“New World Translation”
Tlhaloso: Thanolo ya Dikwalo tse di Boitshepo e e dirilweng ka tlhamalalo go tswa Sehebereng, Searamaikeng, le Segerikeng go isiwa mo Seesemaneng sa motlha wa segompieno ke komiti ya basupi ba ba tloditsweng ba ga Jehofa. Bano ba ne ba itlhalosa ka tsela eno ka bobone malebana le tiro ya bone: “Baranodi ba tiro eno, bao ba boifang le go rata Mokwadi wa Bomodimo wa Dikwalo tse di Boitshepo, ba ikutlwa ba na le boikarabelo jo bo kgethegileng malebana le Ene le go fetisetsa dikgopolo le dipolelo tsa gagwe ka tsepamo e e ka kgonegang tota. Ba ikutlwa gape ba na le boikarabelo tebang le babadi ba ba senkang go ikaega ka phetolelo ya Lefoko je le tlhotlheleditsweng ja Modimo Mogodimodimo polokong ya bone ya bosakhutleng.” Thanolo eno kwa tshimologong e ne ya ntshiwa ka dikarolwana, go tloga ka 1950 go ya go 1960. Diphetolelo tse dingwe mo dipuong tse dingwe di ne di ikaegile ka thanolo ya Seesemane.
“New World Translation” e ikaegile ka eng?
Fa e le kaga motheo wa thanolo ya Dikwalo tsa Sehebera, mokwalo wa ga Rudolf Kittel wa Biblia Hebraica, dikgatiso tsa 1951-1955, di ne tsa dirisiwa. Phetolelo e ntšha ya 1984 ya New World Translation e ne ya solegelwa molemo thata ke Biblia Hebraica Stuttgartensia ya 1977 e e tlhabolotsweng. Mo godimo ga moo, Memeno ya Lewatle je le Suleng le dithanolo tse dingwe tsa go le pele di le mmalwa mo dipuong tse dingwe di ne tsa dirisiwa. Ka Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete, mokwalo o mogolo wa Segerika wa 1881 jaaka o baakantswe ke Westcott le Hort o ne wa dirisiwa thata-thata, mme mekwalo e mengwe e le mmalwa ya konokono e ne ya dirisiwa ga mmogo le diphetolelo tse dingwe di le dintsi tsa go le pele mo dipuong tse dingwe.
Baranodi ke bomang?
Fa ba ne ba ntsha jaaka mpho ditshwanelo tsa kgatiso tsa thanolo ya bone, Komiti ya New World Bible Translation e ne ya kopa gore maloko a yone a se ka a itsiwe ka maina. Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania e ne ya diragatsa kopo ya bone. Baranodi ba ne ba sa ipatlele bothwadi mme ba ne ba batla fela go tlotla Modimo ebong Mokwadi wa Dikwalo tse di Boitshepo.
Mo dingwageng tse di fetileng dikomiti tse dingwe tsa thanolo di ne tsa nna le boikutlo jo bo tshwanang. Ka sekai, khabara ya Reference Edition (1971) ya New American Standard Bible e re: “Ga re a ka ra dirisa leina lepe la borutegi gore go lejwe go lone kana dikakantsho ka go bo tumelo ya rona ke gore Lefoko ja Modimo le tshwanetse la ikemela ka bolone fela.”
A tota ke thanolo ya borutegi?
Ereka baranodi ba ile ba ikgethela gore ba se itsiwe ka leina, potso eo ga e ka ke ya arabiwa fano ka go leba seemo sa thutego ya bone. Thanolo e tshwanetswe ya tlhatlhojwa go ya ka go utlwala ga yone.
Thanolo eno ke ya mofuta ofe? Ka mo go utlwalang, ke e e tlhomameng, e atamalane thata thata le dipuo tsa kwa tshimologong ka sebele. Ga se khutshwafatso e e botlhaswa, eo go yone baranodi ba tlogelang ditlhaloso tse di boteng tseo ba di tsayang di se botlhokwa mme ba itsenyetsa dikgopolo tse ba dumelang gore di tla thusa. Jaaka thuso go baithuti, palo ya dikgatiso tse di rileng e baakanyetsa ka dintlhanyana tse di kwadilweng kwa tlase tse di atlabetseng di bontsha go balega mo go farologaneng koo dipolelwana di ka nnang tsa fetolelwa ka ditsela tse di fetang e le nngwe kafa tshwanelong, gape e baya lenaneo la mekwalo ya bogologolo e e tsepameng eo go balega mo go rileng go ikaegileng ka yone.
Ditemana dingwe di ka nna tsa se balege go ya ka seo motho a se tlwaetseng. Ke phetolelo efe e e siameng? Babadi ba lalediwa go tlhatlhoba mokwalo o o tshegetsang wa dintlhanyana tse di kwadilweng kwa tlase go kgatiso ya Reference ya New World Translation, bala ditlhaloso tse di mo dintlheng tse dingwe, le go bapisa phetolelo le dithanolo tse dingwe tse di farologaneng. Ba tla fitlhela gantsi e le gore dithanolo tse dingwe gape le tsone di ile tsa bona tlhokafalo ya go bolela kgang ka mokgwa o o tshwanang.
Ke ka baka lang fa leina Jehofa le dirisiwa mo Dikwalong tsa Segerika tsa Bokeresete?
Go tshwanetswe ga elwatlhoko gore New World Translation ga se Bibela e le nosi fela e e dirang seno. Leina la bomodimo le bonala mo dithanolong tsa Segerika tsa Bokeresete mo Sehebereng, mo dikarolong tseo go tsopolwang ka tlhamalalo go tswa go Dikwalo tsa Sehebera tse di tlhotlheleditsweng. The Emphatic Diaglott (1864) e tshotse leina la ga Jehofa makgetlo a le 18. Diphetolelo tsa Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete mo dipuong tse dingwe tse di ka nnang 38 gape di dirisa sebopego sa puo eo sa leina la bomodimo.
Go otlelela ga ga Jesu Keresete leina la ga Rraagwe go supa gore ene ka sebele o ne a le dirisa ka tshosologo. (Math. 6:9; Yoh. 17:6, 26) Go ya ka Jerome wa lekgolo la bone la dingwaga C.E., moaposetoloi Mathaio o kwadile Efangele ya gagwe pele ka Sehebera, mme Efangele eo e tsopola gangwe le gape mo dikarolong tsa Dikwalo tsa Sehebera tse di tshotseng leina la bomodimo. Bakwadi ba bangwe ba Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete ba ne ba tsopola go Septuagint ya Segerika (thanolelo ya Dikwalo tsa Sehebera mo Segerikeng, e e neng ya simolola mo e ka nnang ka 280 B.C.E.), dikaelo tsa go le pele e le tseo di neng di tshotse leina la bomodimo mo ditlhakeng tsa Sehebera, jaaka go supilwe ke dikarolonyana tsa mmatota tse di ileng tsa bolokwa.
Porofesa George Howard wa Unibesithi ya Georgia o ne a kwala ka gore: “Ereka ka Tetragram [ditlhaka tse nne tsa Sehebera tsa leina la bomodimo] di ne di sa ntse di kwalwa mo dikaelong tsa Bibela ya Segerika tseo di neng di dira Dikwalo tsa kereke ya pele, go a utlwala go dumela gore bakwadi ba T[estamente] e N[tšha], fa ba ne ba tsopola Dikwalo, ba ne ba boloka Tetragram mo teng ga mokwalo wa sebibela.”—Journal of Biblical Literature, March 1977, ts. 77.
Ke ka baka lang fa ditemana dingwe go bonala di seo?
Ditemana tseo, tseo di fitlhelwang mo dithanolong tse dingwe, ga di yo mo memenong ya bogologolo thata e e gone ya Bibela. Fa e bapisiwa le dithanolo tse dingwe tsa segompieno, jaaka The New English Bible le Jerusalem Bible ya Katoliki, e bontsha gore baranodi ba bangwe ba ile ba lemoga gape gore ditemana tseno tse go buiwang ka tsone ga di teng mo Bibeleng. Mo mabakeng a mangwe, di ne di tsewa go tswa karolong e nngwe ya Bibela mme tsa itsenyelediwa mo mokwalong o o neng wa kwalwa ke mokwadi.
Fa Mongwe A Re—
‘Le na le Bibela ya lona’
O ka nna wa araba ka gore: ‘O dirisa Bibela efe? A ke . . . (bua tse di teng mo puong ya ga eno)? Tota go na le dithanolo di le dintsi.’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: ‘Ke itumelela go dirisa thanolo e o e ratang. Mme o ka tswa o kgatlhegela gore ke ka baka lang segolo bogolo ke dirisa New World Translation. Ke ka ntlha ya puo ya yone ya segompieno, e e tlhaloganyesegang, gape le ka go bo baranodi ba ile ba ngaparela ka botlalo dipuo tsa kwa tshimologong tsa Bibela.’
Kana o ka nna wa re: ‘Ke dumela gore o bua jalo ka go bo o na le Bibela mo lapeng la gago. Ke Bibela efe e o e dirisang? . . . A o ne o ka batla go re o tle le yone?’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: ‘Rotlhe, go sa kgathalesege thanolo eo re e dirisang, mo go Yohane 17:3 Jesu o ne a otlelela botlhokwa jwa selo se le sengwe se re tshwanetseng go se gakologelwa, jaaka o ka se bona fano mo Bibeleng ya gago. . . .’
Se sengwe se se ka dirisiwang: ‘Go na le dithanolo tse dintsi tsa Bibela. Mokgatlho wa rona o re kgothaletsa go dirisa tse di farologaneng e le gore go tle go dirwe dipapiso go thusa diithuti go utlwisisa Dikwalo ka botlalo. Jaaka o ka tswa o itse, Bibela kwa tshimologong e ne e kwadilwe ka Sehebera, Searamaika, le Segerika. Jalo re itumelela se baranodi ba neng ba se dira go e fetolela mo puong ya rona. O dirisa Bibela efe?’
Kakantsho e nngwe gape: ‘Ka phepafalo o motho yo o ratang Lefoko ja Modimo. Jalo ke tlhomamisega gore o tla kgatlhegela go itse nngwe ya dipharologanyo tse dikgolo magareng ga New World Translation le diphetolelo tse dingwe. E kopanyeletsa leina la motho yo o botlhokwa tlhokwa yo go buiwang ka ene mo Dikwalong. A o itse gore ke mang ene yoo?’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘A o ne o itse gore leina la gagwe la botho le bonala mo Bibeleng mo Sehebereng sa kwa tshimologong makgetlo a a ka nnang 7 000—go feta leina lefa e ka nna lefe le sele?’ (2) ‘Go na le pharologanyo efe boo re dirisa leina la sebele la Modimo kana nyaa? Mme kana, a o na le ditsala dingwe tseo o atamalaneng thata le tsone tse o sa itseng maina a tsone? . . . Fa re batla kamano ya botho le Modimo, go itse leina la gagwe ke tshimologo e e botlhokwa. Elatlhoko se Jesu a neng a se bua mo go Yohane 17:3, 6. (Pes. 83:18)’