“Molao O Fetogile Mogogi Wa Rona”
KE BANA ba le kae ba ba tlhaloganyang botlhokwa jwa melao le kotlhao? Ke ba se kae fela. Ba bona go tena go thibelwa go dira dilo dingwe. Le fa go ntse jalo, ba ba nang le boikarabelo jwa go thusa basha, ba a itse gore go botlhokwa thata go ba kgalema. Mme fa basha ba le bantsi ba ntse ba gola, gongwe ba tla lemoga molemo wa go bo ba ne ba kgalemelwa mo botshelong. Moaposetoloi Paulo o ne a dirisa sekai sa monna mongwe yo o neng a sireletsa bana go tlhalosa dikgato tse Jehofa Modimo a di tsereng go laya batho ba gagwe.
Bakeresete bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga mo porofenseng ya Roma ya Galatia ba ne ba re Modimo o rata fela batho ba ba ikobelang Molao o a neng a o neile Baiseraele a dirisa Moshe. Moaposetoloi Paulo o ne a itse gore seno ga se boammaaruri ka gonne Modimo o ne a naya batho bangwe moya o o boitshepo ba ba neng ba ise ba tsamaye ba boloke molao wa Bajuda. (Ditiro 15:12) Ka jalo Paulo o ne a siamisa kgopolo ya bone e e sa siamang ka go dira setshwantsho. Mo lekwalong le a neng a le kwalela Bakeresete ba kwa Galatia, o ne a re: “Molao o fetogile mogogi wa rona yo o isang kwa go Keresete.” (Bagalatia 3:24) Mokanoki mongwe o ne a re “go tloga bogologolo mogogi a ntse a itsege a na le seabe se se botlhokwa thata mo bathong.” Go itse seno go re thusa go tlhaloganya ntlha e moaposetoloi Paulo a neng a bua ka yone.
Mogogi le Maikarabelo a Gagwe
Bagogi ba ne ba dirisiwa thata mo malapeng a Bagerika, Baroma, gongwe le Bajuda ba ba humileng gore ba kaele bana mo go sengwe le sengwe se ba se dirang go tloga ba sa le masea go fitlha e nna basha. Gantsi mogogi e ne e le motlhanka yo o ikanngwang, a godile, yo o neng a tlhokomela ngwana a tlhomamisa gore o babalesegile le gore ngwana o dira sengwe le sengwe se rraagwe a se batlang. Letsatsi lotlhe, mogogi o ne a tsamaya le ngwana gongwe le gongwe kwa a yang gone, a tlhokomela gore o phepa, a mo isa kwa sekolong, gantsi o ne a mo tsholela dibuka tsa gagwe le didirisiwa tse dingwe le go mo thusa ka dithuto tsa gagwe.
Ka tlwaelo mogogi e ne e se morutabana. Go na le gore a rute dithuto tse di rutwang kwa sekolong, o ne a ruta fela se rraagwe ngwana a mo laetseng sone e re ka e le motlhokomedi wa ngwana. Le fa go ntse jalo, o ne a sa mo laye ka tlhamalalo, o ne a dira seo ka go mo tlhokomela le go mo kgalemela. Seno se ne se akaretsa go mo ruta maitsholo a a siameng, go mo kgalema, tota le go mo otlhaya fa a dirile phoso. Gone mme, boikarabelo jo bogolo jwa go ruta ngwana e ne e le jwa ga mmaagwe le rraagwe. Le fa go ntse jalo, fa ngwana a ntse a gola, mogogi wa gagwe o ne a mo ruta gore o tshwanetse go tsamaya ka tsela e e tlotlegang mo mebileng, a apare seaparo sa gagwe sa mo magetleng, a dule a bo a je sentle, le gore a eme fa bagolo ba tsena mo ntlong, a bo a rate batsadi ba gagwe, jalo le jalo.
Mofilosofi wa Mogerika e bong Plato (428-348 B.C.E.) o ne a tsaya gore dilo tse bana ba di ratang mme di sa siama di tshwanetse go kganelwa. O ne a kwala jaana: “Fela jaaka go se na dinku kgotsa diruiwa dipe tse di ka kgonang go tshela kwantle ga modisa, bana le bone ba ka se tshele kwantle ga mogogi, le batlhanka kwantle ga mong.” Go ka bonala e kete Plato o ne a feteletsa dilo; le fa go ntse jalo ke kafa a neng a di bona ka gone.
E re ka bagogi ba ne ba na le bana ka metlha, ba ne ba lebiwa e le batlhokomedi ba ba gatelelang le baotlhai ba ba setlhogo, ba ba lapisang le ba ba latofatsang bana ka dilo tse di sa utlwaleng go sa tlhokege. Tota le fa bagogi ba ne ba itsege jalo, ba ne ba sireletsa bana, mo boitsholong le mo mmeleng. Rahisitori wa Mogerika wa mo lekgolong la bobedi la dingwaga C.E. e bong Appian o tlhalosa kgang ya mogogi mongwe yo e neng ya re a le mo tseleng go ya kwa sekolong, a tshwanelwa ke go tlamparela ngwana yo a mo tlhokometseng go mo sireletsa mo bathong ba ba neng ba batla go mmolaya. Fa mogogi a ne a gana go tlogela mosimane yoo, ene le ngwana ba ne ba bolawa.
Boitsholo jo bo sa siamang bo ne bo aname mo nageng ya Bagerika. Bana, segolobogolo basimane, ba ne ba tlhoka go sirelediwa mo bathong ba ba sotlang bana ka tlhakanelodikobo. Ka jalo bagogi ba ne ba ya le bana kwa ditlelaseng e re ka barutisi ba le bantsi ba sekolo ba ne ba sa ikanngwe. Setswerere sa puo sa Mogerika, sa mo lekgolong la bonè la dingwaga C.E. e bong Libanius o ne a bo a re bagogi bano ba ne ba tshwanetse go nna “badisa ba basimanyana ba ba sa ntseng ba gola,” go “thibela batho ba ba itirang e kete ba a ba rata, ba ba leleka le go thibela baithuti ba bangwe gore ba se ka ba tsalana le bone.” Bagogi ba le bantsi ba ne ba tlotliwa ke batho ba ba neng ba ba sireletsa. Matlapa a segopotso a ne a gabilwe mafoko a a bontshang ditebogo a basimane bano ba neng ba a kwala fa ba setse ba godile go bontsha gore ba sa ntse ba rata batho bano ba e kileng ya nna bagogi ba bone.
Molao e le Mogogi
Ke ka ntlha yang fa moaposetoloi Paulo a ne a bapisa Molao wa ga Moshe le mogogi? Ke eng se se dirang gore setshwantsho seno se tshwanele sentle thata?
Lebaka la ntlha ke gore Molao o ne o sireletsa batho. Paulo o ne a tlhalosa gore Bajuda ba ne ba ‘disitswe kafa tlase ga molao.’ Go ne go ntse jaaka e kete ba ne ba le kafa tlase ga tshireletsego ya mogogi. (Bagalatia 3:23) Molao o ne o tlhotlheletsa karolo nngwe le nngwe ya botshelo jwa bone. O ne o laola dikeletso tsa bone tse di maatla tsa nama. Molao o ne o ba kaela kafa ba tshwanetseng go itshwara ka gone le go nna o ba kgalemelela diphoso tsa bone, o dira gore Moiseraele mongwe le mongwe a lemoge makoa a gagwe.
Gape Molao o ne o ba sireletsa gore ba se ka ba tlhotlhelediwa ke dilo tse di bosula, tse di jaaka mekgwa e e leswe ya boitsholo le ya bodumedi ya ditšhaba tse di neng di dikologile Baiseraele. Ka sekai, molao wa Modimo o o neng o ba iletsa go nyalana le baheitane o ne o le botlhokwa mo setšhabeng sotlhe gore se nne le kamano e e molemo le Modimo. (Duteronome 7:3, 4) Melao eo e ne e dira gore batho ba Modimo ba nne ba itshekile mo semoyeng le go ba thusa gore ba kgone go lemoga Mesia. Melao eo e ne e le thulaganyo e e lorato tota. Moshe o ne a gakolola Baiseraele ka ene jaana: “Fela jaaka motho a otlhaya morwawe, Jehofa Modimo wa gago o ne a go otlhaya.”—Duteronome 8:5.
Le fa go ntse jalo, ntlha ya botlhokwa mo setshwantshong sa ga moaposetoloi Paulo e ne e le gore taolo ya mogogi e ne e le ya nakwana fela. Fa ngwana a nna mogolo, o ne a sa tlhole a tlhoka go laolwa ke mogogi wa gagwe. Rahisitori wa Mogerika Xenophon (431-352 B.C.E.) o ne a kwala jaana: “Fa mosimane a sa tlhole a le ngwana, mme a simolola go nna lekawana, batho ba bangwe jaaka batsadi ba gagwe ba ne ba mo golola mo [mogoging] wa gagwe le mo [morutising] wa gagwe; o ne a sa tlhole a laolwa ke bone, mme o ne a letlelelwa go dira se a se batlang.”
Go ne go ntse jalo le ka taolo ya Molao wa ga Moshe. Tiro ya one e ne e le ya nakwana—“go dira gore ditlolo di bonatshege, go fitlha losika [Jesu Keresete] lo goroga.” Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore mo Bajudeng, Molao e ne e le “mogogi . . . yo o isang kwa go Keresete.” E le gore Bajuda ba motlha wa ga Paulo ba amogelwe ke Modimo, ba ne ba tshwanetse go amogela seabe sa ga Jesu mo boikaelelong jwa Modimo. Fa ba se na go dira jalo, tiro ya mogogi e ne e tla bo e diragaditswe.—Bagalatia 3:19, 24, 25.
Molao o Modimo a neng a o naya Baiseraele o ne o itekanetse. O ne wa fitlhelela boikaelelo jo Modimo a neng a o tlhometse jone—go sireletsa batho ba gagwe le go ba dira gore ba ele tlhoko melao ya gagwe e e kwa godimo. (Baroma 7:7-14) Molao e ne e le mogogi yo o molemo. Le fa go ntse jalo, dilo dingwe tse Molao o neng o di tlhoka di ka ne di ne di lebega e le mokgweleo mo bathong bangwe ba ba neng ba le kafa tlase ga one. Ke ka moo, Paulo a neng a kwala gore fa nako e e tlhomilweng ke Modimo e goroga, “Keresete o ne a re golola ka theko mo phutsong ya Molao.” Molao e ne e le “phutso” fela ka kgopolo ya gore o ne o batla gore Bajuda ba ba sa itekanelang ba ikobele melao e ba neng ba ka se kgone go e latela ka botlalo. O ne o laela gore ba dire meetlo mengwe ka tsela e e tshwanetseng. Go kgomarela melao ya mogogi go ne go sa tlhole go le botlhokwa fa Mojuda a sena go amogela thekololo e e nnileng teng ka setlhabelo sa ga Jesu se se neng se gaisa thulaganyo ya go itshekisa e e neng e tlhokwa ke Molao.—Bagalatia 3:13; 4:9, 10.
Ka jalo fa Paulo a ne a bapisa Molao wa ga Moshe le mogogi o ne a gatelela gore o ne o tshwanetse go kaela Bajuda le gore e ne e le wa nakwana fela. Gore Jehofa a re amogele, re tshwanetse go tlotla Jesu le go dumela mo go ene e seng go ikobela Molao oo.—Bagalatia 2:16; 3:11.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 21]
“BANNA BA BA NANG LE TAOLO” LE “BALEBEDI”
Moaposetoloi Paulo ga a ka a kwala fela ka mogogi, o ne a dirisa gape le setshwantsho sa “banna ba ba nang le taolo” le “balebedi.” Mo go Bagalatia 4:1, 2, re bala jaana: “Fa fela moruaboswa a le losea ga a farologane ka gope le motlhanka, le fa e le morena wa dilo tsotlhe, mme o kafa tlase ga banna ba ba nang le taolo le kafa tlase ga balebedi go fitlha ka letsatsi le rraagwe a le tlhomileng go sa le pele.” Tiro ya “banna ba ba nang le taolo” le ya “balebedi” e ne e farologane le ya bagogi, mme ntlha e Paulo a neng a batla go e gatisa e ne e batla e tshwana.
Mo molaong wa Roma, ‘monna yo o nang le taolo’ o ne a tlhomiwa ka molao go nna motsadi wa ngwana wa lesiela le go tlhokomela madi a gagwe go fitlha a godile. Ka jalo, Paulo a re tota le fa ngwana yoo e ne e le “morena” wa boswa jwa gagwe, fa a sa ntse a le ngwana, o ne a se na ditshwanelo dipe ka jone, o ne a tshwana fela le motlhanka.
Kafa letlhakoreng le lengwe, ‘molebedi,’ ene o ne a na le boikarabelo jwa go tlhokomela dikgang tsa madi tse di amanang le dithoto tsa ngwana yoo. Rahisitori wa Mojuda e bong Flavius Josephus a re lekawana lengwe le le bidiwang Hyrcanus le ne la kopa rraalone lekwalo le le laelang gore molebedi wa lone a le neye madi a go reka sengwe le sengwe se le neng le se tlhoka.
Ka jalo ka tsela e e tshwanang le go nna kafa tlase ga mogogi, go nna kafa tlase ga ‘monna yo o nang le taolo’ kgotsa ‘molebedi’ go ne go bontsha gore motho o ne a se na kgololesego fa a sa ntse a le ngwana. Botshelo jwa ngwana bo ne bo laolwa ke batho ba bangwe go fitlha ka nako e e tlhomilweng ke rraagwe.
[Setshwantsho mo go tsebe 19]
Setshwantsho se se mo nkgwaneng ya bogologolo ya Segerika se se bontshang mogogi a tshotse thobane
[Motswedi wa Setshwantsho]
National Archaeological Museum, Athens
[Setshwantsho mo go tsebe 19]
Setshwantsho sa lekgolo la botlhano la dingwaga B.C.E. se se bontshang tiragalo e mo go yone mogogi (yo o tshotseng thobane) a lebileng fa ngwana yo a mo tlhokomelang a rutwa maboko le mmino
[Motswedi wa Setshwantsho]
Bildarchiv Preussischer Kulturbesitz/Art Resource, NY