Itshwareng Jaaka Baagi ba Bogosi!
“Itshwareng jaaka baagi.”—BAFIL. 1:27, mokwalo o o kwa tlase mo NW.
O TLA ARABA JANG?
Ke bomang ba ba ka nnang baagi ba Bogosi?
Re tshwanetse go dira eng malebana le puo ya Bogosi, hisitori le melao ya jone?
Baagi ba Bogosi ba bontsha jang gore ba rata melao ya Modimo?
1, 2. Ke ka ntlha yang fa kgakololo e Paulo a neng a e neela phuthego e e kwa Filipi e ne e le botlhokwa jaana?
MOAPOSETOLOI Paulo o ne a kgothaletsa phuthego ya kwa Filipi gore e ‘itshware ka mokgwa o o tshwanelang dikgang tse di molemo.’ (Bala Bafilipi 1:27.) Lefoko la Segerika le Paulo a le dirisitseng e le “itshwareng” gape le ka ranolwa e le “itshwareng jaaka baagi.” Polelwana eo e ne e na le botlhokwa jo bo rileng mo phuthegong e e kwa Filipi. Ka ntlha yang? Ka gonne go bonala Filipi e ne e le nngwe ya ditoropo di le mmalwa tse di neng di tlhophilwe gore baagi ba tsone ba newe boagi jwa kwa Roma. Baagi ba Roma ba ba neng ba nna kwa Filipi le go ralala Mmusomogolo wa Roma, ba ne ba le motlotlo ka boemo joo jwa bone, e bile ba ne ba itumelela go sirelediwa ke molao wa Roma ka tsela e e kgethegileng.
2 Maloko a phuthego ya kwa Filipi a ne a na le lebaka le legolo la go nna motlotlo. Paulo o ne a ba gakolola gore e re ka e ne e le Bakeresete ba ba tloditsweng, boagi jwa bone bo ne bo le “kwa magodimong.” (Bafil. 3:20) E ne e le baagi ba Bogosi jwa Modimo e seng ba mmusomogolo wa batho. Ka jalo, ba ne ba itumelela tshireletsego e e seng kana ka sepe le melemo e mentsi.—Baef. 2:19-22.
3. (a) Ke bomang ba ba nang le tshono ya go nna baagi ba Bogosi? (b) Re tla sekaseka eng mo setlhogong seno?
3 Kgakololo ya ga Paulo ya go ‘itshwara jaaka baagi’ e dira segolobogolo mo go ba ba tla busang le Keresete kwa legodimong. (Bafil. 3:20) Mme gape e ka dira le mo go ba ba tla nnang baagi ba mo lefatsheng ba Bogosi jwa Modimo. Ka ntlha yang? Ka gonne Bakeresete botlhe ba ba ineetseng ba direla Kgosi e le nngwe, e bong Jehofa, mme ba tshwanetse go tshela ka melao e e tshwanang. (Baef. 4:4-6) Gompieno batho ba dira ka natla gore ba tshwanelegele go nna baagi ba naga nngwe e e humileng. Abo re tshwanetse go anaanela thata jang ne tshono ya go nna baagi ba Bogosi! Gore re oketse tsela e re anaanelang tshiamelo eo ka yone, mma re sekasekeng dilo dingwe tse di tshwanang magareng ga dilo tse di tlhokegang gore motho e nne moagi wa puso nngwe ya batho le go nna moagi wa Bogosi jwa Modimo. Morago ga foo re tla sekaseka dilo di le tharo tse re tshwanetseng go di dira gore re tswelele re na le tlotla ya go nna baagi ba Bogosi.
DILO TSE DI TLHOKEGANG GORE MOTHO E NNE MOAGI WA NAGA
4. Puo e e itshekileng ke eng, mme re e “bua” jang?
4 Ithute puo. Dipuso dingwe tsa batho di tlhoka gore batho ba ba dirang kopo ya go nna baagi ba tsone ba bue puo e e buiwang thata mo nageng eo. Tota le fa batho ba sena go newa tetla ya go nna baagi ba naga eo, ba ka nna ba leka ka natla dingwaga di le dintsi go ithuta go bua puo eo e ntšha sentle. Ba ka nna ba ithuta melao ya puo ka bonako fela, mme gone ba ka nna ba tsaya nako gore ba ithute go bitsa mafoko sentle. Bogosi jwa Modimo le jone bo tlhoka gore baagi ba jone ba ithute se Baebele e se bitsang ‘puo e e itshekileng.’ (Bala Sefania 3:9.) Puo eo ke eng? Ke boammaaruri ka Modimo le ka maikaelelo a gagwe a a tlhalositsweng mo Baebeleng. Re a bo re “bua” puo e e itshekileng fa boitshwaro jwa rona bo dumalana le melao le melaometheo ya Modimo. Baagi ba Bogosi jwa Modimo ba ka nna ba ithuta dithuto tsa motheo tsa Baebele ka bonako mme ba kolobediwa. Le fa go ntse jalo, tota le fa ba sena go kolobediwa, ba tshwanetse go leka ka natla go nna ba tokafatsa tsela e ba “buang” puo e e itshekileng ka yone. Jang? Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go dira gore go se ka ga nna le pharologano magareng ga melaometheo e re e itseng ya Baebele le tsela e re tshelang ka yone.
5. Ke eng fa re tshwanetse go dira bojotlhe go ithuta hisitori ya phuthego ya ga Jehofa?
5 Ithute hisitori. Motho yo o eletsang go nna moagi wa puso nngwe ya batho a ka nna a tshwanelwa ke go ithuta sengwe ka hisitori ya puso eo. Ka tsela e e tshwanang, go tla bo go le molemo gore batho ba ba eletsang go nna baagi ba Bogosi ba dire bojotlhe gore ba ithute ka Bogosi jwa Modimo. Akanya ka sekai se se tlhomilweng ke bomorwa Kora, ba ba neng ba direla kwa Iseraele wa bogologolo. Ba ne ba itumelela Jerusalema le lefelo la yone la kobamelo le go bua ka hisitori ya motse oo. Ba ne ba sa itumedisiwe ke kago ya motse le lefelo leo la kobamelo mme ba ne ba itumedisiwa ke se di se emelang. Jerusalema e ne e le “motse wa Kgosi e kgolo” e bong Jehofa, ka gonne e ne e le boremelelo jwa kobamelo e e boitshepo. Ke teng kwa Molao wa ga Jehofa o neng o rutiwa gone. Jehofa o ne a bontsha batho ba ba laolwang ke Kgosi ya Jerusalema bopelonomi jwa lorato. (Bala Pesalema 48:1, 2, 9, 12, 13.) A le wena fela jaaka bone, o na le keletso ya go ithuta le go tlhalosa hisitori ya karolo e e mo lefatsheng ya phuthego ya ga Jehofa? Fa o ntse o ithuta ka mo go oketsegileng ka phuthego ya Modimo le kafa Jehofa a emang nokeng batho ba gagwe ka gone, Bogosi jwa Modimo e tla nna jwa mmatota mo go wena. Keletso e o nang le yone ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi e tla oketsega.—Jer. 9:24; Luke 4:43.
6. Ke eng fa go utlwala gore Jehofa a batle gore re ithute melao le melaometheo ya gagwe ya Bogosi re bo re e ikobele?
6 Itse melao. Dipuso tsa batho di batla gore baagi ba tsone ba ithute melao ya naga mme ba e ikobele. Ka jalo, go a utlwala gore Jehofa a lebelele gore re ithute melao le melaometheo e e laolang baagi botlhe ba Bogosi, re bo re e ikobele. (Isa. 2:3; Joh. 15:10; 1 Joh. 5:3) Gantsi melao ya batho e na le diphoso e bile e a gobelela. Go farologana le yone, “molao wa ga Jehofa o itekanetse.” (Pes. 19:7) A re itumelela molao wa Modimo mme re bala Lefoko la gagwe letsatsi le letsatsi? (Pes. 1:1, 2) Tsela e le yosi fela e re ka ithutang molao wa Modimo ka yone ke ka go o ithuta rona ka borona. Ga go ope yo o ka re direlang seo.
BAAGI BA BOGOSI BA RATA MELAO YA MODIMO
7. Baagi ba Bogosi ba tshela ka melao efe ya maemo a a kwa godimo?
7 Gore re tswelele re le baagi ba Bogosi, ga re tlhoke fela go itse melao ya Modimo mme gape re tshwanetse go e rata. Baagi ba le bantsi ba dipuso tsa batho ba ipolela fa ba dumalana le melao le melaometheo ya naga e ba nnang mo go yone. Le fa go ntse jalo, fa ba sa dumalane le melao eo, kgotsa fa ba akanya gore ga go ope yo o ba bonang, ba tlola molao. Gantsi batho bao ke “bakgatlhi ba batho.” (Bakol. 3:22) Baagi ba Bogosi ba tshela ka melao ya maemo a a kwa godimo. Re itumelela go ikobela melao ya Modimo, tota le fa go se na motho ope yo o re lebileng. Ka ntlha yang? Ka gonne re rata Motlhomamolao.—Isa. 33:22; bala Luke 10:27.
8, 9. O ka itse jang gore tota o rata melao ya Modimo?
8 O ka itse jang gore tota o rata melao ya Modimo? Sekaseka kafa o itshwarang ka gone fa o amogela kgakololo malebana le se o se tsayang e le kgang ya botho—ka sekai, kgang ya moaparo le go ipaakanya. Pele ga o nna moagi wa Bogosi o ka tswa o ne o rata go apara ka tsela e e bosutlha kgotsa e e hepisang. Fa lorato lo o ratang Modimo ka lone lo ntse lo oketsega, o ne wa ithuta go apara ka tsela e e mo tlotlomatsang. (1 Tim. 2:9, 10; 1 Pet. 3:3, 4) O ka tswa o akanya gore gone jaanong o apara ka tsela e e bori. Mme go tweng fa mogolwane a ne a ka go bolelela gore tsela e o ratang go apara ka yone e kgopisa baboledi ba le mmalwa mo phuthegong? O ne o tla itshwara jang? A o ne o tla leka go ipuelela, a o ne o tla kgopisega kgotsa a o ne o tla nna tlhogoethata? Molao wa konokono wa Bogosi jwa Modimo ke gore baagi botlhe ba jone ba etse Keresete. (1 Pet. 2:21) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana malebana le sekao sa ga Jesu: “A mongwe le mongwe wa rona a itumedise moagelani wa gagwe ka se se molemo go mo aga. Gonne le Keresete tota o ne a se ka a iitumedisa.” (Bar. 15:2, 3) E le gore go tswelele go na le kagiso mo phuthegong, Mokeresete yo o godileng sentle semoyeng o ikemiseditse gore a se ka a dira sepe se se ka kgopisang digakolodi tsa ba bangwe.—Bar. 14:19-21.
9 Akanya ka dikgang tse dingwe tse pedi tsa botlhokwa: tsela e re lebang tlhakanelodikobo ka yone mmogo le e re lebang lenyalo ka yone. Batho ba ba iseng ba nne baagi ba Bogosi jwa Modimo ba ka tswa ba mpampetsa bosodoma, ba tsaya go leba ditshwantsho tse di hepisang e le go ijesa monate go go seng kotsi, e bile ba akanya gore boaka le tlhalo ke dikgang fela tsa botho. Baagi ba Bogosi ba latlhile mekgwa ya go se akanyetse isagwe le ya go ikakanyetsa ba le bosi fela. Le fa Bakeresete ba le bantsi ba kile ba bo ba na le boitsholo jo bo sa siamang, gone jaanong ba leba tlhakanelodikobo le lenyalo e le dimpho tse di tswang kwa Modimong. Ba anaanela melao ya ga Jehofa ya maemo a a kwa godimo mme ba dumela go tswa pelong gore ba ba tswelelang ba dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo ga ba tshwanelege go nna baagi ba Bogosi. (1 Bakor. 6:9-11) Le fa go ntse jalo, gape ba lemoga gore pelo e boferefere. (Jer. 17:9) Ka jalo, ba anaanela ditlhagiso tse di maleba tse di ba thusang gore ba tswelele ba tshela ka melao ya boitsholo ya maemo a a kwa godimo.
BAAGI BA BOGOSI BA ANAANELA DITLHAGISO
10, 11. Bogosi jwa Modimo bo re naya ditlhagiso dife tse di mo nakong, mme o ikutlwa jang ka ditlhagiso tseo?
10 Dipuso tsa batho di ka tlhagisa batho malebana le dijo tse di rileng le melemo. Gone ke boammaaruri gore ga se melemo yotlhe le dijo tsotlhe tse di leng kotsi. Le fa go ntse jalo, fa sengwe sa dilo tseno se ka baka kotsi ka tsela nngwe, puso e ka tlhagisa baagi ba yone gore e ba sireletse. Fa puso e sa dire jalo, e tla bonwa molato wa go itlhokomolosa sengwe se se botlhokwa. Bogosi jwa Modimo le jone bo neela ditlhagiso tse di mo nakong malebana le dilo dingwe tse di ka tsenyang boitsholo le bomoya jwa rona mo kotsing. Ka sekai, Internet ke sedirisiwa se se mosola sa tlhaeletsano, se se rutang le sa go itlosa bodutu. Phuthego ya Modimo e dirisa Internet mme e fitlhelela dilo di le dintsi tse di molemo ka yone. Le fa go ntse jalo, mafelo a le mantsi mo Internet a ka nna kotsi mo boitsholong le mo bomoyeng jwa rona. Di-website tse di rotloetsang ditshwantsho tse di hepisang di tsenya bomoya jwa baagi ba Bogosi mo kotsing. Setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego ga se bolo go re tlhagisa ka mafelo a a ntseng jalo ka makgolokgolo a dingwaga. Abo re leboga jang ne ditlhagiso tseno tsa semoya!
11 Mo dingwageng tsa bosheng jaana, mofuta o mongwe wa lefelo mo Internet—o o ka nnang mosola fa o dirisiwa ka kelotlhoko e kgolo—o simolotse go dirisiwa thata. Mme gone, mafelo ano a a itseweng e le mafelo a go ikgolaganya le batho mo Internet, gape a ka nna kotsi tota. A ka dira gore motho a itlwaelanye le batho ba ba bosula. (1 Bakor. 15:33) Ka jalo, ga go gakgamatse go bo phuthego ya Modimo e ile ya neela ditlhagiso malebana le go dirisa mafelo ano. A o badile dikgatiso tsotlhe tsa bosheng tse di gatisitsweng ke motlhanka yo o boikanyego tse di malebana le go dirisa mafelo a go ikgolaganya le batho mo Internet? Ruri go tla bo go se botlhale go dirisa mafelo ano pele ga re bala dikgatiso tseo!a Go tla bo go tshwana le go nwa molemo o o bogale pele ga o bala ditlhagiso tse di kwadilweng mo botlolong.
12. Ke eng fa e le boeleele go itlhokomolosa ditlhagiso?
12 Batho ba ba itlhokomolosang ditlhagiso tse re di newang ke motlhanka yo o boikanyego ba tsenya bone le batho ba ba ba ratang mo kotsing. Bangwe ba ile ba lemalela go leba ditshwantsho tse di hepisang kgotsa ba wela mo boitsholong jo bo sa siamang mme ba bo ba itsietsa ka go akanya gore Jehofa a ka se bone se ba se dirang. Ruri e tla bo e le boeleele go akanya gore re ka fitlhela Jehofa boitshwaro jwa rona! (Dia. 15:3; bala Bahebera 4:13.) Modimo o batla go thusa ba ba ntseng jalo mme o rotloetsa baemedi ba gagwe ba mo lefatsheng go leka go ba thusa. (Bagal. 6:1) Le fa go ntse jalo, fela jaaka dipuso tsa batho di ka tseela motho yo o dirileng sengwe tshwanelo ya go nna moagi wa tsone, Jehofa le ene a ka tseela batho ba ba tlolang melao ya gagwe ba sa ikwatlhae tshwanelo ya go nna baagi ba Bogosi jwa gagwe.b (1 Bakor. 5:11-13) Mme gone, Modimo o kutlwelobotlhoko. Batho ba ba ikwatlhayang ba bo ba fetola boitshwaro jwa bone ba ka boa gape ba nna le kamano e e siameng le Jehofa mme ba tswelela e le baagi ba Bogosi. (2 Bakor. 2:5-8) Abo e le tlotla jang ne go direla Kgosi e e lorato jalo!
BAAGI BA BOGOSI BA TSAYA THUTO E LE BOTLHOKWA
13. Baagi ba Bogosi ba bontsha jang gore ba tsaya thuto e le botlhokwa?
13 Dipuso tse dintsi tsa batho di dira ka natla go ruta baagi ba tsone. Di rulaganya dikolo tse di rotloetsang go itse go bala le go kwala le tse di rutang bokgoni jwa go bereka. Baagi ba Bogosi ba anaanela dikolo tseno mme ba ithuta ka tlhoafalo go bala, go kwala le go itlamela ka madi. Ba anaanela thata thuto e ba e bonang ka go bo e le baagi ba Bogosi jwa Modimo. Jehofa o dirisa phuthego ya Bokeresete go ruta batho go bala le go kwala. Batsadi ba kgothalediwa go balela bana ba bone ba bannye. Kgwedi le kgwedi motlhanka yo o boikanyego o gatisa ditsebe di le dintsi tsa dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Fa o ka bala ditsebe di le mmalwa letsatsi le letsatsi mo kgweding, o tla bo o tsamaisana le motswedi ono o o botlhokwa wa thuto ya Bogosi.
14. (a) Re newa thapiso efe? (b) Ke dikakantsho dife tsa maitseboa a Kobamelo ya Lelapa tse o itumeletseng go di dirisa?
14 Beke le beke baagi ba Bogosi ba newa thapiso kwa dipokanong tsa bone tsa phuthego. Ka sekai, Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ga se bolo go thusa baithuti mo dingwageng tse di fetang 60, gore ba nne barutisi ba ba molemo ba Lefoko la Modimo. A o ikwadisitse mo sekolong seno? Mo dingwageng tsa bosheng motlhanka yo o boikanyego o ile a kgothaletsa gore go nne le maitseboa a Kobamelo ya Lelapa beke le beke. Thulaganyo eno e nonotsha malapa. A o kgona go dirisa dikakantsho tse di gatisitsweng mo dikgatisong tsa rona?c
15. Nngwe ya ditshiamelo tse dikgolo go gaisa tse re nang le tsone ke efe?
15 Baagi ba dipuso tsa batho ba batlela mekgatlho ya bone ya dipolotiki kemonokeng ka go tsamaya ka ntlo le ntlo. Lefatshe ka bophara baagi ba Bogosi ba bontsha gore ba ema Bogosi jwa Modimo nokeng ka go bua ka jone mo mebileng le ka ntlo le ntlo. Tota e bile, jaaka go umakilwe mo setlhogong sa thuto se se fetileng, Tora ya Tebelo e e itsiseng Bogosi jwa ga Jehofa, gone jaanong ke lokwalopaka lo lo anamisiwang go gaisa mo lefatsheng! Nngwe ya ditshiamelo tse dikgolo go gaisa tse re nang le tsone, ke ya go bolelela ba bangwe ka Bogosi jwa Modimo. A o tlhagafetse mo tirong ya go rera?—Math. 28:19, 20.
16. O ka bontsha jang gore o moagi yo o molemo wa Bogosi jwa Modimo?
16 Go ise go ye kae Bogosi jwa Modimo e tla bo e le puso e le yosi fela e e busang mo lefatsheng. E tla tlhokomela dikarolo tsotlhe tsa botshelo jwa letsatsi le letsatsi e seng fela tsa semoya mme gape le tsa loago. A ka nako eo o tla nna moagi yo o molemo wa Bogosi jwa Modimo? Eno ke nako ya gore o itshupe. Mo ditshwetsong tsotlhe tse o di dirang letsatsi le letsatsi, dira dilo tsotlhe go galaletsa leina la ga Jehofa mme ka go dira jalo o itshupe gore o itshwara jaaka moagi yo o molemo wa Bogosi jwa Modimo.—1 Bakor. 10:31.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Ka sekai, bona Tsogang! ya July 2011, tsebe 24-27; ya August 2011, tsebe 10-13; le ya February 2012, tsebe 3-9.
c Bona Tora ya Tebelo ya August 15, 2011, tsebe 6-7 le Tirelo ya Rona ya Bogosi, ya January 2011, tsebe 3-6.
[Mafoko a a mo go tsebe 14]
A o tsaya tsia ditlhagiso tse di theilweng mo Baebeleng tse di malebana le Internet?
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Fela jaaka bomorwa Kora, a o itumelela kobamelo e e itshekileng le hisitori ya yone?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Maitseboa a Kobamelo ya Lelapa a ka thusa wena le ba o ba ratang gore lo nne baagi ba ba molemo ba Bogosi