LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Re a go amogela.
Laeborari eno e diretswe go go thusa go dira dipatlisiso ka dipuo tse di farologaneng e dirisa dikgatiso tse di kwadilweng ke Basupi ba ga Jehofa.
Fa o batla go itseela dikgatiso, tsweetswee tsena mo jw.org.
Kitsiso
Dipuo tse disha tse di leng gone: Bangla Sign Language, Benin Sign Language
  • Gompieno

Labone, September 24

Itumeleng lo bo lo ipele.​—Isa. 65:18.

Isaia o tlhalosa lebaka la go bo re tshwanetse go ‘itumela le go ipelela’ go bo re le mo paradaiseng ya tshwantshetso. A re Jehofa ke ene a dirileng gore paradaise eno e nne teng. (Isa. 65:18, 19) Ka jalo, go a utlwala go bo Jehofa a re neile tshiamelo ya go thusa batho gore ba tswe mo mekgatlhong ya lefatshe leno e e sa ba ruteng boammaaruri ka ene, mme ba tle mo paradaiseng ya tshwantshetso. Re itumelela masego a re nang le one ka gonne re itse boammaaruri, e bile re dira sotlhe se re ka se kgonang go bolelela batho ba bangwe ka masego ao. (Jer. 31:12) Gape re a ipela e bile re lebogela tsholofelo e re nang le yone ka gonne re atamalane le Jehofa. Baebele e a re re tla ‘aga matlo re bo re nna mo go one, e bile re tla jala masimo a morara re bo re ja maungo a one.’ ‘Ga re kitla re dira ka natla re direla lefela’ ka gonne re tla bo re le ba ba “segofaditsweng ke Jehofa.” Jehofa o solofetsa gore o tla re naya botshelo jo bo kgotsofatsang. E re ka a itse se mongwe le mongwe wa rona a se tlhokang, o tla “kgotsofatsa keletso ya setshedi sengwe le sengwe.”​—Isa. 65:20-24; Pes. 145:16. w24.04 22-23 ¶11-12

Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2026

Labotlhano, September 25

Modimo ke lefika la me le le nonofileng, botshabelo jwa me.​—Pes. 62:7.

Jehofa e ka nna Lefika la rona fa re ikaega ka ene. Re a itse gore go mo ikobela le fa go le thata go re tswela mosola. (Isa. 48:17, 18) Nako le nako fa re bona tsela e Jehofa a re thusang ka yone re mo tshepa le go feta. Re tlhatswega pelo gore Jehofa ke ene a ka re thusang go itshokela mathata a re ka lebanang le one le fa a ka nna thata jang. Fela jaaka lefika le legolo le nna le tsepame, Jehofa le ene ga a fetoge. Botho jwa gagwe ga bo fetoge e bile ka metlha o dira se a ikaeletseng go se dira. (Mal. 3:6) Fa Adame le Efa ba sena go mo tlhanogela, Jehofa ga a a ka a fetola se a neng a ikaeletse go se dira. Tota e bile, moaposetoloi Paulo o ne a re “ga a ka ke a nna se tota a seng sone.” (2 Tim. 2:13) Se se diregang kgotsa se batho ba se dirang ga se fetole se Jehofa a leng sone, se a ikaeletseng go se dira le melao ya gagwe. E re ka Jehofa a sa fetoge, re a itse gore o tla re thusa fa go le thata le gore mo nakong e e tlang o tla dira se a se solofeditseng.​—Pes. 62:6, 7. w24.06 27-28 ¶7-8

Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2026

Lamatlhatso, September 26

Se se mo pelong . . . [se] botlhokwa thata.​—1 Pet. 3:4.

Fa e le gore lo a ratana, lo ka thusiwa ke eng gore lo dire tshwetso ya gore a lo tla nyalana kgotsa nnyaa? Ipheng nako ya go itsane sentle. Gone ke boammaaruri gore go na le dilo dingwe tse o ileng wa di itse ka motho yo o ratanang le ene pele lo simolola go ratana. Mme gone jaanong, o ka kgona go itse “se se mo pelong” ya gagwe. Seo se akaretsa go itse gore o atamalane le Jehofa go le kana kang, ke motho yo o ntseng jang le tsela e a akanyang ka yone. Fa nako e ntse e tsamaya, o ka kgona go araba dipotso tseno: “A nna le motho yo ke ratanang le ene re a tshwanelana?” (Diane 31:26, 27, 30; Baef. 5:33; 1 Tim. 5:8) “A re ka kgona go ratana botshelo jotlhe? A ke kgona go itshokela makoa a gagwe?” (Bar. 3:23) Nna o gopotse gore selo sa botlhokwa ga se gore lo rata dilo tse di tshwanang, go na le moo ke gore a lo dirisana sentle fa lo sa dumalane. w24.05 27 ¶5

Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2026
Re a go amogela.
Laeborari eno e diretswe go go thusa go dira dipatlisiso ka dipuo tse di farologaneng e dirisa dikgatiso tse di kwadilweng ke Basupi ba ga Jehofa.
Fa o batla go itseela dikgatiso, tsweetswee tsena mo jw.org.
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela