Badisa, Etsang Badisa Ba Bagolo
“Keresete o ne a boga ka ntlha ya lona, a lo tlogelela sekao gore lo latele dikgato tsa gagwe gaufiufi.”—1 PET. 2:21.
1, 2. (a) Fa dinku di tlhokometswe sentle go nna le diphelelo dife? (b) Ke eng fa batho ba le bantsi ba mo motlheng wa ga Jesu ba ne ba tshwana le dinku tse di se nang modisa?
DINKU di gola sentle fa modisa a di tlhokomela. Go ya ka buka nngwe e e buang ka go rua dinku, “fa modisa a bontsha dinku mafulo fela, a bo a sa di tlhokomele, go ka direga gore mo dingwageng di le mmalwa, di lwale ka bontsi e bile di se ka tsa ata.” Le fa go ntse jalo, fa modisa a tlhokomela dinku tsa gagwe sentle, di tla itekanela.
2 Tsela e badisa ba letsomane la Modimo ba tlhokomelang nku nngwe le nngwe ka yone, e tla ama bomoya jwa phuthego yotlhe. O ka tswa o gakologelwa gore Jesu o ne a utlwela boidiidi jwa batho botlhoko ka gonne “ba ne ba sotlegile e bile ba gasame jaaka dinku tse di se nang modisa.” (Math. 9:36) Ke eng fa ba ne ba le mo maemong a a utlwisang botlhoko jalo? Ka gonne ba ba neng ba na le maikarabelo a go ruta batho Molao wa Modimo, ba ne ba ba tshwara makgwakgwa, ba batla gore batho ba dire dilo tse go leng thata go di dira e bile e ne e le baitimokanyi. Go na le gore baeteledipele ba semoya ba Iseraele ba thuse maloko a letsomane la bone le go a tlamela, ba ne ba ba rwesa “merwalo e e boima” mo magetleng.—Math. 23:4.
3. Bagolwane ba phuthego ba tshwanetse go nna ba akantse eng fa ba ntse ba diragatsa seabe sa bone sa go nna badisa ba semoya?
3 Gompieno badisa ba Bakeresete—bagolwane ba ba tlhomilweng—ba na le maikarabelo a a masisi. Letsomane le ba le tlhokometseng ke la ga Jehofa le Jesu yo o neng a ipitsa “modisa yo o molemo.” (Joh. 10:11) Dinku tseno di ‘rekilwe ka tlhwatlhwa’ e Jesu a e duetseng ka ‘madi a gagwe a a tlhokegang.’ (1 Bakor. 6:20; 1 Pet. 1:18, 19) O rata dinku thata jaana mo a neng a di ntshetsa botshelo jwa gagwe ka go rata. Bagolwane ba tshwanetse go nna ba gakologelwa gore ke badisa ba ba botlana mme ba okametswe ke Morwa Modimo yo o lorato e bong Jesu Keresete, “modisa yo mogolo wa dinku.”—Baheb. 13:20.
4. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?
4 Go lebeletswe gore badisa ba Bakeresete ba tshware dinku jang? Maloko a phuthego a rotloediwa gore a ‘utlwe ba ba etelelang pele’ mo gare ga bone. Ka fa letlhakoreng le lengwe, bagolwane ba Bakeresete ba kgothalediwa gore ba tile go “rena mo go ba e leng boswa jwa Modimo.” (Baheb. 13:17; bala 1 Petere 5:2, 3.) Ka jalo, bagolwane ba ba tlhomilweng ba ka etelela pele letsomane jang mme ba sa rene mo go lone? Kgotsa re ka re, bagolwane ba ka tlhokomela dinku jang ka se di se tlhokang mme ba sa ye ka kwa ga taolo e Modimo a e neileng balebedi?
“O TLA DI TSHOLA MO SEHUBENG SA GAGWE”
5. Papiso e e mo go Isaia 40:11 e re bontsha eng ka Jehofa?
5 Moporofeti Isaia o ne a bua jaana malebana le Jehofa: “O tla disa motlhape wa gagwe jaaka modisa. O tla phutha dikwanyana mmogo ka lebogo la gagwe; mme o tla di tshola mo sehubeng sa gagwe. Tse di amusang o tla di etelela pele ka tlhoko.” (Isa. 40:11) Papiso eno e bontsha gore Jehofa o amega ka se batho ba ba bokoa mo phuthegong ba se tlhokang. Fela jaaka modisa a lemoga se nku nngwe le nngwe mo letsomaneng e se tlhokang e bile a nna a iketleeditse go e thusa, Jehofa le ene o lemoga se ba ba mo phuthegong ba se tlhokang mme o itumelela go ba tlamela ka sone. Fela jaaka modisa a tshola dikwanyana tse di sa tswang go tsalwa mo seaparong sa gagwe fa go tlhokega, Jehofa—“Rara wa mautlwelobotlhoko a a manana”—o tla re thusa gore re fete mo dinakong tsa mathata. O tla re gomotsa fa re lebane le teko e kgolo kgotsa fa go na le sengwe se re se tlhokang.—2 Bakor. 1:3, 4.
6. E re ka mogolwane e le modisa wa semoya, a ka latela sekao sa ga Jehofa jang?
6 Ruri modisa wa semoya a ka ithuta thuto e e molemo tota mo go Rraarona yo o kwa legodimong! Fela jaaka Jehofa, le ene o tshwanetse go ela tlhoko se dinku di se tlhokang. Fa mogolwane a itse gore dinku di lebane le dikgwetlho dife le gore ke dilo dife tse di tlhokang gore di rarabololwe ka bonako, a ka kgona go di naya kgothatso e e tlhokegang le go di ema nokeng. (Dia. 27:23) Ga go pelaelo gore mogolwane o tshwanetse go buisana sentle le badumedimmogo le ene. Le fa gone a sa batle go itshunya nko mo matshelong a bone, o kgatlhegela se a se bonang le se a se utlwang mo phuthegong mme ka lorato o ipha nako ya go “thusa ba ba bokoa.”—Dit. 20:35; 1 Bathes. 4:11.
7. (a) Dinku tsa Modimo di ne di tshwerwe jang mo motlheng wa ga Esekiele le Jeremia? (b) Re ka ithuta eng mo katlholong e Jehofa a atlhotseng ka yone badisa ba semoya ba ba neng ba sa ikanyege?
7 Ela tlhoko gore badisa ba Modimo a neng a ba kgala ba ne ba itshwara jang. Mo metlheng ya ga Esekiele le Jeremia, Jehofa o ne a kgala ba ba neng ba tshwanetse go tlhokomela dinku tsa gagwe mme gone ba sa dire jalo ka tsela e e tshwanetseng. Fa go se ope yo o tlhokometseng dinku, di ne di jewa ke dibatana e bile di gasama. Go na le gore badisa bao ba fepe dinku, ba ne ba sa di tshware sentle mme ba ne ba “iphepa.” (Esek. 34:7-10; Jer. 23:1) Katlholo e Modimo a neng a atlhola badisa bao ka yone, e ka tshwanela baeteledipele ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete. Mme gape e bontsha kafa go leng botlhokwa ka gone gore bagolwane ba Bakeresete ba tlhokomele dinku tsa ga Jehofa ka tsela e e tshwanetseng ba bo ba di bontshe lorato.
“KE LO TLHOMETSE SEKAO”
8. Jesu o ne a tlhoma sekao sefe se se molemo sa go baakanya tsela e e phoso ya go leba dilo?
8 Ka gonne batho ba sa itekanela, dingwe tsa dinku tsa Modimo di ka nna bonya go tlhaloganya gore Jehofa o lebeletse eng mo go tsone. Di ka nna tsa palelwa ke go dira dilo go dumalana le kgakololo ya Dikwalo kgotsa di ka nna tsa dira dilo ka tsela e e bontshang gore ga di a gola semoyeng. Bagolwane ba tshwanetse go itshwara jang fa go ntse jalo? Ba tshwanetse go etsa bopelotelele jo Jesu a neng a bo bontsha barutwa ba gagwe, fa ba ne ba amegile thata ka gore ke mang mo go bone yo o neng a tla nna mogolo mo Bogosing. Go na le gore Jesu a ba felele pelo, o ne a tswelela a ba ruta le go ba gakolola ka lorato gore ba bontshe boikokobetso. (Luke 9:46-48; 22:24-27) Fa Jesu a ne a tlhapisa barutwa ba gagwe dinao, o ne a ba tlhomela sekao sa go ikokobetsa, e leng nonofo e bagolwane ba Bakeresete ba tshwanetseng go e bontsha.—Bala Johane 13:12-15; 1 Pet. 2:21.
9. Jesu o ne a kgothaletsa barutwa ba gagwe gore ba nne le boikutlo bofe?
9 Tsela e Jesu a neng a leba seabe sa go nna modisa wa semoya ka yone e ne e farologana le e Jakobe le Johane ba neng ba leba dilo ka yone. Baaposetoloi bano ba babedi ba ne ba batla go nna le maemo a a kwa godimo mo Bogosing. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a ba thusa gore ba lebe dilo sentle, ka go ba raya a re: “Lo a itse gore babusi ba ditšhaba ba rena mo go bone le banna ba bagolo ba dirisa taolo mo go bone. Ga go a nna jalo mo go lona; mme le fa e le mang yo o batlang go nna mogolo mo go lona o tshwanetse go nna modiredi wa lona.” (Math. 20:25, 26) Baaposetoloi ba ne ba tshwanetse go gana mokgwa wa go batla go “rena” mo go ba e leng badumedimmogo le bone kgotsa go nnela go ba laela mme bone ba sa dire sepe.
10. Jesu o batla gore bagolwane ba tshware letsomane jang, mme Paulo o ne a tlhoma sekao sefe mo kgannyeng eno?
10 Jesu o lebeletse gore bagolwane ba Bakeresete ba tshware letsomane ka tsela e ene a neng a le tshwara ka yone. Ba tshwanetse ba bo ba iketleeleditse go direla badumedimmogo le bone, e seng go rena mo go bone. Moaposetoloi Paulo o ne a le boikokobetso, ka gonne o ne a bolelela banna ba bagolwane ba phuthego ya Efeso jaana: “Lo itse sentle kafa go tswa letsatsing la ntlha le ke neng ka gata mo kgaolong ya Asia ka lone ke neng ke na le lona nako yotlhe ka gone, ke le motlhanka wa Morena ka mogopolo o o ikokobeditseng thata.” Moaposetoloi yono o ne a eletsa gore bagolwane bao ba thuse batho ba bangwe ka tlhoafalo e bile ba ikokobeditse. O ne a re: “Ke lo bontshitse mo dilong tsotlhe gore ka go dira ka natla jalo lo tshwanetse go thusa ba ba bokoa.” (Dit. 20:18, 19, 35) Paulo o ne a bolelela Bakorintha gore e ne e se mong wa tumelo ya bone. Go na le moo, e ne e le modirimmogo le bone yo o ikokobeditseng gore ba ipele. (2 Bakor. 1:24) Paulo o ne a tlhomela bagolwane ba gompieno sekao se se molemo sa go ikokobetsa le go dira ka natla.
‘TSHWARELELA KA NITAMO MO LEFOKONG LE LE IKANYEGANG’
11, 12. Mogolwane a ka thusa jang modumedimmogo le ene gore a dire tshwetso?
11 Mogolwane wa phuthego o tshwanetse go ‘tshwarelela ka nitamo mo lefokong le le ikanyegang malebana le botswerere jwa gagwe jwa go ruta.’ (Tito 1:9) Le fa go ntse jalo, o dira jalo ka “moya o o bonolo.” (Bagal. 6:1) Go na le gore modisa yo o molemo wa semoya a leke go pateletsa badumedimmogo le ene mo phuthegong gore ba itshware ka tsela e e rileng, o leka go ba thusa gore ba itirele tshwetso e e theilweng mo melaometheong ya Baebele. Mogolwane a ka nna a gatelela melaometheo ya Dikwalo e mokaulengwe a tshwanetseng go e akanyetsa fa a leka go dira tshwetso nngwe e e botlhokwa. A ka nna a tlotla le ene ka kgatiso nngwe e e buang ka kgang eo. Gape a ka mo rotloetsa gore a akanyetse kafa ditsela di le mmalwa tsa go dira sengwe di ka amang kamano ya gagwe le Jehofa ka gone. Mogolwane a ka nna a gatelela botlhokwa jwa gore motho a batle kaelo ya Modimo ka thapelo pele ga a dira tshwetso. (Dia. 3:5, 6) Fa mogolwane a sena go tlotla ka dikgang tseno le modumedimmogo le ene, o tshwanetse go mo letla gore a itirele tshwetso.—Bar. 14:1-4.
12 Taolo fela e balebedi ba Bakeresete ba nang le yone, ke e e tswang mo Dikwalong. Ka jalo, go botlhokwa thata gore ba dirise Baebele ka botswerere mme ba diragatse se e se buang. Seno se tla thusa bagolwane gore ba se ka ba dirisa taolo ya bone ka tsela e e sa siamang. Kana e bile, ke badisa ba ba botlana mme mongwe le mongwe mo phuthegong o tla ikarabelela mo go Jehofa le Jesu ka ditshwetso tse a di dirang.—Bagal. 6:5, 7, 8.
“DIKAO MO LETSOMANENG”
13, 14. Mogolwane o tshwanetse go tlhomela letsomane sekao mo dilong dife?
13 Fa moaposetoloi Petere a sena go gakolola banna ba bagolwane gore ba se ka ba ‘rena mo go ba ba beilweng mo taolong ya bone,’ o ne a ba rotloetsa gore ‘e nne dikao mo letsomaneng.’ (1 Pet. 5:3) Mogolwane a ka tlhomela letsomane sekao jang? Akanya ka ditshwanelego tse pedi tse monna a tshwanetseng go nna le tsone fa a “kgaratlhela tiro ya bolebedi.” O tshwanetse go nna motho yo o ‘itekanetseng sentle mo mogopolong’ mme a kgona go ‘okamela ba ntlo ya gagwe ka mokgwa o o molemo.’ Fa e le gore mogolwane o na le lelapa, o tshwanetse go le okamela ka tsela e e tlhomang sekao, ka gonne “eleruri fa monna mongwe a sa itse go okamela ba e leng ba ntlo ya gagwe, o tla tlhokomela jang phuthego ya Modimo?” (1 Tim. 3:1, 2, 4, 5) Gore monna a tshwanelege go nna molebedi, o tshwanetse a bo a na le mogopolo o o itekanetseng, a tlhaloganya sentle melaometheo ya Modimo mme a itse gore a ka e dirisa jang mo botshelong jwa gagwe. O ritibetse e bile ga a dire ditshwetso ka go phamoga fela. Fa batho mo phuthegong ba bona dinonofo tseno mo bagolwaneng, seo se dira gore ba ba ikanye.
14 Sengwe gape se bagolwane ba ka se dirang go tlhomela Bakeresetemmogo le bone sekao se se molemo, ke go etelela pele mo tirelong ya tshimo. Jesu o ne a tlhomela balebedi sekao mo ntlheng eno. Go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi, e ne e le sengwe se se botlhokwa thata mo go Jesu fa a ne a le mo lefatsheng. O ne a bontsha barutwa ba gagwe kafa tiro eno e tshwanetseng go dirwa ka gone. (Mar. 1:38; Luke 8:1) Mo motlheng wa rona, ruri go a kgothatsa gore baboledi ba rere mmogo le bagolwane, ba bone kafa bagolwane ba tlhagafetseng ka gone mo tirong eno e e bolokang matshelo mme ba ithute mo ditseleng tse ba rutang ka tsone! Fa balebedi ba tlhagafaletse go dirisa nako ya bone go rera dikgang tse di molemo le fa ba na le ditiro di le dintsi tse ba tshwanetseng go di dira, seo se kgothatsa phuthego yotlhe gore le yone e bontshe boikutlo jo bo ntseng jalo. Gape bagolwane ba ka tlhomela bakaulengwe ba bone sekao se se molemo ka go baakanyetsa dipokano tsa phuthego le go nna le seabe mo go tsone, le mo ditirong tse dingwe tse di jaaka go phepafatsa Holo ya Bogosi, le go e boloka e le mo maemong a a siameng.—Baef. 5:15, 16; bala Bahebera 13:7.
“TSHEGETSANG BA BA BOKOA”
15. Mangwe a mabaka a go bo bagolwane ba dira maeto a bodisa ke afe?
15 Modisa yo o molemo o nna bonako go thusa nku fa e gobetse kgotsa e lwala. Bagolwane le bone ba tshwanetse go nna bonako go thusa ope fela mo phuthegong yo o nang le mathata le yo o tlhokang thuso ya semoya. Batho ba ba tsofetseng le ba ba lwalang ba ka nna ba tlhoka go thusiwa ka dilo dingwe, mme gone, ba tlhoka thata thuso ya semoya le go kgothadiwa. (1 Bathes. 5:14) Basha mo phuthegong ba ka tswa ba lebana le dikgwetlho tse di jaaka go emelana le “dikeletso tse basha ba nang le tsone.” (2 Tim. 2:22) Ka jalo, go nna modisa go akaretsa go etela maloko a phuthego gangwe le gape, o ikemiseditse go tlhaloganya maemo a ba lebanang le one le go ba naya kgothatso e e tshwanetseng ya Dikwalo. Fa dikgang tse di ntseng jalo di rarabololwa ka bonako, mathata a le mantsi a ka baakanngwa pele ga a nna masisi.
16. Fa mongwe mo phuthegong a tlhoka thuso ya semoya, bagolwane ba ka mo thusa jang?
16 Go tweng fa e le gore go tlhaga bothata bongwe jo bo bakang gore bomoya jwa mongwe mo phuthegong bo nne mo kotsing? Mokwadi wa Baebele e bong Jakobe o ne a re: “A go na le motho yo o bobolang mo go lona? A a biletse banna ba bagolwane ba phuthego kwa go ene, mme a ba mo rapelele, ba mo tlotse ka leokwane ka leina la ga Jehofa. Mme thapelo ya tumelo e tla fodisa yo o bokoa, e bile Jehofa o tla mo kakatlolola. Gape, fa a dirile maleo, o tla a itshwarelwa.” (Jak. 5:14, 15) Tota le fa motho yo o lwalang semoyeng a sa ‘bitse banna ba bagolwane,’ ba tshwanetse go mo thusa ka bonako fa ba lemoga boemo jwa gagwe. Fa bagolwane ba rapela le bakaulengwe ba bone e bile ba ba rapelela le go ba ema nokeng ka dinako tsa mathata, ba a bo ba kgothatsa ba ba ba tlhokometseng le go ba lapolosa semoyeng.—Bala Isaia 32:1, 2.
17. Fa bagolwane ba etsa sekao sa “modisa yo mogolo,” go felela ka eng?
17 Mo go sotlhe se bagolwane ba Bakeresete ba se dirang mo phuthegong ya ga Jehofa, ba leka go etsa sekao sa “modisa yo mogolo” e bong Jesu Keresete. Fa banna ba ba nang le maikarabelo ba thusa phuthego semoyeng, e tswelela e gola thata. Mo go seno sotlhe, re leboga Modisa wa rona yo mogolo e bong Jehofa e bile re a mmaka.