Kgaolo 13
“Lehoko ya Modimo le Tshedile”
Mo kgaolong e e fetileng, re bone gore kgakololo ya Bibela e ka re thusa gore re rarabolole mathata le gore re tile go dira diphoso. Botlhale jono jwa goyagoile jwa kgakololo ya Bibela ke bosupi jo bo maatla jwa gore e tlhotlheleditswe. Bibela ka boyone e bolela jaana: “Lokwalō loñwe le loñwe lo lo kwadilweñ ka tlhotlheleco ea Modimo, lo bile lo molemō go ruta, le go kgalemèla, le go shokolola, le go kaèla ka tshiamō.” (2 Timotheo 3:16) Mme Bibela e dira se se oketsegileng go gaisa go re neela kgakololo. Jaaka Lefoko la Modimo, tota e fetola batho.
1-3. (a) Bibela e otlelela jang ka moo go tlhokegang ka gone go fetola botho jwa motho? (b) Ke boitemogelo bofe jo bo bontshang nonofo eo Bibela e nang le yone ya go fetola botho?
A TOTA Bibela e ka fetola batho? Ee, e ka fetola tota le eleng le botho jwa bone. A o ke o tlhokomele kgakololo eno e e begilweng mo Bibeleng: “Kaga mokgwa oa botshelō yoa lona yoa galè, lo apolè motho oa bogologolo, eo o bōlañ kaha dithatoñ tsa tsieco; . . . lo shahadiwè mo moeeñ oa pelo tsa lona, Me lo aparè motho eo mosha, eo kaha Modimoñ o bopilweñ mo tshiamoñ, le mo boitshepoñ yoa boamarure.”—Baefesia 4:22-24.
2 A ruri go a kgonega gore re apare botho jo bosha? Ee, go a kgonega! Tota, go nna Mokeresete ka dinako tse dingwe go kopanyeletsa go dira diphetogo tse dikgolo thata mo bothong jwa gago. (1 Bakorintha 6:9-11) Ka sekai, mosimane mongwe wa kwa Amerika Borwa o ne a nna khutsana a le dingwaga di le robongwe. Ereka a ne a gola kwantle ga kaelo ya batsadi, o ne a nna le mathata a magolo thata mo bothong jwa gagwe. O tlhalosa jaana: “Fa ke ne ke le dingwaga di le 18, ke ne ke ineetse ka mo go feletseng mo diokobatsing mme ke ne ke setse ke kile ka nna nakonyana ke le mo kgolegelong ka ntlha ya go utswa gore ke tle ke kgone go kgotsofatsa mokgwa ono wa me.” Lefa go le jalo, rakgadiagwe e ne e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, mme kgabagare o ne a kgona go mo thusa.
3 O tlhalosa jaana: “Rakgadi o ne a simolola go ithuta Bibela le nna, mme morago ga dikgwedi di le supa ke ne ka kgona go kgaogana le mokgwa ono wa go dirisa diokobatsi.” Gape o ne a kgaogana le ditsala tsa gagwe tsa pele mme a dira ditsala tse disha le Basupi ba ga Jehofa. O tswelela jaana: “Ditsala tseno tse disha, gammogo le go bo ke ne ke ithuta Bibela ka metlha, di ne tsa nkgontsha gore ke tswelele pele mme kgabagare ke neele botshelo jwa me go direla Modimo.” Ee, motho yono yo pele e neng e le lekgoba la diokobatsi ebile e le legodu o ne a nna Mokeresete yo o matlhagatlhaga, mme phetogo eno e kgolo e ne ya nna gone ka ntlha ya maatla ao Bibela e nang le one. Eleruri, jaaka fa moaposetoloi Paulo a bolela, “Lehoko ya Modimo le tshedile, le tlhaga.”—Bahebera 4:12.
Go Fetoga ka Ntlha ya go Nna le Kitso
4, 5. Go ya ka Bakolosa 3:8-10, go tlhokega eng gore re tle re tlhagolele botho jo bosha?
4 Bibela e fetola batho jang? Karabo e bonwa mo temaneng eno ya Bibela: “Le lona lo latlhè dilō tse cotlhe hèla; eboñ bogale, le kgakalō, le kilō, le kgalō, le dipuō tsa botlhabisa ditlhoñ, lo di tlosè mo melomuñ ea lona: Se akalaneñ; ka lo apotse motho oa bogologolo le ditihō tsa gagwè, Me lo apere motho eo mosha, eo o nntseñ a shahalediwa mo kicoñ kaha sechwanoñ sa eo o mo tlhodileñ.”—Bakolosa 3:8-10.
5 Tlhokomela karolo ya botlhokwa eo e dirwang ke go nna le kitso ya boammaaruri ya Bibela. Bibela e tlhalosa gore ke mekgwa efe e re tshwanetseng ra kgaogana le yone le gore ke efe eo re tshwanetseng ra e tlhagolela. Kitso eo ka boyone e ka nna le ditlamorago tse di maatla, jaaka fa lekawana lengwe la kwa Yuropa borwa le ne la lemoga. O ne a na le bothata jo bogolo: o ne a le bogale jaaka tau. Fa a ne a gola, o ne a tlhola a lwetse ruri, mme ka ntlha ya go rata ntwa ga gagwe, o ne a tsenela mabole; mme lefa go le jalo o ne a santse a sa kgone go laola mokgwa wa gagwe wa go rata ntwa. Fa a ne a le mo bosoleng, o ne a tsena mo bothateng ka ntlha ya go itaya lesole le lengwe. Fa a sena go tswa mo bosoleng, o ne a nyala mme a betsa mosadi wa gagwe. Ka nako nngwe fa ba ntse ba omana mo lelapeng, o ne a bo a betsa rraagwe, a mo latlhela fa fatshe. Tota e ne e le lekawana le le bogale, le le ratang ntwa!
6, 7. Go nna le kitso ya boammaaruri ya Bibela go ile ga thusa jang lekawana lengwe la kwa Yuropa borwa gore le fetole botho jwa lone?
6 Lefa go le jalo, kgabagare o ne a ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa mme a utlwa kgakololo e e ntseng jaaka eno: “Se dueleñ boshula yoa ga opè ka boshula. . . . Ha go ka nna yalo, lo nnè kagishō le batho botlhe, kaha nonohoñ ea lona. Baratwa, se ipusholosetseñ, me lo thibogèlè bogale.” (Baroma 12:17-19) Seno se ne sa mo thusa gore a lemoge ka moo mokgwa wa gagwe wa go rata ntwa e neng e le bokoa jo bo maswe ka gone. O ne a tlogela mabole, eleng seo a neng a lemoga gore se ne se se tumalanong le botho jwa Bokeresete jwa kagiso. Mme o ne a santse a lwantshana le botho jwa gagwe jwa go rata ntwa.
7 Lefa go le jalo, o ne a thusiwa ke fa kitso ya gagwe ya melao-metheo ya Bibela e ne e ntse e oketsega. Seno se ne sa tlhatswa segakolodi sa gagwe, seo ka ntlha ya moo se neng sa tlosa maikutlo a gagwe a go fela fela pelo fela. Ka nako nngwe, morago ga gore a dire kgatelopele e sekae mo go ithuteng ga gagwe Bibela, motho mongwe o ne a galefa mme a mo gowa ka matlhapa. Lekawana leno le ne la utlwa mabifi ale a tsoga mo go ena. Mme, o ne a nna le maikutlo a mangwe: a utlwa a tlhabiwa ke ditlhong; mme seno se ne sa mo thibela gore a seka a ineela mo kgalefong eo ya gagwe. Go na le gore a ‘duele bosula ka bosula,’ o ne a laola moya wa gagwe. Jaanong, ke motho yo o fetogileng, o na le botho jo bosha, mme seno sotlhe ke ka ntlha ya go bo a ne a na le kitso ya boammaaruri e e tswang mo Bibeleng.
Go Itse Modimo
8. (a) Botho jo bosha bo dirilwe mo setshwanong sa ga mang? (b) Kitso ya boammaaruri eo e bopang botho jo bosha e tshwanetse ya akareletsa gore go itsiwe mang?
8 Ke boammaaruri, batho ba le bantsi ba itse selo se se siameng se ba tshwanetseng ba se dira, mme ba ineela mo makoweng a nama. Ka phepafalo, go nna le kitso ya boammaaruri ya se se siameng le se se sa siamang ga se sone sotlhe se se tlhokegang. Go na le selo sengwe se sele se se neng sa thusa batho ba babedi ba ba neng ba tlhalosiwa fa godimo gore ba fetoge. Seo e ne e le eng? Temana eo go neng ga buiwa ka yone pelenyana e ne e re: “Me lo apere motho eo mosha, eo o nntseñ a shahalediwa mo kicoñ kaha sechwanoñ sa eo o mo tlhodileñ.” (Bakolosa 3:10) Tlhokomela gore, fela jaaka fa Adame pele a ne a dirilwe mo setshwanong sa Modimo, ka jalo botho jo bosha bo dirilwe mo setshwanong sa Modimo. (Genesise 1:26) Ka jalo, kitso ya boammaaruri e e neng ya thusa banna ba babedi ba babotlana bano e ne e tshwanetse ya bo e kopanyeletsa le go itse Modimo. Seno se re gakolola ka mafoko ano a ga Jesu: “Me botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba gu itse, wèna, Modimo o o osi, o o boamarure, le èna eo u mo romileñ, eboñ Yesu Keresete.”—Yohane 17:3.
9. Go itse Modimo go re thusa jang gore re fetole botho jwa rona?
9 Go itse Modimo go re thusa jang gore re fetole botho jwa rona? Go re tlhotlheletsa gore re dire jalo. Fa re itse Modimo ka go ithuta Bibela, re ithuta ka dinonofo tsa gagwe tsa bomodimo mme re bona le lorato lo a re bontshitseng lona. Mme seno se re dira gore re mo rate le rona. (1 Yohane 4:19) He, re ka utlwa seo Jesu a neng a re ke taolo ya ntlha ebile ke yone e kgolo: “U ratè Yehofa Modimo oa gago ka pelo eotlhe ea gago, le ka mōea otlhe oa gago, le ka tlhaloganyō eotlhe ea gago.” (Mathaio 22:37) Go rata Modimo go re dira gore re batle go apara botho jo bosha jo bo mo itumedisang. Go re dira gore re batle go tshwana le ene thata, go sa kgathalesege gore re ka nna ra tshwanelwa ke gore re lwe ka natla go le kana kang gore re dire jalo.
Makoa A A Tseneletseng
10, 11. Go nna le kitso ya boammaaruri go ne ga thusa jang mosadi mongwe yo mosha wa kwa Amerika Bokone gore a simolole go fetola botho jwa gagwe?
10 Mo mabakeng a mangwe, go tshwarisa bothata eleruri. Mosadi mongwe yo mmotlana wa kwa Amerika Bokone o ne a tshwanelwa ke gore a lwe ka natla gore a fetoge. O ne a ile a betelelwa fa esale ngwana, o goletse mo lelapeng le le ratang ntwa mme kgabagare o ne a dirisa diokobatsi. Lefa go le jalo, diokobatsi di ne di ja madi a mantsi, ka jalo o ne a ithekisa jaaka seaka gore a tle a kgone go kgotsofatsa keletso eno. Gape o ne a tshwenya bajanala le go ba utswetsa dilo mme a feleletsa a senya nako e ntsi a le mo dikgolegelong le mo diphaposing tsa boitloso-bodutu go na le eo a neng a e senya a le kwa gae.
11 Fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kopana le ena, o ne—morago ga gore a senye mpa ka makgetlo a le mmalwa—a na le ngwana wa dikgora. Lefa go le jalo, o ne a rata seo a neng a se utlwa mo Bibeleng mme a simolola go e ithuta. Ka bonako fela o ne a nna le kamano le Modimo a bo a dira diphetogo mo botshelong jwa gagwe.
12, 13. Tlhalosa ka moo kitso ya boammaaruri, fa e setse e jetswe, e dirang ka gone jaaka maatla ao a fetolang.
12 Lefa go le jalo, o ne a santse a tla tshwanelwa ke gore a lwe ka natla ka gonne botho jwa gagwe jwa bogologolo bo ne bo setse bo tseneletse. Ka nako nngwe, o ne a galefa fa a ne a neelwa kgakololo e e neng e neelwa ka maikaelelo a a molemo, a tlogela go ithuta Bibela, mme a boela gape kwa ditseleng tsa gagwe tse di seng phepa. Mme o ne a sa lebale boammaaruri jwa Bibela jo bo neng bo jadilwe mo go ene, mme o bolela jaana: “Gangwe le gape ke ne ke na le maikutlo a go ikutlwa ke le molato, ebile ke ne ke gakologelwa mafoko ano a a mo go 2 Petere 2:22 kgapetsa: ‘Ncwa e boetse matlhatseñ a eōna, le kolobè e e tlhapisicweñ e boetse mo go bidikameñ mo seretseñ.’”
13 Kgabagare, kitso eno e ne ya mo tlhotlheletsa gore a dire boiteko jo bongwe gape a iteteile sehuba. O bolela jaana: “Ke ne ka leka go boela kwa go Jehofa mme ka mo rapela gangwe le gape gore a nthuse.” Ka nako eno, botho jo bosha bo ne jwa jalwa ka mo go tlhomameng mo go ene, lemororo a ne a santse a tshwanelwa ke gore a kgaratlhe. Ka nako nngwe, fa a ne a gateletswe ke bokoa jono jwa gagwe, o ne a boela gape mo botagweng le mo boitshwarong jo bo maswe. Lefa go le jalo, mo nakong eno karabelo ya gagwe e ne ya bontsha gore eleruri o ne a fetoga. O ne a ipherogela sebete mme a bolela jaana: “Ke ne ka rapela thata le go ithuta.” Kgabagare, Lefoko la Modimo le ne la nna le maatla mo botshelong jwa gagwe go ya bokgakaleng jwa gore a nne Mokeresete yo o matlhagatlhaga, a tshela botshelo jo bo phepa, jo bo tlotlegang. Jaanong o na le dingwaga di le mmalwa e le motho yo o farologaneng gotlhelele le motho yo o neng a gobololwa, yo o ineetseng mo diokobatsing, yo o tshelang botshelo jwa sephologolo yo o neng a le ene pele.
Batho Ba Ba Fetotsweng ke Lefoko la Modimo
14, 15. (a) Ke maatla afe a a tswang kwa Modimong ao a dirang ka Bibela? (b) Dingwe tsa dinonofo tsa Bakeresete ba boammaaruri gompieno ke dife?
14 Maatla ao Bibela e ileng ya nna le one mo matshelong a batho ba ba boikokobetso a bontsha gore ga e se bukanyana ya motho fela. Jaaka Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng, ke yone eo moya wa Modimo o dirang ka yone. One moya ole o o neng wa dira gore dikgakgamatso tseo Jesu a neng a di dira di kgonege gompieno o re thusa go fenya dinonofo tse di maswe le gore re nne le botho jwa Bokeresete. Eleruri, dinonofo tsa konokono tseo Bakeresete ba tshwanetseng go di tlhagolela—eleng lorato, boitumelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, boingotlo, le boikgapo—mo Bibeleng di bidiwa ‘maungo a moya.’—Bagalatia 5:22, 23.
15 Gompieno, moya ono ga o dire fela mo bathong ba sekae mme gape o dira mo dimilioneng tsa batho bao ba ileng ba “rutwa ke Yehofa” ebile ba ipelela ‘letlotlo la kagiso’ le le tswang kwa go Ene. (Isaia 54:13) Bano ke bomang? Jesu o ne a bontsha tsela e le nngwe eo ba ka lemogiwang ka yone, a bolela jaana: “Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.” (Yohane 13:35) Lorato lwa Bokeresete ke leungo la moya ebile ke sone selo sa konokono mo bothong jo bosha jwa Bokeresete. A go na le setlhopha sepe sa batho seo se bontshang lorato ka tsela eo Jesu a neng a e bolela?
16, 17. Tsopola dingwe tsa dikakgelo tsa makwalo-dikgang tseo di thusang go lemoga bao ‘ba rutwang ke Jehofa’ le bao ba ipelelang ‘letlotlo la kagiso.’
16 Legale, utlwa seo polelwana eno e e tswang mo lekwalong leo le neng le kwaletswe New Haven Register, ebong lekwalo-dikgang la Amerika Bokone: “Lefa o ile wa tshwenngwa ke go tsamaya ga bone ba sokolola batho kana wa kgopisiwa ke gone, jaaka fa go ile ga nna jalo ka nna, o tla kgatlhiwa ke boineelo jwa bone, bophepa jwa bone, sekao sa bone se se tlhomologileng sa boitshwaro jwa botho le mokgwa wa bone o o itekanetseng wa go tshela.” Lekwalo-dikgang la Jeremane eleng Münchner Merkur le ne le bua ka sone setlhopha seo fa le ne le re: “Ke batho ba ba ikanyegang go gaisa botlhe le ba ba duelang lekgetho ka nako go gaisa botlhe mo Federal Republic [ya Jeremane]. Tsela eo ba utlwang melao ka yone o ka e bona mo mokgweng wa bone wa go kgweetsa gammogo le mo lenanepalong la bokebekwa.”
17 Makwalo-dikgang a mabedi ao a ne a bua ka bomang? Ka setlhopha sone seo go neng go buiwa ka sone go Herald ya Buenos Aires, kwa Argentina. Lekwalo-dikgang leno le ne la bolela jaana: “Basupi ba ga Jehofa ba ile ba itshupa go ralala dingwaga gore ke baagi ba ba dirang ka natla, ba ba ritibetseng, ba ba somarelang le bao ba boifang Modimo ba mofuta oo morafe tota o o tlhokang.” Patlisiso nngwe ya boithuta-loago go tswa kwa Zambia eo e gatisitsweng go American Ethnologist e ne ya bua ka sone setlhopha seno. E bolela jaana: “Basupi ba ga Jehofa ba atlega thata go feta maloko a mekgatlho e mengwe ya bodumedi mo go bolokeng dibofo tsa lenyalo di tlhomame.”
18, 19. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tlhalosiwa jang kwa Italy le mo Afrika Borwa?
18 Lekwalo-dikgang la La Stampa la kwa Italy le lone le ne le bua ka Basupi ba ga Jehofa fa le ne le re: “Ke baagi bao ba ikanyegang go gaisa bape bao mongwe le mongwe a ka ba eletsang: ga ba leke go tila go duela makgetho kana go leka go tila melao e e ba imelang e le gore ba tle ba kgone go bona molemo ka bobone. Maikutlo a boitshwaro a go rata moagelani, go gana maatla a go busa, go sa dirise dikgoka le go ikanyega (ebong dilo tseo mo Bakereseteng ba le bantsi eleng ‘melao ya ka Sontaga’ eo eleng molemo fela fa e rerwa kwa lefelong leo go rerelwang kwa go lone) di teng mo mokgweng wa bone wa go tshela wa ‘letsatsi le letsatsi.’”
19 Moperofesara mongwe wa yunibesiti ya Afrika Borwa yo a neng a bona go tlhaolwa ka ntlha ya melao ya naga eo e e tlhaolang batho ka ntlha ya lotso o bitsa Basupi ba ga Jehofa a re ke “batho bao ba rutilweng ditekanyetso tsa maemo a a kwa godimodimo tsa Bibela gore eleruri ‘ba seka ba bona mmala wa motho.’” Fa a ne a tlhalosa seno, o ne a oketsa jaana: “Bano ke batho bao ba bonang seo ba bangwe ba leng sone kafa teng, eseng go bona mmala wa letlalo la bone fela. Basupi ba ga Jehofa gompieno ke bone fela bao ba bopang bokaulengwe jwa boammaaruri mo sethong.”
20. Ke ka ntlhayang fa Basupi ba ga Jehofa ba tlhomologa jaaka batho ba ba farologaneng le ba bangwe?
20 Dikakgelo tseno di bontsha gore go na le setlhopha sa batho bao ba ileng ba bula dipelo tsa bone ba di bulela Bibela le bao moya wa Modimo o ntseng o dira mo go bone. Go tshwanetswe ga lemogwa gore bano ke bone batho bao re neng ra ba bontsha pelenyana jaaka bao ba utlwang taolo ya ga Jesu ya gore go rerwe mafoko a a molemo a Bogosi go dikologa lefatshe. (Mathaio 24:14) Ke ka ntlhayang fa Basupi ba ga Jehofa ba tlhomologa jaana mo dilong tseno? Mo mabakeng a le mantsi ga ba farologane le batho ba bangwe. Ba na le makoa a a tshwanang a nama, mathata a a tshwanang a tsa itsholelo, le dilo tse di tshwanang tseo ba di tlhokang. Mme jaaka setlhopha, ba rata Modimo, ba tsaya Bibela ka tsela e e masisi, ebile ba e letla gore e tlhotlheletse matshelo a bone.
21. Lebaka la go bo batho ba ba ntseng jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ka nna gone mo lefatsheng la gompieno le le tletseng kilano le supela eng?
21 Dimilione-milione tsa Basupi ba ga Jehofa di fitlhelwa mo mafatsheng a a fetang 200. Ba kopanyeletsa batho ba mmala mongwe le mongwe, puo, le boemo mo morafeng lefa e ka nna ofe o o ka tswang o o akanya. Lefa go le jalo ba a utlwana, ba a agisana, ebile ba na le bokaulengwe jwa meraferafe. Ke baagi ba ba molemo ba naga lefa e le efe eo ba ka tswang ba nna mo go yone, mme sa botlhokwatlhokwa, ke babusiwa ba Bogosi jwa Modimo, ebile botlhe ba tlhagafetse mo go boleleleng ba bangwe mafoko a a molemo a Bogosi joo. Eleruri go a gakgamatsa go bo mo lefatsheng leno le le kgaoganeng, le le tletseng kilano, setlhopha se se ntseng jaaka sa Basupi ba ga Jehofa se bo se santse se ka nna gone. Lebaka la go bo ba le gone ke bosupi jo bo maatla jwa gore moya wa Modimo o santse o dira mo bathong. Ebile ke bosupi jwa gore Bibela eleruri e “tshedile, [e] tlhaga.”
[Mafoko a a mo go tsebe 177]
Tota Bibela e fetola batho
[Mafoko a a mo go tsebe 181]
Go itse Modimo go dira gore motho a batle go tshwana le ene