‘Jehofa ke Modimo Wa me, O ke O ikantseng’
JAAKA GO BOLETSE WILLI DIEHL
“Ke ka ntlha yang o batla go ya kwa Bethele?” Eno ke potso e rre a neng a e mpotsa mo dikgakologong tsa 1931 fa ke ne ke mmolelela gore ke eletsa go simolola tirelo ya Bethele. Batsadi ba me ba ba neng ba nna kwa Saarland, ba ne ba setse ba le mo boammaaruring ka dingwaga tse di ka nnang lesome, mme ba ne ba tlhometse rona basimane ba bone ba bararo sekao. Boammaaruri e ne e le botshelo jwa bone, le nna ke ne ke batla go bo dira botshelo jwa me.
MME go ne go tlile jang gore batsadi ba me ba ithute ka Jehofa le thato ya gagwe e e boitshepo? Ereka ba ne ba sa kgotsofadiwe ke bodumedi jo bo neng bo setse bo le teng, ba ne ba sa bolo go batla boammaaruri. Ba ne ba setse ba tsene dikereke tse di farologaneng le mekgatlho, mme ba di bona ka bongwe ka bongwe gore di ne di sa siama.
Letsatsi lengwe go ne ga tlogelwa pampitshana e e nang le ditshwantsho fa mojakong wa rona e e neng e itsise ka puo ya phatlalatsa le baesekopo e e neng e bolela ka boikaelelo jwa Modimo e e neng e bidiwa “Photo-Drama of Creation.” Rre o ne a tshwanetse go ya tirong ka nako e “Photo-Drama” e neng e tlile go bontshiwa ka yone, mme o ne a kgothaletsa Mmè go ya. “Gongwe,” o ne a bolela “e ka tswa e le mosola ka tsela nngwe.” Mmè o ne a le matlhagatlhaga tota fa a sena go e bona mo maitseboeng ao. “Kgabagare ke bo bone!” o ne a bolela jalo. “Tlaya o tle go e iponela ka moso maitseboa. Ke boammaaruri jo re sa bolong go bo batla.” E ne e le ka 1921.
Jaaka Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya, batsadi ba me ba ne ba ikanyega go fitlha ba swa, Rre o ne a swa ka 1944, fa a sena go nna a tsenngwa ke Banazi mo kgolegelong ka makgetlo a le mmalwa, mme Mmè o ne a swa ka 1970. Le ene o ne a nna lobaka lo loleele mo kgolegelong ka nako ya puso ya Banazi.
Sekao Sa Batsadi ba Me sa go Nna Tlhaga
Batsadi ba me ba ne ba le tlhaga tota mo tirelong ya tshimo pele ba swa. Mmè o ne a le tlhaga tota mo go anamiseng maitlamo a kopano a a neng a gololwa go tloga ka 1922 go fitlha ka 1928. Ecclesiastics Indicted, eo e neng e na le maitlamo a a neng a tsewa ka 1924 e ne e kgala baruti botlhoko. Go ne go tlhoka bopelokgale tota go e tsamaisa. Baboledi ba ne ba tsoga ka ura ya bone mo mosong, ba tsenya dipampitshana kafa tlase ga mejako. Lemororo ke ne ke na le dingwaga di le 12 fela, batsadi ba me ba ne ba ntetla go nna le seabe. Re ne re tlhola re simolola ka ura ya botlhano mo mosong, re tsamaya ka dibaesekele diura di le tharo go ya go di le nne go ya kwa tshimong e e kwa kgakala. Re ne re fitlha dibaesekele mo sekgweng, mme ke ne ke di disa fa ba bangwe ba ne ba ile go dira mo motseng. Mo thapameng re ne re boela gae ka tsone, mme mo maitseboeng re ne re tsamaya lobaka lwa ura go ya kwa pokanong.
Moragonyana, go ne ga tlogelwa mongwe yo mmotlana go disa dibaesekele, mme nna ke ne ke tsamaya le baboledi. Mme ga go ope yo a neng a akanya go nkatisa. Ba ne ba mpolelela fela mmila o ke tla dirang mo go one! Ke ne ka ya kwa ntlong ya ntlha pelo ya me e itaya tota, ke eletsa ekete nka fitlhela go se ope. Ka go tlhoka lesego, monna mongwe o ne a bula mojako. Ke ne ke sa kgone go bua. Ke ne ka kwakwaetsa mme ka supa buka e e mo bekeng ya me. “A ke ya ga Judge Rutherford?” o ne a mpotsa jalo. Ke ne ka araba ke kwakwaetsa. “A ke e ntšha e ke senang yone?” “Ee, e ntšha,” ke ne ka tlhomamisa. “Gone ke tshwanetse go e tsaya. Ke bokae?” Seno se ne sa ntlhotlheletsa gore ke tswelele.
Ka 1924 batho ba bagolo ba ne ba bua thata kaga 1925. Re kile ra etela lelapa lengwe la Baithuti ba Bibela, mme ke ne ka utlwa mokaulengwe mongwe a botsa jaana: “Go tlile go direga eng ka bana ba rona fa Morena a re tsaya?” Ereka mmè ene a ne a nna fela a ntse a tlhomamisegile ka dilo, o ne a araba jaana: “Morena o tla ba tlhokomela.” Kgang eno e ne ya nkgatlha tota. E ne e kaya eng? Ngwaga wa 1925 o ne wa tla wa bo wa feta, mme ga se ka ga direga sepe. Lefa go ntse jalo, batsadi ba me ba ne ba sala fela ba ntse ba le tlhaga.
Kgakololo E E Botlhale ya ga Rre
Kgabagare, ke ne ka bolelela rre ka 1931 seo ke neng ke batla go se dira mo botshelong. “Ke ka ntlha yang fa o batla go ya kwa Bethele?” rre o ne a mpotsa jalo fa a araba. “Gonne ke batla go direla Jehofa,” ke ne ka araba jalo. “A re re gongwe o a amogelwa kwa Bethele,” o ne a tswelela. “A o lemgoa gore bakaulengwe ba ba koo ga se baengele? Ga ba a itekanela ebile ba dira diphoso. Gongwe seo se ka nna sa dira gore o sie koo le eleng go latlha tumelo. O tlhomamise gore o akanyetsa seo ka kelotlhoko.”
Ke ne ka tshoga tota fa ke utlwa selo se se ntseng jalo, mme fa ke sena go nna ke akanyetsa ntlha eno ka malatsi a le mmalwa, ke ne ka bolela gape fa ke batla go dira kopo ya go ya kwa Bethele. “A o ko o mpolelele gape lebaka la go bo o batla go ya,” o ne a bolela jalo. “Gonne ke batla go direla Jehofa,” ke ne ka boeletsa jalo. “Morwaaka, o se ka wa ba wa lebala seo le ka motlha. Fa o ka bidiwa, gakologelwa lebaka la go bo o ya koo. Fa o bona sengwe se se phoso, o se ka wa tshwenyega thata ka sone. Lefa o ka tshwarwa ka tsela e e sa siamang, o se ka wa ba wa sia. Le ka motlha o se ka wa lebala lebaka la go bo o le mo Bethele—gonne o batla go direla Jehofa! Dira fela tiro ya gago mme o mo ikanye.”
Ka jalo ke ne ka goroga mo thapameng ya November 17, 1931 kwa Bethele ya kwa Bern, kwa Switzerland. Ke ne ke nna le ba bangwe ba bararo mo kamoreng mme ke dira kwa motšhineng o o gatisang, ke ithuta go dirisa motšhine o o gatisang o o neng o tsenyediwa dipampiri ka seatla. Sengwe sa dilo tse ke neng ka abelwa go di dira e ne e le go gatisa Tora ya Tebelo ka Seromania.
Molaetsa O O Tswang Legodimong!
Mokgatlho o ne wa gatisa The Crisis ka 1933, bukana e e neng e na le dipuo tse tharo tseo Mokaulengwe Rutherford a neng a di neela mo radiong kwa United States. Mokaulengwe Harbeck, motlhanka wa lekala, o ne a bolelela lelapa la Bethele moso mongwe kwa sefitlholong gore bukana eo e ne e tlile go gasiwa ka tsela e e kgethegileng. Go tla latlhelwa dipampitshana tse di itsiseng ka yone mo Bern go tswa mo sefofaneng se sennye se se neng se tla hiriwa fa baboledi ba tla bo ba eme mo mebileng ba naya batho dibukana. “Ke mang wa lona bakaulengwe ba babotlana yo o tla tsenang mo sefofaneng?” o ne a botsa. “Lo re bolelele ka bonako.” Ke ne ka dira jalo, mme Mokaulengwe Harbeck o ne a itsise moragonyana gore ke ne ke tlhophilwe.
Mo letsatsing le le botlhokwa leo, re ne ra isa mabokose a mantsi a dipampitshana kwa boemelafofaneng. Ke ne ka nna mo sefofaneng fa morago ga mokgweetsi mme ka baya dipampitshana mo setulong se se neng se le fa thoko ga me. Ke ne ke laetswe sentle jaana: Kgaoganya dipampitshana ka ditlhopha tsa di le lekgolo, mme o latlhele sephuthelwana sengwe le sengwe ka fensetere kafa letlhakoreng le lengwe ka maatla a o ka a kgonang. Fa o ka se ka wa dira sentle dipampitshana di ka nna tsa tsena mo mogatleng wa sefofane mme tsa dira mathata. Lefa go ntse jalo dilo tsotlhe di ne tsa tsamaya sentle. Bakaulengwe ba ne ba bolela moragonyana kafa go neng go itumedisa ka gone go bona ‘molaetsa ono o o tswang kwa legodimong.’ O ne wa ama batho fela jaaka re ne re eleditse, mme go ne ga tsamaisiwa dibukana tse dintsi, lemororo batho ba bangwe ba ne ba re leletsa mogala go ngongoregela gore ditshingwana tsa bone tsa dithunya di ne di khurumeditswe ke dipampiri.
Go Itumelela Tshiamelo Nngwe le Nngwe ya Tirelo
Ke ne ke lebogela Jehofa boitumelo le kgotsofalo tse ke neng ke di bona mo tirelong ya Bethele letsatsi lengwe le lengwe. Kwa phuthegong ke ne ke abetswe go lotlolola le go lotlela Holo ya Bogosi, go baakanya ditulo sentle, le go baya metsi mo tafoleng ya sebui. Mme ke ne ke leba seno e le tiro e e tlotlegang tota.
Kwa Bethele, kgabagare ke ne ka dira mo motšhining o mogolo o o neng o dirisediwa go gatisa The Golden Age (e jaanong e leng Tsogang!) ka Se-Poland. Re ne ra simolola go dirisa difonokerafa ka 1934 mme ke ne ka thusa mo go di direng. Ke ne ke itumelela thata go tsamaya ka ntlo le ntlo ka dipuo tseno tse di gatisitsweng tsa Bibela. Beng ba bantsi ba matlo ba ne ba kgatlhiwa ke sedirisiwa se sennye seno thata, mme gantsi lelapa lotlhe le ne le phuthega go tla go reetsa, mme ba ne ba nyelela ka bongwe ka bongwe. Fa lelapa lotlhe le sena go tsamaya, ke ne ke fetela kwa pele.
Go Nna Ke Ntse Ke le Tlhaga ka Nako ya Ntwa
Morago ga Ntwa ya Lefatshe I, Saarland eo ke neng ke tsholetswe kwa go yone e ne ya kgaoganngwa le Jeremane mme ya busiwa ke Lekgotla la Kgolagano ya Merafe. Ka gone, Saarland e ne ya nna le makwalo ao e leng a yone a boitshupo. Ka 1935 go ne ga dirwa ditlhopho tse mo go tsone go neng go tla swediwa gore a baagi ba yone ba ne ba eletsa go kopanngwa le Jeremane gape. Ke ne ka tsaya tshono eo go ya go etela balelapa la etsho, ke itse gore ga nkitla ke kgona go dira jalo fa Saarland e ka busiwa ke Banazi. Mme eleruri, ke ne ka se ka ka utlwa sepe go tswa mo batsading ba me kana bakaulengwe ba me ka dingwaga tse dintsi morago ga foo.
Lemororo e ne e sa tsenelela ka tlhamalalo mo Ntweng ya Lefatshe II, Switzerland e ne ya tlogelwa jalo e le nosi fa Jeremane e ntse e gapa dinaga tse di gaufi ka bongwe ka bongwe. Re ne re ntse re gatisetsa Yuropa yotlhe dibuka kwantle ga Jeremane, mme jaanong re ne re sa kgone go romela sepe. Mokaulengwe Zürcher yo ka nako eo e neng e le motlhanka wa lekala, o ne a re bolelela gore go ne go sena madi, mme o ne a re bolelela gore re ye go batla tiro kwantle ga Bethele go fitlha maemo a siama. Lefa go ntse jalo, nna ke ne ka letlwa go sala, gonne go ne go na le dilo di le mmalwa tse di neng di tlhoka go gatisediwa baboledi ba ba neng ba ka nna sekete le go feta ba mo lefelong leo.
Lelapa la Bethele ga le kitla le lebala July 5, 1940. Llori ya masole e ne ya tla fela fa morago ga dijo tsa motshegare. Masole a ne a tswa mo teng mme a tsena mo Bethele. Re ne ra laelwa gore re eme re se ka ra tshikhinyega, mme mongwe le mongwe wa rona o ne a disitswe ke lesole le le tshotseng sethunya. Re ne ra isiwa kwa lefelong la bojelo fa kago yotlhe e ne e phuruphudiwa. Puso e ne e belaela gore re ne re bolelela ba bangwe gore ba gane go tsena mo tirelong ya bosole, mme ba ne ba se ka ba bona bosupi bope.
Mo dingwageng tsa ntwa, ke ne ke le motlhanka wa phuthego ya kwa Thun le ya kwa Frutigen. Seo se ne se kaya gore ke ne ke na le thulaganyo e e tletseng ya mafelobeke. Matlhatso mangwe le mangwe fela fa morago ga dijo tsa motshegare, ke ne ke tsamaya dikilometara di le 50 ka baesekele ke ya kwa Frutigen, koo ke neng ke tshwara Thuto ya Tora ya Tebelo mo maitseboeng. Sontaga phakela ke ne ke dira le baboledi mo tshimong. Morago, mo thapameng, ke ne ke ya kwa Interlaken go ya go tshwara Thuto ya Buka ya Phuthego mme moragonyana mo thapameng ke ne ke tsamaisa thuto ya Bibela le lelapa lengwe kwa Spiez. Ke ne ke wetsa letsatsi ka go tsamaisa Thuto ya Tora ya Tebelo kwa Thun.
Mo gare ga bosigo, fa ke sena go wetsa tiro yotlhe ya me ke ne ke opela ke letsa molodi fa ke boela kwa Bern, ke kgotsofetse tota. Ke ne ke sa kopane le dikoloi tse dintsi. Naga e e tletseng dithaba eo e ne e le lefifi ka ntlha ya melao ya ntwa mme e ne e ritibetse ebile e didimetse, e etla e bonesiwa ke lesedi la ngwedi. Abo mafelobeke ao a ne a nonotsha botshelo jwa me le go shafatsa nonofo ya me jang ne!
Loeto Lo Lo Neng lwa Felela ka Matswela A A Sa Lebelelwang
Mokaulengwe Knorr o ne a re etela mo dikgakologong tsa 1945. Letsatsi lengwe o ne a tsena mo feketering fa ke ntse ke eme mo godimo ga motšhine o o gatisang wa rotary. “Fologela kwano!” o ne a mpitsa. “A o ne o ka rata go ya kwa Sekolong sa Gileade?” ke ne ka gakgamala thata. “Fa e le gore o akanya gore nka kgona, ke tla go itumelela thata,” ke ne ka araba jalo. Makwalo a a neng a laletsa nna, Mokaulengwe Fred Borys, le Kgaitsadi Alice Berner, a ne a goroga mo dikgakologong tsa 1946. Mme ka gonne ke ne ke tsholetswe kwa Saarland, ke ne ke sa wele kafa tlase ga naga epe mme ka gone ke ne ka tshwanela go kwalela kwa Washington, D.C. kwa U.S.A., go bona lokwalo lo lo kgethegileng lo lo ntetlang go tsena koo.
Ba bangwe ba ne ba tsamaya sentle ka nako, mme nna ke ne ka tshwanela go emela gore kopo ya me e arabiwe. Ke ne ke santse ke le kwa Switzerland fa sekolo se ne se simolola ka September 4, ke ntse ke felelwa ke tsholofelo. Moragonyana U.S. Consulate e ne ya letsa mogala, ke bolelelwa gore ke bone lokwalo lwa tetla ya go tsena kwa nageng eo. Ke ne ka leka go baakanyetsa go tsamaya mme kwa bokhutlong ke ne ka bona phatlha mo sekepeng sa masole se se neng se tswa ka Marseilles se ya kwa New York. A boitemogelo ruri! Athos II e ne e tletse tota. Ke ne ka tsenngwa mo kamoreng e e neng e sa tswalelwa. Mo letsatsing la bobedi re le mo lewatleng, go ne ga thunya sengwe mo kamoreng e dienjene di leng mo go yone mme sekepe se ne sa ema. Bapagami le batsamaisi ba sekepe ba ne ba tshwenyegile, ba boifa gore se tla nwela. Seno se ne sa nnaya tshono e e molemo thata ya go neela bosupi ka tsholofelo ya tsogo.
Go ne ga tsewa malatsi a le mabedi go baakanngwa sekepe, morago ga foo re ne ra tswelela re tsamaya ka lobelo lo lo kwa tlase. Re ne ra goroga kwa New York malatsi a le 18 moragonyana, mme re ne ra patelelwa go nna re ntse re le mo sekepeng ka badiri ba fa boemelakepeng ba ne ba ngadile tiro. Re ne ra kgona go tswa mo sekepeng fa go sena go nna go buisanngwa. Ke ne ke setse ke itsisitse Mokgatlho ka boemo jono, fa ke tswa mo go bao ba dirang ka tsa mesepele, monna mongwe o ne a mpotsa jaana: “A o Mr. Diehl?” E ne e le mongwe wa bathusi ba ga Mokaulengwe Knorr, mme o ne a ntsenya mo tereneng ya bosigo e e yang kwa Ithaca, gaufi le kwa Sekolong sa Gileade, koo ke neng ka goroga teng morago fela ga ura ya borobedi mo mosong o o latelang. Abo kgabagare ke ne ke itumetse jang ne go bo ke gorogile koo, ke ne ka kgona go tsena mo tlelaseng ya Gileade ya ntlha ya meraferafe!
Go Itshoka Lemororo Go Ne Go Na le Mathata
Tlelase ya borobedi ya Gileade e ne ya aloga ka February 9, 1947, mme mongwe le mongwe o ne a tlhwatlhwaega. Re ne re tlile go romelwa kae? Mo go nna, “melelwane” e ne ya ntiteela kwa bogatisetsong jwa Mokgatlho jo bo neng bo sa tswa go tlhongwa kwa Wiesbaden, kwa Jeremane. (Pesalema 16:6) Ke ne ka boela kwa Bern go ya go dira kopo ya go bona tetla, mme masole a U.S. a a neng a le kwa Jeremane ka nako eo a ne a letla fela bao ba neng ba kile ba nna koo pele ga ntwa go ka tsena. Ereka ke ne ke ise ke ko ke nne koo, ke ne ke tlhoka go abelwa kwa lefelong le lesha gape ke ntlokgolo kwa Brooklyn. Ke ne ka abelwa go dira tiro ya go potologa kwa Switzerland, eo ke neng ka e amogela ke ikantse mo go Jehofa tota. Mme fa ke santse ke letile kabelo jalo, ke ne ka kopiwa go bontsha bokgaitsadi bangwe ba bararo ba ba etileng dikago tsa Bethele. Mongwe wa bone e ne e le mmulatsela yo o bidiwang Marthe Mehl.
Ka May 1949 ke ne ka itsise ntlokgolo e e kwa Bern gore ke ne ke batla go nyala Marthe le gore ke ne ke eletsa go nna mo tirelong ya nako e e tletseng. Ba ne ba araba jang? Ga go na tshiamelo e nngwe fa e se go nna mmulatsela wa ka metlha. Re ne ra bo simolola kwa Biel, fa re sena go nyalana ka June 1949. Ke ne ke sa letliwe go neela dipuo, le fa e le gone go fiwa marobalo a baemedi mo kopanong e e latelang, lemororo molebedi wa rona yo o etang a ne a akantshitse gore nka bona tshiamelo eno. Ba bantsi ba ne ba sa re dumedise, ba re tshwara jaaka batho ba ba kgaotsweng, lemororo re ne re le babulatsela.
Lefa go ntse jalo, re ne re itse gore go nyala go ne go se kgatlhanong le Dikwalo, ka jalo re ne ra rapela le go ikanya Jehofa. Tota gone, tsela e re neng re tshwerwe ka yone eo e ne e se kafa Mokgatlho o neng o leba dilo ka teng. E ne e le fela go sa dirisiweng sentle ga melao ya phuthego.
Mokaulengwe Knorr O A Boa
Mokaulengwe Knorr o ne a etela gape kwa Switzerland ka 1951. Fa a sena go baya puo, ke ne ka bolelelwa gore o ne a eletsa go bua le nna. Lemororo ke ne ke tshogile, ke ne ka itumelela go bo a ne a itumelela go mpona. O ne a mpotsa fa re ne re ka rata go amogela kabelo ya go ya kwa legaeng la barongwa le le neng le akantshitswe gore le ka tlhomiwa kwa Geneva. Ka tlholego fela re ne re itumetse lemororo re ne re tlile go hutsafalela go tloga mo Biel. Mo letsatsing le le latelang re ne ra amogela kopo e nngwe gape ya ga Mokaulengwe Knorr. A re ne re ka rata go dira gape tiro ya go potologa, ereka e ne e tlhoka go dirwa mo Switzerland? Re ne ra dumela fela ka bonako, Ke sale ke ntse ke na le boikutlo jwa go amogela kabelo nngwe le nngwe e ke neng ke e newa.
Tiro ya rona ya potologo kafa botlhaba jwa Switzerland e ne ya segofadiwa tota. Re ne re tsamaya ka terena fa re tswa mo phuthegong e nngwe re ya kwa go e nngwe, re tshotse dilo tsotlhe tsa rona mo disutukeising tse pedi. Gantsi bakaulengwe ba ne ba re kgatlhantsha kwa boemelong jwa terena ka dibaesekele, ka go bo ba ba neng ba na le dikoloi ba ne ba le mmalwa fela. Dingwaga moragonyana, mokaulengwe mongwe o ne a re fa koloi, eo e neng ya tlhofofatsa tiro ya rona thata.
Dilo Tse Dingwe Tse Disha Tse Di Gakgamatsang
Abo nna le mosadi wa me re ne ra itumela jang ne fa re ne re lalediwa ka 1964 go ya kwa tlelaseng ya bo 40 ya Gileade eo e neng e ruta ka dilo tse dintsi, ya dikgwedi di le lesome, eo jaanong e neng e kgaotswe go nna dikgwedi tse robedi. Marthe o ne a tshwanela go ithuta Seesemane ka bonako, mme o ne a kgona go dira seno ka tsela e e kgatlhang thata. Re ne re ntse re ipotsa gore re tlile go romelwa kae. Ke ne ke na le boikutlo jono: ‘Tota ga ke tshwenyege gore nka isiwa kae, fela fa e se mo ofising!’
Mme go ne ga diragala fela jalo! Ka letsatsi le re neng re aloga ka lone, ka September 13, 1965, ke ne ka tlhophiwa jaaka motlhanka wa lekala la Switzerland. Marthe o ne a sena boitemogelo ka Bethele. Mo go nna, go ne go kaya fela gore ke boela kwa “Ntlong ya Modimo,” eseng kwa bogatisetsong, koo ke neng ka dira gone go tloga ka 1931 go fitlha ka 1946, mme jaanong ke le mo ofising. Go ne go na le dilo tse dintsi tse ke neng ke tshwanetse go di ithuta, mme Jehofa o ne a nthusa gore ke kgone go dira jalo.
Fa Ke Leba kwa Morago
Mo dingwageng tsotlhe tsa me tse 60 ke ntse ke le mo tirelong ya nako e e tletseng, ke ne ka ikanya Jehofa ka botlalo, fela jaaka rre a ne a mpoleletse. Mme Jehofa o ile a ntshololela masego a mantsintsi. Marthe o ile a nkgothatsa thata ka dinako tsa fa dilo di ne di sa tsamaye jaaka ke lebeletse kana fa kabelo e ne e batla e mphekeetsa, eleruri e ne e le molekane yo o ikanyegang yo a neng a ikanya Jehofa.
A Jehofa a bakwe ka ditshiamelo tse dintsi tsa tirelo tseo ke ileng ka di itumelela! Ke santse ke dira jaaka mogokaganyi mo Komiting ya Lekala mo Thun, mme ke ile ka tsamaya makgetlo a le mmalwa jaaka molebedi wa makala. Mo go sengwe le sengwe seo ke neng ke kopiwa go se dira, ke ne ke tlhola ke leba kwa go Jehofa gore a nkaele. Lemororo ke ile ka dira diphoso tse dintsi ebile ke tlhaela, ke dumela ke tlhagafetse fela gore Jehofa o intshwaretse ka Keresete. Ekete nka tswelela ke ntse ke mo itumedisa. Ebile ekete a ka tswelela go kaela dikgato tsa me, jaaka ke ntse ke lebile kwa go ene ka metlha jaaka “Modimo oa me, o ke o ikantseñ.”—Pesalema 91:2.
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
Mokaulengwe Diehl fa a simolola tirelo ya Bethele