-
1 Dikgosi 21:19-24Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
19 O mo reye o re, ‘Seno ke se Jehofa a se buang: “A o bolaile motho+ e bile o tsere boswa jwa gagwe?”’*+ Go tswa foo, o mo reye o re, ‘Seno ke se Jehofa a se buang: “Kwa lefelong le dintša di latsweditseng madi a ga Nabothe teng, le wena dintša di tla latswetsa madi a gago teng.”’”+
20 Ahabe o ne a raya Elija a re: “O mpone, wena mmaba wa me!”+ Ene o ne a araba jaana: “Ke go bone. Ka jalo, Modimo o ne a re: ‘Ka gonne o ikemiseditse* go dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa,+ 21 bona, ke go tlisetsa masetlapelo, mme ke tla go nyeletsa ke bo ke fedisa monna mongwe le mongwe* yo e leng setlogolwana sa ga Ahabe,+ go akaretsa ba ba sa kgoneng go itshireletsa le ba ba bokoa mo Iseraele.+ 22 Mme ke tla dira gore lelapa la gago le nne jaaka lelapa la ga Jeroboame+ morwa Nebate le jaaka lelapa la ga Baasha+ morwa Ahija, ka gonne o dirile gore ke galefe e bile o dirile gore Baiseraele ba leofe.’ 23 Gape Jehofa o buile jaana ka Jesebele: ‘Dintša di tla jela Jesebele mo lebaleng kwa Jesereele.+ 24 Ope fela wa ga Ahabe yo o swelang mo motseng o tla jewa ke dintša, mme ope fela yo o swelang mo nageng o tla jewa ke dinonyane tsa magodimo.+
-
-
2 Dikgosi 9:7Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
7 O tshwanetse go kgemetha ba lelapa la ga Ahabe morena wa gago, mme ke tla busolosetsa madi a batlhanka ba me baporofeti le a batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba ba bolailweng ke Jesebele.+
-