KGAOLO 3
“Ke . . . Boikokobetso mo Pelong”
1-3. Jesu o ile a tsena ka tsela e e ntseng jang kwa Jerusalema, mme ke eng fa batho bangwe mo boidiiding ba ka tswa ba ile ba gakgamala?
JERUSALEMA e tlhanasela ka boitumelo. Go tla monna yo mogolo! Ka kwa ntle ga motse, batho ba phuthegile go bapa le tsela. Ba tlhoafaletse go amogela monna yono, ka gonne bangwe ba bone ba re ke mojaboswa wa ga Kgosi Dafide e bile ke Mmusi yo o tshwanelang wa Iseraele. Batho ba le mmalwa ba tla ka matlhare a makolane gore ba tle go mo dumedisa ka one ka go a kgatikanya; ba bangwe ba ala diaparo le dikala tsa ditlhare mo tseleng gore a gate mo godimo ga tsone. (Mathaio 21:7, 8; Johane 12:12, 13) Bontsi jwa bone ba ka tswa ba ipotsa gore o tla tsena mo motseng ka tsela e e ntseng jang.
2 Bangwe ba ka tswa ba lebeletse gore a tsene ka tsela e e tlotlometseng. Ga go pelaelo gore ba itse batho bangwe ba maemo ba ba neng ba tsena mo metseng ka tsela e e tlotlometseng. Ka sekai, Abesalome morwa wa ga Dafide o ne a itira kgosi; a tlhoma banna ba le 50 gore ba taboge fa pele ga kara ya gagwe. (2 Samuele 15:1, 10) Mmusi wa kwa Roma e bong Julius Caesar ene o ne a batla gore a amogelwe ka tsela e e tlotlometseng le go feta eo; o kile a dira mokoloko wa phenyo o o neng o ya kwa motseng mogolo wa Roma, a faraferwe ke ditlou di le 40 tse di neng di sikarisitswe dipone! Mme jaanong batho ba Jerusalema ba letetse go goroga ga monna yo mogolo go gaisa bao. E ka ne boidiidi joo bo lemoga kana nnyaa, ba letetse Mesia, monna yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela. Le fa go ntse jalo, fa Kgosi eo ya mo isagweng e goroga, bangwe ba ka nna ba gakgamala tota.
3 Ga ba bone kara, batabogi, dipitse—le fa e le tsone ditlou. Nnyaa, Jesu o palame phologolo e e belesiwang, e leng esele.a Ene ka boene kana esele e a e pagameng ga e a kgabisiwa ka dilo tsa magasigasi. Go na le gore Jesu a pagame ka sale e e jang madi a mantsi, o dutse mo godimo ga diaparo tse ditsala tsa gagwe tse dikgolo di mo aletseng tsone mo godimo ga esele. Ke eng fa Jesu a tlhophile go tsena mo Jerusalema ka tsela eo ya maemo a a kwa tlase, fa batho ba a ba fetang kgakala ka maemo bone ba ile ba batla go tlotlomadiwa ka go direlwa mekoloko ya maemo a a kwa godimo?
4. Baebele e ne ya bolelela pele eng ka mokgwa o Kgosi Mesia a neng a tla tsena ka one kwa Jerusalema?
4 Jesu o diragatsa boporofeti jono: “Ipele thata . . . Goa ka phenyo, wena morwadia Jerusalema. Bona! Kgosi ya gago ka boyone e tla kwa go wena. E tshiamo, ee, e bolokilwe; e boikokobetso, e palame esele.” (Sekarea 9:9) Boporofeti jono bo ne jwa bontsha gore Motlodiwa wa Modimo, Mesia, letsatsi lengwe o ne a tla itshenolela batho ba Jerusalema gore ke Kgosi e e tlhomilweng ke Modimo. Mo godimo ga moo, tsela e a neng a tla itshenola ka yone, e e akaretsang le phologolo e a neng a tla e palama, e ne e tla senola nonofo e e molemo e a nang le yone: boikokobetso.
5. Ke eng fa boikokobetso jwa ga Jesu bo ama pelo fa motho a akanya ka jone, mme ke eng fa go le botlhokwa gore re ithute go etsa Jesu mo kgannyeng eno?
5 Boikokobetso jwa ga Jesu ke nngwe ya dinonofo tse di rategang le go feta, ke nonofo e e amang pelo tota fa motho a akanya ka yone. Jaaka fa re tlhalositse mo kgaolong e e fetileng, ke Jesu fela yo e leng “tsela le boammaaruri le botshelo.” (Johane 14:6) Ga go pelaelo gore, ga go ope wa dibilionebilione tsa batho ba ba kileng ba tshela yo o leng botlhokwa jaaka Morwa Modimo. Le fa go ntse jalo, le ka motlha Jesu ga a ise a bontshe le fa e le tlhasenyana ya mabela, boikgogomoso kana go itseela kwa godimo go re go bonang mo bathong ba le bantsi ba ba sa itekanelang. Fa re batla go nna balatedi ba ga Keresete, re tshwanetse go lwantsha tshekamelo eno ya go ineelela go nna boikgogomoso. (Jakobe 4:6) Gopola gore Jehofa o tlhoile boikgogomoso. Ka gone, go botlhokwa thata gore re ithute go etsa boikokobetso jwa ga Jesu.
Ga a Bolo go Nna a Bontsha Boikokobetso
6. Boikokobetso ke eng, mme Jehofa o ne a itse jang gore Mesia o ne a tla nna boikokobetso?
6 Boikokobetso ke moya wa go ikoba, o se mabela kana boikgogomoso. Ke nonofo e e simololang mo pelong mme motho o e bontsha ka puo, ka boitshwaro le tsela e a dirisanang le ba bangwe ka yone. Jehofa o ne a itse jang gore Mesia o ne a tla nna boikokobetso? O ne a itse gore Morwawe o etsa sekao sa gagwe ka namana sa boikokobetso. (Johane 10:15) Gape o ne a kile a bona Morwawe a bontsha boikokobetso. Jang?
7-9. (a) Mikaele o ne a bontsha boikokobetso jang fa a ne a ganetsana le Satane? (b) Bakeresete ba ka etsa Mikaele jang mo go bontsheng boikokobetso?
7 Buka ya Jude e senola sekai seno se se kgatlhang: “E rile Mikaele moengele yo mogolo a ganetsana le Diabolo e bile a nganga le ene ka setopo sa ga Moshe, o ne a se ka a mo tlisetsa katlholo ka mafoko a go kgoba, mme o ne a re: ‘A Jehofa a go kgaleme.’” (Jude 9) Mikaele ke leina le Jesu a bidiwang ka lone—pele ga a tshela mo lefatsheng le morago ga moo—fa a le mo maemong a gagwe a go nna moengele yo mogolo, kana molaodi wa masomosomo a selegodimo a ga Jehofa a baengele.b (1 Bathesalonika 4:16) Le fa go ntse jalo, ela tlhoko kafa Mikaele a ileng a dirisana ka teng le manganga a ga Satane.
8 Pego ya ga Jude ga e re bolelele gore Satane o ne a batla go dira eng ka setopo sa ga Moshe, mme gone re ka tlhomamisega gore Diabolo o ne a batla go dira sengwe se se boikepo ka sone. Gongwe o ne a batla gore go dirisiwe setopo sa monna yoo yo o ikanyegang ka tsela e e sa siamang mo kobamelong ya maaka. Le fa Mikaele a ile a ganetsa leano leo le le boikepo la ga Satane, mme gone o ile a bontsha go ithiba ka tsela e e gakgamatsang. Ga go pelaelo gore Satane o ne a tshwanelwa ke go kgalwa, mme gone Mikaele, yo ka nako e a neng a ganetsana le Satane ka yone a neng a ise a newe “go atlhola gotlhe,” o ne a bona gore katlholo e e ntseng jalo e ne e tshwanetse go tswa fela mo go Jehofa Modimo. (Johane 5:22) E re ka Mikaele e ne e le moengele yo mogolo, o ne a na le taolo e kgolo. Le fa go ntse jalo, ka boikokobetso o ne a letela Jehofa go na le go itseela taolo e e oketsegileng ka boene. Kwantle ga boikokobetso, o ne a bontsha le boingotlo, kana go lemoga ditlhaelo tsa gagwe.
9 Go na le lebaka le le utlwalang la go bo Jude a ile a tlhotlhelediwa go kwala ka tiragalo eno. Ka maswabi, Bakeresete bangwe mo motlheng wa ga Jude ba ne ba se boikokobetso. Ka boikgogomoso ba ne ba “bua ka go kgoba, ba bua dilo tsotlhe tse tota ba [neng ba sa di itse].” (Jude 10) A bo go le motlhofo jang ne gore rona batho ba ba sa itekanelang re itetle go fekeediwa ke boikgogomoso! Fa re sa tlhaloganye sengwe se se dirwang mo phuthegong ya Bokeresete—gongwe e le tshwetso e e dirilweng ke setlhopha sa bagolwane—re itshwara jang? Fa re ne re ka nnela go nyatsanyatsa re tshwayatshwaya diphoso le mororo re sa itse dintlha tsotlhe tse di dirileng gore ba dire tshwetso eo, a re tla bo re sa bontshe go tlhaela boikokobetso? Go na le go dira jalo, a bogolo re etseng Mikaele, kana Jesu, ka go ithiba gore re se ka ra atlhola dikgang tse Modimo a sa re nayang taolo ya go di atlhola.
10, 11. (a) Ke eng se se gakgamatsang ka tsela e Morwa Modimo a neng a iketleeletsa ka yone go amogela kabelo ya gagwe ya go tla mo lefatsheng? (b) Re ka etsa jang boikokobetso jwa ga Jesu?
10 Morwa Modimo o ne a bontsha boikokobetso gape ka go amogela kabelo ya go tla mo lefatsheng. Akanya fela ka dilo tse a neng a tshwanelwa ke go di tlogela kwa morago. E ne e le moengele yo mogolo. Gape e ne e le “Lefoko”—Mmueledi wa ga Jehofa ka boene. (Johane 1:1-3) O ne a nna kwa legodimong, “kwa bonnong jwa [ga Jehofa] jo bo kwa godimo jo bo boitshepo le jo bontle.” (Isaia 63:15) Le fa go ntse jalo, Morwa “o ne a iithontsha, a tsaya sebopego sa motlhanka mme a nna mo setshwanong sa batho.” (Bafilipi 2:7) Akanya fela gore kabelo ya gagwe ya mo lefatsheng e ne e akaretsa eng! Botshelo jwa gagwe bo ne jwa fetisediwa mo popelong ya kgarebana ya Mojuda, gore a fetse dikgwedi tse robonngwe a golela mo go yone go fitlha a nna lesea la motho. O ne a tsholwa e le lesea le le ka se itireleng sepe mo legaeng la mmetli wa dikgong yo o humanegileng mme go tswa foo a gola go nna ngwana yo monnye, a nna mosimanyana a ba a nna mosha wa dingwaga tsa bolesome. Le mororo a ne a itekanetse, o ne a tswelela a ikobela batsadi ba gagwe ba ba sa itekanelang mo bosheng jwa gagwe jotlhe. (Luke 2:40, 51, 52) A boikokobetso jo bogolo ruri!
11 A re ka etsa boikokobetso jwa ga Jesu ka go amogela ka go rata dikabelo tsa tirelo tse di ka bonalang di nyatsega? Ka sekai, kabelo ya rona ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo e ka bonala e le tiro e e nyatsegang fa batho ba sa kgatlhege, ba re sotla kana ba se botsalano. (Mathaio 28:19, 20) Mme fa re itshoka mo tirong eno, re ka nna ra thusa go namola matshelo a batho. E ka ne re namotse matshelo a batho kana nnyaa, re tla ithuta thuto e kgolo ya boikokobetso mme re tla gata mo dikgatong tsa Mong wa rona Jesu Keresete.
Boikokobetso Jwa ga Jesu Fa a Le mo Lefatsheng
12-14. (a) Jesu o ne a bontsha go nna boikokobetso jang fa batho ba ne ba mo tlotlomatsa? (b) Jesu o ne a bontsha go dirisana le batho ka boikokobetso ka ditsela dife? (c) Ke eng se se bontshang gore boikokobetso jwa ga Jesu e ne e se seomodiro fela kana jwa go nna maitseo fela?
12 Jesu o ne a itsege ka go nna boikokobetso go tloga kwa tshimologong ya bodiredi jwa gagwe go ya kwa bokhutlong jwa jone. O ne a bo bontsha ka go lebisa pako yotlhe le kgalalelo kwa go Rraagwe. Ka dinako tse dingwe batho ba ne ba tlotlomatsa Jesu ka ntlha ya botlhale jwa mafoko a gagwe, maatla a gagwe a go dira dikgakgamatso le botho jo bo molemo jo a neng a na le jone. Gangwe le gape Jesu o ne a gana go tlotlomadiwa jalo mme a re go tlotlomadiwe Jehofa.—Mareko 10:17, 18; Johane 7:15, 16.
13 Jesu o ne a bontsha boikokobetso ka tsela e a neng a tshwara batho ka yone. Tota e bile, o ne a bolela ka tlhamalalo gore o ne a tletse mo lefatsheng go tla go direla ba bangwe e seng go direlwa. (Mathaio 20:28) O ne a bontsha boikokobetso ka go nna bonolo le go akanyetsa fa a dirisana le ba bangwe. Fa balatedi ba gagwe ba ne ba mo swabisa, o ne a sa ba galefele; o ne a leka go nna a ba fitlhelela dipelo. (Mathaio 26:39-41) Fa a ne a sa ntse a batla lefelo le le didimetseng la go ikhutsa a le kwa thoko, ga a ka a ba leleka; o ne a nna a ba thusa, a ba ruta “dilo di le dintsi.” (Mareko 6:30-34) Fa mosadi mongwe yo e neng e se Moiseraele a ne a mo emeletse a mo kopa gore a mo fodisetse morwadie, kwa tshimologong o ne a bontsha gore o ne a sa batle go dira jalo. Le fa go ntse jalo o ne a se ka a gana ka go mo galefela; e ne ya re fa a bona tumelo e e sa tlwaelegang ya mosadi yono o ne a fetola maikutlo, jaaka fa re tla bona mo Kgaolong ya 14.—Mathaio 15:22-28.
14 Jesu o ne a bontsha ka ditsela di le dintsi gore o tshelela mafoko ano a gagwe: “Ke bonolo e bile ke boikokobetso mo pelong.” (Mathaio 11:29) Boikokobetso jwa gagwe e ne e se jwa seomodiro fela, a bo dira fela ka gonne a le maitseo. Bo ne bo tswa mo botennyeng jwa pelo ya gagwe. Ga go gakgamatse he go bo Jesu a ile a gagamalela go ruta balatedi ba gagwe go nna boikokobetso!
Go Ruta Balatedi ba Gagwe go Nna Boikokobetso
15, 16. Jesu o ile a bontsha pharologano efe gareng ga boikutlo jo babusi ba lefatshe ba nang le jone le jo balatedi ba gagwe ba tshwanetseng go nna le jone?
15 Baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba nna bonya go ithuta go nna boikokobetso. Jesu o ne a tshwanelwa ke go nna a ba ruta gangwe le gape gore ba nne boikokobetso. Ka sekai, nako nngwe Jakobe le Johane ba ne ba dirisa mmè wa bone go kopa Jesu gore a ba solofetse go ba naya maemo a a kwa godimo mo Bogosing jwa Modimo. Jesu o ne a araba jaana ka boingotlo: “Go nna kafa seatleng sa me sa moja mono le kafa go sa molema ga se ga me go go aba, mme ke ga ba ba go baakanyeditsweng ke Rre.” Baaposetoloi ba bangwe ba ba lesome ba ne ba “galefela” Jakobe le Johane. (Mathaio 20:20-24) Jesu o ne a rarabolola bothata joo jang?
16 O ne a ba kgalema botlhe ka bopelonomi a re: “Lo a itse gore babusi ba ditšhaba ba rena mo go bone le banna ba bagolo ba dirisa taolo mo go bone. Ga go a nna jalo mo go lona; mme le fa e le mang yo o batlang go nna mogolo mo go lona o tshwanetse go nna modiredi wa lona, mme le fa e le mang yo o batlang go nna wa ntlha mo go lona o tshwanetse go nna motlhanka wa lona.” (Mathaio 20:25-27) Baaposetoloi ba ka tswa ba ne ba bone kafa “babusi ba ditšhaba” ba neng ba le boikgogomoso, ba rata maemo le kafa ba neng ba le bogagapa ka teng. Jesu o ne a bontsha gore balatedi ba gagwe ba ne ba tshwanetse go farologana le bagateledi bao ba ba ratang maemo. Ba ne ba tshwanetse go nna boikokobetso. A baaposetoloi ba ne ba ithuta sengwe mo thutong eo?
17-19. (a) Mo bosigong jwa pele ga Jesu a swa, o ne a ruta baaposetoloi ba gagwe thuto kaga boikokobetso ka tsela efe e e sa lebalegeng? (b) Ke thuto efe e e maatla go di gaisa tsotlhe kaga boikokobetso e Jesu a neng a e ruta fa a sa ntse a le mo lefatsheng?
17 Go ne go se motlhofo mo go bone. E ne e se la ntlha e bile e se la bofelo Jesu a ba ruta thuto e e ntseng jalo. Pelenyana, fa ba ne ba ngangisana ka ga gore ke mang yo mogolo, o ne a ile a baya ngwana yo monnye fa gare ga bone mme a ba bolelela gore ba tshwanetse go tshwana le bana, ka gonne bone ba se na boikgogomoso le go rata maemo jaaka bagolo. (Mathaio 18:1-4) Le fa go ntse jalo, bosigo pele ga loso lwa gagwe, o ne a lemoga gore baaposetoloi ba gagwe ba ne ba sa ntse ba na le bothata jwa go ikgogomosa. Go tswa foo o ne a ba ruta thuto e e sa lebalegeng. O ne a ikgatlha ka letsela mme a ba direla tiro e e nyatsegang thata, tiro e gantsi e neng e dirwa ke batlhanka fa go na le baeti mo gae. Jesu o ne a tlhapisa mongwe le mongwe wa baaposetoloi ba gagwe dinao—go akaretsa le tsa ga Judase, yo o neng a tloga a mo oka!—Johane 13:1-11.
18 Jesu o ne a ba thusa go tlhaloganya se a neng a ba ruta sone ka go ba raya a re: “Ke lo tlhometse sekao.” (Johane 13:15) A kgabagare thuto eo e ne ya fitlhelela dipelo tsa bone? Akanya ka se se neng sa direga, moragonyana mo go jone bosigo joo, ba ne ba ngangisana gape ka ga gore ke mang yo mogolo gareng ga bone! (Luke 22:24-27) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a tswelela a le pelotelele le bone mme a nna a ba ruta a le boikokobetso. Go tswa foo a ba ruta thuto e e maatla go di gaisa tsotlhe: “A ikokobetsa mme a nna kutlo go fitlha losong, ee, loso mo koteng ya tlhokofatso.” (Bafilipi 2:8) Ka boikobo Jesu o ne a ineela go swa loso lo lo mo nyenyefatsang, a atlholwa katlholo e e sa siamang jaaka sekebekwa le motlhapatsi. Ka go dira jalo, Morwa Modimo o ne a itshupa a sa tshwane le ope, ka gonne mo dibopiweng tsotlhe tsa ga Jehofa, o ne a bontsha boikokobetso ka botlalo le ka tsela e e sa lekaneng le epe.
19 Gongwe e ne e le thuto eno—thuto ya bofelo e Jesu a neng a e ruta fa a sa ntse a le mo lefatsheng—e e neng ya gatelela boikokobetso ka tsela e e ka se kang ya phimoga mo dipelong tsa baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang. Baebele e re bolelela gore banna bano ba ne ba sa ntse ba dira ka natla ka boikokobetso dingwaga di le dintsi morago ga moo. Go tweng ka rona?
A o Tla Etsa Sekao sa ga Jesu?
20. Re ka itse jang gore a re boikokobetso mo pelong?
20 Paulo o gakolola mongwe le mongwe wa rona jaana: “Bolokang boikutlo jono jwa mogopolo mo go lona jo gape bo neng bo le mo go Keresete Jesu.” (Bafilipi 2:5) Re tshwanetse go nna boikokobetso mo pelong fela jaaka Jesu. Re ka itse jang gore a re boikokobetso mo pelong? Akanya ka seno, Paulo o re gakolola gore re tshwanetse go se “dire sepe ka ntlha ya manganga kgotsa ka ntlha ya go itseela kwa godimo thata, mme ka mogopolo o o ikokobeditseng lo tsaya ba bangwe ba le kwa godimo ga lona.” (Bafilipi 2:3) Ka gone, selo se se ka re thusang ke tsela e re lebang ba bangwe ka yone fa re ipapisa le bone. Re tshwanetse go ba tsaya ba le bagolo mo go rona, ba le botlhokwa go re feta. A o tla dirisa kgakololo eo?
21, 22. (a) Ke eng fa balebedi ba Bakeresete ba tshwanetse go nna boikokobetso? (b) Re ka bontsha jang gore re ikgatlhile ka boikokobetso?
21 Dingwaga di le dintsi morago ga loso lwa ga Jesu, moaposetoloi Petere o ne a sa ntse a gopola botlhokwa jwa go nna boikokobetso. Petere o ne a ruta balebedi ba Bakeresete go dira ditiro tsa bone ka boikokobetso, ba sa rene mo godimo ga letsomane la ga Jehofa. (1 Petere 5:2, 3) Go nna le maikarabelo ga go neye motho lebaka la go nna boikgogomoso. Go na le moo, go nna le maikarabelo go tshwanetse ga dira gore motho a nne boikokobetso le e leng go feta. (Luke 12:48) Ke boammaaruri gore nonofo eno e botlhokwa thata mo Bakereseteng botlhe e seng mo balebeding fela.
22 Ga go pelaelo gore Petere o ne a se ka a lebala bosigo jwa fa Jesu a ne a mo tlhapisa dinao—le mororo ene Petere a ne a gana! (Johane 13:6-10) O ile a kwalela Bakeresete jaana: “Lotlhe ikgatlheng ka mogopolo wa go ikokobeletsana.” (1 Petere 5:5) Mafoko a a reng “ikgatlheng,” a dira gore motho a akanye ka motlhanka yo o neng a ikgatlha ka khiba gore a dire tiro nngwe ya botlhanka. Mafoko ao gape a ka re gopotsa nako ya fa Jesu a ne a ikgatlha ka letsela pele ga a khubama a bo a dira tiro ya go tlhapisa barutwa ba gagwe dinao. Fa eleruri re etsa Jesu, ga go kitla go nna le kabelo epe e re e newang ke Modimo e re ka tsayang gore e re diga seriti. Boikokobetso jwa pelo ya rona bo tshwanetse go bonala mo go botlhe, jaaka e kete re ikgatlhile ka jone.
23, 24. (a) Ke eng fa re tshwanetse go lwantsha tshekamelo epe fela ya go nna boikgogomoso? (b) Kgaolo e e latelang e tla re thusa go baakanya kgopolo efe e e phoso malebana le go nna boikokobetso?
23 Boikgogomoso bo tshwana le botlhole. Matswela a jone e ka nna a a sa itumediseng. Ke nonofo e e ka dirang gore motho yo o nang le bokgoni jo bogolo a se ka a nna le mosola mo Modimong. Kafa letlhakoreng le lengwe, boikokobetso jone bo ka dira gore motho yo o lebegang a nyatsega a nne mosola tota mo go Jehofa. Fa re ithuta go nna le nonofo eno e e molemo letsatsi le letsatsi ka go lwela go tsamaya mo dikgatong tsa ga Keresete ka boikokobetso, re tla bona maduo a a molemo tota. Petere o ile a re: “Ikokobetseng kafa tlase ga seatla se se thata sa Modimo, gore a tle a lo godise mo nakong e e tshwanetseng.” (1 Petere 5:6) Ga go pelaelo gore Jehofa o ile a godisa Jesu ka ntlha ya go nna boikokobetso ka botlalo. Le wena Modimo wa rona o tla itumelela go go duelela boikokobetso jwa gago.
24 Ka maswabi, batho bangwe ba akanya gore go nna boikokobetso go supa bokoa. Sekao sa ga Jesu se re thusa go bona gore seo ga se boammaaruri, ka gonne monna yoo yo o neng a le boikokobetso go gaisa botlhe gape e ne e le motho yo o pelokgale go gaisa botlhe. Re tla tlotla ka seo mo kgaolong e e latelang.
a Fa buka nngwe e bua ka kgang eno e bolela gore diphologolo tseno ke “ditshedi tse di nyatsegang,” e bo e oketsa jaana: “Di bonya, di thamo e thata, gantsi ke diphologolo tse bahumanegi ba di berekisang mme ga di dintle go le kalo.”
b Go bona bosupi jo bo oketsegileng jwa gore Mikaele ke Jesu, bona ditsebe 218-19 tsa buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.