Sefela sa Difela
8 “E kete o ka bo o tshwana le kgaitsadiake,
Yo o antseng mabele a ga mmê!
Foo ke ne ke tla go suna,+ fa ke ne nka go fitlhela kwa ntle,
E bile ga go na ope yo o neng a tla nnyatsa.
2 Ke ne ke tla go etelela pele;
Ke ne ke tla go tlisa mo teng ga ntlo ya ga mmê,+
Ene yo o nthutileng.
Ke ne ke tla go naya beine e e tsentsweng setswaiso gore o nwe,
E leng matute a digaranata.
3 Seatla sa gagwe sa molema se ne se tla bo se le ka fa tlase ga tlhogo ya me,
E bile seatla sa gagwe sa moja se ne se tla ntlamparela.+
4 Ke a lo ikanisa, lona bomorwadia Jerusalema ka re:
Lo se ka lwa leka go tsosa kgotsa go kurusa lorato mo go nna go fitlha lone lo tsoga.”+
5 “Ke mang yono yo o tlang a tswa kwa nageng
A ikaegile ka moratiwa wa gagwe?”
“Ke ne ka go tsosa ka fa tlase ga setlhare sa diapole.
Ke gone koo mmago a neng a le mo ditlhabing tsa pelegi ka ntlha ya gago gone.
Ke gone koo mosadi yo a go tshotseng a neng a le mo ditlhabing tsa pelegi gone.
6 Mpeye jaaka letshwao mo pelong ya gago,
Jaaka letshwao mo lebogong la gago,
Gonne lorato lo nonofile jaaka loso,+
E bile lo dira gore motho a ikanyege ka pelo yotlhe mo go yo mongwe, fela jaaka Lebitla* le ngangatlela moswi.
Malakabe a lone ke molelo o o tukang, kgabo ya ga Jah.*+
Fa motho a ne a ka ntshetsa lorato khumo yotlhe ya ntlo ya gagwe,
E* ne e tla nyadiwa thata.”
8 “Re na le kgaitsadiarona yo monnye+
Yo a iseng a tswe mabele.
Re tla direla kgaitsadiarona eng
Mo letsatsing la fa a tla bo a batliwa gore a nyalwe?”
9 “Fa e le gore ke lobota,
Re tla aga lobotana lo lo thekeletsang kwa godimo lwa selefera mo go ene,
Mme fa e le gore ke lebati,
Re tla mo thiba ka polanka ya mosedara.”
10 “Nna ke lobota,
E bile mabele a me a tshwana le ditora.
Ka jalo, mo matlhong a gagwe
Ke ntse jaaka yo o nang le kagiso.
11 Solomone o ne a na le tshimo ya morara*+ kwa Baale-hamone.
O ne a laela batlhokomedi gore ba tlhokomele tshimo eo ya morara.
Mongwe le mongwe o ne a tle a tlise dishekele tsa selefera di le sekete tsa maungo a yone.
12 Ke na le tshimo ya morara.
Dishekele tsa selefera tse di sekete ke tsa gago,* wena Solomone,
E bile dishekele tse di makgolo a mabedi ke tsa ba ba tlhokomelang maungo a yone.”
13 “Wena yo o nnang mo ditshingwaneng,+
Balekane ba reetsa lentswe la gago.
Mma ke le utlwe.”+
14 “Itlhaganele moratiwa,
O bo o nne bofefo jaaka tshephe+
Kgotsa jaaka kgama e tonanyana e nnye
Mo godimo ga dithaba tsa dinkgisamonate.”