Go Godisa Ngwana yo o Opisang Tlhogo
“AO TLHOTSE sentle?” Susan o ne a botsa morwaawe Jimmy jalo fa a ne a tsena mo koloing ka nako ya fa a ile go mo tsaya kwa sekolong. O ne a mo didimalela fela a sosobantse sefatlhego. O ne a bua jaana a mo utlwela botlhoko: “E tshwanetse ya bo e ne e se letsatsi le le monate mo go wena. A o ka rata go mpolelela gore molato ke eng?”
“Kgaogana le nna,” o ne a mo araba jalo a rumaruma.
“Ke tshwenyegile ka wena. O lebega o sa itumela. Ke batla go go thusa.”
“Ga ke tlhoke thuso ya gago!” o ne a goeletsa jalo. “A ko o kgaogane le nna! O a ntena. Bogolo nkabo ke sule!”
Susan a bua jaana a fegelwa: “Jimmy! o se ka wa bo wa bua jalo le nna—ke tloga ke go itaya! Ke ne ke re ke leka go go thusa. Ga ke itse gore tota o tsenwe ke eng. Ga o ke o bo o itumelela sepe fela se ke se buang kgotsa se ke se dirang.”
Susan o ne a ralala pharakano jalo morago ga tiro e e boima ya letsatsi a ipotsa gore go tlile jang gore a nne le ngwana yo o ntseng jaana. O ne a tlhakane tlhogo, a tlaletswe, e bile a shakgetse mme gape a tla a itshwaya diphoso ka ntlha ya maitsholo a morwaawe. Susan o ne a boifa—a boifa go ya gae le ngwana a mo tsetse. Tota o ne a sa tlhole a batla go itse gore go diragetseng kwa sekolong. Kwantle ga pelaelo morutabana o ne a tlile go founa gape. Ka dinako tse dingwe Susan o ne a sa kgone go itshokela dilo tseno.
Ka gone, tiragalonyana fela e e lebegang e sa re sepe e ne e felela ka maikutlo a a tobekaneng go tlhakane le go tlhobaela. Bana ba ba nang le ADD/ADHD kgotsa ba go tleng go twe ba “opisa tlhogo” ba nna tlhogoethata fa ba lebanwe ke mathata. Ka bonako fela ba a shakgala mo go dirang gore batsadi ba kgopisege, ba tlalelwe le go lapa.
Go Sekaseka Maemo le go ba Thusa
Totatota bana ba ba ntseng jalo ba botlhale, ba na le bokgoni jwa go itlhamela dilo e bile ba tsibogela maemo ka bonako thata. Go botlhokwa gore motho a lemoge gore ke bana ba ba itekanetseng sentle, ke fela gore go na le dilo tse di kgethegileng tse ba di tlhokang mo go tlhokang gore motho a ba tlhaloganye ka tsela nngwe e e rileng. Dintlha tse di latelang ke dilo dingwe tsa motheo le dikgopolo dingwe tse batsadi ba bana ba ba ntseng jalo ba boneng di thusa.
Sa ntlha, go tlhokega gore o ithute go lemoga maemo le dilo tse di kgopisang ngwana. (Bapisa Diane 20:5.) Go botlhokwa gore batsadi ba ele tlhoko matshwaonyana a a simololang a a gogelang kwa goreng ngwana a shakgale mme ba mo thuse ka bonako. Selo se segolo se se ka go bontshang seo ke fa a simolola go sosobanya sefatlhego se se supang gore o a tlalelwa le fa a lebega a sa kgone go emelana le maemo a a mo go one. Go ka thusa thata fa o ka gakolola ngwana yono ka bonolo gore o tlhoka go laola maikutlo a gagwe kana, fa go tlhokega, o mo tlose mo lefelong le le bakang seemo seo. Ka sekai, go mo tlogedisa se a neng a se dira go ka thusa thata, go sa dirwe ka maikaelelo a go mo otlhaya mme e le go thusa ngwana le motsadi go baakanya dilo, go wela makgwafo, le go tswelela ba utlwana.
Mo sekaing se re se umakileng, Jimmy o ne a tenwa ke dipotso tse di sa reng sepe. Ke kafa Jimmy a itshwarang ka teng ka metlha. Le mororo seno se ka dira gore motsadi a kgopisege ka boene, go tlhokega gore motho a lemoge gore bana bano ba latlhegelwa ke tlhaloganyo (go leba dilo ka tsela e e siameng) fa ba ngomogile pelo thata ba sa tlhole ba kgona go itshoka. Ka gone, go botlhokwa gore motho a dirisane le bone ka temogo. (Diane 19:11) Mo kgannyeng ya ga Jimmy, Susan o ne a ka nna a okobatsa maemo ka go didimala a naya morwaawe sebaka gore a laole maikutlo a gagwe, mme gongwe moragonyana ba ne ba ka tlotla ka se se diragetseng mo letsatsing leo.
Bana ba ba Ngomogileng Pelo
Ga go ise go ko go nne le nako e batho ba kileng ba aparelwa ke mathata, dikgatelelo le go tlhobaela jaaka go direga gompieno. Metlha e fetogile, dilo tse batho ba tshwanelwang ke go di dira di dintsi mme go na le dilo tse dintsi tse bana ba lebeletsweng go di dira. Malebana le kgang eno, buka ya Good Kids, Bad Behavior ya re: “Mathata a le mantsi a go lebegang bana ba na le one a ka tswa a bakwa kana a tlhotlhelediwa ke maemo a loago a a ntseng a fetoga.” Bana ba ba nang le ADD/ADHD ga ba rate sekolo. Fa ba ntse ba leka go lwa le makoa a bone ba patelesega go itshokela le maemo a a gwetlhang a tegenoloji e e tlhabologang e gangwe le gape e fetofetogelang mo maemong a a ka lebegang a boifisa e bile a le kotsi, mo go dirang gore ba tlhobaele le go feta. Bana ga ba a nonofa mo maikutlong go ka itshokela mathata a a ntseng jalo. Ba tlhoka thuso ya batsadi ba bone.
Fokotsa Dikgotlhang
Gore o ke o nne le bana ba ba itumetseng, ba ba itekanetseng, go botlhokwa gore o dire gore dilo di nne ka thulaganyo le ka tlhomamo. O ka simolola go rulaganya dilo sentle ka go tlhofofatsa tsela e lo tshelang ka yone mo gae. E re ka bana bano ba sa kgone go laola maikutlo a bone, ba iteega tsebe motlhofo e bile ba le matlhagatlhaga thata, go tlhokega thata gore o fokotse dilo tse di seng molemo tse di ka ba tlhagafatsang. Fokotsa palo ya ditshamekisi tse bana bano ba letlelelwang go tshameka ka tsone. Dira gore a dire tiro e le nngwe ka nako go fitlha a e fetsa. E re ka bana bano ba sa kgone go rulaganya dilo sentle ka bobone, go bolaisiwa pelo ga bone ke dilo go ka fokotsega fa o ka ba thusa go rulaganya dilo tsa bone sentle. Go ka nna motlhofo mo go bone go dira dilo tse di botlhokwa fa o ka fokotsa dilo tse ba tshwanelwang ke go di dirisa lefa o ka dira gore di nne gaufi le bone.
Tsela e nngwe e o ka fokotsang go ngomoga pelo mo lelapeng ka yone ke go dira thulaganyo e e rileng e e ka dirang gore bana ba tlhomame mo go se ba se dirang, e seng e e gagametseng thata. Nako e tiro nngwe e tla dirwang ka yone ga e botlhokwa jaaka tatelano ya dilo tse di tla dirwang. Seno se ka fitlhelelwa ka go dirisa dikakantsho tse di molemo tse di jaaka tseno. Mo neye dijo tse di tshwanetseng tse di otlang mmele sentle le tse di botlhoswana ka dinako tse di tshwanetseng. Dira gore nako ya fa a ya go robala e nne e e itumedisang, o mmontsha lorato e bile o mo lapolosa. Go ya go reka kwa mabenkeleng go ka gakatsa ngwana yo o matlhagatlhaga gore a nne matlhagatlhaga go feta, ka jalo, rulaganya dilo go sa le gale mme leka gore o se ka wa ya kwa mabenkeleng a mantsi thata. Mme fa lo etela lefelo lengwe, mo tlhalosetse gore o batla a itshwara jang. Thulaganyo e e tlhomameng e ka thusa ngwana yono yo o tlhokang dilo tse di kgethegileng gore a kgone go laola boitshwaro jwa gagwe jwa go dira dilo ka go phamoga. Mo godimo ga moo, go mo thusa gore a itse go sale gale gore motsadi o batla eng.
Mo godimo ga go dira thulaganyo e e rileng, go molemo gore o tlhome melao e e rileng o bo o bolele gore ditlamorago tsa go tlola melao eo e e ka se kang ya fetolwa ke dife. Melao e e tlhalositsweng sentle e e tlhomameng e balekane ka bobedi ba dumalanang ka yone, e ka thusa ngwana go itse gore a itshware jang—le go mo ruta gore o tla ikarabela mo go sengwe le sengwe se a se dirang. Fa go tlhokega, kwala melao yotlhe o bo o e baya fa e ka bonalang sentle gone (go gakolola motsadi le ngwana). Go dira dilo ka tsela e e tshwanang ka dinako tsotlhe ke selo se segolo se se ka thusang ngwana gore a se ka a tshwenyega mo maikutlong.
Go akanyetsa dilo tse ngwana a di kgatlhegelang, tse a di ratang le tse a sa di rateng le go fetofetoga go ka go thusa thata gore o tile mathata a a sa tlhokegeng mo lelapeng. Ka gonne boitshwaro jwa bana bano ka tlwaelo bo fetofetoga thata e bile ba palelwa ke go laola maikutlo a bone, go ba bakela mathata fa ba tshwanelwa ke go dirisana le bana ba bangwe. Go abelana dilo le ba bangwe, segolobogolo ditshamekisi, ke gone thata go ka bakang dikgotlhang, ka jalo, batsadi ba ka nna ba letla bana bano go tlhopha dilo tse ba ka ratang go di abelana le ba bangwe. Mo godimo ga moo, go laola tsela e ba tsibogelang dilo ka yone ka go dira gore ba tshameke le setlhopha se se sennye fela sa ditsala le go dira gore ba tshameke ka dilo tse di se kitlang di dira gore ba nne matlhagatlhaga thata le gone go ka ba thusa gore ba fenye bothata jwa go palelwa ke go laola maikutlo a bone.
Go botlhokwa gore batsadi ba letle ngwana mongwe le mongwe wa bone go gola ka tsela e e mo tshwanetseng e seng go batla go mo pateletsa gore a nne ka tsela e e rileng go sa tlhokege. Fa ngwana a sa rate sejo sengwe kana seaparo sengwe, se tlose mo matlhong a gagwe. Go mo pateletsa dilo tseno tse di mo shakgatsang ga go kitla go thusa ka sepe. Totatota, o se ka wa leka go laola sengwe le sengwe. Nna tekatekano, lefa go ntse jalo, fa lo dirile ditshwetso dingwe tsa gore ke eng se lo se letlang mo lelapeng la lona la Bokeresete, kgomarela tshwetso eo.
Go Laola Boitshwaro Jwa Gagwe
Bana ba maikutlo a bone a fetofetogang ba tlhoka gore motho a ba dise ka kelotlhoko. Ka ntlha ya seno, batsadi ba le bantsi ba tle ba ipone molato fa ba tshwanelwa ke go ba otlhaya kgapetsakgapetsa. Lefa go ntse jalo, go botlhokwa gore o lemoge maemo sentle, o lemoge pharologano fa gare ga go otlhaya le go mo sotla. Go ya ka buka ya A Fine Line—When Discipline Becomes Child Abuse, go begwa gore 21 lekgolong ya bana botlhe ba ba sotlwang mo mmeleng ba dirwa jalo ka nako ya fa ba nna bodipa. Ke gone ka moo babatlisisi ba konelang ka gore bana ba ba nang le ADD/ADHD “ba ka nna mo kotsing ya go sotlwa mo mmeleng le go tlhokomologiwa.” Gone ke boammaaruri gore go godisa bana ba ba tlhokang tlhokomelo e e kgethegileng go ngomola pelo tota, lefa go ntse jalo, ba tshwanetse go tlhokomelwa sentle le ka tsela e e lekalekaneng. E re ka gantsi bana bano ba le botlhale thata e bile ba kgona go itlhamela dilo, ba ka opisa batsadi tlhogo mo dilong tse di tlhokang gore ba tlhalose mabaka. Gantsi bana ba ba ntseng jalo ba na le go lemoga diphoso mo ditshwetsong tse di botlhale tsa batsadi. Se ba letle! Ba lemotshe gore jaaka motsadi ke wena yo o laolang.
Ba tlhalosetse mabaka ka bokhutshwanyane o le botsalano mme e le ka tsela e e nonofileng; ka mafoko a mangwe, o se ka wa tlhalosa dilo bobe, e bile o se ka wa ba letla gore ba go dire gore o fetole melao e e sa ka keng ya fetolwa. A “ee” wa gago e nne ee le “nnyaa” e nne nnyaa. (Bapisa Mathaio 5:37.) Bana ga ba tshwane le boramatlhale; ka gone, fa o nnela ditherisano le bone go ka dira gore gangwe le gape lo ganetsane, ba shakgale, ba tlalelwe le e leng go goa le go lwa. (Baefeso 4:31) Mme gape, tila go nnela go ba kgalema. Fa go tlhokega gore o ba otlhaye, se senye nako. Buka ya Raising Positive Kids in a Negative World e kgothatsa jaana: “Ritibala, itshepe mme o tlhomame—ke kafa taolo e ntseng ka teng.” Gape, ela tlhoko dikakantsho tseno tse di molemo tsa The German Tribune: “Ka metlha bua le ngwana ka tsela e e tla dirang gore a go reetse sentle: mmitse ka leina gangwe le gape, mo lebe mo matlhong mme o bue le ene ka tsela e a tla go tlhaloganyang ka yone.”
Go sotla ngwana go simolola fa o palelwa ke go laola seemo. Fa motsadi a goakaka, o a bo a setse a sa tlhole a kgona go laola maemo. Diane kgaolo 15 e bua ka kgang eno ya go godisa bana le go ba otlhaya. Ka sekai, temana ya 4 e bolela jaana: “Loleme [lo lo ritibetseng, NW] ke setlhare sa botshelo, mme fa bogwadi bo le mo go lone bo phatlole pelo”; temana 18: “Motho yo o šakgalang bobe o tlhotlheletsa kgang, mme yo o bonya go galefa o kokobetsa komano”; mme kwa bofelong, temana 28 ya re: “Pelo ya mosiami e tlhatlhanya go fetola.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Ka gone, go botlhokwa gore re se ka ra ela tlhoko fela se re se buang mme gape re ele tlhoko le kafa re se buang ka teng.
Mo Akgole, se mo Kgobe
Ka gonne bana ba ba opisang tlhogo ba dira dilo tse ba di itlhametseng, tse di kgakgamatsang tota le tsa botsenwa, batsadi ba ka nna ba sekamela mo go ba tshwayatshwayeng diphoso, ba ba kgala, ba ba kgoba le go ba tlhasela ka bogale. Lefa go ntse jalo, Baebele mo go Baefeso 6:4 go ya ka thanolo ya Today’s English Version, e laela batsadi go godisa bana ka “kwatlhao le tao ya Sekeresete.” Jesu o ne a laya jang ba ba dirileng diphoso? Jesu o ne a laya batho ka go bua le bone ka tsela e e neng e ba thapisa e bile e ba ruta, a ba tshwara sentle mme a tlhomame. Tao ke selo se se dirwang kgato ka kgato, ke mokgwa wa go kaela, o fa o dirisiwa mo baneng, ka metlha o tshwanelwang ke go dirisiwa gangwe le gape.—Bona setlhogo sa “Kgopolo E E mo Bibeleng . . . ‘Thupa ea Koatlhao’—A E Siilwe ke Nako?,” mo go Tsogang! ya September 8, 1992.
Fa o ba otlhaya ka tsela e e tshwanetseng, ba tla go ikanya, ba go rata e bile ba tla tlhomama; ka gone, fa go tlhokega gore o ba otlhaye, dira jalo o ba tlhaloseditse mabaka. Ga o ka ke wa rarabolola mathata ka ponyo ya leitlho e re ka bana ba ithuta dilo ka iketlo morago ga lobaka. Go godisa ngwana ope fela, segolobogolo ba ba opisang tlhogo, motho o tshwanelwa ke go ba tlhokomela fela thata le ka lorato, go go tlhoka nako le matsapa a mantsi. Go ka nna molemo thata gore o gakologelwe polelwana eno: “Bolela se o se kayang, kaya se o se bolelang, o bo o dire se o reng o tla se dira.”
Selo sengwe se se bolaisang pelo ka bana ba ba itshwarang ka tsela e e opisang tlhogo ke gore ba rata thata gore ba newe tlhokomelo e e feteletseng. Gantsi tlhokomelo e ba e newang ke e e ba utlwisang botlhoko go na le go ba thusa. Lefa go ntse jalo, nna bonako go lemoga maemo, mo akgole, kgotsa o mo leboge ka sengwe fa a ne a itshwere sentle kana fa a dirile tiro nngwe sentle. Seno se tla kgothatsa ngwana thata. Kwa tshimologong go ka nna ga lebega jaaka e kete o a mo senya, mme seo se tla go tswela mosola thata. Bana ba batla fela gore o ba neye dimphonyana tse dinnye mme o di ba neye ka yone nako eo.
Boitemogelo Jwa ga Rraagwe Greg
“Fa morwa wa rona Greg a na le dingwaga tse tlhano a tsena keretšhe, go ne ga lemotshega fa a na le ADHD. Ka nako eo re ne ra ya kwa ngakeng nngwe ya malwetsi a bana e e neng ya re tlhomamisetsa gore Greg o na le ADHD. O ne a re: ‘Ga se molato wa gagwe e bile ga se molato wa lona. Ga a ka ke a itira sepe ka gone mme fela, lo ka kgona go mo thusa.’
“Re akanya ka mafoko ano gangwe le gape ka gonne a re gakolola gore jaaka batsadi, re na le boikarabelo jo bogolo jwa go thusa ngwana wa rona go itshokela ADHD eno ya gagwe. Ka lone letsatsi leo ngaka e ne ya re naya buka nngwe go ya go e bala kwa gae, mme re dumela gore kitso e re e bapetseng mo dingwageng tse tharo tse di fetileng e ne ya re thusa thata gore re dire maikarabelo a rona ka botlalo malebana le Greg.
“Go botlhokwa thata fa o na le ngwana yo o nang le ADHD gore o mo rotloetse gore a itshware sentle o bo o mo tlhagise mme fa go tlhokega, o mo otlhaye fa a sa itshware sentle. O tla bona matswela a a molemo fa o dira jalo ka tsela e e tlhomameng o sa tle o fetofetoga. Dintlha tseno tse di motlhofo kwa ntle ga pelaelo ke tsone dilo tsa konokono mo go godiseng ngwana yo o nang le ADHD. Lefa go ntse jalo, ka gonne o tshwanelwa ke go dira dilo tseno gantsintsi fela mo letsatsing, go ka nna motlhofo go di bua mme go nne thata go di dira.
“Selo se re neng ra bona se re thusa thata ke nako ya go iphokisa phefo. Ka nako ya fa re iphokisa phefo le ene gore re baakanye boitshwaro jwa gagwe jo bo sa siamang, gape re ne re dirisa sebaka seo go mo kgothaletsa gore a itshware sentle. Re mo kgothatsa jalo ka go mo itumelela, go mo tlamparela, kana le e leng go mo fa sengwe kana tshiamelo nngwe. Re ne ra ya go reka tšhate e re kgomaretsang ditikara mo go yone. Kwa godimo ga yone re ne ra kwala kafa re batlang a itshwara ka teng. Nako le nako fa re bona Greg a itshwere sentle, re ne re mo naya setikara gore a se kgomaretse mo tšhateng ya gagwe. Fa tšhate e tletse, ka sekai, fa e na le ditikara di le 20, re ne re mo leboga ka sengwe. Gantsi e ne e nna sengwe se re itseng gore o se rata thata, se se jaaka go ya kwa parakeng le ene. Seno se a thusa ka gonne se mo rotloetsa gore a itshware sentle. O kgomaretsa ditikara ka boene gore a tle a bone gore o dira sentle go le kana kang le gore o gaufi go le kana kang le gore re mo leboge ka sengwe.
“Selo se sengwe gape se re boneng se thusa Greg thata, ke go mo letla gore a itlhophele dilo. Go na le go mo laela ka tlhamalalo, re mo letla gore a itlhophele. O tshwanetse go itlhophela gore a o batla go itshwara sentle kana a o batla go direlwa se a tla se bonang fa a sa itshware sentle. Seno se mo ruta gore a nne le boikarabelo le gore a itse go dira ditshwetso tse di siameng. Fa go na le sengwe se a retelelwang ke go tokafatsa mo go sone, se se jaaka go sa itshware sentle kwa mabenkeleng kana kwa resetšhurenteng, re dirisa setikara sa tšhate se se supang tuelo. Ka gone o kgona go bona molemo wa go itshwara sentle, mme fa a tokafaditse, re mmontsha fa re itumelela seo.
“Batho ba le bantsi ga ba lemoge gore ADHD e kgoreletsa ngwana gore a se ka a laola boitshwaro jwa gagwe le tsela e a tsibogelang dilo ka yone. Ba le bantsi ba dumela gore bana bano ba ka kgona go laola tsela e ba tlhomang mogopolo mo dilong ka yone le boitshwaro jwa bone fa ba ka iteka ka natla, mme fa ba retelelwa ke go dira jalo, go pegwa batsadi ba bone molato.
“Totatota ngwana yo o nang le ADHD ga a kgone go dula fela a didimetse ka diura tse pedi mo dipokanong tsa phuthego kwa Holong ya Bogosi. Ruri re ka se lebale kafa Greg, fa a santse a le dingwaga tse tlhano fela, a neng a aga a lela ka teng pele ga pokano nngwe le nngwe e bile a re botsa gore, ‘A pokano eno e tlile go tsaya lobaka lo loleele kana a e tlile go tswa ka bonako?’ O ne a tle a lele tota fa e le pokano ya diura tse pedi ka gonne a itse gore a ka se kgone go nna fela a didimetse lobaka lo loleele jalo. Re ne re a tle re akanyetse bokoa jono jwa gagwe le tsela e bo neng bo mo tshwenya ka yone. Re a itse gore Jehofa o tlhaloganya bokoa jono jwa gagwe go gaisa motho ope fela, mme seo ke sone se se re gomotsang. Gone jaanong jaana, Greg ga a tlhole a dirisa melemo mme o itshola jaaka ngwana wa dingwaga tsa gagwe.
“Re ne ra thusiwa ke go baya tsholofelo ya rona mo go Jehofa le go tlhoma mogopolo mo lefatsheng le lesha. Tsholofelo eno ya rona e kaya sengwe se segolo thata mo go Greg. O itumela tota le e leng go tsholola dikeledi tsa boitumelo fa a akanya gore Jehofa o tlile go fedisa ADHD mo lefatsheng la Paradaise.”
[Lebokoso mo go tsebe 26]
Dilo tse o ka mo lebogang ka tsone:
1. KAKGOLO—o mo akgolela tiro nngwe e a e dirileng sentle; o mmolelela fa o anaanela go bo a ile a itshwara sentle, o tla o mmontsha lorato ka sefatlhego le go mo tlamparela.
2. GO DIRISA TŠHATE—o e baya fa a ka e bonang sentle teng, e na le ditikara tse di kgatlhang kana tse di segilweng jaaka dinaledi tse di mo kgothaletsang gore a itshware sentle.
3. LENAANE LA DILO TSE DI SIAMENG—e le dilo tse di siameng le tse di amogelegang tse a di akgolelwang tse a di dirileng. Nako le nako fa ngwana yono a dirile sengwe sentle, go sa kgathalasege gore kwa tshimologong se sennye go le kana kang, se kwale o bo o se balele mongwe mo lapeng.
4. SESUPAMAITSHWARO—go ikaegile ka bogolo jwa ngwana, o latlhela dimonamone mo jekeng e e phatsimang nako le nako fa a dirile sengwe se se molemo (ke sengwe se se ka mo rotloetsang se a ka se bonang ka matlho). Maikaelelo ke go dira thulaganyo ya go mo abela dintlha tse e tla reng morago a bo a lebogiwa ka sengwe, se se akaretsang sengwe fela se lelapa le neng le tlile go se dira mmogo se se jaaka go ya kwa baesekopong, go ya go itheledisa mo aeseng kgotsa go ya go ja kwa resetšhurenteng. Go na le gore o gatelele mo ngwaneng go re: “Fa o sa itshware sentle, ga re ye koo,” leka go re: “Fa o ka itshwara sentle, re tla ya.” Maikaelelo ke go dira gore a akanye dilo tse di siameng e seng tse di sa siamang fa kafa letlhakoreng le lengwe o mo naya sebaka se se lekaneng sa go fetoga.
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Ka dinako tse dingwe motlotlo o ka dira gore motho a amege thata mo maikutlong
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Fa lo dira ditshwetso dingwe, tlhalosa mabaka a gone o bo o tlhomama mo go one
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
Ka boitumelo o kgomaretsa setikara mo tšhateng ya gagwe