‘Lo Nne Pelokgale lo Nonofe!’
“Nnang pelokgale! Ke fentse lefatshe.”—JOHANE 16:33.
1. Ke kgothatso efe e Baiseraele ba neng ba e newa ka ntlha ya maemo a ba neng ba tlile go lebana le one kwa Kanana?
FA Baiseraele ba tloga ba kgabaganya Noka ya Joredane go tsena mo Nageng e e Solofeditsweng, Moshe o ne a ba raya a re: “Lo nne pelokgale lo nonofe. O se ka wa boifa kgotsa wa garoga pelo fa pele ga bone, ka gonne Jehofa Modimo wa gago ke ene a gwantang le wena.” Go tswa foo Moshe o ne a bitsa Joshua, yo o neng a tlile go etelela Baiseraele pele go tsena kwa Kanana, a bo a boeletsa kgakololo eno ya gore Joshua ka boene a nne pelokgale. (Duteronome 31:6, 7) Moragonyana Jehofa ka boene o ne a kgothatsa Joshua a re: “O nne pelokgale o bo o nonofe . . . O nne pelokgale o bo o nonofe thata.” (Joshua 1:6, 7, 9) Mafoko ano a ne a tshwanela. Baiseraele ba ne ba tla tshwanelwa ke go nna pelokgale go lebana le baba ba ba nonofileng ba ba neng ba tlile go rakana le bone fa ba sena go kgabaganya Joredane.
2. Ke maemo afe a re lebanang le one gompieno, mme a re tlhoka eng?
2 Gompieno, Bakeresete ba boammaaruri ba tloga ba tsena mo lefatsheng le lesha le ba le solofeditsweng mme le bone ba tshwanetse go nna pelokgale fela jaaka Joshua. (2 Petere 3:13; Tshenolo 7:14) Le fa go ntse jalo, maemo a rona ga a tshwane le a ga Joshua. Joshua o ile a lwa dintwa tsa marumo le ditšhaka. Rona re lwa ntwa ya semoya, e le ka motlha e sa re tlhokeng go dirisa dibetsa tsa mmatota. (Isaia 2:2-4; Baefeso 6:11-17) Mo godimo ga moo, Joshua o ile a tshwanelwa ke go lwa dintwa tse dintsi tse di matlhomahibidu tota le fa a sena go tsena kwa Nageng e e Solofeditsweng. Mme rona re lwa dintwa tsa rona tse di matlhomahibidu le go feta gone jaanong—pele ga re tsena mo lefatsheng le lesha. A re sekaseke maemo mangwe a a re tlhokang gore re nne pelokgale.
Ke Eng fa re Tshwanetse go Lwa ka Natla?
3. Baebele e senola eng ka moganetsi wa rona yo mogolo?
3 Moaposetoloi Johane o ile a re: “Re a itse gore re tswa mo Modimong, mme lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (1 Johane 5:19) Mafoko ao a bontsha lebaka la konokono la go bo Bakeresete ba tshwanetse go lwa ka natla gore ba nne ba nonofile mo tumelong. Fa Mokeresete a nna a ikanyega, o a bo a fentse Satane Diabolo ka selekanyo se se rileng. Ke gone ka moo Satane a tsamayatsamayang jaaka “tau e e kurutlang” e e batlang go tsenya Bakeresete ba ba ikanyegang letshogo le go ba kometsa. (1 Petere 5:8) O tlhabana le Bakeresete ba ba tloditsweng le ditsala tsa bone. (Tshenolo 12:17) Mo ntweng eno, o dirisa batho go diragatsa maikaelelo a gagwe, ba itse kana ba sa itse. Re tlhoka go nna pelokgale gore re kgone go emelana le Satane le batho botlhe ba gagwe.
4. Ke tlhagiso efe e Jesu a ileng a e naya balatedi ba gagwe mme ke nonofo efe e Bakeresete ba boammaaruri ba ileng ba e bontsha?
4 E re ka Jesu a ne a itse gore Satane le batho ba gagwe ba ne ba tla nna kgatlhanong le dikgang tse di molemo, o ne a tlhagisa balatedi ba gagwe a re: “Batho ba tla lo isa kwa pitlaganong e bile ba tla lo bolaya, mme lo tla nna ba ba tlhoilweng ke ditšhaba tsotlhe ka ntlha ya leina la me.” (Mathaio 24:9) Mafoko ao a ne a diragadiwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga mme le gompieno a diragadiwa. Dipogiso tse bangwe ba Basupi ba ga Jehofa ba gompieno ba ileng ba di itshokela e nnile tse di setlhogo fela jaaka tse dingwe tse di nnileng gone mo hisitoring. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba boammaaruri ba lebana le dipogiso tse di ntseng jalo ka bopelokgale. Ba a itse gore “go boifa batho ke gone mo go bayang seru,” mme ga ba batle go iphitlhela ba tshwerwe ke seru seo.—Diane 29:25.
5, 6. (a) Ke maemo afe a a re tlhokang bopelokgale? (b) Bakeresete ba ba ikanyegang ba itshwara jang fa bopelokgale jwa bone bo lekwa?
5 Kwantle ga dipogiso, go na le dikgwetlho tse dingwe tse di re tlhokang bopelokgale. Ga go motlhofo mo baboleding bangwe go bua dikgang tse di molemo le batho ba ba sa ba itseng. Bopelokgale jwa bana bangwe ba ba tsenang sekolo bo ka lekwa fa ba laelwa go opela pina ya setšhaba kana go tlotlomatsa folaga ya naga. E re ka go opela pina ya setšhaba ka tsela nngwe go amana le kobamelo, basha ba Bakeresete ba ile ba nna pelokgale go dira dilo ka tsela e e itumedisang Modimo mo maemong a a ntseng jalo, mme tsela eno ya bone e e molemo ya botshelo e a itumedisa.
6 Gape re tlhoka bopelokgale fa baganetsi ba tlhotlheletsa babegadikgang go anamisa dipego tse di sa siamang ka batlhanka ba Modimo kana fa ba leka go thibela kobamelo ya boammaaruri ka go baka “mathata ka taelo.” (Pesalema 94:20) Ka sekai, re tshwanetse go ikutlwa jang fa lokwalodikgang, radio kana thelebishene di bega dipego tse di sokameng kana tsa maaka ka Basupi ba ga Jehofa? A re tshwanetse go gakgamala? Nnyaa. Re lebeletse gore go tla nna le dilo tse di ntseng jalo. (Pesalema 109:2) Mme ga re gakgamale fa batho bangwe ba dumela dipego tseo tsa maaka le tse di sokameng, e re ka “ope fela yo o se nang maitemogelo o dumela lefoko lengwe le lengwe.” (Diane 14:15) Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba ba ikanyegang ga ba dumele sengwe le sengwe se batho ba se buang ka bakaulengwe ba bone, e bile ga go pelaelo gore ga ba letle dipego tsa maaka gore di ba koafatse tumelo, di ba dire gore ba se ka ba tlhola ba ya dipokanong tsa Bokeresete le go nna le seabe ka matlhagatlhaga mo bodireding jwa tshimo. Go na le moo, ba ‘itshupa e le badiredi ba Modimo ka kgalalelo le tlontlologo, ka pego e e bosula le pego e e molemo; le go tsewa ke baganetsi ba bone e le batsietsi mme le fa go ntse jalo tota ba le boammaaruri.’—2 Bakorintha 6:4, 8.
7. Ke dipotso dife tse di fatang maikutlo tse re ka ipotsang tsone?
7 Paulo o ile a bua jaana fa a kwalela Timotheo: “Modimo ga a re naya moya wa bogatlapa, fa e se wa maatla . . . Jalo o se ka wa tlhabisiwa ditlhong ke bosupi ka ga Morena wa rona.” (2 Timotheo 1:7, 8; Mareko 8:38) Fa re sena go bala mafoko ao, re ka ipotsa jaana: ‘A ke tlhabisiwa ditlhong ke dilo tse ke di dumelang kgotsa a ke pelokgale? A ke dira gore batho ba ke berekang le bone (kana ba ke tsenang sekolo le bone) ba itse gore ke Mosupi wa ga Jehofa kgotsa a ke a ba lobela? A ke tlhabisiwa ditlhong ke go itshwara ka tsela e e farologaneng le ya batho ba bangwe kgotsa a ke itumelela gore kamano ya me le Jehofa e dira gore ke farologane le bone?’ Fa go na le mongwe yo o boifang go rera dikgang tse di molemo kana go dumela dilo tse bontsi bo sa di dumeleng, a a gakologelwe kgakololo eno e Jehofa a neng a e naya Joshua: “O nne pelokgale o bo o nonofe.” Le ka motlha re se lebale gore selo sa botlhokwa ga se tsela e badirikawena kana batho ba re tsenang sekolo le bone ba ikutlwang ka yone, go na le moo, selo sa botlhokwa ke tsela e Jehofa le Jesu Keresete ba ikutlwang ka yone.—Bagalatia 1:10.
Se se Ka re Thusang go Nna Pelokgale
8, 9. (a) Nako nngwe bopelokgale jwa Bakeresete ba bogologolo bo ne jwa lekwa ka tsela efe? (b) Petere le Johane ba ile ba itshwara jang fa ba ne ba tshosediwa, mme bone le bakaulengwe ba bone ba ne ba diragalelwa ke eng?
8 Ke eng se se ka re thusang go nna le bopelokgale jo bo ka re thusang gore re nne re ikanyega mo dinakong tseno tse di boima? A o gakologelwa gore ke eng se se ileng sa thusa Bakeresete ba bogologolo go nna le bopelokgale? Akanya ka se se ileng sa direga fa baperesiti ba bagolo le banna ba bagolo kwa Jerusalema ba ne ba laela Petere le Johane go kgaotsa go rera ka leina la ga Jesu. Barutwa bano ba ne ba gana, mme ba tshosediwa, go tswa foo ba gololwa. Morago ga moo ba ne ba ya go ikopanya le bakaulengwe ba bangwe mme ba rapela mmogo, ba re: “Jehofa, tlhokomela matshosetsi a bone, mme o dire gore batlhanka ba gago ba nne ba bue lefoko la gago ka bopelokgale jotlhe.” (Ditiro 4:13-29) Jehofa o ne a ba araba ka go ba nonotsha ka moya o o boitshepo, mme jaaka fa moragonyana baeteledipele ba Bajuda ba ile ba bolela, barutwa ba ile ba ‘tlatsa Jerusalema’ ka thuto ya bone.—Ditiro 5:28.
9 A re sekaseke se se neng sa direga ka nako eo. Fa barutwa ba ne ba tshosediwa ke baeteledipele ba Bajuda, ba ne ba se ka ba ineela. Go na le moo, ba ile ba rapelela gore ba nne le bopelokgale jwa go tswelela pele ba rera. Go tswa foo ba ne ba dira tumalanong le se ba neng ba se rapelela, mme Jehofa a ba nonotsha ka moya wa gagwe. Dilo tse di ba diragaletseng di bontsha gore se Paulo a ileng a se kwala dingwaga di sekae moragonyana fa a ne a bua ka kgang e sele, se ka thusa Bakeresete fa ba bogisiwa. Paulo o ile a re: “Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.”—Bafilipi 4:13.
10. Batho ba ba ditlhong ka tlholego ba ka thusiwa jang ke se se neng sa diragalela Jeremia?
10 Mme gone, go tweng fa e le gore motho o ditlhong ka tlholego? A a ka kgona go direla Jehofa ka bopelokgale le fa a ganediwa? Ee, a ka kgona! Gakologelwa gore Jeremia o ile a tsiboga jang fa Jehofa a ne a mo tlhoma go nna moporofeti. O ile a re: “Ke mosimanyana fela.” Ga go pelaelo gore o ne a inyatsa. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a mo kgothatsa ka mafoko ano: “O se ka wa re, ‘Ke mosimanyana fela.’ Mme o ye kwa go botlhe ba ke tla go romang kwa go bone; mme o bue sengwe le sengwe se ke tla se go laelang. O se ka wa boifa ka ntlha ya difatlhego tsa bone, gonne ‘Ke na le wena go go golola.’” (Jeremia 1:6-10) Jeremia o ne a ikanya Jehofa mme seo se ne sa dira gore Jehofa a mo nonotshe gore a kgone go fenya bothata jwa gagwe jwa go okaoka mme a nna mosupi yo o pelokgale tota mo Iseraele.
11. Ke eng se se thusang Bakeresete gompieno go nna pelokgale jaaka Jeremia?
11 Gompieno Bakeresete ba ba tloditsweng ba na le thomo e e tshwanang le ya ga Jeremia, mme e re ka ba engwa nokeng ke “boidiidi jo bogolo” jwa “dinku tse dingwe,” ba tswelela pele go bolela maikaelelo a ga Jehofa, tota le fa batho ba ba tlhokomologa, ba ba sotla le go ba bogisa. (Tshenolo 7:9; Johane 10:16) Ba kgothadiwa ke mafoko ano a Jehofa a neng a a bua le Jeremia: “O se ka wa boifa.” Ga ba ke ba lebala gore ba romilwe ke Modimo le gore ba rera molaetsa wa gagwe.—2 Bakorintha 2:17.
Dikai Tsa Bopelokgale Tse Re ka Di Etsang
12. Jesu o re tlhometse sekao sefe se se molemo sa bopelokgale, mme o ne a kgothatsa balatedi ba gagwe jang?
12 Re ka atlega mo maitekong a rona a go nna pelokgale fa re tlhatlhanya ka dikai tsa batho ba bangwe ba ba ileng ba nna pelokgale fela jaaka Jeremia. (Pesalema 77:12) Ka sekai, fa re sekaseka bodiredi jwa ga Jesu, re kgatlhiwa ke bopelokgale jwa gagwe fa Satane a ne a leka go mo raela le fa a ne a ganediwa setlhogo ke baeteledipele ba Bajuda. (Luke 4:1-13; 20:19-47) Ka ntlha ya nonofo e Jesu a neng a e newa ke Jehofa o ne a kgona go ema a nonofile, mme pele fela ga a swa o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Mo lefatsheng lo na le pitlagano, mme nnang pelokgale! Ke fentse lefatshe.” (Johane 16:33; 17:16) Barutwa ba ga Jesu le bone ba ne ba ka fenya lefatshe fa ba ne ba ka etsa sekao sa gagwe. (1 Johane 2:6; Tshenolo 2:7, 11, 17, 26) Mme gone ba ne ba tla tshwanelwa ke go ‘nna pelokgale.’
13. Paulo o ne a kgothatsa Bafilipi jang?
13 Dingwaga morago ga loso lwa ga Jesu, Paulo le Silase ba ne ba latlhelwa mo kgolegelong kwa Filipi. Moragonyana Paulo o ne a kgothatsa Bafilipi gore ba ‘eme ba nitame mo maikutlong a le mangwe, ka moya o le mongwe ba wa ba tsoga mmogo ka ntlha ya tumelo ya dikgang tse di molemo, mme le fa e le ka tsela efe ba sa tshosiwe ke baganetsi ba bone.’ Fa Paulo a ba kgothatsa gore ba eme ba nitame o ne a re: “Sone selo seno [go bogisiwa ga Bakeresete] ke bosupi jwa tshenyego ya [babogisi ba bone], mme jwa poloko ya lona; mme kaelo eno e tswa kwa Modimong, ka gonne lo ne lwa newa tshiamelo mo boemong jwa ga Keresete, e seng fela ya go dumela mo go ene, mme le ya go boga mo boemong jwa gagwe.”—Bafilipi 1:27-29.
14. Bopelokgale jwa ga Paulo bo ile jwa ama bakaulengwe ba kwa Roma jang?
14 Fa Paulo a ne a kwalela phuthego ya Filipi o ne a le mo kgolegelong gape, mme mo lekgetlhong leno a le kwa Roma. Le fa go ntse jalo, o ne a tswelela pele a rerela batho ba bangwe ka bopelokgale. Mme seno se ne sa felela ka eng? O ne a re: “Dikgole tsa me di itsilwe phatlalatsa seoposengweng le Keresete mo gare ga Badisa botlhe ba Mmusimogolo le ba bangwe botlhe; mme bontsi jwa bakaulengwe mo Moreneng, ka ba ikutlwa ba na le tshepo ka lebaka la dikgole tsa me tsa kgolegelo, ba bontsha bopelokgale le go feta, jwa go bua lefoko la Modimo ka go tlhoka poifo.”—Bafilipi 1:13, 14.
15. Ke bomang ba e leng dikao tse di molemo tsa tumelo tse di tla re nonotshang go nna pelokgale?
15 Sekao sa ga Paulo se a re kgothatsa. Re kgothadiwa le ke dikao tse di molemo tsa Bakeresete ba gompieno ba ba ileng ba itshokela pogiso kwa dinageng tse di laolwang ke babusaesi kgotsa baruti. Bontsi jwa dipego tseno di umakilwe mo makasineng wa Tora ya Tebelo le Tsogang! le mo dikgatisong tsa Yearbook of Jehovah’s Witnesses. Fa o bala dipego tseo, se lebale gore batho ba go buiwang ka bone ke batho fela ba ba tshwanang le rona; mme gone fa ba ne ba lebana le maemo a a thata, Jehofa o ne a ba naya maatla a a fetang a a tlwaelegileng mme ba ile ba itshoka. Ga go pelaelo gore le rona o tla re naya maatla a a ntseng jalo fa re lebana le maemo a a thata.
Bopelokgale Jwa Rona bo Itumedisa Jehofa Le go Mo Tlotlomatsa
16, 17. Re ka lwela go nna le bopelokgale jang gompieno?
16 Motho o bontsha bopelokgale fa a emela boammaaruri le tshiamo ka nitamo. Mme fa motho a dira jalo le mororo a ikutlwa a tshogile, seo se bontsha bopelokgale le go feta. Mokeresete mongwe le mongwe a ka kgona go nna pelokgale fa e le gore ruri o batla go dira thato ya ga Jehofa, fa a iketleeleditse go nna a ikanyega, fa a ikanya Modimo ka dinako tsotlhe le fa a nna a sa lebale gore Jehofa o ile a nonotsha batho ba le bantsintsi ba ba tshwanang le ene mo nakong e e fetileng. Mo godimo ga moo, fa re lemoga gore bopelokgale jwa rona bo itumedisa Jehofa le go mo tlotlomatsa, re tla dira sengwe le sengwe gore re nne re nonofile. Mme e re ka re mo rata, re iketleeleditse go itshoka fa re sotlwa kana re tshwarwa makgwakgwa.—1 Johane 2:5; 4:18.
17 Le ka motlha se lebale gore fa re boga ka ntlha ya tumelo ya rona, seo ga se reye gore re dirile sengwe se se phoso. (1 Petere 3:17) Re boga ka go bo re ema bolaodi jwa ga Jehofa nokeng, ka go bo re dira se se molemo le ka go bo re se karolo ya lefatshe. Moaposetoloi Petere o ne bua jaana ka seno: “Fa e re lo dira molemo lo bo lo boga, lo go itshokela, seno ke selo se se itumedisang mo Modimong.” Gape Petere o ne a re: “Ba ba bogang tumalanong le thato ya Modimo a ba nne ba neele Mmopi yo o ikanyegang meya ya bone fa ba ntse ba dira molemo.” (1 Petere 2:20; 4:19) Ee, tumelo ya rona e itumedisa Modimo wa rona yo o lorato Jehofa, mme e dira gore a tlotlwe. A lebaka le le utlwalang tota la go nna pelokgale!
Fa re Bua le Balaodi
18, 19. Fa re bontsha bopelokgale fa pele ga baatlhodi, tota re a bo re ba itsise molaetsa ofe?
18 Fa Jesu a ne a bolelela balatedi ba gagwe gore ba tla bogisiwa, gape o ne a re: “[Batho] ba tla lo isa kwa dikgotlatshekelong tsa mafelo a lo leng mo go one, e bile ba tla lo kgwathisa mo disinagogeng tsa bone. Ee, lo tla gogelwa fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya me, gore e nne bosupi mo go bone le mo ditšhabeng.” (Mathaio 10:17, 18) Re tlhoka go nna pelokgale fa re tshwanelwa ke go ema fa pele ga moatlhodi kana mmusi ka ntlha ya ditatofatso tsa maaka. Le fa go ntse jalo, fa re dirisa dinako tse di ntseng jalo ka bopelokgale go neela batho bao bosupi, re a bo re dirisa maemo ao a a thata go nna le tshono ya go dira sengwe se se botlhokwa. Tota re ka re, re a bo re itsise ba ba re atlholang mafoko ano a ga Jehofa a a kwadilweng mo Pesalemeng ya bobedi: “Jaanong, lona dikgosi, dirisang temogo; itetleng go siamisiwa, lona baatlhodi ba lefatshe. Direlang Jehofa ka poifo.” (Pesalema 2:10, 11) Gantsi fa Basupi ba ga Jehofa ba pegwa ditatofatso tsa maaka kwa kgotlatshekelong, baatlhodi ba tshegetsa molao wa kgololesego ya kobamelo, mme re itumelela seo. Le fa go ntse jalo, baatlhodi bangwe ba ile ba itetla go tlhotlhelediwa ke baganetsi. Dikwalo di raya ba ba ntseng jalo di re: “Itetleng go siamisiwa.”
19 Baatlhodi ba tshwanetse go itse gore molao wa ga Jehofa Modimo ke one o o mogolo go gaisa yotlhe. Ba tshwanetse go gakologelwa gore batho botlhe, go akaretsa le bone baatlhodi, ba a ikarabelela mo go Jehofa Modimo le Jesu Keresete. (Baroma 14:10) Mme rona, le fa baatlhodi ba batho ba ka re atlholela ka tshiamo kana nnyaa, re na le mabaka a mantsi a go nna pelokgale ka gonne Jehofa o re ema nokeng. Baebele ya re: “Go itumela botlhe ba ba tshabelang mo go ene.”—Pesalema 2:12.
20. Ke ka ntlha yang fa re ka itumela fa re tshwanelwa ke go itshokela pogiso le dipego tse di re senyang leina?
20 Jesu o ne a bua jaana mo Therong ya kwa Thabeng: “Go itumela lona fa batho ba lo kgoba ba bo ba lo bogisa e bile ba bua ka lona selo le fa e ka nna sepe fela se se boikepo ka ntlha ya me, e bile ba aka. Ipeleng lo bo lo tlolake ka boipelo, e re ka maduo a lona a le magolo kwa magodimong; gonne ba ne ba bogisa baporofeti pele ga lona ka tsela eo.” (Mathaio 5:11, 12) Ke boammaaruri gore pogiso ga se selo se se itumedisang, mme gone selo se se re itumedisang ke go ema re nitame le fa re lebane le pogiso, go akaretsa le dipego tse di re senyang leina tsa babegadikgang. Fa re dira jalo re a bo re itumedisa Jehofa mme o tla re segofatsa. Bopelokgale jwa rona bo bontsha gore re na le tumelo ya mmatota e bile bo re tlhomamisetsa gore Jehofa o tla re amogela. Bo bontsha gore re ikanya Jehofa ka botlalo. Go ikanya Jehofa ka tsela e e ntseng jalo go botlhokwa thata mo Bakereseteng, jaaka setlhogo se se latelang se tla bontsha.
O Ithutile Eng?
• Ke maemo afe a a re tlhokang bopelokgale gompieno?
• Ke eng se se ka re thusang go nna le bopelokgale?
• Ke bomang ba ba re tlhomelang sekao se se molemo sa bopelokgale?
• Ke ka ntlha yang fa re batla go nna pelokgale?
[Ditshwantsho mo go tsebe 9]
Simone Arnold (yo jaanong sefane sa gagwe e leng Liebster) kwa Jeremane, Widdas Madona kwa Malawi, le Lydia le Oleksii Kurdas kwa Ukraine, ba ile ba bontsha bopelokgale mme ba emelana le yo o boikepo
[Ditshwantsho mo go tsebe 10]
Ga re tlhabisiwe ditlhong ke dikgang tse di molemo
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
Bopelokgale jwa ga Paulo fa a le kwa kgolegelong bo ile jwa thusa go tsweledisetsa dikgang tse di molemo pele
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Fa re tlhalosetsa baatlhodi boemo jwa rona jwa Dikwalo ka bopelokgale, re a bo re ba itsise molaetsa o o botlhokwa