillips, Paulo o ne a kwala jaana: “Ke tlogela dilo tsa kwa morago mme ke phutholotse diatla go ya kwa go sengwe le sengwe se se kwa pele go gagamalela mokgele.” (Bala Bafilipi 3:13, 14.) Paulo ga a ka a nnela go akanya ka tsela e e phoso ya Sejuda e a neng a e latelela. Go na le moo, o ne a dirisa maatla a gagwe otlhe gore a tshwanelegele mokgele o o kwa pele wa botshelo jo bo sa khutleng.
18 Rotlhe re ka dirisa molaomotheo o o mo mafokong a ga Paulo. Go na le gore re tlhobaele ka dilo tsa mo nakong e e fetileng le go tlhoma mogopolo mo dilong tse re ka se kgoneng go di dirolola, re tshwanetse go leba pele kwa isagweng. Boammaaruri ke gore ga re kitla re lebala diphoso tse re di dirileng mo nakong e e fetileng, mme gone, ga re a tshwanela go nna re ikutlwisa botlhoko ka tsone. Re tshwanetse go lwela go tlogela go tshwenyega ka dilo tse di kwa morago, re dire sotlhe se re ka se kgonang go direla Modimo gone jaanong, mme re lebe pele kwa isagweng e e molemo!
a Lebaka la go bo basadi ba umakiwa makgetlo a le mmalwa gore le bone Saulo o ne a ba bogisa, le bontsha gore ba ne ba na le seabe se segolo mo go anamiseng Bokeresete mo lekgolong la ntlha la dingwaga fela jaaka ba dira le gompieno.—Pes. 68:11.