Go Nna Maatla Le fa Re na Le Makoa
MAKOA a o nang le one a ka go fekeetsa. A ka go ngaparela jaaka menopi. O ka nna wa akanya gore o ka se tsoge o a fentse, kana o ka ikutlwa o se na mosola, o ipapisa le batho ba bangwe o bo o tsaya gore ba botoka mo go wena. Kafa letlhakoreng le lengwe, o ka tswa o tshwerwe ke bolwetse jo bo koafatsang jo bo dirang gore o ikutlwe o feletswe ke nonofo mme o se ka wa itumelela botshelo. Le fa lebaka e ka tswa e le lefe, o ikutlwa o se na kgoro ya botso. O ka ikutlwa jaaka Jobe, yo o neng a raya Modimo a re: “E kete o ne o ka mphitlha mo Sheole, wa mpaya mo sephiring go fitlha bogale jwa gago bo boela morago, gore o ntekanyetse nako mme o nkgakologelwe!”—Jobe 14:13.
O ka dira jang gore o tswe mo tlalelong eo? Le fa go ka nna boima jang, ka dinako tse dingwe o tshwanetse gore o se ka wa akanya ka mathata a o nang le one. Ka sekai, o ka akanya ka dipotso tseno tse di tlhotlheleditsweng tse Jehofa a neng a di botsa motlhanka wa gagwe yo o ikanyegang e bong Jobe: “O ne o le kae fa ke thaya lefatshe? Mpolelele, fa o tlhaloganya. Ke mang yo o tlhomileng dilekanyo tsa lone, fa e le gore o a itse, kgotsa ke mang yo o otlololetseng thapo e e lekanyang mo godimo ga lone?” (Jobe 38:4, 5) Fa re ntse re akanya ka bokao jwa dipotso tseo, re ka kgona go lemoga gore Jehofa o na le botlhale jo bogolo le maatla a magolo. O na le lebaka le le utlwalang la go bo a letleletse gore maemo a gone jaanong a a mo lefatsheng a tswelele.
“Mutlwa mo Nameng”
Motlhanka yo mongwe yo o ikanyegang o ne a kopa Jehofa gore a tlose ‘mutlwa mo nameng ya gagwe,’ e leng bothata bongwe jo bo neng bo mo tshwenyeditse ruri. Moaposetoloi Paulo o ne a kopa Modimo gararo gore a mo golole mo bothateng jono. Le fa bothata jono jo bo jaaka mutlwa o o botlhoko e ka tswa e ne e le bofe, bo ka tswa bo ne bo dira gore Paulo a se ka a itumela mo tirelong ya ga Jehofa. Paulo o ne a bo tshwantsha le go nna a phantshiwa. Jehofa o ne a mo araba a re: “Bopelonomi jwa me jo bo sa go tshwanelang bo go lekane; gonne maatla a me a a bo a tletse mo bokoeng.” Jehofa ga a ka a tlosa mutlwa oo mo nameng ya ga Paulo. Paulo o ne a tshwanelwa ke go lwa le one, mme o ne a re: “Fa ke le bokoa, ke gone ke leng maatla.” (2 Bakor. 12:7-10) O ne a rayang fa a rialo?
Bothata jwa ga Paulo ga bo a ka jwa nyelela ka kgakgamatso. Le fa go ntse jalo, ga bo a ka jwa dira gore a se ka a fitlhelela dilo tse dikgolo mo tirelong ya ga Jehofa. Paulo o ne a ikaega ka Jehofa gore a mo nonotshe mme ka metlha o ne a mo kopa gore a mo thuse. (Bafil. 4:6, 7) O ne a na le lebaka le le utlwalang la go bua jaana fa a ne a tloga a wetsa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng: “Ke tlhabane tlhabano e e molemo, ke tabogile lobelo go ya bofelong, ke bolokile tumelo.”—2 Tim. 4:7.
Jehofa o dirisa batho ba ba sa itekanelang go dira thato ya gagwe le fa go na le fa ba tlhaelang teng e bile ba na le mathata, mme go a tshwanela go bo tlotlo e ya kwa go ene. A ka ba naya kaelo le botlhale gore ba kgone go lebana le mathata a bone mme ba nne ba itumetse mo tirelong. Ee, a ka dirisa batho ba ba sa itekanelang gore ba dire dilo tse dikgolo le fa ba na le makoa.
Paulo o ne a bolela gore ke ka ntlha yang fa Modimo a ne a sa tlose mutlwa o a neng a na le one mo nameng: “Gore ke se ka ka godisiwa go feta selekanyo.” (2 Bakor. 12:7) “Mutlwa” o Paulo a neng a na le one o ne o mo gakolola gore o na le makoa e bile o ne o mo thusa gore a nne a ikokobeditse. Seno se dumalana le se Jesu a neng a se ruta: “Le fa e le mang yo o ikgodisang o tla kokobediwa, mme le fa e le mang yo o ikokobetsang o tla godisiwa.” (Math. 23:12) Diteko di ka ruta batlhanka ba Modimo gore ba ikokobetse mme tsa ba thusa go lemoga gore ba tlhoka go ikaega ka Jehofa gore ba kgone go itshoka ka boikanyegi. Ka jalo, fela jaaka Paulo, ba ka ‘ipelafatsa mo go Jehofa.’—1 Bakor. 1:31.
Makoa a a Fitlhegileng
Batho ba bangwe ba ka tswa ba na le makoa a ba sa itseng gore ba na le one kana ba sa batle go dumela gore ba na le one. Ka sekai, motho a ka itshepa go feta selekanyo, a iikanya. (1 Bakor. 10:12) Bokoa jo bongwe jo batho ba ba sa itekanelang ba nang le jone ke jwa go batla go nna batho ba ba tlhageletseng.
Joabe, yo e neng ya nna mookamedi wa masole a ga Kgosi Dafide, o ne a le pelokgale, a tsaya kgato ka bonako e bile a kgona go rarabolola mathata. Le fa go ntse jalo, Joabe o ne a itshwara ka tsela e e sa siamang e e neng e bontsha gore o mabela e bile o boikgodiso. O ne a bolaya baokamedi ba babedi ba masole ka tsela e e setlhogo. Sa ntlha, o ne a ipusolosetsa ka go bolaya Abenere. Moragonyana, Joabe o ne a itira e kete o dumedisa ntsalae e bong Amasa mme a mo tshwara ka ditedu ka seatla sa moja, a itira e kete o a mo atla, a bo a mo tlhaba ka tšhaka e a neng a e tshotse ka seatla sa molema. (2 Sam. 17:25; 20:8-10) Amasa o ne a tsere maemo a ga Joabe a go nna mookamedi wa masole mme Joabe o ne a dirisa tshono eno go bolaya motho yono yo o neng a mo tseetse maemo, gongwe a solofela gore o tla boela gape mo maemong a go nna mookamedi wa masole. O kgona go bona gore Joabe ga a ka a laola maikutlo a gagwe a a akaretsang go rata maemo. O ne a dira dilo ka bosetlhogo a sa bontshe go ikwatlhaya. Fa Kgosi Dafide a ne a tloga a swa, o ne a laela morwawe e bong Solomone gore a dire gore Joabe a otlhaelwe bosula jo a bo dirileng.—1 Dikg. 2:5, 6, 29-35.
Ruri ga re a tshwanela go ineela mo dikeletsong tsa rona tse di sa siamang; re ka kgona go laola makoa a re nang le one. Sa ntlha, re tshwanetse go a lemoga le go dumela gore re na le one. Go tswa foo re ka dira sengwe gore re a fenye. Re ka rapela Jehofa ka metlha, re kopa thuso ya gagwe gore re kgone go fenya makoa ao, mme re ithute Lefoko la gagwe ka tlhoafalo, re senka ditsela tsa go a lwantsha. (Baheb. 4:12) Re ka nna ra tlhoka go tswelela re dira ka natla go fenya makoa a rona mme seo ga se a tshwanela go re kgoba marapo. Fa fela re sa ntse re sa itekanela, re ka nna ra tshwanelwa ke go tswelela pele re lwantsha makoa a rona. Paulo o ne a dumela gore go ntse fela jalo ka ene fa a ne a kwala mafoko ano: “Se ke se eletsang, ga ke tlwaele go se dira; mme se ke se tlhoileng ke sone se ke se dirang.” Le fa go ntse jalo, re a itse gore Paulo ga a ka a ineela mo makoeng a gagwe, jaaka e kete go ne go ka se kgonege gotlhelele gore a laole se a se dirang. Go na le gore a ineele, o ne a nna a ntse a lwantsha makoa a gagwe, a ikantse thuso ya Modimo ka Jesu Keresete. (Bar. 7:15-25) Paulo o ne a bua jaana mo temaneng e nngwe: “Ke itaya mmele wa me ke bo ke o tshwara jaaka motlhanka, gore fa ke sena go rerela ba bangwe, nna ka bonna ke se ka ka nna yo o sa amogelweng ka tsela nngwe.”—1 Bakor. 9:27.
Batho ba na le mokgwa wa go dira diipato. Re ka lwantsha mokgwa oo ka go leba dilo ka tsela e Jehofa a di lebang ka yone, re dira jaaka Paulo a ne a kgothatsa Bakeresete: “Tlhoang se se boikepo, ngaparelang se se molemo.” (Bar. 12:9) Re tla tlhoka go ikanyega, go ikemisetsa, le go ikgalema fa re ntse re lwantsha makoa a rona. Dafide o ne a kopa Jehofa jaana: “Itshekise diphilo tsa me le pelo ya me.” (Pes. 26:2) O ne a itse gore Jehofa o kgona go sekaseka maikutlo a rona a a boteng mme a re thuse fa re tlhaelang gone. Fa re latela kaelo e Jehofa a e nayang ka Lefoko la gagwe le ka moya wa gagwe o o boitshepo, re ka kgona go tokafatsa boemo mme ra fenya makoa a rona.
Ba bangwe ba ka tswa ba na le mathata a ba bonang gore ba ka se lebane le one ba le bosi. Ruri bagolwane ba phuthego ba ka ba thusa ka lorato le go ba kgothatsa. (Isa. 32:1, 2) Mme re tla bo re le botlhale fa re sa solofele gore re ka dira dilo tse tota re ka se kang ra kgona go di dira. Mathata a mangwe a ka se rarabololwe ka botlalo mo tsamaisong eno ya jaanong ya dilo. Le fa go ntse jalo, ba bantsi ba ile ba kgona go lebana le one, mme seo se dirile gore ba tshele matshelo a a kgotsofatsang.
Re Tlhomamisega Gore Jehofa o Tla re Ema Nokeng
Le fa re ka lebana le mathata afe mo dinakong tseno tse di thata, re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla re kaela le go re nonotsha. Baebele e re rotloetsa jaana: “Jalo, ikokobetseng kafa tlase ga seatla se se thata sa Modimo, gore a tle a lo godise mo nakong e e tshwanetseng; lo ntse lo latlhela tlhobaelo yotlhe ya lona mo go ene, ka gonne o a lo kgathalela.”—1 Pet. 5:6, 7.
Fa Kathy, yo o nang le dingwaga tse dintsi a direla kwa Bethele, a ne a lemoga gore monna wa gagwe o na le bolwetse jwa boboko jo bo dirang gore motho a latlhegelwe ke tlhaloganyo e bile a se ka a kgona go bua sentle jo bo bidiwang Alzheimer, o ne a ikutlwa a ka se kgone go lebana le mathata a bolwetse jono bo neng bo tla a tlisa. O ne a tlhoka go kokotlela Jehofa ka metlha, a mo kopa botlhale le gore a mo nonotshe. Fa seemo sa monna wa gagwe se ntse se nnela maswe go ya pele, bakaulengwe ba ba lorato ba ne ba tsaya matsapa a go ithuta ka bolwetse jono mme bokgaitsadi ba ba neng ba amega ka Kathy le monna wa gagwe ba ne ba ba ema nokeng. Jehofa o ne a dirisa Bakeresete bano go ema Kathy nokeng le go mo nonotsha, mme o ne a kgona go tlhokomela monna wa gagwe go fitlha a swa dingwaga di le 11 moragonyana. A re: “Ke ne ke leboga Jehofa ke lela e bile ke mo leboga ka pelo yotlhe ka ntlha ya thuso ya gagwe; e ne ya nnonotsha. Ke ne ke sa itse gore nka kgona go tswelela ke tlhokometse monna wa me ka lobaka lo loleele jaana le fa ke ne ke le bokoa ka ntlha ya letsapa le le feteletseng!”
Thuso ya go Fenya Makoa a a Fitlhegileng
Fa motho a ikutlwa a se na mosola, a ka nna a akanya gore Jehofa ga a na go mo reetsa fa a kopa thuso a tlaletswe. Ka jalo go ka nna molemo gore a akanye ka mafoko ano a Dafide a neng a a bua fa a ne a ikwatlhaela boleo jwa gagwe jo bo masisi le Bathesheba: “Pelo e e phatlogileng le e e gateletsweng, wena Modimo, ga o kitla o e nyatsa.” (Pes. 51:17) Dafide o ne a ikwatlhaya ka pelo yotlhe, mme o ne a itse gore o ne a ka rapela Modimo a tlhomamisegile gore o tla mo utlwela botlhoko. Jesu le ene o amega ka batho fela jaaka Jehofa. Mokwadi wa Efangele e bong Mathaio o ne a lebisa mafoko ano a ga Isaia mo go Jesu: “Ga go na lotlhaka lope lo lo phitsegileng lo a tla lo tšhwetlang, e bile ga go na mogala ope wa lodi o o ntshang mosi fela o a tla o timang.” (Math. 12:20; Isa. 42:3) Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a utlwela batho ba maemo a a kwa tlase le ba ba bogisiwang botlhoko. Ga a ka a fedisa keletso ya ga ope ya go tshela, jaaka motho a ka tima mogala wa lobone lwa lookwane, o tlhase ya one ya bofelo e leng gaufi thata le go tima. Go na le moo, ka bonolo o ne a thusa batho ba ba bogang gore ba boe ba itumelele botshelo, go nne jaaka e kete kgabo ya bone ya molelo e tuka gape. O ne a ntse jalo fa a ne a le mo lefatsheng. A ga o dumele gore Jesu o sa ntse a ntse jalo le gore o kgona go go utlwela botlhoko ka makoa a gago? Ela tlhoko gore Bahebera 4:15 e bontsha gore ke Ene yo o kgonang go “re utlwela botlhoko ka makoa a rona.”
Fa Paulo a ne a kwala ka ‘mutlwa o a neng a na le one mo nameng,’ o ne a re maatla a ga Keresete a ne a ntse “jaaka mogope” mo go ene. (2 Bakor. 12:7-9) O ne a lemoga gore Modimo o a mo sireletsa ka Keresete, fela jaaka motho yo o mo mogopeng a ikutlwa a sireletsegile mo maemong a a sa iketlang a bosa. Jaaka Paulo, ga re a tshwanela go ineela mo makoeng a rona le mo mathateng a re nang le one. Gore re nne re na le kamano e e molemo le Modimo, re ka dirisa dithulaganyo tsotlhe tse Jehofa a re diretseng tsone ka phuthego ya gagwe e e mo lefatsheng. Re ka dira sotlhe se re ka se kgonang mme re ikanye Jehofa re tlhomamisegile gore o tla re kaela. Fa re bona kafa maatla a Modimo a re thusang ka teng go fenya makoa a rona, re tla kgona go bua jaana jaaka Paulo: “Fa ke le bokoa, ke gone ke leng maatla.”—2 Bakor. 12:10.
[Setshwantsho mo go tsebe 3]
Ka metlha Paulo o ne a rapela Jehofa gore a mo kaele mo bodireding jwa gagwe
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Kgosi Dafide o ne a naya Joabe maikarabelo a go okamela masole
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Joabe o ne a bolaya motho yo o neng a mo tseetse maemo, e bong Amasa
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Bagolwane ka lorato ba re naya kaelo e e tswang mo Dikwalong e e ka re thusang gore re lebane le mathata a rona