KGAOLO 4
“Bona! Tau e e Leng ya Lotso Lwa Juda”
“Ke nna”
1-3. Jesu o welwa ke kotsi efe, mme o itshwara jang?
SEGOPA sa batho se batlana le Jesu. Se tshwere ditšhaka le melamu mme se nna segolo fa palo ya sone e kopana le ya masole a a leng mo gare ga sone. Jaaka e kete se gogwa ke moya o o bosula, se tsamaya se raletse mebila e e lefifi ya Jerusalema le go kgabaganya Mokgatšha wa Kiderona go ya kwa Thabeng ya Motlhware. Se tshwere dipone le mororo go na le ngwedi o mogolo. A se tshwere dipone tseno go bonesa tsela ka gonne maru a thibile lesedi la ngwedi? A kgotsa se lebeletse gore motho yo se mo tsomang o iphitlhile mo lefifing? Ga re itse sentle gore se ne se ikaeletse eng, se re se itseng fela ke se: Motho ope fela yo o akanyang gore Jesu o tla roroma ka ntlha ya letshogo, ga a itse Jesu sentle.
2 Jesu o a itse ka kotsi e e mo gomagomelang. Le fa go ntse jalo, o nna a letile. Segopa seno se a mo atamela se eteletswe pele ke Judase, yo e kileng ya bo e le tsala e a e ikanyang. Judase o oka Jesu a sa iphitlhe, a mo senolela segopa seo ka go mo dumedisa le go mo atla ka boitimokanyi. Le fa go ntse jalo, Jesu o tswelela a ritibetse. Go tswa foo o atamela segopa seno. O se botsa jaana: “Lo batla mang?” Ba araba ba re: “Jesu Monasaretha.”
3 Bontsi jwa batho ba ne ba tla welwa ke letshogo fa ba lebana le segopa se se tlhometseng jaaka seno. Gongwe ke sone se segopa seno se se lebeletseng ka monna yono yo o fa pele ga bone. Le fa go ntse jalo, Jesu ga a tshoge, ga a tshabe, ga a leke go itshireletsa ka go bua maaka. Go na le moo, o bua fela a re: “Ke nna.” O bua a ritibetse tota, a le pelokgale mo banna bao ba salang ba gamaregile. Ba kata ka morago mme ba wela fa fatshe!—Johane 18:1-6; Mathaio 26:45-50; Mareko 14:41-46.
4-6. (a) Morwa Modimo o tshwantshiwa le eng, mme ka ntlha yang? (b) Ke ditsela dife tse tharo tse Jesu a neng a bontsha go nna pelokgale ka tsone?
4 Go tla jang gore Jesu a ritibale le go ithiba jalo le mororo a lebane le maemo a a kotsi go le kalo? Karabo ke gore, o ne a le pelokgale. Bopelokgale ke nngwe ya dinonofo tse di tseelwang kwa godimo kana tse di tlhokegang go gaisa tsotlhe mo moeteledipeleng, mme ga go na ope yo o kileng a gaisa Jesu ka nonofo eno le fa e le go lekana le ene. Mo kgaolong e e fetileng, re bone kafa Jesu a neng a le boikokobetso e bile a le bonolo ka teng. O ne a bidiwa ka tshwanelo go twe ke “Kwana.” (Johane 1:29) Le fa go ntse jalo, bopelokgale jwa ga Jesu ke jone jo bo neng jwa dira gore a tlhalosiwe ka tsela e e farologaneng le eo gotlhelele. Baebele e tlhalosa Morwa yono wa Modimo jaana: “Bona! Tau e e leng ya lotso lwa Juda.”—Tshenolo 5:5.
5 Gantsi tau e amanngwa le bopelokgale. A o kile wa lebana le tau e kgolo e tonanyana? Fa e le gore go ntse jalo, gongwe o ne o lebane le yone o sireleditswe ke legora la serapa sa diphologolo. Mme gone, seo e ka nna selo se se tshosang tota. Fa o ntse o lebile sebatana seno se segolo le se se nonofileng mme le sone se go gotoletse matlho, ga o kgone go akanya tau eno e tshaba ka ntlha ya go boifa sengwe. Baebele e bua ka “tau, e e leng thata go feta dibatana tsotlhe le e e sa boeleng morago fa pele ga ga ope.” (Diane 30:30) Keresete le ene o pelokgale fela jalo.
6 A re sekaseke kafa Jesu a ileng a bontsha go nna pelokgale ka teng jaaka tau ka ditsela tseno tse tharo: ka go femela boammaaruri, ka go dira dilo ka tshiamiso le ka go lebana le kganetso. Re tla bona le kafa rotlhe re ka etsang bopelokgale jwa ga Jesu ka teng, e ka ne re le pelokgale ka tlholego kana nnyaa.
O Ile a Femela Boammaaruri ka Bopelokgale
7-9. (a) Go ne ga direga eng fa Jesu a le dingwaga tse 12, mme ke eng se se neng se ka go boifisa ka seemo seo? (b) Jesu o ne a bontsha bopelokgale jang fa a dirisana le barutisi kwa tempeleng?
7 Mo lefatsheng leno le le laolwang ke Satane yo e leng “ramaaka,” gantsi go tlhoka motho bopelokgale go femela boammaaruri. (Johane 8:44; 14:30) Jesu ga a ka a letela gore a nne mogolo pele a ka dira jalo. Fa a le dingwaga tse 12 o ne a timelela batsadi ba gagwe morago ga moletlo wa Tlolaganyo kwa Jerusalema. Marea le Josefa ba ne ba fetsa malatsi a mararo ba batlana le mosimanyana yono wa bone. Kgabagare ba ne ba mo fitlhela a le mo tempeleng. Ba fitlhetse a dira eng koo? “A ntse mo gare ga barutisi, a ba reeditse e bile a ba botsa dipotso.” (Luke 2:41-50) Akanya ka se se ka tswang se ile sa direga ka nako eo.
8 Borahisitori ba bolela gore bangwe ba baeteledipele ba bodumedi ba ne ba tle ba sale kwa tempeleng morago ga moletlo gore ba tle ba rute batho mo go lengwe la mathudi a teng a magolo. Batho ba ne ba tle ba dule fa pele ga bone ba reeditse le go botsa dipotso. Barutisi bano e ne e le banna ba ba rutegileng. Ba ne ba na le kitso e kgolo ka Molao wa ga Moshe le ka melao le dingwao tse dintsi tse di itlhametsweng ke batho, tse di neng tsa nna tsa oketsega jalo le dingwaga. O ka bo o ile wa ikutlwa jang fa o ne o dutse fa gare ga bone? A o ne o tla tsenwa ke letshogo? Go a utlwala go bo o ne o ka ikutlwa jalo. Mme go tweng fa o ne o le ngwananyana fela wa dingwaga tse 12? Bana ba le bantsi ba ditlhong. (Jeremia 1:6) Bangwe ba leka ka natla go tila go ngoka kgatlhego ya barutisi ba bone kwa sekolong; ba tshaba go bilediwa kwa pele, ba boifa gore ba ka nna ba tlhabisiwa ditlhong kana ba sotliwa ka mafoko.
9 Le fa go ntse jalo, Jesu ene ke fano o dutse fa gare ga banna bano ba ba rutegileng, a ba botsa dipotso tse di thata a sa boife sepe. Mme o ne a dira sengwe se se fetang seo. Pego ya re: “Botlhe ba ba mo reeditseng ruri ba ne ba gakgamadiwa ke tlhaloganyo ya gagwe le dikarabo tsa gagwe.” (Luke 2:47) Baebele ga e re bolelele gore o ne a bua eng ka nako eo, mme gone re ka tlhomamisega gore o ne a se ka a etsa maaka a a neng a ratiwa ke baeteledipele bao ba bodumedi. (1 Petere 2:22) Nnyaa o ne a kgomarela boammaaruri jwa Lefoko la Modimo, mme ga go pelaelo gore batho ba ba neng ba mo reeditse ba ne ba gakgamadiwa ke gore mosimanyana yoo wa dingwaga tse 12 o ne a bua dilo tse di bontshang gore o na le temogo e bile o pelokgale.
Basha ba le bantsi ba Bakeresete ba itsise batho ba bangwe dilo tse ba di dumelang
10. Basha ba Bakeresete ba etsa bopelokgale jwa ga Jesu jang gompieno?
10 Gompieno basha ba le bantsi ba Bakeresete ba etsa sekao seo sa ga Jesu. Ke boammaaruri gore bone ga ba a itekanela jaaka Jesu. Mme gone, jaaka ene, ga ba letele gore ba nne bagolo pele ga ba ka femela boammaaruri. Kwa sekolong kana mo metseng e ba nnang mo go yone, ba botsa batho dipotso ka botlhale, ba a ba reetsa le go tlotla le bone ka tlotlo ka boammaaruri. (1 Petere 3:15) Jaaka setlhopha, basha bano ba thusitse basha ba ba tsenang sekolo le bone, barutabana le baagelani go nna balatedi ba ga Keresete. Bopelokgale jwa bone bo tshwanetse jwa bo bo itumedisa Jehofa tota! Lefoko la gagwe le tshwantsha basha bao le marothodi a monyo—ba a lapolosa, ba a itumedisa e bile ba bantsi.—Pesalema 110:3.
11, 12. Fa Jesu a setse a godile, o ne a bontsha jang go femela boammaaruri ka bopelokgale?
11 Fa Jesu a setse a godile, o ne a bontsha bopelokgale gangwe le gape fa a femela boammaaruri. Tota e bile, o ne a simolola bodiredi jwa gagwe ka go lebana le kganetso e batho ba le bantsi ba neng ba ka e tsaya e tshosa. Ka nako ya fa Jesu e le motho fela wa nama le madi, e sa tlhole e le moengele yo mogolo yo o maatla, o ne a tshwanelwa ke go lebana le Satane, mongwe wa baba ba ga Jehofa yo o maatla le yo o kotsi go ba gaisa botlhe. Jesu o ne a ganetsa Satane le tsela e a neng a sokamisa Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng ka yone. Jesu o ne a wetsa kganetsano eo ka go mo laela jaana ka bopelokgale: “Tsamaya, Satane!”—Mathaio 4:2-11.
12 Ka jalo, Jesu o ne a dira sengwe se a neng a tla tswelela pele a se dira mo bodireding jotlhe jwa gagwe, e leng go femela Lefoko la ga Rraagwe ka bopelokgale fa le sokamisiwa kana le sa dirisiwe sentle. Ka nako eo, fela jaaka gompieno, tsietso e e ntseng jalo ya bodumedi e ne e atile. Jesu o ne a raya baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa gagwe jaana: “Lo dira lefoko la Modimo lefela ka ngwao ya lona e lo neng lwa e fetisa.” (Mareko 7:13) Batho ka kakaretso ba ne ba tseela banna bao kwa godimo, le fa go ntse jalo, Jesu ene ka bopelokgale o ne a ba kgala gore ke bagogi ba ba foufetseng le baitimokanyi.a (Mathaio 23:13, 16) Re ka etsa jang sekao seno sa ga Jesu sa go nna pelokgale?
13. Re tshwanetse go se lebale eng fa re etsa Jesu, mme gone ke tshiamelo efe e re nang le yone?
13 Ke boammaaruri gore, ga re lebale gore rona ga re na bokgoni jo bo tshwanang le jwa ga Jesu jwa go bona se se mo pelong e bile ga re na thata ya go atlhola. Le fa go ntse jalo, re ka kgona go etsa sekao sa gagwe sa go femela boammaaruri ka bopelokgale. Ka sekai, ka go senola maaka a bodumedi—maaka a gantsi batho ba a rutiwang ka Modimo, ka maikaelelo a gagwe le ka Lefoko la gagwe—re a bo re sedimosetsa lefatshe leno le le foufaditsweng ke maaka a ga Satane. (Mathaio 5:14; Tshenolo 12:9, 10) Re thusa batho go gololwa mo bokgobeng jwa dithuto tsa maaka tse di tladitseng dipelo tsa bone ka poifo le tse di senyang kamano ya bone le Modimo. A bo e le tshiamelo e e molemo jang go bona tsholofetso eno ya ga Jesu e diragadiwa: “Boammaaruri bo tla lo golola”!—Johane 8:32.
O ne A Emela Tshiamiso ka Bopelokgale
14, 15. (a) Tsela nngwe e Jesu a neng a tlhalosa sentle se “tshiamiso e leng sone” ke efe? (b) Fa Jesu a ne a bua le mosadi wa Mosamarea, ke letlhoo lefe le a neng a se ka a letla gore le mo tlhotlheletse?
14 Boporofeti jwa Baebele bo ile jwa bolelela pele gore Mesia o ne a tla thusa ditšhaba go itse se “tshiamiso e leng sone.” (Mathaio 12:18; Isaia 42:1) Jesu o ile a simolola go dira jalo fa a le mo lefatsheng. Ka bopelokgale jo bogolo o ne a dirisa tshiamiso ka metlha e bile a sa tlhaole batho. Ka sekai, ga a ka a itetla go tlhotlhelediwa ke letlhoo le go kgetholola batho go go neng go aname mo bathong ba motlha wa gagwe.
15 Ka nako ya fa Jesu a bua le mosadi wa Mosamarea fa sedibeng sa Sikare, barutwa ba gagwe ba ne ba gakgamala. Ka ntlha yang? Mo motlheng oo, bontsi jwa Bajuda ba ne ba tlhoile Basamarea; letlhoo leo le ne le sa bolo go simolola dingwaga di le dintsi pele ga foo. (Esera 4:4) Mo godimo ga moo, borabi bangwe ba ne ba tseela basadi kwa tlase. Melao ya borabi, e moragonyana e neng ya kwalwa, e ne e iletsa banna go tlotla le basadi; e bile e ne e bolela gore basadi ba ne ba sa tshwanelwa ke gore ba rutwe Molao wa Modimo. Segolobogolo basadi ba Basamarea ba ne ba tsewa ba se phepa. Jesu o ne a se ka a itetla go tlhotlhelediwa ke letlhoo leo le le setlhogo mme o ne a ruta mosadi wa Mosamarea (yo o neng a na le boitsholo jo bo maswe) phatlalatsa, a ba a mo itshenolela gore ke ene Mesia.—Johane 4:5-27.
16. Ke eng fa Bakeresete ba tshwanetse go nna pelokgale go se itetle go nna le letlhoo la go kgetholola batho?
16 A o kile wa iphitlhela o le fa gare ga batho ba ba tseelang batho bangwe kwa tlase? Gongwe ba ne ba dira metlae ya go sotla batho ba lotso kana naga e sele, ba bua mafoko a a sotlang batho ba bong bo sele, kana ba lebela kwa tlase batho ba maemo a a sa tshwaneng le a bone. Balatedi ba ga Keresete ga ba dumalane le megopolo e e ntseng jalo ya letlhoo, mme ba leka ka natla go khumola tshekamelo epe fela ya letlhoo e ba ka tswang ba na le yone mo dipelong tsa bone. (Ditiro 10:34) Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go lwela go nna le bopelokgale jwa go dira dilo ka tshiamiso mo kgannyeng eno.
17. Ke kgato efe e Jesu a neng a e tsaya kwa tempeleng, mme ka ntlha yang?
17 Bopelokgale gape bo ile jwa dira gore Jesu a lwele go rotloetsa batho ba Modimo go nna phepa le gore ba nne le kobamelo e e itshekileng. Fa bodiredi jwa gagwe bo sa ntse bo simolola, o ne a tsena kwa tempeleng kwa Jerusalema mme a galefisiwa ke go bona bagwebi le baananyi ba madi ba gweba mo go yone. Ka ntlha ya kgalefo e e siameng, Jesu o ne a lelekela batho bao ba ba bogagapa le dithoto tsa bone kwa ntle. (Johane 2:13-17) O ne a dira jalo gape moragonyana fa bodiredi jwa gagwe bo ya bokhutlong. (Mareko 11:15-18) Ga go pelaelo gore seo se ne sa dira gore a nne le baba ba bagolo, le fa go ntse jalo o ne a se ka a okaoka. Ka ntlha yang? Go tloga a sa le monnye, o ne a bitsa tempele a re ke ntlo ya ga Rraagwe—mme o ne a bua jalo a tiisitse. (Luke 2:49) O ne a ka se itshokele tshiamololo e kalo ya go bona kobamelo e e itshekileng e leswafadiwa. Tlhoafalo ya gagwe e ne ya mo naya bopelokgale jwa go dira se se tlhokegang.
18. Gompieno Bakeresete ba ka bontsha jang bopelokgale malebana le go boloka phuthego e le phepa?
18 Balatedi ba ga Keresete gompieno le bone ba amega thata ka bophepa jwa batho ba Modimo le ka thulaganyo ya kobamelo e e itshekileng. Fa ba bona Mokeresete ka bone a dira sengwe se se phoso, ga ba itlhokomolose seo. Ba bua ka bopelokgale le motho yoo. (1 Bakorintha 1:11) Ba tlhomamisa gore bagolwane ba phuthego ba itsisiwe ka seo. Bagolwane ba ka thusa batho ba ba lwalang semoyeng e bile ba ka tsaya le kgato ya go boloka dinku tsa ga Jehofa di le phepa.—Jakobe 5:14, 15.
19, 20. (a) Ke ditiro dife tsa tshiamololo tse di neng di aname mo motlheng wa ga Jesu, mme ke kgatelelo efe e Jesu a neng a lebana le yone? (b) Ke eng fa balatedi ba ga Keresete ba sa nne le seabe mo dipolotiking le mo ditirong tsa thubakanyo, mme nngwe ya dituelo tsa seo ke efe?
19 Mme gone, a re ka swetsa ka gore Jesu o ne a lwantsha tshiamololo e e neng e dirwa mo lefatsheng lotlhe? Ga go pelaelo gore go ne go tletse ditiro tsa tshiamololo gotlhe mo a neng a le teng. Naga ya gaabo e ne e gapilwe ke puso ya naga e sele. Baroma ba ne ba gatelela Bajuda ka sesole se se maatla, ka go ba duedisa lekgetho le le kwa godimo le e leng go laola ditiro tsa bone tsa bodumedi. Ga go gakgamatse go bo batho ba le bantsi ba ne ba batla gore Jesu a nne le seabe mo dipolotiking tsa motlha wa gagwe. (Johane 6:14, 15) Le mo kgannyeng eno o ne a tshwanelwa ke go nna pelokgale.
20 Jesu o ne a tlhalosa gore Bogosi jwa gagwe ga se karolo ya lefatshe. Ka sekao sa gagwe, o ne a ruta barutwa ba gagwe go se nne le seabe mo dintweng tsa sepolotiki tsa motlha oo le gore ba tlhome mogopolo thata mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. (Johane 17:16; 18:36) O ne a ruta thuto e e maatla kaga go se tseye letlhakore ka nako ya fa segopa se tla go mo tshwara. Petere o ne a tlolwa ke pelo mme a kgatikanya tšhaka a gobatsa monna mongwe. Go motlhofo go tlhaloganya lebaka la go bo Petere a ile a dira jalo. Ruri go ne go ka lebega go siame go dirisa dikgoka mo bosigong joo jwa fa Morwa Modimo a ne a tlhaselwa a se molato. Le fa go ntse jalo, ka nako eo Jesu o ne a bontsha tsela e balatedi ba gagwe ba mo lefatsheng ba tshwanetseng go itshwara ka yone go fitlha le mo motlheng wa rona: “Busetsa tšhaka ya gago mo lefelong la yone, gonne botlhe ba ba tsayang tšhaka ba tla nyelela ka tšhaka.” (Mathaio 26:51-54) Ga go pelaelo gore mo balateding ba ga Keresete go dira dilo ka kagiso jalo go ile ga tlhoka bopelokgale ka nako eo, fela jaaka go ntse le gompieno. E re ka batho ba Modimo gompieno ba sa tseye letlhakore, ba itsege ka go se nne le seabe mo dintweng tse di sa feleng tsa gompieno, mo go gailweng ga batho, mo dikhuduegong le mo ditirong tse dingwe tsa thubakanyo. Rekoto eo e e molemo e ba itiretseng yone ke nngwe ya dituelo tse ba di duelwang ka ntlha ya bopelokgale jwa bone.
O ne A Lebana le Kganetso ka Bopelokgale
21, 22. (a) Jesu o ne a newa thuso efe pele ga a lebana le diteko tse di boima go gaisa tsotlhe? (b) Jesu o ile a supa bopelokgale jang go fitlha kwa bokhutlong?
21 Morwa wa ga Jehofa o ne a sa bolo go itse gore o ne a tlile go lebana le kganetso e e setlhogo fa a fitlha mono mo lefatsheng. (Isaia 50:4-7) O ile a tshosediwa ka makgetlho a le mantsi go twe o tla bolawa, mme lekgetlho la bofelo ke le le tlhalositsweng kwa tshimologong ya kgaolo eno. Jesu o ne a kgona jang go tswelela a le pelokgale fa a lebane le dikotsi tse di ntseng jalo? Ebu, ke eng se Jesu a neng a ntse a se dira pele segopa se tla go mo tshwara? O ne a rapela Jehofa ka tlhoafalo. Mme Jehofa o ne a dira eng? Baebele e re bolelela gore Jesu “o ne a utlwiwa ka kamogelo.” (Bahebera 5:7) Jehofa o ne a romela moengele go tswa legodimong go tla go nonotsha Morwawe yo o pelokgale.—Luke 22:42, 43.
22 Ka bonako fela fa Jesu a sena go nonotshiwa, o ne a raya baaposetoloi ba gagwe a re: “Nanogang, a re tsamayeng.” (Mathaio 26:46) Akanya fela ka bopelokgale jo bo mo mafokong ao. O ne a re: “A re tsamayeng,” a bua jalo a itse gore o ne a tla kopa segopa seo gore se tlogele ditsala tseo tsa gagwe, a itse sentle gore ditsala tseo tsa gagwe di ne di tlile go tshaba di mo tlogela, e bile a itse sentle gore o ne a tlile go lebana le nako eo e e boima ya botshelo jwa gagwe a le nosi. O ne a lebana jalo a le nosi le go sekisiwa ka tsela e e sa siamang, go sotlwa, go setlakwa le loso lo lo setlhogo. Ka nako eo yotlhe o ne a se ka a felelwa ke bopelokgale.
23. Tlhalosa gore ke eng fa re ka re Jesu o ne a sa itsenye mo kotsing ka boomo mo tseleng e a neng a lebana ka yone le maemo a a kotsi le matshosetsi a go mmolaya.
23 A Jesu o ne a itsenya mo kotsing ka boomo? Nnyaa; go dira jalo ga go amane ka gope le bopelokgale jwa boammaaruri. Tota e bile, Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe go nna kelotlhoko, go tswa ba tshaba ka botlhale fa ba le mo kotsing e le gore ba tswelele ba dira thato ya Modimo. (Mathaio 4:12; 10:16) Le fa go ntse jalo, mo kgannyeng eno, Jesu o ne a itse gore go ne go se na kgoro ya botso. O ne a itse gore thato ya Modimo e akaretsa eng. O ne a ititeile sehuba go nna a ikanyega, ka jalo tsela e le yosi fela e ne e le go ya pele, go thulana le teko eo.
Basupi ba ga Jehofa ba ile ba bontsha bopelokgale fa ba bogisiwa
24. Ke eng fa re ka tlhomamisega gore re ka nna pelokgale go lebana le teko epe fela e e ka re tlelang?
24 A bo balatedi ba ga Jesu ba ile ba etsa sekao sa Mong wa bone sa bopelokgale gangwe le gape jang ne! Bontsi jwa bone ba ile ba itshokela go sotlwa, go bogisiwa, go tshwarwa, go tsenngwa mo kgolegelong, go setlakwa le e leng loso. Batho bao ba ba sa itekanelang ba tsaya kae bopelokgale jo bo kalo? Ga go itlele fela gore ba nne le jone. Fela jaaka Jesu a ile a thusiwa ke Modimo, go ntse jalo le ka balatedi ba gagwe. (Bafilipi 4:13) Ka gone, le ka motlha o se ka wa boifa se se tla go diragalelang mo isagweng. Ititeye sehuba go nna o ikanyega, mme Jehofa o tla go naya bopelokgale jo o bo tlhokang. Tswelela pele o nonotshiwa ke sekao sa Moeteledipele wa rona, Jesu, yo o ileng a re: “Nnang pelokgale! Ke fentse lefatshe.”—Johane 16:33.
a Borahisitori ba ile ba bolela gore mabitla a borabi a ne a tseelwa kwa godimo fela jaaka mabitla a baporofeti le a ditlhogo tsa lotso.