A Puo ya Gago—Ke “‘ee Mme Le fa Go Ntse Jalo e le Nnyaa’”?
Akanya ka boemo jono: Mogolwane yo e leng leloko la Komiti ya Puisano le Dikokelo o rulagantse go bereka tshimo le mokaulengwe yo mmotlana mo mosong wa Sontaga. Mo mosong oo, mogolwane o amogela mogala o o potlakileng o o tswang kwa mokaulengweng mongwe yo mosadi wa gagwe a sa tswang go amega mo kotsing ya koloi mme a isitswe kwa bookelong ka bonako. O kopa gore mogolwane yoo a mo thuse go bona ngaka e e tla dirisanang le ene mo kgannyeng ya madi. Ka jalo, mogolwane yoo o bolelela mokaulengwe yo mmotlana gore a ka se kgone go diragatsa thulaganyo ya bone ka gonne o tshwanetse go thusa lelapa le le lebaneng le boemo jo bo potlakileng.
Akanya ka boemo jo bongwe jono: Mmè wa bana ba babedi yo o se nang molekane o amogela taletso go tswa kwa banyalaning bangwe mo phuthegong ya bone gore a tle go fetsa maitseboa le bone. Fa a bolelela bana ba gagwe ka taletso eno, ba a itumela thata. Ba lebile pele kwa maitseboeng ao. Le fa go ntse jalo, letsatsi pele ga loeto lwa bone, banyalani bao ba ba bolelela gore go tlhagile sengwe mme ba tla tshwanelwa ke go phimola taletso ya bone. Moragonyana mmè yoo o utlwela lebaka la go bo banyalani bao ba phimotse taletso eo. Fa ba banyalani bao ba sena go mo laletsa, ba ne ba lalediwa ke ditsala tsa bone gore ba tle go ba etela mo go one maitseboa ao mme ba ne ba dumela.
E re ka re le Bakeresete, ga go pelaelo gore re tshwanetse go diragatsa se re se solofeditseng. Ga re a tshwanela go nna jaaka e kete ra re “‘ee’ mme le fa go ntse jalo re re ‘nnyaa.’” (2 Bakor. 1:18) Le fa go ntse jalo, fela jaaka dikai tseno tse pedi di bontsha, maemo ga a tshwane. Go ka nna le dinako tse ka tsone go ka lebegang re ka palelwang ke go tswelela ka dithulaganyo dingwe tse re di dirileng. Moaposetoloi Paulo o kile a nna mo boemong jo bo ntseng jalo.
PAULO O LATOFADIWA KA GORE GA A IKANYEGE
Ka 55 C.E., fa Paulo a ne a le kwa Efeso ka nako ya loeto lwa gagwe lwa boraro lwa borongwa, o ne a ikaeletse go kgabaganya Lewatle la Aegean go ya kwa Korintha mme go tswa foo a ye kwa Makedonia. Fa a le mo tseleng a boela kwa Jerusalema, o ne a rulagantse go etela phuthego ya Korintha lekgetlho la bobedi a ile go tseela bakaulengwe ba kwa Jerusalema mpho ya bopelonomi. (1 Bakor. 16:3) Re kgona go bona seo sentle mo go 2 Bakorintha 1:15, 16, e e reng: “Ka tshepo eno, ke ne ke ikaeletse pele go tla kwa go lona, gore lo tle lo nne le lobaka lwa bobedi lwa go ipela, fa ke sena go ema mo go lona ke fetele kwa Makedonia, ke ba ke boa kwa Makedonia ke tla kwa go lona lo ba lo mpuledisa sekgalanyana go ya Judea.”
Go bonala mo lekwalong la gagwe le le fetileng Paulo a ile a bolelela bakaulengwe ba kwa Korintha maikaelelo a gagwe. (1 Bakor. 5:9) Le fa go ntse jalo, nakwana fela morago ga gore Paulo a kwale lekwalo leo, o ne a utlwa ka ba lelapa la ga Keloe gore go na le dikgotlhang mo phuthegong. (1 Bakor. 1:10, 11) Paulo o ne a dira tshwetso ya gore a fetole dithulaganyo tsa gagwe, mme o ne a kwala lekwalo le jaanong re le itseng e le 1 Bakorintha. Mo go lone Paulo o ne a ba naya kgakololo le kgalemelo ka lorato. Gape o ne a umaka gore o fetotse dithulaganyo tsa gagwe tsa loeto, a ba itsise gore o tla ya pele kwa Makedonia mme go tswa foo a ye kwa Korintha.—1 Bakor. 16:5, 6.a
Go bonala fa bakaulengwe ba kwa Korintha ba ne ba amogela lekwalo la ga Paulo, bangwe ba ‘baaposetoloi ba ba molemo go feta selekanyo’ ba ba mo phuthegong eo, ba ne ba mo latofatsa ka gore ga a ikanyege le gore ga a diragatse ditsholofetso tsa gagwe. Paulo o ne a botsa jaana a iphemela: “Fa ke ne ke na le boikaelelo jo bo ntseng jalo, ke ne ka se ka ka nnela go tsaya dilo motlhofo ka gope, a ga go jalo? Kgotsa dilo le fa e le dife tse ke di ikaelelang, a ke di ikaelela kafa nameng, gore mo go nna go nne ‘Ee, ee’ le ‘Nnyaa, nnyaa’?”—2 Bakor. 1:17; 11:5.
Re ka nna ra ipotsa jaana, Mo maemong ano, a ruri moaposetoloi Paulo o ne a “tsaya dilo motlhofo”? Nnyaa le e seng! Polelwana “go tsaya dilo motlhofo” e ka kaya go sa ikanyege kgotsa gore motho ga a diragatse ditsholofetso tsa gagwe. Potso ya ga Paulo e e sa tlhokeng karabo e e reng, “a ke di ikaelela kafa nameng?” e tshwanetse ya bo e ile ya tlhomamisetsa Bakeresete ba kwa Korintha gore tshwetso ya gagwe e a e dirileng ya go fetola dithulaganyo e ne e se gore ga a ikanyege.
Paulo o ne a ganetsa tatofatso eo, a kwala jaana: “Mme Modimo a ka ikanngwa gore puo ya rona e e neng e lebisitswe mo go lona ga se ‘ee’ mme le fa go ntse jalo e le ‘nnyaa.’” (2 Bakor. 1:18) Ga go pelaelo gore fa Paulo a fetola dithulaganyo tsa gagwe o ne a akanyetsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe ba kwa Korintha. Mo go 2 Bakorintha 1:23, re bala gore o ne a fetola thulaganyo ya gagwe ya go ya kwa Korintha e le ‘go ba dibela.’ O ne a ba neile tshono ya go baakanya dilo pele a ba bona. Fela jaaka Paulo a ne a solofetse, fa a le kwa Makedonia o ne a utlwa ka Tito gore, ruri lekwalo la gagwe le ne le dirile gore ba hutsafale le go ikwatlhaya mme seo se ne sa dira gore a ipele thata.—2 Bakor. 6:11; 7:5-7.
“AMEN” E E BOLELELWANG MODIMO
Tatofatso ya gore Paulo o ne a sa ikanyege e ne e ka kaya gore fa e le gore Paulo o ne a ka se ikanngwe gore o tla diragatsa se a se solofetsang mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi, o ne a ka se ikanngwe le mo tirong ya gagwe ya go rera. Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a gakolola Bakorintha gore o ne a ba rerela Jesu Keresete. “Morwa Modimo, e bong Keresete Jesu, yo o neng a rerwa mo gare ga lona ka rona, ke gore, ka nna le Silefano le Timotheo, o ne a se ka a nna ee mme le fa go ntse jalo a le ‘nnyaa,’ mme ‘ee’ jaanong ke ‘ee’ mo go ene.” (2 Bakor. 1:19) A motlhomasekao wa ga Paulo e bong Jesu Keresete, o ne a sa ikanyege? Nnyaa! Mo botshelong le mo bodireding jwa gagwe ka metlha, Jesu o ne a bua boammaaruri. (Joh. 14:6; 18:37) Fa e le gore se Jesu a neng a se rera se ne se le boammaaruri e bile se ikanyega mme le gore Paulo le ene o ne a rera molaetsa oo, go raya gore se moaposetoloi a neng a se rera se ne se le boammaaruri.
Boammaaruri ke gore Jehofa ke “Modimo wa boammaaruri.” (Pes. 31:5) Re bona seno mo go se Paulo a neng a se kwala: “Le fa ditsholofetso tsa Modimo di ka bo di le dintsi jang, di ntse ee ka ene,” ke gore ka Keresete. Go bo Jesu a ile a boloka bothokgami fa a ne a le mo lefatsheng, go re tlhomamisetsa gore ditsholofetso tsa ga Jehofa di a ikanyega. Paulo o tswelela ka go re: “Jalo gape ka ene [Jesu] go na le ‘Amen’ o o buiwang go Modimo a buelwa kgalalelo ka rona.” (2 Bakor. 1:20) Jesu ke “Amen” kgotsa o re tlhomamisetsa gore tsholofetso nngwe le nngwe e Jehofa Modimo a e dirang e tla diragadiwa!
Fela jaaka Jehofa le Jesu ba bua boammaaruri ka metlha, go raya gore Paulo le ene ka metlha o ne a bua boammaaruri. (2 Bakor. 1:19) E ne e se gore ga a ikanyege, e se motho yo o dirang ditsholofetso “kafa nameng.” (2 Bakor. 1:17) Go na le moo, o ne a ‘tsamaya ka moya.’ (Bagal. 5:16) Fa a dirisana le ba bangwe, o ne a ba akanyetsa. Ee wa gagwe e ne e le Ee!
A EE WA GAGO O RAYA EE?
Gompieno go tlwaelegile gore batho ba ba sa tsheleng ka melaometheo ya Baebele ba solofetse go dira sengwe ba bo ba sa se dire fa go tlhaga bothata jo bonnye kgotsa fa go tlhaga sengwe se ba se ratang. Mo dikgannyeng tsa kgwebo, ga se ka metlha “ee” e kayang “ee,” tota le fa ditumalano di kwadilwe. Batho ba le bantsi ga ba tlhole ba leba lenyalo, e leng tumalano ya batho ba babedi, e le tumalano ya botshelo jotlhe. Dipalopalo tse di ntseng di oketsega tsa tlhalo di bontsha gore batho ba le bantsi ba leba lenyalo e le kamano fela e e sa reng sepe e e ka nnang ya fedisiwa.—2 Tim. 3:1, 2.
Go tweng ka wena? A Ee wa gago o kaya Ee? Gone ke boammaaruri gore jaaka re bone mo tshimologong ya setlhogo seno, o ka nna wa palelwa go diragatsa thulaganyo e o neng o e dirile le mongwe, e se ka go bo o sa ikanyege mme e le ka ntlha ya maemo a o sa kgoneng go a laola. Le fa go ntse jalo, fa wena Mokeresete o solofetsa mongwe sengwe kgotsa o dira tumalano nngwe, o tshwanetse go leka ka natla gore o e diragatse. (Pes. 15:4; Math. 5:37) Fa o dira jalo, o tla itsege o le motho yo o ka ikanngwang, yo o diragatsang se a se buileng le yo ka metlha a buang boammaaruri. (Baef. 4:15, 25; Jak. 5:12) Fa batho ba lemoga gore o ka ikanngwa mo dikgannyeng tsa letsatsi le letsatsi, ba ka nna ba iketleeletsa go go reetsa fa o ba bolelela boammaaruri ka Bogosi jwa Modimo. Ka jalo, a re tlhomamiseng gore Ee wa rona o kaya Ee!
a Nakwana morago ga gore Paulo a kwale 1 Bakorintha, o ne a diragatsa tsholofetso ya gagwe, a kgabaganya Teroase a ya kwa Makedonia kwa a neng a kwala 2 Bakorintha gone. (2 Bakor. 2:12; 7:5) Morago ga foo, o ne a etela Korintha fela jaaka a solofeditse.