Nna O na Le Boikutlo Jwa go Potlaka
“Rera lefoko, dira jalo ka potlako.”—2 TIM. 4:2.
A O KA TLHALOSA?
Ke eng fa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ile ba rera ba na le boikutlo jwa go potlaka?
Re ka tswelela jang re na le boikutlo jwa go potlaka?
Ke eng fa go rera ka Bogosi go potlakile jaanong go feta lefa e le leng pele?
1, 2. Go tsoga dipotso dife malebana le taelo ya gore re ‘rere ka potlako’?
BATHO ba tiro ya bone e leng go boloka matshelo a batho, gantsi ba bereka ba na le boikutlo jwa go potlaka. Ka sekai, batimamolelo ba potlakela kwa ba biditsweng gone; ba a itse gore matshelo a ka tswa a le mo kotsing.
2 E re ka re le Basupi ba ga Jehofa, re solofela gore re tla thusa batho gore ba bolokege. Ka ntlha ya seo, re tsaya taelo e re e neilweng ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi e le masisi. Ke boammaaruri gore ga re dire seo jaaka batho ba ba se nang tlhaloganyo. Ka jalo, moaposetoloi Paulo o ne a kaya eng fa a ne a naya kgakololo eno: “Rera lefoko, dira jalo ka potlako”? (2 Tim. 4:2) Re ka rera jang ka potlako? Mme ke eng fa tiro ya rona e potlakile jaana?
KE ENG FA GO RERA GA RONA GO POTLAKILE?
3. Fa batho ba amogela molaetsa wa Bogosi kana ba o gana go ka nna le diphelelo dife?
3 Fa o lemoga se batho ba ka nnang le sone kgotsa se se ka ba latlhegelang ka ntlha ya go rera ga rona, o ka nna wa bona go potlakile go bua le ba bangwe ka dikgang tse di molemo. (Bar. 10:13, 14) Lefoko la Modimo la re: “Fa ke raya moikepi ke re: ‘Ruri o tla swa,’ a bo a boa ka morago mo boleong jwa gagwe a bo a dira tshiamiso le tshiamo, . . . o tla tswelela a tshela. Ga a kitla a swa. Ga go maleo ape a gagwe a a leofileng ka one a a tla gakologelwang.” (Esek. 33:14-16) Eleruri, Baebele e bolelela batho ba ba rerang molaetsa wa Bogosi jaana: “O tla ipoloka o bo o boloka ba ba go reetsang.”—1 Tim. 4:16; Esek. 3:17-21.
4. Ke eng fa botlhanogi bo ne bo dira gore tiro ya go rera e potlake mo lekgolong la ntlha la dingwaga?
4 E le go tlhaloganya lebaka la go bo Paulo a ile a gakolola Timotheo go rera ka boikutlo jwa go potlaka, ela tlhoko ditemana dingwe tse di dikologileng temana ya setlhogo. Re bala jaana: “Rera lefoko, dira jalo ka potlako ka paka e e dumelang, ka paka ya matshwenyego, o kgalemele, o kgaleme o tiisitse, o rotloetse ka bopelotelele jotlhe le botswerere jwa go ruta. Gonne go tla nna le lobaka lwa nako lo ba tla se keng ba iteseletse go amogela thuto e e itekanetseng, mme, tumalanong le dikeletso tsa bone, ba tla ikokoanyetsa barutisi gore ditsebe tsa bone di tsikitliwe; mme ba tla faposa ditsebe tsa bone mo boammaaruring.” (2 Tim. 4:2-4) Jesu o ne a boleletse pele gore go tla tsoga botlhanogi. (Math. 13:24, 25, 38) Fa tiragatso ya polelelopele eo e ntse e atamela, go ne go potlakile gore Timotheo a ‘rere lefoko’ tota le mo phuthegong e le gore Bakeresete ba tle ba se ke ba tsiediwa ke dithuto tsa maaka tse di tsietsang le tse di gogelang. Matshelo a ne a le mo kotsing. Go tweng ka gompieno?
5, 6. Ke dikgopolo dife tse di tlwaelegileng tse re ka di utlwang fa re le mo bodireding?
5 Go tlhanogela kobamelo ya boammaaruri jaanong go aname. (2 Bathes. 2:3, 8) Ke dithuto dife tse gompieno di tsikitlang batho ditsebe? Mo mafelong a le mantsi, bodumedi bo ile jwa rotloetsa ka tlhagafalo thuto ya go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe. Le fa gantsi thuto ya go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe e rutiwa ka puo ya saense, e setse e batla e le thuto ya bodumedi e e amang kafa batho ba lebang Modimo le ba bangwe ka gone. Thuto e nngwe e e tlwaelegileng ke ya gore Modimo ga a re kgatlhegele; ka jalo, le rona ga re tlhoke go mo kgatlhegela. Ke eng fa dithuto tseno di gogela thata jaana mo e bileng di dira gore batho ba le dimilionemilione ba robale semoyeng? Tsoopedi di na le molaetsa o o reng, ‘O ka nna wa itirela sengwe le sengwe se o se ratang ka gonne ga o kitla o ikarabelela se o se dirang.’ Ruri ono ke molaetsa o o tsikitlang batho ba le bantsi ditsebe.—Bala Pesalema 10:4.
6 Le fa go ntse jalo, go na le ditsela tse dingwe gape tse ka tsone batho ba tsikitliwang ditsebe. Bangwe ba ba sa ntseng ba ya kerekeng ba rata gore baruti ba ba bolelele go re, ‘Go sa kgathalasege gore ke eng se o se dirang, Modimo o a go rata.’ Baruti ba tsikitla ba bangwe ditsebe ka go dira gore ba dumele gore meletlo, Mmisa, meletlo ya bodumedi le ditshwantsho di dira gore Modimo a go segofatse. Batho bano ba ba tsenang kereke ga ba lemoge gore ba mo kotsing e e kana kang. (Pes. 115:4-8) Le fa go ntse jalo, fa re ka ba tsosa semoyeng gore ba tlhaloganye molaetsa wa boammaaruri wa Baebele, ba ka solegelwa molemo ke Bogosi jwa Modimo.
GO RERA KA POTLAKO GO KAYA ENG?
7. Re ka bontsha jang gore re na le boikutlo jwa go potlaka?
7 Ngaka e e kelotlhoko e tshwanetse go tlhoma mogopolo mo tirong ya yone ka gonne matshelo a mo kotsing. Mo bodireding jwa rona jwa Bokeresete, re ka bontsha boikutlo jwa go potlaka ka go tlhoma mogopolo mo tirong ya rona, jaaka go akanya ka gore ke dikgang dife, dipotso dife kgotsa tshedimosetso efe e e ka nnang ya kgatlha batho ba re kopanang le bone. Gape boikutlo jwa go potlaka bo ka dira gore re fetole thulaganyo ya rona gore re kgone go etela batho fa ba iketleeleditse gore ba re amogele.—Bar. 1:15, 16; 1 Tim. 4:16.
8. Gantsi go dira dilo ka boikutlo jwa go potlaka go akaretsa eng?
8 Go nna le boikutlo jwa go potlaka gape go akaretsa go dira gore dilo tsa botlhokwa e nne tsone tse di tlang pele. (Bala Genesise 19:15.) Ka sekai, akanya morago ga gore o utlwe gore o tshwerwe ke eng, ngaka ya gago e go biletsa kwa ofising ya gagwe mme a bo a go bolelela jaana ka tlhoafalo: “Bona! Boemo jwa gago bo potlakile. O na le kgwedi fela gore o dire sengwe ka bolwetse jwa gago.” O ka nna wa se ka wa tswa mo ofising ya gagwe o tabogile jaaka motimamolelo a potlaketse go ya go tima molelo. Le fa go ntse jalo, gongwe o tla reetsa gore a re o dire eng, o bo o ya gae mme o bo o akanya thata ka dilo tse di tlang pele mo botshelong jwa gago.
9. Ke eng fa re ka re Paulo o ne a rera a na le boikutlo jwa go potlaka fa a le kwa Efeso?
9 Re ka kgona go lemoga gore Paulo o ne a na le boikutlo jwa go potlaka ka go ela tlhoko se a se boleletseng bagolwane ba kwa Efeso malebana le go rera ga gagwe dikgang tse di molemo mo kgaolong ya Asia. (Bala Ditiro 20:18-21.) Go bonala go tloga mo letsatsing la ntlha le a gorogileng ka lone a ile a tshwarega ka go etela batho ka ntlo le ntlo a ba rerela dikgang tse di molemo. Mo godimo ga moo, mo dingwageng di le pedi o ne a nna a “neela dipuo letsatsi le letsatsi mo holong ya sekolo sa ga Tirano.” (Dit. 19:1, 8-10) Ga go pelaelo gore boikutlo jwa ga Paulo jwa go potlaka bo ile jwa tlhotlheletsa tsela e ka metlha a neng a dira dilo ka yone. Boikaelelo jwa kgakololo ya go ‘nna mo bodireding ka bonako,’ ga se go dira gore thomo e re e neilweng e re imele. Le fa go ntse jalo, tiro ya go rera e tshwanetse go tla pele mo matshelong a rona.
10. Ke eng fa re ka itumelela go bo Bakeresete ba ile ba tsaya kgato ka potlako dingwaga di ka nna 100 tse di fetileng?
10 Sekai sa setlhotshwana sa Baithuti ba Baebele ba pele ga 1914 ba ileng ba simolola tiro ya go rera dikgang tse di molemo, se bontsha gore go nna le boikutlo jwa go potlaka go kaya eng. Le fa ba ne ba le dikete di le mmalwa fela, ba ne ba tlhaloganya go potlaka ga dinako mme ba tlhoafala mo tirong ya go rera ka Bogosi. Ba ne ba dira gore dipuisano di gatisiwe mo makwalodikgannyeng a le makgolokgolo mme ba bontsha batho thulaganyo ya diselaete tsa mmala le baesekopo e e bidiwang “Photo-Drama of Creation.” Tsela eno e ne ya dira gore ba fitlhelele dimilionemilione tsa batho ka dikgang tse di molemo. Fa ba ka bo ba se na boikutlo jwa go potlaka, ke ba le kae ba rona ba ba ka bong ba utlwile molaetsa wa Bogosi?—Bala Pesalema 119:60.
ELA TLHOKO GORE O SE KA WA FELELWA KE BOIKUTLO JWA GO POTLAKA
11. Ke eng se se dirileng gore ba bangwe ba felelwa ke boikutlo jwa go potlaka?
11 Dilo tse di itayang tsebe di ka dira gore motho a se ka a akanya kafa tiro ya go rera e leng botlhokwa ka gone. Tsamaiso ya ga Satane e diretswe go re dira gore re nne re tshwaregile ka dilo tsa rona tsa botho le dilo tse di seng botlhokwa. (1 Pet. 5:8; 1 Joh. 2:15-17) Bangwe ba ba kileng ba baya tirelo ya ga Jehofa kwa pele mo matshelong a bone ba ile ba latlhegelwa ke boikutlo jwa go potlaka. Ka sekai, Mokeresete wa lekgolo la ntlha la dingwaga yo o neng a bidiwa Demase e kile ya bo e le “modirimmogo” le Paulo, le fa go ntse jalo Demase o ne a itewa tsebe ke tsamaiso e e boikepo ya dilo. Go na le gore Demase a tswelele a beile kwa pele go nonotsha mokaulengwe wa gagwe fa a le mo matshwenyegong, o ne a phuaganya Paulo.—File. 23, 24; 2 Tim. 4:10.
12. Ke tshono efe e jaanong e bulegileng, mme ke ditshono dife tse di tla re bulegelang ka bosakhutleng?
12 Fa e le gore re batla go nna re na le boikutlo jwa go potlaka, re tshwanetse go lwa le tlhotlheletso ya go itumelela dilo di le dintsi tse di leng mo botshelong. Re tshwanetse go dira ka natla gore re “tshware botshelo jwa mmatota ka thata.” (1 Tim. 6:18, 19) Gongwe ga o belaele gore botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng mo Bogosing jwa Modimo bo tla re naya ditshono di le dintsi tsa go itumelela ditiro tse di kgatlhang. Le fa go ntse jalo, gone jaanong tshono ya go thusa ba bangwe gore ba falole Haramagedona e ka se ka ya tsoga e tlile gape.
13. E re ka jaanong re le Bakeresete, re ka tswelela jang re na le boikutlo jwa go potlaka?
13 E re ka, ka go tlhoka botlhale batho ba le bantsi mo lefatsheng ba robetse semoyeng, ke eng se se ka re thusang go tila go felelwa ke go nna le boikutlo jwa go potlaka? Re ka akanya ka ntlha ya gore ka nako nngwe re kile ra bo re robetse mo lefifing ka tsela ya tshwantshetso. Le fa go ntse jalo, re ne ra tsosiwa, mme Keresete o ne a phatsima mo go rona, fela jaaka Paulo a ile a bontsha. Jaanong re na le tshiamelo ya go phatsimisa lesedi. (Bala Baefeso 5:14.) Morago ga go umaka seo, Paulo o ne a kwala jaana: “Nnang lo tlhokometse ka kelotlhoko e kgolo gore kafa lo tsamayang ka gone ga se jaaka batho ba ba seng botlhale mme ke jaaka ba ba botlhale, lo ithekela nako e e lo siametseng, ka gonne malatsi a bosula.” (Baef. 5:15, 16) Mo maemong ano a a boikepo, mma re ‘ithekeleng nako’ ya ditiro tse di ka re thusang go nna re tsogile semoyeng.
RE TSHELA MO METLHENG E E BOTLHOKWA THATA
14-16. Ke eng se se dirang gore gone jaanong go rera ka Bogosi go potlake go feta le fa e le leng pele?
14 Bodiredi jwa Bokeresete ga bo a bolo go nna bo potlakile, mme jaanong bo potlakile go feta le fa e le leng pele. Fa e sa le ka 1914, sesupo se se dikarolo dintsi se se tlhalosiwang mo Lefokong la Modimo se ile sa bonala sentle. (Math. 24:3-51) Botshelo jwa batho bo mo kotsing go feta le fa e le leng pele. Go sa kgathalasege ditumalano tsa bosheng jaana, mebusomegolo e sa ntse e na le dibetsa tsa nuklea di ka nna 2 000 tse di ka dirisiwang nako nngwe le nngwe. Balaodi ba bega makgetlo a le makgolokgolo a mo go one go “timelang” didirisiwa tsa nuklea. A dirukhutlhi di na le dingwe tsa tsone? Bakanoki ba re batho botlhe ba ka fedisiwa motlhofo ke ntwa e serukhutlhi se ka e simololang. Le fa go ntse jalo, ntwa ga se yone fela e e ka tsenyang botshelo jwa batho mo kotsing.
15 Pego ya 2009 ya lokwalopaka lwa The Lancet le University College London e ne ya re: “Go fetoga ga tlelaemete ke sengwe se segolo se se tshosetsang boitekanelo jwa batho ba ba tshelang mo lekgolong la bo21 la dingwaga.” Pego eo e tswelela ka go re: “Phetogo ya tlelaemete e e amang boitekanelo jwa batho, e tla ama baagi ba le bantsi mo dingwageng di le masomesome tse di tlang mme e bo e baya matshelo le botsogo jwa dibilione tsa batho mo kotsing e e seng kana ka sepe.” Diphelelo e ka nna tshenyego e kgolo e e bakiwang ke go oketsega ga metsi a lewatle, mauba, merwalela, malwetse a leroborobo, dikgwanyape le go lwela go tlhaela ga didirisiwa. Dintwa le dikotsi tsa masetlapelo di tshosetsa tshireletsego ya batho.
16 Batho bangwe ba ka akanya gore matshosetsi a ntwa ya nuklea a ka dira gore go nne le ditiragalo tse di diragatsang “sesupo.” Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ga ba tlhaloganye se tota sesupo se se kayang. Se na le masomesome a dingwaga jaanong se ntse se bonala, e leng se se bontshang gore go nna gone ga ga Keresete ke selo sa mmatota le gore bofelo jwa tsamaiso eno ya dilo bo atamela ka bofefo. (Math. 24:3) Ga go ise go ko go direge gore dikarolo tse dintsi jaana tsa sesupo di bonale sentle thata jaana. Ke nako ya gore batho ba tsoge mo borokong jwa semoya. Bodiredi jwa rona bo ka ba thusa gore ba tsoge.
17, 18. (a) “Paka” e re ama jang? (b) Ke eng se se ka dirang gore batho ba fetole tsela e ba lebang molaetsa wa Bogosi ka yone?
17 Go setse nako e khutshwane fela gore re supe lorato lwa rona mo go Jehofa le go wetsa tiro ya go rera e re abetsweng go e dira mo metlheng eno ya bofelo. Se Paulo a ileng a se bolelela Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba kwa Roma, se na le bokao jo bogolo thata gompieno: “Lo itse paka, gore e setse e le nako ya gore lo thanye mo borokong, gonne jaanong poloko ya rona e gautshwane go na le ka nako e re neng re nna badumedi ka yone.”—Bar. 13:11.
18 Ditiragalo tse di boleletsweng pele gore di tla direga mo metlheng ya bofelo, di ka dira gore batho ba lemoge se ba se tlhokang semoyeng. Ba bangwe ba lemoga gore batho ba tlhoka thuso, fa ba ntse ba akanya ka go palelwa ga dipuso tsa batho go emelana le mathata a ikonomi, matshosetsi a nuklea, bokebekwa kgotsa go senngwa ga tikologo. Le fa go ntse jalo, ba bangwe ba lemoga gore ba tlhoka thuso ya semoya ka ntlha ya ditiragalo tsa mo malapeng tse di jaaka mathata a botsogo, tlhalo kgotsa loso lwa motho yo ba mo ratang. Fa re ntse re rera mo bodireding, re ithaopela go thusa batho ba ba ntseng jalo.
BA TLHOTLHELEDIWA KE BOIKUTLO JWA GO POTLAKA
19, 20. Boikutlo jwa go potlaka bo tlhotlheleditse jang Bakeresete ba le bantsi go fetola tsela ya bone ya botshelo?
19 Boikutlo jwa go potlaka bo tlhotlheleditse Bakeresete ba le bantsi gore ba oketse seabe sa bone mo bodireding. Ka sekai, banyalani ba basha ba kwa Ecuador ba ne ba dira tshwetso ya go tlhofofatsa botshelo jwa bone morago ga go reetsa thulaganyo ya kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe ya 2006 e e neng e na le setlhogo se se reng “Dira Gore Leitlho la Gago le Nne le sa Raraana.” Ba ne ba dira lenaane la dilo tse ba sa di tlhokeng mme mo dikgweding di le tharo ba ne ba fuduga go tswa mo foleteng e e nang le diphaposi di le tharo tsa go robala mme ba ya kwa foleteng e e nang le phaposi e le nngwe ya go robala, ba rekisa dilo dingwe mme ba duela dikoloto tsa bone tsotlhe. Go ise go ye kae ba ne ba simolola tirelo ya bobulatsela jo bo thusang mme ba bo ba dumela kakantsho ya molebedi wa potologo ya gore ba direle kwa phuthegong e e nang le tlhokego e kgolwane.
20 Mokaulengwe mongwe wa kwa Amerika Bokone o kwala jaana: “Fa nna le mosadi wa me re ne re ya kwa kopanong ka 2006, re ne re setse re na le dingwaga di le 30 re kolobeditswe. Fa re le mo koloing re boela gae, re ne ra tlotla kafa re ka dirisang kgakololo e re e neilweng ya go tlhofofatsa botshelo jwa rona. (Math. 6:19-22) Re ne re na le matlo a le mararo, polasi, dikoloi tsa manobonobo, mokoro le kharabene. E re ka re ne re ikutlwa e kete re tshwanetse ra bo re lebega re le Bakeresete ba dieleele, re ne ra swetsa ka go itirela mokgele wa go tsenela tirelo ya nako e e tletseng. Ka 2008, re ne ra direla le morwadiarona mo tirelong ya bobulatsela jwa ka metlha. A bo re ile ra itumelela jang ne go bereka gaufi thata le bakaulengwe! Re ile ra kgona go direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone. Gape, maitemogelo a re nnileng le one a go direla Jehofa go le gontsi, a dirile gore re atamalane le ene. Se se re itumedisitseng thata ke go bona batho ba itumela fa ba utlwa le go tlhaloganya boammaaruri jwa Lefoko la Modimo.”
21. Ke kitso efe e e re tlhotlheletsang go tsaya kgato?
21 Re a itse gore go ise go ye kae go tla direga eng ka tsamaiso eno e e boikepo ya dilo—‘letsatsi la katlholo le la go senngwa ga baikepi.’ (2 Pet. 3:7) Kitso e re nang le yone ka Lefoko la Modimo e re tlhotlheletsa gore re itsise ka tlhagafalo ka pitlagano e kgolo e e tlang le lefatshe le lesha le le tla tlang morago ga yone. Re tswelela re na le boikutlo jwa go potlaka jwa go tlisetsa batho tsholofelo ya mmatota. Fa re nna le seabe ka botlalo mo tirong eno e e potlakileng, re a bo re bontsha gore tota re rata Modimo le baagelani.