“Ke Mang Yo O Botlhale Le Yo O Tlhaloganyang Mo Go Lona?”
“Ke mang yo o botlhale le yo o tlhaloganyang mo go lona? A a bontshe ka boitshwaro jwa gagwe jo bo molemo ditiro tsa gagwe ka [bonolo, “NW”] jo e leng jwa botlhale.”—JAK. 3:13.
1, 2. Ke eng se se ka bolelwang ka batho ba le bantsi ba go tsewang gore ba botlhale?
O AKANYA gore ke mang yo tota a leng botlhale? A e ka tswa e le batsadi ba gago, rre mongwe yo o godileng, kgotsa porofesa mongwe wa kholetšhe? Tsela e o lebang kgang eno ka yone e ka tswa e tlhotlhelediwa ke tsela e o godileng ka yone le maemo a o tshelang mo go one. Le fa go ntse jalo, batlhanka ba Modimo ba kgatlhegela thata tsela e ene a lebang dilo ka yone.
2 Ga se batho botlhe ba ba tsewang ba le botlhale mo lefatsheng ba Modimo a ba tsayang ba le botlhale tota. Ka sekai, Jobe o ne a bua le banna ba ba neng ba akanya gore ba bua mafoko a a botlhale, mme o ne a swetsa ka go re: “[Ga ke] bone ope yo o botlhale mo go lona.” (Jobe 17:10) Mme moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana ka bangwe ba ba neng ba gana kitso ya Modimo: “Le mororo ba ne ba gatelela gore ba botlhale, ba ne ba nna dieleele.” (Bar. 1:22) Mme Jehofa ka boene o ne a bolela jaana ka tlhamalalo a dirisa moporofeti Isaia: “A bo go latlhega ba ba botlhale mo matlhong a bone.”—Isa. 5:21.
3, 4. Go tlhokega eng gore motho a nne botlhale tota?
3 Ruri re tshwanetse go itse se se dirang gore motho a nne botlhale tota mme ka jalo a amogelwe ke Modimo. Diane 9:10 e re naya tshedimosetso eno: “Go boifa Jehofa ke tshimologo ya botlhale, mme kitso ya Yo O Boitshepotshepo ke se tlhaloganyo e leng sone.” Batho ba ba botlhale ba tshwanetse go boifa Modimo ka tsela e e tshwanetseng ba bo ba tlotle melao ya gagwe. Le fa go ntse jalo, go tlhokega se se fetang fela go dumela gore Modimo o teng le gore o na le melao. Morutwa Jakobe o re kgothaletsa go akanya ka kgang eno. (Bala Jakobe 3:13.) Ela tlhoko polelwana eno: “A a bontshe ka boitshwaro jwa gagwe jo bo molemo ditiro tsa gagwe.” Botlhale jwa mmatota bo tshwanetse go bonala mo go se o se dirang le se o se buang letsatsi le letsatsi.
4 Botlhale jwa mmatota bo akaretsa go nna tekatekano le go dirisa kitso le tlhaloganyo ka tsela e e nang le matswela. Ke ditiro dife tse di tla bontshang gore re na le botlhale jo bo ntseng jalo? Jakobe o balolola dilo di le mmalwa tse di tla bonalang mo tseleng e batho ba ba botlhale ba dirang dilo ka yone.a Ke eng se a neng a se bua se se ka re thusang gore re dirisane sentle le badumedi ka rona, mmogo le batho ba ba seng mo phuthegong?
Ditiro di Bontsha Gore ke Bomang ba Tota ba Leng Botlhale
5. Motho yo tota a leng botlhale o tla itshwara jang?
5 Go a tshwanela go umaka gape gore Jakobe o ne a amanya botlhale le boitshwaro jo bo siameng. E re ka go boifa Jehofa e le tshimologo ya botlhale, motho yo o botlhale o leka go itshwara ka tsela e e dumalanang le ditsela tsa Modimo le melao ya gagwe. Ga re tsholwe re na le botlhale jwa bomodimo. Mme re ka nna le jone fa re ithuta Baebele ka metlha le fa re tlhatlhanya ka yone. Go dira jalo go tla re thusa go dira se se rotloediwang mo go Baefeso 5:1: “Nnang baetsi ba Modimo.” Fa re tswelela re itshwara ka tsela e e dumalanang le botho jwa ga Jehofa, ditiro tsa rona di tla tswelela di bontsha gore re botlhale. Ditsela tsa ga Jehofa ke tsa maemo a a kwa godimo thata go feta ditsela tsa batho. (Isa. 55:8, 9) Ka jalo fa re dira dilo jaaka Jehofa a di dira, batho ba ba kwa ntle ga phuthego ba tla bona gore re farologane le bone.
6. Ke ka ntlha yang fa go nna bonolo go bontsha gore motho o na le bomodimo, mme nonofo eno e ka bontshiwa jang?
6 Jakobe o bontsha gore tsela nngwe e re ka tshwanang le Jehofa ka yone ke ka go nna le “[bonolo] jo e leng jwa botlhale.” Le fa Mokeresete a ka nna bonolo, gape a ka nna le nonofo ya go emela se se siameng, mme seo se tla mo thusa go dira dilo ka tekatekano. Le fa Jehofa a na le maatla a a boitshegang, o bonolo mme ga re tshabe go mo atamela. Morwa Modimo o ne a le bonolo jaaka Rraagwe mo a neng a ka re: “Tlang mo go nna, lona lotlhe ba lo dirang ka natla le ba lo imelwang, mme ke tla lo lapolosa. Rwalang jokwe ya me mme lo ithute mo go nna, gonne ke bonolo e bile ke boikokobetso mo pelong, mme lo tla bonela meya ya lona tapologo.”—Math. 11:28, 29; Bafil. 2:5-8.
7. Ke ka ntlha yang fa re ka tsaya Moshe e le sekao se se molemo sa go nna bonolo?
7 Baebele e bua ka batho bangwe ba ba neng ba le bonolo kgotsa ba le boikokobetso ka tsela e e tlhomologileng. Moshe e ne e le mongwe wa bone. O ne a na le maikarabelo a magolo mme le fa go ntse jalo, o tlhalosiwa a ne a le “boikokobetso thata go gaisa batho botlhe ba ba neng ba le mo godimo ga lefatshe.” (Dipa. 11:29; 12:3) Mme gopola gore Jehofa o ne a naya Moshe maatla a gore a dire thato ya Gagwe. Jehofa o ne a itumelela go dirisa batho ba ba bonolo gore ba diragatse maikaelelo a gagwe.
8. Batho ba ba sa itekanelang ba ka nna jang le “[bonolo] jo e leng jwa botlhale”?
8 Go bonala sentle gore batho ba ba sa itekanelang ba ka kgona go nna le “[bonolo] jo e leng jwa botlhale.” Go tweng ka rona? Re ka tokafatsa jang tsela e re bontshang nonofo eno ka yone? Bonolo ke karolo ya leungo la moya o o boitshepo wa ga Jehofa. (Bagal. 5:22, 23) Re ka rapelela gore a re fe moya wa gagwe re bo re tsaya matsapa a go bontsha leungo la one, re dumela gore Modimo o tla re thusa go tokafatsa tsela e re bontshang bonolo ka yone. Re rotloediwa thata go dira jalo ke kgothatso eno ya mopesalema: “[Modimo] o tla ruta ba ba pelonolo tsela ya gagwe.”—Pes. 25:9.
9, 10. Re tlhoka go tsaya matsapa afe gore re bontshe bonolo jwa bomodimo, mme ka ntlha yang?
9 Le fa go ntse jalo, go tokafatsa tsela e re bontshang bonolo ka yone go ka tlhoka gore re tseye matsapa a magolo. Bangwe ba rona re ka nna ra bo re se bonolo ka tlholego ka ntlha ya tsela e re godileng ka yone. Mo godimo ga moo, batho ba re tshelang le bone ba ka nna ba re kgothaletsa go leba dilo ka tsela e sele, ba re motho o tshwanetse go “lwantsha molelo ka molelo.” Le fa go ntse jalo, a tota go botlhale go dira jalo? Fa go ne go ka runya molelonyana mo ntlong ya gago, a o ne o ka leka go o tima ka lookwane kgotsa ka metsi a a tsididi? Fa o tshela lookwane mo molelong, o ka o gakatsa, mme fa o o tshela ka metsi a a tsididi, o ka nna wa o tima. Baebele le yone e re gakolola jaana: “Karabo fa e le bonolo e faposa bogale, mme lefoko le le utlwisang botlhoko le tsosa bogale.” (Dia. 15:1, 18) Nako e e tlang fa go nna le mathata, e ka tswa e le mo phuthegong kgotsa kwa ntle ga yone, a re ka bontsha botlhale jwa mmatota ka go itshwara ka tsela e e bonolo?—2 Tim. 2:24.
10 Jaaka go bontshitswe fa godimo, batho ba le bantsi ba ba tlhotlhelediwang ke moya wa lefatshe ga ba bonolo, ga ba rate kagiso e bile ga ba a ritibala maikutlo. Go na le moo, go tletse batho ba ba bogale le ba ba ikgogomosang. Jakobe o ne a itse seo, mme o ne a tlhagisa phuthego gore maloko a yone a se ka a kgotlelwa ke moya o o ntseng jalo. Ke eng gape se re ka se ithutang mo kgakololong e a e neetseng?
Mekgwa ya Batho ba ba Seng Botlhale
11. Ke mekgwa efe e e sa tsamaisaneng le botlhale jwa bomodimo?
11 Jakobe o ne a kwala a sa fitlhe sepe ka mekgwa e e sa tsamaisaneng gotlhelele le botlhale jwa bomodimo. (Bala Jakobe 3:14.) Lefufa le dikomang ke mekgwa ya senama, ga se ya bomodimo. Akanya ka se se diregang fa batho ba laolwa ke dikakanyo tsa senama. Ditlhopha di le thataro tse di ipitsang tsa Bokeresete di laola dikarolo dingwe tsa kereke ya Church of the Holy Sepulchre kwa Jerusalema, e go dumelwang gore e agilwe fa Jesu a bolaetsweng a ba a fitlhwa teng. Ditlhopha tseno ga di bolo go itaana ka noga e utlwa. Ka 2006, makasine wa Time o ne wa tlhalosa tiragalo e e kileng ya diragala fa baitlami ba koo ba banna ba ne ba “gagautlhana nako e telele . . . ba itaana ka ditlhomo tse dikgolo tsa dikerese.” Ga ba tshepane gotlhelele mo e leng gore ba neetse Momoselema selotlele sa kereke gore a se tshole.
12. Fa botlhale bo seyo, go ka diragala eng?
12 Ruri dikgotlhang tse di feteletseng ka tsela eo ga di a tshwanela go nna teng mo phuthegong ya Bokeresete jwa boammaaruri. Le fa go ntse jalo, e re ka re sa itekanela, ka dinako tse dingwe bangwe ba ile ba tatalalela gore dilo di dirwe ka tsela ya bone. Seno se ka felela ka dikomang le dikgogakgogano. Moaposetoloi Paulo o ne a lemoga gore seo se ne se direga mo phuthegong ya kwa Korintha, mme o ne a ba kwalela jaana: “Fa go na le lefufa le kgogakgogano mo gare ga lona, a ga lo ba senama e bile a ga lo tsamaye jaaka batho ba tsamaya?” (1 Bakor. 3:3) Seemo se se hutsafatsang seno se ne sa tswelela ka lobakanyana mo phuthegong eno ya lekgolo la ntlha la dingwaga. Ka jalo, re tshwanetse go nna re etse tlhoko gore moya o o ntseng jalo o se ka wa tsena mo phuthegong epe gompieno.
13, 14. Naya dikai tse di bontshang kafa motho a ka nnang le mekgwa ya senama ka teng.
13 Moya o o ntseng jalo o ka kukunela jang mo phuthegong? Go ka simolola ka dilo tse e seng tsa sepe. Ka sekai, fa go agiwa Holo ya Bogosi, bangwe ba ka nna ba se dumalane ka gore dilo di tshwanetse go dirwa jang. Mokaulengwe mongwe a ka nna a nna manganga fa kakantsho ya gagwe e sa amogelwe, gongwe a nnela go tshwayatshwaya diphoso malebana le ditshwetso tse di tserweng. E bile a ka nna a gana go tlhola a dira sepe mo kagong! Motho yo o dirang jalo o tla bo a lebala gore go wediwa ga tiro e e amang phuthego gantsi go ikaegile ka gore a phuthego e na le moya wa go dirisana ka kagiso e seng ka gore go dirisiwa mokgwa ofe go dira tiro eo. Jehofa o tla segofatsa moya o o bonolo e seng dikomang.—1 Tim. 6:4, 5.
14 Sekai se sengwe e ka nna fa bagolwane mo phuthegong ba bona gore mogolwane mongwe, le fa a na le dingwaga tse dintsi e le mogolwane, jaanong tota ga a tlhole a tshwanelega go ya ka Dikwalo. Molebedi yo o etileng wa potologo o itse gore mokaulengwe yono o ile a gakololwa mo nakong e e fetileng mme ga a tokafatsa seemo, ka jalo o dumalana le kakantsho e e ntshitsweng ya gore mogolwane yono a tlosiwe mo bogolwaneng. Mogolwane yono o tla ikutlwa jang ka seo? A o tla amogela tshwetso e bagolwane botlhe ba dumalaneng ka yone mmogo le kgakololo ya Dikwalo ka moya wa boikokobetso le bonolo a bo a ititaya sehuba gore a tshwanelege go ya ka Dikwalo gore a boe a nne mogolwane gape? Kgotsa o tla boloka sekgopi a bo a nna lefufa ka gonne a sa tlhole a na le tshiamelo e a neng a na le yone pele? Ke ka ntlha yang fa mokaulengwe a ka tatalalela gore o tshwanelega go nna mogolwane mme tota a sa tshwanelege? Ruri o tla bo a dira dilo ka botlhale fa a ikokobetsa e bile a tlhaloganya seemo!
15. O akanya gore ke ka ntlha yang fa kgakololo e e tlhotlheleditsweng e e mo go Jakobe 3:15, 16 e le botlhokwa thata jaana?
15 Gone ke boammaaruri, go na le ditsela tse dingwe tse motho a ka bontshang mekgwa e e ntseng jalo ka tsone. Mme le fa seemo e ka nna sefe, re tshwanetse go dira ka natla go tila mekgwa e e ntseng jalo. (Bala Jakobe 3:15, 16.) Morutwa Jakobe o ne a re mekgwa e e ntseng jalo ke ya “selefatshe” ka gonne ke ya senama, ga e na bomodimo. Ke ya “bophologolo” ka gonne e bakwa ke ditshekamelo tsa senama, tse di tshwanang le mekgwa ya diphologolo tse di sa akanyeng. Mekgwa eo ke ya “bodimona” ka gonne e tshwana le ya madimona. A bo go sa tshwanela jang ne gore Mokeresete a nne le mekgwa eo!
16. Re ka nna ra tlhoka go dira diphetogo dife, mme re ka kgona jang go di dira?
16 Mongwe le mongwe mo phuthegong o tshwanetse go itshekatsheka le go tsaya matsapa a go latlha mekgwa e e ntseng jalo. E re ka balebedi e le barutisi mo phuthegong, ba tshwanetse go dira ka natla gore ba latlhe mekgwa e e sa siamang. Ga go motlhofo gore re kgone go dira jalo ka gonne ga re a itekanela, le lefatshe leno le na le tlhotlheletso e kgolo mo go rona. Go dira jalo go ka tshwantshiwa le go leka go palama thota e e seretse, e e boreledi. Fa go se na se re itshwarelelang ka sone, re ka relela ra wela kwa morago. Le fa go ntse jalo, fa re itshwareletse thata ka kgakololo e e mo Baebeleng, le ka thuso e re e newang ke phuthego ya Modimo ya lefatshe lotlhe, re ka gatela pele.—Pes. 73:23, 24.
Dinonofo Tse Batho ba ba Botlhale ba Batlang go Nna le Tsone
17. Gantsi batho ba ba botlhale ba itshwara jang fa ba raelwa go dira bosula?
17 Bala Jakobe 3:17. Re ka solegelwa molemo ke go sekaseka dingwe tsa dinonofo tse re ka nnang le tsone fa re na le “botlhale jo bo tswang kwa godimo.” Go nna boitsheko go akaretsa gore ditiro tsa rona le maitlhomo a rona a nne a le phepa e bile a sa leswafala. Re tshwanetse go gana dilo tse di bosula re sa akanye gabedi. Go dira jalo go tshwanetse ga itlela fela. A re re mongwe o tlisa monwana wa gagwe gaufi le leitlho la gago. Ka yone nako eo, o isa tlhogo kwa morago kgotsa o thiba seatla sa gagwe. Ke sengwe se se itiragalelang fela; ga o tlhoke le go akanya ka gone. Re tshwanetse ra dira jalo fa re raelwa go dira bosula. Go itsheka ga rona le segakolodi sa rona se se thapisitsweng ka Baebele go tshwanetse ga dira gore go itlele fela gore re gane go dira bosula. (Bar. 12:9) Baebele e re naya dikai tsa batho ba ba ileng ba dira jalo, ba ba jaaka Josefa le Jesu.—Gen. 39:7-9; Math. 4:8-10.
18. (a) Go nna motho yo o ratang kagiso go kayang? (b) Go nna motho yo o dirang kagiso go kayang?
18 Gape botlhale jwa bomodimo bo re tlhoka gore re nne batho ba ba ratang kagiso. Seno se akaretsa gore re tile go nna dikgoka, go rata ntwa kgotsa go dira dilo tse di ka kgoreletsang kagiso. Jakobe o atolosa ntlha eno fa a re: “Peo ya leungo la tshiamo e jalwa mo maemong a a kagiso e jalelwa ba ba dirang kagiso.” (Jak. 3:18) Ela tlhoko polelwana e e reng “dirang kagiso.” Mo phuthegong, a re itsewe re le batho ba ba dirang kagiso kgotsa ba ba senyang kagiso? A gantsi re nna le dikgotlhang le ba bangwe, a re kgopisega motlhofo kgotsa re kgopisa ba bangwe? A re tatalalela gore batho ba bangwe ba re amogele fela jaaka re ntse, kgotsa re leka ka boikokobetso go latlha mekgwa mengwe e re nang le yone e ba bangwe ba bonang e kgopisa mme tota gone e kgopisa? A re itsege re le batho ba ba tsayang matsapa a go dira kagiso, ba ba bonako go itshwarela ba bangwe e bile ba lebala diphoso tsa bone? Go itshekatsheka ka boikanyegi go ka re thusa go bona gore a re tlhoka go tokafatsa tsela e re bontshang botlhale jwa bomodimo ka yone mo ntlheng eno.
19. Go tla jang gore motho a itsege a le tekatekano?
19 Fa Jakobe a ne a tlhalosa se botlhale jwa bomodimo bo se kayang, o ne a umaka le go nna tekatekano. A re itsege re le batho ba ba ineelang go dira se ba bangwe ba se ratang, fa se sa thulane le molaomotheo ope wa Dikwalo, re sa itlhaganelele go tatalalela gore go dirwe dilo ka tsela ya rona? A re itsege re le batho ba ba bonolo ba ba atamelesegang? Go dira jalo go supa gore re ithutile go nna tekatekano.
20. Go tla nna le diphelelo dife fa re nna le dinonofo tse re sa tswang go tlotla ka tsone?
20 A bo go ka itumedisa jang ne mo phuthegong fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba tswelela ba leka ka natla go nna le dinonofo tsa bomodimo tse Jakobe a neng a kwala ka tsone! (Pes. 133:1-3) Fa re le bonolo, re rata kagiso e bile re le tekatekano, kwantle ga pelaelo re tla dirisana botoka le ba bangwe mme seo se tla bontsha gore re na le “botlhale jo bo tswang kwa godimo.” Mo thutong e e latelang re tlile go ithuta gore go leba ba bangwe jaaka Jehofa a ba leba go ka re thusa jang mo ntlheng eno.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Ditemana tse di dikologileng kgang eno di bontsha gore Jakobe o ne a akantse thata ka banna ba bagolwane, kgotsa “barutisi,” ba phuthego. (Jak. 3:1) Ruri banna bano ba tshwanetse go tlhoma sekao ka go bontsha botlhale jwa bomodimo, mme rotlhe re ka ithuta sengwe mo kgakololong ya gagwe.
A o Ka Tlhalosa?
• Ke eng se se dirang gore Mokeresete a nne botlhale tota?
• Re ka tokafatsa jang tsela e re bontshang botlhale jwa bomodimo ka yone?
• Batho ba ba se nang “botlhale jo bo tswang kwa godimo” ba na le mekgwa efe?
• Ke dinonofo dife tse o ititeileng sehuba gore o di tlhagolele go feta pele?
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Go ka direga jang gore go nne le dikgogakgogano gompieno?
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
A go itlela fela gore o gane bosula?