-
Go Reetsa Segakolodi sa GagoTora ya Tebelo—2007 | October 15
-
-
Go Reetsa Segakolodi sa Gago
“Dilo tsotlhe di phepa mo bathong ba ba phepa. Mme mo bathong ba ba leswafetseng le ba ba se nang tumelo ga go na sepe se se phepa.”—TITO 1:15.
1. Paulo o ne a dira eng mo diphuthegong tsa kwa Kereta?
FA MOAPOSETOLOI PAULO a sena go wetsa maeto a mararo a borongwa, o ne a tshwarwa mme kgabagare a romelwa kwa Roma, kwa a neng a nna a tshwerwe teng dingwaga tse pedi. O ne a dirang fa a gololwa? Nako nngwe o ne a etela setlhaketlhake sa Kereta a na le Tito, yo Paulo a neng a mo kwalela a re: “Ke ne ka go tlogela kwa Kereta, gore o baakanye dilo tse di neng di le bogole le gore o tlhome banna ba bagolwane.” (Tito 1:5) Tiro eo ya ga Tito e ne e akaretsa go dirisana le batho ba digakolodi tsa bone di neng di bereka le ba di neng di sa bereke sentle.
2. Tito o ne a tshwanelwa ke go lebana le bothata bofe mo setlhaketlhakeng sa Kereta?
2 Paulo o ne a bolelela Tito ka dinonofo tse bagolwane ba phuthego ba tshwanetseng go nna le tsone a bo a bontsha gore go ne go na le “batho ba le bantsi ba ba sa laolesegeng, babui ba ba se nang poelo, le batsietsi ba mogopolo.” Batho bano ba ne ba “phetsola malapa otlhe ka go ruta dilo tse ba sa tshwanelang go di ruta.” Tito o ne a tshwanetse gore a ‘nne a ba kgalemele.’ (Tito 1:10-14; 1 Timotheo 4:7) Paulo o ne a bolela gore megopolo ya bone le digakolodi tsa bone di ne di ‘leswafetse,’ a dirisa lefoko le le ka dirisiwang fa seaparo se sentle se ka mathegelwa ke sefetolammala. (Tito 1:15) Bangwe ba banna bano e ka tswa e ne e le Bajuda ka tlholego, gonne ba ne ba ‘ngaparela go rupa.’ Gompieno diphuthego ga di kgotlelwe ke batho ba ba nang le pono e e ntseng jalo; mme re sa ntse re ka ithuta go le gontsi kaga segakolodi mo kgakololong e Paulo a neng a e naya Tito.
Batho ba ba Nang le Segakolodi se se Leswafetseng
3. Paulo o ne a kwalela Tito a reng kaga segakolodi?
3 Ela tlhoko seemo se Paulo a neng a le mo go sone fa a umaka segakolodi. “Dilo tsotlhe di phepa mo bathong ba ba phepa. Mme mo bathong ba ba leswafetseng le ba ba se nang tumelo ga go na sepe se se phepa, mme megopolo ya bone mmogo le digakolodi tsa bone di leswafetse. Ba bolela phatlalatsa gore ba itse Modimo, mme ba mo itatola ka ditiro tsa bone.” Go bonala sentle gore bangwe ka nako eo ba ne ba tlhoka go dira diphetogo gore “ba itekanele mo tumelong.” (Tito 1:13, 15, 16) Ba ne ba ketefalelwa ke go farologanya se se phepa le se se seng phepa, mme seno se ne se ama segakolodi sa bone.
4, 5. Bangwe mo diphuthegong ba ne ba tlhaela fa kae, mme seno se ne se ba ama jang?
4 Dingwaga di feta lesome pele ga foo, setlhopha se se laolang sa Bakeresete se ne sa dira tshwetso ya gore motho o ne a sa tlhole a tlhoka go rupisiwa gore a nne moobamedi wa boammaaruri, mme ba ne ba itsise diphuthego ka seo. (Ditiro 15:1, 2, 19-29) Mme bangwe mo Kereta ba ne ba sa ntse ba ‘ngaparetse go rupa.’ Ba ne ba ganetsa setlhopha se se laolang ba sa fitlhe, ba “ruta dilo tse ba sa tshwanelang go di ruta.” (Tito 1:10, 11) E re ka ba ne ba akanya ka tsela e e sokameng, ba ka tswa ba ne ba rotloetsa batho go latela ditaelo tsa Molao malebana le dijo le meetlo ya go iitshekisa. Gongwe e bile ba ka tswa ba ne ba oketsa se se buiwang ke Molao, fela jaaka go ne go dira bagologolwane ba bone mo motlheng wa ga Jesu, e bile ba buelela ditlhamane tsa Bajuda le melao ya batho.—Mareko 7:2, 3, 5, 15; 1 Timotheo 4:3.
5 Go akanya jalo go ne ga dira gore ba se ka ba leba dilo ka tsela e e siameng e bile go ne ga ama bokgoni jwa bone jwa go itse se se molemo le se se bosula, ke gore segakolodi sa bone. Paulo o ne a kwala a re: “Mo bathong ba ba leswafetseng le ba ba se nang tumelo ga go na sepe se se phepa.” Segakolodi sa bone se ne sa sokama mo e leng gore se ne se sa tlhole se kaela ditiro tsa bone sentle le tsela e ba lebang dilo ka yone. Mo godimo ga moo, ba ne ba tshwaya Bakeresete ka bone diphoso mo dilong tse di amang motho ka esi, dilo tse mo go tsone Mokeresete yo mongwe a ka swetsang ka tsela nngwe mme yo mongwe a swetse ka tsela e sele. Mo kgannyeng eno Bakereta bano ba ne ba leba dilo tse tota di leng phepa e le dilo tse di seng phepa. (Baroma 14:17; Bakolosa 2:16) Le fa ba ne ba bolela gore ba itse Modimo, ditiro tsa bone di ne di sa bontshe seo.—Tito 1:16.
“Di Phepa mo Bathong ba ba Phepa”
6. Paulo o ne a umaka mefuta efe e mebedi ya batho?
6 Re ka solegelwa molemo jang ke se Paulo a neng a se kwalela Tito? Ela tlhoko dintlha tse di sa tshwaneng tse di mo mafokong ano: “Dilo tsotlhe di phepa mo bathong ba ba phepa. Mme mo bathong ba ba leswafetseng le ba ba se nang tumelo ga go na sepe se se phepa, mme megopolo ya bone mmogo le digakolodi tsa bone di leswafetse.” (Tito 1:15) Ruri Paulo o ne a sa bolele gore mo Mokereseteng wa boitsholo jo bo phepa, sengwe le sengwe fela se phepa e bile se a amogelesega. Re ka tlhomamisega ka seo ka gonne Paulo o ne a boletse sentle mo lekwalong le lengwe gore motho yo o dirang kgokafalo, kobamelo ya medingwana, yo o dirisanang le meya, jalo le jalo ‘ga a na go rua bogosi jwa Modimo.’ (Bagalatia 5:19-21) Ka jalo re tshwanetse ra konela ka gore Paulo o ne a bolela ntlha e e akaretsang mefuta e mebedi ya batho, ba ba phepa mo boitsholong le mo semoyeng le ba ba seng phepa.
-
-
Go Reetsa Segakolodi sa GagoTora ya Tebelo—2007 | October 15
-
-
Digakolodi Tse di sa Tshwaneng, Ditshwetso Tse di sa Tshwaneng
9. Fa e le gore “dilo tsotlhe di phepa,” tiro ya segakolodi ke eng?
9 Tota Paulo o ne a raya goreng fa a re “dilo tsotlhe di phepa mo bathong ba ba phepa”? Paulo o ne a bua ka Bakeresete ba ba neng ba dirile gore go akanya ga bone le tsela e ba lebang se se siameng le se se sa siamang ka yone e tsamaisane le melao ya Modimo e re e fitlhelang mo Lefokong la gagwe le le tlhotlheleditsweng. Bakeresete bano ba lemoga gore mo dilong tse dintsi tse di sa kgalweng ka tlhamalalo, badumedi ba ka kgona go leba dilo ka ditsela tse di sa tshwaneng. Mo boemong jwa go tshwayatshwaya ba bangwe diphoso, ba tsaya dilo tse Modimo a sa di iletseng di le “phepa.” Ga ba a lebelela gore batho ba bangwe botlhe ba tla akanya fela jaaka bone mo dikgannyeng tsa botshelo tse Baebele e sa bueng sepe ka tlhamalalo mo go tsone. A re sekasekeng gore seo se ka direga jang.
-