Kgaolo 6
Ke Ka Ntlha Yang Fa Re Tsofala Re bo Re Swa?
1. Ke eng se borasaense ba paletsweng ke go se tlhalosa ka botshelo jwa motho?
BORASAENSE ga ba itse gore ke eng fa batho ba tsofala ba bo ba swa. Go lebega gore disele tsa rona di ne di tshwanetse go tswelela di ntse di ntšhafala le gore re tshwanetse go tshelela ruri. Buka ya Hyojun Soshikigaku (Anatomi ya Motheo ya Dithishu Tsa Dimela le Diphologolo) ya re: “Go santse go sa itsiwe tota gore go tsofala ga disele go amana jang le go tsofala le go swa ga motho.” Borasaense ba bantsi ba dumela gore botshelo jwa motho bo na le “selekanyo se se beilweng sa tlholego gore bo eme fa kae.” A o akanya gore ba bua boammaaruri?
2. Ke eng se bangwe ba se dirileng ka ntlha ya go bo botshelo bo le bokhutshwane?
2 Batho ga ba bolo go eletsa go tshela lobaka e bile ba ile ba leka le go dira gore ba se ka ba swa. Fa e sale go tloga ka lekgolo la bonè la dingwaga B.C.E., batho ba maemo a a kwa godimo kwa China ba ne ba bona botlhokwa jwa diokobatsi tse go neng go twe di dira gore motho a se ka a swa. Babusibagolo bangwe ba moragonyana kwa China ba ne ba leka dilo tseno tse go neng go twe ke bomakgonatsotlhe ba botshelo—tse di neng di dirilwe ka mekhuri—mme ba swa! Go dikologa lefatshe, batho ga ba dumele gore fa ba swa sengwe le sengwe se fedile ka bone. Babuda, Bahindu, Bamoselema le ba bangwe, ba solofela gore ba tla bona dilo tse dikgolo tota mo botshelong fa ba sena go swa. Batho ba bangwe mo go Labokeresete ba akanya gore ba tla bona botshelo jo bo monate kwa legodimong fa ba sena go swa.
3. (a) Ke eng fa batho ba eletsa go tshelela ruri? (b) Ke dipotso dife tse di malebana le loso tse di tshwanetseng go arabiwa?
3 Megopolo e batho ba nang le yone malebana le gore ba tla tshela ka boitumelo fa ba sena go swa e supa gore ba eletsa go tshelela ruri. “O tlhomile go akanya ka ga bosakhutleng mo pelong tsa bone,” Baebele e bolela jalo ka kgopolo ya go tshelela ruri e Modimo o re tlhodileng re na le yone. (Moreri 3:11) O ne a bopa batho ba ntlha ka tsholofelo ya gore ba tla tshelela ruri mo lefatsheng. (Genesise 2:16, 17) Ka gone, ke eng fa batho ba swa? Loso lo ne lwa tsena jang mo lefatsheng? Kitso ya Modimo e araba dipotso tseno.—Pesalema 119:105.
MAANO A A BOSULA
4. Jesu o ne a supa jang gore sekebekwa se se bakileng gore batho ba swe ke mang?
4 Senokwane se a tle se leke go timetsa motlhala. Seno se dirilwe ke motho yo o dirileng bonokwane jo bo bolaileng dimilione di le dikete tsa batho. O ile a dira maano a gore go swa ga batho e nne masaitseweng. Jesu Keresete o ne a bolela gore senokwane seno ke mang fa A ne a raya batho ba ba neng ba batla go Mmolaya a re: “Lo ba ga rraeno diabolo, le dithato tsa ga rraeno ke tsone tse lo ratang go di dira. Ene o sa le a nna mmolai le mo tshimologong, mme a se ka a ema mo boammaaruring, ka go ne go se na boammaaruri mo go ene. E re fa a bua maaka, o bua mo e leng ga gagwe, gonne ke moaki.”—Johane 8:31, 40, 44.
5. (a) Go simologile jang gore Satane Diabolo a nne teng? (b) Mafoko ano, “Satane” le “Diabolo” a kaya eng?
5 Ee, Diabolo ke “mmolai” yo o senyang ba bangwe maina ka maaka. Baebele e senola gore ke motho wa mmatota, eseng fela bosula jo bo mo pelong ya motho. (Mathaio 4:1-11) Le mororo a ne a bopiwa e le moengele yo o siameng, ‘ga a ka a ema mo boammaaruring.’ A bo go tshwanela jang ne go bo a bidiwa Satane Diabolo! (Tshenolo 12:9) O bidiwa “Satane,” kana “moganetsi,” gonne o ne a nna kgatlhanong le Jehofa a bo a mo ganetsa. Senokwane seno gape se bidiwa “Diabolo,” se se kayang “mosebi,” ka go bo o ne a senya Modimo leina a mo seba.
6. Ke eng fa Satane a ne a tsuologela Modimo?
6 Ke eng se se neng sa dira gore Satane a tsuologele Modimo? Ke bopelotshetlha. O ne a nna le keletso ya bopelotshetlha ya go batla go tsaya kobamelo e batho ba neng ba tshwanetse go e neela Jehofa. Diabolo ga a ka a bolaya keletso eo ya go batla go obamelwa, e e neng e tshwanetse go newa Mmopi fela. (Bapisa Esekiele 28:12-19.) Go na le moo, moengele yo o neng a nna Satane yono o ne a nna a godisa keletso eo ya bopelotshetlha go fitlha fa e gola e bo e tsala boleo.—Jakobe 1:14, 15.
7. (a) Ke eng se se dirang gore batho ba swe? (b) Boleo ke eng?
7 Re kgonne go bona gore tiro eno ya bonokwane e e feletseng ka gore batho ba swe e dirilwe ke mang. Mme gone tota loso lwa batho lo bakiwa ke eng thatathata? Baebele e bolela jaana: “Lob[o]lela lwa loso ke boleo.” (1 Bakorinthe 15:56) Mme gone boleo ke eng? A re sekasekeng se lefoko leno le neng le se kaya mo dipuong tsa ntlhantlha tsa Baebele gore re tle re kgone go le tlhaloganya. Madiri a Sehebera le Segerika a ka tlwaelo a ranolwang jaaka “go leofa” a kaya “go fosa letshwao” ka tlhaloganyo ya go fosa letshwao kana go sa fitlhelele mokgele wa gago. Ke letshwao lefe le rotlhe re le fosang? Ke letshwao la go ikobela Modimo ka botlalo. Gone mme, boleo bo ne jwa tla jang mo lefatsheng?
KAFA MAANO A NENG A DIRAGADIWA KA TENG
8. Satane o ne a leka jang go dira gore batho ba mo obamele?
8 Satane o ne a nna fa fatshe mme a loga maano ka kelotlhoko a a neng a akanya gore a tla mo thusa gore a tle a kgone go busa batho botlhe le go dira gore ba mo obamele. O ne a bona gore go ka nna molemo fa a ka tlhotlheletsa batho ba ntlha ba babedi, Adame le Efa, gore ba leofele Modimo. Jehofa o ne a neile batsadi ba rona ba ntlha kitso e e neng e ka bo e dirile gore ba tshelele ruri. Ba ne ba itse gore Mmopi wa bone o ne a le molemo gonne a ne a ba beile mo tshingwaneng e ntle ya Edene. Adame segolobogolo o ne a lemoga gore Rraagwe wa selegodimo o ne a le molemo fa Modimo o ne o mo naya mosadi yo montle le yo o tla mo thusang. (Genesise 1:26, 29; 2:7-9, 18-23) Batho ba babedi ba ntlha ba ne ba tla tswelela ba tshela fela fa ba ne ba ka utlwa Modimo.
9. Modimo o ne wa naya motho wa ntlha taolo efe, mme ke ka ntlha yang fa e ne e siame?
9 Modimo o ne wa raya Adame wa re: “O ka ja fela setlhare sengwe le sengwe sa tshimo ka go rata; mme setlhare sa kitso ya molemo le bosula, sone o se ka wa se ja gonne ka tsatsi le o jang ga sone ruri o tlaa swa.” (Genesise 2:16, 17) Jaaka Mmopi, Jehofa Modimo o na le tshwanelo ya go tlhoma melao ya boitsholo le go bolelela dibopiwa tsa gagwe gore se se molemo le se se bosula ke sefe. Taolo eno ya gagwe e ne e utlwala gonne Adame le Efa ba ne ba gololesegile go ja maungo a ditlhare tse dingwe tsotlhe tsa tshimo. Ba ne ba ka supa gore ba lemoga gore Jehofa o tshwanela go nna molaodi ka go ikobela melao ya gagwe go na le gore ba itlhomele melao e e leng ya bone ya boitsholo ka boikgogomoso.
10. (a) Satane o ne a bua jang le batho bano go leka go ba gogela kafa letlhakoreng la gagwe? (b) Satane o ne a kaya gore Jehofa o dira bosula bofe? (c) Wena o akanya eng ka tsela e Satane a tlhaselang Modimo ka yone?
10 Diabolo o ne a loga maano a go kgaoganya batho ba ntlha le Modimo. Satane o ne a aka gore a tle a kgone go ba baya kafa letlhakoreng la gagwe. Diabolo o ne a dirisa noga fela jaaka batho ba ba kgonang go buisa ditshwantsho ba tle ba dire mme o ne a botsa Efa jaana: “Kana, a ruri Modimo o rile: ‘Lo se ka lwaa ja ditlhare tsa tshimo’?” Fa Efa a sena go bolela gore molao wa Modimo wa reng, Satane o ne a re: “Ruri ga lo ketla loo swa.” Morago ga moo o ne a kaya gore Jehofa o ne a na le maikaelelo a a bosula ka go re: “Modimo o a itse gore, e tlaa re mo letsatsing le lo lo jang, foo matlho a lona a tlaa buduloga, mme lo tlaa nna jaaka Modimo, lo itse molemo le bosula.” (Genesise 3:1-5) Ka go rialo, Diabolo o ne a bolela gore Modimo o ne o ba tima sengwe se se monate. A bo seo e ne e le go tlhasela Rre yo o boammaaruri, yo o lorato wa selegodimo, Jehofa, ka go mo senya leina jang ne!
11. Adame le Efa ba ne ba thusana jang le Satane?
11 Efa o ne a leba setlhare seno gape, mme jaanong maungo a sone a ne a lebega a le monate thata. Ka jalo o ne a tsaya loungo a bo a le ja. Moragonyana, monna wa gagwe ka go rata ga gagwe fela o ne a tlhakanela le ene mo tirong eno ya boleo e e neng e supa go sa utlwe Modimo. (Genesise 3:6) Le mororo Efa a ne a tsieditswe, ene mmogo le Adame ba ne ba tshegetsa maano a ga Satane a go batla go busa batho. Tota e bile, ba ne ba thusana seo le ene.—Baroma 6:16; 1 Timotheo 2:14.
12. Go tsuologela ga batho Modimo go ne ga felela ka eng?
12 Adame le Efa ba ne ba tshwanela ke go lebana le matswela a ditiro tsa bone. Ba ne ba se ka ba tshwana le Modimo, ba nna le kitso nngwe e e kgethegileng. Go na le moo, ba ne ba itlhabelwa ke ditlhong ba bo ba iphitlha. Jehofa o ne a sekisa Adame a bo a mo atlhola jaana: “O tlaa ja dijo ka mofufutso wa sefatlhogo sa gago go fitlha o boela mo mmung, gonne o ntshitswe mo go one. Gonne o lorole, mme o tlaa boela mo loroleng.” (Genesise 3:19) Batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba otlhaiwa ba bo ba swa ‘ka lone letsatsi’ le ba jeleng leungo la setlhare sa kitso ya molemo le bosula ka lone go ya kafa ponong ya Modimo. Morago ga foo, ba ne ba kobiwa mo Paradaiseng mme ba simolola go koafala le go leba fela kwa losong.
KAFA BOLEO LE LOSO DI NENG TSA ANAMA KA TENG
13. Boleo bo ne jwa anamela mo bathong botlhe jang?
13 Go ne go lebega e kete Satane o ne a atlegile mo maanong a gagwe a go obamelwa ke batho. Lefa go ntse jalo, o ne a sa kgone go dira gore baobamedi ba gagwe ba tshele. Fa boleo bo simolola go dira mo bathong ba babedi ba ntlha, ba ne ba se ka ba kgona go nna le bana ba ba itekanetseng. Fela jaaka mafoko a a gabilweng mo lejeng, boleo bo ne bo tsentswe jalo mo dijineng tsa batsadi ba rona ba ntlha. Ka jalo, ba ne ba kgona go nna fela le bana ba ba sa itekanelang. E re ka Adame le Efa ba ne ba tsala bana botlhe ba bone fa ba sena go leofa, bana ba bone ba ne ba rua boleo le loso.—Pesalema 51:5; Baroma 5:12.
14. (a) Re ka tshwantsha batho ba ba reng ga ba na boleo le mang? (b) Baiseraele ba ne ba lemosiwa jang gore ke baleofi?
14 Lefa go ntse jalo, gompieno, bontsi ga bo akanye gore ke baleofi. Mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe, batho ka bontsi ga ba itse le eseng gore a batho ba ruile boleo. Mme seo ga se supe ka gope gore ga go na boleo. Mosimanyana yo o sefatlhego se se matladika a ka nna a ithaya a re se phepa mme e bile a gana go dumela seo go fitlha a ipona sentle mo seiponeng. Baiseraele ba bogologolo ba ne ba tshwana le mosimanyana yo o ntseng jalo fa ba ne ba newa Molao wa Modimo ke moperofeti wa Gagwe Moshe. Molao o ne o supa ka phepafalo fela gore batho ba ne ba na le boleo. Moaposetoloi Paulo o tlhalosa jaana: “Nkabo ke se ka ka itse boleo fa e se ka molao.” (Baroma 7:7-12) Fela jaaka mosimanyana yo o itebang mo seiponeng, Baiseraele ba ne ba kgona go bona gore ba ne ba se phepa mo matlhong a ga Jehofa fa ba ne ba itshekatsheka ka Molao.
15. Re bona eng fa re leba seipone sa Lefoko la Modimo?
15 Re ka kgona go bona gore ga re a itekanela ka go iteba mo seiponeng sa Lefoko la Modimo le ka go ela tlhoko melao ya lone. (Jakobe 1:23-25) Ka sekai, ela tlhoko se Jesu Keresete a neng a se bolelela barutwa ba gagwe kaga go rata Modimo le moagisani, jaaka go kwadilwe mo go Mathaio 22:37-40. A bo batho ka metlha ba fosa letshwao jang ne mo dilong tseno! Digakolodi tsa batho ba le bantsi ga di ba tshwenye ka gope fa ba sa supe lorato mo Modimong le mo baagisaning ba bone.—Luke 10:29-37.
ELA TLHOKO MARETSHWA A GA SATANE!
16. Re ka dira eng gore Satane a se ka a re tshwara ka maretshwa a gagwe mme ke ka ntlha yang fa seno se le bokete?
16 Satane o batla go re dira gore re leofe fela ka boomo. (1 Johane 3:8) A go na le tsela nngwe e re ka tilang ka yone go wela mo maanong a gagwe? Ee, mme seno se batla gore re lwe le dilo tse di ka re tlhotlheletsang go leofa. Seno ga se motlhofo ka gonne go rata ga rona go dira boleo goo re tsetsweng re na le gone go nonofile tota. (Baefeso 2:3) Paulo o ne a tshwanela go leka ka natla tota. Ka ntlha yang? Gonne o ne a na le boleo. Le rona re tshwanetse go lwa le mekgwa ya go rata boleo e e mo go rona fa re batla go amogelwa ke Modimo.—Baroma 7:14-24; 2 Bakorinthe 5:10.
17. Ke eng se se dirang gore ntwa ya rona kgatlhanong le go rata go dira boleo e nne bokete jaana?
17 Ga go motlhofo mo go rona go lwa le boleo gonne Satane ka metlha a batla ditsela tsa go re dira gore re tlole melao ya Modimo. (1 Petere 5:8) Paulo o ne a bolela jaana, a supa fa a amega ka Bakeresetekaene: “Ke a boifa, gore e se re kgotsa motlha mongwe, jaaka noga e tsieditse Efa ka boferefere jwa yone, pelo tsa lona tsa senyega jalo, tsa kgaogana le tshiamo le boitsheko jo bo ntlheng ya ga Keresete.” (2 Bakorinthe 11:3) Satane o dirisa maretshwa a a tshwanang gompieno. O leka go jala dipelaelo tsa gore a ruri Jehofa o molemo le gore a go ikobela melao ya Modimo go mosola. Diabolo o leka go dirisa go rata ga rona go dira boleo goo re go ruileng e bile o batla go re dira gore re ikgogomose, re nne bohula, re nne le letlhoo re bo re tlhaole ba bangwe.
18. Satane o dirisa lefatshe leno jang go tsweledisa boleo?
18 Sengwe sa dilo tse Diabolo a di dirisang kgatlhanong le rona ke lefatshe leno le a le laolang. (1 Johane 5:19) Fa re se kelotlhoko, batho ba ba bosula ba ba sa ikanyegeng ba ba mo lefatsheng ba ka re gatelela gore re dire boleo re tlole melao ya Modimo ya boitsholo. (1 Petere 4:3-5) Batho ba le bantsi ba itlhokomolosa melao ya Modimo le eleng go itlhokomolosa segakolodi sa bone fa se ba tsibosa, kgabagare ba dira gore se swe. (Baroma 2:14, 15; 1 Timotheo 4:1, 2) Bangwe ba simolola ka bonya ka bonya go tshela ka tsela e le tsone digakolodi tsa bone tse di sa itekanelang di neng pele di sa ba letle go tshela ka yone.—Baroma 1:24-32; Baefeso 4:17-19.
19. Ke ka ntlha yang fa go sa lekana go tshela fela botshelo jo bo phepa?
19 O a bo o kgonne tota fa o ka kgona go tshela botshelo jo bo phepa mo lefatsheng leno. Lefa go ntse jalo, go tlhokega go le gontsi gore re itumedise Mmopi wa rona. Gape re tshwanetse go dumela mo Modimong mme re ikutlwe re ikarabelela mo go ene. (Bahebere 11:6) Morutwa Jakobe o ne a kwala jaana: “Yo o itseng go dira molemo, mme a sa o dire, ke boleo mo go ene.” (Jakobe 4:17) Ee, go itlhokomolosa melao ya Modimo le ditaolo tsa gagwe ka bogone fela ke tsela nngwe ya go dira boleo.
20. Satane a ka leka go go thibela go dira se se siameng jang, mme ke eng se se tla go thusang go emelana le kgatelelo?
20 Satane o tla dira gore o ganediwe fa o ithuta Baebele o batla kitso ya Modimo. Re solofela tota gore ga o kitla o ineela fa o ka gatelelwa gore o se ka wa dira se se siameng. (Johane 16:2) Le mororo babusi ba bantsi ba ne ba dumela mo go Jesu ka nako ya bodiredi jwa gagwe, ga ba a ka ba ipolela jalo gonne ba ne ba boifa gore ba tla ilwa ke batho. (Johane 12:42, 43) Satane o leka ka natla go boifisa ope fela yo o batlang kitso ya Modimo. Lefa go ntse jalo, o tshwanetse go gakologelwa le go itumelela dilo tse di molemo tse Jehofa a di dirileng. E bile o ka nna wa kgona go thusa baganetsi go lemoga seo.
21. Re ka fenya jang lefatshe le tlhotlheletso e e mo go rona ya gore re dire boleo?
21 Re tlile go nna re leofa fa fela re santse re sa itekanela. (1 Johane 1:8) Lefa go ntse jalo, re thusiwa go lwa ntwa eno. Ee, re ka kgona go fenya fa re lwa le yo o boikepo, Satane Diabolo. (Baroma 5:21) Kwa bokhutlong jwa bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng, Jesu o ne a kgothatsa balatedi ba gagwe ka mafoko ano: “Mo lefatsheng lo na le pitlagano; mme nametsegang; ke fentse lefatshe.” (Johane 16:33) Le batho ba ba sa itekanelang ba ka kgona go fenya lefatshe ka thuso ya Modimo. Satane ga a kake a fenya ba ba mo ganetsang le ba ba ‘ineelang mo Modimong.’ (Jakobe 4:7; 1 Johane 5:18) Jaaka re tla bona, Modimo o re baakanyeditse tsela ya go tswa mo botlhankeng jwa boleo le loso.
TLHATLHOBA KITSO YA GAGO
Satane Diabolo ke mang?
Ke ka ntlha yang fa batho ba tsofala ba bo ba swa?
Boleo ke eng?
Satane o raela batho jang gore ba leofele Modimo ka boomo?
[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 54]