Ditsela Tse Thataro Tsa go Atlega
KATLEGO ya mmatota ke go nna le botshelo jo bo molemolemo, jo o nnang le jone ka go bo o dirisa melao ya Modimo e bile bo tsamaisana le boikaelelo jwa gagwe ka batho. Baebele ya re motho yo o tshelang botshelo jo bo ntseng jalo o tla nna “jaaka setlhare se se jetsweng fa melatswaneng ya metsi, se se ntshang leungo la sone ka paka ya sone se dikala tsa sone tse di nang le makakaba di sa swabeng, mme sengwe le sengwe se a se dirang se tla atlega.”—Pesalema 1:3.
Ee, tota le fa re sa itekanela e bile re dira diphoso, matshelo a rona a ka atlega tota! A o ikutlwa o kgatlhwa ke tsholofelo eo? Fa e le gore go ntse jalo, melaometheo e merataro e e latelang ya Baebele e ka go thusa go fitlhelela mokgele oo, mme ka gone e go neele bosupi jo bo bonalang sentle jwa gore tota dithuto tse di mo Baebeleng ke botlhale jo bo tswang kwa Modimong.—Jakobe 3:17.
1 Nna le Boikutlo jo bo Siameng ka Madi
“Lorato lwa madi ke modi wa mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko, mme ka go gagamalela lorato lono bangwe ba . . . itlhabakakile ka ditlhabi tse dintsi.” (1 Timotheo 6:10) Ela tlhoko gore bothata ga se madi ka boone—a re a tlhokang rotlhe gore re itlhokomele le go tlhokomela ba malapa a rona—mme ke lorato lwa madi. Boammaaruri ke gore, lorato loo lo dira gore madi e nne morena kgotsa modimo wa motho.
Jaaka re bone mo setlhogong sa ntlha sa motseletsele ono wa ditlhogo, batho ba ba dumelang ka pelo yotlhe gore go gagamalela dikhumo ke tsela ya go atlega tota ba lelekisa phefo. Mo godimo ga gore ba itlisetse maswabi ba itlisetsa le ditlhabi tse dintsi. Ka sekai, fa batho ba ntse ba gagamalela go bona dikhumo ka tlhoafalo, gantsi ba latlhegelwa ke kamano ya bone le ba lelapa le ditsala. Ba bangwe ba tlhorega boroko jo ba bo tlhokang—fa e se ka ntlha ya tiro e tla bo e le ka go bo ba tlhobaela kgotsa ba tshwenyegile. Moreri 5:12 ya re: “Boroko jwa motho yo o dirang bo monate, le fa a ja bonnye kgotsa bogolo, mme go kgora ga mohumi ga go mo leseletse go robala.”—Baebele e e Boitshepo.
Madi ga se fela mong yo o setlhogo mme gape ke mong yo o tsietsang. Jesu Keresete o ne a bua ka “maatla a a tsietsang a dikhumo.” (Mareko 4:19) Ka mafoko a mangwe, dikhumo di solofetsa motho boitumelo mme ga di ke di mo naya jone. Di dira fela gore motho a nne a eletse go nna le mo go oketsegileng. Moreri 5:10 ya re: “Monna yo o ratang madi le ka motlha ga a ke a nna le mo go lekaneng.”—The New English Bible.
Ka bokhutshwane, fa motho a rata madi, a ka ikgobatsa ka boene mme kgabagare o tla feleletsa a utlwile botlhoko, a kgobegile marapo kgotsa le e leng go dira bokebekwa. (Diane 28:20) Dilo dingwe tse di amanang thata le boitumelo le katlego ke bopelotshweu, boikutlo jwa go rata go itshwarela, boitsholo jo bo phepa, lorato le kgolagano e e molemo le Modimo.
2 Leka go Nna le Moya wa go Aba
“Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Ditiro 20:35) Le fa go aba ka dinako dingwe, go ka dira gore motho a itumele, go nna le moya wa go aba go ka dira gore motho a nne a itumetse. Gone ke boammaaruri gore motho a ka bontsha bopelotshweu ka ditsela tse dintsi. Nngwe ya ditsela tse di molemo thata le e gantsi e anaanelwang, ke go ipha nako ya batho ba bangwe.
Morago ga gore mmatlisisi mongwe e bong Stephen G. Post a dire dipatlisiso di le mmalwa ka go rata go amega ka ba bangwe, boitumelo le botsogo, o ne a swetsa ka gore go amega ka ba bangwe le go thusa ba bangwe go amanngwa le go tshela nako e telele, go ikutlwa botoka ka mo go oketsegileng, go nna le boitekanelo jo bo botoka jwa mmele le tlhaloganyo go akaretsa le go fokotsega ga go tshwenyega thata mo maikutlong.
Mo godimo ga moo, batho ba ba abang ka bopelotshweu go ya ka se ba nang le sone ga ba tlhoke dilo tsa botlhokwa mo botshelong ka ntlha ya seo. Diane 11:25 ya re “Motho yo o pelotshweu o tla atlega; yo o lapolosang ba bangwe le ene o tla lapolosiwa.” (New International Version) Go dumalana le mafoko ao, batho ba tota ba ratang go aba go tswa pelong—ba ba sa abeng ka gonne ba batla go duelwa—ba a anaanelwa le go ratiwa, segolobogolo ke Modimo.—Bahebera 13:16.
3 Itshwarele ka Kgololesego
“Tswelelang . . . lo itshwarelana lo gololesegile fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe. Le eleng jaaka Jehofa a ne a lo itshwarela a gololesegile, jalo le lona dirang jalo.” (Bakolosa 3:13) Mo nakong e re tshelang mo go yone, gantsi batho ga ba batle go itshwarela mme go na le moo ba batla go ipusolosetsa go na le gore ba bontshe bopelotlhomogi. Ditlamorago e nna eng? Fa motho a kgoba yo mongwe le ene o a mo kgoba mme fa mongwe a dirisa dikgoka le yo mongwe o dira fela jalo.
Tshenyo e ka nna ya se ka ya felela foo. Pego nngwe ya lokwalodikgang lwa The Gazette lwa kwa Montreal, kwa Canada ya re: “Mo patlisisong nngwe ya batho ba ba fetang 4 600 ba dingwaga di le 18 go ya go 30,” babatlisisi ba “fitlhetse gore fa botho jwa motho e le jwa go sa rate batho ba bangwe, a nna a kgobegile marapo e bile a le pelotlhoi,” motho yoo o nna le bothata jwa makgwafo. Tota e bile, ditlamorago tse di kotsi tsa gone di ne di le maswe le go feta tsa batho ba ba gogang motsoko! Ee ruri, go nna le moya wa go itshwarela ga go dire fela gore motho a dirisane sentle le batho ba bangwe mme gape go siametse botsogo jwa rona!
O ka dira jang gore o nne motho yo o itshwarelang ka tsela e e oketsegileng? Simolola go itlhatlhoba ka boikanyegi. A ga o ke o kgopisa batho ba bangwe ka dinako tse dingwe? Mme a ga o anaanele fa ba go itshwarela? Ka gone he, ke eng fa o sa itshwarele ba bangwe ka bopelotshweu? (Mathaio 18:21-35) Malebana le seno, go botlhokwa gape go leka go nna le boikgapo. “Bala go fitlha go lesome” kgotsa ka tsela nngwe iphe nako ya go laola bogale jwa gago. Mme tsaya go ikgapa e le nonofo. Diane 16:32 ya re: “Yo o bonya go galefa o botoka go gaisa monna yo o thata.” “O botoka go gaisa monna yo o thata”—a seo ga se kaye gore o atlegile?
4 Latela Melao ya Modimo
“Taelo ya ga Jehofa e phepa, e phatsimisa matlho.” (Pesalema 19:8) Fa re bua ka tlhamalalo fela, melao ya Modimo e re solegela molemo—mo mmeleng, mo mogopolong le mo maikutlong. Gareng ga dilo tse dingwe, e re sireletsa mo dilong tse di kotsi tse di jaaka go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang, botagwa, boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le go leba ditshwantsho tse di hepisang. (2 Bakorintha 7:1; Bakolosa 3:5) Kotsi ya go dira dilo tseno e ka felela ka bokebekwa, lehuma, go sa ikanngwe, go thubega ga lelapa, mathata a tlhaloganyo le a maikutlo, bolwetse le e leng loso lo lo sa lebelelwang.
Kafa letlhakoreng le lengwe, batho ba ba latelang melao ya Modimo ba nna le dikamano tse di siameng, tse di tlhomameng mmogo le boitlotlo le kagiso ya mogopolo. Mo go Isaia 48:17, 18, Modimo a re ke “Yo [o] go rutang gore o solegelwe molemo, yo [o] dirang gore o gate mo tseleng e o tshwanetseng wa tsamaya mo go yone.” Mme o oketsa jaana: “Fa fela o ne o ka tlhwaela ditaolo tsa me tsebe! Foo kagiso ya gago e ne e tla nna fela jaaka noka, le tshiamo ya gago jaaka makhubu a lewatle.” Ee, Mmopi wa rona o re batlela se se molemolemo. O batla gore re “gate mo tseleng” ya katlego ya mmatota.
5 Bontsha Lorato Lo lo Se Nang Bopelotshetlha
“Lorato . . . lo a aga.” (1 Bakorintha 8:1) A o ka akanya ka botshelo kwantle ga lorato? A bo e tla bo e le botshelo jo bo se nang bokao le jo bo se nang boitumelo jang ne! Moaposetoloi wa Mokeresete e bong Paulo o ne a kwala jaana a tlhotlhelediwa ke Modimo: “Fa ke . . . [sa rate ba bangwe], ga ke sepe. . . . Ga ke boelwe ke sepe gotlhelele.”—1 Bakorintha 13:2, 3.
Mofuta wa lorato lo go buiwang ka lone fano ga se lo lo amanang le tlhakanelodikobo, lo lo nang le mo lo dirang gone. Go na le moo, ke lorato lo lo boteng thata lo lo nnelang ruri lo lo theilweng mo melaometheong ya bomodimo.a (Mathaio 22:37-39) Mo godimo ga moo, ga lo nne fela lo sa dire sepe, ka tsela ya gore o lo amogele fela, mme lo a dira, ka tsela ya gore o lo bontshe. Paulo o ne a tswelela a bolela gore lorato lono gape lo pelotelele e bile lo pelonomi. Ga lo fufege, ga lo ikgantshe kgotsa go ikgogomosa. Lo batlela ba bangwe se se molemo kwantle ga bopelotshetlha mme ga lo kgopisege motlhofo mme lo a itshwarela. Lorato lo lo ntseng jalo lo a aga. Mo godimo ga moo, lo re thusa gore re atlege mo dikamanong tsa rona le ba bangwe, segolobogolo ba malapa a rona.—1 Bakorintha 13:4-8.
Mo batsading, lorato lo kaya go amega thata ka bana ba bone le go ba tlhomela melelwane e e tlhamaletseng ya boitsholo e e theilweng mo Baebeleng. Bana ba ba godisitsweng ka tsela e e ntseng jalo ba nna le selekanyo se se rileng sa pabalesego le go tlhomama ga lelapa mme ba ikutlwa ba ratiwa le go anaanelwa tota.—Baefeso 5:33–6:4; Bakolosa 3:20.
Jack, lekawana lengwe la kwa United States, o ne a godisediwa mo lelapeng le le neng le dirisa melaometheo ya Baebele. Fa Jack a sena go tswa kwa gae, o ne a kwalela batsadi ba gagwe. Karolo ya se a neng a se kwala ya re: “Sengwe se ke ileng ka leka ka metlha go se latela ke taolo ya Baebele e e reng: ‘Tlotla rrago le mmago . . . gore dilo di go tsamaele sentle.’ (Duteronome 5:16) Dilo di ntsamaetse sentle. Mme gone jaanong go feta le fa e le leng pele, ke tlhaloganya gore seno se diragetse ka go bo lo nkgodisitse ka iketleetso le ka lorato. Ke lo leboga ka ntlha ya tiro ya lona ya bonatla le go ntshegetsa fa lo ntse lo nkgodisa.” Fa o le motsadi, o ne o ka ikutlwa jang fa o amogela lekwalo le le ntseng jalo? A go ne go ka se go itumedise thata?
Lorato lo lo latelang molaometheo gape lo “ipela le boammaaruri”—boammaaruri jo bo kaga Modimo jo bo fitlhelwang mo Baebeleng. (1 Bakorintha 13:6; Johane 17:17) Ka sekai: Banyalani ba ba nang le mathata a lenyalo ba swetsa go bala mmogo mafoko ano a ga Jesu a a mo go Mareko 10:9: “Se Modimo a se kopantseng mmogo [mo lenyalong] a motho ope a se ka a se kgaoganya.” Jaanong ba tshwanetse go tlhatlhoba dipelo tsa bone. A tota ba ‘ipela le boammaaruri jwa Baebele’? A ba tla leba lenyalo le le boitshepo jaaka Modimo a le leba? A ba iketleeleditse go dira maiteko a go rarabolola mathata a bone ka lorato? Fa e le gore go ntse jalo, ba ka dira gore lenyalo la bone le atlege mme ba ka kgona go ipelela ditlamorago tsa gone.
6 Tshwenyega Ka se O se Tlhokang Semoyeng
“Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.” (Mathaio 5:3) Go farologana le diphologolo, batho ba kgona go anaanela dilo tsa semoya. Ka jalo, re ipotsa dipotso tse di jaaka, Boikaelelo jwa botshelo ke eng? A go na le Mmopi? Go diragala eng ka rona fa re swa? Go tla diragala eng mo isagweng?
Lefatshe ka bophara, dimilione tsa batho ba ba dipelo di phepa ba ile ba bona dikarabo tsa dipotso tseo mo Baebeleng. Ka sekai, potso ya bofelo, e amana le boikaelelo jwa Modimo ka batho. Boikaelelo joo ke eng? Ke gore lefatshe e nne paradaise e batho ba ba ratang Modimo le melao ya gagwe ba tla nnelang ruri mo go yone. Pesalema 37:29 ya re: “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.”
Ga go pelaelo gore Mmopi wa rona o re batlela go le gontsi go feta gore re atlege ka nakwana ka dingwaga di le 70 kgotsa 80 fela. O batla gore re atlege go ya go ile! Ka jalo, eno ke nako ya gore o ithute ka Mmopi wa gago. Jesu o ne a re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Fa o ntse o nna le kitso eo mme o e dirisa mo botshelong jwa gago, o tla iponela ka bowena gore “tshegofatso ya ga Jehofa—ke yone e e humisang, mme ga a e oketse ka botlhoko.”—Diane 10:22.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Mo e ka nnang gongwe le gongwe mo lefoko “lorato” le tlhagelelang gone mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika, kgotsa mo go Tesetamente e Ntšha lo tlhagelela e le thanolo ya lefoko la Segerika e leng a·gaʹpe. A·gaʹpe ke mofuta wa lorato lo motho a ratang ba bangwe ka go bo a batla go dira jalo ka ntlha ya molaomotheo, boikarabelo le go bo e le sengwe se se tshwanetseng. Le fa go ntse jalo, ga go reye gore A·gaʹpe ke lorato lwa go tlhoka maikutlo, go na le moo le kgona go amega thata.—1 Petere 1:22.
[Lebokoso mo go tsebe 7]
MELAO E MENGWE E E KA RE THUSANG GO ATLEGA
◼ Nna le poifo e e siameng ka Modimo. “Go boifa Jehofa ke tshimologo ya botlhale.”—Diane 9:10.
◼ Tlhopha ditsala ka botlhale. “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale, mme yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.”—Diane 13:20.
◼ Tila go feteletsa dilo. “Letagwa le yo o jang bobe ba tla humanega.”—Diane 23:21.
◼ O se ka wa ipusolosetsa. “Lo se ka lwa busetsa ope bosula ka bosula.”—Baroma 12:17.
◼ Dira ka natla. “Fa motho ope a sa batle go dira, lo se ka lwa mo letla go ja.”—2 Bathesalonika 3:10.
◼ Dirisa Molao wa Sekagouta. “Dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.”—Mathaio 7:12.
◼ Laola loleme lwa gago. “Yo o ka ratang botshelo a ba a bona malatsi a a molemo, a a thibele loleme lwa gagwe mo go se se bosula.”—1 Petere 3:10.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 8]
LORATO KE MOLEMO O O SIAMENG
Ngaka e bile e le mokwadi e bong Dean Ornish o kwala jaana: “Lorato le botsalano di na le seabe se segolo mo go direng gore re lwale le gore re fole, lo dira gore re hutsafale le gore re itumele, lo dira gore re boge le gore re ikutlwe botoka. Fa go ne go na le seokobatsi se sesha se se ka kgonang go dira dilo tseno, mo e ka nnang ngaka nngwe le nngwe mo nageng e ne e tla akantsha gore balwetse ba se dirise. Dingaka di ne di tla patelesega go se dirisa.”
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 9]
GO TSWA MO SEEMONG SA GO ITLHOBOGA GO YA MO GO SA KATLEGO
Fa ntwa e ne e tlhagoga kwa nagagaeng ya gagwe, Milanko yo o nnang kwa dinageng tsa Balkan, o ne a tsena mo sesoleng. E re ka a ne a dira ditiro tsa bopelokgale, o ne a fiwa leina la sereto la Rambo a reelelwa ka mogaka mongwe wa difilimi. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, Milanko o ne a swabisiwa ke sesole ka ntlha ya boferefere le boitimokanyi jo a neng a bo bona. O kwala jaana: “Seo se ne sa dira gore ke nne le seabe mo mekgweng e mentsi e e leswe—bojalwa, disekerete, diokobatsi, go betšha le boitsholo jo bo botlhaswa. Botshelo jwa me bo ne bo utlwisa botlhoko mme ke ne ke sa itse gore nka bo tokafatsa jang.”
Ka nako ya fa botshelo jwa gagwe bo ne bo le mo kotsing, Milanko o ne a simolola go bala Baebele. Moragonyana fa a ne a etetse mongwe wa losika, o ne a bona khopi ya makasine wa Tora ya Tebelo e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. O ne a rata se a neng a se bala mme go ise go ye kae o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi. Boammaaruri bo ne jwa mo thusa go bona boitumelo le katlego ya mmatota. O bolela jaana: “Bo ne jwa nnaya maatla a masha. Mme ke ne ka tlogela dilo tsotlhe tse di maswe tse ke neng ke di dira mme ka kolobediwa go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Batho ba ba neng ba nkitse pele ga ba tlhole ba mpitsa Rambo mme ba mpitsa Bunny—leina la me la matlhaletso le ke neng ke bidiwa ka lone fa ke ne ke le ngwana—ka go bo gone jaanong ke le motho yo o bonolo.”