LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g97 1/8 ts. 30-31
  • A Lefatshe le Tla Fedisiwa ka Molelo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Lefatshe le Tla Fedisiwa ka Molelo?
  • Tsogang!—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Modimo o a Amega?
  • “Lefatshe la Pele”
  • “Lefatshe Le Leša”
  • Kgolokwe-Lefatshe
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • A Lefatshe le Tlile go Senngwa?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • A Lefatshe la Rona le Tla Tsamaya le Senngwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Go Tla Diragalang ka Polanete e Go Tweng Lefatshe?
    Go Falolela mo Lefatsheng je Lesha
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1997
g97 1/8 ts. 30-31

Kgopolo E e Mo Baebeleng

A Lefatshe le Tla Fedisiwa ka Molelo?

BATHO ba le bantsi ba tlhatswegile pelo gore polanete ya Lefatshe, legae leno la motho, e tlile go fedisiwa ka molelo o o tla lailang tsotlhe, e fisiwa ke tshenyego e kgolo ya nuklea, e fisiwa ke letsatsi le le gogomogileng kana e tshubiwa ke modimo mongwe yo o tenegileng—ba tlhalosa tshenyego eo ka ditsela tse di sa tshwaneng, lefa go ntse jalo, ba re masetlapelo ao e tla nna tshenyego e e boitshegang ya lefatshe lotlhe.

Bangwe ba nopola ditemana tsa Baebele ba bontsha fa Modimo a tlile go dirisa molelo o o boitshegang go atlhola batho ka ntlha ya maleo a ba a diretseng lefatshe. Ba bangwe ba na le mogopolo o o tshwanang le wa ga Paul Davies yo e leng porofesa kwa Yunibesithing ya Adelaide, kwa Australia, yo o kwadileng ka se a se tsayang e le go senngwa ga lefatshe ka molelo o o boitshegang. O tlhalosa kgopolo eno jaana mo bukeng ya gagwe ya The Last Three Minutes: “Fa letsatsi le ntse le gogomogela pele, le tla khurumela . . . Lefatshe mo teng ga sephuthelwana sa lone sa molelo. Polanete ya rona e tla nna molora.” Totatota go tlile go direga eng ka lefatshe? Re tshwanetse go tlhaloganya jang ditemana tsa Baebele tse e keteng di bolelela pele ka tshenyego ya molelo?

A Modimo o a Amega?

Re bolelelwa jaana mo go Jeremia 10:10-12: “Jehofa ke ene Modimo wa boammaaruri; . . . One o dirile lefatshe ka nonofo ya one, o tlhomamisitse lobopo ka botlhale jwa one, o tsharolotse magodimo ka tlhaloganyo ya one.” Modimo o dirile lefatshe mme a le tlhomamisa. Ka jalo, ka botlhale, lorato le tlhaloganyo, o ne a baakanya lefatshe gore le nne legae le lentle la motho ka bosakhutleng.

Baebele e bega jaana malebana le fa Modimo a ne a bopa motho: “Wa ba tlhola nona le tshadi. Modimo wa ba segofatsa; Modimo wa ba raya wa re: ‘Atang lo ntsifale lo tlale ka lefatshe, lo le fenye.’” (Genesise 1:27, 28) Fa a sena go wetsa tiro ya gagwe ya go bopa, o ne a ka bua a sa belaele gore ‘ya bo e le molemo thata.’ (Genesise 1:31) O ne a batla gore e nne e ntse fela jalo. Fela jaaka fa batsadi ba ba solofetseng go nna le ngwana ba ka direla lesea la bone le le tla tsalwang phaposi e le tla robalang mo go yone le go e baakanya, Modimo le ene o ne a dira tshimo e ntle mme a baya Atame mo go yone go e atolosa le go e tlhokomela.—Genesise 2:15.

Atame o ne a latlhegelwa ke go tlhola a itekanetse le tiro ya gagwe ya go tlhokomela lefatshe. A mme Mmopi o ne a latlha maikaelelo a Gagwe? Isaia 45:18 ga e bontshe jalo: “Gonne go bua jaana Jehofa yo o tlhodileng magodimo; . . . o o bopileng lefatshe; . . . o ne wa le tlhomamisa, o ne o se ka wa le tlholela lefela, wa le bopela go ungwa.” (Bona le Isaia 55:10, 11.) Lefa motho a itlhokomolositse tiro ya gagwe ya go nna motlhokomedi, Modimo o ne a nna a diragatsa maikaelelo a gagwe ka lefatshe le ditshedi tse di mo go lone. Molao o o neng o filwe setšhaba sa bogologolo sa Iseraele o ne o na le thulaganyo ya gore ngwaga mongwe le mongwe wa bosupa e nne “sabata wa boikhutso jwa lefatshe.” O ne o akaretsa le melao e mengwe ya bopelotlhomogi e e neng e sireletsa diphologolo fela thata. (Lefitiko 25:4; Ekesodo 23:4, 5; Duteronome 22:1, 2, 6, 7, 10; 25:4; Luke 14:5) Tseno ke dikai di le mmalwa fela mo Baebeleng tse di bontshang ka phepafalo gore Modimo o amega thata fela ka motho le sotlhe se A se neetseng motho go se dira.

“Lefatshe la Pele”

Ka jalo re ka dumalanya jang ditemana tsa Baebele tse go lebegang di ganetsana? Nngwe ya tsone ke 2 Petere 3:7, eo go ya ka King James Version e reng: “Magodimo a gompieno le lefatshe, di boloketswe molelo ka lefoko la ona, di beelwa letsatsi la katlholo le tshenyego ya batho ba ba ikepileng.” E nngwe ke Tshenolo 21:1 e e reng: “Ka bona legodimo le leša le lefatshe le leša; gonne legodimo la ntlha le fetile le lefatshe la pele le fetile.”

Fa e le gore mafoko a ga Petere a tshwanetse go tsewa fela jaaka a ntse e bile polanete eno Lefatshe e tlile go jewa ka molelo wa mmatota, he magodimo a mmatota—dinaledi le dilo tse dingwe tsa kwa legodimong—le tsone di tlile go nyelediwa ka molelo. Lefa go ntse jalo, tlhaloso eno e ganetsana le se re se tlhomamisediwang mo dikwalong tse di jaaka Mathaio 6:10: “Go rata ga gago a go dirwe mo lefatsheng jaaka kwa legodimong,” le Pesalema 37:29: “Basiami ba tlaa rua lefatshe, ba tlaa aga mo go lone ka bosakhutleng.” Mo godimo ga moo, molelo o tla dira eng mo letsatsing le le fisang thata jaana le dinaledi, tse di nnang di thunya dilo tsa nuklea?

Mo letlhakoreng le lengwe, gantsi Baebele e dirisa lefoko “lefatshe” ka tsela ya go tshwantsha. Ka sekai, Genesise 11:1 ya re: “Lefatshe lotlhe la bo le le puo e le nngwe fela.” Fano lefoko “lefatshe” le kaya batho ka kakaretso kana setšhaba sa batho. (Bona le 1 Dikgosi 2:1, 2; 1 Ditirafalo 16:31.) Ditemana tse di dikologileng 2 Petere 3:5, 6 le tsone di dirisitse “lefatshe” ka tsela ya go tshwantsha fela. Di bua ka motlha wa ga Noa fa setšhaba sa batho ba ba boikepo se ne se nyelediwa ka Morwalela mme Noa le lelapa la gagwe mmogo le kgolokwe ka boyone ba bolokiwa. (Genesise 9:11) Ka mo go tshwanang, 2 Petere 3:7, ya re ba ba tla nyelediwang ke “baikepi.” Pono eno e dumalana le Baebele yotlhe. Setšhaba sa baikepi se se tlileng go nyelediwa ke “lefatshe la pele” le go buiwang ka lone mo go Tshenolo 21:1 e e nopotsweng pelenyana.

Ee ruri, fela jaaka rre yo o kelotlhoko wa mo lefatsheng a ka tsaya matsapa a magolo go bona gore legae la gagwe le babalesegile, Jehofa Modimo le ene o amegile thata ka popo ya gagwe. O kile a koba batho ba ba senang boitsholo le ba ba boikepo go tswa kwa Mokgatsheng o o nonneng wa Jorotane mme a tlhomamisetsa banni ba basha ba naga eo ba a neng a dirile kgolagano le bone gore fa ba ka boloka melao ya gagwe, ‘lefatshe ga le ketla le ba tlhatsa jaaka le tlhatsitse morafe o o neng o le gone pele ga bone.’—Lefitiko 18:24-28.

“Lefatshe Le Leša”

Gompieno, lefatshe le tladitswe leswe ke batho ba ba tlhabisang ditlhong mo go tsa tlhakanelodikobo, ba ba dirang thubakanyo ka tsela e e setlhogo le ba ba tsietsang mo go tsa bopolotiki. Ke Modimo fela a ka le namolang. O tlile go dira fela jalo. Mo go Tshenolo 11:18 o solofetsa “go senya ba ba senyang lefatshe.” Lefatshe le le tsosolositsweng le le ntšhafaditsweng le tla bo le tletse ka batho ba ba boifang Modimo le ba ruri ba ratang bangkabone. (Bahebere 2:5; bapisa Luke 10:25-28.) Diphetogo tse di tla diragalang mo Bogosing jwa Modimo jwa selegodimo di tla nna dikgolo thata mo Baebele e reng ke “lefatshe le leša”—setšhaba se sesha sa batho.

Fa re bala dikwalo tse di jaaka Pesalema 37:29 re bo re akanya ka mafoko a ga Keresete mo go Mathaio 6:10, re tlhatswega pelo gore ga go na ditiragalo tse di setlhogo tsa tlholego tse di sa tlhaoleng, le fa e le motho ka maatla otlhe a gagwe a a senyang, tse di ka nyeletsang polanete eno ya rona. Ga di kitla di kgoreletsa maikaelelo a Modimo. (Pesalema 119:90; Isaia 40:15, 26) Batho ba ba ikanyegang ba tla nna mo lefatsheng mo gare ga bontle jo bo kgatlhang le boitumelo jo bo sa khutleng. Seo ke se se tlileng go direga ka lefatshe, seo ke se e saleng e ntse e le maikaelelo a Mmopi yo o lorato wa motho.—Genesise 2:7-9, 15; Tshenolo 21:1-5.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela