Kgaolo 17
Ke Eng se ke Tshwanetseng Go se Itse ka Go Dira Ditsala Kwa Sekolong?
“Ke a tle ke bone setlhopha sa basha ke bo ke akanya gore, ‘Ruri ke ditsala tse di molemo. Le nna nka rata go nna le ditsala tse di ntseng jalo.’”—Joe.
“Ke ne ke se na bothata jwa go dira ditsala kwa sekolong. Go ne go le motlhofo. Mme seno se ne sa ntsenya mo mathateng.”—Maria.
ROTLHE re tlhoka ditsala—batho ba re ka iketlang le bone fa re itumetse le ba re ka ikaegang ka bone ka dinako tsa mathata. Jesu le ene o ne a na le ditsala, mme o ne a itumelela go iketla le tsone. (Johane 15:15) Mme fa Jesu a ne a lebane le loso mo thupeng ya tlhokofatso, tsala ya gagwe e kgolo e bong Johane “morutwa yo a neng a mo rata” o ne a le gaufi le ene. (Johane 19:25-27; 21:20) O tlhoka ditsala tse di ntseng jalo—batho ba ba tla go emang nokeng mo dinakong tsa monate le tsa botlhoko!
Gongwe o akanya gore o bone ditsala tse di ntseng jalo kwa sekolong—bana ba o tsenang sekolo le bone ba lo utlwanang tota. Lo rata dilo tse di tshwanang mme lo itumelela go tlotla mmogo. Go ya ka wena, ga ba bonale e le ‘ditsala tse di bosula.’ (1 Bakorintha 15:33) Anne a re: “Lo bonana letsatsi le letsatsi. Ka jalo o ikutlwa o phuthologile fa o na le bone. Ga go tshwane le fa o na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ka dinako tse dingwe o ikutlwang gore o tshwanelwa ke go nna kelotlhoko gore o itshwara jang fa o na le bone. Kwa sekolong o a phuthologa.” Ka dinako dingwe o ka iphitlhela o leba dilo jaaka Lois yo o reng: “Ke ne ke batla go bontsha ditsala tsa me tsa kwa sekolong gore Basupi ba ga Jehofa ba tshwana fela le batho ba bangwe.” A ano ke mabaka a a utlwalang a a ka dirang gore o batle go nna le ditsala kwa sekolong?
Ke Eng fa o Tshwanetse go Nna Kelotlhoko?
Akanya ka se se diragaletseng Maria yo o umakilweng kwa tshimologong. Tsela e a leng botsalano ka yone e ne ya dira gore go nne motlhofo gore a nne le ditsala, mme go ne go le thata go bona gore ditsala tse di sa siamang ke dife. A re: “Ke ne ke batla go ratwa ke basimane le basetsana. Mme ka ntlha ya seno ke ne ka iphitlhela ke garimela kwa tengteng mo motlhabeng wa lefatshe leno.” Lois le ene o ne a diragalelwa ke se se tshwanang. A re: “Ke ne ke tlhotlhelediwa thata ke tsela e bana ba bangwe ba neng ba itshwara ka yone. Ke ne ka simolola go itshwara jaaka bone.”
Seo ga se gakgamatse. Tota e bile gore o tswelele o le tsala e kgolo ya mongwe, lo tshwanetse lwa bo lo kgatlhegela dilo tse di tshwanang le go nna le mekgwa e e tshwanang. Ga go pelaelo gore fa o tsalana le batho ba ba sa tsheleng go ya ka Dikwalo le melaometheo e wena o tshelang ka yone, botsala jo bo ntseng jalo bo tla ama thata tsela e o itshwarang ka yone. (Diane 13:20) Ke gone ka moo moaposetoloi Paulo a neng a re: “Lo se ka lwa pataganela jokwe le ba ba sa dumeleng e le mo go sa lekalekaneng.”—2 Bakorintha 6:14.
Se o Ka se Dirang
A kgakololo eno ya ga Paulo e raya gore o tshwanetse go tila bana ba o tsenang sekolo le bone gotlhelele mme o nne motshelanosi? Nnyaa! Gore Bakeresete ba kgone go diragatsa taelo ya go ‘dira batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa,’ ba tshwanetse go tshedisana le banna le basadi ba ditso tsotlhe le madumedi otlhe.—Mathaio 28:19.
Moaposetoloi Paulo o re tlhometse sekao se se molemo mo kgannyeng eno. O ne a na le tsela e e molemo ya go buisana le ‘batho ba mefuta yotlhe’ tota le fa a ne a sa dumele dilo tse ba di dumelang. (1 Bakorintha 9:22, 23) Le wena o ka etsa sekao sa ga Paulo. Nna botsalano mo balekaneng ba gago. Ithute go buisana sentle le bone. Le fa go ntse jalo, o se ka wa itetla gore o tlhotlhelediwe ke tsela e ba buang ka yone le e ba itshwarang ka yone. Go na le moo, ka bonako fela ba tlhalosetse ka maitseo lebaka la go bo o tshela ka melaometheo ya Baebele.—2 Timotheo 2:25.
Ke boammaaruri gore o tla bonala o farologane le bone, mme seno ga se selo se se motlhofo. (Johane 15:19) Mme ke eng fa o sa lebe kgang eno jaana? Fa o ne o le mo mokorong o o namolang batho mme o dikaganyeditswe ke batho ba ba nwelang, tsela e e molemo ya go ba thusa e ne e ka nna efe—go tswa mo mokorong o bo o itatlhela mo metsing? Legoka!
Le kwa sekolong o dikaganyeditswe ke batho ba ba tlhokang tshireletso e motho a e bonang ka go nna tsala ya ga Jehofa. (Pesalema 121:2-8) Fa o ne o ka itlhokomolosa melao ya ga Jehofa e le fela gore o ratwe ke bana ba o tsenang sekolo le bone, o ne o tla bo o ikgobatsa semoyeng le go ikamoga boitumelo. (Baefeso 4:14, 15; Jakobe 4:4) Tsela e e molemo go gaisa e ne e tla nna go thusa ba o tsenang sekolo le bone go tsena le wena mo mokorong o o namolang batho ka go ba bontsha kafa ba ka direlang Jehofa ka gone. Ruri eno ke yone tsela e e molemolemo ya go nna tsala ya boammaaruri!
DITEMANA TSA BOTLHOKWA
“Ke dira dilo tsotlhe ka ntlha ya dikgang tse di molemo, gore ke tle ke di abalane le ba bangwe.”—1 Bakorintha 9:23.
KAKANTSHO
Fa ba o tsenang sekolo le bone ba rata go itse dilo tse o di dumelang, ba letle gore le bone ba tlhalose maikutlo a bone. Ba reetse ka tlhoafalo. Fa o bua, dira jalo “ka bonolo le tlotlo e e boteng.”—1 Petere 3:15.
A O NE O ITSE GORE . . . ?
Bontsi jwa batho ba ba direlang Modimo gompieno ba rutilwe Baebele ke ba ba neng ba tsena sekolo le bone, ba ba neng ba le pelokgale go bua ka dilo tse ba di dumelang.
SE KE SE IKAELETSENG!
Fa ke lemoga gore ke tsalana thata le mongwe yo ke tsenang sekolo le ene, ke tla ․․․․․
Fa mongwe yo ke tsenang sekolo le ene a sotla ka dilo tse ke di dumelang ke tla ․․․․․
Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․
O AKANYANG?
● O akanya gore ke eng fa go le motlhofo go dira ditsala kwa sekolong go na le mo phuthegong ya Bokeresete?
● Dikotsi tsa go iketla morago ga sekolo le bana ba o tsenang sekolo le bone ba e seng badumedi ka wena ke dife?
● Melemo ya go itsise ba o tsenang sekolo le bone gore o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa ke efe?
[Mafoko a a mo go tsebe 143]
“Go ne go le motlhofo go dira ditsala kwa sekolong ka gonne ke ne ke itshwara ka tsela e ba neng ba itshwara ka yone. Mme ke ne ka ithuta mo dipho-song tsa me. Jaanong ke na le ditsala mo phuthe-gong—ditsala tse nka di ikanyang.’’—Daniel
[Setshwantsho mo go tsebe 146]
Tsela e e molemo ya go thusa motho yo o nwelang ke efe—a ke go itatlhela mo metsing kgotsa go mo latlhelela sengwe se se tla mo namolang?