Go Tshwenyega Tlhaloganyo—Fa go Tlhasela Mokeresete
BATLHALEFI ba boitekanelo jwa tlhaloganyo ba bolela gore mo e ka nnang motho a le mongwe go bangwe le bangwe ba batlhano mo United States o tlhasetswe ke bokoa bongwe jo bo lemosegang jwa tlhaloganyo. World Health Organization e oketsa ka gore go ka nna ga bo go na le malwetsi a tlhaloganyo a bontsi jo bo ka nnang dimilione di le 40 a a sa alafiwang mo mafatsheng a a tlhabologang. Mathata a tlhaloganyo a ile a bonwa le eleng mo baaging ba ditlhaketlhake tsa seka-paradaise tsa Pacific.
Ka jalo ga go a tshwanela go re gakgamatsa go bo Bakeresete bangwe gompieno ba itemogela mathata a tlhaloganyo le a boikutlo a a tlogang go go tlhobaela go gonnye fela le go hutsafala go le gonnye go ya go malwetse a a masisi jaaka khutsafalo e kgolo, go opa ga ditshika tsa tlhogo (go amana le khutsafalo), go boifa dîlo dingwe thata, le botseno. Bangwe ba ne ba na le mathata ao pele ba nna Basupi, fa ba bangwe ba ne ba simolola go tlhaselwa ke go tshwenyega maikutlo fa ba tsena mo dingwageng tsa bogodi.
Lebaka la go bo Bakeresete ba Tlhaselwa
Mosadi mongwe wa Mokeresete yo o nang le dingwaga tse di fetang 20 a ineetse mo tirelong o bolela gore o ile a tlhaselwa ke mantswe a a nonofileng le a a sekeng a kgaotsa. “Ke tla bo ke akanya ka sengwe fela,” o a bolela, “mme go tla bo go tla lentswe le re, ‘ipolae.’ . . . O tla utlwa mantswe ana kgafetsa kgafetsa go fitlha o bo o lapa.” Go ka kgonega jang gore Mokeresete yo o ikanyegang a boge ka tsela eno? A 2 Timotheo 1:7 ga e re: “Modimo ga oa ka oa re naea mōea oa bogatlapa, ha e se oa nonohō le oa loratō le oa mogopolō o o tlhōmameñ hèla.”
Ee, mme mogopolo o o tlhomameng ka kakaretso o supela go nonofo ya Mokeresete ya go dirisa katlholo e e theilweng mo Bibeleng go feta jaaka o lebisa go go itekanela mo tlhaloganyong ga Mokeresete. Go farologana le motho wa lefatshe ‘yo o fifaditsweng mo tlhaloganyong,’ kana yo o ‘bodileng mogopolo,’ Mokeresete o ‘fetotse mogopolo wa gagwe’ ka go ithuta Lefoko la Modimo. (Baefesia 4:17, 18; 2 Timotheo 3:8; Baroma 12:2) Seno ka phepafalo se dira go le gontsi go tshegetsa Mokeresete gore a lekalekane mo boikutlong le mo tlhaloganyong mme lefa go le jalo ga go mo dire gore a seka a tlhaselwa ke mathata a boitekanelo jwa tlhaloganyo. Batlhanka bangwe ba Modimo ba ba ikanyegang mo metlheng ya Bibela, jaaka Epaforodito, ba ne ba tlhaselwa ke go tshwenyega mo tlhaloganyong ga mefuta e mengwe.—Bafilipi 2:25, 26; Luke 2:48.
Moaposetoloi Paulo o re gakolola go re, “botlhe ba shwa ka Adame.” (1 Bakorintha 15:22) Go phepafetse gore bontsi jwa rona bo na le matlhoko mangwe a mmele. Bangwe ba tlhasetswe ke malwetse a tlhaloganyo kana a boikutlo.
Seo se Bakang go Tshwenyega Tlhaloganyo
Go lebega dilo tse di kwantle ga mmele e le tsone tse di leng kwa moding wa go tshwenyega tlhaloganyo. Ka sekai, Bibela e bua ka motho yo matlho a gagwe a ‘bonang dilo di sele.’ Dipono tse di jalo tse di gakgamatsang di bakwa ke eng? ‘Go diega bobe mo bojalweng’! (Diane 23:29-33) Ka phepafalo, bojalwa bo ka dira gore boboko bo bope dipono. Dingaka di bolela gore ka tsela e e tshwanang, phoso mo go direng ga boboko, dilo tse re di goditseng, le eleng dijo tse re di jang di ka dira gore boboko bo seka jwa dira sentle. Go ka felela ka mathata a tlhaloganyo le a boikutlo.a
Dikgatelelo di le dintsi tsa boboko, jaaka go tshwenyega tlhaloganyo le tsone di ka baka mathata a boikutlo. Go leka fela go tshegetsa boitsholo jo bo phepa le botho jwa Bokeresete mo ‘metlheng eno ya bofelo le e e tlhokofatsang’ go ka tshwenya tlhaloganyo. (2 Timotheo 3:1-5) Ebu, makgapha ao Lote a neng a a bona letsatsi le letsatsi mo Sodoma le Gomora a ne a dira gore ‘moya wa gagwe o o siameng o tshwenyege’! (2 Petere 2:8) Mo godimo ga moo, Bakeresete ba bangwe ba ile ba amega mo tlhaloganyong ka ntlha ya fa ba ile ba thubediwa, ba tshwarwa ka tsela e e sa siamang mo dikamanong tsa bonna le bosadi kana ka ntlha ya ditiro tse di fetileng tsa bopepe kana go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang. Dilo tse di ntseng jalo di ka ama boitekanelo jwa motho jwa tlhaloganyo ka mokgwa o o tshosang.
Seo Bagolwane ba ka se Dirang
Bagolwane ba amegile thata ka go dis a letsomane lotlhe leo ba le filweng go le tlhokomela—go akareletsa le bao ba tlhasetsweng ke go tshwenyega maikutlo. (1 Petere 5:2; Isaia 32:1, 2) Ka boammaaruri, ga se dingaka, mme ga ba kake ba fodisa malwetse a batho fela jaaka moaposetoloi Paulo le ene a ne a seka a fodisa bolwetse jwa ga Epaforodito jwa mmele le khutsafalo e e neng e tsamaya le jone. (Bafilipi 2:25-29) Lefa go le jalo, ka go bontsha kamego e kgolo le tlhomogelo pelo, gantsi ba ka dira go le gontsi go tlhotlheletsa le go thusa ba ba ntseng jalo.—1 Petere 3:8.
Go tweng, he, fa mokaulengwe a simolola go itshwara ka tsela e e sa tlwaelegang kana a ngongorega ka go tlhakatlhakana maikutlo? Santlha, bagolwane ba ka leka go botsolotsa motho yo o mo bothateng yoo, go leka go bona gore tota o tshwenngwa ke eng. A seo se mo dirang gore a bo a sa itekanela ka nakwana ke mathata mangwe a botho kana maemo mangwe a a bokete—kana go latlhegelwa ke tiro kana loso lwa mongwe yo o rategang? (Moreri 7:7) A motho yo o tlhokofetseng yoo o tshwenyegile go le gonnye fela ka ntlha ya bodutu mme ka jalo o tlhoka motho yo a ka ‘buang le ene ka pepetletso’? (1 Bathesalonia 5:14) Kana a ka tsela nngwe mokaulengwe o tshwenyegile ka ntlha ya ditlhaelo dingwe tse a nang natso? Go mo tlhomamisetsa ka lorato lwa Modimo le kutlwelobotlhoko ya one—gammogo le kgakololo e e tshwanelang—go ka thusa go fokotsa ditlhobaelo tsa gagwe. (Pesalema 103:3, 8-14) Go ka bonwa molemo o mogolo fela ka go rapela le mokaulengwe yo o tshwenyegileng.—Yakobe 5:14.
Bagolwane gape ba ka fa motho yo o mo bothateng yoo botlhale jo bo ka mo thusang. (Diane 2:7) Ka sekai, re boletse gore go tshwenyega mo boikutlong go ka nna ga amana le dijo tse motho a di jang. Ka jalo bagolwane ba ka nna ba akantsha gore mokaulengwe a je dijo tse di lekalekaneng le go tila go ja thata kana go sa jeng gotlhelele. Kana ba ka nna ba lemoga gore motho yo o tshwenyegileng o ile a bereka thata kwa tirong ya gagwe mme a ka solegelwa molemo fela ke “boiketlo”—mme a bone boroko jo bo lekaneng ka metlha.—Moreri 4:6.
Bao ba ‘Tlhokang go Bona Ngaka’
Lefa go le jalo, fa go tshwenyega go gogolo go nt se go tsweletse, go ka nna molemo go gakologelwa mafoko ana a ga Jesu: “Ba ba itekanetseñ ga ba dihe ñaka sepè, ha e se ba ba lwalañ hèla.” (Mathaio 9:12) Batho ba le bantsi ba ba tshwenyegileng ga ba batle go bona ngaka. Ka jalo bagolwane le balelapa ba ka nna ba tlhoka go kgothaletsa mokaulengwe go bona thuso ya kalafi, jaaka go tlhatlhobiwa sentle ke ngaka e e ikanngwang. Porofesa Maurice J. Martiñ o bua jaana: “Bontsi jwa malwetse a mmele gantsi a itira ekete ke a tlhaloganyo.” Le eleng koo malwetse a tlhaloganyo a kopanyelediwang gone, gant si go na le kalafi e e ka thusang.
Mosadi wa mogolwane mongwe o bolela ka moo monna wa gagwe yo o neng a “tshwenyegile a neng a tshaba go nna mo gare ga bakaulengwe ebile a sa batle go ya kwa dipokanong ka gone. . . . O ne a batla go swa!” Mme morago ga go bona thuso ya tsa kalafi ya dingaka, mosadi wa gagwe o bega jaana: “Ga a sa tlhole a hutsafetse thata, le eleng go sa batle go ya dipokanong. Mo mosong ono o ne a beile puo ya phatlalatsa!”
Tota-tota, ga se maemo otlhe a a kgonang go rarabololwa motlhofo jalo. Ke gone fela bosheng jaana boitseanape bo ntseng bo ribolola masaitsiweng a mathata a tlhaloganyo. Go tlhatlhobiwa ka tshwanelo le go itse se se tshwenyang le go se alafa e ka nna tiro e telele, e e raraaneng—mme gant si go a duela.
A ke Tlhaselo ya Badimona?
Bangwe ba bao ba tsenweng ke malwetse a tlhaloganyo ba tshoga gore ba tlhasetswe ke badimona, ba bolela gore ka dinako dingwe ba utlwa “mantswe.” Ka boammaaruri, go itsege sentle gore badimona ba ile ba dira gore batho ba ba itekanetseng mo tlhaloganyong ba nne jaaka ditsenwa. (Mareko 5:2-6, 15) Ga go na bosupi jwa gore badimona ba ne ba kopanyelediwa mo mabakeng a mantsi a boitshwaro jo bo sa tlwaelegang, fela jaaka e se bone bao ka dinako tsotlhe ba dirang batho dimumu, difofu, le seebana. Lefa go le jalo, mo dinakong tsa Bibela, badimona ka dinako dingwe e ne e le bone ba ba bakang (kana ba tlhotlheletsang) one malwetse ano! (Mathaio 9:32, 33; 12:22; 17:15-18) Lefa go le jalo, Bibela ka phepafalo e farologanya, gareng ga “ba ba bobolañ, le ba ba tsenywefi ke badimo.” (Mareko 1:32-34; Mathaio 4:24; Ditihō 5:16) Ka phepafalo, he, gompieno, bofofu kana seebana ke dilo tse gant si di diragalang mo mmeleng—eseng ka ntlha ya badimona. Go ka buiwa se se tshwanang ka ditiragalo tse dintsi tsa go tshwenyega tlhaloganyo..
Gape, go ka gakologelwa gore Satane le badimona ba gagwe ba “tlhasèla” batho ba Modimo mme go itsege gore ba ile ba nna ba tlhorontsha Bakeresete ba ba ikanyegang. (Tshenolō 12:17; Baefesia 6:12) Badimona ba setlhogo thata, mme ga go a tshwanela go re gakgamatsa gore ba tla itumelela go bogisa batho bangwe ba ba tshwenyegileng tlhaloganyo—ba oketsa mathata a bone.
Jalo fa bagolwane ba na le lebaka le le molemo la go belaela gore tlhotlheletso ya badimona e gone, go tla bo go se phoso go batlisisa. Ka sekai, a motho yoo o amogetse dilo dingwe tse di belaetsang ka tlhamalalo kana a sa lemoge go motho yo o dirisanang ka mokgwa mongwe le badimona? Go latlha dilo tse di ntseng jalo go ka fodisa. (Ditihō 19:18-20) Ereka Bakeresete ba bolelelwa gore ba ‘tlhabane le Diabolo,’ bagolwane gape ba ka gakolola motho yo o nang le bothata go ganetsa “mantswe” ao a ka nnang a tswa go badimona. (Yakobe 4:7; Mathaio 4:10) Fa motho a ikutlwa gore o tlhasetswe, o tshwanetse go rapela ka tlhoafalo, a kopa thuso ka leina la ga Jehofa a buela kwa godimo.—Baefesia 6:18; Diane 18:10.
Lefa go ntse jalo, ga se ka metlha yotlhe go ka tweng badimona baa kopanyelediwa. Kgaitsadi mongwe o anela jaana: “Ke ne ke akanya go re; ‘ke tsenwe ke ledimona go fitlha ke bo ke bona thuso ya bongaka mme ka bolelelwa gore ke na le go sa lekalekane gongwe ga dikhemikhale. Go ne ga nthusa thata go lemoga gore e ne e le bolwetse jo bo neng bo dira gore ke nne jalo mme eseng ledimona le le mo go nna!”
Dikalati. tsa Tlhaloganyo
Dingaka jaanong di dirisa dikalafi tse di farologaneng mo go alafeng go tshwenyega ga tlhaloganyo. Go dirisa dikalafi tse di ntseng jalo tse di kafa tlase ga kaelo ya batsa-kalafi go ile ga thusa Bakeresete ba bantsi ba ba neng ba bobola thata go boela ba nna sentle gape. Lefa go le jalo, bakaulengwe bangwe ka maikaelelo a a molemo, ba ile ba kgothaletsa balwetse go tlogela kalafi e ba e neetsweng, ka gongwe ba tshoga gore e ka ba gobatsa kana ba seka ba tlhola ba kgona go tshela kwantle ga yone. Legale, go na le dikotsi tse di kopanyelediwang mo kalafing nngwe le nngwe, mme “senokopela se tle se itebe tsamaō ea shōna sentlè,” a akanyetsa se se ka diragalang morago ga nako e telele.—Diane 14:15.
Lefa go ntse jalo, ka mo go kgatlhisang, diokobatsi di le dintsi tsa dingaka tsa kalafi ya tlhaloganyo ga di dire motho go bona dipono, go idibatsa kana go dira motho gore a se kgone go tshela kwantle ga tsone; mme di baakanya fela go sa lekalekaneng ga dikhemikhale mo bobokong. Ka sekai, antipsychoties, di ka thusa go okobatsa ditshupo tse di sa tlwaelegang tsa botseno. Lithium e ka thusa go fokotsa go tshwenyega mme ya lekalekanya go tlhatloga le go wela tlase ga go hutsafala.
Gone ke boammaaruri, ka dinako tse dingwe go dirisiwa diokobatsi tse di maatla go sisibatsa molwetse kana go kgoreletsa ditshekamelo tsa go ipolaya. Mme, fa mokaulengwe a tsaya kalafi e a e filweng mme a sa e dirisetse go ijesa monate fela mme e le gore a tle a boele mo boemong jwa tlwaelo, sena se ka lejwa ka tsela e e tshwanang fela le fa motho yo o tshwerweng ke bolwetse jwa sukiri a dirisa insuliñ.
Go se lebalwe gore dikalafi tsa tlhaloganyo gantsi di direla ka bonya mme di ka nna le diphelelo tse di seng monate. Ka dinako tse dingwe, dingaka di leka seno le sele go leka go bona kalafi e e ka thusang kana e e sa gobatseng thata. Gantsi balwetse ba kgobega marapo. Ka jalo balelapa gammogo le ba bangwe ba ka tshegetsa molwetse fa a tsaya kalafi e e ntseng jalo, ba mo kgothaletsa go nna pelotelele le go dirisana sentle le batsa-kalafi ba ba thapisitsweng. Mme go tweng fa a na le dipotso ka kalafi nngwe? Kana go tweng fa go tsoga mathata kana fa kalafi e bonala e sa thuse sepe? o tshwanetse go tlotla mathata a a ntseng jalo le ngaka ya gagwe.b Fa go tlhokafala jalo, go ka nna ga bodiwa ngaka e nngwe gape ya bobedi.
Dikalafi tsa Puisano
Mo mabakeng a mangwe, go ka akanyediwa gore molwetsi a bue le mongwe yo o thapiseditsweng tiro sentle. Kana ngaka ya lelapa e e ikanngwang eo e tlwaelaneng sentle le molwetse e ka nna ya thusa. Lefa go le jalo, go tweng, kaga go amogela kalafi go tswa go dingaka tsa tlhaloganyo kana baitseanape ba boboko? Seno e tla nna tshwetso e motho a tshwanetseng go e dira ka tlhokomelo. Tsela eo bao ba ntshang kalafi ba alafang ka yone ga e tshwane. Ka sekai, ba bangwe, ba santse ba dirisa mekgwa ya botlhalefi jwa tlhaloganyo jwa ga Freud, joo ba le bantsi mo lephateng la tsa kalafi ba bo ganetsang.
Se se bileng se tlhobaetsa le go feta ke gore dingaka dingwe ka maikaelelo a a molemo di ile tsa naya kgakololo e gotlhelele e sa dumalaneng le Bibela. Ka go sa tlhaloganyeng melao-metheo ya Bokeresete—le eleng go e kaya jaaka “dinyana”—dingaka dingwe di ile tsa swetsa ka gore motswedi wa mathata a motho e ne e le go latela ga gagwe melao e e gagametseng ya Bibela ya boitsholo!—1 Bakorintha 2:14.
Lefa go nt se jalo, dingaka dingwe, go akareletsa le baitseanape ba boboko le dingaka tsa tlhaloganyo, ba naya mefuta mengwe ya kalafi ya puisano eo eleruri eseng go alafa tlhaloganyo mme e le mokgwa wa go thusa molwetse go tlhaloganya bolwetse jwa gagwe, a gatelela botlhokwa jwa go tsaya kalafi, mme a mo thusa ka mathata a gagwe. Mokeresete o ka nna a fitlhela kalafi e e ntseng jalo e le molemo, mme o tshwanetse go tlhatlhoba mabaka sentle pele a ka tsaya kalafi eo: Tota-tota kalafi e akareletsa eng? Ke mofuta ofe wa kgakololo o o newang? A ngaka e tlhaloganya le go tlotla ditumelo tsa Basupi ba ga Jehofa?c Fa kalafi ya puisano e letlelelwa, ‘leka mafoko’ a ngaka go na le go amogela sengwe le sengwe o sa se tlhomamise.—Yobe 12:11, 12.
He, gantsi, go tshwenyega tlhaloganyo go ka lejwa jaaka bothata jwa kalafi—eseng jwa semoya. Fa ba tlhaloganya ntlha eno, malapa, bagolwane, le maloko a phuthego ba ka thusa bao ba tlhasetsweng botoka. Ka dinako tse dingwe batho ba ba tshwenyegileng tlhaloganyo ba ka tlhoka tshegetso ya semoya. Tokololo ya isagwe e e tlang e tla tlhokomedisa ka moo phuthego e ka thusang ka gone.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona ditokololo tsa makasine o o gatisiwang le ono, eleng Awake!, tsa October 22, 1987, le September 8, 1986.
b Mokgatlho ga o atlanegise kana go dira ditshwetso ka melemo e e farologaneng kana dikalati tse di dirisiwang ke dingaka. Lefa go le jalo, go ka bonwa thuso, ka go batlisisa mo dikgatisong tsa Mokgatlho.
c Fa molwetse a na le bothata jwa go tlhalosetsa ngaka kana batsa-kalafi ya puisano kemo ya gagwe e e thailweng mo Bibeleng, ka gongwe Mokeresete yo o godileng a ka nna a mo thusa.
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Ka go nna bareetsi ba ba pelotlhomogi le bagakolodi, gantsi bagolwane ba ka thusa motho yo o tlhakatlhakaneng maikutlo
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
Ka dinako tse dingwe go molemo gore motho yo o lwalang mo tthaloganyong a batte thuso ya kalafi