Lefoko la ga Jehofa le a Tshela
Dintlhakgolo go Tswa mo Makwalong a ga Johane Le la Ga Jude
MOAPOSETOLOI JOHANE o ka tswa a kwadile makwalo a gagwe a mararo ka 98 C.E. a le kwa Efeso, mme makwalo ano ke dingwe tsa dibuka tsa bofelo tse di mo Dikwalong tse di tlhotlheleditsweng. Makwalo a ntlha a mabedi a kgothaletsa Bakeresete gore ba nne ba tsamaya mo leseding le gore ba emelane le botlhanogi. Mo lekwalong la boraro, Johane ga a bue fela ka go tsamaya mo boammaaruring mme gape o kgothaletsa Bakeresete gore ba dirisane mmogo.
Jude, yo e neng e le morwarraagwe Jesu ka motsadi a le mongwe, o ne a kwala lekwalo la gagwe a le kwa Palesetina gongwe e le ka 65 C.E. mme mo go lone o tlhagisa Bakeresete ka ene ka ga batho ba ba boikepo ba ba neng ba kukunetse mo teng ga phuthego, a bo a naya kgakololo ya gore ba ka emelana jang le tlhotlheletso e e bosula. Go tlhwaela tsebe molaetsa wa makwalo a mararo a ga Johane le la ga Jude go ka re thusa gore re nne re nonofile mo tumelong le fa re kopana le dikgoreletsi.—Baheb. 4:12.
NNANG LO TSAMAYA MO LESEDING LE MO LORATONG LE KA TUMELO
Lekwalo la ntlha la ga Johane le kwaletswe phuthego yotlhe ya ba ba seoposengwe le Keresete, mme le neela kgakololo e e molemo e e diretsweng go thusa Bakeresete gore ba emelane le botlhanogi mme ba nne ba nitame mo boammaaruring le mo tshiamong. O gatelela kafa go leng botlhokwa ka teng gore ba nne ba tsamaya mo leseding le mo loratong le ka tumelo.
Johane a re: “Fa re tsamaya mo leseding jaaka [Modimo] ka boene a le mo leseding, re na le kabalano mongwe go yo mongwe.” Mme e re ka Modimo e le Motswedi wa lorato, moaposetoloi a re: “A re tsweleleng re ratana.” “Lorato lwa Modimo” lo re tlhotlheletsa gore re “boloke ditaelo tsa gagwe,” mme re fenya lefatshe ka “tumelo ya rona” mo go Jehofa Modimo, mo Lefokong la gagwe le mo go Morwawe.—1 Joh. 1:7; 4:7; 5:3, 4.
Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:
2:2; 4:10—Jesu ke “setlhabelo sa thuanyo” ka tsela efe? Go dira thuanyo go kaya “go letlanya.” Jesu o ne a ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo sa thuanyo ka gonne fa a dira jalo o ne a dira tetlanyo kgotsa re ka re o ne a dira se se tlhokegang gore go nne le tshiamiso e e feletseng. Ka ntlha ya setlhabelo seo, Modimo o ne a ka bontsha kutlwelobotlhoko, mme o ne a ka itshwarela maleo a ba ba nang le tumelo mo go Jesu.—Joh. 3:16; Bar. 6:23.
2:7, 8—Johane o bua ka taelo efe a re e “kgologolo” gape e “ntšha”? Johane o bua ka taelo e e malebana le lorato lwa bokaulengwe lwa go intsha setlhabelo. (Joh. 13:34) A re taelo eno e “kgologolo” ka gonne Jesu o e ntshitse dingwaga di feta 60 pele Johane a kwala lekwalo la gagwe la ntlha le le tlhotlheleditsweng. Ka jalo, badumedi ba nnile le yone “go tloga kwa tshimologong” ya matshelo a bone e le Bakeresete. Taelo eno gape e “ntšha” ka gonne ga e laele fela ‘go rata mongwe ka wena jaaka o ithata’ mme e laela gore motho a bontshe lorato lwa go intsha setlhabelo.—Lefi. 19:18; Joh. 15:12, 13.
3:2—Ke eng se ‘go iseng go dirwe gore se bonatshege’ mo Bakereseteng ba ba tloditsweng, mme ke mang yo ba tla mmonang “fela jaaka a ntse”? Se go iseng go dirwe gore se bonatshege mo go bone ke gore ba tla bo ba ntse jang fa ba tsosediwa kwa legodimong ba na le mebele ya semoya. (Bafil. 3:20, 21) Le fa go ntse jalo, se ba se itseng ke gore “motlhang [Modimo] a bonadiwang [ba] tla tshwana le ene, ka gonne [ba] tla mmona fela jaaka a ntse,” ke gore, e le “Moya.”—2 Bakor. 3:17, 18.
5:5-8—Metsi, madi le moya di ne tsa supela jang gore “Jesu ke Morwa Modimo”? Metsi a ne a supela seo ka gonne fa Jesu a ne a kolobediwa mo metsing, Jehofa ka boene o ne a bolela gore o mo amogela jaaka Morwawe. (Math. 3:17) Madi a ga Jesu, kgotsa botshelo jwa gagwe, a a neng a a ntsha e le “thekololo e e lekanang a e ntshetsa botlhe,” le one a ne a bontsha gore Jesu ke Morwa Modimo. (1 Tim. 2:5, 6) Mme moya o o boitshepo o ne wa supela gore Jesu ke Morwa Modimo fa o ne o fologela mo go ene fa a ne a kolobediwa, o dira gore a kgone go “tsamaya mo lefatsheng leo lotlhe a dira molemo e bile a fodisa botlhe ba ba neng ba gateletswe ke Diabolo.”—Joh. 1:29-34; Dit. 10:38.
Se re Ithutang Sone:
2:9-11; 3:15. Fa Mokeresete a letla motho ope kgotsa selo sepe gore se fedise lorato lwa gagwe lwa bokaulengwe, o tsamaya mo lefifing la semoya, ga a itse kwa a yang teng.
NNANG LO “TSAMAYA MO BOAMMAARURING”
Johane o simolola lekwalo la gagwe la bobedi ka go re: “Monna yo mogolwane, ke kwalela mohumagadi yo o tlhophilweng le bana ba gagwe.” O bolela gore o itumelela go fitlhela “bangwe ba bana ba [mohumagadi] ba tsamaya mo boammaaruring.”—2 Joh. 1, 4.
Fa Johane a sena go kgothaletsa batho gore ba nne le lorato, o kwala jaana: “Seno ke se lorato lo se rayang, gore re tswelele re tsamaya ka fa ditaelong tsa gagwe.” Gape Johane o tlhagisa ka “motsietsi le moganetsakeresete.”—2 Joh. 5-7.
Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:
1,13—“Mohumagadi yo o tlhophilweng” ke mang? Johane o ka tswa a bua ka mosadi mongwe yo a mmitsang Kyria, e leng lefoko la Segerika le le rayang “mohumagadi.” Kgotsa o ka tswa a dirisa sekapuo a bua le phuthego nngwe gore babogisi ba se ka ba lemoga. Fa e le gore o bua le phuthego nngwe, go tla bo go raya gore bana ba gagwe ke maloko a phuthego eo mme ‘bana ba ga monnawe’ ke maloko a phuthego e nngwe.
7—Johane o bua ka go “tla” gofe ga ga Jesu fano, mme batsietsi ‘ga ba bolele fa ba go dumela’ ka tsela efe? Go “tla” gono ga se go tla ga ga Jesu mo isagweng a sa bonale. Mme ke go tla ga gagwe e le motho wa nama le go tlodiwa ga gagwe go nna Keresete. (1 Joh. 4:2) Baganetsi ga ba dumele gore o tlile jalo e le motho wa nama. Gongwe ba ganetsa gore Jesu o kile a tsamaya a tshela kgotsa ba ganetsa gore o ne a tloditswe ka moya o o boitshepo.
Se re Ithutang Sone:
2, 4. E le gore re bolokwe, re tshwanetse go itse “boammaaruri”—dithuto tsotlhe tsa Bokeresete tse di mo Baebeleng—le go bo ngaparela.—3 Joh. 3, 4.
8-11. Fa re sa batle go fetwa ke “bopelonomi jo bo sa re tshwanelang, kutlwelobotlhoko le kagiso go tswa kwa Modimong Rara le kwa go Jesu Keresete” e bile re sa batle go felelwa ke kamano ya rona e e lorato le badumedi ka rona, re tshwanetse go ‘itisa’ semoyeng mme re ikgaoganye le batho ba ba “sa [nneng] mo thutong ya ga Keresete.”—2 Joh. 3.
NNANG “BADIRIMMOGO MO BOAMMAARURING”
Fa Johane a kwala lekwalo la gagwe la boraro o le kwalela tsala ya gagwe Gaio. O mo kwalela a re: “Ga go na lebaka le legolo la go leboga le ke nang le lone go feta dilo tseno, gore ke bo ke ntse ke utlwa gore bana ba me ba tswelela ba tsamaya mo boammaaruring.”—3 Joh. 4.
Johane o akgolela Gaio go “dira tiro e e ikanyegang” ka go thusa bakaulengwe ba ba etileng. Moaposetoloi a re: “Re patelesega go amogela batho ba ba ntseng jalo jaaka baeng, gore re nne badirimmogo mo boammaaruring.”—3 Joh. 5-8.
Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:
11—Ke ka ntlha yang fa bangwe ba dira bosula? Bangwe ba bokoa semoyeng, ka jalo ga ba bone Modimo ka matlho a bone a tlhaloganyo. E re ka ba sa kgone go mmona ka matlho a bone a mmatota, ba dira dilo jaaka e kete ga a ba bone.—Esek. 9:9.
14—Ke bomang ba ba bidiwang “ditsala”? Lefoko le le reng “ditsala” fano ga le reye fela batho ba ba tlwaelaneng thata. Johane o le dirisa go kaya badumedi mmogo ka kakaretso.
Se re Ithutang Sone:
4. Batho ba ba godileng semoyeng mo phuthegong ba itumela thata fa ba bona basha ba ba mo phuthegong ba “tswelela ba tsamaya mo boammaaruring.” Mme a bo batsadi ba itumela thata jang ne fa ba kgona go thusa bana ba bone gore ba rate Modimo!
5-8. Bangwe ba ba dirang ka natla go thusa bakaulengwe ba bone ka gonne ba ba rata e bile ba rata Jehofa ke balebedi ba ba etang, barongwa, ba ba direlang kwa magaeng a Bethele kgotsa kwa diofising tsa makala le ba ba mo tirelong ya bobulatsela. Re tshwanetse go etsa tumelo ya bone le go ba ema nokeng ka lorato.
9-12. Re tshwanetse go etsa sekao sa ga Dimeterio yo o ikanyegang mme e seng sa ga Dioterefese wa mmalabadi yo o neng a senya batho maina.
“IPOLOKENG MO LORATONG LWA MODIMO”
Jude o tlhalosa batho ba ba kukunelang mo phuthegong a re ke “bangongoregi, bagaladi kaga seemo sa bone sa botshelo, ba ba dirang go ya ka dikeletso tsa bone.” Ba “bua dilo tsa boikgogomoso, ba ntse ba kgatlhwa ke batho ba maemo.”—Jude 4, 16.
Bakeresete ba ka emelana jang le tlhotlheletso e e bosula? Jude o kwala jaana: “Baratwa, gakologelwang mafoko a baaposetoloi ba Morena wa rona Jesu Keresete ba a buileng pelenyana.” Gape a re: “Ipolokeng mo loratong lwa Modimo.”—Jude 17-21.
Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:
3, 4—Ke ka ntlha yang fa Jude a ne a rotloetsa Bakeresete go “lwa ntwa ka thata [ba] lwela tumelo”? Ka gonne ‘baikepi ba ne ba kukunetse mo phuthegong.’ Banna bano ba ne ba ‘fetola bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo seipato sa boitshwaro jo bo repileng.’
20, 21—Re ka ‘ipoloka jang mo loratong lwa Modimo’? Re ka dira seo ka ditsela tse tharo: (1) ka go ikaga mo ‘tumelong ya rona e e boitshepotshepo,’ mme re ka dira jalo ka go ithuta Lefoko la Modimo ka tlhoafalo le ka go nna le seabe ka tlhoafalo mo tirong ya go rera; (2) ka go rapela “ka moya o o boitshepo,” kgotsa go rapela go dumalana le tlhotlheletso ya one; le (3) ka go nna le tumelo mo go se se dirang gore re kgone go bona botshelo jo bo sa khutleng, e leng setlhabelo sa ga Jesu Keresete sa thekololo.—Joh. 3:16, 36.
Se re Ithutang Sone:
5-7. A baikepi ba ka falola katlholo ya ga Jehofa? Go ya ka dikai tse tharo tse di tlhagisang tse Jude a di umakang, go ka se kgonege.
8-10. Re tshwanetse go latela sekao sa ga Mikaele moengele yo mogolo mme re tlotle batho ba Modimo a ba neileng taolo.
12. Batlhanogi ba ba itirang e kete ba na le lorato ba kotsi mo tumelong ya rona fela jaaka mafika a a fitlhegileng kafa tlase ga metsi a le kotsi mo dikepeng kgotsa mo bathong ba ba thumang. Barutisi ba maaka ba ka lebega ba le pelotshweu mme tota ba tshwana le maru a a se nang metsi ka gonne ga ba na kitso ka dilo tsa bomodimo. Batho bano ga ba na maungo fela jaaka ditlhare tse di suleng fa letlhabula le ya bofelong. Ba tlile go senngwa, fela jaaka ditlhare tse di kumotsweng. Re tla bo re le botlhale fa re tila batlhanogi.
22, 23. Bakeresete ba boammaaruri ba tlhoile se se bosula. Ba ba godileng semoyeng mo phuthegong—bogolo jang balebedi ba ba tlhomilweng—ba leka go namola “bangwe ba ba nang le dipelaelo,” ba ba namola mo molelong wa tshenyego ya bosakhutleng ka go tsosolosa tumelo ya bone.
[Ditshwantsho mo go tsebe 28]
Metsi, moya le madi di ne tsa supela gore “Jesu ke Morwa Modimo”