Go Itshokela Kutlobotlhoko
“Bomorwawe [Jakobe] botlhe le bomorwadie botlhe ba nna ba nanoga gore ba mo gomotse, mme a nna a gana go amogela kgomotso a re: ‘Gonne ke tla fologela kwa go morwaake mo teng ga Sheole ke hutsafetse!’ Mme rraagwe a tswelela go mo lelela.”—GENESISE 37:35.
TLHOGO YA LOTSO e bong Jakobe o ne a utlwa botlhoko thata fa a ne a swelwa ke morwawe. O ne a akanya gore o tla utlwa botlhoko go fitlha ka letsatsi le a neng a tlile go swa ka lone. Fela jaaka Jakobe, le wena o ka nna le maikutlo a gore botlhoko jo o bo utlwang ka ntlha ya go swelwa ke mongwe yo o mo ratang bo bogolo thata jaana mo bo ka se kang jwa fela. A go utlwa botlhoko thata jalo go bontsha gore ga o na tumelo mo Modimong? Ga go a nna jalo!
Baebele e tlhalosa Jakobe e le monna wa tumelo. Ene mmogo le rraagwemogolo e bong Aborahame le rraagwe e bong Isake, ba akgolelwa tumelo ya bone e e tlhomologileng. (Bahebera 11:8, 9, 13) Kana e bile, nako nngwe o ne a bo a mekamekana bosigo jotlhe le moengele gore Modimo a mo segofatse! (Genesise 32:24-30) Go bonala sentle gore Jakobe o ne a na le kamano e e nonofileng le Jehofa. Jaanong, tsela e Jakobe a neng a utlwile botlhoko ka yone e re ruta eng? Fa motho a utlwa botlhoko thata ka ntlha ya go swelwa ke mongwe yo a mo ratang, seo ga se reye gore tumelo ya gagwe mo Modimong ga e a nonofa. Go tlwaelegile e bile ke ga tlholego go utlwa botlhoko fa mongwe yo re mo ratang a tlhokafala.
Kutlobotlhoko ke Eng?
Kutlobotlhoko e ka re ama ka ditsela tse di farologaneng mme batho ba le bantsi ba utlwa botlhoko thata mo maikutlong. Ela tlhoko se se ileng sa diragalela Leonardo, yo o neng a na le dingwaga di le 14 fa rraagwe a ne a swa ka tshoganyetso ka ntlha ya mathata a pelo le a go hema. Leonardo ga a kitla a lebala letsatsi le mangwaneagwe a neng a tla go mmolelela dikgang tseo ka lone. La ntlha o ne a gana go dumela gore seo e ne e le boammaaruri. O ne a bona mmele wa ga rraagwe kwa phitlhong mme o ne a sa ntse a sa dumele. Go ne ga feta dikgwedi tse thataro Leonardo a sa kgone go lela. Gantsi o ne a iphitlhela a letetse rraagwe gore a boe a tle gae go tswa kwa tirong. Go ne ga mo tsaya ngwaga gore a tlhaloganye ka botlalo gore rraagwe o ne a sule. Fa seno se ne se direga, o ne a ikutlwa a setse a le esi. Dilo tse dinnye—tse di jaaka go tla gae mme go se na ope—di ne tsa mo gopotsa gore rraagwe ga a yo. Ka dinako tse di tshwanang le tseo, gantsi o ne a lela. O ne a gopola rraagwe fela thata!
Se se diragaletseng Leonardo se bontsha sentle gore motho a ka kgona go utlwa botlhoko thata. Mme se se itumedisang ke gore motho a ka kgona go fola mo maikutlong. Mme gone, seo se tsaya nako. Fela jaaka ntho e e botlhoko e tsaya nako gore e fole, go ntse fela jalo le ka khutsafalo e e bakwang ke go latlhegelwa ke mongwe yo o mo ratang. Go ka nna ga tsaya dikgwedi, dingwaga di le mmalwa kgotsa le e leng lobaka lo loleele lwa nako gore motho a tle a fole mo kutlobotlhokong ya gagwe. Mme botlhoko jo bogolo jo o bo utlwang kwa tshimologong bo tla fokotsega fa nako e ntse e tsamaya e bile ka iketlo botshelo bo tla bonala bo nna le bokao.
Go ntse go le jalo, go bolelwa gore kutlobotlhoko ke karolo ya go fola le ya go ithuta go tlwaelana le maemo a masha. Go bulega phatlha ka gonne motho yoo a sa tlhole a le teng. Re tshwanetse go itlwaetsa go tshela kwantle ga gagwe. Go utlwa botlhoko go ka nna ga go thusa gore o tlhalose tsela e o ikutlwang ka yone. Ke boammaaruri gore batho ga ba utlwe botlhoko ka tsela e e tshwanang. Le fa go ntse jalo, go na le selo se le sengwe se go bonalang se le boammaaruri: Go gatelela maikutlo a gago a kutlobotlhoko go ka nna kotsi mo mogopolong, mo maikutlong le mo mmeleng. Jaanong, o ka bontsha jang kutlobotlhoko ya gago ka tsela e e siameng? Baebele e na le dikgakololo tse di thusang.a
Go Itshokela Kutlobotlhoko
Batho ba le bantsi ba ba hutsafetseng ka ntlha ya go swelwa ke mongwe yo ba mo ratang ba ile ba fitlhela go bua go ba thusa go tlhalosa kafa ba ikutlwang ka gone. Ka sekai, ela tlhoko mafoko a monna mongwe yo go buiwang ka ene mo Baebeleng e bong Jobe, yo o neng a swelwa ke bana botlhe ba gagwe ba le lesome a bo a itshokela masetlapelo mangwe. O ne a re: ‘Botshelo jwa me bo a ntena. Ke tla ntsha selelo sa me. Ke tla bua ke le mo botlhokong jo bo galakang!’ (Jobe 1:2, 18, 19; 10:1, Baebele ya Tswana Central) Ela tlhoko gore Jobe o ne a tlhoka go “ntsha” matshwenyego a gagwe. O ne a tla dira seno jang? O ne a re, “ke tla bua.”
Paulo, yo o neng a swelwa ke mmaagwe a re: “Nngwe ya dilo tse di nthusitseng ke go bua ka mmè.” Ka jalo, go bolelela tsala e o ikanyang kafa o ikutlwang ka teng go ka go thusa. (Diane 17:17) Fa Yone a se na go swelwa ke mmaagwe, o ne a kopa bakaulengwe ba gagwe ba Bakeresete gore ba mo etele ka metlha. A re: “Go bua go ne ga kokobetsa botlhoko jwa me.” Le wena o ka nna wa fitlhela gore go ntsha maikutlo a gago ka go bolelela mongwe yo o kutlwelobotlhoko go tla go thusa go itshokela kutlobotlhoko eo.
Go kwala le gone go ka go thusa. Batho bangwe ba ba fitlhelang go le thata go bua kafa ba ikutlwang ka gone ba ka go fitlhela go le motlhofo go itlhalosa ka go kwala. Morago ga loso lwa ga Saulo le Jonathane, monna yo o ikanyegang e bong Dafide o ne a kwala pina e e neng e tlhalosa khutsafalo ya gagwe e mo go yone a neng a tlhalosa kutlobotlhoko ya gagwe. Kgabagare pina eno ya khutsafalo e ne ya nna karolo ya buka ya Baebele ya Samuele wa Bobedi.—2 Samuele 1:17-27.
Go lela le gone go ka thusa go kokobetsa maikutlo. Baebele ya re, “Sengwe le sengwe se na le nako e se e tlhometsweng, le . . . nako ya go lela.” (Moreri 3:1, 4) Ke boammaaruri gore fa mongwe yo re mo ratang a swa e nna “nako ya go lela.” Ga re a tshwanela go tlhabisiwa ditlhong ke dikeledi tsa kutlobotlhoko. Baebele e na le dikai di le dintsi tsa banna le basadi ba ba ikanyegang ba ba neng ba lela phatlalatsa e le go bontsha kafa ba utlwileng botlhoko ka gone. (Genesise 23:2; 2 Samuele 1:11, 12) Jesu Keresete o ne “a tsholola dikeledi” fa a ne a atamela lebitla la tsala ya gagwe e e rategang e bong Lasaro, yo o neng a sa tswa go swa.—Johane 11:33, 35.
Go tlhoka bopelotelele gore o kgone go itshokela kutlobotlhoko ka gonne o ka tswa o fetofetoga maikutlo. Se lebale gore go lela ga go a tshwanela go go tlhabisa ditlhong. Batho ba le bantsi ba ba ikanyegang ba fitlhetse gore go lela ka ntlha ya kutlobotlhoko ke selo se se tlwaelegileng e bile go botlhokwa gore ba kgone go fola mo maikutlong.
Atamalana le Modimo
Baebele ya re: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.” (Jakobe 4:8) Nngwe ya ditsela tsa botlhokwa tsa go atamalana le Modimo ke ka thapelo. O se ka wa nyatsa botlhokwa jwa yone! Baebele e solofetsa jaana ka tsela e e gomotsang: “Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; mme o boloka ba ba moya o pitlaganeng.” (Pesalema 34:18) Gape e re tlhomamisetsa jaana: “Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa.” (Pesalema 55:22) Akanya ka seno. Jaaka fa re bone pelenyana, batho ba le bantsi ba fitlhetse go thusa go bolelela tsala ya bone e ba e ikanyang kafa ba ikutlwang ka gone. Ka jalo, go tshwanetse ga bo go thusa le go feta go tshololela maikutlo a rona mo Modimong yo o solofetsang go gomotsa dipelo tsa rona!—2 Bathesalonika 2:16, 17.
Paulo yo o umakilweng pelenyana o ne a re: “Fa ke ne ke sa tlhole ke kgona go itshokela botlhoko e bile ke ikutlwa gore nka se kgone go lebana le jone, ke ne ke khubama ka mangole ke bo ke rapela Modimo. Ke ne ke mo kopa gore a nthuse.” Paulo o tlhatswegile pelo gore dithapelo tsa gagwe di mo thusitse. Le wena o ka lemoga gore fa o sa kgaotse go rapela, “Modimo wa kgomotso yotlhe” o ka go naya bopelokgale le nonofo ya go itshoka.—2 Bakorintha 1:3, 4; Baroma 12:12.
Tsholofetso ya Tsogo
Jesu o ne a re: “Ke nna tsogo le botshelo. Yo o supang tumelo mo go nna, le mororo a swa, o tla tshela.” (Johane 11:25) Baebele e ruta gore baswi ba tla tshela gape.b Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng o ne a bontsha gore o kgona go tsosa baswi. Nako nngwe o ne a tsosa mosetsanyana wa dingwaga tse 12. Batsadi ba gagwe ba ne ba itshwara jang? Ba ne ba “se ka ba kgona go itshwara ka ntlha ya go tlhapelwa ke boitumelo.” (Mareko 5:42) Mo pusong ya Bogosi jwa gagwe, Kgosi ya kwa legodimong e bong Jesu Keresete o tla tsosa batho ba bantsi gore ba tshele mo lefatsheng—mme e tla bo e le mo lefatsheng le le nang le kagiso le tshiamo. (Ditiro 24:15; 2 Petere 3:13) Akanya fela ka boitumelo jo bo tla nnang teng fa batho ba ba neng ba sule ba tsosiwa mme ba kopanngwa gape le batho ba ba ba ratang!
Claudete, yo o neng a swelwa ke morwawe e bong Renato mo kotsing ya sefofane, o beile senepe sa gagwe mo kgorong ya setsidifatsi. Nako le nako o a se leba a bo a re, ‘Re tla kopana gape ka nako ya tsogo.’ Leonardo ene o akanya rraagwe a tsosediwa mo lefatsheng le lesha le Modimo a le solofeditseng. Ee, tsholofetso ya tsogo e ba gomotsa tota mmogo le batho ba bangwe ba bantsintsi ba ba swetsweng ke baratiwa ba bone. Le wena e ka go gomotsa!
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go bona dintlha tsa kafa bana ba ka thusiwang ka gone go lebana le loso lwa mongwe yo ba mo ratang, bona setlhogo se se reng “Thusa Ngwana wa Gago go Itshokela Kutlobotlhoko” se se mo tsebe 18 go ya go 20 ya makasine ono.
b Go bona dintlha tse dingwe tse di tlhalosang ka botlalo tsholofetso ya tsogo e e mo Baebeleng, bona kgaolo 7 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 7]
“Modimo wa Kgomotso Yotlhe”
“A go bakwe Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete, Rara wa mautlwelobotlhoko a manana le Modimo wa kgomotso yotlhe.”—2 Bakorintha 1:3.
Temana eno ya Baebele e bontsha gore Modimo o kgona go thusa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang go itshokela bothata le fa e ka nna bope kgotsa kgwetlho e ba ka nnang ba lebana le yone. Tsela nngwe e Jehofa a ka re gomotsang ka yone ke ka tsala kgotsa mongwe yo re mo ratang yo e leng Mokeresete mmogo le rona.
Leonardo, yo o neng a latlhegelwa ke rraagwe, o gakologelwa tiragalo nngwe e e neng ya mo nonotsha le go mo gomotsa. O ne a sa tswa go goroga kwa lapeng, mme fa a gopola gore go ne go se na ope, o ne a simolola go lela thata. O ne a ya kwa parakeng e e fa gaufi mme a nna mo bankeng, a tswelela ka go lela. Fa a ntse a lela jalo, o ne a rapela Modimo gore a mo thuse. Ka tshoganyetso fela bene nngwe e ne ya ema gaufi le ene mme Leonardo a lemoga gore mokgweetsi wa yone e ne e le mongwe wa bakaulengwe ba gagwe ba Bakeresete. Mokaulengwe yono o ne a isetsa bareki dilwana dingwe mme o ne a timetse. Go nna teng ga gagwe fela go ne ga gomotsa Leonardo thata.
Mo tiragalong nngwe, moswagadi mongwe o ne a ikutlwa a latlhegile e bile a tshwenyegile thata mo maikutlong. O ne a lela a sa kgaotse ka gonne a ne a latlhegetswe ke tsholofelo. O ne a rapela Modimo gore a mo thuse. Fa a ne a ntse a rapela, founo e ne ya lela. E ne e le setlogolo sa gagwe. A re: “Puisano e khutshwane e re nnileng le yone e ne ya ntira gore ke nne pelokgale gape. Ke ne ke tlhomamisegile gore go nteletsa mogala ga gagwe e ne e le karabo ya thapelo ya me ya go kopa thuso.”
[Lebokoso mo go tsebe 9]
Go Gomotsa ba Bangwe
‘Modimo o re gomotsa mo pitlaganong yotlhe ya rona, gore re kgone go gomotsa ba ba leng mo mofuteng ofe fela wa pitlagano ka kgomotso e rona ka borona re gomodiwang ka yone ke Modimo.’—2 Bakorintha 1:4.
Bakeresete ba bantsi ba boammaaruri ba iponetse se mafoko ano a se kayang. Ba ne ba kgona go kgothatsa ba bangwe le go ba gomotsa gonne le bone ba ne ba gomodiwa gore ba kgone go itshokela go swelwa ke mongwe yo ba mo ratang.
Akanya ka sekai sa ga Claudete, yo ka metlha a etelang batho ba bangwe go ba rerela ka dilo tse a di dumelang tse di mo Baebeleng. Pele ga a swelwa ke morwawe, o ne a tle a etele mosadi mongwe yo morwawe a neng a bolailwe ke bolwetse jwa kankere ya madi. Mosadi yono o ne a rata fa Claudete a mo etela mme o ne a akanya gore Claudete ga a kitla a tsamaya a tlhaloganya ka botlalo kafa a neng a utlwile botlhoko ka gone. Le fa go ntse jalo, morago fela ga gore morwawe Claudete a tlhokafale, mosadi yono o ne a mo etela mme a mmolelela gore o ne a tlile go bona gore a o sa ntse a dumela mo Modimong ka jaanong ngwana wa gagwe a ne a sule. E re ka a ne a kgatlhilwe ke tumelo e e nonofileng ya ga Claudete, mosadi yono o ithuta Baebele ka metlha le Claudete mme o gomodiwa thata ke Lefoko la Modimo.
Fa Leonardo a sena go swelwa ke rragwe, o ne a swetsa gore a ithute puo ya diatla e le gore a kgone go bolelela batho ba ba bosusu ka molaetsa o o gomotsang wa Baebele. O ne a fitlhela gore maiteko a gagwe a go thusa bosusu a mo solegetse molemo fela thata. A re: “Sengwe sa dilo tse di nthusitseng go itshokela kutlobotlhoko ya me ke keletso e ke neng ke na le yone ya go thusa bosusu go ithuta ka Modimo. Ke dirisa nako e ntsi le nonofo ya me go ba thusa. Maikutlo a me a go utlwa botlhoko a ne a fetoga a boipelo fa ke ne ke bona seithuti sa me sa ntlha sa Baebele se kolobediwa! Totatota fa e sa le rre a tlhokafala e ne e le la ntlha ke ikutlwa ke itumetse thata jaana.”—Ditiro 20:35.
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Go tlhalosa kafa o ikutlwang ka gone go ka go thusa
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Go bala ka tsholofelo ya tsogo go ka go gomotsa thata
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Go kwala go ka go thusa go tlhalosa kutlobotlhoko ya gago
[Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]
Jesu o ne a solofetsa go tsosa batho ba ba dumelang mo go ene