Go Tlhotlhelediwa ke “Dilo Tse Dikgolo Tsa Modimo”
“Re ba utlwa ba bua ka diteme tsa rona kaga dilo tse dikgolo tsa Modimo.”—DITIRO 2:11.
1, 2. Go ne ga diragalang se se gakgamatsang kwa Jerusalema ka Pentekosete ya 33 C.E.?
MOSO mongwe wa dikgakologo ka ngwaga wa 33 C.E., sengwe se se gakgamatsang se ne sa diragalela setlhopha sa banna le basadi, ba e neng e le barutwa ba ga Jesu Keresete ba ba neng ba kokoane mo ntlong nngwe kwa Jerusalema. “Ka tshoganyetso ga utlwala modumo o o tswang legodimong o tshwana fela le wa phefonyana e e maatla e e tsubutlang, mme wa tlala ka ntlo yotlhe e ba neng ba ntse mo go yone. Mme ba bona diteme tse e keteng tsa molelo mme . . . botlhe ba tlala moya o o boitshepo mme ba simolola go bua ka diteme tse di farologaneng.”—Ditiro 2:2-4, 15.
2 Boidiidi jo bogolo bo ne jwa phuthegela fa pele ga ntlo. Mo gare ga bone, go ne go na le Bajuda ba ba tsaletsweng kwa dinageng di sele, “batho ba ba nang le poifo ya bomodimo” ba ba neng ba tlile Jerusalema go tla go keteka moletlo wa Pentekosete. Ba ne ba gakgamala ka gonne mongwe le mongwe wa bone o ne a utlwa barutwa ba bua ka puo ya gabone “kaga dilo tse dikgolo tsa Modimo.” Seno se ne sa direga jang e re ka ba ba neng ba bua e ne e le Bagalalea?—Ditiro 2:5-8, 11.
3. Moaposetoloi Petere o ne a neela boidiidi molaetsa ofe ka Pentekosete?
3 Mongwe wa Bagalalea bao e ne e le moaposetoloi Petere. O ne a tlhalosa gore dibeke di le mmalwa pele ga moo, Jesu Keresete o ne a bolawa ke batho ba ba sa siamang. Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a tsosa Morwawe mo baswing. Morago ga moo, Jesu o ne a itlhagisa mo barutweng ba gagwe ba le bantsi, go akaretsa le Petere le ba bangwe ba ba neng ba le teng ka nako eo. Malatsi a le lesome fela pele ga moo, Jesu o ne a tlhatlogetse kwa legodimong. Ke ene yo o neng a tshololela moya o o boitshepo mo barutweng ba gagwe. A seo se ne se na le bokao bongwe mo bathong ba ba neng ba keteka Pentekosete? Ee, ruri. Loso lwa ga Jesu lo ne lwa ba baakanyetsa tsela ya go itshwarelwa maleo le go amogela “mpho ya mahala ya moya o o boitshepo” fa ba ne ba ka dumela mo go ene. (Ditiro 2:22-24, 32, 33, 38) Ka jalo batho ba ba neng ba bogetse ba ne ba tsibogela jang “dilo tse dikgolo tsa Modimo” tse ba di utlwileng? Mme pego eno e ka re thusa jang go sekaseka tsela e re direlang Jehofa ka yone?
Ba Tlhotlheletsega go Tsaya Kgato!
4. Ke boporofeti bofe jwa ga Joele jo bo neng jwa diragadiwa mo letsatsing la Pentekosete ya 33 C.E.?
4 Kwantle ga go senya nako, barutwa ba ba neng ba le kwa Jerusalema fa ba sena go amogela moya o o boitshepo, ba ne ba se ka ba senya nako go bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo, ba simolola ka boidiidi jo bo neng bo phuthegile mo mosong oo. Thero ya bone e ne ya diragatsa boporofeti jo bo botlhokwa jo Joele morwa Pethuele a neng a bo kwadile makgolo a le robedi a dingwaga pele ga moo, a re: “go tla diragala gore ke tshololele moya wa me mo nameng ya mofuta mongwe le mongwe, mme bomorwaalona le bomorwadialona ba tla porofeta. Fa e le bannabagolo ba lona bone, ba tla lora ditoro. Fa e le makau a lona, a tla bona diponatshegelo. Mme mo malatsing ao ke tla tshololela moya wa me le mo batlhankeng le mo malateng. . . . pele letsatsi le legolo le le le boitshegang la ga Jehofa le tla.”—Joele 1:1; 2:28, 29, 31; Ditiro 2:17, 18, 20.
5. Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba porofeta ka tsela efe? (Bona mokwalo o o kwa tlase.)
5 A seno se ne se raya gore Modimo o ne a tlile go tlhoma kokomana ya baporofeti ba banna le ba basadi ka tsela e a neng a tlhoma Dafide, Joele le Debora a bo a ba dirisa go bolelela pele isagwe? Nnyaa. ‘Barwa le barwadi, batlhanka le malata’ ba e leng Bakeresete ba tla porofeta ka tsela ya gore, moya wa ga Jehofa o tla ba tlhotlheletsa go bolela “dilo tse dikgolo” tse Jehofa a di dirileng le tse a sa ntseng a tla di dira. Ka jalo ba ne ba tla nna babueledi ba Mogodimodimo.a Mme gone boidiidi bo ne jwa tsibogela seo jang?—Bahebera 1:1, 2.
6. Boidiidi bo ne jwa tlhotlheletsega go dirang fa ba sena go utlwa thero ya ga Petere?
6 Fa boidiidi bo sena go utlwa tlhaloso ya ga Petere, bontsi jwa bone bo ne jwa tlhotlheletsega go tsaya kgato. Ba ne ba “amogela lefoko la gagwe ka pelo yotlhe” mme “ba kolobediwa, mme mo letsatsing leo go ne ga okediwa ka meya e ka nna dikete di le tharo.” (Ditiro 2:41) E re ka e ne e le Bajuda ba tlholego le Basokologela Sejudeng, ba ne ba setse ba na le kitso ya motheo ya Dikwalo. Mme thuto eo, le go dumela se ba neng ba setse ba se ithutile mo go Petere, di ne di tla dira gore ba kolobediwe “mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo.” (Mathaio 28:19) Fa ba sena go kolobediwa, “ba ne ba tswelela ba ineela mo thutong ya baaposetoloi.” Ka yone nako eo, ba ne ba simolola go bolelela ba bangwe ka tumelo ya bone e ntšha. Eleruri, “malatsi ka go latelana ba ne ba le mo tempeleng ka metlha ba le seoposengwe . . . ba baka Modimo e bile ba bona kamogelo ya batho botlhe.” Mme ka ntlha ya tiro eo ya go rera, “Jehofa a tswelela a ba oketsa letsatsi le letsatsi ka ba ba bolokwang.” (Ditiro 2:42, 46, 47) Go ne ga tlhomiwa diphuthego tsa Bokeresete mo mafelong a le mantsi a badumedi ba basha bano ba neng ba nna mo go one. Ga go pelaelo gore koketsego eno e nnile teng ka ntlha ya gore fa ba boela gae, ba ne ba rera “dikgang tse di molemo” ka tlhagafalo.—Bakolosa 1:23.
Lefoko la Modimo le Naya Maatla
7. (a) Ke eng se se ngokelang batho ba ditšhaba tsotlhe mo phuthegong ya ga Jehofa gompieno? (b) Ke koketsego efe e o bonang e sa ntse e ka nna teng mo tshimong ya lefatshe lotlhe le mo lefelong la gaeno? (Bona mokwalo o o kwa tlase.)
7 Go tweng ka ba ba eletsang go nna batlhanka ba Modimo gompieno? Le bone ba tlhoka go ithuta Lefoko la Modimo ka kelotlhoko. Fa ba le ithuta, ba tla itse Jehofa e le Modimo “yo o kutlwelobotlhoko le yo o pelontle, yo o bonya go galefa le yo o nang le bopelonomi jo bogolo jwa lorato le boammaaruri.” (Ekesodo 34:6; Ditiro 13:48) Ba ithuta ka thulaganyo ya bopelonomi ya ga Jehofa e a e dirileng ka Jesu Keresete, yo madi a gagwe a a tsholotsweng a ka ba phepafatsang mo boleong jotlhe. (1 Johane 1:7) Gape ba simolola go anaanela boikaelelo jwa Modimo jwa go dira gore go nne le “tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.” (Ditiro 24:15) Ba rata thata Motswedi wa ‘dilo tseno tse dikgolo’ mo go ba tlhotlheletsang go rera ka dithuto tseno tse di molemolemo. Morago ga moo, ba nna batlhanka ba ba ineetseng le ba ba kolobeditsweng ba Modimo mme ba tswelela ba “oketsega mo kitsong e e boammaaruri kaga Modimo.”b—Bakolosa 1:10b; 2 Bakorintha 5:14.
8-10. (a) Maitemogelo a mosadi mongwe wa Mokeresete a supa jang gore Lefoko la Modimo le “naya maatla”? (b) Maitemogelo ano a go rutile eng ka Jehofa le tsela e a dirisanang ka yone le batlhanka ba gagwe? (Ekesodo 4:12)
8 Batlhanka ba Modimo ba nna le kitso e e kwa teng ya Baebele fa ba e ithuta. Kitso eo e tlhotlheletsa dipelo tsa bone, e fetola tsela ya bone ya go akanya e bo e nna karolo ya botshelo jwa bone. (Bahebera 4:12) Ka sekai, mosadi mongwe yo o bidiwang Camille o ne a thapiwa gore a nne motlhokomedi wa batsofe. Mongwe wa ba a neng a ba tlhokomela e ne e le Martha, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. E re ka Martha a ne a lwala thata mo tlhaloganyong, o ne a tlhoka go nna a beilwe leitlho ka dinako tsotlhe. O ne a tshwanetse go gakololwa gore a je—tota le go metsa dijo. Le fa go ntse jalo, go na le sengwe se Martha a iseng a ke a tsamaye a se lebale jaaka fa re tla bona.
9 Letsatsi lengwe, Martha o ne a bona Camille a lela ka go bo a ne a na le mathata mangwe. Martha o ne a tlamparela Camille mme a mo kopa gore a ithute Baebele le ene. Mme a motho yo o neng a le mo boemong jwa ga Martha o ne a ka kgona go tshwara thuto ya Baebele? Ee, o ne a ka kgona! Le fa Martha a ne a lebetse dilo di le dintsi ka ntlha ya boemo jwa gagwe, o ne a sa lebala Modimo wa gagwe yo mogolo; le fa e le go lebala dithuto tse di molemolemo tse a neng a di ithutile mo Baebeleng. Fa ba ntse ba ithuta, Martha o ne a kopa Camille gore a bale serapa sengwe le sengwe, a bale Dikwalo tse di umakilweng, a botse potso e e kwa tlase mo tsebeng a bo a e arabe. Seno se ne sa tswelela ka lobakanyana, mme go sa kgathalesege bokoa jo Martha a neng a na le jone, Camille o ne a gatela pele mo kitsong ya Baebele. Martha o ne a lemoga gore Camille o ne a tlhoka go kopana mmogo le ba bangwe ba ba neng ba rata go direla Modimo. Ka ntlha ya seo, o ne a naya Camille mosese le ditlhako gore fa a ya dipokanong kwa Holong ya Bogosi lekgetlho la ntlha, a bo a apere ka tsela e e tshwanetseng.
10 Camille o ne a amiwa thata ke tsela e Martha a neng a mo rata ka yone, a mo tlhomela sekao le go bua le ene a tlhatswegile pelo. O ne a swetsa ka gore se Martha a neng a leka go mo ruta sone go tswa mo Baebeleng se ne se le botlhokwa thata, e re ka Martha a ne a lebetse sengwe le sengwe mme a sa lebala se a se ithutileng mo Dikwalong. Moragonyana, fa Camille a fudusediwa kwa lefelong le lengwe la tiro o ne a lemoga gore e ne e le nako ya gore a tseye kgato. O ne a ya kwa Holong ya Bogosi lekgetlho la ntlha a apere mosese le ditlhako tse Martha a mo fileng tsone mme a kopa gore a tshwarelwe thuto ya Baebele. Camille o ne a gatelapele mme a kolobediwa.
Go Tlhotlheletsega go Ngaparela Ditekanyetso Tsa ga Jehofa
11. Mo godimo ga go tlhoafala mo tirong ya go rera, re ka bontsha jang gore re tlhotlheleditswe ke molaetsa wa Bogosi?
11 Gompieno go na le Basupi ba ga Jehofa ba feta dimilione di le thataro ba ba rerang “dikgang tse di molemo tsa bogosi” mo lefatsheng lotlhe jaaka Martha le Camille. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Jaaka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga, le bone ba tlhotlhelediwa ke “dilo tse dikgolo tsa Modimo.” Ba a lemoga gore ba na le tshiamelo ya go bidiwa ka leina la ga Jehofa le go re o ba neile moya wa gagwe. Ka ntlha ya moo, ba dira maiteko otlhe gore ba ‘tsamaye kafa go tshwanetseng Jehofa gore ba mo itumedise ka botlalo,’ ba ngaparetse ditekanyetso tsa gagwe mo matshelong a bone. Seno gape se akaretsa go tlotla ditekanyetso tsa Modimo tsa moaparo le go ipaakanya mo mmeleng.—Bakolosa 1:10a; Tito 2:10.
12. Go na le kgakololo efe e e kgethegileng mo go 1 Timotheo 2:9, 10 ka moaparo le go ipaakanya mo mmeleng?
12 Ee, Jehofa o re tlhometse ditekanyetso tsa ka fa re tshwanetseng go lebega ka gone. Moaposetoloi Paulo o tlotla ka dingwe tsa ditekanyetso tsa Modimo malebana le kgang eno. “Ke eletsa gore basadi ba ikgabise ka diaparo tse di rulagantsweng sentle, ka boingotlo le go itekanela sentle ga mogopolo, e seng ka ditsela tsa go loga moriri loetse le ka gouta kgotsa diperela kgotsa moaparo wa tlhwatlhwa e e kwa godimo thata, fa e se ka tsela e e tshwanelang basadi ba ba ipolelang fa ba tlotla Modimo, e leng, ka ditiro tse di molemo.”c Mafoko ano a re ruta eng?—1 Timotheo 2:9, 10.
13. (a) Go tewang fa go twe “diaparo tse di rulagantsweng sentle”? (b) Ke ka ntlha yang fa re ka re ditekanyetso tsa ga Jehofa di kgona go fitlhelelwa?
13 Mafoko a ga Paulo a bontsha gore Bakeresete ba tshwanetse go ‘ikgabisa ka diaparo tse di rulagantsweng sentle.’ Ga ba a tshwanela go apara ka tsela e e botlhaswa. Mo e ka nnang mongwe le mongwe, tota le ba ba dikobo di magetleng, ba ka fitlhelela ditekanyetso tseo ka go tlhomamisa gore diaparo tsa bone di phepa e bile di a lebega. Ka sekai, Basupi kwa nageng nngwe ya Amerika Borwa, fa ba ya kopanong ya kgaolo, ba tsamaya dikilometara di le dintsi go ralala sekgwa, morago ga moo ba bo ba tsaya loeto lwa diura di le dintsi ka mokoro. Gantsi go a direga gore mongwe wa bone a wele mo nokeng, kgotsa gore seaparo sa gagwe se gagolwe ke setlhare fa ba ntse ba le mo loetong. Ka jalo, fa ba fitlha kwa lefelong le kopano e tlileng go tshwarelwa kwa go lone, gantsi ba a bo ba lebega botlhaswa thata. Ba ipha nako ya go rokelela dikonopo mo diaparong tsa bone, go baakanya di-zip mme ba bo ba tlhatswa le go aena diaparo tse ba tlileng go di apara mo kopanong. Ba anaanela go bo ba laleditswe go tla go iphepa mo tafoleng ya ga Jehofa, mme ba batla go apara ka mokgwa o o tshwanetseng.
14. (a) Go rayang go apara ka “boingotlo le go itekanela sentle ga mogopolo”? (b) Go apara ‘jaaka batho ba ba tlotlang Modimo’ go akaretsa eng?
14 Gape, Paulo o ne a bontsha gore re tshwanetse go apara ka “boingotlo le go itekanela sentle ga mogopolo.” Seno se raya gore moaparo wa rona e se ka ya nna o o feteletseng, o o tsosang keletso ya tlhakanelodikobo mo go ba bangwe, o o bonaletsang kgotsa o o mo fesheneng. Mo godimo ga moo, re tshwanetse go apara ka mokgwa o o bontshang gore re “tlotla Modimo.” A seno ga se se re tshwanetseng go akanya ka sone? Ga se kgang fela ya go apara sentle fa re le mo dipokanong tsa phuthego mme re bo re sa tlhokomele diaparo tsa rona ka dinako tse dingwe. Ka dinako tsotlhe moaparo wa rona o tshwanetse go bontsha gore re tlotla ba bangwe ka gonne re Bakeresete le badiredi diura di le 24 ka letsatsi. Ga go pelaelo gore diaparo tsa rona tsa kwa tirong le tsa sekolo di tla tshwanela maemo le tiro e re tla bong re e dira. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go apara ka mokgwa o o tshwanetseng le o o nang le seriti. Fa moaparo wa rona o bontsha ka dinako tsotlhe gore re dumela mo Modimong, ga re kitla re ikgogona go neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo e le ka go bo re tlhabisiwa ditlhong ke tsela e re apereng ka yone.—1 Petere 3:15.
‘Lo se Ka Lwa Rata Lefatshe’
15, 16. (a) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re se ka ra etsa mokgwa wa lefatshe wa go apara le go ipaakanya mo mmeleng? (1 Johane 5:19) (b) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re tile difeshene tsa go apara le go ipaakanya mo mmeleng?
15 Kgakololo e e mo go 1 Johane 2:15, 16, le yone e a re kaela fa re tlhopha moaparo le go ipaakanya mo mmeleng. Re bala jaana: “Lo se ka lwa bo lo rata lefatshe le fa e le dilo tse di mo lefatsheng. Fa motho a rata lefatshe, lorato lwa ga Rara ga lo yo mo go ene; ka gonne sengwe le sengwe se se mo lefatsheng—keletso ya nama le keletso ya matlho le go bontsha ka mabela se motho a nang le sone mo botshelong—ga se tswe mo go Rara, mme se tswa mo lefatsheng.”
16 Kgakololo eno e mo nakong e le tota! Mo motlheng ono o go nang le kgatelelo e e seng kana ka sepe ya balekane, ga re a tshwanela go letla lefatshe go laola tsela e re aparang ka yone. Mekgwa ya go apara le go ipaakanya mo mmeleng e ne ya nna maswe thata le go feta mo dingwageng tsa bosheng. Tota le tsela e batho ba kgwebo le ba porofeshenale ba aparang ka yone, ga se ka dinako tsotlhe e fitlhelelang ditekanyetso tsa moaparo o o tshwanetseng Bakeresete. Leno ke lebaka le lengwe gape la go bo re tshwanetse gore ka metlha re ele tlhoko gore re ‘tlogele go bopega jaaka tsamaiso eno ya dilo’ fa re batla go tshela ka ditekanyetso tsa Modimo mme re “kgabise thuto ya Mmoloki wa rona, e bong Modimo, mo dilong tsotlhe.”—Baroma 12:2; Tito 2:10.
17. (a) Re tshwanetse go ipotsa dipotso dife fa re reka seaparo sengwe kana re tlhopha go apara ka mokgwa o o rileng? (b) Ke ka ntlha yang fa ditlhogo tsa malapa di tshwanetse go ela tlhoko tsela e ba malapa a tsone ba aparang ka yone?
17 Pele o dira tshwetso ya go reka seaparo sengwe, go botlhale gore o ipotse jaana: ‘Ke ka ntlha yang fa ke kgatlhwa ke mokgwa o se dirilweng ka one? A go na le mongwe yo o tumileng yo o itsegeng ka sone—mongwe yo ke mo ratang? A se aparwa ke segopa sengwe sa mo mebileng kana ke setlhopha se se rotloetsang moya wa boitaolo, moya wa botsuolodi?’ Gape re tshwanetse go sekaseka seaparo seo ka kelotlhoko thata. Fa e le gore ke mosese kana ke sekete, se boleele jo bo kae? Se segilwe jang? A ke seaparo se se tlotlegang se se tshwanelang se se nang le seriti kgotsa a se a go tsimpa, a se tsosa keletso ya tlhakanelodikobo mo go ba bangwe kana a se botlhaswa? Ipotse jaana, ‘A ke tla kgopisa ba bangwe fa ke se apara?’ (2 Bakorintha 6:3, 4) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ipotsa dipotso tseno? Ka gonne Baebele ya re: “Le Keresete tota o ne a se ka a iitumedisa.” (Baroma 15:3) Ditlhogo tsa malapa tsa Bakeresete di tshwanetse go ela tlhoko tsela e ba malapa a tsone ba aparang ka yone. Ditlhogo tsa malapa ga di a tshwanela go okaoka go naya ba malapa a tsone kgakololo e e gagametseng le e e lorato fa go tlhokega ka gonne ka go dira jalo, ba tla bo ba bontsha gore ba tlotla Modimo yo o galalelang yo ba mo obamelang.—Jakobe 3:13.
18. Ke eng se se go tlhotlheletsang go ela tlhoko tsela e o aparang le go ipaakanya ka yone?
18 Molaetsa o re o rerang o tswa kwa go Jehofa yo o nang le seriti le yo o boitshepo. (Isaia 6:3) Baebele e re rotloetsa go mo etsa “jaaka bana ba ba rategang.” (Baefeso 5:1) Tsela e re aparang le go ipaakanya ka yone e ka tlisetsa Rraarona wa selegodimo leina le lentle kgotsa le le bosula. Eleruri re batla go mo itumedisa!—Diane 27:11.
19. Re solegelwa molemo jang fa re itsise ba bangwe “dilo tse dikgolo tsa Modimo”?
19 O ikutlwa jang ka “dilo tse dikgolo tsa Modimo” tse o di ithutileng? Eleruri ke tshiamelo e kgolo tota go bo re ithutile boammaaruri! Maleo a rona a itshwaretswe ka gonne re dumela mo mading a a tsholotsweng a ga Jesu Keresete. (Ditiro 2:38) Ka ntlha ya moo, re na le kgololesego ya go bua fa pele ga Modimo. Ga re boife loso jaaka batho ba ba se nang tsholofelo. Go na le moo, Jesu o re solofeditse gore letsatsi lengwe ‘botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwa lentswe la gagwe mme ba tla tswa.’ (Johane 5:28, 29) Jehofa o re senoletse dilo tseno tsotlhe ka bopelonomi. Mo godimo ga moo, o re neile moya wa gagwe. Ka jalo go anaanela dimpho tseno tsotlhe tse di molemo go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re tlotle ditekanyetso tsa gagwe tse di kwa godimo le go mmaka ka tlhoafalo le go bolelela ba bangwe ka “dilo [tseno] tse dikgolo.”
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Fa Jehofa a ne a tlhoma Moshe le Arone gore ba buelele batho ba gagwe fa pele ga ga Faro, O ne a raya Moshe a re: “Ke go dirile Modimo mo go Faro, mme Arone morwarrago o tla nna moporofeti wa gago.” (Ekesodo 7:1) Arone e ne e le moporofeti e seng ka gonne a ne a bolelela isagwe pele mme ka gonne o ne a nna mmueledi wa ga Moshe.
b Go na le dimilione tsa batho ba ba iseng ba simolole go direla Jehofa ka tlhagafalo mo matšhutitšhuting a a neng a le gone kwa moketeng wa ngwaga le ngwaga wa Sejo sa Morena sa Maitseboa, o o neng o tshwerwe ka March 28, 2002. Re rapelela gore go ise go ye kae, dipelo tsa bontsi jono jo bo kgatlhegang di ba tlhotlheletse go gagamalela tshiamelo ya go nna baboledi ba dikgang tse di molemo.
c Le fa gone mafoko a ga Paulo a ne a lebisitswe kwa basading ba Bakeresete, melaometheo ya one e a dira mo banneng ba Bakeresete le mo basheng.
O Tla Araba Jang?
• Batho ba ne ba utlwa ka ‘dilo dife tse dikgolo’ ka Pentekosete ya 33 C.E., mme ba ne ba tsibogela seo jang?
• Motho o nna jang morutwa wa ga Jesu Keresete mme go nna morutwa go akaretsang?
• Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re ele tlhoko tsela e re aparang le go ipaakanya ka yone?
• Re tshwanetse go akanyetsa dilo dife fa re leka go bona gore a seaparo sengwe kana tsela e se segilweng ka yone e siame?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Petere o ne a itsise batho gore Jesu o ne a tsositswe mo baswing
[Ditshwantsho mo go tsebe 17]
A tsela e o aparang ka yone e tlisetsa Modimo yo o mo obamelang leina le lentle?
[Ditshwantsho mo go tsebe 18]
Batsadi ba Bakeresete ba tshwanetse go ela tlhoko tsela e ba malapa a bone ba aparang ka yone