“Lokwalo Longwe le Longwe lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile lo Mosola”
1. Bibela e tlhaola jang Mokwadi wa yone, mme ke kitso ya mofuta ofe eo Dikwalo di e neelang?
“LOKWALO longwe le longwe lo tlhotlheleditswe ke Modimo.” Mafoko ano a a mo go 2 Timotheo 3:16 (NW) a tlhaola Modimo, yo leina la gagwe eleng Jehofa, gore ke Ene yo o kwadileng Dikwalo tse di Boitshepo le go di tlhotlheletsa. Abo Dikwalo tseno tse di tlhotlheleditsweng di ipedisa ka tsela e e kgotsofatsang jang ne! Abo di re tlamela ka letlotlo le le gakgamatsang jang ne la kitso ya boammaaruri! Eleruri ke “kicō ea Modimo” eo batho ba ba ratang tshiamo ba sa bolong go batlana le yone le go e anaanela thata go ralala dingwaga tsotlhe.—Dia. 2:5.
2. Moshe, Dafide, le Solomone ba ne ba bontsha jang kafa botlhale jwa bomodimo bo leng botlhokwa ka gone?
2 Mongwe wa batho bano bao ba neng ba batla kitso e ne e le Moshe, yo e neng e le moeteledipele yo o bonalang wa morafe wa Modimo eleng Iseraele ebile e le ene a o rulaganyang, yo o neng a bolela gore thuto ya Modimo e ne e lapolosa fela “yaka monyō; yaka pula ea medupe mo loremeñ, le yaka pula ea maebana mo morogoñ.” Mme morago go bo go latela Dafide, yoo e neng e le motlhabani wa senatla le yo a neng a tshegetsa leina la ga Jehofa, yo o neng a rapela jaana: “Nthuta tsela ea gago, Yehofa; ke tla tsamaea mo boamarureñ yoa gago.” Go bo go latela Solomone yo o neng a rata kagiso, eleng ene yo o neng a aga nngwe ya dikago tseo di neng di galalela thata go di gaisa tsotlhe tseo di kileng tsa nna gone mo lefatsheng leno, eleng ntlo ya ga Jehofa kwa Jerusalema, yo o ne a bontsha kafa botlhale jwa bomodimo bo leng botlhokwa ka gone ka mafoko ano: “Tlhōtlhwa ea yōna e gaisa tlhōtlhwa ea selefera, le papadi ea yōna e gaisa papadi ea gouda e e itshekileñ. O tlhōkèga bogolo go diperela me mo diloñ cotlhe tse u ka di eletsañ ga go na sepè se se ka chwantshiwañ naè.”—Dute. 32:2; Pes. 86:11; Dia. 3:14, 15.
3. Jesu mmogo le Modimo ka namana ba bontsha jang kafa lefoko la Modimo le leng botlhokwa ka gone?
3 Jesu, eleng Morwa wa Modimo, o ne a tsaya lefoko la Modimo jaaka selo se se botlhokwa go gaisa sengwe le sengwe, mme o ne a bolela jaana, “Lehoko ya gago ke boamarure.” O ne a bolelela balatedi ba gagwe jaana: “Ha lo nna mo lehokuñ ya me, hoñ lo bo lo le barutwa ba me rure; Me lo tla itse boamarure, me boamarure bo tla lo golola.” (Yoh. 17:17; 8:31, 32) Lefoko leno le Jesu a le amogetseng go tswa mo go Rraagwe le maatla ruri. Ke lefoko la Modimo. Morago ga loso lwa gagwe le go tsoga ga gagwe le morago ga a sena go tlhatlogela kwa seatleng sa moja sa ga Jehofa ka sebele kwa magodimong, Jesu o ne a senola lefoko la ga Rraagwe go ya pele, go akaretsa le go tlhalosa ditshegofatso tsa Modimo ka tsela e e kgatlhisang tseo a tlileng go segofatsa setho ka tsone mo lefatsheng la Paradaise. Morago ga moo, Modimo o ne wa laela moaposetoloi Johane jaana: “Kwala: gonne mahoko a, a boikañō, le boamarure.” Mafoko otlhe a Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng a “boikañō, le boamarure,” a tlisetsa bao ba a reetsang melemo e e seng kana ka sepe.—Tshen. 21:5.
4. Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng di mosola mo go eng?
4 Melemo eno e tla jang? Polelo yotlhe e e neng ya bolelwa ke moaposetoloi Paulo mo go 2 Timotheo 3:16, 17 e re neela karabo: “Lokwalo loñwe le loñwe lo [kwadilwe] ka tlhotlheleco ea Modimo, lo bile lo molemō go ruta, le go kgalemèla, le go shokolola, le go kaèla ka tshiamō: Gore motho oa Modimo a tlè a nnè boitèkanèlō, a iketleeleletse rure tihō ñwe le ñwe e e molemō.” Ka gone, Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng di mosola go ruta thuto e e tshwanetseng le boitshwaro jo bo tshwanetseng, go tlhamalatsa dilo mo megopolong ya rona le mo matshelong a rona, le go re kgalemela le go re otlhaya e le gore re ke re sepele ka boikokobetso mo boammaaruring le mo tshiamong. Fa re ineela mo go seo Lefoko la Modimo le se rutang, seo se ka dira gore re fetoge “badihi mmōgō le Modimo.” (1 Bakor. 3:9) Ga go na tshiamelo epe mo lefatsheng gompieno e e leng kgolo go gaisa ya fa motho a tshwaregile mo tirong ya Modimo jaaka ‘motho wa Modimo yo o boitekanelo le yo o iketleeleditseng ruri.’
MOTHEO O O NONOFILENG WA TUMELO
5. Tumelo ke eng, mme ke ka tsela efe fela eo e ka bonwang ka yone?
5 Gore motho e nne modiri mmogo le Modimo, go tlhokafala gore a nne le tumelo. Tumelo ga e a tshwanela go tlhakatlhakanngwa le bodumelagotlhe joo bo anameng thata jaana gompieno. Batho ba le bantsi ba akanya gore mofuta lefa e ka nna ofe fela wa tumelo—e ka nna wa go dumela mo makokong, mo goreng dilo di itlhageletse, kana mo botlhajaneng jwa batho—o siame. Lefa go ntse jalo, motho wa Modimo o tshwanetse go “tshegetsa sekaō sa mahoko a a tshedileñ, . . . mo tumeloñ le mo loratoñ lo lo mo go Keresete Yesu.” (2 Tim. 1:13) Tumelo ya gagwe e tshwanetse ya nna ya mmatota le e e tshedileng, ka gonne “tumèlō ke go ikanya kaga dilō tse di sholohèlwañ, ke tlhōmamishō kaga dilō tse di sa bonweñ.” E tshwanetse ya theiwa mo go dumeleng ka tlhomamo mo Modimong le mo dilong tseo a tlileng go duela bao ba mo kgatlhang ka tsone. (Baheb. 11:1, 6) Tumelo eno e ka bonwa fela ka go ithuta Lefoko la Modimo, eleng Bibela, ka tlhoafalo. E theilwe mo go rateng Bibela le Modimo wa Bibela, ebong Jehofa, le Morwawe, ebong Jesu Keresete, ka lorato lo lo boteng. Go na le tumelo e e ntseng jalo e e tshedileng e le nngwe fela, fela jaaka fa go na le Morena a le mongwe fela, ebong Jesu Keresete, le Modimo o le mongwe fela yo eleng Rara wa botlhe, ebong Jehofa.—Baef. 4:5, 6.
6. Tumelo ya boammaaruri ke ya mofuta ofe?
6 Re tshwanetse go itse gore Lefoko la Modimo ke eng le gore le tswa kae mmogo le gore le kwadilwe ke mang le gore boikaelelo jwa lone ke eng le maatla a lone a go tlisa tshiamo. Fa re nna le kanaanelo mo molaetseng wa yone o o galalelang, seo se tla dira gore re nne le tumelo. Mo godimo ga moo, re tla simolola go rata Bibela mmogo le Mokwadi wa yone thata mo eleng gore ga go na sepe se le ka motlha se tla koafatsang tumelo eo le lorato loo. Dikwalo, go akaretsa le seo se boletsweng ke Jesu Keresete, ke tsone tse di agang motheo o o tlhomameng wa tumelo. Tumelo ya boammaaruri e tla nna ya mofuta oo eleng gore e tla itsetsepela kgatlhanong le teko le thaelo e e matlho mahibidu, dipogiso, le mekgwa ya go rata dilo tse di bonalang le matlhajana a batho ba ba boikepo. E tla fenya ka tsela e e galalelang go ya go fitlha fela kwa lefatsheng le lesha la Modimo la tshiamo. “E ke eōna phenyo e e henyañ lehatshe, eboñ tumèlō ea rona.”—1 Yoh. 5:4.
7. Ke maduo afe a a nnang gone fa o bona botlhale jwa Bibela?
7 Gore re ke re nne le tumelo le go e ngaparela, re tshwanetse ra dira ka natla gore re age lorato le kanaanelo mo Lefokong la Modimo, eleng Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng. Dikwalo ke mpho ya Modimo e go senang epe e e ka bapisiwang le yone eo a e fileng setho, ke mabolokelo a mahumo a semoya a yoo botlhale jwa gagwe bo leng boteng ka tsela eo go senang ope yo o ka e tlhaloganyang le yoo maatla a gagwe a go sedimosetsa le go rotloetsa go dira tshiamo a fetang otlhe a dibuka tsotlhe tse dingwe tse di kileng tsa kwalwa. Fa re ntse re fata gore re bapale kitso ya Lefoko la Modimo, seo se tla re tlhotlheletsa gore re kgane jaana le moaposetoloi Paulo: “A boteñ yoa khumō, le yoa botlhale, le yoa kicō ea Modimo!” Go itse Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng mmogo le Mokwadi wa tsone ke go tsena mo tseleng ya boipelo jo bosakhutleng le boitumelo.—Bar. 11:33; Pes. 16:11.
JEHOFA—MODIMO O O KGONANG GO NNA LE PUISANO
8. (a) Ke ka ntlhayang fa re ka lebogela go bo Jehofa e le Modimo o o kgonang go nna le puisano? (b) O farologana ka tsela efe le medimo ya badimona?
8 Fa Dafide a ne a bua malebana le kafa leina la ga Jehofa le galalelang ka gone, o ne a kgana jaana: “U mogolo, me u diha ditihō tse di gakgamatsañ: U Modimo o osi.” (Pes. 86:10) Go na le dilo di le dintsi tse di “gakgamatsañ” tseo Jehofa a di diretseng setho mo lefatsheng, mme nngwe ya tsone ke go buisana le bone ka Lefoko la gagwe. Ee, Jehofa ke Modimo o o kgonang go nna le puisano, Modimo o o ntshang mafatlha a one ka tsela ya lorato gore dibopiwa tsa gagwe di solegelwe molemo ke seo. Abo re tshwanetse go leboga jang ne go bo Mmopi wa rona e se mmusi yo o sa re kgathaleleng, yo o apesitsweng ke masaitseweng le yo o sa reng sepe ka dilo tseo batho ba ba mo lefatsheng ba ba ratang tshiamo ba di tlhokang! Fela jaaka fa a tlile go dira le eleng mo lefatsheng le lesha le le tlang, le eleng gone jaanong jaana Jehofa o agile le bao ba dumelang mo go ene le bao ba mo ratang, ka kamano e e tshwanang le ya Rre yo o pelonomi yo o bolelelang bana ba gagwe dilo tse di molemo fa ba mmotsa ka tsone. (Tshen. 21:3) Rraarona wa selegodimo ga a tshwane le medimo ya badimona, eo go tshwanelang go ka tshwantshiwa le medimo ya disetwa e e boifisang e e sa itseng go bua. Medimo ya tshipi le ya leje ga e na kamano epe le baobamedi ba yone ba ba wetsweng ke lefifi e rre a ka nnang le yone le ngwana wa gagwe. Ga go na sepe se se mosola seo ba ka se buisanang le bone. Eleruri, “ba ba e dihañ, ba tla chwana naeō hèla.”—Pes. 135:15-19; 1 Bakor. 8:4-6.
9. Ke tlhaeletsanyo ya mofuta ofe eo e ileng ya tla e tswa kwa Modimong kwa godimo?
9 Jehofa ke “Modimo o o tletseñ bopelotlhomogi, o o tsalanō, o o bonya go galeha, le o o letlōtlō ya boutlwèlō botlhoko le boamarure.” (Ekes. 34:6) Ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe jo bo ntsintsi jwa lorato, o ile a bolelela setho boammaaruri jo bo seng kana ka sepe. Seno sotlhe ke kgakololo e e utlwalang ya go kaela setho mme se akaretsa le boperofeti jo bo bonesang tsela ya motho malebana le ditshegofatso tsa mo isagweng. “Ka gonne dilō cotlhe tse di kwadilwen̄ galè, di kwadilwe gore di re rutè, gore re bōnè cholohèlō ka pelotelele le ka kgomoco ea dikwalō.” (Bar. 15:4) Go tswa kwa godimo, go tswa kwa legodimong ka sebele, go ile ga tla melaetsa e e ikanyegang go ka ruta batho, bao ba leng mo tlase mono.—Yoh. 8:23.
10. Jehofa o ile a dira puisano ka dipuo dife, mme ka ntlhayang?
10 Ga go le ka motlha ope Jehofa a kileng a tsamaya a dira puisano ka puo e e sa itsegeng mme go na le moo ka metlha o ne a e dira ka puo e setho se e buang, puo e e dirisiwang ke basupi ba gagwe ba ba ikanyegang. (Dit. 2:5-11) Jehofa o ne a buisana le Adame, Noa, Aberahame, Moshe, le baperofeti ba Bahebera ka puo ya setho ya kwa tshimologong, eo jaanong e itsegeng jaaka Sehebera. Sehebera se ile sa tswela pele se dirisiwa fa fela se ne se santse se tlhaloganngwa, le eleng go fitlha ka motlha wa ga Saulo wa Tareso, eleng yoo Jesu yo o tsositsweng a neng a buisana nae ka puo eo. (Dit. 26:14) Ka nako ya fa puo ya Searamaika ya Bakaladea e ne e nna yone e dirisiwang thata ke Baiseraele bao ba neng ba le kwa botshwarwa, Modimo jaanong o ne wa buisana dilo tse dingwe le bone ka Searamaika, ka gonne batho ba ne ba tlhaloganya puo eo. (Esere 4:8–6:18; 7:12-26; Dan. 2:4b–7:28) Moragonyana ga moo, ka nako ya fa Segerika e ne e le sone puo ya boditšhabatšhaba ebile e le sone puo e kgolo ya basupi ba gagwe, Jehofa o ne a buisana nabo ka puo eo ebile seo a neng a se bua nabo se ne sa bolokiwa ka yone. Dipolelo tseo di bolokilweng mo Bibeleng ke tsela eo Jehofa a buisanang le rona ka yone, tseo ka metlha di neng di buiwa ka puo e e buiwang ka nako eo gore batho ba ba boikokobetso, ba ba ratang boammaaruri ba ba mo lefatsheng ba ke ba solegelwe molemo ke seo.
11. Ke ka ntlhayang fa go ka bolelwa gore Jehofa ke ene Motlhodi wa dipuo tsotlhe?
11 Jehofa ke ene a bopileng mogopolo le dirwe tsa puo, go akaretsa le loleme, molomo, le mometso, tseo di bopang dikarolo tsotlhe tse di raraaneng tsa medumo ya puo mo go nngwe le nngwe ya ditsamaiso tse dintsi tsa puo. Ka gone, go ka nna ga bolelwa gore Jehofa ke Motlhodi wa dipuo tsotlhe. Tsela eo a kgonang go laola puo ya setho ka yone e ne ya bontshiwa ka kgakgamatso ya gagwe eo a neng a e dira kwa Toreng ya Babele. (Ekes. 4:11; Gen. 11:6-9; 10:5; 1 Bakor. 13:1) Ga go na puo epe eo Jehofa a sa e itseng. Ga a ka a naya motho puo ya pele ya Sehebera fela mme, fa a ne a bopa mogopolo le dirwe tsa puo, gape o ne a thaela Searamaika le Segerika le dipuo tsotlhe tse di ka nnang 3 000 tseo jaanong di buiwang ke setho motheo.
PUO YA BOAMMAARURI
12, 13. (a) Jehofa o ile a dira jang gore ditlhaelatsanyo tsa gagwe di nne motlhofo go tlhaologanngwa? (b) Naya dikai.
12 Go sa kgathalesege gore ke tsela efe ya puo ya motho eo Jehofa a neng a e dirisa, mo makgetlong ao otlhe o ne a bua ka puo ya boammaaruri, eseng ka masaitseweng a bodumedi. Ke puo e e motlhofo le e e bonolo go tlhaloganngwa. (Sef. 3:9) Motho wa mo lefatsheng o kgona go tlhaloganya dilo tse di nang le dikarolo tse tharo motlhofo, ke gore, dilo tse di nang le bogodimo, bophara, le botelele mme di tsamaisana le nako. Ka gone, Jehofa o ile a bontsha dilo tse di sa bonaleng ka go dirisa ditshwantsho tse di tshwanang natso tseo mogopolo wa motho o ka kgonang go di tlhaloganya. Ka sekai, go kile ga nna le motlaagana mongwe oo Modimo o neng wa bolela kafa o neng o tshwanetse wa agiwa ka gone mme o bo o agiwa ke Moshe kwa gareng ga naga. Paulo e ne ya re a tlhotlhelediwa a dirisa ditshwantsho tsa one tse di nang le dikarolo tse tharo go tlhalosa dilo tsa mmatota tse di galalelang tseo eleng tsa legodimo ka bolone.—Baheb. 8:5; 9:9.
13 Sekai se sengwe: Jehofa, yo eleng moya, ga a dula ka mmatota mo setulong sengwe se se tshwanang le sa bogosi kwa legodimong. Lefa go ntse jalo, mo go rona bao re leng batho fela, bao kitso ya rona e felelang fela mo dilong tsa mmatota tse re kgonang go di bona ka matlho, Modimo o itlhalosa ka go dirisa ditshwantsho tse di ntseng jalo tse di bonwang ka matlho gore re tlhaloganye. Fa a simolola ditiro tsa mo kgotlatshekelo ya kwa legodimong, go ntse fela jaaka fa kgosi nngwe ya mo lefatsheng e simolola ditiro tsa mo kgotlatshekelo ka go dula mo setulong sa gagwe sa bogosi.—Dan. 7:9-14.
E RANOTSWE KA TSELA E E MOTLHOFO
14, 15. Ke ka ntlhayang fa Bibela, go farologana le dikwalo tsa batho tsa botlhajana, e le motlhofo go ranolelwa mo dipuong tse dingwe? Bontsha sekai.
14 Ereka Bibela e kwadilwe ka tsela e e ntseng jalo e e tlhamaletseng, e e motlhofo go tlhaloganngwa, go a kgonagala go ka ranola ditshwantsho tse di mo go yone mmogo le ditiro tse di mo go yone ka tsela e e utlwalang sentle le ka tshwanelo e ranolelwa mo dipuong di le dintsi tsa segompieno. Maatla le nonofo tsa kwa tshimologong tsa boammaaruri di bolokilwe di le mo dithanolong tseno. Mafoko a a bonolo a a dirisiwang letsatsi le letsatsi, a a ntseng jaaka “pitse,” “ntwa,” “serwalo sa bogosi,” “setulo sa bogosi,” “monna,” “mosadi,” le “bana,” di kgona go fetisetsa mogopolo fela kafa o ntseng ka gone le ka tsela e e utlwalang sentle mo puong nngwe le nngwe. Seno se farologane le dibuka tsa batho tsa matlhajana, tseo gantsi di seng motlhofo go ranolwa. Dipolelo tsa tsone tse di raraaneng le mafoko a tsone a a fitlhang kwa marung gantsi ga go kgonagale go a ranola fela jaaka a ntse a ranolelwa mo puong e nngwe ka nepagalo.
15 Tsela e e maatla eo Bibela e kgonang go itlhalosa ka yone e di feta kgakala. Le eleng fa Modimo o ne o fetisetsa melaetsa ya katlholo go batho ba ba sa dumeleng, o ne a seka a dirisa puo ya botlhajana mme, mo boemong jwa seo, o ne dirisa ditshwantsho tseo di dirisiwang letsatsi le letsatsi. Seno se bontshiwa mo go Daniele 4:10-12. Mo lekwalong leno bogosi jwa kgosi ya moheitane e e neng e ikgalaletsa bo ne jwa tlhalosiwa ka botlalo go dirisiwa setshwantsho sa setlhare, mme morago, go ne ga dirisiwa ditiro tse di amanang le setlhare seno go bolelela pele ditiragalo tsa mo isagweng fela kafa di neng di tla diragala ka gone. Seno sotlhe se ranolelwa mo dipuong tse dingwe ka tsela e e utlwalang sentle. Jehofa o ile a dira dipuisano ka lorato ka tsela eno gore ‘kitso e ke e totafale.’ Abo seno se ile sa thusa ka tsela e e molemo jang ne gore go tlhaloganngwe boperofeti mo “motlheñ [ono] oa bokhutlō”!—Dan. 12:4.
TSELA YA TLHAELETSANYO
16. Tsela ya tlhaeletsanyo ya ga Jehofa e ka bontshiwa jang ka setshwantsho?
16 Mongwe a ka nna a botsa jaana, Ke tsela efe ya tlhaeletsanyo eo e ileng ya dirisiwa? Seno se ka tshwantshediwa sentle go dirisiwa sekao sengwe sa motlha wa segompieno. Ditsela tsa tlhaeletsanyo di na le (1) motho yo o bolelang molaetsa, kana yo molaetsa o tswang mo go ene; (2) selo se se o tsamaisang; (3) selo seo molaetsa o tsamayang mo go sone; (4) selo se se o amogelang; le (5) motho yo o o utlwang. Mo ditlhaeletsanyong tsa mogala re na le (1) motho yo o letsang mogala yo e leng ene a simololang tlhaeletsanyo; (2) selo sa mogala se se tsamaisang molaetsa, seo se fetolang molaetsa oo gore e nne kelelo ya motlakase; (3) dithapo tsa mogala tseo di tsamaisang kelelo eo ya motlakase go e isa kwa e tshwanetseng go ya gone; (4) seamogelamegala se boela gape se fetola molaetsa oo go tswa mo kelelong ya motlakase se fetola gore e nne modumo; le (5) motho yo o o utlwang. Ka tsela e e tshwanang kwa legodimong (1) Jehofa Modimo ke ene yo dipolelo tsa gagwe di tswang mo go ene; (2) jaanong e bo e re go tswa foo Lefoko la gagwe la semmuso, kana Mmueledi wa gagwe—yoo jaanong a itsegeng jaaka Jesu Keresete—gantsi ke ene a tsamaisang molaetsa oo; (3) moya o o boitshepo wa Modimo, eleng maatla a a dirang ao a a dirisetsang puisano, a o tsaya go o isa kwa lefatsheng; (4) moperofeti wa Modimo yo o leng mo lefatsheng o amogela molaetsa oo; mme (5) e bo e re morago ga moo a bo a o kwala gore o solegele batho ba Modimo molemo. Fela jaaka ka makgetlo mangwe gompieno motsamaisamolaetsa a ke a romiwe gore a ise molaetsa mongwe wa botlhokwa, ka jalo Jehofa ka dinako tse dingwe o ne a dirisa batsamaisamelaetsa ba moya, kana baengele, gore ba tseye melaetsa mengwe e e tswang kwa legodimong ba e ise go batlhanka ba gagwe ba ba mo lefatsheng.—Bagal. 3:19; Baheb. 2:2.
KAFA E TLHOTLHELEDITSWENG KA GONE
17. Ke lefoko lefe la Segerika leo le ranolwang go nna “ka tlhotlheleco ea Modimo,” mme seo le se bolelang se re thusa jang gore re tlhaloganye kafa tlhotlheletso e diragalang ka gone?
17 Polelwana e e reng “ka tlhotlheleco ea Modimo” e ranotswe go tswa mo lefokong la Segerika eleng the·oʹpneu·stos, leo le rayang “buduletswe ke Modimo.” (Bona 2 Timotheo 3:16, ntlhanyana ya ntlha e e kwa tlase.) Ke moya wa Modimo ka sebele, maatla a gagwe a a dirang, ao a ileng a a ‘budulela’ mo banneng ba ba ikanyegang, a dira gore ba kgobokanye Dikwalo tse di Boitshepo le gore ba di kwale. Seno se bidiwa go tlhotlheletsa. Baperofeti le batlhanka ba bangwe ba ba ikanyegang ba ga Jehofa bao ba neng ba tlhotlhelediwa megopolo ya bone e ne e tlhotlhelediwa ke maatla ano a a dirang. Seno se bolela gore ba ne ba amogela melaetsa, go akaretsa le ditshwantsho tse di nang le boikaelelo, go tswa kwa Modimong mme e bo e gatisediwa mo megopolong ya bone. “Gonne ga go polèlèlō pele epè e e kileñ ea tla ka go rata ga motho hèla: me go bua ga batho ga cwa mo Modimoñ, ka ba tlho-tlhelediwa ke Mōea o o Boitshèpō.”—2 Pet. 1:21; Yoh. 20:21, 22.
18. Melaetsa e e tlhotlheleditsweng e ne ya tsenngwa kwa teng go le kana kang mo megopolong ya batho bao ba neng ba e amogela?
18 Ka nako ya fa banna bano ba Modimo ba ne ba tsogile mme ba ikutlwa sentle kana ka nako ya fa ba ne ba robetse ba lora, moya wa gagwe o ne o jala molaetsa o o neng o tla ka tsela eo Modimo o neng o e dirisa ya puisano. Fa moperofeti a ne a amogela molaetsa ono, o ne a na le boikarabelo jwa gore a o bolelele ba bangwe ka molomo. Fa Moshe le baperofeti ba bangwe ba ba ikanyegang ba boa ka tsogo, kwantle ga pelaelo ba tla kgona go tlhomamisa kafa direkoto tse di bolokilweng tsa seo ba se kwadileng di leng boammaaruri ka gone, ka gonne megopolo ya bone e e bopilweng sesha e e nang le kanaanelo go ka diragala thata gore e tla bo e santse e na le melaetsa ya pele mo go yone e santse e kgona go e gakologelwa sentle. Ka tsela e e tshwanang, moaposetoloi Petere o ne a kgatlhilwe thata ke ponatshegelo ya go fetoga ponalo mo eleng gore o ne a ka kwala ka phepafalo malebana le kafa e neng e galalela ka gone a kwala seo mo dingwageng di le 30 morago ga e sena go diragala.—Math. 17:1-9; 2 Pet. 1:16-21.
MOKWADI LE MONWANA WA GAGWE
19. “Monwana” wa Modimo ke eng, jaaka fa seno se bontshiwa ke dikwalo dife?
19 Batho ba eleng bakwadi ba ile ba dirisa menwana ya bone go kwala, mo metlheng ya bogologolo ba ne ba kwala ka pene kana ka sekwadi sengwe mme mo metlheng ya segompieno ba kwala ka pene, ka motšhini o o tlanyang, kana ka khomputara. Seo se ileng sa tlhagisiwa go dirisiwa menwana eno go bolelwa gore se kwadilwe ke mogopolo wa motho yoo menwana eo eleng ya gagwe. A o ne o itse gore Modimo o na le monwana? Seno se ntse jalo, ka gonne Jesu o ne a bua ka moya wa Modimo a o bitsa “monwana” wa Gagwe. Fa Jesu a ne a sena go fodisa monna mongwe yo o neng a tsenwe ke badimo mo eleng gore o ne a bo a boela a kgona go bua gape a bo a boela a bona gape, baba ba bodumedi ba ne ba tlhapatsa seo Jesu a neng a se dirisitse go fodisa monna yoo. Go ya ka Mathaio, Jesu o ne a ba raya a re: “E ka re ha ke kgoromeletsa badimo ntlè ka Mōea oa Modimo, e tla bo yalo bogosi yoa Modimo bo tsile mo go lona.” (Math. 12:22, 28) Luke o re thusa go tlhaloganya seno ka go tsopola Jesu fa a ne a bolela jaana mo tiragalong nngwe e e tshwanang le eo: “Ha ke kgoromeletsa badimo ntle ka monwana oa Modimo, e tla bo yalo bogosi yoa Modimo bo tsile mo go lona.” (Luke 11:20) Mo tiragalong e nngwe ya pele ga moo, dingaka tsa kwa Egepeto di ne tsa patelesega go dumela gore dipetso tseo Egepeto e neng e bediwa ka tsone di ne di bontsha gore Jehofa o na le maatla a a fetang a bone, ba dumela seo ka go bolela jaana: “Seo se, ke monwana oa Modimo.”—Ekes. 8:18, 19.
20. “Monwana” wa Modimo o ile wa dira ka tsela efe, mme diphelelo ya nna eng?
20 Go ya ka ditsela tseno tseo lefoko “monwana” le dirisiwang ka tsone, re ka lemoga gore “monwana oa Modimo” o na le maatla a magolo le gore tlhaloso eno kwantle ga pelaelo e lebisitse go moya wa gagwe jaaka fa a o dirisitse go kwala Bibela. Ka gone Dikwalo di re itsise gore Melao e e Lesome e kwadilwe ka “monwana oa Modimo,” a e kwala mo godimo ga dimatla tse pedi tsa matlapa. (Ekes. 31:18; Dute. 9:10) Fa Modimo o ne o dirisa batho go kwala dibuka tse di farologaneng tsa Bibela e e Boitshepo, monwana wa gagwe wa tshwantshetso, kana moya, ka tsela e e tshwanang ke one o o neng o tlhotlheletsa seo banna bao ba neng ba se kwala. Moya o o boitshepo wa Modimo ga o bonale, mme le fa go ntse jalo o ile wa dira dilo ka tsela e e gakgamatsang, mme diphelelo tsa seo ya nna tse di bonalang, tse di ka bonwang ka matlho tsa gore setho se amogetse mpho e e tlhotlhwakgolo ya Lefoko la Modimo la boammaaruri, eleng Bibela ya Gagwe. Ga go belaetse gore Jehofa Modimo ke ene Mokwadi wa Bibela, Motlhaelatsanyi wa selegodimo.
DIBUKA TSE DI KOKOANTSWENG TSE DI TLHOTLHELEDITSWENG DI A SIMOLOGA
21. (a) Go kwalwa ga Dikwalo go ile ga simololwa jang? (b) Jehofa o ile a dira eng go dira gore di bolokiwe?
21 Jaaka fa re setse re bone, Jehofa “a mo [Moshe] neèla matlapa a mabedi a chupō, e le matlapa a a kwadilweñ ke monwana oa Modimo.” (Ekes. 31:18) Go kwalwa gono go ne go akaretsa go kwalwa ga Melao e e Lesome, mme go a kgatlhisa go bo lokwalo lono lo tlhagisa leina la Modimo semmuso, eleng Jehofa, e le tlhagisa makgetlo a le robedi. Mo go yone ngwaga eo, eleng ya 1513 B.C.E., Jehofa o ne a laela Moshe gore a simolole go dira direkoto tse di nnelang ruri. Ka jalo Dikwalo tse di Boitshepo di ne tsa simololwa go kwalwa. (Ekes. 17:14; 34:27) Modimo gape o ne wa laela Moshe gore a age “letlole la bosupi,” kana “letlole ya kgōlaganō,” eleng letlole le lentle leo le neng le betlilwe ka bonontlhotlho leo Baiseraele ba neng ba tshwanetse go boloka lokwalo lono lo lo tlhotlhwakgolo go gaisa otlhe mo go lone. (Ekes. 25:10-22, NW; 1 Dikg. 8:6, 9) Jehofa ke ene a neng a boletse kafa Letlole leo le neng le tshwanetse go agiwa ka gone, mmogo le kafa motlaagana oo le neng le le moteng ga one o ne o tshwanetse wa agiwa ka gone; mme mmetli yo mogolo ebile e le moagi, ebong Besalele, o ne a tlala “mōea oa Modimo, oa botlhale, le oa tlhaloganyō, le oa kicō, le oa tihō ñwe le ñwe” gore a ke a swetse tiro ya gagwe go ya kafa Modimo o neng o batla gore e dirwe ka gone.—Ekes. 35:30-35.
22. (a) Mokwadi wa Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng ke mang, mme go kwalwa ga tsone go tsere lobaka lo lo kae? (b) Ke bomang bao ba neng ba kwala Bibela, mme ke eng seo se itsegeng ka bone?
22 Modimo o ne wa itsise maikaelelo a one ka go bua “ka mahoko mañwe le mañwe, le ka mekgwa meñwe le meñwe” ka lobakalo lotelele. (Baheb. 1:1) Batho bao ba neng ba kwala Lefoko la gagwe ba ne ba dira jalo go simolola ka 1513 B.C.E. go ya go fitlha mo e ka nnang ka 98 C.E., kana mo dingwageng di ka nna 1 610. Mokwadi a le mongwe, ebong Jehofa Modimo, o ne a dirisa bakwaledi bano, kana bakwaledi ba eleng batho, ba ba ka nnang 40. Batho bano botlhe bao e neng e le bakwadimmogo e ne e le Bahebera mme ka gone e le maloko a morafe oo “mancwe a Modimo a na a bèwa mo tishoñ ea bōnè.” (Bar. 3:2) Ba le robedi ba bone e ne e le Bajuda ba Bakeresete bao ba neng ba itse Jesu ka namana kana ba mo itsile ka baaposetoloi ba gagwe. Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng tseo di neng tsa kwalwa pele ga motlha wa bone di ne di ile tsa neela bosupi malebana le go tla ga ga Mesia, kana Keresete. (1 Pet. 1:10, 11) Lemororo ba ne ba bidiwa e le batho ba mefuta e e farologaneng, bakwadi bano ba Bibela ba mo lefatsheng, go tloga ka Moshe go fitlha ka moaposetoloi Johane, botlhe ba ne ba nna le seabe mo go bueleleng bolaodi jwa ga Jehofa Modimo le mo go boleleng maikaelelo a gagwe mo lefatsheng. Ba ne ba kwala ka leina la ga Jehofa ebile ba kwala ka maatla a moya wa gagwe.—Yer. 2:2, 4; Esek. 6:3; 2 Sam. 23:2; Dit. 1:16; Tshen. 1:10.
23. Ke direkoto dife tsa bogologolo tseo bakwadi bangwe ba Bibela ba ileng ba di dirisa, mme tseno di ile tsa fetoga jang Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng?
23 Bontsi jwa bakwadi bano mo direkotong tsa bone ba akaretsa dikwalo tse di kokoantsweng go tswa mo bathong ba ba iponetseng ka matlho tseo di kwadilweng ke bakwadi ba pele ga bone, bao eseng botlhe ba bone bao ba neng ba tlhotlheleditswe. Ka sekai, Moshe a ka tswa a ile a kwala dikarolo dingwe tsa Genesise a kokoanya tshedimosetso go tswa mo dipegong tse di ntseng jalo tsa batho ba ba iponetseng ka matlho, fela jaaka fa Samuele le ene a ka tswa a dirile fa a ne a kwala buka ya Baatlhodi. Jeremia o ne a kwala Dikgosi wa Ntlha le wa Bobedi, Esere le ene o kwadile Ditihalō wa Ntlha le wa Bobedi, bontsi jwa tsone e le ka one mokgwa ono. Moya o o boitshepo o ne wa kaela bakwadi bano gore ba kgone go itse gore ke dikarolo dife tsa dikwalo tsa batho ba bogologolo tseo di tshwanetseng tsa tsenngwa mo go seo ba neng ba se kwala, ka gone seno se rurifatsa gore dikwalo tseno di a ikanyega. Go tloga ka nako eo di kokoantsweng ka yone go ya pele, dintlha tseno tse di tserweng go tswa mo dikwalong tsa kgalenyana di ile tsa fetoga bontlhanngwe jwa Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng.—Gen. 2:4; 5:1; 2 Dikg. 1:18; 2 Ditih. 16:11.
24, 25. (a) Ke lobaka lofe lwa hisitori loo Bibela e tlotlang ka lone? (b) Tlhalosa dingwe tsa dintlha tse di kgatlhisang tseo di fitlhelwang mo tšhateng e e mo tsebeng 12.
24 Dibuka tseno tse 66 tsa Bibela di tlile di le ka thulaganyo efe mo go rona? Di kwadilwe mo lobakeng lo lo kana kang lwa nako e e senang kwa e felelang teng eno? Morago ga fa pego ya Genesise e sena go tlhalosa kafa magodimo le lefatshe di ileng tsa bopiwa ka gone le kafa lefatshe le ileng la baakanngwa ka gone gore e nne legae la motho, e tlhalosa kafa hisitori ya batho e simologileng ka gone go tloga ka go bopiwa ga motho wa ntlha ka 4026 B.C.E. Jaanong Dikwalo tse di Boitshepo di re lotlegela ka ditiragalo tsa botlhokwa go ya go fitlha moragonyana ga 443 B.C.E. go sekae. Morago ga moo, go sena go feta sebaka se se kana ka dingwaga tse di fetang 400, di boela gape di tlotla ka pego eno ka 3 B.C.E., e tswelela ka yone go ya go fitlha mo e ka nnang ka 98 C.E. Ka gone, go ya ka hisitori, Dikwalo di tsere lobaka lwa dingwaga di le 4 123 go kwalwa.
25 Tšhate e e mo tsebeng 12 e tla go thusa gore o tlhaloganye tshedimosetso e e malebana le bakwadi ba Bibela le thulaganyo eo dikwalo tsa Bibela di tlileng mo go rona di le ka yone.
“BUKA” E E FELETSENG YA BOAMMAARURI JWA BOMODIMO
26. Dikwalo ke buka e le nngwe fela e e feletseng jang?
26 Dikwalo tse di Boitshepo, jaaka setlhopha sa dikwalo tsa go tloga ka Genesise go ya go Tshenolō, di bopa buka e le nngwe e e feletseng, laeborari e le nngwe e e feletseng, eo yotlhe e tlhotlheleditsweng ke Mokwadi a le mongwe yo Mogolo. Ga di a tshwanela go kgaoganngwa ka dikarolo di le pedi, mo e leng gore karolo e nngwe ga e tsewe jaaka e e botlhokwa go le kalo. Dikwalo tsa Sehebera di botlhokwa mo Dikwalong tsa Segerika tsa Bokeresete le tsa Segerika fela jalo. Tsa Segerika di tlatsa tsa Sehebera gore di bope buka e le nngwe fela ya boammaaruri jwa bomodimo. Dibuka tse 66 tsa Bibela, fa di le tsotlhe, di bopa laeborari e le nngwe ya Dikwalo tse di Boitshepo.—Bar. 15:4.
27. Ke ka ntlhayang fa dipolelwana tse di ntseng jaaka “Tesetamente E Kgologolo” le “Tesetamente E Ntšha” e le maina a a phoso?
27 Ke phoso ya dingwao go kgaoganya Lefoko le le kwadilweng ke Modimo gore e nne dikarolo di le pedi, go bidiwa karolo ya ntlha, ya go tloga ka Genesise go ya go Malaki, “Tesetamente E Kgologolo,” mme karolo ya bobedi, ya go tloga ka Mathaio go ya go Tshenolō, “Tesetamente E Ntšha.” Mo go 2 Bakorintha 3:14 King James Version e e fa e e tumileng e re bolelela ka “go balwa ga tesetamente e kgologolo,” mme lefa go ntse jalo moaposetoloi fano ga a bue ka Dikwalo tsa bogologolo tsa Sehebera tsotlhe. Kana gone gore o bolela gore dikwalo tsa Bokeresete tse di tlhotlheleditsweng di bopa “tesetamente [kgolagano] e ntšha.” Moaposetoloi yono o bua ka kgolagano ya Molao, oo o neng wa kwalwa ke Moshe go mo Dikwalong Tse Tlhano tsa Ntlha tsa Bibela mme ebile e le e e bopang fela bontlhanngwe jwa Dikwalo tsa pele ga Bokeresete. Ka ntlha ya seno o bolela jaana mo temaneng e e latelang eo, “ha Moshe a balwa.” Lefoko la Segerika leo le ranotsweng go nna “tesetamente” go King James Version dithanolo di le dintsi tsa segompieno di ile tsa le ranola di le maikutlo mangwe go nna “kgolagano.”—Math. 26:28; 2 Bakor. 3:6, 14, Bibela E E Boitshèpō, Revised Standard Version, American Standard Version.
28. Ke tlhomamisetso efe e e neelwang malebana le dipolelelopele tsa Bibela?
28 Ga go a tshwanelwa ga okediwa kana ga fokodiwa seo se kwadilweng le go bolokiwa jaaka Dikwalo tse di Boitshepo. (Dute. 4:1, 2; Tshen. 22:18, 19) Moaposetoloi Paulo o kwala jaana malebana le ntlha eno: “Me leha e ka bo e le rona, kgotsa e le moengele eo o cwañ legodimoñ, ha a ka lo rèrèla mahoko a a molemō a sele kwa ntlè ga a re a lo reretseñ, a a hutsègè.” (Bagal. 1:8; bona gape le Yohane 10:35.) Lefoko la ga Jehofa lotlhe la boperofeti le tshwanetse la diragadiwa ka nako e e tshwanetseng. “Lehoko ya me le tla nna yalo, ye le cwañ mo molomoñ oa me; ga le ketla le boèla hèla mo go nna, me le tla dihahatsa se ke se ratañ, le tla segōhala mo seloñ se ke le isitseñ kwa go shōna.”—Isa. 55:11.
GO SEKASEKA DIKWALO
29. Mo bukeng eno, fa go ntse go tlhatlhobiwa buka nngwe le nngwe ya Bibela ka go latelana ga tsone, ke tshedimosetso efe ya ketapele eo e neelwang?
29 Mo ditsebeng tse di latelang, go sekasekiwa dibuka tse 66 tsa Dikwalo tse di Boitshepo ka go latelana ga tsone. Go tlhalosiwa kafa buka nngwe le nngwe e rulagantsweng ka gone, mme go neelwa tshedimosetso malebana le mokwadi wa yone, nako eo e kwadilweng ka yone, mme mo makgetlong mangwe gore e tsere lobaka lo lo kae go kwalwa. Gape go neelwa bosupi go bontsha gore buka eo e boammaaruri le gore e a tshwanela go bo e le bontlhanngwe jwa Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng. Bosupi jwa seno bo ka bonwa mo mafokong a ga Jesu Keresete kana mo dikwalong tse di tlhotlheleditsweng tsa batlhanka ba bangwe ba Modimo. Mo makgetlong a le mantsi tsela e buka e leng boammaaruri ka gone e bontshiwa ka boperofeti jwa Bibela jo bo ileng jwa diragadiwa ka tsela eo e ka sekeng ya ganediwa kana e bontshiwa ka bosupi jo bo tswang mo teng ga buka eo ka boyone, jo bo ntseng jaaka tsela eo e utlwanang ka yone, tsela eo e ikanyegang ka gone, le tsela eo e buang puo phaa ka gone. Bosupi jo bo e tshegetsang bo ka tsewa go tswa mo go seo se bonweng ke baithutamarope kana go tswa mo hisitoring ya lefatshe e e ikanyegang.
30. Diteng tsa buka nngwe le nngwe ya Bibela di tlhalosiwa ka tsela efe?
30 Fa go ntse go tlhalosiwa diteng tsa buka nngwe le nngwe, go dirwa maiteko a go dira gore molaetsa o o maatla wa mokwadi yoo wa Bibela o tlhomologe ka tsela eo eleng gore o tlhotlheletsa mmadi gore a rate Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng le Mokwadi wa tsone, ebong Jehofa Modimo, ka lorato lo lo boteng mo pelong ya gagwe, mme ka gone o oketsa kanaanelo ya gagwe mo molaetseng o o tshedileng wa Lefoko la Modimo mmogo le tsela yotlhe eo o leng mosola ka yone go ka dirisiwa, kafa o utlwanang ka gone, le kafa o leng montle ka gone. Diteng tsa buka di tlhalosiwa kafa tlase ga ditlhogwana tsa dirapa. Seno ke go dira gore go nne motlhofo go di ithuta mme ga se bolele gore go ilwe ga ikgaoganyediwa dibuka tsa Bibela fela jaaka go ratwa. Buka nngwe le nngwe e ikemetse ka boyone, e thusa ka tsela e e botlhokwa gore go tlhaloganngwe maikaelelo a Modimo.
31. (a) Ke tshedimosetso efe e e neelwang go bontsha lebaka la go bo buka nngwe le nngwe e le mosola? (b) Ke setlhogo sefe se se galalelang seo e leng sone se se kwa godimo mo ditlhalosong tseno tsotlhe tsa dibuka tsa Bibela?
31 Fa tlhaloso eno e konela buka nngwe le nngwe, e bontsha lebaka la go bo karolo eno ya Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng e le “molemō go ruta, le go kgalemèla, le go shokolola, le go kaèla ka tshiamō.” (2 Tim. 3:16) Go diragadiwa ga boperofeti, koo seno se bontshiwang gone ke bosupi jo bo tlhotlheleditsweng jwa bakwadi ba morago ga moo ba Bibela, go a sekasekiwa. Mo lekgetlong lengwe le lengwe, go bontshiwa kafa buka e thusang ka gone go godisa setlhogo se segolo sa Bibela. Bibela ga se ditlhamane. E na le molaetsa o eleng one fela o o tshedileng wa setho. Go tloga ka buka ya ntlha, eleng ya Genesise, go ya go fitlha ka buka ya bofelo, eleng ya Tshenolō, Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng di neela bosupi jo bo malebana le boikaelelo jwa Mmopi wa lebopo lotlhe, ebong Jehofa Modimo, eleng jwa go itshepisa leina la gagwe ka Bogosi joo go busang Losika lwa gagwe mo go jone. Mo go seno go na le tsholofelo e e galalelang go botlhe bao ba ratang tshiamo.—Math. 12:18, 21.
32. Go neelwa tshedimosetso efe go godisa kanaanelo mo Bibeleng?
32 Fa re sena go sekaseka dibuka tse 66 tsa Bibela ka botsone, re dirisetsa sebaka se se rileng go neela tshedimosetso e e malebana le Bibela. Seno se akaretsa dipatlisiso tse di dirilweng malebana le thutalefatshe ya Lefatshe la Tsholofetso, nako eo ditiragalo tsa Bibela di e tsereng, dithanolo tsa Bibela, bosupi jwa baithutamarope le bosupi jo bongwe jo bo tshegetsang Bibela jaaka e e boammaaruri, le bosupi jwa lenaane le le mo Bibeleng. Go tlhaga gape le tshedimosetso e nngwe e e botlhokwa mo karolong eno mmogo le manaane a mangwe. Seno sotlhe se diretswe go godisa kanaanelo mo Bibeleng jaaka buka e e mosola thata go ka dirisiwa e e leng teng mo lefatsheng gompieno.
33. Bibela e ka tlhalosiwa jang, mme mosola wa go e ithuta ke ofe?
33 Mokwadi wa bomodimo o ile a buisana thata le setho. O ile a bontsha lorato lo lo boteng thata le kgatlhego ya rre ka se a se diretseng bana ba gagwe ba ba mo lefatsheng. Abo seno e le setlhopha se se tlhomologileng jang ne sa dikwalo tse di tlhotlheleditsweng tseo a re neetseng tsone mo Dikwalong tse di Boitshepo! Eleruri, ke mahumo a go senang ape a a tshwanang nao, laeborari e kgolo ya tshedimosetso e e ‘buduletsweng ke Modimo,’ eo e fetang kgakala dikwalo tse eleng tsa batho fela ka tsela e di humileng ka yone le ka bogolo jwa tsone. Go senya nako re ithuta Lefoko la Modimo ga go kitla go fetoga “letsapa mo nameñ,” mme, go na le moo, go tla tlisetsa bao ba itseng “lehoko ya ga Yehofa [le le nnetseng ruri] ka bosakhutleñ” melemo ya ka bosakhutleng.—Mor. 12:12; 1 Pet. 1:24, 25.
[Tšhate mo go tsebe 12]
BAKWADI BA BA TLHOTLHELEDITSWENG BA BIBELA LE DIKWALO TSA BONE
(Di Latelana go Ya ka Matlha)
Tatelano Bakwadi Ditiro Go Wediwa Dikwalo
ga go Kwalwa
1. Moshe Mokanoki, 1473 B.C.E. Genesise; Ekesodo;
modisa, Lefitiko; Yobe;
moperofeti, Dipalō;
moeteledipele Duteronome;
(gongwe le 91)
2. Joshue Moeteledipele mo e ka nnang Joshhue
c. 1450 B.C.E.
3. Samuele Molefi, pele ga mo e ka Baatlhodi; Ruthe;
moperofeti nnang ka bontlhanngwe jwa
c. 1080 B.C.E. Samuele wa Ntlha
4. Gade Moperofeti mo e ka nnang ka Samuele wa Ntlha;
Bontlhanngwe jwa Samuele wa Bobedi
c. 1040 B.C.E. Bontlhanngwe jwa
Samuel (ba le mmogo le
Nathane)
5. Nathane Moperofeti mo e ka nnang godimo (a na le Gade)
Bona se se fa
c. 1040 B.C.E.
6. Dafide Kgosi, 1037 B.C.E. Bontsi jwa
modisa,moopedi Dipesalema
7. Barwa ba ngwe tsa Dipesalema
ga Kora
8. Asafe Moopedi ngwe tsa Dipesalema
9. Hemane Monna yo o Psalm 88
botlhale
10. Ethane Monna yo o Pesalema 89
botlhale
11. Solomone Kgosi, mo e ka nnang Bontsi jwa Diane;
moagi, ka 1000 B.C.E. Sehela sa Dihela;
monna yo o Moreri;
botlhale Pesalema 127
12. Agure Diane kgaolo 30
13. Lemuele Kgosi Diane kgaolo 31
14. Jona Moperofeti mo e ka nnang Jonah
ka 844 B.C.E.
15. Joele Moperofeti mo e ka nnang Joel
ka 820 B.C.E.(?)
16. Amos Modisa, mo e ka nnang Amos
ka 804 B.C.E.
17. Hosea Moperofeti morago ga 745 B.C.E. Hosea
18. Isaia Moperofeti morago ga 732 B.C.E. Isaia
19. Mika Moperofeti pele ga Mika
717 B.C.E.
20. Sefania Kgosana, pele ga Sefania
moperofeti 648 B.C.E.
21. Nahume Moperofeti pele ga Nahume
632 B.C.E.
22. Habakuke Moperofeti mo e ka nnang Habakuke
ka 628 B.C.E.(?)
23. Obadia Moperofeti mo e ka nnang Obadia
ka 607 B.C.E.
24. Esekiele Moperesiti, mo e ka nnang Esekiele
moperofeti ka 591 B.C.E.
25. Jeremia Moperesiti, 580 B.C.E. Dikgosi wa Ntlha
moperofeti le wa Bobedi;
Yeremia;
Dikhutsahalō
26. Daniele Kgosana, mo e ka nnang Daniel
mmusi, ka 536 B.C.E.
moperofeti
27. Hagai Moperofeti 520 B.C.E. Hagai
28. Sekaria Moperofeti 518 B.C.E. Sekaria
29. Modekai Tonakgolo mo e ka nnang Esther
ka 475 B.C.E.
30. Esere Moperesiti, mo e ka nnang Ditihalō wa
mokwalolodi, ka 460 B.C.E. Ntlha le wa;
molaodi Bobedi; Esere
31. Nehemiah Motlhankedi morago ga 443 B.C.E. Nehemia
wa mo kgotlatshekelo,
mmusi
32. Malaki Moperofeti morago ga 443 B.C.E. Malaki
33. Mathaio Mokgethisi mo e ka nnang Mathaio
moaposetoloi, ka 41 C.E.
34. Luke Ngaka, mo e ka nnang Luke; Ditihō
morongwa ka 61 C.E.
35. Jakobe Molebedi pele ga 62 C.E. Jakobe
(morwarraagwe
Jesu)
36. Mareko Morongwa mo e ka nnang Mark
ka 60-65 C.E.
37. Petere Motshwari, wa mo e ka nnang Petere wa
wa ditlhapi ka 64 C.E. Ntlha
moaposetoloi le wa Bobedi
38. Paulo Morongwa, mo e ka nnang Bathesalonia wa
moaposetoloi, ka 65 C.E. Ntlha le wa;
modiraditente Bobedi; Bagalatia;
Bakorintha wa
Ntlha le wa
Bobedi;Baroma;
Baefesia;
Bafilipi;
Bakolosa; Filemone;
Bahebera;
Timotheo wa Ntlha
le wa Bobedi; Tito
39. Jude Morutwa mo e ka nnang Yude
(morwarraagwe ka 65 C.E.
Jesu)
40. Johane Motshwari, mo e ka nnang Tshenolō; Yohane;
wa ditlhapi ka 98 C.E. Yohane
wa Ntlha,wa Bobedi
le wa Boraro