Diane
26 Fela jaaka kapoko go le selemo le pula ka nako ya thobo,
Tlotlo ga e tshwanele motho yo o sematla.+
2 Fela jaaka nonyane e na le lebaka la go tshaba le peolwane e na le lebaka la go fofa,
Phutso ga e nne gone kwantle ga lebaka le le utlwalang.*
4 O se ka wa araba motho yo o sematla go ya ka boeleele jwa gagwe,
Gore o se ka wa tshwana le ene.”
5 Araba motho yo o sematla go ya ka boeleele jwa gagwe,
Gore a se ka a akanya gore o botlhale.+
6 Motho yo o nayang sematla maikarabelo a go dira tiro nngwe
O tshwana le motho yo o ikgolafatsang dinao le yo o ikgobatsang.*
8 Go galaletsa motho yo o sematla,+
Go tshwana le go bofelela leje mo motsekeding.
9 Seane mo molomong wa batho ba ba dimatla,
Se tshwana le semela se se mmitlwa se se tlhabang seatla sa letagwa.
10 Motho yo o thapang sematla kgotsa bafeti ka tsela
O tshwana le motho yo o hulang ka motswi yo o tlhabang gongwe le gongwe.*
11 Sematla se boaboeletsa boeleele jwa sone+
Fela jaaka ntša e e boelang kwa matlhatseng a yone.
12 A o kile wa bona motho yo o itsayang a le botlhale?+
Go motlhofo go thusa sematla go na le go thusa ene.
13 Setshwakga sa re: “Go na le tawana mo tseleng,
Go na le tau mo patlelong!”+
14 Lebati le nna le tswalega le bulega le tshwerwe ke ditshitswana tsa lone,
Setshwakga le sone se nna se pitikologa mo bolaong jwa sone.+
15 Setshwakga se tsenya seatla mo sekotleleng sa dijo,
Mme se lapile thata go ka isa seatla kwa molomong.+
16 Setshwakga se akanya gore se botlhale
Go feta batho ba le supa ba ba arabang ka botlhale.
17 Ope fela yo o fetang ka tsela a bo a galefisiwa ke* komano e e sa mo ameng,+
O tshwana le motho yo o tshwarang ntša ka ditsebe.
18 Setsenwa se hula dibetsa tse di konopiwang le metswi e e bolayang.
19 Motho yo o tsietsang moagelani wa gagwe a bo a re, “Ke ne ke itshamekela fela!” le ene o tshwana le setsenwa seo.+
20 Kwa go se nang dikgong teng, molelo o a tima,
E bile kwa go se nang motho yo o senyang batho maina teng, manganga a a fela.+
21 Fela jaaka magala a a ntseng a tuka a tukisa a mangwe, le dikgong di tukisa molelo,
Motho yo o ratang manganga le ene o baka dikomano.+
22 Mafoko a motho yo o senyang batho maina a tshwana le dijo tse di monate;*
Tse di fologelang ka bonako mo mpeng.+
23 Mafoko a a monate a a tswang mo* pelong e e bosula+
A tshwana le selefera e e tshasitsweng mo sejaneng sa letsopa.
24 Motho yo o tlhoileng ba bangwe o dirisa mafoko go fitlha letlhoo la gagwe,
Mme mo teng ga gagwe o hupile tsietso.
25 Le fa gone a bua ka bopelontle, o se ka wa mo ikanya,
Gonne go na le dilo di le supa tse di makgapha mo pelong ya gagwe.*
26 Le fa gone letlhoo la gagwe le fitlhilwe ke boferefere,
Bosula jwa gagwe bo tla senoga mo phuthegong.
27 Ba ba epang khuti ba tla wela mo go yone,
E bile ope fela yo o pitikololang leje, le tla boa le bo le mo tšhwetla.+
28 Loleme lo lo buang maaka lo tlhoile ba lo ba gateletseng,
E bile molomo o o buang puo e e borethe o baka tshenyo.+