-
Bontsha Bana ba Gago Gore O a Ba KgatlhegelaTsogang!—2005 | February 8
-
-
Go Thapisa Bana Kwantle Ga go Ba Tshwenya
Dr. Robert Coles, yo e leng morutabana le ngaka e e tumileng ya malwetse a tlhaloganyo, o kile a re: “Ka tlholego fela ngwana fa a sa ntse a gola o simolola go akanya ka tsa boitsholo. Ke akanya gore keletso e bana ba nang le yone ya go batla go kaelwa mo go tsa boitsholo ba e neilwe ke Modimo.” Ke mang yo o tshwanetseng go ba naya kaelo e e ntseng jalo?
Mo go Baefeso 6:4, Dikwalo di gakolola jaana: “Lona, borre, lo se ka lwa tshwenya bana ba lona, mme tswelelang lo ba godisetsa mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” A o etse tlhoko gore temana eno e naya segolobogolo rre boikarabelo jwa gore a rute bana ba gagwe go rata Modimo le go tlotla melao ya gagwe? Mo temaneng ya 1 ya Baefeso kgaolo 6, moaposetoloi Paulo o ne a lebisitse go mmè le rre ka bobedi fa a ne a raya bana a re ba ‘utlwe batsadi ba bone.’a
Gone ke boammaaruri gore fa rre a seyo, mmè ke ene yo o tshwanetseng go rwala boikarabelo jono. Bommè ba le bantsi ba ba seng mo lenyalong ba ile ba kgona go godisetsa bana ba bone mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa Modimo. Le fa go ntse jalo, fa mmè a nyalwa, monna wa Mokeresete ke ene a tshwanetseng go etelela pele. Mmè o tshwanetse go ikobela boeteledipele joo fa ba thapisa bana ba bone le go ba otlhaya.
O ka kgona jang go otlhaya kgotsa go thapisa bana ba gago kwantle ga go ba “tshwenya”? Ga go na mokgwa o o rileng o e leng one fela o ka o latelang, segolo jang ka gonne bana ga ba tshwane. Mme batsadi ba tshwanetse go akanyetsa ka kelotlhoko tsela e ba otlhayang bana ba bone ka yone, e nne e ka metlha e bontshang gore ba ba rata le gore ba ba tlotla. Se se kgatlhang ke gore, kgang eno ya gore o se ka wa tshwenya bana ba gago e boelediwa gape mo Dikwalong mo go Bakolosa 3:21. Mo temaneng eo, borre ba gakololwa gape jaana: “Lo se ka lwa galefisa bana ba lona, gore ba se ka ba tshwenyega mo maikutlong.”
Batsadi bangwe ba garumela bana ba bone. Ga go pelaelo gore seno se galefisa bana ba bone. Mme Baebele e kgothatsa jaana: “A kgakalo yotlhe ya letlhoo le bogale le tšhakgalo le go goa thata le puo ya go kgoba di tlosiwe mo go lona.” (Baefeso 4:31) Baebele gape ya re “motlhanka wa Morena ga a tlhoke go lwa, mme o tlhoka go nna bonolo mo go botlhe.”—2 Timotheo 2:24.
-
-
Bontsha Bana ba Gago Gore O a Ba KgatlhegelaTsogang!—2005 | February 8
-
-
a Paulo fano o ne a dirisa lefoko la Segerika la go·neuʹsin le le tserweng mo lefokong la go·neus le le kayang “motsadi.” Mme mo temaneng ya 4 o dirisitse lefoko la Segerika la pa·teʹres le le kayang “borre.”
-