Buka ya Bibela ya bo 54—1 Timotheo
Mokwadi: Paulo
Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Makedonia
Go Wediwa ga go E Kwala: mo e ka nnang ka 61-64 C.E.
1, 2. (a) Ke phapaang efe e e gone malebana le ditlhaloso tse di fitlhelwang mo go Ditihō kaga go nna mo kgolegelong ga ga Paulo le tse di fitlhelwang mo go Timotheo wa Bobedi? (b) Go bonala gore Timotheo wa Ntlha e ne ya kwalwa leng, mme ka ntlhayang?
POLELO ya ga Luke kaga botshelo jwa ga Paulo mo bukeng ya Ditihō e wela ka Paulo a le mo Roma a emetse phetolo kaga boikuelo jwa gagwe jo a bo isitseng kwa go Kaesare. Go bontshiwa fa Paulo a nna mo ntlong ya gagwe eo a e hirileng, a rerela botlhe ba ba tlang kwa go ene ka Bogosi jwa Modimo, mme a dira jalo “ka pelokgale yotlhe, go sena opè eo o mo itsañ.” (Dit. 28:30, 31) Mme mo lokwalong lwa gagwe lwa bobedi go Timotheo, Paulo o kwala ka go re: ‘Ke tshwere bothata ke ba ke tsena mo dikgoleng jaaka modiradibe,’ mme o bolela fa go swa ga gagwe go le gaufi. (2 Tim. 2:9; 4:6-8) A phetogo e kgolo jang ne! Mo lekgetlong la ntlha, o ne a tshwerwe jaaka legolegwa le le tlotlegang, mo go la bobedi, jaaka setlhobogwa. Go ne go diragetse eng gareng ga nako ya fa Luke a ne a akgela kaga seemo sa ga Paulo ka 61 C.E., kwa bokhutlong jwa dingwaga tse pedi a le mo Roma, le nako ya fa Paulo a ne a kwalela Timotheo kaga seemo sa gagwe, seo o tshwanetseng a bo a ne a kwala ka sone ka bokhutshwanyane fela pele ga loso lwa gagwe?
2 Bothata jwa go bolela gore dikwalo tse Paulo a neng a di kwalela Timotheo le Tito di ne tsa kwalwa ka nako efe ya ditiragalo tse buka ya Ditihō e buang ka tsone bo dirile gore baakgedi bangwe ba Bibela ba fetse ka gore Paulo o ne a atlega fa a ne a ikuela mo go Kaesare le gore o ne a gololwa mo e ka nnang ka 61 C.E. The New Westminster Dictionary of the Bible ya re: “Temana ya bofelo ya ga Ditihō e dumalana sentle le ntlha eno [ya gore Paulo o ne a gololwa mo botshwarong morago ga dingwaga tse pedi] go na le phopholetso ya gore go golegwa ga gagwe mo go bolelwang go ne ga khutla fa moaposetoloi yoo a ne a atlholwa a bo a bolawa. Luke o gatelela ntlha ya gore ga go na motho ope yo o neng a mo kgoreletsa mo tirong ya gagwe, ka go rialo a kaya tota gore bokhutlo jwa tiro ya gagwe bo ne bo se gaufi.”a Ka jalo he, Timotheo wa Ntlha e kwadilwe gareng ga nako ya go gololwa ga gagwe ga ntlha mo kgolegelong mo Roma le go latlhelwa ga gagwe mo kgolegelong ga bofelo fa a le koo, mo e ka nnang ka 61-64 C.E.
3, 4. (a) Fa Paulo a ne a gololwa mo kgolegelong, go bonala a ne a dira eng? (b) O ne a kwala Timotheo wa Ntlha a le kae?
3 Go bonala gore erile fa Paulo a gololwa mo kgolegelong, o ne a tsweledisa tiro ya gagwe ya borongwa gape a na le Timotheo le Tito. Gore a Paulo o ne a ba a fitlha kwa Spain, jaaka batho bangwe ba akanya, ga go tlhomamisege. Clement wa Roma o ne a kwala (mo e ka nnang ka 95 C.E.) gore Paulo o ne a tla “kwa B[ophirima] jo bo kgakala,” joo bo ka tswang bo ne bo akaretsa le Spain.b
4 Paulo o ne a kwalela lokwalo lwa gagwe lwa ntlha go Timotheo a le kae? 1 Timotheo 1:3 e bontsha gore Paulo o ne a rulaganyetsa gore Timotheo a tlhokomele dikgang dingwe tsa phuthego mo Efeso fa ene a ne a ya kwa Makedonia. Go bonala gore e rile a tswa koo a feta a kwalela Timotheo lokwalo kwa a tswang teng kwa Efeso.
5. Go na le bosupi bofe jwa gore dikwalo tsa Timotheo di boammaaruri?
5 Dikwalo tse pedi tsa Timotheo ga di bolo go nna di dumelwa go tswa metlheng ya bogologolo gore di kwadilwe ke Paulo le gore ke karolo ya Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng. Bakwadi ba ntlha ba Bakeresete, go akaretsa le Polycarp, Ignatius, le Clement wa Roma, ba dumalana botlhe mo go seno, mme dikwalo tseno di gareng ga tlhatlhamano ya dikwalo tsa makgolo a ntlha a dingwaga gore ke mekwalo ya ga Paulo. Mokwadi mongwe o kwala ka go re: “Go na le mekwalo e sekae fela mo T[esetamenteng] e N[tšha] eo e nang le bosupi jo bo nonofileng jalo . . . Ka jalo go tshwanetswe ga tsewa gore dipolelo tse di ganetsang gore di boammaaruri ke diphetogo tse disha tseo di sa tsamaisaneng le bosupi jo bo nonofileng jwa kereke ya bogologolo.”c
6. (a) Paulo o ne a kwala Timotheo wa Ntlha ka baka la mabaka afe a le mmalwa? (b) Timotheo o ne a tshedile tlase ga maemo afe, mme ke eng se se bontshang gore o ne a le modiri yo o nonofileng?
6 Paulo o ne a kwalela Timotheo lokwalo lono lwa ntlha e le gore a tle a phepafatse ditsamaiso dingwe tsa phuthego mo phuthegong eo. Gape go ne go tlhokega gore a tlhagise Timotheo gore a nne a itisitse kgatlhanong le dithuto tsa maaka a bo a nonotshe bakaulengwe gore ba ganane le ‘kitso eo ya maaka.’ (1 Tim. 6:20) Motsemogolo oo wa kgwebo eleng wa Efeso gape o ne o ka raela batho gore ba rate dilo tse di bonalang le “go rata madi,” mme ka jalo e ne e le nako ya gore a ba gakolole le ka seno gape. (6:10) Eleruri Timotheo o ne a nnile le boitemogelo jo bo molemo le katiso tseo a neng a ka di dirisa mo tirong eno. Rraagwe e ne e le Mogerika mme mmaagwe ene e ne e le Mojuda yo o boifang Modimo. Ga go itsiwe sentle gore Timotheo o ne a kopana jang lantlha le Bokeresete. Fa Paulo a ne a etela Lusetera ka loeto lwa gagwe lwa bobedi lwa borongwa, mo e neng e ka nna kwa bofelong jwa 49 C.E. kana mo tshimologong ya 50 C.E., Timotheo (yo gongwe a neng a le mo dingwageng tsa bofelo tsa bolesome kana a simolola dingwaga tsa bo 20) o ne a setse a “bolèlwa ka molemō ke bakauleñwe ba ba mo Lusetera le mo Ikonio.” Jalo Paulo o ne a rulaganyetsa gore Timotheo a tsamaye le Silase le ene. (Dit. 16:1-3) Timotheo o umakiwa ka leina mo dikwalong tse 11 tsa tse 14 tsa ga Paulo mmogo le mo bukeng ya Ditihō. Ka metlha Paulo o ne a mo tlhokomela jaaka rraagwe mme ka makgetlo a le mmalwa o ne a mo roma gore a etele diphuthego tse di farologaneng a bo a ye go di direla—seo e leng bosupi jwa gore Timotheo o ne a dira tiro e e molemo jaaka morongwa le gore o ne a tshwanelega go dirisana le maikarabelo a a boima.—1 Tim. 1:2; 5:23; 1 Bathes. 3:2; Bafil. 2:19.
SEO SE LENG MO GO TIMOTHEO WA NTLHA
7. Ke ka ntlhayang fa Paulo a kgothaletsa Timotheo go nna mo Efeso?
7 Go kgothalediwa tumelo le segakolodi se se molemo (1:1-20). Morago ga a sena go dumedisa Timotheo “ñwanake rure mo tumeloñ,” Paulo o mo kgothaletsa gore a nne mo Efeso. O tshwanetse go tlhamalatsa bao ba rutang “thutō e sele,” eo e dirang gore go bodiwe dipotso tse di senang mosola go na le go bontsha tumelo. Paulo o bolela gore boikaelelo jwa taolo eno ke “loratō lo lo cwañ mo peduñ e e itshekileñ, le segakolodi se se molemō, le tumèlō e e senañ boitimokanyō.” O oketsa ka go re: “E le dilō tse bañwe ba e rileñ ba sena go di hosa ba hapogèla kwa go bueñ boithamakō.”—1:2, 3, 5, 6.
8. Ke eng se se gatelelwang ke kutlwelobotlhoko e e neng ya bontshiwa ke Paulo, mme o kgothaletsa Timotheo go tlhabana ntwa efe e e molemo?
8 Lemororo Paulo pele a ne a le motlhapatsi wa Modimo ebile a le mmogisi, lefa go ntse jalo, bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa Morena bo ne jwa “tota thata ka tumèlō le loratō lo lo mo go Keresete Yesu,” mo a neng a bontshiwa kutlwelobotlhoko. O ne a gaisa baleofi botlhe ka bosula; mme ka gone o ne a nna sesupo sa bopelotelele jwa ga Keresete Jesu, yoo “o [neng] a tla mo lehatshiñ go boloka baleohi.” Abo Kgosi eno ya bosakhutleng e tshwanelwa ke go newa tlotlo le kgalalelo ka bosakhutleng jang ne! Paulo o laolela Timotheo gore a tlhabane ntwa e e molemo a “tshegeditse tumèlō le segakolodi se se molemō.” Gaa tshwanela go tshwana le bao ba ileng ba “senyèga kaga tumèlō,” ba ba tshwanang le Humenaio le Alekesandere, bao Paulo a ileng a ba otlhaya ka baka la go tlhapatsa Modimo ga bone.—1:14, 15, 19.
9. (a) Ke bomang ba ba tshwanetseng go rapelelwa, mme ka ntlhayang? (b) Ga tweng ka basadi ba ba mo phuthegong?
9 Ditao tse di malebana le kobamelo le thulaganyo mo phuthegong (2:1–6:2). Batho ba mefuta yotlhe ba tshwanetse go rapelelwa, go akaretsa le ba maemo a a kwa godimo, e le gore Bakeresete ba ke ba tshele ka kagiso mo poifomodimong. Thato ya Modimo, Mmoloki, ke gore “batho botlhe ba kè ba bolokwè, me ba hitlhè mo kicoñ ea boamarure. Gonne go Modimo o le moñwe hèla, go bile go motsereganyi le èna a le moñwe hèla ha gare ga Modimo le batho, motho ka èsi, Keresete Yesu, eo o intshitseñ go nna thèkololō ea botlhe.” (2:4-6) Paulo o ne a ile a tlhomiwa go nna moaposetoloi le morutisi wa dilo tseno. Jalo o laela banna gore ba rapele ka boikanyegi le basadi gore ba apare ka bori le jaaka ba ba nang le tlhaloganyo, jaaka go tshwanela bao ba tlotlang Modimo. Mosadi o tshwanetse go ithuta ka tidimalo mme a seka a laola monna wa gagwe, “gonne Adame o bopilwe pele, me Efe kwa moragō.”—2:13.
10. Ditshwanelego tsa balebedi le batlhanka ba bodihedi ke dife, mme ke ka ntlhayang fa Paulo a kwala dilo tseno?
10 Monna yo o lekelang go nna molebedi o eletsa tiro e e molemo. Go tswa foo Paulo o thathamisa ditshwanelego tsa balebedi le batlhanka ba bodihedi. Molebedi o tshwanetse go bo a le motho yo “o senañ mokgōbō, e le monna eo mosadi a le moñwe hèla, a ikgapile, a le mogopolō o o lekalekanyeñ, a le mokgwa montlè, e le eo o cholañ batho sentlè, a itse go ruta; A se borumolañ, a se moitei: me a le bonōlō, a se segagapa, a se morati oa go huma madi; A itse go laola ntlo ea gagwè sentlè, bana ba gagwè ba mo utlwa ka tshisimogō eotlhe . . . , A se mosha, . . . Gapè o chwanetse go bolèlwa ka molemō ke ba ba kwa ntlè.” (3:2-7) Batlhanka ba bodihedi le bone go tlhokega gore e bo e le batho ba mofuta o o tshwanang, mme ba tshwanetse go lekwa pele gore a ba tshwanelega go ka direla jalo. Paulo o kwala dilo tseno e le gore Timotheo a tle a itse kafa o tshwanetseng go itshwara ka gone mo phuthegong ya Modimo, eo e leng “lekotwana le setshegeco sa boamarure.”—3:15.
11. (a) Ke mathata afe ao a tla nnang gone moragonyana? (b) Timotheo o tshwanetse go tlhokomela eng, mme ka ntlhayang?
11 Mo metlheng ya moragonyana batho bangwe ba tla wa mo tumelong ka baka la thuto ya badimona. Banna ba ba itimokanyang ba ba buang maaka ba tla itsa batho bangwe go nyala ba bo ba ba iletse go ja dijo dingwe tseo Modimo o di dirileng gore di jewe ka ditebogo. Jaaka modihedi yo o molemo, Timotheo o tshwanetse go gana dipolelo tsa maaka le ‘dikinane tsa basadibagolo.’ Mo letlhakoreng le lengwe, o tshwanetse go bo a ithapisetsa go fitlhelela mokgele wa go nna le poifomodimo. Paulo a re, “Rea diha e bile rea leka ka ntlha ea gōna mouō, ka gonne re na le cholohèlō ea rona e tlhomilwe mo Modimoñ o o tshedileñ, o e leñ Mmoloki oa batho botlhe, bogolo oa bōnè ba ba dumèlañ.” Ka jalo Timotheo o tshwanetse go tswelela a ntse a bolela ditaolo tseno le go di ruta. O tshwanetse go dira gore go seka ga nna motho ope yo o mo lebelang kwa tlase ka baka la bosha jwa gagwe mme, phapaanong le seo, o tshwanetse go nna sekao mo boitshwarong le mo tirelong ya Modimo. O tshwanetse go nwetsa mogopolo wa gagwe mo dilong tseno a bo a itlhokomele mme a tlhokomele le go ruta ga gagwe, ka gonne fa a nnela ruri mo dilong tseno, o tla ‘ipoloka a bo a boloka bao ba mo reetsang.’—4:7, 10, 16.
12. Ke kgakololo efe e e newang kaga go dirisana le batlholagadi le ba bangwe mo phuthegong?
12 Paulo o gakolola Timotheo kaga kafa a tshwanetseng go dirisana le batho ba ba farologaneng ka gone: bannabagolo jaaka borraagwe, makawana jaaka barwarraagwe, basadibagolo jaaka bommaagwe, makgarebe jaaka bokgaitsadie. Bao e leng batlholagadi tota ba tshwanetse go tlhokomelwa ka mo go tshwanetseng. Lefa go ntse jalo, balelapa la motlholagadi ba tshwanetse go mo tlhokomela fa go kgonega. Fa motho a ka palelwa mo ntlheng eno o tla bo a itatotse tumelo. Fa motlholagadi a na le bobotlana dingwaga di le 60, o tshwanetse go kwadisiwa fa “a bolèlwa sentlè ka ditihō tse di molemō.” (5:10) Mo letlhakoreng le lengwe, batlholagadi ba ba santseng ba le basha, bao ba letlelelang maikutlo a bone a tlhakanelodikobo gore a ba laole, ga baa tshwanelwa go kwadisiwa. Go na le gore ba tlhole ba kgarakgatshega ba bile ba seba, a ba lesiwe ba nyalwe ba bo ba tshole bana, e le gore ba tle ba seka ba kgonwa ke mmaba ka gope.
13. Bannabagolo ba tshwanetse go bontshiwa tlotlo jang, go tshwanetswe ga dirisanngwa jang le batho ba ba dirang boleo, mme batlhanka ba na le boikarabelo bofe?
13 Bannabagolo ba ba okamelang ka tsela e e molemo ba tshwanetse ba tsewa e le ba ba tshwanelwang ke tlotlo sebedi, “bogolo ba ba dihañ mo lehokuñ le mo go ruteñ.” (5:17) Ga go a tshwanelwa ga dumelwa go latofadiwa ga monnamogolo kwantle ga fa go na le basupi ba le babedi kana ba le bararo. Batho bao ba tlwaetseng go dira boleo ba tshwanetse go kgalemelwa fa pele ga botlhe ba ba ba boneng, mme ga go na ope yo o tshwanetseng go atlholelwa pele kana yo o tshwanetsweng go mmampediwa mo dilong tseno. Batlhanka ba tshwanetse go tlotla beng ba bone, ba dira tiro e e molemo, segolobogolo go bakaulengwe ba bone, bao e leng “badumedi le baratwi.”—6:2.
14. Paulo a reng kaga boikgogomoso le go rata madi malebana le “poihōmodimo e e nañ le pelo e e ritibetseñ”?
14 Kgakololo mabapi le “poihōmodimo e e nañ le pelo e e ritibetseñ” (6:3-21). Monna yo o sa dumeleng mafoko a a tshedileng o ikgogomositse ebile o kgweleantswe ke dipotso, tseo di gogelang kwa goreng batho ba tatalalane ka dilo tse e seng tsa sepe. Mo letlhakoreng le lengwe, “poihōmodimo e e nañ le pelo e e ritibetseñ” ke papadi e kgolo. Motho o tshwanetse go kgotsofalela dijo le diaparo. Fa motho a ikemiseditse go huma o tla wela mo serung se se mo gogelang kwa tshenyegong, mme go rata madi ke “mocwe oa mashula mañwe le mañwe aotlhe.” Paulo o kgothaletsa Timotheo, jaaka monna wa Modimo, gore a tshabe dilo tseno, gore a gagamalele dilo tse di mosola tsa Bokeresete, a tlhabane ntwa e e molemo ya tumelo, a bo a “chwarè botshelō yo bo sa khutleñ.” (6:6, 10, 12) O tshwanetse go tshegetsa taolo eo “ka mo go senañ selabe, le ka mo go senañ mokgōbō” go fitlha ka nako ya go bonala ga Morena Jesu Keresete. Bao ba humileng ba tshwanetse gore “ba se ka ba . . . sholohèla mo bosenañtlhōmamō yoa khumō, ha e se mo Modimoñ hèla,” e le gore ba tle ba tshware botshelo jo e leng jwa mmatota. Paulo, fa a digela, o kgothaletsa Timotheo gore a dibele boikarabelo jo a bo neetsweng jwa dithuto tsa motheo mme a gane dipuo tse di leswefatsang le “dikganetsanyō tsa e e bidiwañ kicō, mme e se eōna.”—6:14, 17, 20.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
15. Ke tlhagiso efe e e fiwang kaga diphopholetso le dikgang?
15 Lokwalo lono lo tlhagisa bao ba itshwenyang ka diphopholetso tse e seng tsa boammaaruri le dikgang tsa botlhajana. “Dikganetsanyō tsa mahoko” di tsamaisana le boikgogomoso mme di tshwanetse go tilwa, ka gonne Paulo o re bolelela gore di kgoreletsa kgolo ya Bokeresete, di baka “dikgañ hèla, bogolo go go tlhotlheletsa tihèlō ea Modimo e e emeñ mo tumeloñ.” (6:3-6; 1:4) Mmogo le ditiro tsa nama, dikganetsano tseno di ‘tlhabana le thuto e e itekanetseng go ya ka mafoko a a molemo a Modimo o o itumetseng.’—1:10, 11.
16. Paulo o ne a fa kgakololo efe kaga go rata dilo tse di bonalang?
16 Go lebega fa Bakeresete ba motse wa Efeso o batho ba one ba neng ba rata madi ba ne ba tlhoka go fiwa kgakololo ya gore ba tlhabantshane le go rata dilo tse di bonalang le dilo tse di itayang tsebe tsa gone. Paulo o ne a fa kgakololo eo. Ka nako le nako batho ba lefatshe ba ile ba nna ba bua mafoko a gagwe a a reng, ‘Go rata madi ke modi wa masula otlhe,’ mme a bo e le batho ba sekae fela ba ba tlhwaelang tsebe mafoko ao! Phapaanong le seo, Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go tlhwaela kgakololo eno tsebe ka dinako tsotlhe. E raya botshelo mo go bone. Ba tlhoka gore ba tshabe seru se se utlwisang botlhoko sa go rata dilo tse di bonalang, ba tlhoma tsholofelo ya bone, eseng mo “bosenañtlhōmamō yoa khumō, ha e se mo Modimoñ hèla, o o re naeañ dilō cotlhe ka letlōtlō, gore re di yè monate.”—6:6-12, 17-19.
17. Ke kgakololo efe e e neng ya newa Timotheo eo e tshwanetseng badihedi botlhe ba ba saleng basha gompieno?
17 Lokwalo lwa ga Paulo lo bontsha gore Timotheo ka boene o ne a le sekao se se molemo sa seo Mokeresete o tshwanetseng go nna sone. Lemororo a ne a le mmotlana ka dingwaga fa a ne a bapisiwa le ba bangwe, o ne a tiile semoyeng. O ne a gatetse pele go tshwanelega jaaka molebedi mme o ne a segofadiwa thata ka ditshiamelo tseo a neng a di ipelela. Mme fela jaaka badihedi botlhe ba ba tlhaga ba ba santseng ba le babotlana gompieno, o ne a tlhoka gore ka metlha a nne a akanye ka dilo tseno le go nwetsa mogopolo wa gagwe mo go tsone e le gore a tle a nne a tswele pele. Kgakololo ya ga Paulo go botlhe bao ba batlang go nna ba itumetse fa ba ntse ba tsweletse pele mo Bokereseteng eleruri e botlhokwa: “U ipōnè, u bo u bōnè le go ruta ga gago. U nnèlè rure mo diloñ tse; gonne ka go diha yalo u tla bo u ipoloka u ba u boloka ba ba gu utlwañ.”—4:15, 16.
18. Ke dithulaganyo dife tsa phuthego tsa thulaganyo e e siameng tse di phepafadiwang ka botlalo, mme Paulo o dirisa Dikwalo tsa Sehebera jang go tshegetsa se a se buang?
18 Lokwalo lo lo tlhotlheleditsweng lono lo dira gore re anaanele dithulaganyo tsa Modimo tse di rulaganyeng sentle. Le bontsha kafa banna le basadi ka bobedi ba ka dirang karolo ya bone mo go bolokeng thulaganyo ya bolegodimo mo phuthegong. (2:8-15) Mme go tswa foo e tswelela e bua ka ditshwanelego tsa balebedi le batlhanka ba bodihedi. Ka gone moya o o boitshepo o supa ditshwanelego tse bao ba direlang mo maemong a a kgethegileng ba tshwanetseng go nna natso. Gape lokwalo lono lo kgothaletsa badihedi botlhe ba ba ineetseng gore ba fitlhelele ditekanyetso tseno, ka go re: “Ha motho a senka boèmō yoa mookami oa phuthègō, o eletsa tihō e e molemō.” (3:1-13) Go tlotliwa ka botlalo kaga boikutlo jo molebedi a tshwanetseng go nna le jone tebang le batho ba dingwaga tse di farologaneng le bong mo phuthegong le tsela eo go ka dirisanngwang ka yone le batho ba ba latofadiwang fa pele ga basupi. Fa Paulo a gatelela gore bannabagolo ba ba dirang ka thata mo go bueng le mo go ruteng ba tshwanetswe ke tlotlo sebedi, o tsopola gabedi mo Dikwalong tsa Sehebera go tshegetsa kgang ya gagwe a re: “Gonne lokwalō loa re, U se ka ua bōha kgomo molomo ha e photha mabèlè. Gapè, loa re, Modihi o chwanecwe ke maduō a gagwè.”—1 Tim. 5:1-3, 9, 10, 19-21, 17, 18; Dute. 25:4; Lefi. 19:13.
19. Tsholofelo ya Bogosi e tlotlomadiwa jang, mme ke kgothatso efe e e neelwang mo motheong ono?
19 Morago ga a sena go neela kgakololo eno yotlhe ya gagwe e e molemo, Paulo o oketsa ka gore taolo eo e tshwanetse go tshegediwa ka tsela e e senang selabe le e e senang mokgobo ‘go fitlha ka go bonala ga Morena Jesu Keresete jaaka Kgosi ya bao ba busang jaaka dikgosi le Morena wa bao ba busang jaaka barena.’ Mo motheong wa tsholofelo eno ya Bogosi, lokwalo lono lo digela lo kgothatsa Bakeresete ka maatla gore ‘ba dire se se molemo, ba hume ditiro tse di molemo, ba iketleeletse go aba, ba itumelele go abalana, ba ntse ba ipeelela motlha o o tlang motheo o o molemo, gore ba tle ba tshware botshelo jo e leng botshelo ruri.’ (1 Tim. 6:14, 15, 18, 19) Eleruri tao yotlhe e e molemo ya Timotheo wa Ntlha e na le mosola tota!
[Dintlha tse di kwa tlase]
a 1970, e e kwadilweng ke H. S. Gehman, tsebe 721.
b The Ante-Nicene Fathers, Bol. I, tsebe 6, “The First Epistle of Clement to the Corinthians,” kgao. V.
c New Bible Dictionary, tokololo ya bobedi, 1986, e e kwadilweng ke J. D. Douglas, tsebe 1203.