Lefoko la ga Jehofa le a Tshela
Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Tshenolo—Karolo I
FA MOAPOSETOLOI JOHANE yo o godileng a ntse a le mo kgolegelong mo setlhaketlhakeng sa Patamose, o bontshiwa diponatshegelo di le 16 di latelana. Mo go tsone, o bona se Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba se dirang mo letsatsing la Morena—go simolola fa Bogosi jwa Modimo bo tlhomiwa ka 1914 go fitlha kwa bofelong jwa Puso ya ga Keresete ya Dingwaga tse di Sekete. Buka ya Tshenolo, e e kwadilweng ke Johane mo e ka nnang ka ngwaga wa 96 C.E., ke pego e e tletseng ditiragalo e e buang ka diponatshegelo tseo.
Jaanong a re sekasekeng dintlhakgolo tsa Tshenolo 1:1–12:17, e e buang ka diponatshegelo tsa ntlha tse supa tse di bonweng ke Johane. Re ka rata go itse ka diponatshegelo tseno ka gonne di malebana le se se diragalang mo lefatsheng gone jaanong mme di bontsha kafa Jehofa a tla tlogang a tsaya kgato ka teng mo isagweng. Ba ba balang pego ya diponatshegelo tseno ka tumelo, ruri ba a gomotsega e bile ba a kgothala.—Baheb. 4:12.
“KWANA” O BULA DIKANO TSE THATARO MO GO TSE SUPA
Sa ntlha, Johane o bona Jesu Keresete yo o galaleditsweng, go tswa foo o newa melaetsa e a tshwanelwang ke gore a ‘e kwale mo lokwalong lwa momeno mme a e romele kwa diphuthegong tse supa.’ (Tshen. 1:10, 11) Morago ga moo go latela ponatshegelo ya setulo sa bogosi se se kwa legodimong. Mo seatleng sa moja sa Ene yo o ntseng mo setulong sa bogosi go na le momeno o o kannweng ka dikano tse supa. Yo go tsewang gore o ‘tshwanelwa ke go bula lokwalo lono lwa momeno’ ke “Tau e e leng ya lotso lwa Juda,” kgotsa “kwanyana . . . e [e nang] le dinaka di supa le matlho a supa.”—Tshen. 4:2; 5:1, 2, 5, 6.
Ponatshegelo ya boraro e senola se se diragalang fa “Kwana” a bula dikano tsa ntlha tse thataro ka go latelana ga tsone. Fa go bulwa sekano sa borataro, go nna le thoromo e kgolo ya lefatshe mme letsatsi le legolo la tšhakgalo le a goroga. (Tshen. 6:1, 12, 17) Mme ponatshegelo e e latelang e bontsha ‘baengele ba banè ba ngangatletse diphefo tse nnè tsa lefatshe’ go fitlha go kanwa ga ba ba 144 000 go wediwa. “Boidiidi jo bogolo” jwa ba ba sa kanwang bo bonwa bo “eme fa pele ga setulo sa bogosi le fa pele ga Kwana.”—Tshen. 7:1, 9.
Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:
1:4; 3:1; 4:5; 5:6—Mafoko a a reng “meya e supa” a kayang? Palo ya bosupa e kaya botlalo go ya kafa Modimo a lebang dilo ka teng. Ka jalo, molaetsa o o kwalelwang ‘diphuthego tse supa’ kgabagare o tla ama batho botlhe ba Modimo ba ba mo diphuthegong di feta 100 000 mo lefatsheng lotlhe. (Tshen. 1:11, 20) E re ka moya o o boitshepo o newa go ya ka se se tlhokang go dirwa, mafoko a a reng “meya e supa” a tlhalosa kafa moya ono o dirang ka botlalo ka teng fa o thusa batho go tlhaloganya o bo o tlisa masego mo go ba ba tsayang boporofeti tsia. Go lebega buka ya Tshenolo e tlhalosa dilo tse dintsi ka bosupa ka bosupa. Fano palo bosupa e kaya botlalo, mme buka eno e bua ka go “wediwa,” kgotsa go felelediwa, ga “sephiri se se boitshepo sa Modimo.”—Tshen. 10:7.
1:8, 17—Leina la “Alefa le Omega” le la “wa Ntlha le wa Bofelo” a kaya bomang? Leina “Alefa le Omega,” le kaya Jehofa, le bontsha gore go ne go se na Modimo ope yo e leng mothatayotlhe pele ga gagwe le gore go ka se nne le ope morago ga gagwe. Ke ene “tshimologo le bokhutlo.” (Tshen. 21:6; 22:13) Le fa Jehofa a bidiwa “wa ntlha le wa bofelo” mo go Tshenolo 22:13, ka gonne go se na ope yo o tlang pele ga gagwe kgotsa morago ga gagwe, se go buiwang ka sone mo kgaolong ya ntlha ya Tshenolo se bontsha gore mo kgaolong eo leina “wa Ntlha le wa Bofelo” le kaya Jesu Keresete. E ne e le ene motho wa ntlha go tsosediwa botshelong jwa bosasweng e bile e le ene wa bofelo go tsosiwa jalo ke Jehofa ka boene.—Bakol. 1:18.
2:7—‘Paradaise ya Modimo’ ke eng? E re ka mafoko ano a buiwa le Bakeresete ba ba tloditsweng, fano paradaise e tshwanetse ya bo e kaya boemo jo bo kwa legodimong jo bo tshwanang le paradaise—kwa Modimo ka boene a leng teng. Batlodiwa ba ba ikanyegang ba tla duelwa ka go ja ‘mo setlhareng sa botshelo.’ Ba tla fiwa bosasweng.—1 Bakor. 15:53.
3:7—Jesu o ne a amogela leng “selotlolo sa ga Dafide,” mme o ntse a dirisa selotlolo seo jang? Fa Jesu a ne a kolobediwa ka 29 C.E., o ne a nna Yo o Tlhophilweng go nna Kgosi mo lotsong lwa ga Dafide. Le fa go ntse jalo, Jesu ga a ka a newa selotlolo sa ga Dafide go fitlha ka 33 C.E. fa a ne a godisiwa a bewa kafa seatleng sa Modimo sa moja kwa legodimong. Fa a le koo o ne a fiwa ditshwanelo tsotlhe tsa Bogosi jwa ga Dafide e le boswa. Fa e sa le ka nako eo, Jesu o ntse a dirisa selotlolo seo go naya batho ditshiamelo tse di amanang le Bogosi. Ka 1919, Jesu o ne a baya “selotlolo sa ntlo ya ga Dafide” mo magetleng a “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” ka go tlhoma setlhopha seo sa motlhanka “gore a okamele dilo tsa gagwe tsotlhe.”—Isa. 22:22; Math. 24:45, 47.
3:12—“Leina le lesha” la ga Jesu ke mang? Leina leno le amana le maikarabelo a ga Jesu a masha le ditshiamelo tsa gagwe. (Bafil. 2:9-11) Le fa go se na ope yo mongwe yo o itseng leina leo ka tsela e Jesu a le itseng ka yone, Jesu o le kwala mo go bomorwarraagwe ba ba ikanyegang ba ba kwa legodimong, a dira gore ba nne le kamano e e gaufi le ene. (Tshen. 19:12) E bile ba na le dingwe tsa ditshiamelo tse le ene a nang le tsone.
Se re Ithutang Sone:
1:3. E re ka “nako e e tlhomilweng e [le] gaufi” gore Modimo a diragatse dikatlholo tsa gagwe mo lefatsheng la ga Satane, go potlakile thata gore re tlhaloganye molaetsa wa buka ya Tshenolo re bo re tseye kgato ka one.
3:17, 18. Fa re batla go huma semoyeng, re tshwanetse go reka mo go Jesu “gouta e e itshekisitsweng ka molelo.” Ke gore, re tshwanetse go leka go huma ditiro tse di molemo. (1 Tim. 6:17-19) Gape re tshwanetse go apara “diaparo tsa kafa ntle tse ditshweu,” tse di bontshang gore re balatedi ba ga Keresete, mme re dirise “molemo o o tshasiwang wa matlho,” o o jaaka kgakololo e e gatisiwang mo makasineng wa Tora ya Tebelo, gore re nne le temogo ya semoya.—Tshen. 19:8.
7:13, 14. Bagolwane ba ba 24 ba emela batlodiwa ba ba 144 000 ba le mo kgalalelong ya bone kwa legodimong, kwa ba direlang teng e le dikgosi e bile e le baperesiti. Ba ne ba tshwantshediwa ke baperesiti ba kwa Iseraele wa bogologolo, ba Kgosi Dafide a neng a ba rulagantse ka ditlhopha di le 24. Mongwe wa bagolwane bano o bolelela Johane gore ba boidiidi jo bogolo ke bomang. Ka jalo, Bakeresete ba ba tloditsweng ba tshwanetse ba bo ba simolotse go tsosiwa nako nngwe pele ga 1935. Ke eng fa go ka tualo? Ka gonne ka one ngwaga oo, batlhanka ba Modimo ba ba tloditsweng ba ba mo lefatsheng ba ne ba bolelelwa gore tota boidiidi jo bogolo ke bomang.—Luke 22:28-30; Tshen. 4:4; 7:9.
FA GO SENA GO BULWA SEKANO SA BOSUPA GO LELA DITEROMPETA TSE SUPA
Kwana o bula sekano sa bosupa. Baengele ba le supa ba newa diterompeta di supa. Ba le barataro mo go bone ba letsa diterompeta tsa bone, ba itsise melaetsa ya katlholo mo “nngwetharong” ya batho—madumedi a a ipitsang a Bokeresete. (Tshen. 8:1, 2, 7-12; 9:15, 18) Seo ke se Johane a se bonang mo ponatshegelong ya botlhano. Johane o nna le seabe mo ponatshegelong e e latelang ka go ja lokwalo lwa momeno lo lonnye a bo a lekanya lefelo le le boitshepo la tempele. Fa terompeta ya bosupa e sena go lediwa, go utlwala mantswe a a kwa godimo a itsise jaana: “Bogosi jwa lefatshe bo fetogile bogosi jwa Morena wa rona le jwa ga Keresete wa gagwe.”—Tshen. 10:10; 11:1, 15.
Ponatshegelo ya bosupa e fa tshedimosetso e nngwe gape ka se se boletsweng mo go Tshenolo 11:15, 17. Go bonwa sesupo se segolo kwa legodimong. Mosadi wa selegodimo o tshola morwa, ngwana wa mosimane. Diabolo o kobiwa kwa legodimong. E re ka a galefetse mosadi yono wa selegodimo, o tswa a ya “go tlhabana ntwa le ba ba setseng ba losika lwa gagwe.”—Tshen. 12:1, 5, 9, 17.
Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:
8:1-5—Ke ka ntlha yang fa go ile ga nna tidimalo kwa legodimong, mme morago ga foo go ne ga latlhelwa eng mo lefatsheng? Go ne ga nna tidimalo kwa legodimong ka tsela ya tshwantshetso gore “dithapelo tsa baitshepi” mo lefatsheng di utlwiwe. Seno se diragetse kwa bofelong jwa ntwa ya ntlha ya lefatshe. Bakeresete ba ba tloditsweng ga ba a ka ba tlhatlogela kwa legodimong kwa bofelong jwa Metlha ya Baditšhaba, jaaka batho ba bantsi ba ne ba lebeletse. Ba ne ba goga bokete ka nako ya ntwa. Ka jalo jaanong ba ne ba rapela ka tlhoafalo ba kopa kaelo. Dithapelo tsa bone di ne tsa arabiwa fa moengele a ne a latlhela molelo wa tshwantshetso mo lefatsheng o o neng o tla dira gore Bakeresete ba ba tloditsweng ba tuke semoyeng. Le fa ba ne ba le mmalwanyana fela, ba ne ba simolola tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe e e neng ya dira gore Bogosi jwa Modimo e nne kgang ya moruthutha, ka jalo go nna jaaka e kete ba tshubile molelo mo madumeding a a ipitsang a Bokeresete. Go ne ga bolelwa ditlhagiso tse e keteng ditumo tsa maru tse di tswang mo Baebeleng, ga itsisiwe boammaaruri jwa Dikwalo jo bo phatsimang jaaka dikgadima, mme bodumedi jwa maaka jwa reketlisiwa go fitlha kwa motheong wa jone, fela jaaka dikago di reketlisiwa ke thoromo ya lefatshe.
8:6-12; 9:1, 13; 11:15—Baengele ba ba supa ba ne ba ipaakanyetsa leng go letsa diterompeta tsa bone, mme diterompeta tseno di ne tsa lediwa leng le gone jang? Go ipaakanyetsa go letsa diterompeta tse supa go ne ga akaretsa go kaela maloko a setlhopha sa Johane se se tsosolositsweng se se mo lefatsheng, go tloga ka 1919 go ya go 1922. Ka nako eo batlodiwa bano ba ne ba simolola go tshwarega ka go rulaganya sesha bodiredi jwa phatlalatsa le go aga dikago tse go gatisediwang mo go tsone. (Tshen. 12:13, 14) Go lediwa ga diterompeta go emela go bolelwa ga dikatlholo tsa ga Jehofa ka bopelokgale kgatlhanong le lefatshe la ga Satane, di bolelwa ke batho ba Modimo ba thusana le baengele. Go ne ga simolola kwa kopanong ya 1922 kwa Cedar Point, Ohio mme go tswelela pele go ya go fitlha ka nako ya pitlagano e kgolo.
8:13; 9:12; 11:14—Go lediwa ga diterompeta tse tharo tsa bofelo ke “bo ijoo” ka tsela efe? Go lela ga diterompeta tsa ntlha tse nnè ke dipolelo tse di senolang gore madumedi a a ipitsang a Bokeresete a sule semoyeng, mme go lela ga diterompeta tse tharo tsa bofelo ke bo ijoo ka gonne go amana le ditiragalo dingwe tse di rileng. Go lediwa ga terompeta ya botlhano go amana le go gololwa ga batho ba Modimo mo ‘moleteng’ wa go sa dire sepe ka 1919 le tiro ya bone ya go rera ba sa kgaotse, e e neng ya nna jaaka petso e e bogisang mo madumeding a a ipitsang a Bokeresete. (Tshen. 9:1) Go lediwa ga terompeta ya borataro go malebana le lesomo la batlhabani ba dipitse le legolo go a gaisa otlhe mo hisitoring le letsholo la go rera mo lefatsheng lotlhe le le simolotseng ka 1922. Go lediwa ga terompeta ya bofelo go amana le go tsalwa ga Bogosi jwa ga Mesia.
Se re Ithutang Sone:
9:10, 19. Mafoko a a ka ikanngwang a a theilweng mo Baebeleng a a mo dikgatisong tsa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” a na le molaetsa o o lomang. (Math. 24:45) Molaetsa ono o tsamaisana le megatla ya tsie e e nang le “malomo jaaka diphepheng” le dipitse tsa batlhabani, tse “megatla ya tsone e [tshwanang] le dinoga.” Ka ntlha yang? Ka gonne dikgatiso tseno di tlhagisa ka “letsatsi la pusoloso” ya ga Jehofa. (Isa. 61:2) A re nneng pelokgale re bo re di anamise ka tlhoafalo.
9:20, 21. Batho ba le bantsi ba ba pelonomi ba ba nnang mo dinageng tse go tweng ga se tsa Bokeresete ba ile ba amogela molaetsa o re o rerang. Le fa go ntse jalo, ga re a lebelela gore go sokologe batho ba le bantsintsi ba ba seng mo madumeding a a ipitsang a Bokeresete, ba ba tlhalosiwang e le “batho ba bangwe botlhe.” Le fa go ntse jalo, re dira ka natla re itshokile mo bodireding.
12:15, 16. “Lefatshe”—e leng dikarolo tsa tsamaiso ya ga Satane ka boene, kgotsa dipuso tse di busang mo dinageng tse di farologaneng—le ne la buelela kgololesego ya go obamela. Go simolola ka bo1940, dipuso tseo di ne tsa “kometsa noka [ya pogiso] e kgogela e e tšhabantseng e tswa mo molomong wa yone.” Ee ruri, fa Jehofa a batla go tlhotlheletsa dipuso gore di dire thato ya gagwe, a ka kgona go dira jalo. Ka jalo, go a tshwanela go bo Diane 21:1 e re: “Pelo ya kgosi e ntse jaaka melatswana ya metsi mo seatleng sa ga Jehofa. O e faposetsa gongwe le gongwe kwa a ratang teng.” Seno se tshwanetse sa nonotsha tumelo ya rona mo Modimong.