Kgaolo 25
Go Rera Phatlalatsa le ka Ntlo le Ntlo
JESU KERESETE o ne a laela barutwa ba gagwe jaana fa a ne a ba roma: “Me lo ètè lo rèra, lo re, Bogosi yoa legodimo bo atametse.” (Math. 10:7) Mme o ne a bolela jaana ka tsela ya seperofeti fa a ne a laela Bakeresete ba boammaaruri ba ba neng ba tla bo ba tshela mo bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo: “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe.” (Math. 24:14) Seo se ne se bolelang?
Se ne se sa bolele gore ba ne ba tla aga dikereke, ba letsa tleloko, ba bo ba leta phuthego gore e tle go ba reetsa gangwe ka beke fa ba rera. Lediri la Segerika le le ranotsweng fano jaaka “rera” (ke·rysʹso) tota le bolela “go itsise sengwe phatlalatsa o opa mokgosi.” Ga le akantshe go rerela setlhopha se se rileng sa barutwa, mme go na le moo, ke go itsise phatlalatsa, mo bathong botlhe.
Jesu ka boene o ile a tlhoma sekao sa gore seno se tshwanetse go dirwa ka tsela efe. O ne a etela mafelo a a neng a ka bona batho kwa go one. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, batho ka metlha ba ne ba phuthegela mo disinagogeng go utlwa fa go balwa Dikwalo. Jesu o ne a dirisetsa sebaka seo go ba rerela fa ba le koo, o ne a sa dire seno mo motseng o le mongwe fela mme go na le moo mo metseng le mo metsaneng go ralala Galalea le Judea. (Math. 4:23; Luke 4:43, 44; Yoh. 18:20) Dipego tsa Dikwalo tsa Efangele di bontsha kgapetsakgapetsa gore, o ne a rera fa lotshitshing lwa lewatle, mo mefapheng ya dithaba, a le mo tseleng, mo metsaneng, le mo magaeng a ba ba neng ba mo amogela. Gongwe le gongwe koo a neng a bona batho teng, o ne a bolela dilo tse Modimo a ikaeletseng go di ba direla. (Luke 5:3; 6:17-49; 7:36-50; 9:11, 57-62; 10:38-42; Yoh. 4:4-26, 39-42) Mme e ne ya re fa a roma barutwa ba gagwe, o ne a ba laela gore ba ye kwa magaeng a batho go ya go batla batho ba ba tshwanelang le go ba neela bosupi kaga Bogosi jwa Modimo.—Math. 10:7, 11-13.
Basupi ba ga Jehofa ba metlha ya segompieno ba ile ba leka go latela sekao seno se se tlhomilweng ke Jesu le barutwa ba gagwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga.
Go Itsise Dikgang tsa Gore Keresete O Teng
Jaaka fa Charles Taze Russell le ditsala tsa gagwe ba ne ba simolola go tlhaloganya kafa boammaaruri jo bo kwadilweng mo Lefokong la Modimo bo utlwanang ka teng, ba ne ba tlhotlhelediwa thata ke se ba neng ba se ithuta kaga maikaelelo a go boa ga ga Keresete le mokgwa o a neng a tlile go boa ka one. Mokaulengwe Russell o ne a lemoga kafa go neng go tlhokega ka teng gore go itsisiwe ba bangwe ka seno le gore seo se ne se tshwanetse go dirwa ka bonako. O ne a rulaganya dilo gore a kgone go etela mafelo a a neng a na le batho ba a neng a ka kgona go buisana le bone ka boammaaruri jono jwa Bibela. O ne a nna teng kwa dipokanong tsa bodumedi tse di neng di tshwarelwa mo mabaleng fela mme a ithaopela go dirisa ditshono tseo go buisana le bone, fela jaaka Jesu a ne a rera kwa disinagogeng. Mme lefa go ntse jalo o ne a lemoga ka bonako gore go ne go ka fitlhelelwa go le gontsi ka ditsela tse dingwe. Fa a ntse a ithuta Dikwalo o ne a lemoga gore Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba rera thata ka go buisana le batho kwa thoko lefa ba ne ba tsamaya ka ntlo le ntlo. Gape o ne a bo a lemoga gore go botlhokwa gore o tlogelele batho sengwe se se gatisitsweng fa o sena go bua le bone.
Ka 1877 o ne a setse a gatisitse bukana e e bidiwang The Object and Manner of Our Lord’s Return. O ne a simolola go gatisa makasine wa Zion’s Watch Tower and Herald of Christ’s Presence ka metlha, dingwaga tse pedi morago ga foo. Ee, boikaelelo jwa gagwe e ne e le go rera, kana go itsise dikgang tse di botlhokwa tsa go nna teng ga ga Keresete.
Bogologolo ka 1881, dibuka tsa Baithuti ba Bibela di ne di newa batho mahala gaufi le dikereke—eseng mo mejakong ya dikereke mme gaufi fela le tsone gore batho ba ba ratang bodumedi ba di itseele. Bontsi jwa Baithuti ba Bibela ba ne ba neela batho bao ba ba itseng dibuka kana ba di romela ka poso. Ka 1903 Tora ya Tebelo (ka Seesemane) e ne ya akantsha gore ba leke go fitlhelela mongwe le mongwe ka go anamisa dipampitshana tseno ka ntlo le ntlo, go na le gore ba tlhome megopolo ya bone fela mo bathong ba ba tsenang kereke. Seno ga se a ka sa dirwa ke Baithuti botlhe ba Bibela, mme lefa go ntse jalo bontsi jwa bone bo ne jwa dira seno ka botlhaga. Ka sekai, go ne ga itsisiwe gore go ne ga batla go etelwa ntlo nngwe le nngwe mo ditoropong tse dintsi tse dikgolo kwa United States, mmogo le mo ditorotswaneng tsa teng tse di bokgakala jwa dikilometara di le 16 kana go feta go ya ntlheng tsotlhe. Dipampitshana, kana dibukana, di le dimilionemilione di ne tsa anamisiwa ka tsela eno. Ka nako eo bontsi jwa Baithuti ba Bibela ba ba ileng ba nna le seabe mo go anamiseng mafoko a a molemo ba ne ba go dira ka go anamisa dipampitshana le dibuka tse dingwe mahala ka ditsela tse di farologaneng.
Bangwe ba Baithuti ba Bibela—ba sekae fela—ba ne ba dira jaaka bareri ba mafoko a a molemo ba ba rekisang dibuka, ba dirisa selekanyo se segolo sa nako ya bone mo tirong eno fela.
Barekisi Ba Ba Tlhaga ba Dibuka Ba Etelela Pele
Boikuelo jwa ntlha jwa go batla banna le basadi ba ba ineetseng ba ba neng ba ka dirisa selekanyo se segolo sa nako ya bone mo tirelong eno bo ne jwa dirwa ka April 1881. Ba ne ba tla tsamaisetsa beng ba matlo mmogo le borakgwebo bukanyana nngwe e e tlhalosang boammaaruri jwa Bibela mmogo le peeletso ya Tora ya Tebelo. Maikaelelo a bone e ne e le go senka batho ba ba neng ba bolailwe ke tlala ya go utlwa boammaaruri le go ba bontsha lesedi. Ka lobaka lo lo rileng ba ne ba leka fela go bolela sengwe se se neng se tla tsosa kgatlhego, ba tlogela sephuthelwana sa dibuka mo legaeng lengwe le lengwe gore mong wa ntlo a se tlhatlhobe, mme morago ga moo ba bo ba boa morago ga malatsi a sekae. Beng ba bangwe ba matlo ba ne ba atisa go busa dibuka tseo; ba bangwe ba ne ba ka nna ba rata go di reka; mo makgetlong a mantsi ba ne ba kgona go tlotla le bone. Tora ya Tebelo (ka Seesemane) e ne ya bolela jaana kaga maikaelelo a bone: “Ga se go rekisa diphuthelwana, kana go bona dipeeletso, mme go na le moo ke go anamisa boammaaruri, ka go dira gore batho ba bale.”
Palo ya ba ba neng ba nna le seabe mo tirong eno ya go rera mafoko a a molemo ka go rekisa dibuka e ne e le nnye thata. Mo dingwageng tsa ntlha tse 30, mephato ya bone e ne ya simologa e na le ba sekae fela go ya go ba le 600 kana go feta. Barekisi bano ba dibuka e ne e le babulatsela ba mmatota, ba simolola tiro kwa ditshimong tse disha. Anna Andersen e ne e le mongwe yo a ileng a itshoka mo tirelong eno ka dingwaga di le masomesome, gantsi a tsamaya ka baesekele, mme o ne a fitlha mo e ka nnang kwa toropong nngwe le nngwe ya Norway ka mafoko a a molemo. Barekisi ba bangwe ba dibuka ba ne ba etela kwa dinageng di sele mme e ne ya nna bone ba ntlha go isa molaetsa ono kwa dinageng tse di tshwanang le Finland, Barbados, El Salvador, Guatemala, Honduras, le Burma (e jaanong e leng Myanmar). Go ne go na le ba bangwe gape ba ba neng ba sa kgone go fudugela kwa mafelong a mangwe mme go na le moo ba ile ba direla jaaka bareri ba ba rekisang dibuka mo tshimong ya naga ya bone.
Barekisi bano ba dibuka ba ne ba dira tiro e e tlhomologileng. Mongwe wa bone yo o neng a direla kwa lobopong lo lo kafa bophirima lwa United States o ne a kwala ka 1898 gore mo dikgweding tse 33, o ne a tsamaya dikilometara di le 12 800 ka pitse ya gagwe le ka kolotsana ya yone, a neetse bosupi mo ditoropong di le 72, a etetse batho ba le 18 000, a tsamaisitse dibuka di le 4 500, a bone dipeeletso di le 125, a file batho dipampitshana di le 40 000, mme a bone batho ba le 40 ba ba neng ba amogela molaetsa ono le go simolola go o bolelela ba bangwe. Setlhopha se sengwe se se neng se bopiwa ke monna le mosadi se se neng se direla kwa Australia se ne sa kgona go tsamaisetsa batho ba ba kgatlhegang dibuka di le 20 000 mo lobakeng lwa dingwaga di le pedi fela le sephatlo.
A go tsamaisiwa gono ga dibuka tse dintsi e ne e le selo sa sewelo fela? Mme kana pego ya 1909 e bontsha gore barekisi ba dibuka ba ka nna 625 (palo yotlhe ya ba ba neng ba ikwadisitse ka nako eo) ba ne ba amogela dibuka tsa khabara e e thata di le 626 981 go tswa kwa Mokgatlhong gore ba di tsamaisetse batho ka kakaretso (palogare ya tse di fetang di le sekete mo morekising mongwe le mongwe wa dibuka), mo godimo ga dibuka tse dintsi tse ba neng ba di naya batho mahala. Gantsi ba ne ba sa kgone go rwala dibuka tse di lekaneng fa ba ntse ba tsamaya ka ntlo le ntlo, ka gone ba ne ba atisa go tsaya diotoro morago ga foo ba bo ba di isetsa beng ba tsone.
Lefa go ntse jalo, bangwe ba ne ba gana ba bolela jaana: “Selo se ga se go rera!” Mme lefa go ntse jalo, tota, jaaka fa Mokaulengwe Russell a ne a ile a tlhalosa, e ne e le mokgwa wa go rera o o neng o e gaisa yotlhe. Mo boemong jwa gore batho ba utlwe thero e le nngwe fela, ba ne ba bona dithero di le dintsi di le mo dikgatisong mme ka gone ba ne ba ka kgona go nna ba ntse ba di bala kgapetsakgapetsa mme ebile ba ne ba ka tlhatlhoba se se leng mo go tsone mo Dibibeleng tsa bone. Ono e ne e le mofuta wa go rera efangele o o neng o sa lebale ntlha ya gore thuto ka kakaretso e ne e dirile gore batho ba kgone go bala. Buka ya The New Creation e ne ya tlhalosa jaana: “Lebaka la go bo bareri bano ba efangele ba dirisa mekgwa ya go rera ya motlha wa rona mo boemong jwa go dirisa mekgwa ya go rera ya metlha ya bogologolo, ga se tiro e go ka tsosiwang kgang ka yone fela jaaka go sa tsosiwe kgang ka gore ba sepela ka dipalangwa tsa magala mmogo le tsa motlakase mo boemong jwa gore ba sepele ka dinao kana ka dikamela. Go rerwa gono ga efangele go dirwa ka go bolelwa ga Boammaaruri . . . , Lefoko la Modimo.”
Tsela ya mmatota e Baithuti bano ba Bibela ba neng ba kgatlhegela go thusa batho ka yone e ne e bontshiwa ke kafa ba neng ba dira seno ka botlalo ka teng eleng mokgwa o erileng fa nako e ntse e tsamaya ba dira tiro ya bone ya go rera ka one. Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya March 1, 1917, e ne ya supa thulaganyo ya bone ka tsela e e latelang: Sa ntlha, barekisi ba dibuka ba ne ba etela batho kwa magaeng a bone mo lefelong le le rileng, ba ba tsamaisetsa Studies in the Scriptures. Morago ga foo, ba bo ba boela kwa bathong ba barekisi bao ba dibuka ba kwadileng maina a bone kana ba ba ileng ba tla kwa dipokanong tsa botlhe, mme ba ne ba tla etelwa ke badiri ba ba rutang.a Ba ne ba leka go rotloetsa batho ba ba kgatlhegang gore ba bale dibuka tseno, ba ba kgothaletsa gore ba nne teng kwa dipuong tse di neng di rulagantswe tse di kgethegileng, le go dira boiteko jwa go rulaganyetsa gore go nne le ditlelase tsa thuto ya Bibela ya Seberea. Fa go ne go kgonega, barekisi bano ba dibuka ba ne ba atisa go boeletsa lefelo lengwe gape, mme morago ba ba dirang tiro ya go ruta ba bo ba ba sala morago gore ba ikgolaganye le ba ba supileng kgatlhego. Morago ga foo, badiredi ba bangwe ba ditlelase ba ne ba etela one magae ao ba tshotse dilwana tsa baithaopi jaaka fa ba ne ba bitsa dipampitshana le dibuka tse dingwe tsa mahala tse ba neng ba di tsamaisa. Seno se ne sa dira gore go kgonege gore mongwe le mongwe a amogele sengwe se se neng se ka nna sa mo tlhotlheletsa gore a eletse go ithuta go go oketsegileng ka boikaelelo jwa Modimo.
Fa e le gore go ne go na le morekisi wa dibuka a le mongwe fela kana ba le babedi mo lefelong lengwe, ebile go sena phuthego mo go lone, gantsi barekisi ba dibuka ba ne ba dira tiro ya go boela ka bobone. Ka gone, fa Hermann Herkendell le yo o neng a mo patile ba ne ba ya kwa Bielefeld, kwa Jeremane, jaaka barekisi ba dibuka ka 1908, ba ne ba laelwa ka tlhamalalo gore ba dire gore batho ba ba kgatlhegang ba ba leng mo lefelong le le lengwe ba itsane le gore ba bope phuthego. Dingwaga di sekae morago ga moo, Tora ya Tebelo e ne ya bolela ka barekisi ba bangwe ba dibuka ba ba neng ba tlhokomela batho ba ba kgatlhegang go fitlha go nna le tlelase ya Baithuti ba Bibela mo toropong nngwe le nngwe kana mo motseng mongwe le mongwe oo ba neng ba dira mo go one.
Go ne ga tlamelwa ka thuso e e botlhokwa thata mo tirong eno ka 1921 ka buka ya The Harp of God. E e neng e diretswe thata go thusa ba ba santseng ba simolola go ithuta, e ne ya re kgabagare ga anamisiwa dikopi di le 5 819 037 tsa buka eno ka dipuo di le 22. Go thusa ba ba neng ba amogetse buka eno, Mokgatlho o ile wa rulaganya gore go nne le khoso ya go ithuta ditlhogo tse di rileng tsa Bibela ka go kwalelana. Khoso eno e ne e na le manane a dipotso tse di gatisitsweng a le 12, a a neng a romelelwa batho mo lobakeng lwa dibeke di le 12. Ka nako ya fa go ne go dirisiwa buka eno, go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore go nne le ditlhopha tse di tlotlang ka Bibela kwa magaeng a batho ba ba kgatlhegang. Gantsi Baithuti ba bantsi ba Bibela ba ne ba nna teng kwa thutong e e ntseng jalo.
Lefa go ntse jalo, Basupi ba ne ba itse sentle gore tshimo e ne e le kgolo mme bone ba sekae fela ka palo.—Luke 10:2.
Go Fitlhelela Ba Bantsi ka Nako ya Fa Ba Ne Ba Sekae Fela
Tora ya Tebelo e ne ya bolela gore bao eleruri e neng e le Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya, Modimo o ne o ba file boikarabelo jwa go senka le go thusa batho botlhe ba e neng e le Bakeresete ba ba tlhoafetseng, ba ka tswa ba tsena kereke kana nnyaa. (Isa. 61:1, 2) Seno se ne se ka dirwa jang?
Baithuti bangwe ba babedi ba Bibela (J. C. Sunderlin le J. J. Bender) ba ba neng ba romelwa kwa Engelane ka 1881 ba ka bo ba ile ba kgona go dira go le gonnye fela; mme lefa go ntse jalo ka thuso ya makawana mangwe a le makgolokgolo a a neng a thapiwa ka madi, ba ne ba kgona go anamisa dikopi di le 300 000 tsa Food for Thinking Christians ka nako e khutshwane. Adolf Weber, yo o neng a boela kwa Switzerland ka mafoko a a molemo mo magareng a bo1890, o ne a na le tshimo e kgolo e a neng a tshwanetse go rera mo go yone e e neng e akaretsa dinaga di le mmalwa. O ne a tla kgona go e dira yotlhe jang? O ne a etela mafelo a a kgakala ka boene jaaka morekisi wa dibuka, mme lefa go ntse jalo gape o ne a phasalatsa seno mo makwalodikgannyeng a bo a dira le dithulaganyo tsa gore mafelo a a rekisang dibuka a akaretse dikgatiso tsa Watch Tower mo go tseo di rekisiwang mo go one. Setlhophanyana sengwe se sennye sa Baithuti ba Bibela ba kwa Jeremane ka 1907 se ne sa dira dithulaganyo tsa gore dipampitshana di le 4 850 000 tse di nang le ditsebe di le nne di romelwe le makwalodikgang. Ka bonakonyana fela morago ga ntwa ya ntlha ya lefatshe, mokaulengwe mongwe wa kwa Latvia yo e neng e le leloko la badiredi ba ntlokgolo ya Mokgatlho kwa New York o ne a duelela madi a go phasalatsa seno mo makwalodikgannyeng a naga eo e a neng a tsholetswe kwa go yone. Monna mongwe yo o neng a araba nngwe ya tsone e ne ya nna Moithuti wa ntlha wa Bibela kwa Latvia. Lefa go ntse jalo, go dirisiwa ga dilo tse di ntseng jalo tsa go phasalatsa go ne ga se ka ga tseela sebaka bosupi jo bo neelwang ka namana le go senka batho ba ba tshwanelang ka ntlo le ntlo. Go na le moo, dilo tse di ne di dirisediwa go oketsa mokgosi wa go bolela gono.
Lefa go ntse jalo, go ne ga nna ga phasaladiwa mo makwalodikgannyeng go ya kwa pele. Mo dingwageng tse di fa pele fela ga Ntwa ya Lefatshe I, dithero tsa ga Mokaulengwe Russell di ne di gatisiwa ka metlha, seno se ne se dirwa se kaelwa ke ene. Mo lobakeng lo lokhutshwane fela, seno se ne sa oketsega ka lobelo lo lo boitshegang. Makwalodikgang a a fetang 2 000, a a neng a balwa ke batho ba le 15 000 000 a tlhakantswe, a ne a nna le dithero tseno ka nako e le nngwe fela kwa United States, Canada, Borithane, Australia, le kwa Afrika Borwa. A go ne go ka dirwa se se fetang seno? Mokaulengwe Russell o ne a akanya jalo.
Morago ga dingwaga di le pedi go ntse go baakanyediwa seno, go ne ga bontshiwa “Photo-Drama of Creation” la ntlha ka January 1914. “Photo-Drama” e ne e bontshiwa e kgaogantswe ka dikarolo di le nne. Thulaganyo eo e e neng e tsaya diura di le robedi e ne e na le ditshwantsho tse di itsamaisang le tsa diselaete, di tsamaisana le lentswe le le gatisitsweng. Eleruri e ne e le selo se se sa tlwaelegang se se neng se dirwa ka maikaelelo a go dira gore batho ba anaanele Bibela le boikaelelo jwa Modimo jo bo tlhalosiwang mo go yone. Go ne ga rulaganyediwa gore ditshwantsho tseno di bontshiwe ditoropo di le 80 ka letsatsi. Go ne go itsisiwe pele ka makwalodikgang, go bewa diboto mo difensetereng tsa mabenkele le tsa matlo a batho, ebile go anamisiwa dikgatiso tse dintsi tse di neng di abiwa mahala tse di neng di direlwa gore batho ba kgatlhegele “Photo-Drama.” Gongwe le gongwe koo e neng e bontshiwa teng, batho ba ne ba tla ka bontsi go tla go e bona. Mo ngwageng o le mongwe fela “Photo-Drama” e ne e setse e bonwe ke batho ba ba fetang 8 000 000 kwa United States le kwa Canada, mme ebile gape go ne ga begiwa gore e bonwe gape ke bontsintsi jo bongwe jo bo lekang le joo kwa Borithane le kwa kontinenteng ya Yuropa mmogo le kwa Australia le kwa New Zealand. “Photo-Drama” e ne ya latelwa ke e nngwe e khutshwane (e sena ditshwantsho tse di itsamaisang) e e neng e tla dirisiwa mo ditoropong tse dipotlana le mo mafelong a magae. Terama eno e ne ya tswelela pele e supiwa ka dingwaga di le masome a mabedi ka dipuo tse di farologaneng. Batho ba bantsi ba ne ba kgatlhega fela thata, ba ne ba tlisa maina a bone, mme ba ne ba etelwa gape.
Morago ga foo, ka bo1920, go ne ga dirisiwa selo se sengwe gape go anamisa molaetsa wa Bogosi. Mokaulengwe Rutherford o ne a akanya gore Morena o ne a na le seabe mo go dirweng ga sone. E ne e le eng? Radio. Mo lobakeng lo lo kafa tlase ga dingwaga di le pedi morago ga fa radio ya ntlha mo lefatsheng lotlhe ya papadi e sena go simolola go gasa ka metlha (ka 1920), J. F. Rutherford, poresidente wa Mokgatlho wa Watch Tower, o ne a bua mo radiong a bolela boammaaruri jwa Bibela. Seno e ne e le sedirisiwa se se neng se ka fitlhelela batho ba le dimilionemilione ka nako e le nngwe fela. Mo dingwageng di le pedi fela morago ga foo, ka 1924, Mokgatlho o ne wa nna le seteishane sa one sa kgaso, WBBR, se se neng se gasa go tswa kwa New York. Ka 1933, ngwaga o o neng o le botlhokwa thata, go ne go dirisiwa diteishane di le 408 go isa molaetsa ono kwa dikontinenteng di le thataro. Mo godimo ga dikgaso tse di neng di gasa ka tlhamalalo di sa gatisiwa, go ne go gatisiwa dithulaganyo tse di bolelang ka ditlhogo tse dintsi. Go ne go phasaladiwa dikitsiso tse di seng kana ka sepe mo lefelong le go gasiwang mo go lone gore batho ba teng ba itse ka dikgaso tseno mme di ba solegele molemo. Dikgaso tseno di ne tsa tlosa letlhoo le le ntsi ebile di ne tsa bula matlho a batho ba ba kgatlhegang. Batho ba bantsi, ba ne ba tshaba go nna teng kwa dipokanong tse di neng di tshwarwa ke Baithuti ba Bibela, ka ntlha ya go boifa baagisani ba bone le baruti, lefa go ntse jalo, seno se ile sa se ka sa ba thibela go reetsa radio eno ba nnosi kwa magaeng a bone. Dikgaso tseno di ne tsa se ka tsa tseela sebaka go neelwa ga bosupi ka ntlo le ntlo; mme lefa go ntse jalo di ne tsa isa boammaaruri jwa Bibela kwa mafelong a go neng go se motlhofo go fitlha kwa go one, mme ebile di ne tsa tlamela ka diketapele tse di molemo thata tse di neng di ka dirisiwa fa Basupi ba ne ba etela magae ao ka namana.
Boikarabelo Jo Mongwe le Mongwe A Nang le Jone jwa go Neela Bosupi
Boikarabelo jwa go nna le seabe ka namana mo go neeleng bosupi bo ne bo ile jwa tlhalosiwa mo go Tora ya Tebelo ka masomesome a dingwaga. Mme lefa go ntse jalo, go tloga ka 1919 go ya pele, go ne ga buiwa thata ka gone mo dikgatisong le mo dithulaganyong tsa dikopano. Lefa go ntse jalo, mo bathong ba bantsi go ne go se motlhofo go buisana le batho ba ba sa ba itseng kwa magaeng a bone, mme kwa tshimologong e ne e le Baithuti ba Bibela ba sekae fela ba ba neng ba nna le seabe ka metlha mo go neeleng bosupi ka ntlo le ntlo.
Go ne ga neelwa kgothatso e e lorato e e tswang mo Dikwalong. “Go Sego Ba Ba Sa Boifeng” e ne e le setlhogo se se neng sa tlhaga mo ditokololong tsa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) tsa August 1 le 15, 1919. Se ne se tlhagisa kgatlhanong le go boifa motho, sa bolela ka batlhabani ba ba pelokgale ba ba 300 ba ga Gidione ba ba neng ba thantse mme ba iketleeditse go direla ka tsela epe fela e Morena a neng a ba laela go dira ka yone mme ba dira jalo le mororo go ne go na le dilo tse go neng go lebega di tla kgoreletsa seno, sa bo sa akgola Elisha ka ntlha ya tsela ya bopelokgale e a neng a ikanya Jehofa ka yone. (Baatlh. 7:1-25; 2 Dikg. 6:11-19; Dia. 29:25) Ka 1921 setlhogo sengwe se se neng se re “Nnang Pelokgale” se ne sa se ka sa gatelela fela tiro ya rona mme se ne sa gatelela gape gore ke tshiamelo go dira o le kafa letlhakoreng la Morena kgatlhanong le mephato ya ga Satane ya lefifi ka go nna le seabe mo tirong e e boleletsweng pele mo go Mathaio 24:14. Ba maemo a bone a neng a ba kgoreletsa ba ne ba kgothalediwa gore ba se ka ba kgobega marapo le gore ba se ka ba ikgogona go dira se ba ka kgonang go se dira.
Tora ya Tebelo e ne ya bolelela botlhe ba ba neng ba bolela gore ke batlhanka ba ba tloditsweng ba Modimo gore ba itse boikarabelo jo ba neng ba na le jone jwa go nna baboledi ba Bogosi jwa Modimo, ka go tlotla ka Dikwalo ka tlhamalalo. Tokololo ya August 15, 1922 (ka Seesemane), e ne e na le setlhogo sengwe se sekhutshwane, se se opang kgomo lonaka se se neng se re “Tirelo E Botlhokwa”—ke gore, tirelo e e dirwang fela jaaka Keresete, tirelo e e tla isang motho kwa magaeng a ba bangwe go ba bolelela kaga Bogosi jwa Modimo. Moragonyana mo go one ngwaga oo, go ne ga bontshiwa gore motho o tshwanetse a dira seo a tlhotlhelediwa ke lorato gore Modimo a e amogele. (1 Yoh. 5:3) Setlhogo sengwe se se neng se le mo tokololong ya June 15, 1926 (ka Seesemane), se ne sa bolela gore Modimo ga o kgatlhiwe gotlhelele ke fa motho a dira ka go ikgolola fela; se a se batlang ke gore re ikobe, mme seno se akaretsa go lemoga sengwe le sengwe se a se dirisang go diragatsa boikaelelo jwa gagwe. (1 Sam. 15:22) Mo ngwageng o o latelang, fa go ne go tlotliwa ka setlhogo se se reng “Thomo ya Bakeresete mo Lefatsheng,” go ne ga buiwa ka tiro e Jesu a neng a e dira jaaka “moshupi eo o boikañō” le ka ntlha ya gore moaposetoloi Paulo o ne a rera “mo ponoñ, le ka go . . . tsamaea le matlo.”—Tshen. 3:14; Dit. 20:20.
Baboledi ba ne ba tlamelwa ka dintlha tse ba neng ba tshwanetse go di tshwara ka tlhogo mme e re morago ba buisane le batho ka tsone, di tla ka Bulletin, e e neng e le pampiri ya bone e e neng e tswa kgwedi le kgwedi ya dikaelo tsa tirelo. Go ne ga kgothalediwa gore go nniwe le seabe mo tirelong ya tshimo ka metlha beke nngwe le nngwe. Mme lefa go ntse jalo palo ya ba tota ba neng ba neela bosupi ka go etela batho ka ntlo le ntlo e ne e le potlana kwa tshimologong, mme ba bangwe ba ba ileng ba simolola tiro eno ba ile ba se ka ba tswelela pele ba e dira. Ka sekai, kwa United States go ne ga begiwa ka 1922 gore go na le palogare ya ba le 2 712 ba ba neng ba bega gore ba nna le seabe mo tirelong ya tshimo. Mme lefa go ntse jalo ka 1924 palo eo e ne e wetse kwa tlase e le 2 034. Ka 1926 palogare eo e ne ya tlhatlogela go 2 261, ka tlhora ya ba le 5 937 ba ba neng ba nna le seabe mo tirong mo bekeng nngwe e e kgethegileng.
Mme morago ga moo, fa 1926 e ela go fela, Mokgatlho o ne wa simolola go kgothaletsa diphuthego gore di dire gore karolo nngwe ya Sontaga e nne nako e ba neelang bosupi ka yone jaaka setlhopha le gore ka nako eo go se ka ga tsamaisiwa dipampitshana fela mme gape go tsamaisiwe le dibuka tsa go ithuta Bibela. Ka 1927, Tora ya Tebelo (ka Seesemane) e ile ya kgothaletsa ba ba ikanyegang ba ba mo diphuthegong gore ba tlose bape fela mo maemong a bogolwane ba puo ya bone kana ditiro tsa bone di neng di supa gore ba ne ba sa amogele boikarabelo jwa go neela bosupi phatlalatsa le ka ntlo le ntlo. Ka gone, dikala tse di neng di sa ungwe di ne di rengwa, jaaka go ka tualo, mme tse di neng tsa sala di ne di pongwa sentle gore di kgone go ungwa maungo gore Modimo a bakwe. (Bapisa le setshwantsho sa ga Jesu se se mo go Yohane 15:1-10.) A seno tota se ne sa felela ka gore Jehofa a bakiwe thata? Go ne ga nna le koketsego ya 53 lekgolong mo palogareng ya ba ba neng ba nna le seabe beke le beke mo go neeleng bosupi ka 1928 kwa United States!
Basupi ba ne ba sa tlhole ba naya batho pampitshana ya mahala fela ba bo ba fetela kwa pele. Bontsi jwa bone ba ne ba buisana le beng ba matlo ka bokhutshwane, ba leka go ba tlhotlheletsa gore ba kgatlhegele molaetsa wa Bibela, mme morago ga moo ba bo ba ba tsamaisetsa dibuka gore ba di bale.
Basupi bao ba bogologolo ba ne ba le pelokgale tota, le mororo ba ne ba sa itse go bua ka botlhale botlhe. Lefa go ntse jalo, ba ne ba ema ba tlhomologile mo ditlhopheng tse dingwe tsa bodumedi. Ba ne ba sa bolele fela gore mongwe le mongwe o tshwanetse a neela bosupi ka tumelo ya gagwe. Ba ba neng ba dira seno ba ne ba ntse ba oketsega go ya kwa pele.
Dikarata tsa go Neela Bosupi le Difonokerafa
Go ne ga simololwa mokgwa o o farologaneng wa go rera kwa bokhutlong jwa 1933. Basupi ba ne ba simolola ka go neela batho karata nngwe ya go neela bosupi e e neng e na le molaetsa o mokhutshwane o mong wa ntlo a neng a o ipalela. Seno se ne se thusa baboledi ba basha thata, ba ba neng ba sa thapisiwe go le kalo mo malatsing ao. Ka kakaretso fela, ba ne ba bua go le gonnye fela le mong wa ntlo fa karata e sena go balwa; bangwe ba ne ba bua go le gontsinyana ba dirisa Bibela. Dikarata tsa go neela bosupi di ne tsa dirisiwa go fitlha ka bo1940. Di ne di dira gore ba kgone go akaretsa lefelo le ba dirang mo go lone ka bonako, mme ebile di ne di dira gore Basupi ba fitlhelele batho ba bantsi, ba ba tsamaisetse dibuka tse dintsi tsa botlhokwa tsa Bibela, ba ba neele bosupi jo bo tshwanang, le eleng go neela batho ba ba neng ba sa bue puo ya bone molaetsa. Gape, mo makgetlong a mangwe, maemo a ne a sa nne monate ka dinako tsa fa beng ba matlo ba ne ba tsaya karata ba bo ba tswala mojako, ba dira gore Mosupi a kokote gape go e kopa!
Dipuo tse di gatisitsweng tsa Bibela le tsone di ne di nna le seabe sa botlhokwa thata ka bo1930 le kwa tshimologong ya bo1940. Ka 1934 bangwe ba Basupi ba ne ba simolola go tsamaya ka fonokerafa e e akgiwang fa ba ne ba ya go neela bosupi. Motšhine ono o ne o le bokete thata, ka gone ba ne ba o tlogela mo koloing kana ba o tlogela kwa lefelong lengwe le le siameng go fitlha ba bona batho ba ba ka ratang go reetsa puo e e gatisitsweng ya Bibela. E ne ya re morago ga foo ka 1937, ga simololwa go dirisiwa fonokerafa e e akgiwang kwa matlong. Seno se ne se dirwa motlhofo: Fa Mosupi a sena go bolela gore o na le molaetsa mongwe o o botlhokwa wa Bibela, o ne a baya nnalete mo rekotong a bo a e lesa e bua. Kasper Keim, yo e neng e le mmulatsela wa Mojeremane yo o neng a direla kwa Netherlands, o ne a lebogela “Arone” wa gagwe thata, jaaka a ne a bitsa fonokerafa eno, ereka a ne a palelwa go neela bosupi ka Se-Dutch. (Bapisa Ekesodo 4:14-16.) Ka dinako tse dingwe lelapa lotlhe le ne le reetsa direkoto tseno fela ka go rata go itse dilo.
Go simolola ka 1940, go ne go dirisiwa difonokerafa tse di fetang 40 000. Mo go one ngwaga oo, Basupi ba ne ba tlhama ba bo ba dira e nngwe e telele, mme e ne e dirisiwa kwa Amerika. E ne ya dira gore beng ba matlo ba rate go itse ka yone ereka ba ne ba sa kgone go bona rekoto e e neng e e tshameka. Rekoto nngwe le nngwe e ne e kgona go dikologa makgetlo a le 78 ka motsotso mme e ne e tshameka selekanyo sa metsotso e le menè le sephatlo. Ditlhogo tsa tsone di ne di le dikhutshwane ebile di sa potologe: “Bogosi,” “Thapelo,” “Tsela E E Isang Botshelong,” “Tharonngwe,” “Pakatori,” “Lebaka la go Bo Baruti Ba le Kgatlhanong le Boammaaruri.” Go ne go gatisitswe dipuo tse di fetang 90 tse di farologaneng; go ne ga dirisiwa direkoto tse di fetang milione. Dintlha tse go neng go buiwa ka tsone di ne di utlwala sentle ebile di tlhaloganngwa motlhofo. Beng ba bantsi ba matlo ba ne ba reetsa ba anaanela thata; ke ba sekae fela ba ba neng ba galefa. Mme lefa go ntse jalo go ne go neelwa bosupi ka tsela e e neng e ntsha matswela le ka tsela e e tshwanang gotlhe.
Go Bolela Mafoko A A Molemo
mo Mafelong a Botlhe ka Bopelokgale
Le mororo dikarata tsa go neela bosupi le direkoto tsa fonokerafa e ne e le tsone di “buang” thata, motho o ne a tshwanetse go nna pelokgale tota gore a kgone go nna Mosupi. Tsela e tiro eno e neng e dirwa ka yone e ne e isa Basupi kwa bathong.
Morago ga kopano ya 1931 kwa Columbus, kwa Ohio, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba anamisa bukana ya The Kingdom, the Hope of the World e e neng e na le maitlamo a a nang le setlhogo se se reng “Tlhagiso E E Tswang kwa go Jehofa” e e neng e lebisitswe go “Babusi Mmogo le Batho.” Ba ne ba lemoga gore jaaka Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba na le boikarabelo jo bo masisi jwa gore ba bolele tlhagiso eo e e leng mo Lefokong la gagwe. (Esek. 3:17-21) Ga ba a ka ba tsenya dibukana tseno fela mo posong kana kafa tlase ga mejako. Ba ne ba di isa ka bobone kwa bathong. Ba ne ba etela baruti botlhe, mme fa go ne go kgonega, le boradipolotiki, balaodi ba masole, le baokamedi ba dikampani tse dikgolo. Mo godimo ga moo, ba ne ba etela batho ka kakaretso mo dinageng tse di ka nnang lekgolo koo Basupi ba ga Jehofa ba neng ba neela bosupi teng ka thulaganyo.
Ka 1933 ba ne ba dirisa metšhine e e maatla ya difonokerafa tse di neng di tshameka dipuo tsa Bibela mo mafelong a botlhe. Mokaulengwe Smets le Poelmans ba ne ba pega motšhine wa bone mo baesekeleng ya maoto a mararo ba bo ba ema fa thoko ga yone fa o ntse o gasa molaetsa kwa marekisetsong le gaufi le dikereke kwa Liège, kwa Belgium. Gantsi ba ne ba nna koo diura di le lesome ka letsatsi. Batho ba kwa Jamaica ba ne ba atisa go phuthega fela ka bobone fa ba ne ba utlwa mmino, ka gone, bakaulengwe ba ne ba tshameka mmino pele. E ne e re fa bontsintsi jwa batho bo tla kwa ditseleng tse dikgolo bo tswa kwa mafelong a dikgwa go tla go bona gore go diragalang, ba ne ba fitlhela Basupi ba ga Jehofa koo ba bolela molaetsa wa Bogosi.
Mengwe ya metšhine eo e e kgonang go gatisa modumo e ne e pegiwa mo dikoloing le mo mekorwaneng, go bo go bewa dibuelagodimo kwa godimo ga tsone go dira gore modumo wa tsone o utlwale kgakala. Bert le Vi Horton, ba kwa Australia, ba ne ba kgweetsa bene e e neng e na le sebuelakgakala se se neng se beilwe kwa godimo ga yone se kwadilwe mafoko a a reng “Molaetsa wa Bogosi.” Ngwaga mongwe ba ne ba dira gore mebila ya Melbourne e sale e duma ka melaetsa e e kgoberang maikutlo e e senolang bodumedi jwa maaka le ka ditlhaloso tse di itumedisang tsa masego a Bogosi jwa Modimo. Mo dingwageng tseo Claude Goodman o ne a bula tsela kwa India. Koloi e e neng e na le sebuelagodimo, e direkoto tsa yone e neng e le tsa dipuo tsa lefelo leo, e ne ya mo thusa gore a fitlhelele batho ba bantsi thata kwa marekisetsong, kwa diparakeng, fa thoko ga tsela—gongwe le gongwe koo batho ba neng ba ka bonwa teng.
E ne e re fa bakaulengwe ba kwa Lebanona ba emisa koloi ya bone e e nang le dibuelagodimo mo thabeng ba bo ba gasa dipuo tseno, modumo wa tsone o ne o fetela kwa tlase kwa mekgatsheng ya teng. Ka dinako tse dingwe batho ba mo metsaneng ya teng ba ne ba tshoga gonne ba ne ba sa bone kwa lentswe leo le neng le tswa teng, ba akanya gore Modimo o ne o bua le bone go tswa kwa magodimong!
Lefa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe bakaulengwe ba ne ba tsena mo maemong a a kotsi. Ka lekgetlo le lengwe, kwa Siria, moruti wa motsana mongwe o ne a tlogela dijo mo godimo ga tafole, a phamola thobane e kgolo, a bo a tabogela kwa bathong ba ba neng ba phuthegetse go tla go utlwa puo ya Bibela e e neng e gasiwa mo koloing e e nang le dibuelagodimo. O ne a kgadikanya thobane ya gagwe ka bogale a goa a re: “Didimatsang selo seo! Ka re se didimatseng!” Lefa go ntse jalo bakaulengwe ba ne ba lemoga gore e ne e se mongwe le mongwe yo o neng a dumalana le ene; go ne go na le ba ba neng ba batla go reetsa. Ka bonako fela, ke fa bangwe ba batho bao ba phamola moruti yoo ba mo tsholetsa ba mmusetsa kwa ntlong ya gagwe, koo ba ileng ba feta ba mmaya gape fa tafoleng ya dijo! Lefa baruti ba ne ba ba ganetsa, Basupi ba ne ba dira ka bopelokgale go tlhomamisa gore batho ba bona tshono ya go utlwa.
Nako eo ke yone e go neng ga dirisiwa dipolakate tsa go phasalatsa thata tse Basupi ba neng ba di apara kwa mafelong a kgwebo fa ba ne ba ntse ba naya batho ditaletso tsa go tla kwa dipuong tse di kgethegileng. Seno se ne sa simolola kwa Glasgow, kwa Scotland, ka 1936. Mo go one ngwaga oo mokgwa oo wa go anamisa o ne wa dirisiwa kwa Lontone, kwa Engelane, mme morago o ne wa dirisiwa le kwa United States. Dingwaga tse pedi morago ga foo mokgwa o o ntseng jalo wa go phasalatsa o ne wa pataganngwa le diboto tse di neng di tlhomelwa mo dithobaneng. Diboto tseno di ne di bolela jaana, “Bodumedi Ke Serai le Kgwebo ya Boferefere”b le, “Direla Modimo le Kgosi Keresete.” Fa go ne go na le kopano mola wa bagwanti bano ba ba tshwereng diboto tseno o ne o ka nna boleele jwa dikilometara di le mmalwa. Jaaka ba ne ba gwanta jalo ba didimetse, ba salane morago, fa thoko ga mebila e e nang le batho ba bantsi, seno se ne se nna le matswela a a tshwanang le a mophato wa masole a Iseraele wa bogologolo fa a ne a dikologa Jeriko pele dithako tsa yone di wa. (Yosh. 6:10, 15-21) Go ne go neelwa bosupi jalo phatlalatsa ka bopelokgale go tloga kwa Lontone, kwa Engelane, go fitlha kwa Manila, kwa Philippines.
Go ne ga dirisiwa mokgwa o mongwe gape wa go neela batho bosupi phatlalatsa ka 1940. Go dumalana le lokwalo lo lo reng “botlhale o kuèla godimo mo mmileñ,” Basupi ba ga Jehofa ba ne ba simolola go anamisa Tora ya Tebelo le Consolation (e jaanong e bidiwang Tsogang!) go simolola ka February wa ngwaga oo.c (Dia. 1:20) Ba ne ba atisa go bua dipolelwana dingwe tse di neng di gogela batho mo dimakasineng le mo molaetseng wa tsone. Ba-supi ba ga Jehofa ba bonwa ba tsamaisa dimakasine tsa bone kwa metsemegolong le kwa ditoropong tse dipotlana mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe. Mme lefa go ntse jalo motho o ne a tshwanetse go nna pelokgale gore a dire tiro eo, mme bopelokgale joo bo ne bo tlhokega thata ka nako ya fa tiro eno e ne e simologa, ka gonne e ne e le motlha o ba neng ba bogisiwa thata mo go one ebile go tletsetletse maikutlo a boratanaga a motlha wa ntwa.
Basupi ba ne ba arabela ka go supa tumelo fa ba ne ba lalediwa gore ba neele bosupi phatlalatsa. Palo ya ba ba neng ba nna le seabe mo tirong eno e ne ya tswelela pele go oketsega. Ba ne ba go tsaya e le tshiamelo go supa bothokgami jwa bone mo go Jehofa ka tsela eno. Mme lefa go ntse jalo ba ne ba santse ba tla ithuta go le gontsi.
Mongwe le Mongwe o Kgona go Tlhalosa Tumelo ya Gagwe
Go ne ga simololwa thulaganyo e e tlhomologileng thata ya go ruta ka 1942. E ne ya simolola kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa, mme mo ngwageng o o latelang, e ne ya simolola go dirisiwa mo diphuthegong tsa Basupi lefatshe ka bophara. Ereka ba ne ba tlhomamisa tota gore ba ne ba na le moya wa Modimo le gore o ne a tsentse mafoko a gagwe mo melomong ya bone, ba ne ba ititeile sehuba gore ba tla rera lefoko lefa babogisi ba ne ba ka ba tseela dikgatiso tsa Watch Tower kana Bibela ka boyone. (Isa. 59:21) Go ne go setse go na le dinaga, tse di jaaka Nigeria, koo Basupi ba teng ba neng ba letliwa go dirisa Bibela fela fa ba rera, gonne puso e ne e thibetse dibuka tsotlhe tsa Watch Tower mme ebile e ne e tsere dikgatiso tse bakaulengwe ba neng ba na le tsone mo dilaeboraring tsa bone ka dikgoka.
Mokaulengwe Knorr o ne a simolola khoso ya dithuto tse di kwa godimo ya bodihedi jwa puso ya Modimo kwa Legaeng la Bethele kwa Brooklyn, kwa New York, ka February 16, 1942. Khoso eno e ne e ruta dilo tse di ntseng jaaka go dira patlisiso, go bua kgopolo ya gago ka phepafalo ebile o tlhomame, go itirela dintlha tsa puo, go bua ka tsela e e tshwanetseng, go bua dintlha ka tsela e di ka amogelwang ka yone, le go bua ka botlhale. Bakaulengwe mmogo le bokgaitsadi ba ne ba ka nna teng mo go yone, mme lefa go ntse jalo go ne go ikwadisa banna fela ebile ke bone fela ba ba neng ba ka naya dipuo ba bo ba gakololwa. Melemo ya sone e ne e ya bonwa ka bokao fela eseng fela fa go buiwa go tswa mo seraleng mme o ne o bonwa thata fa go ne go rerwa ka ntlo le ntlo.
Mo ngwageng o o latelang sekolo seno se ne sa atolosediwa le kwa diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe. Kwa tshimologong se ne se le ka Seesemane, mme morago ga moo se ne sa nna ka dipuo tse dingwe. Boikaelelo jwa sekolo seno e ne e le go thusa Mosupi mongwe le mongwe wa ga Jehofa gore a kgone go ruta batho fa a ntse a tsamaya ka ntlo le ntlo, a dira maeto a go boela, le fa a ithuta Bibela nabo. Mosupi mongwe le mongwe o ne a tlile go thusiwa gore e nne modihedi yo o tshwanelang sentle. (2 Tim. 2:2) Ka 1959, bokgaitsadi ba ne ba newa tshono ya go ikwadisa mo sekolong seno le go neela dipuo tse di tshwanang le fa motho a le mo tirelong ya tshimo—ba sa di neele jaaka ekete ba bua le bareetsi botlhe mme, go na le moo, ba bua le yo o abetsweng gore e nne mong wa ntlo. Mme go ne ga se ka ga felela foo.
Fa esale go tloga ka 1926, baemedi ba ba etang ba Mokgatlho ba ne ba ntse ba dira le Basupi ba ba rileng ka bongwe ka bongwe mo tirelong ya tshimo, gore ba ba thuse go tokafatsa kafa ba kgonang go dira ka teng. Lefa go ntse jalo, ka 1953, kwa kopanong ya merafe yotlhe kwa New York, koo balebedi ba potologo le ba kgaolo ba neng ba ntse fa pele ga serala, Mokaulengwe Knorr o ne a bolela gore tiro e kgolo ya batlhanka botlhe, kana balebedi, e tshwanetse ya nna go thusa Mosupi mongwe le mongwe gore e nne modihedi yo o dirang ka ntlo le ntlo ka metlha. O ne a bolela gore, “Mongwe le mongwe o tshwanetse a kgona go rera mafoko a a molemo ka ntlo le ntlo.” Go ne ga simololwa letsholo la go dira seno mo lefatsheng lotlhe.
Ke ka ntlha yang fa kgang eno e ne e gatelelwa ka tsela eo? Ka sekai akanya ka United States: Ka nako eo 28 lekgolong ya Basupi e ne e anamisa dipampitshana fela kana e ema fela mo mebileng ka dimakasine. Mme go feta 40 lekgolong ya Basupi ba ne ba sa nne le seabe ka metlha mo tirelong ya tshimo, ba letla gore go fete dikgwedi ba sa dira tiro ya go neela bosupi. Ba ne ba tlhoka go thusiwa ka lorato ka go thapisiwa ka namana ka tsela nngwe. Go ne ga dirwa dithulaganyo tse di neng di tla dira gore Basupi botlhe ba ga Jehofa ba e neng e ise e nne Basupi ba ba neelang bosupi ka ntlo le ntlo ba kgone go thusiwa gore ba ka buisana le batho jang kwa magaeng a bone, ba buisana le bone ba dirisa Bibela, ebile ba araba dipotso tsa bone. Ba ne ba tla ithuta go baakanya dithero tsa Dikwalo tse ba neng ba ka di neela batho ba ba neng ba tshwaregile ka metsotso e le meraro, kana ka metsotso e le robedi mo go ba bangwe. Maikaelelo a seno e ne e le go thusa Mosupi mongwe le mongwe gore a fetoge Mokeresete yo o godileng wa moreri wa efangele.
E ne e se balebedi ba ba etang fela ba ba neng ba ruta ba bangwe ka tsela eno. Batlhanka ba mo lefelong leo, kana balebedi, le bone ba ne ba dira jalo; mme mo dingwageng tse di neng tsa latela morago ga foo, Basupi ba bangwe ba ba tshwanelang sentle ba ne ba abelwa gore ba thapise batho ba bangwe ba ba rileng. Go ne go nna le dipontsho tsa kafa tiro eno e dirwang ka teng mo Pokanong ya Tirelo ya beke le beke ya phuthego. Mme lefa go ntse jalo seno jaanong se ne se dirwa ebile go ne go gatelelwa thata gore batho ba thapisiwe mo tshimong.
Matswela a seno a ne a le mantle thata. Palo ya Basupi ba ba neng ba nna le seabe mo go rereng ka ntlo le ntlo e ne ya oketsega, mme go ne ga nna fela jalo le ka palo ya ba ba neng ba nna le seabe ka metlha mo bodiheding jwa tshimo. Mo dingwageng di le lesome fela palogotlhe ya Basupi lefatshe ka bophara e ne ya tlhatlogela godimo ka 100 lekgolong. Gape ba ne ba dira maeto a go boela a le 126 lekgolong ba ya go araba dipotso tsa Bibela tsa batho ba ba kgatlhegang, ebile dithuto tsa Bibela tsa ka metlha tsa batho ba ba neng ba supa fa ba bolailwe ke tlala ya go utlwa boammaaruri jwa Bibela di ne di oketsegile ka 150 lekgolong. Eleruri ba ne ba itshupa fa ba tshwanela go nna badihedi.
Ereka Basupi bano ba ne ba sa rutega ka go lekana ebile ba godisitswe ka ditsela tse di farologaneng, le ka go bo ba ne ba gasame ka ditlhopha tse dinnye mo lefatsheng lotlhe, ke lone lebaka la go bo ba sa tlotlomatse motho ope mme ba tlotlomatsa Jehofa Modimo ka ntlha ya tsela e ba ileng ba tlhomelelwa ka yone le go thapisiwa ka yone gore ba kgone go bolela mafoko a a molemo.—Yoh. 14:15-17.
Go Rera ka Ntlo le Ntlo
—Selo Seo Ba Itsegeng ka Sone
Ka dinako tse di farologaneng ditlhopha tse dingwe tsa bodumedi di ile tsa rotloetsa maloko a tsone gore a etele batho kwa magaeng a bone mo lefelong le ba nnang mo go lone go buisana le bone ka bodumedi. Batho bangwe ba ile ba leka. Ba bangwe ba ka nna ba bo ba dira seno e le barongwa ka dingwaga di le mmalwa, mme lefa go ntse jalo go felela gone foo. Lefa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ke bone fela bao mongwe le mongwe wa bone, basha le ba ba godileng, banna le basadi, ba nnang le seabe mo bodiheding jwa ntlo le ntlo ngwaga o mongwe le o mongwe. Ke Basupi ba ga Jehofa fela ba lekang go fitlhelela baagi botlhe ba lefatshe ka molaetsa wa Bogosi, ba reetsa taelo ya boperofeti e e mo go Mathaio 24:14.
Seno ga se bolele gore tiro eno e motlhofo mo Basuping ba ga Jehofa botlhe.d Go na le moo, bontsi jwa bone, ba ne ba bolela jaana fa ba ne ba simolola go ithuta Bibela: ‘Go na le selo se le sengwe se nka se kang ka se dira, mme selo seo ke go tsamaya ka ntlo le ntlo!’ Lefa go ntse jalo, eno ke tiro e e dirwang ke mo e ka nnang Basupi ba ga Jehofa botlhe fa mebele ya bone e itekanetse sentle. Le ba bantsi ba ba sa kgoneng go e dira ka tsela epe fela ka ntlha ya mebele ya bone—ba ba nnang fela mo ditulong tsa maotwana, ba ba ikokotlelang ka dithobane, jalo le jalo. Ba bangwe—ba ba sa kgoneng go tswa mo magaeng a bone, kana ba sa kgone go ya gope ka lobakanyana, kana fa ba batla go fitlhelela batho ba go sa kgonegeng go fitlha kwa go bone—ba neela bosupi ka mogala kana ka go kwala makwalo. Ke ka ntlha yang fa ba iketleeditse jaana?
Fa ba simolola go itse Jehofa, lorato lo ba mo ratang ka lone lo fetola tsela e ba lebang botshelo ka yone. Ba batla go bua ka ene. Ga ba kgone go didimala fela ka dilo tse di molemo thata tse a tlileng go di direla ba ba mo ratang. Mme ba lemoga boikarabelo jo ba nang le jone fa pele ga Modimo jwa gore ba tlhagise batho ka sepitla se segolo se se leng gaufi thata. (Math. 24:21; bapisa Esekiele 3:17-19.) Mme lefa go ntse jalo ke ka ntlha yang fa seno se dirwa ka go tsamaya ka ntlo le ntlo?
Ba a itse gore Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe gore ba ye kwa magaeng a batho ba ba rerele ba bo ba ba rute. (Math. 10:11-14) Ba itse gore e ne ya re fa moya o o boitshepo o sena go tshololwa ka Pentekosete 33 C.E., baaposetoloi ba ne ba tswelela pele ba bolela mafoko a a molemo ba sa kgaotse “mo tempeleñ [kwa Jerusalema] le mo ma ga bōnè.” (Dit. 5:42) Mosupi mongwe le mongwe o itse Ditihō 20:20, eo e bolelang gore moaposetoloi Paulo o ne a ruta “mo ponoñ, le ka go nna [a] tsamaea le matlo.” Mme ebile ba bona bosupi jo bontsi jwa kafa Jehofa a segofatsang tiro eno ka teng mo metlheng ya segompieno. Ka gone, fa ba ntse ba nna le boitemogelo mo bodiheding jwa ntlo le ntlo, tiro e ba neng ba kile ba bo ba e tshaba gantsi e nna sengwe se ba nnang ba tlhoafaletse go se dira.
Mme ba e dira ka botlalo. Ba boloka direkoto tse di kwadilweng ka kelotlhoko gore ba boe ba ye go buisana le bape ba ba neng ba seo kwa gae. Ga ba dire seo fela, mme gape ba nna ba etela kwa legaeng lengwe le lengwe kgapetsakgapetsa.
Baganetsi ba ne ba leka go thibela bodihedi jwa ntlo le ntlo mo dinageng tse dintsi gonne bo nna le matswela thata. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba ikuela kwa badireding ba puso gore ba letlilwe semolao go rera ka ntlo le ntlo jaaka ba na le tshwanelo ya gone. Koo go tlhokegang teng, ba ile ba ya kwa kgotlatshekelo gore ba kgone go supa ka molao fa ba na le tshwanelo ya go anamisa mafoko a a molemo ka tsela eno. (Bafil. 1:7) Mme koo dipuso tse di gatelelang di ileng tsa se ka tsa kgaotsa go thibela tiro e e ntseng jalo teng, Basupi ba ga Jehofa ka dinako tse dingwe ba ile ba e dira ka tsela e e sa lemogiweng bonolo kana, fa go tlhokega, ba ile ba dirisa ditsela tse dingwe go fitlhelela batho ka molaetsa wa Bogosi.
Le mororo molaetsa wa Bogosi o ne wa anamisiwa ka dikgaso tsa radio le thelebishene, Basupi ba ga Jehofa ba lemoga gore mokgwa wa go ikgolaganya le batho ka namana wa go ba etela ka ntlo le ntlo ke one o o nang le matswela go e gaisa yotlhe. Ka one ba kgona go araba dipotso tsa beng ba matlo le go senka ba ba tshwanelang. (Math. 10:11) Leo ke lengwe la mabaka a go bo, ka 1957, Mokgatlho wa Watch Tower o ile wa rekisa seteishane sa radio sa WBBR kwa New York.
Lefa go ntse jalo, fa Basupi ba ga Jehofa ba sena go neela bosupi ka namana, ga ba akanye gore jaanong ba feditse. Seo e a bo e le tshimologo fela.
“Lo Dihè . . . Barutwa . . . Lo Ba Rutè”
Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba se ka ba rera fela. Ba tshwanetse ba mo etsa, le bone ba rute. (Math. 11:1) O ne a ba laela jaana pele a tlhatlogela kwa legodimong: “Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, . . . Lo ba rutè go tlhōkōmèla dilō cotlhe tse ke di lo laoletseñ.” (Math. 28:19, 20) Go ruta (Segerika, di·daʹsko) go farologane le go rera ka ntlha ya gore se morutisi a se dirang ga se go bolela fela; o a laya, o a tlhalosa, o a gakolola.
Tora ya Tebelo (ka Seesemane), ya bogologolo ka April 1881, e ne e akantsha ka bokhutshwane gore go ka rutiwa jang. Bangwe ba barekisi ba ntlha ba dibuka ba ne ba tlhomamisa gore ba boela kwa go ba ba supileng fa ba kgatlhega, go ba kgothaletsa gore ba bale dibuka tsa Mokgatlho le go kopanela le ba bangwe ka metlha mo go ithuteng Lefoko la Modimo. Seno se ne se dirwa ka go dirisa buka ya The Harp of God (e e gatisitsweng ka 1921). Lefa go ntse jalo, morago ga moo go ne ga dirwa le eleng se se fetang seo mo go tlhokomeleng batho ba ba kgatlhegang. Dipuo tse di gatisitsweng tsa Bibela mmogo le dikgatiso tse di thusang batho go ithuta di ne di dirisiwa thata mo tirong eno. Go ne ga tla jang gore go dirwe jaana?
Fa esale go tloga mo tshimologong ya 1933, mo godimo ga dikgaso tsa radio tsa Mokgatlho go ne ga nna le dipuo tse di gatisitsweng tse di neng di tshamekiwa go dirisiwa metšhine e e akgiwang e e kgonang go gatisa modumo kwa diholong tse go kopanelwang kwa go tsone, kwa diparakeng, kwa mejakong ya madirelo, jalo le jalo. Mo lobakeng lo lokhutshwane fela, Basupi ba ba neng ba bona batho ba ba kgatlhegang fa ba tsamaya ka ntlo le ntlo ba ne ba rulaganya gore ba boele kwa go bone go ba tshamekela dingwe tsa tsone kwa magaeng a bone. Ka nako ya fa buka ya Riches e ne e gololwa ka 1936, go ne ga dirisiwa metlotlo e e tswang mo go yone, fa go sena go tshamekiwa direkoto tseno, ka maikaelelo a go simolola dipokano tse batho ba ba kgatlhegang ba ba nnang mo lefelong leo ba neng ba ka ya kwa go tsone. Tiro eno e ne ya gatelelwa thata ka maikaelelo a go thusa ba ba neng ba ka nna maloko a “bontsintsi jo bogolo” gore ba ithute boammaaruri.—Tshen. 7:9, KJ.
Mo e ka nnang ka nako eo, setlhopha se se laolang sa baruti ba Katoliki se ne sa tlhotlheletsa beng ba diteishane tsa radio le batsamaisi ba tsone mmogo le badiredi ba puso ba leka go thibela gore mananeo a Watch Tower a se ka a gasiwa. Lekwalo le le neng le saennwe ke batho ba le 2 630-000 kwa United States le ne le kopa gore J. F. Rutherford le modiredi mongwe yo mogolo wa Kereke ya Roma Katoliki ba ganetsane batho botlhe ba reeditse. Go ne ga se ka ga nna le ope wa baruti ba Katoliki yo o neng a dumela go dira seo. Ka gone, ka 1937, Mokaulengwe Rutherford o ne a gatisa ditlhogo tse di reng “O Senotswe” le “Bodumedi le Bokeresete,” tse di neng di bua ka dithuto tsa motheo tsa Bibela, segolobogolo tse di neng di ganetsa dithuto tsa motheo tsa Katoliki tse di sa tshegediweng ke Dikwalo. Tsone dintlha tseo di ne tsa gatisiwa mo dibukaneng tsa Protection le Uncovered, mme sekaelo sa bukana ya Uncovered e ne ya isediwa mongwe le mongwe yo o neng a saenne kopo eo gore batho ba kgone go ipalela boammaaruri jwa Bibela joo setlhopha se se laolang sa baruti ba Katoliki se neng se leka go bo thibela.
Go thusa batho gore ba tlhaloganye dikgang tseno ka phepafalo le gore ba itlhatlhobele ka bobone gore a di thailwe mo Dikwalong, go ne ga gatisiwa bukana ya Model Study No. 1 gore e dirisiwe kwa dipokanong tse di neng di rulaganyeditswe batho ba ba kgatlhegang. Bukana eno e ne e na le dipotso, dikarabo, le dikwalo tse di tshegetsang dikarabo tse di neelwang. Motsamaisi o ne a simolola ka go dira gore go tshamekiwe rekoto e le nngwe kana go feta moo tsa dipuo tse di setseng di umakilwe gore mongwe le mongwe a kgone go utlwa kgang ka kakaretso. Morago go ne go tlotliwa ka tsone, go dirisiwa dintlha tse di mo bukaneng ya Model Study le go tlhatlhoba dikwalo ka botsone. Bukana ya Model Study No. 1 e ne ya latelwa ke ya No. 2 le No. 3, di dirisiwa mmogo le dipuo tse dingwe tse di mo rekotong. Kwa tshimologong dithuto tse di ntseng jalo di ne di rulaganyediwa kwa mafelong a ditlhopha tsa batho ba ba kgatlhegang ba neng ba ka kgona go phuthelwa teng, mme e ne ya re go ise go ye kae ke fa di setse di tshwarwa le batho ka bongwe le malapa.
Fa esale go tloga ka nako eo go ile ga tlamelwa ka dibuka tse dingwe tse di molemo thata segolobogolo gore di dirisiwe ke Basupi ba ga Jehofa mo go tshwarang dithuto tsa magae tsa Bibela. Tse di ileng tsa anamisiwa thata e ne e le “Let God Be True,” Boamarure Jo Bo Isang Botshelong Jo Bosakhutleng, le ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. Gape go ne go na le dibukana tse di nang le ditsebe di le 32—“Mahoko A A Molemō A, A Bogosi,” Tsela ya Modimo Ke Loratô, “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha,” le tse dingwe tse dintsi. Dibukana tseno di ne tsa latelwa ke diboroutšhara tse di tshwanang le Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, e e tlhalosang dithuto tsa motheo tsa Bibela tse di bonolo thata ebile di le motlhofo go tlhaloganngwa.
Didirisiwa tseno, mmogo le go thapisiwa ga phuthego le ga batho ka namana, go ile ga felela ka gore dithuto tsa Bibela tsa magae di oketsege fela thata. Ka 1950, palogare ya batho ba go neng go ithutiwa Bibela nabo kwa magaeng a bone, ba gantsi go neng go ithutiwa le bone beke nngwe le nngwe, e ne e le 234 952. Dithuto tse di neng di sa gatele pele ka tsela e e kgotsofatsang di ne di kgaosediwa. Batho ba bantsi ba go neng go ithutiwa le bone ba ne ba gatela pele go fitlha e nna barutisi le bone. Le mororo bano ba ne ba ntse ba oketsega, palo e ile ya ya kwa godimo, ebile gantsi e oketsega ka bofefo. Ka 1992, Basupi ba ne ba ithuta Bibela le batho ba le 4 278-127 kwa magaeng a bone mo lefatsheng lotlhe.
Gore tiro e ntsi eno ya go rera le go ruta e kgongwe go dirwa, ka dipuo tsa lefatshe lotlhe, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba dirisa dikgatiso thata. Seno se ile sa tlhoka gore ba gatise ka selekanyo se segolo thata.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Tiro ya go ruta e ile ya rulaganyediwa la ntlha ka 1915-16 mo diphuthegong tse 500 kana tse di fetang foo tse di neng di tlhophile Mokaulengwe Russell jaaka moruti wa tsone. Jaaka moruti, o ne a ile a ba kwalela lekwalo a ba bolelela ka tiro eno, e kwa tshimologong e neng e dirwa ke bokgaitsadi fela. Mo ngwageng o o latelang bakaulengwe le bone ba ne ba akarediwa mo tirong eno. Tiro eno ya go ruta, e e neng e dirwa ke setlhopha se se rileng se se tlhophilweng, e ne ya tswelela pele go fitlha ka 1921.
b Mafoko a a ntseng jalo a ne dirisiwa jalo go ikaegilwe ka gore lefoko bodumedi le ne le kaya kobamelo yotlhe e e theilweng mo dingwaong tsa batho, go na le mo Lefokong la Modimo, Bibela. Lefa go ntse jalo, ka 1950, fa go ne go gatisiwa New World Translation of the Christian Greek Scriptures, dintlhanyana tse di kwa tlase tsa Ditihō 26:5, Bakolosa 2:18, le Yakobe 1:26, 27 di ne tsa bontsha gore lefoko bodumedi le ka dirisiwa ka tshwanelo go bolela kobamelo ya boammaaruri kana ya maaka. Seno se ne sa tlhalosiwa ka phepafalo go ya pele mo go Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya March 15, 1951, tsebe 191, le mo bukeng ya What Has Religion Done for Mankind?, ditsebe 8-10.
c Go ne go ile ga dirwa bosupi jwa mmila ka dimakasine mme e le go lekeletsa fela ngwaga pele ga seno, kwa California, kwa U.S.A. Le eleng bogologolo ka 1926, Baithuti ba Bibela ba ne ba ile ba nna le seabe mo go anamiseng dibukana tse di neng di na le melaetsa ya botlhokwa mo mebileng ka kakaretso. Pele ga foo, ka 1881, ba ne ba ile ba tsamaisa dibuka gaufi le dikereke ka Bosontaga.
d Tora ya Tebelo (ka Seesemane), May 15, 1981, dits. 12-16.
[Mafoko a a mo go tsebe 556]
Gongwe le gongwe koo Jesu a neng a bona batho teng, o ne a bolela dilo tse Modimo o ikaeletseng go di ba direla
[Lebokoso mo go tsebe 559]
Tsela E E Kgethegileng E Tiro ya Ntlo le Ntlo E Neng ya Segofadiwa ka Yone
“Jaaka fa go ne go ntse ka nako ya go tla ga ntlha [ga ga Keresete], go lebega Morena a segofatsa go dira ka ntlo le ntlo ka tsela e e kgethegileng, go na le go rera go tswa mo aletareng.”—“Tora ya Tebelo,” (ka Seesemane) July 15, 1892.
[Lebokoso mo go tsebe 570]
Lebaka la Go Bo Basupi Ba Boela Kgapetsakgapetsa
“Tora ya Tebelo” (ka Seesemane) ya July 1, 1962, e ne ya tlhalosa lebaka la go bo Basupi ba ga Jehofa ba nna ba boela kgapetsakgapetsa kwa legaeng lengwe le lengwe, e bolela jaana: “Maemo a fetoga ka metlha. Motho a ka nna a tswa a seyo mo gae gompieno, mme mo nakong e e tlang a ka nna a bo a le teng. A ka nna a tswa a tshwaregile thata gompieno a sa kgone go reetsa, mme lefa go ntse jalo e ka nna ya re mo nakong e e tlang a bo a sa tshwarega jalo. Gompieno leloko le lengwe la lelapa ke lone le arabang fa re kokota, mo nakong e e tlang go araba le lengwe; mme Basupi ga ba a tshwenyega fela ka gore ba fitlhelele legae lengwe le lengwe la fa ba abetsweng teng mme gape, fa go kgonega, motho mongwe le mongwe yo o godileng yo o nnang mo legaeng lengwe le lengwe. Gantsi malapa ga a mo bodumeding bo le bongwe, ka gone ga go kgonege ka metlha gore leloko le le lengwe le buelele lelapa lotlhe. Mo godimo ga moo, batho ba fuduga ba sa fetse mme ka gone Basupi ga ba kake ba tlhomamisa ka motlha ope gore tota ke mang yoo ba tlileng go kopana le ene mo ntlong e e rileng.
“Ga se maemo fela a a fetogang, mme batho le bone ka bobone ba a fetoga. . . . Motho a ka nna a tswa a ne a sa itumela ka ntlha ya sengwe fela se se sa reng sepe mme a sa rate go tlotla ka bodumedi kana ka sengwe se sele lefa go ka tswa go tlile mang kwa ntlong ya gagwe, mme lefa go ntse jalo ga go botlhale go swetsa ka gore o tla bo a ntse a na le maikutlo a a ntseng jalo le mo nakong e e tlang. Kana, fela ka go bo motho a ne a sa batle go tlotla ka bodumedi mo kgweding e e fetileng ga go bolele gore a ka nna a se ka a batla go tlotla ka jone mo kgweding eno. E ka nna ya re morago ga nako ya fa Mosupi a ne a etetse koo motho yono a diragalelwa ke sengwe se se utlwisang botlhoko thata kana ka tsela nngwe e e rileng a ithutile sengwe se se mo dirileng gore a nne boikokobetso mme a se ka a tlhola a ikgogomosa, se mo dirile gore a tshwarwe ke tlala ya dilo tseo a di tlhokang semoyeng le go tshwenyega ka tsone mo boemong jwa go ikutlwa gore o siame.
“Mo godimo ga moo, molaetsa o Basupi ba tlang ka one o utlwala e le o o sa tlwaelegang mo bathong ba le bantsi mme ba palelwa ke go lemoga gore o potlakile. Ke fela fa ba ntse ba o utlwa kgapetsakgapetsa ba nnang ba o tlhaloganya ka iketlo jalo.”
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 574]
Go Dirisa “Tsela Nngwe le Nngwe E E Ka Kgonegang”
“Rona ba re leng mo phuthegong ya Morena re ile ra leka, ka tsela nngwe le nngwe e e ka kgonegang, gore [lefatshe] le utlwe molaetsa wa botshelo. Re ile ra dirisa meano, dikitsiso tse di kgonang go tlatsa tsebe yotlhe, radio, dikoloi tse di nang le dibuelakgakala, difonokerafa tse di akgiwang, dikopano tse di kgolo, mekoloko ya batho ba ba tsamayang ba tshotse diboto, le mophato o o ntseng o gola wa badihedi ba ba tsenang ntlo le ntlo. Tiro eno e ile ya thusa go kgaoganya batho—ba ba ratang Bogosi jo bo tlhomilweng jwa Modimo kafa letlhakoreng le lengwe, ba ba leng kgatlhanong le jone kafa go le lengwe. Tiro eno ke e Jesu a ileng a bolelela pele gore e ne e tla dirwa mo kokomaneng eno ya me.”—E kwadilwe ka 1987 ke Melvin Sargent, a na le dingwaga di le 91.
[Setshwantsho]
Melvin Sargent
[Kerafa mo go tsebe 574]
(For fully formatted text, see publication)
Go Oketsega ga Dithuto tsa Bibela
4,000,000
3,000,000
2,000,000
1,000,000
1950 1960 1970 1980 1992
[Ditshwantsho mo go tsebe 557]
Dipampitshana di le dimilione di le masomesome di ne tsa anamisiwa, mahala, gaufi le dikereke, ka ntlo le ntlo, le ka poso
[Ditshwantsho mo go tsebe 558]
Bareri ba efangele ba barekisi ba dibuka ba ne ba anamisa dibuka tse di tlhalosang Bibela
[Setshwantsho mo go tsebe 559]
Anna Andersen o ne a fitlha mo e ka nnang kwa toropong nngwe le nngwe kwa Norway ka dibuka tsa Bibela
[Setshwantsho mo go tsebe 560]
Go phasalatsa ka makwalodikgang go ne ga thusa gore go fitlhelelwe batho ba go neng go sena ditsela dipe tse ba ka bonwang ka tsone
[Ditshwantsho mo go tsebe 561]
Makwalodikgang a a fetang 2 000 mo dikontinenteng di le nne a ne a bolela ka dithero tsa ga Mokaulengwe Russell ka nako e le nngwe fela
[Ditshwantsho mo go tsebe 562]
“Photo-Drama of Creation” e ne ya neela dimilione-milione tsa batho ba dinaga tse dintsi bosupi jo bo nonofileng
[Setshwantsho mo go tsebe 563]
J. F. Rutherford o ne a kgona go neela batho ba le dimilionemilione mo lefatsheng lotlhe bosupi mo teng ga magae a bone ka radio
[Setshwantsho mo go tsebe 564]
O ipaakanyeditse go ya go neela bosupi le ditlhopha tse di dirang ka dibaesekele kwa Engelane
[Setshwantsho mo go tsebe 565]
Go simolola ka 1933, go ne go dirisiwa dikarata tse di gatisitsweng tsa go neela bosupi
[Setshwantsho mo go tsebe 566]
Dipuo tse di gatisitsweng tsa Bibela di ne tsa neela bosupi jo bo nonofileng ka bo1930 le bo1940
[Setshwantsho mo go tsebe 567]
Dikoloi tse di nang le dibuelagodimo, ka dinako tse dingwe di le dintsi (jaaka fano kwa Australia), di ne di dirisediwa go gasa boammaaruri jwa Bibela mo mafelong a botlhe
[Setshwantsho mo go tsebe 568]
Diboto tse di kgonang go bonesa tse di mo difensetereng tsa magae a Basupi ba ga Jehofa di ne di neela bosupi bosigo le motshegare
[Setshwantsho mo go tsebe 568]
Dipolakate tse di phasalatsang le diboto di ne tsa thusa mo go neeleng bosupi ka bopelokgale (jaaka fano kwa Scotland)
[Setshwantsho mo go tsebe 569]
Go tsamaisiwa mo mmileng ga “Tora ya Tebelo” le “Consolation” (jaaka fa go bontshitswe fano kwa U.S.A.) go ne ga simololwa ka 1940
[Setshwantsho mo go tsebe 569]
Bakaulengwe ba ba mo diphuthegong ba ne ba simolola go thapisediwa go bua phatlalatsa ka 1943
[Ditshwantsho mo go tsebe 571]
Batho ba ba kgatlhegang ba tshwarelwa dithuto tsa Bibela mo magaeng a bone. Tse di fa tlase tseno ke dikgatiso tse di diretsweng seo—tse di neng tsa gatisiwa pele ka Seesemane, mme morago di ne tsa gatisiwa ka dipuo tse dingwe
[Ditshwantsho mo go tsebe 572, 573]
Basupi ba basha le ba ba godileng, ba banna le ba basadi, ba nna le seabe mo go neeleng Bosupi ka ntlo le ntlo mo lefatsheng lotlhe
Romania
Bolivia
Zimbabwe
Hong Kong
Belgium
Uruguay
Fiji