Lewatle le le Tlhomologileng—Mme le Sule!
KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA ISERAELE
LE NA le letswai le lentsi thata, le kwa tlase-tlase, gape ga le na botshelo, mme batho ba bangwe ba le tsaya e le le le nang le metsi a a nayang boitekanelo thata mo lefatsheng. Go ralala le makgolokgolo a dingwaga le ne le bidiwa Lewatle le le Nkgang, Lewatle la ga Diabolo, le Lewatle la Asefalete. Baebele e le bitsa gore ke Lewatle la Letswai le lewatle la Areba. (Genesise 14:3; Joshua 3:16) Polelo ya bogologolo e e tlhomamisitsweng ke bakanoki ba le bantsi ke gore masalela a metse ya Sodoma le Gomora a kwa tlase ga lewatle leno. Ka jalo, le itsege gape e le Lewatle la Sodoma kgotsa Lewatle la ga Lote, yo o tlhagelelang mo ditiragalong tsa bogologolo tse di amanang le metse eno mo Baebeleng.—2 Petere 2:6, 7.
Maina mangwe a a ntseng jalo ga a dire gore motho a akanye gore lefelo leno e ka nna le le siametseng go ka etelwa. Le fa go ntse jalo, ngwaga le ngwaga diketekete tsa batho di etela lewatle leno la metsi a a sa tlwaelegang, le gompieno le itsegeng e le Lewatle le le Suleng kgotsa Lewatle la Letswai. Ke ka ntlha yang fa metsi a lone a le letswai jaana? A tota le sule, a gone metsi a lone a siametse boitekanelo?
Lewatle le le Kwa Tlasetlase Gape le le Letswai Thata
Lewatle le le Suleng le kwa bokone jwa karolo ya Great Rift Valley e e elang kwa borwa kwa Afrika Botlhaba. Noka ya Joredane e tsopelela go tswa kwa bokone go fitlhela kwa karolong e e kwa tlasetlase ya lefatshe—e e ka nnang dimetara di le 418 kwa tlase ga bogodimo jwa lewatle. Koo ke mo lewatle le le tsenang mo lefatsheng le dikologilweng ke dithabana tsa Judea kafa bophirima le dithaba tsa Moabe kafa botlhaba jwa Joredane.
Ke eng se se dirang Lewatle leno gore le nne letswai thata jaana? Matswai bogolosegolo a magnesium, sodium, le calcium a gogolelwa mo lewatleng le le Suleng ke Noka ya Joredane le dinoka tse dinnye, melatswana, le metswedi. Go fopholediwa gore Noka ya Joredane e le nosi fela e gogolela letswai le le boitshegang la ditone di le 850 000 ngwaga le ngwaga mo lewatleng leno. Ka gonne lewatle leno le le kwa tlase thata, metsi ga a kgone go elela; tsela e le nngwe fela e metsi ano a ka kgonang go tswa ke ka go moafala. Mo letsatsing le le fisang la selemo, metsi a mantsi a ditone di le dimilione tse supa a moafala, seno se tlhalosa lebaka la go bo metsi ano a sa oketsege. Le fa metsi ano a nyelela ka go moafala, matswai le diminerale di a sala. Seno se dira gore lewatle leno e nne le le nang le letswai le lentsi go gaisa, le na le diperesente tse 30 tsa letswai, e leng letswai le le fetang la mawatle ka makgetlho a le mmalwa.
Go tloga bogologolo batho ga ba bolo go kgatlhiwa ke tsela e Lewatle le le Suleng le tlhomologileng ka yone. Mofilosofi wa Mogerika e bong Aristotle o ne a utlwa gore Lewatle leno le “bogalaka gape le letswai mo e leng gore ga go na ditlhapi dipe tse di tshelang mo go lone.” Letswai le lentsi mo lewatleng leno le dira gore le batho ba ba sa itseng go thuma ba kgone go kokobala fa godimo ga metsi. Mokwalahisitori wa Mojuda, Flavius Josephus o tlhalosa kafa Mojenerale wa masole a Roma e bong Vespasian a neng a latlhela batshwarwa ba ntwa mo lewatleng leno ka teng go bona gore a kgang eno tota e boammaaruri.
Gongwe jaanong o ka tswa o ipotsa gore metsi a lewatle leno a ka nna a a suleng jang mme gape a naya boitekanelo.
A ke Lewatle le le Nayang Boitekanelo go Feta a Mangwe?
Batsamai ba bogologolo ba ne ba bua ditlhamane tsa gore lewatle leno le kgakgabetse le gore ga le na dinonyane, ditlhapi, le dijalo. Go ne gape go akanngwa gore menkgo e e tswang mo lewatleng leno e kotsi. Mme seno se ne sa dira gore kgopolo ya gore lewatle leno le a nkga e bile le sule e aname. Gone ke boammaaruri gore ka ntlha ya letswai le lentsi mo metsing ano, ke ditshedinyana tse dinnye tse di tshwanang le mefuta mengwe ya dibakateria, tse di kgonang go tshela mo metsing ano, mme fa e le ditlhapi tse di gogoletsweng mo lewatleng leno di fitlha di swa ka bonako.
Ga go na ditshedi tse di kgonang go tshela mo lewatleng leno, mme gone ga go a nna jalo ka lefelo le le le dikologileng. Le fa bontsi jwa lefelo leno e le le le kgakgabetseng, go na le dikarolo tse di tlhomologileng tsa naga tse ditala tse di nang le diphororo tsa metsi le dijalo tsa boboatsatsi. Lefelo leno gape le itsege ka ditshedi tsa lone tse di golang sentle. Go na le mefuta e 24 ya diamusi tse di tshelang gaufi le lewatle leno, tse di akaretsang sand cat, phiri ya kwa Arabia, le podi ya naga e e bonwang gantsi. Metswedi ya metsi a a se nang letswai e nna lefelo la bonno la ditshedi tse dintsi tse di kgonang go tshela mo metsing le mo lefatsheng, digagabi, le ditlhapi. E re ka Lewatle le le Suleng le le mo tseleng ya dinonyane tse di fudugang, go ile ga bonwa mefuta e e fetang 90 ya dinonyane, tse di jaaka bokokolofute ba bantsho le ba basweu. Gape o ka bona griffon vulture le Egyptian vulture.
Mme gone, Lewatle le le Suleng le ka nna jang le le nayang boitekanelo? Mo metlheng ya bogologolo batho ba ne ba nwa metsi a lewatle leno, ka tumelo ya gore a tla ba fodisa—selo se gone jaanong se sa kgothalediweng! Ka mo go utlwalang, go bolelwa gore go tlhapa mo metsing a a letswai ano go ka itshekisa motho. Gape lefelo leno lotlhe le tlotlomadiwa ka ntlha ya go kgona ga lone go alafa. Go nna kwa tlase ga lone go dira gore go nne le okosejene e ntsi mo loaping. Go bolelwa gore bromide e ntsi mo moweng e dira gore motho a sosologe, mme seretse se se ntsho se se tletseng ka diminerale le metswedi e e mogote e e nang le sulefera e e fa thoko ga losi di dirisediwa go alafa malwetse a a rileng a letlalo le ramatiki. Mo godimo ga moo, setlhare sa balema se se neng se tlhoga mo kgaolong eno, ga se a bolo go tseelwa kwa godimo le go dirisiwa mo ditlolong le mo kalafing.
Asefalete e e Tswang mo Lewatleng
Sengwe se se gakgamatsang ka Lewatle le le Suleng ke tsela e le ntshang baetomene ka yone, e gantsi e neng e bonwa e kokobetse fa godimo ga metsi e itirile makwete.a Ka 1905 makasine wa The Biblical World o ne wa bega gore karolo ya baetomene ya bokete jwa dikilogerama tse 2 700 e ne ya bonwa e kokobetse mo metsing gaufi le losi ka 1834. Go tlhalosiwa gore baetomene ke “lookwane lo lo sa tlhotlhiwang la ntlha go dirisiwa ke batho.” (Saudi Aramco World, November/December 1984) Batho bangwe ba ne ba akanya gore dithoromo tsa lefatshe ke tsone di dirileng gore makwete ano a baetomene a tswe kwa boalong jwa Lewatle le le Suleng a bo a kokobala fa godimo. Go ka direga gore asefalete e a sefega fa e fitlha mo lephanyegong e bo e fitlha kwa tlase ga lewatle e na le matlapa a letswai. Mme fa matlapa ano a letswai a gakologa, makwete a asefalete a tlhatlogela kwa godimo.
Go ralala makgolokgolo a dingwaga baetomene e ntse e dirisiwa ka ditsela tse dintsi—jaaka sethibela metsi mo dikepeng, mo dikagong, tota le jaaka selelekaditshenekegi. Go akanngwa gore mo bogareng jwa lekgolo la bonè la dingwaga B.C.E., Baegepeto ba ne ba dirisa baetomene go omeletsa ditopo tsa batho, le fa e le gore bomankge bangwe ba ganetsa kgang eno. Ka nako eo morafe wa bogologolo wa bakgarakgatshegi wa Ba-Nabataea o o neng o nna mo kgaolong eno ya Lewatle le le Suleng, e ne e le one o gwebang o le nosi ka baetomene mo kgaolong eno. Ba ne ba tla ka baetomene eno fa losing lwa lewatle ba bo ba e sega, mme morago ba ne ba e isa kwa Egepeto.
Ruri Lewatle le le Suleng le tlhomologile. Ga se go feteletsa dilo fa go tlhalosiwa lewatle leno go twe metsi a lone a tletse ka letswai, le kwa tlasetlase, gape go twe ga le na botshelo, gongwe e bile gape e le le le nayang boitekanelo. Ruri ke lengwe la mawatle a a kgatlhisang thata mo polaneteng ya rona!
[Ntlha e e kwa tlase]
a Baetomene e e tswang mo lookwaneng lo lo sa tlhotlhiwang gape e bidiwa asefalete. Le fa go ntse jalo, mo mafelong a le mantsi fa go buiwa ka asefalete go tewa baetomene e e tlhakantsweng le diminerale tse di jaaka motlhaba kgotsa mmu o o lekgwara tse gantsi di dirisiwang fa go dirwa ditsela. Ka ntlha ya maikaelelo a setlhogo seno, re dirisitse mafoko baetomene le asefalete ka go refosana go bontsha didiriso tse di sa tlhotlhiwang.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 27]
DI BOLOKILWE MO METSING A LETSWAI
Baitsehisitori ba bega gore Lewatle le le Suleng e ne e le lefelo le le tlhanaselang la kgwebo—dipego tseno di ne tsa tshegediwa ke go bonwa bosheng jaana ga ditshetledi tse pedi tsa logong.
Ditshetledi tseno di fitlhetswe kgakajana le losi lwa Lewatle le le Suleng, gaufi le fa boemakepe jwa bogologolo jwa En-gedi bo neng bo le gone. Go akanngwa gore e kgologolo thata e ka tswa e na le dingwaga tse 2 500, seno se dira gore e nne tshetledi e kgologolo go feta tsotlhe tse di kileng tsa bonwa mo Lewatleng le le Suleng. Ya bobedi go akanngwa gore e na le dingwaga tse di ka nnang 2 000 gape go dumelwa gore e dirilwe ka thekenoloji ya kwa Roma ya maemo a a kwa godimo ya nako eo.
Gantsi ditshetledi tsa logong di a bola fa di le mo metsing a a tlwaelegileng a lewatle, mme tse di dirilweng ka tshipi tsone ga di bole. Le fa go ntse jalo, go tlhokega ga okosejene mo Lewatleng le le Suleng le letswai le le ntsi le le leng mo go lone, go dirile gore ditshetledi tseno tsa logong le megala ya tsone di nne di le mo seemong se se siameng.
[Setshwantsho]
Tshetledi ya logong ya magareng ga lekgolo la bo7 le la bo5 la dingwaga B.C.E.
[Motswedi wa Setshwantsho]
Photograph © Israel Museum, Courtesy of Israel Antiquities Authority
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 26]
Diphororo tsa metsi a a bolelo
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 26]
Podi ya naga e tonanyana ya “ibex”
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 26]
Go bala lokwalodikgang o ntse o kokobetse fa godimo ga metsi