Buka ya Bibela ya bo 46—1 Bakorintha
Mokwadi: Paulo
Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Efeso
Go Wediwa ga go E Kwala: mo e ka nnang ka 55 C.E.
1. Motse wa Korintha o ne o ntse jang mo metlheng ya ga Paulo?
KORINTHA e ne e “itsiwe thata jaaka motsemogolo wa dikhumo, koo masula a Botlhaba le a Bophirima a neng a kopanela gone.”a Ereka e ne e le fa gare ga naga e tshesane e e tshwaraganyang Peloponnesus le Gerika yotlhe, Korintha e ne e kgona go tsenya leitlho mo ditseleng tsotlhe tse di neng di tsenelela moteng ga lefatshe leo lotlhe. Mo metlheng ya ga moaposetoloi Paulo, baagi ba yone ba ba neng ba le 400 000 ba ne ba fetwa fela ke ba kwa Roma, Alexandria, le Antioka wa Siria. Kafa Botlhaba jwa Korintha, go ne go le Lewatle la Aegean, mme kafa bophirima, go le Kgogometsa ya Korintha le Lewatle la Ionian. Ka jalo Korintha eo e leng moshate wa porofensi ya Akaia, e e nang le maemelakepe a mabedi ebong Kenkerea le Lekeuma, e ne e le botlhokwa thata fa go tla mo kgwebong. Gape e ne e le boremelelo joo Bagerika ba neng ba ithutela kwa go jone. “Letlotlo la yone,” jaaka go boletswe, “go ne go buiwa ka lone gongwe le gongwe; fela jaaka bonokwane jwa yone le go senya ga baagi ba gone.”b Gareng ga ditiro tsa bone tsa bodumedi jwa seheitane ba ne ba obamela Aphrodite (yo o tshwanang fela le Venus wa Baroma). Go ineela mo menateng go simolotse mo kobamelong ya Bakorintha.
2. Phuthego ya Korintha e ne e ile ya tlhomiwa jang, mme ka gone e ne e na le kgolagano efe le Paulo?
2 Moaposetoloi Paulo o ne a tsamaya mo kgaolong eno ya Roma e e neng e tlhanasela ebile e na le boitshwaro jo bo maswe mo e ka nnang ka 50 C.E. O ne a tlhoma phuthego ya Bokeresete mo dikgweding tse 18 tse a neng a di nna koo. (Dit. 18:1-11) Abo Paulo a ne a ikutlwa a rata badumedi bao ba e neng e le lantlha a ba isetsa mafoko a a molemo a ga Keresete jang ne! O ne a ba gakolola ka lokwalo ka kgolagano e a neng a na nayo le bone ya semoya, a re: “Gonne leha lo ka bo lo na le baruti ba le makgolo a makgolo mo go Keresete, leha go nntse yalo borra eno ga ba bantsi; gonne mo go Keresete Yesu ke nna ke lo tsetseñ ka Mahoko a a Molemō.”—1 Bakor. 4:15.
3. Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa Paulo go kwala lokwalo lwa Bakorintha lwa ntlha?
3 Paulo o ne a tlhotlheletsega go kwalela Bakeresete ba kwa Korintha lokwalo lwa gagwe lwa ntlha fa a le mo loetong lwa gagwe lwa boraro ka gonne a ne a amega thata ka boitekanelo jwa bone jwa semoya. Go ne go setse go fetile dingwaga di le mmalwa morago ga go nna ga gagwe kwa Korintha. Jaanong e ne e ka nna 55 C.E., mme Paulo o ne a le kwa Efeso. Go lebega a ne a amogetse lokwalo go tswa kwa phuthegong e e neng e santse e le ntšha eno e e kwa Korintha, mme o ne a tlhoka go le araba. Mo godimo ga moo, Paulo o ne a utlwile dipego dingwe tse di tshwenyang. (7:1; 1:11; 5:1; 11:18) Di ne di mo tshwenya mo tlhaloganyong mo e leng gore moaposetoloi ga a ka a bua sepe ka lokwalo lo ba neng ba lo mo kwaletse go fitlha a tsena mo temaneng e e simololang ya kgaolo 7 ya lokwalo lwa gagwe. Mme Paulo segolobogolo o ne a patelediwa go kwalela Bakeresete ka ene ba kwa Korintha ka ntlha ya dipego tse a neng a di amogetse.
4. Ke eng se se supang gore Paulo o ne a kwala Bakorintha wa Ntlha a le kwa Efeso?
4 Mme re itse jang gore Paulo o ne a kwala Bakorintha wa Ntlha a le kwa Efeso? Selo sa ntlha ke gore, moaposetoloi o akaretsa ditumediso tsa ga Akwila le Peresika (Peresila) mo ditumedisong tse di konelang lokwalo. (16:19) Ditihō 18:18, 19 e bontsha gore ba ne ba tlositswe kwa Korintha ba isitswe kwa Efeso. Ereka Akwila le Peresila ba ne ba nna koo ebile Paulo a ba akareditse mo ditumedisong tsa gagwe tse di konelang Bakorintha wa Ntlha, o tshwanetse a bo a ne a le kwa Efeso fa a ne a kwala lokwalo loo. Lefa go ntse jalo, mo go 1 Bakorintha 16:8 re bona ntlha eno e e sa tlogeleng pelaelo epe mo go seno seo Paulo a neng a se bua: “Me ke tla dièga mo Efeso go ea go hitlha mo lobakeñ loa Pentekoste.” Ka jalo Paulo o ne a kwala Bakorintha wa Ntlha a le kwa Efeso, go lebega e le kwa bokhutlong jwa loeto lwa gagwe.
5. Ke eng se se supang gore makwalo a a neng a kwaletswe Bakorintha a ne a le boammaaruri?
5 Ga go kake ga belaelwa gore Bakorintha wa Ntlha le Bakorintha wa Bobedi di boammaaruri. Bakeresete ba pele ba ne ba dumela gore makwalo ano a ne a kwadilwe ke Paulo ebile ba a amogela jaaka karolo ya Dikwalo, mme ba bile ba a akaretsa mo dikwalong tsa bone. Ebile tota, go bolelwa gore Bakorintha wa Ntlha e umakiwa e bo e tsopolwa ka makgetlo a le marataro mo lokwalong lo lo neng lo tswa kwa Roma lo ya kwa Korintha mo e ka nnang ka 95 C.E. ebile le ne le bidiwa Clement ya Ntlha. Go lebega mokwadi a ne a bua ka Bakorintha wa Ntlha fa a ne a kopa bao a neng a ba kwalela lokwalo lwa gagwe gore “ba dirise lokwalo lwa boaposetoloi lo lo kwadileng ke moaposetoloi yo o segofaditsweng Paulo.”c Justin Martyr, Athenagoras, Irenaeus, le Tertullian ba tsopola Bakorintha wa Ntlha fela ka tlhamalalo. Go na le bosupi jo bo nonofileng jwa gore dikwalo tsotlhe di feletse, kana dikwalo tse di phuthilweng tsa ga Paulo, go akaretsa Bakorintha wa Ntlha le wa Bobedi, “di ne tsa phuthiwa tsa bo tsa gatisiwa mo dingwageng tsa bofelo tse di lesome tsa lekgolo la ntlha la dingwaga.”d
6. Ke mathata afe a a neng a le gone mo phuthegong ya Korintha, mme ke eng seo Paulo a neng a se kgatlhegela thata?
6 Lokwalo lwa ntlha lwa ga Paulo go Bakorintha lo re kgonisa go bona mo teng ga phuthego ya Korintha ka boyone. Bakeresete bano ba ne ba na le mathata, le dipotso tse ba neng ba tlhoka dikarabo tsa tsone. Go ne go na le makoko mo phuthegong, ka go bo bangwe ba ne ba latela batho. Go ne go na le boitsholo jo bo maswe jo bo tsitlisang marapo mo go yone. Bangwe ba ne ba nna mo malapeng a a kgaoganeng ka bodumedi. A ba ne ba tshwanetse go nna le balekane ba bone ba ba sa dumeleng kana ba ba tlogele? Mme go tweng ka go ja nama e e isediwang medimo ya disetwa ditlhabelo? A ba ne ba tshwanetse go e ja? Bakorintha ba ne ba tlhoka kgakololo kaga go tshwara dipokano, go akaretsa le go keteka Sejo sa Morena sa Maitseboa. Boemo jwa basadi e ne e tshwanetse go nna bofe mo phuthegong? Go ne go na le ba bangwe bao ba neng ba ganetsa tsogo ya baswi. Go ne go na le mathata a mantsi. Lefa go le jalo, moaposetoloi o ne a kgatlhegela bogolo go tsosolosa Bakorintha mo semoyeng.
7. Re tshwanetse go nna le boikutlo bofe fa re ntse re sekaseka Bakorintha wa Ntlha, mme ka ntlhayang?
7 Re tshwanetse go ela tlhoko kgakololo eno ya ga Paulo e e tlhomologileng e a neng a e kwala ka tlhotlheletso ya Modimo, ka gonne maemo a a neng a le mo teng le ka kwa ntle ga phuthego ya motse wa Korintha o o neng o humile tota le o o neng o sena boitsholo a tshwana sentle fela le a gompieno. Seo Paulo a neng a se bua se kaya mo gogolo mo motlheng ono wa rona mo e leng gore fa re ka sekaseka ka kelotlhoko lokwalo lwa gagwe lwa ntlha lo a neng a lo kwaletse bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe ba a ba ratang ba kwa Korintha re tla solegelwa molemo eleruri. Gakologelwa moya o o neng o le gone ka nako eo le lefelo leo. Akanya ka seno o se sekaseka fela jaaka Bakeresete ba Korintha ba ka ne ba ile ba dira, fa re ntse re boeletsa mafoko a a tsenelelang, le a a rotloetsang, a a tlhotlheleditsweng a Paulo a neng a a kwalela badumedi ka ene ba kwa Korintha wa bogologolo.
SEO SE LENG MO GO BAKORINTHA WA NTLHA
8. (a) Paulo o senola jang boeleele jwa go ipopa makoko mo phuthegong? (b) Ke eng seo Paulo a bontshang gore se a tlhokega gore motho a tlhaloganye dilo tsa Modimo?
8 Paulo o senola makoko, mme o kgothaletsa kutlwano (1:1–4:21). Paulo o eleletsa Bakorintha dilo tse di molemo. Mme go tweng ka makoko, le dikgaogano tse di leng mo go bone? “Keresete o kgaoganye.” (1:13) Moaposetoloi o itumelela go bo a kolobeditse ba le babotlana thata ba bone, ka jalo ga ba kake ba re ba kolobeditswe mo leineng la gagwe. Paulo o rera fa Keresete a bapotswe. Seno se kgopisa Bajuda mme Baditšhaba ba se leba jaaka boeleele. Mme Modimo o tlhophile ba ba seng botlhale le ba ba bokoa mo lefatsheng go tlhabisa ba ba botlhale le ba ba nonofileng ditlhong. Ka jalo Paulo ga a dirise puo e e kwa godimo mme o dira gore bakaulengwe ba gagwe ba bone moya le maatla a Modimo mo mafokong a gagwe, gore ba se ka ba dumela mo botlhaleng jwa batho mme mo maatleng a Modimo. Re bua dilo tse di senotsweng ke moya wa Modimo, “gonne Mōea o hukutsa dilō cotlhe, E, le dilō tse di boteñ tsa Modimo,” go bua jalo Paulo. Motho wa nama ga a kake a di tlhaloganya mme di tlhaloganngwa fela ke motho wa semoya.—2:10.
9. Paulo o baya mabaka afe go supa gore motho gaa tshwanela go ipelafatsa ka batho?
9 Ba latela batho—bangwe Apolose, ba bangwe Paulo. Mme bano ke bomang? Ke badihedi fela bao Bakorintha ba dumetseng ka bone. Ba ba jalang le ba ba nosang ga se sepe, ka go bo “Modimo oa uñwisa,” mme bone ke “badihi mmōgō” ba gagwe. Teko ya molelo e tla senola gore ke ditiro tsa bomang tse e leng tsone tota. Paulo o ba raya a re, ‘Lo tempele ya Modimo,’ eo moya wa Gagwe o leng mo go yone. “Gonne botlhale yoa lehatshe yeno ke dinyana mo Modimoñ.” Ka gone, a go se nne ope yo o ipelafatsang ka batho, ka gonne eleruri dilo tsotlhe ke tsa Modimo.—3:6, 9, 16, 19.
10. Ke ka ntlhayang fa go ipelafatsa ga Bakorintha go sa tshwanela, mme ke dikgato dife tseo Paulo a di tsayang go baakanya seemo seo?
10 Paulo le Apolose ke batlhanka ba ba boikobo ba masaitseweng a a boitshepo a Modimo, mme batlhanka ba tshwanetse go fitlhelwa ba ikanyega. Bakaulengwe ba Korintha e bo e le bomang gore ba ka ipelafatsa, mme ke eng seo ba nang le sone se ba se kang ba se newa? A ba humile, ba simolotse go busa jaaka dikgosi, a ba bile ba na le botlhale le nonofo, fa baaposetoloi, bao e leng segakgamalelo mo baengeleng le batho, e santse e le dieleele ba bile ba le bokoa, ba kaiwa malele fela? Paulo o romela Timotheo go ya go ba thusa go gakologelwa mekgwa ya gagwe kaga Keresete le gore ba mo etse. Fa Jehofa a rata, Paulo o tla tla ka bonako mme o tla itse, eseng fela puo ya ba ba ipelafatsang mme gape le maatla a bone.
11. Ke boitsholo bofe jo bo sa siamang jo bo nnileng gone gareng ga bone, mme ke eng se se tshwanetseng go dirwa ka jone, mme ka ntlhayang?
11 Mo go tsholeng phuthego e le phepa (5:1–6:20). Go ile ga begwa kgang nngwe e e tsitlisang marapo ya boitsholo jo bo maswe jo bo leng mo Bakorintheng! Monna mongwe o ne a tsere mosadi wa ga rraagwe. O tshwanetse go newa Satane ka gonne sebediso se sennye se tle se bedise boupe jotlhe. Ba tshwanetse gore ba se ka ba kopana le ope yo o bitswang mokaulengwe mme a le boikepo.
12. (a) Paulo o naya mabaka afe a a buang kgatlhanong le go isana kwa makgotleng? (b) Ke ka ntlhayang fa Paulo a re, “Tshabañ boaka”?
12 Aitsane, Bakorintha ba ne ba isana le eleng kwa makgotleng! A go ne go se botoka gore ba lese fela ba tsiediwe? Ereka ba tlile go atlhola lefatshe le baengele, a ba ka se ka ba senka mongwe mo gare ga bone gore a atlhole bakaulengwe? Mo godimo ga moo, ba tshwanetse go nna phepa, ka go bo bagokafadi, diaka, le ba ba tshwanang nabo ga ba kitla ba rua Bogosi jwa Modimo. Bangwe ba bone ba kile ba bo ba ntse jalo, mme ba ne ba tlhapisiwa ba bo ba itshepisiwa. “Tshabañ boaka,” Paulo o bua jalo. “Gonne lo rekilwe ka tlhwatlhwa: me ke gōna, galaletsañ Modimo mo mmediñ oa lona.”—6:18, 20.
13. (a) Ke ka ntlhayang fa Paulo a gakolola ba bangwe gore ba se tsene mo lenyalong? Mme fa ba setse ba tsene mo lenyalong, ba tshwanetse go dira eng? (b) Motho yo o sa tsenang mo lenyalong o “diha sentlè bogolo” jang?
13 Kgakololo ka go sa nyale le lenyalo (7:1-40). Paulo o araba potso kaga lenyalo. Ka ntlha ya go tlalatlala ga kgokafalo, go botoka gore monna kana mosadi a tsene mo lenyalong, mme bao ba leng mo lenyalong ba se ka ba timana tshwanelo ya bone ya lenyalo. Go botoka gore ba ba seng mo lenyalong le batlholagadi ba se ka ba tsena mo lenyalong, jaaka Paulo; mme fa ba sa kgone go ikgapa, a ba tsene mo lenyalong. Fa ba sena go tsena mo lenyalong ba tshwanetse go se tswe mo go lone. Le eleng lefa molekane wa motho a sa dumele, yo o dumelang ga a tshwanela go mo tlogela, ka go bo ka tsela eo yo o dumelang a ka boloka molekane wa gagwe yo o sa dumeleng. Fa e le ka go rupa le botlhanka, a mongwe le mongwe a ikgotsofalele mme a nne mo boemong jo a biditsweng a le mo go jone. Motho yo o mo lenyalong o lebile dilo tse dintsi ka gonne o batla go itumedisa molekane wa gagwe, fa motho yo o seng mo lenyalong a kgatlhegela fela dilo tse e leng tsa Morena. Ba ba tsenang mo lenyalong ga ba dire boleo, mme ba ba sa tseneng mo lenyalong ba “diha sentlè bogolo.”—7:38.
14. Ke eng seo Paulo a se buang kaga “medimo” le “barèna,” lefa go le jalo ke ka dinako dife go leng botlhale go se je dijo tse di isediwang medimo ya disetwa?
14 Go dira dilo tsotlhe ka ntlha ya mafoko a a molemo (8:1–9:27). Go tweng ka dijo tse di isediwang medimo ya disetwa? Modimo wa sesetwa ga se sepe! Go na le “medimo” e mentsi le “barèna” ba bantsi mo lefatsheng, mme mo Bakereseteng go na le “Modimo o le moñwe hèla, eboñ Rara” le “Morèna a le moñwe hèla, eboñ Yesu Keresete.” (8:5, 6) Lefa go le jalo, mongwe a ka nna a kgopisiwa ke go go bona o ja nama e e isediwang medimo ya disetwa setlhabelo. Paulo o gakolola gore mo maemong ano, o ithibe mo go seo gore o se ka wa kgopisa mokaulengwe wa gago.
15. Paulo o itshwara jang mo bodiheding jwa gagwe?
15 Paulo o itima dilo tse dintsi ka ntlha ya bodihedi. Jaaka moaposetoloi, o na le tshwanelo ya go ‘tshela ka Mafoko a a Molemo,’ mme o ile a ithiba gore a se ka a dira jalo. Lefa go ntse jalo, o tshwanetse go rera; ebile o bua jaana, “Go ka bo go latlhèga nna, ha ke sa rere Mahoko a a Molemō.” Ka jalo o itirile motlhanka wa botlhe, a nna “dilō cotlhe mo bathuñ botlhe” gore “a bolokè bañwe ka mokgwa moñwe,” a dira dilo tsotlhe “ka ntlha ea Mahoko a a Molemō.” Gore a fenye kgaisano le mokgele o o sa boleng, o kgoba mmele wa gagwe gore fa a sena go rerela ba bangwe ‘ene ka nosi a se ka a ganwa.’—9:14, 16, 19, 22, 23, 27.
16. (a) Ke tlhagiso efe eo Bakeresete ba tshwanetseng go e ithuta go tswa mo go “borra echo”? (b) Mo kgannyeng ya kobamelo ya medimo ya disetwa, Bakeresete ba ka dira dilo tsotlhe jang kgalaletsong ya Modimo?
16 Tlhagiso kgatlhanong le dilo tse di gobatsang (10:1-33). Go tweng ka “borra echo”? Bano ba ne ba tsena mo lerung mme ba ne ba kolobediwa ke Moshe. Bontsi jwa bone ga bo a ka jwa amogelwa ke Modimo mme ba ne ba kokobediwa mo nageng. Ka ntlhayang? Ba ne ba eletsa dilo tse di gobatsang. Bakeresete ba tshwanetse go itseela tlhagiso mo go seno mme ba tile kobamelo ya medimo ya disetwa le kgokafalo, ba se ka ba leka Jehofa, le go ngongorega. Motho yo o akanyang gore o eme a ele tlhoko gore a se ka a wa. Diteko di tla tla, mme Modimo ga o kitla o letla batlhanka ba gagwe gore ba lekwe go feta kafa ba ka itshokang ka gone; o tla ba bulela tsela ya gore ba itshoke. “Ke gōna,” Paulo o kwala jalo, “tshabañ kōbamèlō ea medimo ea disètwa.” (10:1, 14) Ga re kake ra jela mo tafoleng ya ga Jehofa le mo go ya badimona. Lefa go ntse jalo, fa o ja o le kwa gae, se tshwenyege go batlisisa gore nama eo e tswa kae. Lefa go le jalo, fa mongwe a go raya a re e ne e iseditswe medimo ya disetwa setlhabelo, o se ka wa e ja ka ntlha ya segakolodi sa motho yoo. “Cotlhe hèla lo di dihèlè kgalaleco ea Modimo,” go kwala jalo Paulo.—10:31.
17. (a) Ke molaomotheo ofe o Paulo a o tlhalosang ka botlhogo? (b) O amanya kgang ya dikgaogano le kgang ya go ja Sejo sa Morena sa Maitseboa jang?
17 Botlhogo; Sejo sa Morena sa Maitseboa (11:1-34). “Nnañ baetsi ba me, yaka le nna ke le moetsi oa ga Keresete,” go bua jalo Paulo, a bo a tswelela ka go bolela molaomotheo ono wa bomodimo wa botlhogo: Tlhogo ya mosadi ke monna, tlhogo ya monna ke Keresete, tlhogo ya ga Keresete ke Modimo. Ka gone, mosadi o tshwanetse go nna le “seshupō sa go nna mo taoloñ” fa a rapela kana a perofesa mo phuthegong. Paulo ga a kake a akgola Bakorintha ka sepe, ka go bo ba na le dikgaogano fa ba kopana. Fa ba le mo boemong jono, ba ka ja Sejo sa Morena sa Maitseboa ka tshwanelo jang? O boeletsa se se neng sa diragala fa Jesu a ne a tlhoma Segopotso sa loso lwa gagwe. Mongwe le mongwe o tshwanetse go itshekatsheka pele a ja, gore a tle a se ka a iteretse katlholo ka ntlha ya go palelwa go lemoga “mmele.”—11:1, 10, 29.
18. (a) Lemororo go na le dineo tse di farologaneng le bodihedi jo bo farologaneng, ke ka ntlhayang fa go sa tshwanela go nna le dikgaogano mo mmeleng o le mongwe fela? (b) Ke ka ntlhayang fa lorato lo le botlhokwa thata?
18 Dineo tsa semoya; lorato le dilo tsa lone (12:1–14:40). Go na le dineo tse di farologaneng tsa semoya, mme moya o mongwe fela; bodihedi jo bo farologaneng le ditiro, lefa go le jalo Morena o mongwe fela le Modimo o mongwe fela. Ka mo go tshwanang go na le maloko a mantsi mo mmeleng o o utlwanang wa ga Keresete, leloko lengwe le lengwe le tlhoka le lengwe, jaaka mo mmeleng wa motho. Modimo o beile tokololo nngwe le nngwe mo mmeleng fela jaaka A batla, mme mongwe le mongwe o na le tiro nngwe ya gagwe e a tshwanetseng go e dira, ka jalo, “go se nne kgaoganō mo mmediñ.” (12:25) Ba ba dirisang dineo tsa semoya ga se sepe fa ba sena lorato. Lorato lo pelotelele ebile lo pelonomi, ga lo lefufa, ga lo ikgogomose. Lo itumelela boammaaruri. “Loratō ga lo ko lo tlhaèla gopè.” (13:8) Dineo tsa semoya tse di jaaka go perofesa le go bua ka diteme, di tla fela, mme tumelo, tsholofelo, le lorato di tla sala. Lorato lo di feta tsotlhe.
19. Ke kgakololo efe e Paulo a e nayang malebana le go aga phuthego le ka go rulaganya dilo sentle?
19 “Latèlañ loratō,” Paulo o kgothatsa jalo. Dineo tsa semoya di tshwanetse go dirisiwa ka lorato go aga phuthego. Ka ntlha ya seno, go botoka go perofesa go na le go bua ka diteme. O ne a bona go le botoka go bua mafoko a matlhano a a tlhaloganngwang go ruta ba bangwe go na le a le dikete di le lesome ka puo e e sa itsiweng. Diteme ke sesupo mo go ba ba sa dumeleng, mme go perofesa ke ga ba ba dumelang. Ga ba a tshwanela go nna “banyana” mo go tlhaloganyeng dilo tseno. Basadi bone, ba tshwanetse go ikoba mo phuthegong. “A dilō cotlhe di dihwè sentlè hèla, le ka thulaganyō.”—14:1, 20, 40.
20. (a) Ke bosupi bofe joo Paulo a bo nayang ka go tsoga ga ga Keresete mo baswing? (b) Baswi ba tla tsosiwa ka thulaganyo efe, mme ke baba bafe ba ba tlileng go nyelediwa?
20 Go tlhomama ga tsholofelo ya tsogo ya baswi (15:1–16:24). Keresete yo o tsositsweng o ne a itlhagisa mo go Kefase, mo go ba ba 12, go bakaulengwe ba ba fetang 500 ka nako e le nngwe, mo go Jakobe, mo baaposotoloing botlhe, mme labofelo mo go Paulo. “Ha Keresete a sa cosiwa,” Paulo o kwala jalo, “hoñ thèrō ea rona ke lehèla.” (15:14) Mongwe le mongwe o tsosiwa go ya ka thulaganyo ya gagwe, lebutswapele ebong Keresete, go bo go tsosiwa bao eleng ba gagwe mo go nneng gone ga gagwe. Kwa bokhutlong o neela Rraagwe Bogosi morago ga go senya baba botlhe. Le eleng loso, mmaba o mogolo, o tshwanetse go senngwa. Go thusa eng fa Paulo ka metlha a lebana le matlhotlhapelo a go bolawa fa e le gore baswi ga ba ne ba tsosiwa?
21. (a) Ba ba tlileng go rua Bogosi jwa Modimo ba tlile go tsosiwa jang? (b) Paulo o senola bosaitsiweng bofe jo bo boitshepo, mme ke eng seo a se buang ka go fenya loso?
21 Mme baswi ba tla tsosiwa jang? Gore sejalo se tlhoge, peo e e jadilweng e tshwanetse go swa pele. Go tshwana fela le ka go tsosiwa ga baswi. “Go yalwa e le mmele oa tlhōlègō; go cosiwe e le mmele oa semōea. . . . Nama le madi ke dilō tse di sa kakeñ tsa rua bogosi yoa Modimo.” (15:44, 50) Paulo o re bolelela bosaitsiweng jono jo bo boitshepo: Ga se botlhe ba ba tla robalang mo losong, mme ba tla fetolwa ka ponyo ya leitlho fa phala ya bofelo e lela. Fa se se bolang se apara bosaboleng, loso lo tla nyelelediwa ruri. “Losho, phenyo ea gago e kae? Losho, lob[o]lèla loa gago lo kae?” Paulo o khutsa jaana go tswa mo pelong: “Me a go lebogwè Modimo, o o re naeañ phenyo ka Morèna oa rona Yesu Keresete.”—15:55, 57.
22. Paulo o konela ka go naya kgakololo efe le kgothatso efe?
22 Fa a konela Paulo o gakolola gore go nne le thulaganyo fa go phuthiwa meneelo e e romelwang kwa Jerusalema go thusa bakaulengwe ba ba tlhokang. O bolela ka loeto lwa gagwe lo lo tlang, a tla a feta ka Makedonia mme o bontsha gore Timotheo le Apolose ba ka nna ba ba etela. “Disañ,” Paulo o a ba kgothatsa. “Lo èmè ka tlhōmamō mo tumeloñ, lo dihè yaka banna, lo nnè thata. Gotlhe mo lo go dihañ, a go dihwè ka loratō.” (16:13, 14) Paulo o ba romelela ditumediso tse di tswang kwa diphuthegong tse di kwa Asia, me o ba kwalela ditumediso tsa bofelo ka letsogo la gagwe, a ba romelela lorato lwa gagwe.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
23. (a) Paulo o bontsha diphelelo tse di botlhoko tsa dikeletso tse di phoso le go ikaega ka bowena jang? (b) Paulo o dirisa eng fa a gakolola ka Sejo sa Morena sa Maitseboa le ka dijo tse di tshwanetseng?
23 Lokwalo lono lwa moaposetoloi Paulo lo mosola thata mo go oketseng go tlhaloganya ga rona Dikwalo tsa Sehebera, tseo lo di tsopolang thata. Paulo o supa gore Baiseraele ba ba neng ba le kafa tlase ga ga Moshe ba ne ba nwa go tswa mo lejeng la semoya, eleng sengwe seo se neng se kaya Keresete. (1 Bakor. 10:4; Dipa. 20:11) Morago o tswelela a umaka diphelelo tse di botlhoko tsa go eletsa dilo tse di gobatsang, jaaka go ne ga dirwa ke Baiseraele kafa tlase ga ga Moshe, a bo a oketsa ka go re: “Me yana dilō tse, di ba dihaletse ka mokgwa oa sekaèlō; me tsa kwalwa gore di nnè tlhagishō mo go rona ba dikhutlō tsa metlha di wetseñ mo go rona.” A le ka motlha re se ka ra ikaega ka borona, re akanya gore ga re kake ra wa! (1 Bakor. 10:11, 12; Dipa. 14:2; 21:5; 25:9) O dirisa sekao se sengwe gape go tswa mo Molaong. O umaka ditlhabelo tsa boleo tsa kwa Iseraele go bontsha kafa ba ba jang Sejo sa Morena sa Maitseboa ba tshwanetseng gore e re fa ba jela mo tafoleng ya ga Jehofa ba bo ba tshwanelega sentle. Go tshegetsa mabaka a a a nayang a gore sengwe le sengwe se se rekisiwang kwa marekelong a nama se tshwanetse go jewa o tsopola Pesalema 24:1 a re: “Gonne lehatshe ke ya Morèna, le botlalō yoa yeōna.”—1 Bakor. 10:18, 21, 26; Ekes. 32:6; Lefi. 7:11-15.
24. Paulo o tshegetsa mabaka a a a nayang ka go umaka eng go tswa mo Dikwalong tsa Sehebera?
24 Fa a bontsha gore “dilō cotlhe tse Modimo o di baakanyeditseñ bōnè ba ba o ratañ,” di kwa godimo le boeleele jwa “diakanyō tsa batlhalehi” ba lefatshe leno, Paulo o dirisa gape Dikwalo tsa Sehebera. (1 Bakor. 2:9; 3:20; Isa. 64:4; Pes. 94:11) O tsopola molao wa ga Jehofa wa gore ba ‘tlose bosula mo gare ga bone’ go tshegetsa taolo ya gagwe e e mo go kgaolo 5 ya gore ba kgaole yo o dirang phoso. (Dute. 17:7) Fa a tlotla ka tshiamelo ya gagwe ya go tshela ka bodihedi, Paulo o umaka gape Molao wa ga Moshe, oo o neng o bolela gore phologolo e se ka ya bofiwa molomo gore e se ka ya ja fa e ntse e bereka le gore Balefi ba ba direlang kwa tempeleng ba ne ba tshwanetse go neelwa sengwe go tswa mo sebesong.—1 Bakor. 9:8-14; Dute. 25:4; 18:1.
25. Ke dintlha dife tse dingwe tse di tlhomologileng tse di nang le kaelo e e mosola tse di leng mo go Bakorintha wa Ntlha?
25 Abo re solegetswe molemo jang ne ke ditaolo tse di tlhotlheleditsweng tse di tswang mo lokwalong lwa ga Paulo lwa ntlha lo a lo kwaletseng Bakeresete ba kwa Korintha! Tlhatlhanya ka kgakololo e e neetsweng kgatlhanong le dikgaogano le go sala batho morago. (Dikgaolo 1-4) Gakologelwa kgang ya boitsholo jo bo sa siamang le kafa Paulo a neng a gatelela botlhokwa jwa boitsheko le bophepa jwa phuthego ka gone. (Dikgaolo 5, 6) Tlhokomela kgakololo ya gagwe e e tlhotlheleditsweng e e malebana le go sa tseneng mo lenyalong, lenyalo le kgaogano. (Kgaolo 7) Akanya ka se moaposetoloi a neng a se bolela ka dijo tse di isediwang medimo ya disetwa le kafa botlhokwa jwa go itisa kgatlhanong le go kgopisa ba bangwe le go wela mo kobamelong ya medimo ya disetwa bo neng jwa gatelelwa ka gone. (Dikgaolo 8-10) Kgothatso e e malebana le boikobo jo bo tshwanetseng, go tlhokomela dineo tsa semoya, tlhaloso e e mosola thata ya nonofo e e nnelang ruri le e e se kang e tlhaela ya lorato—dilo tseno le tsone di ne tsa boelediwa. Mme abo moaposetoloi a ne a gatelela botlhokwa jwa go nna le thulaganyo mo dipokanong tsa Bokeresete jang ne! (Dikgaolo 11-14) Abo a ile a kwala a femela tsogo ya baswi ka mo go gakgamatsang jang ne! (Kgaolo 15) Re ile ra bona tsotlhe tseno le tse di oketsegileng ka leitlho la semoya—mme abo di le botlhokwa thata jang ne mo Bakereseteng ba motlha wa rona!
26. (a) Ke tiro efe e e sa bolong go bolelelwa pele eo Keresete yo o tsositsweng mo baswing a tla e dirang fa a busa jaaka Kgosi? (b) Paulo o naya kgothatso efe e e nonofileng ka tsholofelo ya tsogo ya baswi?
26 Lokwalo lono lo oketsa go tlhaloganya ga rona setlhogo sa Bibela sa Bogosi jwa Modimo tota. Lo re naya tlhagiso e e gagametseng tota ya gore batho ba ba sa siamang ga ba kitla ba tsena mo Bogosing, e bo e re neela lenane la dilo tse di maswe tse di ka dirang gore motho a se ka a bo tshwanela. (1 Bakor. 6:9, 10) Mme se se botlhokwa thata ke gore, e tlhalosa kafa tsogo ya baswi le Bogosi jwa Modimo di amanang ka gone. E bontsha gore Keresete, “lebucwa pele” la ba ba tsositsweng mo baswing, o tshwanetse go “busa hèla, a ba a tla a tsamaee a beè baba botlhe ba gagwè ha tlhatse ga dinaō tsa gagwè.” Mme fa a sena go nyeletsa baba botlhe, go akaretsa le loso, ‘o tla neela Modimo ebong Rara, bogosi, . . . gore Modimo o nne gotlhe mo go tsotlhe.’ Kwa bokhutlong o tla diragatsa tsholofetso ya Bogosi e a e dirileng kwa Edena ka go kgoba tlhogo ya Noga ka botlalo, a dirisa Keresete, mmogo le bakaulengwe ba Gagwe ba semoya ba ba tsositsweng mo baswing. Eleruri, tebelelo ya tsogo ya baswi e kgolo ruri mo go bao ba bonang bosasweng mmogo le Keresete Jesu mo Bogosing jwa selegodimo. Paulo o re kgothatsa jaana ka tsholofelo ya tsogo ya baswi: “Me ke gōna ba ga echo ba ba ratègañ, lo tlhōmamè, lo nitamè, lo nntse lo totahetse mo tihoñ ea Morèna ka metlha eotlhe, ka lo itse ha tihō ea lona e se ketla e nna lehèla mo Moreneñ.”—1 Bakor. 15:20-28, 58; Gen. 3:15; Bar. 16:20.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Halley’s Bible Handbook, 1988, H. H. Halley, tsebe 593.
b Dictionary of the Bible, ya ga Smith, 1863, Bol. 1, tsebe 353.
c The Interpreter’s Bible, Bol. 10, 1953, tsebe 13.
d The Interpreter’s Bible, Bol. 9, 1954, tsebe 356.