“Jehofa Modimo wa Rona ke Jehofa a le Mongwe Fela”
“Reetsa, wena Iseraele: Jehofa Modimo wa rona ke Jehofa a le mongwe fela.”—DUTERONOME 6:4.
PINA: 138, 112
1, 2. (a) Ke eng fa mafoko a a mo go Duteronome 6:4 a itsege thata jaana? (b) Ke eng fa Moshe a ile a bua mafoko ao?
GO SETSE go fetile dingwaga di le makgolokgolo Bajuda ba ntse ba dirisa mafoko a a mo go Duteronome 6:4 mo thapelong ya bone e e kgethegileng. Thapelo eno e bidiwa Shema, e leng lefoko la ntlha la temana eo ka Sehebera. Bajuda ba le bantsi ba rapela thapelo eno mo mosong le mo maitseboeng go bontsha gore ba ineetse mo Modimong.
2 Mafoko ao ke karolo ya puo ya bofelo e Moshe a neng a e neela setšhaba sa Iseraele. Ka ngwaga wa 1473 pele Keresete a tla mo lefatsheng, setšhaba se ne se le mo lefatsheng la Moabe, se ipaakanyetsa go kgabaganya Noka ya Joredane go ya go fenya Lefatshe le le Solofeditsweng. (Duteronome 6:1) Moshe o ne a eteletse pele batho bano ka dingwaga di le 40 mme o ne a batla gore ba nne pelokgale gore ba kgone go lebana le dikgwetlho tse di neng di larile kwa pele. Ba ne ba tshwanetse go ikanya Modimo wa bone e bong Jehofa le go ikanyega mo go ene. Ka jalo, mafoko a bofelo a ga Moshe a ne a ba kgothaletsa gore ba dire jalo. Fa Moshe a sena go umaka Melao e e Lesome le melao e mengwe ya ga Jehofa, o ne a gopotsa setšhaba seno kgang nngwe ya botlhokwa thata e e mo go Duteronome 6:4, 5. (E bale.)
3. Ke dipotso dife tse re tlileng go di sekaseka mo setlhogong seno?
3 Baiseraele ba ne ba itse gore Jehofa Modimo wa bone ke “Jehofa a le mongwe fela.” Baiseraele ba ba ikanyegang ba ne ba obamela Modimo a le mongwe fela, e leng Modimo wa borraabonemogologolwane. Ka jalo, ke ka ntlha yang fa Moshe a ne a ba gakolola gore Jehofa Modimo wa bone ke “Jehofa a le mongwe fela”? Mafoko ao a amana jang le kgang ya gore re tshwanetse go rata Modimo ka pelo yotlhe, ka moya otlhe le ka maatla otlhe a rona? Mme mafoko a a mo go Duteronome 6:4, 5 a re ama jang?
MODIMO WA RONA KE “JEHOFA A LE MONGWE FELA”
4, 5. (a) Mafoko a a reng “Jehofa a le mongwe fela” a kaya eng? (b) Jehofa o farologana jang le medimo ya ditšhaba tse dingwe?
4 O Tlhomologile. Mafoko a a reng, “Jehofa a le mongwe fela” a kaya gore Jehofa o tlhomologile, se se rayang gore ga a lekane le ope e bile ga a tshwane le ope. Ke eng fa Moshe a ile a dirisa mafoko ao? Ga go bonale a ne a bua ka thuto ya tharonngwe. Jehofa ke Mmopi wa legodimo le lefatshe e bile ke Molaodimogolo wa lobopo lotlhe. Ke ene fela Modimo wa boammaaruri e bile ga go na modimo ope yo o tshwanang le ene. (2 Samuele 7:22) Ka jalo, mafoko a ga Moshe a ne a gakolola Baiseraele gore ba tshwanetse go obamela Jehofa fela. Ba ne ba sa tshwanela go etsa batho ba ba neng ba tshela le bone ba ba neng ba obamela medimo le medimo ya sesadi ya maaka. Batho bao ba ne ba dumela gore medimo ya bone e kgona go laola dilo dingwe tsa tlholego.
5 Ka sekai, Baegepeto ba ne ba obamela modimo wa letsatsi e bong Ra, modimo wa sesadi wa loapi e bong Nut, modimo wa lefatshe e bong Geb, modimo wa Nile e bong Hapi mmogo le diphologolo tse dingwe tse dintsintsi. Jehofa o ne a bontsha gore o na le maatla a a fetang a medimo eo ya maaka fa a ne a tlisa Dipetso tse di Lesome. Bakanana ba ne ba obamela modimo wa maaka e bong Baale, yo ba neng ba dumela gore ke ene a dirileng gore go nne le botshelo. Gape ba ne ba dumela gore ke modimo wa loapi, pula le setsuatsue. Batho ba mafelo a a farologaneng ba ne ba ikanya Baale gore o tla ba sireletsa. (Dipalo 25:3) Baiseraele ba ne ba tshwanetse go gopola gore Modimo wa bone, “Modimo wa boammaaruri,” o tlhomologile, ke “Jehofa a le mongwe fela.”—Duteronome 4:35, 39.
Jehofa ga se Modimo yo o sa ikanyegeng. Ka dinako tsotlhe o a ikanyega, ga a fetofetoge e bile o bua boammaaruri
6, 7. Bokao jo bongwe gape jwa lefoko “mongwe fela” ke bofe, mme Jehofa o bontshitse jang gore o “mongwe fela”?
6 Ga a Fetofetoge e Bile o a Ikanyega. Gape mafoko a a reng “Jehofa a le mongwe fela” a kaya gore boikaelelo le ditiro tsa gagwe ga di fetofetoge. Jehofa ga se Modimo yo o sa ikanyegeng. Ka dinako tsotlhe o a ikanyega, ga a fetofetoge e bile o bua boammaaruri. Ka sekai, o ne a solofetsa Aborahame gore ditlogolwana tsa gagwe di tla nna mo Lefatsheng le le Solofeditsweng. Mme Jehofa o ne a dira dikgakgamatso di le dintsi gore a kgone go diragatsa tsholofetso eo. Boikaelelo jwa ga Jehofa bo ne bo ise bo fetoge le fa go ne go fetile dingwaga di le makgolo a le manè le masome a mararo fa e sa le a dirile tsholofetso eo.—Genesise 12:1, 2, 7; Ekesodo 12:40, 41.
7 Morago ga dingwaga di le makgolokgolo, Jehofa o ne a bitsa Baiseraele a re ke basupi ba gagwe mme a ba raya a re: “Ke ntse ke ene Yoo. Pele ga me ga go a dirwa Modimo ope, le morago ga me ga tswelela go se na ope.” Gape Jehofa o ne a bua jaana a ba tlhomamisetsa gore ditsholofetso tsa gagwe ga di kitla di tsamaya di fetoga: “Ke ntse ke le ene Yoo ka dinako tsotlhe.” (Isaia 43:10, 13; 44:6; 48:12) Ruri e ne e le tshiamelo tota go bo Baiseraele ba ne ba direla Modimo yo o sa fetofetogeng le yo o ikanyegang ka dinako tsotlhe! Le rona re na le tshiamelo e e tshwanang.—Malaki 3:6; Jakobe 1:17.
8, 9. (a) Jehofa o lebeletse eng mo baobameding ba gagwe? (b) Jesu o ne a gatelela jang botlhokwa jwa mafoko a ga Moshe?
8 Moshe o ne a gopotsa Baiseraele gore tsela e Jehofa a ba ratang le e a ba tlhokomelang ka yone ga e kitla e tsamaya e fetoga. Jehofa o ne a lebeletse gore ba ineele ka botlalo mo go ene le go mo rata ka pelo, moya le maatla otlhe a bone. Batsadi ba ne ba tshwanetse go dirisa tshono nngwe le nngwe go ruta bana ba bone ka Jehofa gore bana bao le bone ba obamele Jehofa fela.—Duteronome 6:6-9.
9 Le ka motlha Jehofa ga a fetole boikaelelo jwa gagwe, ka jalo, ga a kitla a tsamaya a fetola dilo tse a di lebeletseng mo baobamedi ba gagwe ba boammaaruri. Fa re batla gore Jehofa a amogele kobamelo ya rona, re tshwanetse go ineela mo go ene ka botlalo le go mo rata ka pelo, mogopolo le maatla otlhe a rona. Jesu o ne a re eno ke yone taelo ya botlhokwa thata go di feta tsotlhe. (Bala Mareko 12:28-31.) A re boneng kafa re ka bontshang ka ditiro gore re dumela gore “Jehofa Modimo wa rona ke Jehofa a le mongwe fela.”
INEELE KA BOTLALO MO GO JEHOFA
10, 11. (a) Go ineela ka botlalo mo go Jehofa go kaya eng? (b) Makawana a Bahebera a a neng a le kwa Babelona a ne a bontsha jang gore a ineetse ka botlalo mo go Jehofa?
10 Jehofa ke ene fela Modimo yo re mo obamelang. Fa re dira jalo, re bontsha gore re ineetse mo go ene ka botlalo. Ga re ka ke ra obamela medimo e mengwe kgotsa ra tsenyeletsa dikgopolo tsa maaka le meetlo mengwe fa re mo obamela. Ga se gore ke Modimo fela yo o leng kwa godimo ga medimo e mengwe kgotsa gore o na le maatla go gaisa medimo e mengwe. Ke Modimo wa boammaaruri. Re tshwanetse go obamela Jehofa fela.—Bala Tshenolo 4:11.
11 Mo bukeng ya Baebele ya Daniele, re ithuta ka makawana a Bahebera e bong Daniele, Hanania, Mishaele le Asaria. Ba ne ba bontsha gore ba ineetse ka botlalo mo go Jehofa fa ba ne ba gana go ja dijo tse baobamedi ba ga Jehofa ba neng ba ileditswe go di ja. Mme ditsala tsa ga Daniele tse tharo di ne tsa gana go obamela setshwantsho sa gouta sa ga Nebukadenesare. Ba ne ba ikobela Jehofa e bile ba ikanyega mo go ene ka botlalo.—Daniele 2:1–3:30.
Jehofa o tshwanetse go tla pele mo matshelong a rona
12. Fa re batla go ineela ka botlalo mo go Jehofa, ke eng se re tshwanetseng go se tila?
12 Jehofa o tshwanetse go tla pele mo matshelong a rona. Fa re batla go ineela ka botlalo mo go ene, re tshwanetse go tlhomamisa gore ga go na dilo dipe tse di tlang pele ga gagwe. Dilo tseo e ka nna dife? Mo Melaong e e Lesome, Jehofa o ne a raya batho ba gagwe a re ba se ka ba obamela medimo e mengwe. Ba ne ba sa tshwanela go obamela medingwana ka ditsela dipe fela. (Duteronome 5:6-10) Gompieno go na le mefuta e e farologaneng ya kobamelo ya medingwana mme mengwe ya yone ga go motlhofo go e lemoga. Melao ya ga Jehofa ga e ise e fetoge e bile Jehofa e sa ntse e le “Jehofa a le mongwe fela.” A re boneng kafa re ka tilang kobamelo ya medingwana ka gone.
13. Ke eng se re ka simololang go se rata go feta tsela e re ratang Jehofa ka yone?
13 Bakolosa 3:5 (e bale), e bua ka dilo tse di ka nnang tsa senya botsala jwa rona jo bo kgethegileng le Jehofa. E re lemotsha gore bopelotshetlha bo amana le kobamelo ya medingwana. Jang? Fa re eletsa sengwe thata, jaaka madi kgotsa manobonobo, keletso eo e ka laola botshelo jwa rona, ya nna jaaka modimo yo o maatla. Maleo otlhe a a umakilweng mo go Bakolosa 3:5 a amana le bopelotshetlha, jo e leng mofuta mongwe wa kobamelo ya medingwana. Ka jalo, fa re eletsa dilo tseno, re ka nna ra simolola go di rata go feta tsela e re ratang Modimo ka yone. Fa seo se ka direga, re tla bo re bontsha gore Jehofa ga se “Jehofa a le mongwe fela.” Ga re batle gore seo se re diragalele.
14. Ke tlhagiso efe e moaposetoloi Johane a neng a re e naya malebana le go rata Modimo?
14 Moaposetoloi Johane o ne a gatelela sengwe se se tshwanang le seno. O ne a tlhagisa gore fa motho a rata dilo tsa lefatshe leno, e leng, “keletso ya nama le keletso ya matlho le go bontsha ka mabela se motho a nang le sone mo botshelong,” seo se raya gore, “lorato lwa ga Rara ga lo yo mo go ene.” (1 Johane 2:15, 16) Ka jalo, re tshwanetse go itlhatlhoba ka metlha go bona gore a re rata lefatshe leno. Re ka nna ra fitlhela gore re simolola go kgatlhegela boitlosobodutu, batho, tsela ya go apara le go ipaakanya ya lefatshe leno. Kgotsa re ka tswa re batla go fitlhelela “dilo tse dikgolo” tse di jaaka go batla thuto ya ditheo tse di kwa godimo. (Jeremia 45:4, 5) Lefatshe le lesha le gaufi thata. Ka jalo, re tshwanetse go nna re gopotse mafoko a a maatla a ga Moshe! Fa re tlhaloganya e bile re dumela tota gore “Jehofa Modimo wa rona ke Jehofa a le mongwe fela,” re tla ineela mo go ene ka botlalo le go mo direla ka tsela e a e batlang.—Bahebera 12:28, 29.
DIRA GORE GO NNE LE KUTLWANO
15. Ke eng fa Paulo a ne a gakolola Bakeresete gore Modimo ke “Jehofa a le mongwe fela”?
15 Mafoko a a reng, “Jehofa a le mongwe fela” a re thusa go tlhaloganya gore Jehofa o batla gore batlhanka ba gagwe ba utlwane le go mo direla ka boikaelelo bo le bongwe fela. Phuthego ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e na le Bajuda, Bagerika, Baroma le batho ba ditšhaba tse dingwe. Ba ne ba godile ka ditsela tse di farologaneng, ba na le meetlo e e sa tshwaneng e bile ba rata dilo tse di sa tshwaneng. Seo se ne se dira gore go nne thata gore bangwe ba bone ba amogele tsela e ntšha ya go obamela Modimo kgotsa gore ba tlogele ditiro tsa bone tsa nako e e fetileng. Ka jalo, Paulo o ne a tlhoka go ba gopotsa gore Bakeresete ba obamela Modimo a le mongwe fela e bong Jehofa.—Bala 1 Bakorintha 8:5, 6.
Jehofa o batla gore batlhanka ba gagwe ba utlwane le go mo direla ka boikaelelo bo le bongwe fela
16, 17. (a) Ke boporofeti bofe jo bo diragadiwang mo metlheng ya rona, mme go nnile le diphelelo dife? (b) Ke eng se se ka nnang sa senya kutlwano ya rona?
16 Mme go tweng ka phuthego ya Bokeresete ya motlha wa rona? Moporofeti Isaia o ne a re “go ela kwa bofelong jwa metlha,” batho ba ditšhaba tsotlhe ba tla kopana mmogo go tla go obamela Jehofa. Ba tla re: “O tla re ruta ditsela tsa gagwe.” (Isaia 2:2, 3) Re itumelela go bona boporofeti jono bo diragadiwa gompieno. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba tswa mo mafelong a a farologaneng, ba bua dipuo tse di farologaneng e bile ba na le meetlo e e sa tshwaneng. Mme re obamela Jehofa re le seoposengwe. Le fa go ntse jalo, e re ka re sa tshwane, ka dinako tse dingwe go ka nna le dikgwetlho.
17 Ka sekai, o ikutlwa jang ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba ditso tse di farologaneng? Ba ka tswa ba farologane le wena ka puo, diaparo, mekgwa le dijo. A o a ba itlhokomolosa mme o fetsa nako o na le batho ba lo ratang dilo tse di tshwanang le bone? O ikutlwa jang ka bagolwane ba o ba fetang ka dingwaga kgotsa ba ditso tse di farologaneng? Fa re se kelotlhoko, dilo tseno di ka nna tsa re ama le go senya kutlwano ya rona.
18, 19. (a) Ke kgakololo efe e e mo go Baefeso 4:1-3? (b) Ke eng se re ka se dirang go thusa gore go nne le kutlwano mo phuthegong?
18 Re ka tila jang dikgwetlho tseo? Paulo o ne a gakolola Bakeresete ba kwa Efeso, e leng toropo e e humileng e e nang le batho ba ba tswang mo maemong a a farologaneng. (Bala Baefeso 4:1-3.) Paulo o ne a umaka dinonofo tse di jaaka boikokobetso, bonolo, bopelotelele le lorato. Dinonofo tseno di tshwana le dipilara tse di maatla tse di tshegeditseng ntlo. Mme go boloka ntlo e le mo boemong jo bo siameng, motho o tlhoka go dira ka natla. Paulo o ne a batla gore Bakeresete ba kwa Efeso ba dire ka natla go “boloka bongwefela jwa moya.”
19 Rotlhe re tshwanetse go leka ka natla go dira gore go nne le kutlwano mo phuthegong. Re ka dira seo jang? Sa ntlha, re tshwanetse go bontsha dinonofo tse Paulo a buileng ka tsone tse di jaaka boikokobetso, bonolo, bopelotelele le lorato. Sa bobedi, re tshwanetse go leka ka natla go dira gore go nne le ‘sebofo se se kopanyang sa kagiso.’ Go sa tlhaloganyane go ka senya kutlwano ya rona, ka jalo, re tlhoka go dira ka natla go rarabolola kgotlhang epe fela gore re kgone go tshedisana ka kagiso le ka kutlwano.
20. Re ka bontsha jang gore re tlhaloganya gore “Jehofa Modimo wa rona ke Jehofa a le mongwe fela”?
20 “Jehofa Modimo wa rona ke Jehofa a le mongwe fela.” Ano ke mafoko a a maatla thata! Mafoko ao a ne a naya Baiseraele maatla a go itshokela mathata fa ba tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng le go le fenya. Le rona mafoko ao a ka re naya maatla a gore re kgone go falola pitlagano e kgolo le go nna le seabe kwa lefatsheng la Paradaise. A re tsweleleng re ineetse ka botlalo mo go Jehofa. Re tshwanetse go mo direla le go mo rata ka pelo, mogopolo le maatla otlhe a rona e bile re tshwanetse go dira ka natla go tshedisana ka kagiso le kutlwano le bakaulengwe ba rona. Fa re dira jalo, Jesu o tla re leba re le dinku e bile re tla bona mafoko ano a diragadiwa: “Tlang, lona ba lo segofaditsweng ke Rre, ruang bogosi jo lo bo baakanyeditsweng go tloga fa e sa le lefatshe le thaiwa.”—Mathaio 25:34.