KGAOLO 20
Bodiredi Jwa Namolo
1, 2. (a) Bakeresete ba kwa Judea ba ne ba lebane le mathata afe? (b) Bakeresete ba kwa Judea ba ne ba bontshiwa lorato ka tsela efe?
KE MO e ka nnang ka 46 C.E., mme Judea e aparetswe ke leuba le le maswe. Bajuda ba ba nnang koo ba e leng barutwa ba ga Keresete, ga ba na madi a go reka dijo tse tlhwatlhwa ya tsone e leng kwa godimo fela thata. Ba tshwerwe ke tlala e bile ba aparetswe ke letlhoko le legolo. Le fa go ntse jalo, ba tloga ba bona kafa seatla sa ga Jehofa se ba sireletsang ka gone ka tsela e e iseng e ko e diragalele barutwa bape ba ga Keresete. Ke eng se se tlogang se direga?
2 E re ka Bakeresete ba Bajuda le ba Baditšhaba ba kwa Antioka, Siria, ba amilwe ke go boga ga Bakeresete ba Bajuda ba kwa Jerusalema le Judea, ba kgobokanya madi gore ba thuse badumedikabone. Morago ga moo, ba tlhopha bakaulengwe ba babedi mo gare ga bone ba ba nang le maikarabelo e bong Barenabase le Saulo, gore ba ise thuso ya namolo kwa bagolwaneng ba phuthego kwa Jerusalema. (Bala Ditiro 11:27-30; 12:25.) Akanya fela kafa bakaulengwe ba ba humanegileng ba kwa Judea ba neng ba amilwe pelo ka gone ke go bontshiwa lorato ke bakaulengwe ba bone ba kwa Antioka!
3. (a) Batho ba Modimo mo motlheng wa rona ba sa ntse ba latela sekao sa Bakeresete ba kwa Antioka ka tsela efe? Naya sekai. (Bona le lebokose le le reng, “Tiro ya Rona e Kgolo ya Ntlha ya Namolo mo Motlheng wa Rona.”) (b) Re tla sekaseka dipotso dife mo kgaolong eno?
3 Tiragalo eno e e diragetseng mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., ke tiragalo ya ntlha go kwalwa e e begang kafa Bakeresete ba ba nnang kwa karolong e nngwe ya lefatshe ba neng ba romela thuso ya namolo ka gone kwa Bakereseteng ba bangwe ba ba nnang mo karolong e nngwe ya lefatshe. Gompieno re latela sekao se se tlhomilweng ke bakaulengwe ba rona ba kwa Antioka. Fa re utlwa gore badumedimmogo le rona ba kwa lefelong le lengwe ba wetswe ke masetlapelo kgotsa ba lebane le diteko, re dira dithulaganyo tsa go ba thusa.a E le gore re tlhaloganye kafa ditiro tsa rona tsa namolo di amanang ka gone le ditiro tse dingwe tsa rona tsa bodiredi, a re sekasekeng dipotso di le tharo tse di malebana le bodiredi jwa namolo: Ke eng fa re leba tiro ya namolo e le bodiredi? Maitlhomo a tiro ya rona ya namolo ke afe? Re solegelwa molemo jang ke bodiredi jwa namolo?
Lebaka La go Bo Tiro ya Namolo e le “Tirelo e e Boitshepo”
4. Paulo o ne a bolelela Bakorintha eng malebana le bodiredi jwa Bokeresete?
4 Mo lekwalong la bobedi le Paulo a neng a le kwalela Bakorintha, o ne a tlhalosa gore Bakeresete ba na le bodiredi jo bo dikarolo tse pedi. Le fa gone lekwalo leo la ga Paulo le ne le lebisitswe mo Bakereseteng ba ba tloditsweng, gompieno mafoko a gagwe a dira le mo ‘dinkung tse dingwe’ tsa ga Keresete. (Joh. 10:16) Karolo nngwe ya bodiredi jwa rona ke “bodiredi jwa tetlanyo,” ke gore, tiro ya rona ya go rera le go ruta. (2 Bakor. 5:18-20; 1 Tim. 2:3-6) Karolo e nngwe e akaretsa bodiredi jo re bo direlang badumedimmogo le rona. Paulo o ne a bua ka tlhamalalo ka ‘bodiredi jwa namolo.’ (2 Bakor. 8:4) Mo makgetlong ano otlhe, lefoko “bodiredi” mo dipolelwaneng “bodiredi jwa tetlanyo” le ‘bodiredi jwa namolo,’ ke thanolo ya mofuta wa lefoko la Segerika di·a·ko·niʹa. Ke eng fa seo se le botlhokwa?
5. Ke eng fa go le botlhokwa go bo Paulo a ne a bitsa tiro ya namolo a re ke bodiredi?
5 Fa Paulo a ne a dirisa lefoko le le tshwanang la Segerika mo ditirong tseno tse pedi, o ne a goboka tiro ya namolo le mefuta e mengwe ya bodiredi e e neng e dirwa mo phuthegong ya Bokeresete. O ne a buile jaana pelenyana: “Go na le mefuta e e farologaneng ya bodiredi, mme le fa go ntse jalo go na le Morena a le mongwe fela; e bile go na le ditiro tse di farologaneng, . . . Mme . . . di dirwa ke moya o le mongwe fela.” (1 Bakor. 12:4-6, 11) Tota e bile, Paulo o ne a amanya mefuta e e farologaneng ya bodiredi jo bo dirwang mo phuthegong le “tirelo e e boitshepo.”b (Bar. 12:1, 6-8) Ga go gakgamatse go bo a ne a bona go tshwanela gore a dirise bontlhanngwe jwa nako ya gagwe “go direla baitshepi”!—Bar. 15:25, 26.
6. (a) Jaaka Paulo a ile a tlhalosa, goreng tiro ya namolo e le karolo ya kobamelo ya rona? (b) Tlhalosa kafa tiro ya rona ya namolo e dirwang ka gone mo lefatsheng lotlhe gompieno. (Bona lebokose le le reng, “Fa go Nna le Masetlapelo!” tsebe 214.)
6 Paulo o ne a thusa Bakorintha go tlhaloganya lebaka la go bo tiro ya namolo e le karolo ya bodiredi le kobamelo ya bone mo go Jehofa. Ela tlhoko lebaka le a le ba nayang: Bakeresete ba ba namolang ba dira jalo ka gonne ba “ikobela dikgang tse di molemo ka ga Keresete.” (2 Bakor. 9:13) Ka jalo, e re ka Bakeresete ba tlhotlhelediwa ke keletso ya bone ya go batla go dirisa dithuto tsa ga Keresete, ba thusa badumedikabone. Paulo o ne a re ditiro tsa bopelonomi tse ba di direlang bakaulengwe ba bone, ruri di bontsha “bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jo bogolo thata jwa Modimo.” (2 Bakor. 9:14; 1 Pet. 4:10) Ka jalo, fa makasine wa The Watchtower wa December 1, 1975, o ne o akgela malebana le go direla bakaulengwe ba rona ba ba humanegileng, e leng se se akaretsang tiro ya namolo, o ne wa bua jaana ka nepo: “Le ka motlha ga re a tshwanela go belaela gore Jehofa Modimo le Morwawe Jesu Keresete ruri ba tsaya tirelo eno e le botlhokwa thata.” Eleruri tiro ya namolo ke mofuta o o botlhokwatlhokwa wa tirelo e e boitshepo.—Bar. 12:1, 7; 2 Bakor. 8:7; Baheb. 13:16.
Tiro ya Namolo e e Nang le Maitlhomo a a Tlhomameng
7, 8. Maitlhomo a ntlha a bodiredi jwa rona jwa namolo ke afe? Tlhalosa.
7 Maitlhomo a tiro ya rona ya namolo ke afe? Paulo o ne a araba potso eo mo lekwalong la bobedi le a neng a le kwalela Bakorintha. (Bala 2 Bakorintha 9:11-15.) Mo ditemaneng tseno Paulo o gatelela maitlhomo kgotsa mekgele e le meraro ya konokono e re e fitlhelelang ka go nna le seabe mo ‘bodireding jwa tirelo eno,’ e leng, tiro ya namolo. A re a sekasekeng ka bongwe ka bongwe.
8 Sa ntlha, bodiredi jwa rona jwa namolo bo tlisetsa Jehofa kgalalelo. Ela tlhoko gore ke makgetlo a le kae mo ditemaneng tse tlhano tse di fa godimo, a mo go one Paulo a lebisang tlhokomelo ya bakaulengwe ba gagwe kwa go Jehofa Modimo. Moaposetoloi Paulo o ba gopotsa “pontsho ya go leboga Modimo” le “dipontsho di le dintsi tsa go leboga Modimo.” (Temana 11, 12) O umaka kafa dithuso tsa namolo di dirang ka gone gore Bakeresete ba ‘galaletse Modimo’ le go baka “bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jo bogolo thata jwa Modimo.” (Temana 13, 14) Go tswa foo, Paulo o konela motlotlo wa gagwe o o malebana le bodiredi jwa namolo ka go bua jaana: “A re lebogeng Modimo.”—Temana 15; 1 Pet. 4:11.
9. Tiro ya namolo e ka fetola jang tsela e re akanyang ka yone? Naya sekai.
9 Fela jaaka Paulo, batlhanka ba Modimo gompieno ba leba tiro ya namolo e le tshono ya go galaletsa Jehofa le go kgabisa dithuto tsa gagwe. (1 Bakor. 10:31; Tito 2:10) Tota e bile, gantsi tiro ya namolo e nna le seabe se segolo mo go tloseng dikgopolo tse di sa siamang tse batho bangwe ba nang le tsone ka Jehofa le Basupi ba gagwe. Ka sekai: Mosadi mongwe yo o nnang kwa lefelong le le neng le kgautlhantswe ke kgwanyape, o ne a na le letshwao le le balegang jaana mo lebating la gagwe: “Basupi ba ga Jehofa—Lo se Ka Lwa Tsena.” Mme letsatsi lengwe o ne a bona badiri ba namolo ba baakanya ntlo nngwe e e senyegileng go bapa le kwa ga gagwe. O ne a fetsa malatsi a le mmalwa a ntse a lebile badiri ba ba berekang ba le botsalano, mme o ne a ya kwa go bone go ba botsa gore ke bomang. Fa a sena go utlwa gore baithaopi bao ke Basupi ba ga Jehofa, o ne a kgatlhega thata mme a ba raya a re: “Ke ntse ke na le dikgopolo tse di sa siamang ka lona.” Seno se ne sa felela ka eng? O ne a tlosa letshwao le le neng le le mo lebating la gagwe.
10, 11. (a) Ke dikai dife tse di bontshang gore re fitlhelela maitlhomo a bobedi a tiro ya rona ya namolo? (b) Ke kgatiso efe e e thusang badiri ba namolo? (Bona lebokose le le reng, “Sedirisiwa se Sengwe sa Badiri ba Namolo.”)
10 Sa bobedi, re ‘naya ka bogolo dilo tse di tlhokwang’ ke badumedikarona. (2 Bakor. 9:12a) Re fisegela go naya bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona dilo tse ba di tlhokang ka bonako le go ba thusa go fokotsa pogo e ba lebaneng le yone. Ka ntlha yang? Ka gonne maloko a phuthego ya Bokeresete ke “mmele o le mongwe” mme “fa tokololo e le nngwe e boga, ditokololo tse dingwe tsotlhe di boga le yone.” (1 Bakor. 12:20, 26) Ka jalo, lorato lwa bokaulengwe le kutlwelobotlhoko di tlhotlheletsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi gompieno go phuaganya se ba se dirang ka nako eo, ba bo ba tsaya didirisiwa tsa bone go potlakela kwa mafelong a a wetsweng ke masetlapelo go ya go namola badumedimmogo le bone. (Jak. 2:15, 16) Ka sekai, morago ga gore setsuatsue sa tsunami se ripitle naga ya Japane ka 2011, ofisi ya lekala ya kwa United States e ne ya romela makwalo kwa Dikomiting Tsa Kago Tsa Kgaolo mo nageng eo, e kopa gore fa e le gore go na le “bakaulengwe ba se kae ba ba tshwanelegang,” ba ithaopele go ya go thusa go aga sesha Diholo Tsa Bogosi kwa Japane. Bakaulengwe ba ne ba tsiboga jang? Mo dibekeng di se kae fela, mo e ka nnang baithaopi ba le 600 ba ne ba ikwadisetsa go ya go thusa—mme ba dumela go ituelela madi a sefofane go ya kwa Japane! Ofisi ya lekala ya kwa United States e ne ya bega jaana: “Go ne ga tsiboga batho ba le bantsi thata go feta kafa re neng re solofetse ka teng.” Fa mokaulengwe mongwe kwa Japane a ne a botsa modiri mongwe wa namolo yo o tswang kwa nageng e sele gore ke ka ntlha yang fa a tlile go thusa, o ne a mo raya a re: “Bakaulengwe ba rona mo Japane ke karolo ya ‘mmele wa rona.’ Re utlwa botlhoko jo ba bo utlwang le pogo e ba e bogang.” E re ka badiri ba namolo ba tlhotlhelediwa ke lorato lwa go intsha setlhabelo, ka dinako dingwe ba ile ba baya matshelo a bone mo kotsing gore ba thuse badumedikabone.c—1 Joh. 3:16.
11 Batho ba e seng Basupi le bone ba bontsha gore ba anaanela tiro ya rona ya namolo. Ka sekai, morago ga gore naga ya Arkansas kwa U.S.A., e welwe ke masetlapelo ka 2013, lokwalodikgang lo ne lwa bega jaana fa lo bua kafa baithaopi ba Basupi ba neng ba tsiboga ka bofefo ka teng: “Basupi ba ga Jehofa ba rulagantse baithaopi ba bone sentle ka tsela e e leng gore ba kgona go tsibogela masetlapelo ka bothakga le ka bonako.” Eleruri fela jaaka moaposetoloi Paulo a ile a tlhalosa, re ‘naya ka bogolo’ bakaulengwe ba rona ba ba tlhokang.
12-14. (a) Ke eng fa go fitlhelela maitlhomo a boraro a tiro ya rona ya namolo go le botlhokwa thata jaana? (b) Ke dikakgelo dife tse di gatelelang botlhokwa jwa go tswelela re dira ditiro tsa semoya?
12 Sa boraro, re thusa ba ba sotlegileng gore ba boele mo thulaganyong ya bone ya semoya ya ka metlha. Ke eng fa seno se le botlhokwa? Paulo a re ba ba amogelang thuso ya namolo ba tla tlhotlheletsega go dira “dipontsho di le dintsi tsa go leboga Modimo.” (2 Bakor. 9:12b) A go na le tsela nngwe e e botoka e ba ba sotlegileng ba ka bontshang go leboga Jehofa ka yone go gaisa ya gore ba boele mo thulaganyong ya bone ya ka metlha ya semoya, ka bonako jo bo kgonegang? (Bafil. 1:10) Ka 1945 makasine wa The Watchtower o ne wa bua jaana: “Paulo o ne a letlelela . . . go phuthiwa ga meneelo ka gonne e ne e thusa . . . bakaulengwe ba Bakeresete ba ba tlhokang gore ba ipelele dithuso tsa namolo e le gore ba tle ba kgone go nna le seabe ka kgololesego le ka matlhagatlhaga mo tirong ya go neela bosupi ka Jehofa.” Re na le boikaelelo jo bo tshwanang gompieno. Fa bakaulengwe ba rona ba boa ba dira tiro ya go rera gape, ga ba nonotshe fela baagelani ba bone ba ba ngomogileng pelo, mme le bone ba a inonotsha.—Bala 2 Bakorintha 1:3, 4.
13 Ela tlhoko dikakgelo tsa bangwe ba ba ileng ba amogela thuso ya namolo e ba neng ba e tlhoka thata, mme ba simolola go rera gape ba bo ba nonotshiwa ke go dira jalo. Mokaulengwe mongwe o ne a re: “E ne e le tshegofatso mo lelapeng la rona go ya bodireding jwa tshimo. Fa re ntse re leka go gomotsa ba bangwe re ne ra lebala ditlhobaelo tsa rona ka nakwana.” Kgaitsadi mongwe o ne a re: “Go tlhoma mogopolo mo tirong ya semoya go ne ga ntebatsa tshenyo e e neng e ntikologile. Go ne go dira gore ke ikutlwe ke sireletsegile.” Kgaitsadi yo mongwe o ne a re: “Le fa gone re ne re sa kgone go fetola maemo a rona, bodiredi bo ne bo thusa lelapa la me gore le tlhome mogopolo mo isagweng e e itumedisang. Go bua le ba bangwe ka tsholofelo ya rona ya lefatshe le lesha go ne ga nonotsha tshepo ya rona ya gore dilo tsotlhe di tla dirwa disha.”
14 Tiro e nngwe ya semoya e badumedikarona ba ba sotlegileng ba tlhokang go e tsweletsa ka bonako jo bo ka kgonegang ke go nna gone kwa dipokanong. Akanya ka se se neng sa diragalela Kgaitsadi Kiyoko yo ka nako ya masetlapelo a neng a le mo bowelong jwa dingwaga tsa bo50. Fa setsuatsue sa tsunami se sena go dira gore a latlhegelwe ke sengwe le sengwe kwantle ga diaparo tse a neng a di apere le ditlhako tse a neng a di rwele, o ne a akabetse a sa itse gore o tlile go tshela jang. Mme mogolwane mongwe o ne a mmolelela gore ba tla tshwarela pokano ya Bokeresete ya ka metlha mo koloing ya gagwe. Kiyoko a re: “Nna le mogolwane yoo le mosadi wa gagwe le kgaitsadi yo mongwe, re ne ra nna mo koloing. Le fa pokano eo e ne e le motlhofo fela, ka tsela ya kgakgamatso ke ne ka lebala ka setsuatsue sa tsunami. Ke ne ka ikutlwa ke na le kagiso ya mogopolo. Pokano eo e ne ya mpontsha maatla a go kopanela mmogo re le Bakeresete.” Fa kgaitsadi mongwe a ne a akgela ka dipokano tse a neng a nna gone kwa go tsone morago ga tiragalo ya masetlapelo, o ne a re: “Di ne tsa nthusa go itshoka!”—Bar. 1:11, 12; 12:12.
Bodiredi Jwa Namolo bo Tlisa Masego a a Nnelang Ruri
15, 16. (a) Bakeresete ba kwa Korintha le ba bangwe ba ne ba tla solegelwa molemo jang ke go ema nokeng ditiro tsa namolo? (b) Re solegelwa molemo jang ke tiro ya namolo gompieno?
15 Fa Paulo a ne a bua ka bodiredi jwa namolo, gape o ne a tlhalosetsa Bakorintha kafa bone le Bakeresete ba bangwe ba neng ba tla solegelwa molemo ka gone fa ba dira tiro eo. O ne a re: “Ka go lo direla mokokotlelo [Bakeresete ba Bajuda kwa Jerusalema ba ba neng ba amogela thuso] ba lo tlhologeletswe ka ntlha ya bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jo bogolo thata jwa Modimo mo go lona.” (2 Bakor. 9:14) Eleruri bopelotshweu jwa Bakorintha bo ne bo tla tlhotlheletsa Bakeresete ba Bajuda go rapelela bakaulengwe ba kwa Korintha go akaretsa le Baditšhaba, e bile seno se ne se tla dira gore ba ba rate le go feta.
16 Fa makasine wa The Watchtower wa December 1, 1945, o ne o dirisa mafoko a ga Paulo go bontsha kafa tiro ya namolo e re solegelang molemo ka teng gompieno, o ne wa re: “Fa setlhopha se sengwe sa batho ba Modimo ba ba itshepisitsweng se naya setlhopha se sengwe sa bone dilo tse ba di tlhokang, akanya fela kafa seno se dirang gore ba nne seoposengwe ka gone!” Ruri ke sone se badiri ba namolo ba se iponelang ka matlho gompieno. Mogolwane mongwe yo o neng a thusa mo tirong ya namolo ka nako ya morwalela a re: “Go dira tiro ya namolo go dirile gore ke ikutlwe ke atamalane le bakaulengwe ba me go feta le fa e le leng pele.” Kgaitsadi mongwe yo o neng a tletse kanaanelo morago ga go amogela thuso ya namolo o tlhalosa jaana: “Bokaulengwe jwa rona ke jone selo se se ka tshwantshiwang thata le lefatshe la Paradaise.”—Bala Diane 17:17.
17. (a) Mafoko a a mo go Isaia 41:13 a amana jang le tiro ya namolo? (b) Umaka dikai tsa kafa tiro ya namolo e tlotlang Jehofa ka gone le go nonotsha sebofo sa rona sa kutlwano. (Bona le lebokose le le reng, “Baithaopi go Ralala Lefatshe ba Tlisa Namolo.”)
17 Fa badiri ba namolo ba fitlha kwa lefelong la masetlapelo, bakaulengwe ba rona ba ba amilweng ke masetlapelo ba bona ka tsela e e kgethegileng boammaaruri jwa tsholofetso eno ya Modimo: “Nna, Jehofa Modimo wa gago, ke tshwere seatla sa gago sa moja, Nna yo ke go rayang ke re, ‘O se ka wa boifa. Nna ke tla go thusa.’” (Isa. 41:13) Kgaitsadi mongwe o ne a bua jaana morago ga go falola masetlapelo: “Ke ne ke itlhobogile fa ke bona kafa go senyegileng ka gone, mme Jehofa o ne a otlolola seatla sa gagwe go nthusa. Ke felelwa ke mafoko fa ke leka go tlhalosa kafa bakaulengwe ba nthusitseng ka gone.” Bagolwane ba babedi ba ne ba kwala jaana mo boemong jwa diphuthego tse ba direlang kwa go tsone morago ga masetlapelo a sena go ripitla lefelo le ba nnang mo go lone: “Thoromo ya lefatshe e ne ya tlisa bohutsana jo bogolo, mme Jehofa o ne a re thusa a dirisa bakaulengwe ba rona. Re ne re ile ra bala ka tiro ya namolo mme jaanong re ne ra e iponela ka matlho e diragala.”
A le Wena o ka Tsenya Letsogo?
18. Ke eng se o ka se dirang fa o batla go nna le seabe mo tirong ya namolo? (Bona le lebokose le le reng, “E ne Ya Tlhotlheletsa Tsela ya Gagwe ya Botshelo.”)
18 A o ka rata go lekeletsa kafa tiro ya namolo e leretseng motho boipelo ka gone? Fa e le gore go ntse jalo, nna o gopotse gore gantsi badiri ba namolo ba tlhophiwa mo go ba ba dirang mo diporojekeng tsa kago ya Diholo Tsa Bogosi. Ka jalo, bolelela bagolwane ba phuthego ya lona gore o ka rata go tlatsa foromo ya go ikwadisa. Mogolwane mongwe yo o nang le maitemogelo a mantsi mo tirong ya namolo o gakolola jaana: “Ya fela kwa lefelong le masetlapelo a diragetseng kwa go lone fa o sena go amogela taletso e e tswang kwa Komiting ya Namolo ya Dikotsi Tsa Masetlapelo.” Ka go dira jalo, tiro ya rona ya namolo e tla tswelela ka mokgwa o o rulaganeng sentle.
19. Badiri ba namolo ba thusa thata jang go bontsha gore ruri re barutwa ba ga Keresete?
19 Eleruri tiro ya namolo ke tsela e e tlhomologileng e re bontshang ka yone gore re ikobela taelo ya ga Keresete ya gore ‘re ratane.’ Fa re bontsha lorato lo lo ntseng jalo, re bontsha gore ruri re barutwa ba ga Keresete. (Joh. 13:34, 35) Ruri ke tshegofatso mo go rona gompieno go nna le badiri ba le bantsi jaana ba ba dirang ka go rata ba ba tlisetsang Jehofa kgalalelo fa ba ntse ba naya ba ba emang nokeng Bogosi jwa Modimo ka boikanyegi thuso ya namolo e ba e tlhokang!
a Kgaolo eno e sekaseka dithuso tsa namolo tse di direlwang badumedimmogo le rona. Le fa go ntse jalo, mo maemong a le mantsi tiro ya namolo e solegela molemo le batho ba e seng Basupi.—Bagal. 6:10.
b Paulo o ne a dirisa mofuta wa lefoko le le kayang bontsi, di·aʹko·nos (modiredi) go tlhalosa “batlhanka ba bodiredi.”—1 Tim. 3:12.
c Bona setlhogo se se reng, “Go Thusa Ba E Leng Ba Ntlo ya Rona ya Tumelo kwa Bosnia,” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa November 1, 1994, tsebe 23-27.