Buka ya Bibela ya bo 2—Ekesodo
Mokwadi: Moshe
Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Kwa Gareng ga Naga
Go Wediwa ga go E Kwala: 1512 B.C.E.
Lobaka Lo Lo tserweng: 1657-1512 B.C.E.
1. (a) Dintlhakgolo tsa Ekesodo ke dife? (b) Ekesodo e neilwe maina afe, mme e tsweletsa pego efe?
DIPEGO tse di tshikinyang maikutlo tsa ditshupo le dikgakgamatso tse di botlhokwa tseo Jehofa a neng a di dira go golola batho ba leina la gagwe mo dipogisong tsa kwa Egepeto, kafa a neng a rulaganya Iseraele ka gone gore e nne thoto ya gagwe e e kgethegileng eleng “bogosi yoa baperisiti,” le kafa hisitori ya Iseraele jaaka morafe wa bolegodimo e neng ya simologa ka gone—tseno ke dintlhakgolo tsa buka ya Bibela ya Ekesodo. (Ekes. 19:6) Ka Sehebera e bidiwa Weʼelʹleh shemohthʹ, le le kayang “Jaanong ano ke maina” kana fela Shemohthʹ, “Maina,” go ya ka mafoko a yone a ntlha. Leina la yone la segompieno le tswa mo go Septuagint ya Segerika, koo e bidiwang Eʹxo·dos gone, eo e leng Exodus, ka Selatine e e kayang “Go Tsamaela kwa Pele” kana go “Fuduga.” Se se supang gore Ekesodo ke pego e e tswelelang ya Genesise se bonwa ka mafoko ano a a simololang, “Me Yana” (ao tota a rayang “Le”), le ka go boela go thathamisiwa maina a barwa ba ga Jakobe, jaaka a tserwe mo rekotong e e tletseng ya Genesise 46:8-27.
2. Ekesodo e senola eng malebana le leina JEHOFA?
2 Buka ya Ekesodo e bontsha leina le le galalelang la Modimo, eleng JEHOFA, ka go tlhomologa ga lone ka kgalalelo le ka boitsheko jwa lone. Jaaka fa a ne a tswelela go bontsha kafa bokao jwa leina la gagwe bo leng boteng ka gone, Modimo o ne wa raya Moshe wa re, “KE NNTSE EO KE NNTSEÑ.” mme o ne a oketsa ka go mo raya a re a ree Baiseraele a re, “KE NNTSE [Sehebera: אהיה, ʼEh·yehʹ, go tswa mo lediring la Sehebera eleng ha·yahʹ] o nthomile kwano go lona.” Leina JEHOFA (יהוה, YHWH) le tswa mo lediring la Sehebera le le tshwanang le lone ha·wahʹ, “go nna” leo tota le kayang “O Dira gore Go Nne.” Eleruri ditiro tsa ga Jehofa tse dikgolo le tse di boifisang tseo jaanong a di direlang batho ba gagwe, ba Iseraele, di ne tsa godisa tsa bo tsa apesa leina leo ka kgalalelo e e phatsimang, di le dira gore le gopolwe “go ea tshikatshikeñ cotlhe” gore leina leo le tlotliwe ka bosakhutleng. Go botlhokwa thata gore re itse hisitori e e gakgamatsang ya leina leo le gore re obamele Modimo o o osi wa boammaaruri, ene yo o reng, “Ke nna Yehofa.”a—Ekes. 3:14, 15; 6:6.
3. (a) Re itse jang gore Moshe ke ene a kwadileng Ekesodo? (b) Ekesodo e kwadilwe leng, mme e tsere lobaka lo lo kae go kwalwa?
3 Ekesodo e kwadilwe ke Moshe, jaaka seo se bontshiwe ke go bo e le bolumo ya bobedi ya Dikwalo Tse Tlhano tsa Ntlha tsa Bibela. Buka eno ka boyone e bega makgetlo a le mararo ao mo go one Moshe a neng a kwala a kaelwa ke Jehofa gore a dire jalo. (17:14; 24:4; 34:27) Go ya ka bakanoki ba Bibela ebong Westcott le Hort, Jesu le bakwadi ba bangwe ba Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika ba tsopola kana ba umaka Ekesodo ka makgetlo a a fetang 100 jaaka fa Jesu a ne a bolela jaana: “A Moshe ga aa lo naea molaō?” Ekesodo e ne ya kwalelwa mo gareng ga naga ya Sinai, ka ngwaga wa 1512 B.C.E., ngwaga morago ga gore bana ba Iseraele ba tswe kwa Egepeto. E tsere lobaka lwa dingwaga tse 145, go tloga ka loso lwa ga Josefa ka 1657 B.C.E. go fitlha fa go agiwa motlaagana wa kobamelo ya ga Jehofa ka 1512 B.C.E.—Yoh. 7:19; Ekes. 1:6; 40:17.
4, 5. Ke bosupi bofe jwa baithutamarope jo bo tshegetsang pego ya Ekesodo?
4 Fa o akanya ka ntlha ya gore ditiragalo tsa Ekesodo di diragetse mo e ka nnang dingwaga tse 3 500 tse di fetileng, go na le bosupi jwa baithutamarope le jo bongwe jo bo tswang kwa ntle jo bo supang gore rekoto eno e boammaaruri. Maina a Baegepeto a dirisitswe sentle mo go Ekesodo, le direto tse di umakilweng di nyalana le se se kwadilweng ke Baegepeto. Thutamarope e bontsha gore e ne e le tlwaelo ya Baegepeto go letla batho ba dinaga di sele go tla go nna mo Egepeto mme ba nna ba sa tlhakane nabo. Metsi a Nile a ne a dirisediwa go tlhapa, seo se re gakololang gore morwadia Faro o ne a tlhapa koo. Go ile ga fitlhelwa ditena tseo di neng di na le letlhaka le tseo di neng di sena lone. Gape, mo malatsing a fa Egepeto e ne e atlega badirisi ba maselamose ba ne ba nna teng ka bontsi.—Ekes. 8:22; 2:5; 5:6, 7, 18; 7:11.
5 Ditshwantsho tsa segopotso di bontsha gore Bo-Faro ba ne ba etelela bakgweetsi ba dikoloi tsa bone tsa ntwa pele fa di ya kwa ntweng mme Ekesodo e bontsha gore Faro wa motlha wa ga Moshe o ne a latela mokgwa ono. Abo o tshwanetse a bo a ile a tlontlololwa jang ne! Mme go tla jang gore direkoto tsa Baegepeto di seka tsa bua sepe ka go nna ga Baiseraele ka lobakanyana mo nageng ya bone kana ka matlhotlhapelo ao a ileng a wela Egepeto? Baithutamarope ba ile ba bontsha gore tlwaelo ya bone e ne e le gore kgosi e ntšha ya Moegepeto e ne e tshwanetse go phimola direkoto dipe fela tseo di ba nyenyefatsang. Ba ne le ka motlha ba sa kwale ka go fenngwa ga bone. Matlhotlhapelo ao a neng a wela medimo ya Egepeto— e e ntseng jaaka modimo wa Nile, modimo wa segwagwa, le modimo wa letsatsi—ao a ileng a tlontlolola medimo eno ya maaka mme a supa gore Jehofa o a e feta ka bogolo, a ne a seka a tsenngwa mo hisitoring ya ditiragalo tsa morafe oo o o boikgodiso.—14:7-10; 15:4.b
6. Ke mafelo afe ao Baiseraele ba ne ba thibelela mo go one pele ao ka kakaretso go itsiweng kwa a leng gone?
6 Go direla ga ga Moshe Jetherwe ka dingwaga di le 40 jaaka modisa go ile ga mo dira gore a tlwaelane le maemo ao a botshelo le go itse koo a neng a ka bona metsi teng le dijo mo lefelong leo, ka gone seno se mo dira gore a tshwanele go etelela Khudugo eo pele. Tsela e Khudugo eo e tsamaileng ka yone ga e kake ya tlhomamisiwa gompieno, ereka mafelo a le mantsi ao a umakiwang mo pegong eno a sa kgone go bonwa koo a neng a le gone. Lefa go ntse jalo, Mara, bongwe jwa mathibelelo a pele mo Phenensuela ya Sinai, gantsi e bolelwa fa e leʽEin Hawwara, eo e leng dikilometara di le 80 kafa borwa jwa borwa botlhaba jwa Suez ya segompieno. Elima, eleng lefelo leo bothibelelo jwa bobedi bo neng bo le mo go lone, gantsi bo bolelwa gore ke Wadi Gharandel, e e ka nnang dikilometara di le 88 kafa borwa jwa borwa botlhaba jwa Suez. Se se kgatlhisang ke gore, lefelo leno la segompieno le itsiwe jaaka lefelo leo le nang le metsi le dijalo mmogo le ditlhare tsa makolane, mme le re gakolola Elima ya Bibela, e e neng e na le “mecwedi e le shomè le mecō mebedi ea metse, le ditlhare tsa makolane di le mashomè a shupa.”c Lefa go ntse jalo, go nna boammaaruri ga pego eno ya ga Moshe, ga go a ikaega ka go dumalana ga baithutamarope ba le bantsi ka mafelo a ba neng ba a feta mo tseleng.—15:23, 27.
7. Ke bosupi bofe jo bongwe gape, go akaretsa le go agiwa ga motlaagana, jo bo tlhomamisang gore Ekesodo e tlhotlheleditswe?
7 Pego ya kafa motlaagana o neng wa agiwa ka gone mo lobaleng lwa Sinai e amana sentle le maemo a a mo tikologong ya moo. Mokanoki mongwe o boletse jaana: “Go ya kafa motlaagana o dirilweng ka gone, popego ya one, le didirisiwa tsa one, o tshwanela naga eo eletota. Logong lo lo neng lo dirisitswe mo go one lo fitlhelwa koo ka bontsi.”d Go sa kgathalesege gore a ke maina, dingwao, bodumedi, mafelo, tikologo, kana didirisiwa, go kgobokanngwa ga bosupi jo bo tswang kwa ntle go tshegetsa pego e e tlhotlheleditsweng ya Ekesodo, eo jaanong e nang le dingwaga tse di ka nnang 3 500 e ntse e le teng.
8. Ekesodo e bontshiwa jang gore e nyalana le Dikwalo tse dingwe tse di tlhotlheleditsweng le gore e mosola?
8 Bakwadi ba bangwe ba Bibela ba ile ba nna ba tsopola Ekesodo kgapetsa kgapetsa, ba bontsha kafa boperofeti jwa yone bo leng botlhokwa le boleng ka gone. Dingwaga tse di fetang 900 moragonyana, Jeremia o ne a kwala ka “Modimo o mogolo, o o thata, Yehofa oa moshōmoshōmō, ke leina la gagwè,” yo a neng a ntsha batho ba gagwe, eleng Baiseraele, kwa Egepeto, “ka dichupō, le ka dikgakgamaco, le ka lecōgō ye le otlologileñ, le ka thèregishō e kgolo.” (Yer. 32:18-21) Dingwaga tse di fetang 1 500 moragonyana, Setefane o ne a thaya bosupi jwa gagwe jo bo tshikinyang maikutlo jo bo ileng jwa dira gore e nne moswelatumelo mo tshedimosetsong e e mo go Ekesodo. (Dit. 7:17-44) Re tsopolelwa botshelo jwa ga Moshe jaaka sekai sa tumelo mo go Bahebera 11:23-29, mme Paulo o umaka Ekesodo gantsinyana fa a re naya dikai le ditlhagiso malebana le gompieno. (Dit. 13:17; 1 Bakor. 10:1-4, 11, 12; 2 Bakor. 3:7-16) Sotlhe seno se re thusa go lemoga kafa dikarolo tsa Bibela di tshwaraganeng ka gone, karolo nngwe le nngwe ya yone e na le seabe mo go senoleng boikaelelo jwa ga Jehofa ka tsela e e mosola.
SEO SE LENG MO GO EKESODO
9. Moshe o tsholwa le go godisediwa kafa tlase ga maemo afe?
9 Jehofa o roma Moshe, a otlelela leina la Gagwe ka namana la Segopotso (1:1–4:31). Morago ga go bolela maina a bana ba Iseraele bao ba neng ba ya kwa Egepeto, Ekesodo morago e bua ka loso lwa ga Josefa. Fa nako e ntse e tsamaya go nna le kgosi e ntšha kwa Egepeto. Fa a bona gore Baiseraele ba “ntsihala; ba nonoha ka thata e e heteletseñ,” o dira sengwe seo se tla thibelang seo, go akaretsa le go ba dira makgoba, mme o leka go fokotsa banna ba Baiseraele ka go laela gore bana botlhe ba basimane bao ba tsholwang ba bolawe. (1:7) Moiseraele mongwe one a tshola ngwana mongwe wa mosimane kafa tlase ga one maemo ano e le wa ntlo ya ga Lefi. Ngwana yono ke wa bararo mo lelapeng. Fa a le dikgwedi di le tharo, mmaagwe o mo fitlha mo serotong sa letlhaka mo gare ga matlhaka kwa losing lwa Noka ya Nile. O bonwa ke morwadia Faro, yo o ratang mosimanyana yoo mme a mo tsaya go nna wa gagwe. Mmaagwe wa tota e nna ene motlhokomedi wa gagwe, mme ka gone, o golela mo legaeng la Baiseraele. Moragonyana o isiwa kwa ntlong ya ga Faro ya segosi. O bidiwa Moshe, seo se kayang ‘Yo O Ntshitsweng [ke gore yo o bolokilweng go tswa mo metsing].’—Ekes. 2:10; Dit. 7:17-22.
10. Ke ditiragalo dife tseo di ileng tsa dira gore Moshe a romiwe go ya go dira tiro e e kgethegileng eno?
10 Moshe o kgatlhegela boitekanelo jwa Baiseraelekaene. O bolaya Moegepeto yo a neng a bogisa Moiseraele. Ka gone o tshwanela gore a tshabe, ka jalo o ya kwa lefatsheng la Midiana. Koo o nyala Sipora morwadia Jetherwe, moperesiti wa Midiana. Fa nako e ntse e tsamaya Moshe o nna le barwa ba babedi, ebong Gereshome le Eliesere. Morago, fa a le dingwaga di le 80, morago ga a sena go nna dingwaga di le 40 mo gareng ga naga, Jehofa o roma Moshe go ya go dira tiro nngwe e e kgethegileng ya go itshekisa leina la ga Jehofa. Letsatsi lengwe fa a ntse a disitse letsomane la ga Jetherwe, gaufi le Horeba, “kwa thabeñ ea Modimo,” Moshe o bona setlhatshana sa mebitlwa se tuka mme se sa she. Fa a ya kwa go sone go ya go se sekaseka, moengele wa ga Jehofa o bua le ene, a mmolelela boikaelelo jwa Modimo jwa go golola batho ba Gagwe eleng “bana ba Iseraela mo Egepeto.” (Ekes. 3:1, 10) Moshe o tlile go dirisiwa ke Jehofa go golola Baiseraele mo botshwarong jwa Egepeto.—Dit. 7:23-35.
11. Jehofa o itsise leina la gagwe jaanong kafa tlase ga maemo afe a a kgethegileng?
11 Morago Moshe o botsa ka moo a tla bolelelang bana ba Iseraele ka gone gore Modimo ke mang. Ke gone fano, e le lekgetlo la ntlha Jehofa o itsiseng bokao jwa mmatota jwa leina la gagwe, a bo amanya le boikaelelo jwa gagwe jo bo kgethegileng a bo a le tlhoma jaaka segopotso. “O tla bua le bana ba Iseraele yana, u re, KE NNTSE o nthomile kwano go lona . . . YEHOFA, Modimo oa borra eno, Modimo oa ga Aberahame, Modimo oa ga Isake, le Modimo oa ga Yakobe, o nthomile kwano go lona.” Leina la gagwe, eleng Jehofa, le mo tlhaola jaaka ene yo o tla diragatsang boikaelelo jwa gagwe mo bathong bao ba bidiwang ka leina la gagwe. O tla naya batho bano, ba eleng ditlogolwana tsa ga Aberahame, lefatshe leo a le solofeditseng borraabonemogolo, ‘lefatshe le le elelang mashi le dinotshe.’—Ekes. 3:14, 15, 17.
12. Jehofa o tlhalosetsa Moshe eng kaga go golola Baiseraele, mme batho ba amogela ditshupo jang?
12 Jehofa o tlhalosetsa Moshe gore kgosi ya Egepeto ga e kitla e golola Baiseraele mme gore Ene o tla tshwanela go betsa Egepeto ka ditiro tsa Gagwe tse di gakgamatsang. Moshe o neelwa morwarraagwe, ebong Arone, go nna mmueledi wa gagwe, mme ba fiwa ditshupo di le tharo tseo ba tla di dirang go tlhatswa Baiseraele pelo gore ba tlile ka leina la ga Jehofa. Fa ba le mo tseleng ba lebile kwa Egepeto, morwa wa ga Moshe o tshwanela go rupisiwa go thibela gore go se nne ope yo o swang mo lelapeng, eleng seo se gakololang Moshe melao ya Modimo. (Gen. 17:14) Moshe le Arone ba phutha banna ba bagolo mo baneng ba Iseraele mme ba ba itsise boikaelelo jwa ga Jehofa jwa go ba ntsha mo Egepeto le go ba isa kwa Lefatsheng la Tsholofetso. Ba dira ditshupo tseo, mme batho ba a dumela.
13. Go kopana ga ntlha ga ga Moshe le Faro go ne ga felela ka eng?
13 Dipetso tsa Egepeto (5:1–10:29). Jaanong Moshe le Arone ba ya kwa go Faro mme ba mmolelela gore Jehofa, Modimo wa Iseraele, o buile jaana a re: “Lesa batho ba me ba tsamaeè.” Ka lentswe le le sotlang, Faro yo o boikgodiso o araba jaana: “Yehofa e be e le mañ, ha ke ka reetsa lencwe ya gagwè ka lesa Baiseraela ba tsamaea? ga ke itse Yehofa, gapè ga nketla ke lesa Baiseraela ba tsamaea.” (5:1, 2) Mo boemong jwa gore a golole Baiseraele, o ba naya ditiro tse di bokete go fetisa. Lefa go ntse jalo, Jehofa o boa a bolela ditsholofetso tsa gagwe tsa go ba golola, gape a golaganya seno le go itshepisiwa ga leina la gagwe jaana: “Ke nna Yehofa . . . ke tla nna Modimo oa lona . . . ke nna Yehofa.”—6:6-8.
14. Baegepeto ba patelesega jang go dumela gore ke “monwana oa Modimo”?
14 Sesupo seo Moshe a se dirang fa pele ga ga Faro, ka go dira gore Arone a latlhele thobane ya gagwe fa fatshe gore e fetoge noga, se kgonwa go dirwa ke baperesiti ba ba dirang boselamose ba Egepeto. Lemororo noga ya ga Arone e kgolo e metsa dinoga tseno tsa bone, pelo ya ga Faro e santse e thatafetse. Jehofa jaanong o tlisetsa Egepeto dipetso tse dingwe gape tse di lesome tse di botlhoko a di tlisa ka go latelana. Ya ntlha, noka ya bone ya Nile le metsi otlhe a a leng mo Egepeto a fetoga madi. Morago ga moo ba welwa ke petso ya digwagwa. Dipetso tse pedi tseno di kgonwa go dirwa ke baperesiti ba ba dirang boselamose, mme lefa go ntse jalo ga ba kgone go dira ya boraro, eleng ya dinta tseo di neng tsa tlhasela motho le phologolo. Baperesiti ba Baegepeto ba patelesega go lemoga gore seno se dirilwe ka “monwana oa Modimo.” Lefa go ntse jalo, Faro ga a tlogele Baiseraele gore ba tsamaye.—8:19.
15. Ke dipetso dife tseo di amang Baegepeto fela, mme ke ka ntlhayang fa Jehofa a letla Farwe gore a tswelele?
15 Dipetso tsa ntlha tse tharo di wela Baegepeto le Baiseraele ka go tshwana, mme go tloga ka ya bonè go ya kwa pele, di wela Baegepeto fela, Baiseraele ba nna ba tlhomologile ba sireleditswe ke Jehofa. Petso ya bonè ke motshitshi o mogolo wa dintshi. Morago go nna le kgogodi ya bolwetsi mo diruiweng tsa Egepeto, di latelwa ke dintho le marophi mo mothong le mo phologolong, mo eleng gore le eleng baperesiti ba ba dirang boselamose ga ba kgone go ema fa pele ga ga Moshe. Jehofa gape o letla pelo ya ga Faro gore e thatafale, a mmolelela jaana ka Moshe: “Me rure hèla ke gu emiseditse gōna mouō, gore ke gu bontshè nonohō ea me, le gore leina ya me le bolèlwè mo lehatshiñ yeotlhe hèla.” (9:16) Morago Moshe o bolelela Farwe petso e e latelang, eleng “sehakō se se boitshègañ” mme Bibela e bega fano e le lantlha gore batlhanka bangwe ba ga Farwe ba boifa lefoko la ga Jehofa mme ba dira jaaka a bua. Petso ya borobedi le ya borobonngwe—eleng go tlhaselwa ke tsie le lefifi—di latelana fela ka bonako, mme Faro yo o pelo e thata, o tshosetsa Moshe ka gore o tla mmolaya fa a ka tla kwa go ene gape.—9:18.
16. Jehofa o laela eng malebana le Tlolaganyo le Moletlo wa Dinkgwe Tse di sa Bedisiwang?
16 Tlolaganyo le go bolawa ga maitibolo (11:1–13:16). Jehofa jaanong o bolela jaana, “Ke sa nntse ke tla lere pecō e ñwe gapè mo go Farwe, le mo go Egepeto”—eleng go swa ga maitibolo. (11:1) O laola gore kgwedi ya Abibe e nne yone ya ntlha ya Baiseraele. Mo letsatsing la bo 10, ba tshwanetse go tsaya nku kana podi—e tonanyana, ya ngwaga o le mongwe, e e senang bogole—mme ba tshwanetse go e bolaya mo letsatsing la bo 14. Mo go one maitsiboa ao ba tshwanetse go tsaya madi a phologolo mme ba a gase mo mephakong e mebedi ya mojako le kwa godimo ga mojako, mme ba tshwanetse go nna mo ntlong mme ba je nama e e besitsweng, eo ba sa tshwanelang go roba lerapo lepe la yone. Ga go a tshwanela go nna le sebediso sepe mo ntlong, mme ba tshwanetse go e ja ka bonako, ba apere ebile ba ipaakanyeditse go tsamaya. Tlolaganyo eno e tshwanetse go nna jaaka segopotso mo go bone, e nne moletlo wa ga Jehofa mo dikokomaneng tsotlhe tsa bone. E tshwanetse go latelwa ke Moletlo wa malatsi a le supa wa Dinkgwe tse di sa Bedisiwang. Barwa ba bone ba tshwanetse go rutwa ka botlalo malebana le gore sotlhe seno se bolelang. (Moragonyana ga moo, Jehofa o ba naya ditaelo tse dingwe gape mabapi le meletlo eno, mme a bo a ba laela gore bana botlhe ba basimane ba maitibolo ba Baiseraele, ba batho le ba diphologolo ba tshwanetse go mo itshepisediwa.)
17. Ke ditiragalo dife tseo di tshwayang bosigo jono jaaka jo bo tshwanetseng go gakologelwa?
17 Baiseraele ba dira fela jaaka Jehofa a ba laela. Morago ga moo matlhotlhapelo a a itelekela! Jehofa o bolaya maitibolo otlhe a Baegepeto ka nako ya bosigogare, fa a tlolaganya mo godimo mme a boloka maitibolo a Baiseraele. “Nanogañ, lo cwè mo gare ga batho ba me,” Faro o tlhaeletsa jalo. Mme ‘Baegepeto ba potlakisa batho.’ (12:31, 33) Baiseraele ga ba tswe ba iphotlhere fela, ka go bo ba kopa Baegepeto dijana tsa selefera le tsa gouta le diaparo mme baa ba di naya. Ba tswa ba gwanta mo Egepeto jaaka mophato wa ntwa, e le banna ba ba fitlhang go 600 000, ba le mmogo le malapa a bone le bontsintsi jo bo tlhakaneng jwa ba eseng Baiseraele, mmogo le diphologolo tse dintsi. Seno se tshwaya bokhutlo jwa dingwaga tse 430 tsa go simolola fa Aberahame a ne a tshela noka ya Uferatese a tsena mo lefatsheng la Kanana. Eleruri bosigo jono bo tshwanela go gakologelwa.—Ekes. 12:40; ntlhanyana ya bobedi e e kwa tlase; Bagal. 3:17.
18. Go itshepisiwa ga leina la ga Jehofa go fitlha setlhoeng jang ka seo se diragalang kwa Lewatleng le Lehibidu?
18 Leina la ga Jehofa le itshepisiwa kwa Lewatleng le Lehibidu (13:17–15:21). Jehofa o etelela Baiseraele pele ka leru motshegare mme bosigo o ba etelela pele ka pinagare ya molelo, a ba tsamaisa ka tsela ya Sukotha. Farwe gape o nna tlhogoethata, a bolola ka dikoloi tsa gagwe tsa ntwa a bo a ba tshwara, jaaka a akanya jalo, kwa Lewatleng le Lehibidu. Moshe o tlhomamisetsa batho ka go ba bolelela jaana: “Se boiheñ, èmañ hèla, me lo bōnè poloka ea ga Yehofa, e o tla e lo dihèlañ gompiyeno.” (14:13) Morago ga moo Jehofa o dira gore lewatle le boele kwa morago, a dira gore go nne le tsela fa gare ga lone eo Moshe a etelelang Baiseraele pele ka yone a ba falosetsa kwa losing lo lo kwa botlhaba. Masomosomo a masole a a nonofileng a ga Farwe aa ba alola, mme metsi a ba tshwara mo gare ga lone a bo a ba beta. Abo go itshepisiwa ga leina la ga Jehofa go ne ga fitlha setlhoeng ka tsela e e molemo jang ne! Abo seno se ne sa mo tlisetsa boipelo jang ne! Boipelo joo morago ga moo bo bontshiwa ke pina eno ya phenyo e eleng ya ntlha e kgolo ya Bibela: “Ke tla ōpèlèla Yehofa, gonne o hentsè ka mo go gakgamatsañ: o latlhetse pitse le mopagami oa eōna mo lewatleñ. Yehofa ke thata ea me le sehela, o bile o dihegile poloka ea me . . . Yehofa o tla busa ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae.”—15:1, 2, 18.
19. Ke ditiragalo dife tseo di diragalang mo loetong lwa go ya kwa ntlheng ya Sinai?
19 Jehofa o dira kgolagano ya Molao kwa Sinai (15:22–34:35). Mo makgetlong a a latelanang, jaaka ba ntse ba eteletswe pele ke Jehofa, Baiseraele ba tsamaya go ela kwa Sinai, eleng thaba ya Modimo wa boammaaruri. Fa batho ba ngongoregela gore metsi a Mara a a galaka, Jehofa o dira gore a nne monate. Gape, fa ba ngongoregela go tlhoka nama le senkgwe, o ba naya makutikwe mo maitsiboeng mme a bo a ba naya mana o o tswina, a a ntseng jaaka monyo mo godimo ga mmu, mo mosong. Mana ano e tla nna senkgwe sa Baiseraele mo dingwageng tse 40 tse di latelang. Gape, e le lekgetlo lantlha mo hisitoring, Jehofa o laela gore go bolokiwe letsatsi la boikhutso, kana sabata, a laela gore Baiseraele ba sele mana o o menaganeng gabedi mo letsatsing la borataro mme ga a ba nee sepe mo letsatsing la bosupa. Gape o ba naya metsi kwa Refidima mme o ba lwela kgatlhanong le Amaleka, mme a dira gore Moshe a kwale katlholo ya gagwe ya gore Amaleka o tla tlosediwa ruri.
20. Thulaganyo e e botoka e ne ya dirwa jang?
20 Ratsalaagwe Moshe, ebong Jetherwe, o mo leretse mosadi wa gagwe le bana ba gagwe ba babedi. Jaanong ke nako ya gore go rulaganngwe dilo botoka mo Iseraele, mme Jetherwe o ba naya kgakololo nngwe e e molemo e e mosola go ka dirisiwa. O gakolola Moshe gore a seka a rwala mokgweleo otlhe wa tiro a le esi mme a tlhophe banna ba ba nang le bokgoni, ba ba boifang Modimo gore ba atlhole batho jaaka dikgosana tsa dikete, tsa makgolo, tsa masome a matlhano, le tsa masome. Moshe o dira jalo, mme go tlisiwa fela dikgetse tse di bokete kwa go ene.
21. Jehofa o dira tsholofetso efe morago ga foo, mme ka ditumalano dife?
21 Mo lobakeng lwa dikgwedi di le tharo tsa morago ga Khudugo eo, Baiseraele ba thibelela mo nageng ya Sinai. Jehofa o ba solofetsa jaana fa ba le fano: “Me ke gōna yana, ha rure lo ka reetsa lencwe ya me, loa tshegetsa kgōlaganō ea me, hoñ lo tla nna boshwa bo chwerwe yoa me, go heta dichaba cotlhe: gonne lehatshe yeotlhe ke ya me: Me lo tla bo lo nntse bogosi yoa baperisiti mo go nna, le morahe o o boitshèpō.” Batho jaanong ba ikana jaana: “Gotlhe mo Yehofa a go buileñ re tla go diha.” (19:5, 6, 8) Morago ga lobaka lo Baiseraele ba neng ba itshekisiwa ka lone, Jehofa o fologela mo thabeng ka letsatsi la boraro, a baka gore e tlale mosi e bo e rorome.
22. (a) Mafoko a a Lesome a na le melao efe? (b) Ke dikatlholo dife tseo di bewang fa pele ga Baiseraele, mme morafe o tsenngwa jang mo kgolaganong ya Molao?
22 Morago ga moo Jehofa o tswelela go ba naya Mafoko a a Lesome, kana Melao e e Lesome. Melao eno e otlelela kafa go leng botlhokwa ka gone gore ba ineele mo go Jehofa a le esi fela, mme gape e ba itsa go obamela medimo e mengwe, ya ditshwantsho, le go sikara leina la Jehofa ka go le tlontlolola. Baiseraele ba laelwa gore ba berekele Modimo ka malatsi a le marataro le gore sabata yone ba e bolokele Jehofa, le gore ba tlotle rre le mmè. Melao e e kgatlhanong le go bolaya, boaka, go utswa, go neela bosupi jwa maaka, le bopelotshetlha e konela Mafoko a a Lesome. Morago Jehofa o tswelela go ba beela melawana ya boatlhodi, ditaolo tsa morafe o mosha, e e akaretsang botlhanka, go lwa, go gobatsa, go duela, go utswa, go senyediwa ke molelo, kobamelo ya maaka, go hepisa, go sa tshware batlholagadi le dikhutsana sentle, go adima madi, le dilo tse dingwe tse dintsi. O ba naya melao ya sabata, le go rulaganyetsa meletlo e meraro ya ngwaga le ngwaga ya kobamelo ya ga Jehofa. Morago ga moo Moshe o kwala mafoko a ga Jehofa, go dirwa ditlhabelo, mme bontlhanngwe jwa madi bo tshelwa mo godimo ga sebeso. Buka ya kgolagano e balelwa batho, mme morago ga go tlhomamisa gore ba tla mo utlwa, madi a a setseng a tshelwa mo godimo ga buka le mo bathong botlhe. Ka gone Jehofa o dira kgolagano ya Molao le Iseraele ka motsereganyi, ebong Moshe.—Baheb. 9:19, 20.
23. Jehofa o naya Moshe ditaolo dife kwa thabeng?
23 Morago ga moo Moshe o tlhatlogela kwa go Jehofa mo thabeng go ya go amogela Molao gone. O newa ditaolo di le dintsi ka malatsi a le 40 le masigo a le kalo, tse di malebana le dilo tsa motlaagana, dilo tseo o tshwanetseng go kgabisiwa ka tsone, le dilo tse di rileng tse di malebana le motlaagana ka boone, le ka moo diaparo tsa bapereseti di tshwanetseng go dirwa ka gone, go akaretsa le sematla sa gouta e e sa pekwang ka sepe, se se kwadilweng “Boitshèpèlõ Yehofa” mo sefapatlhogong sa ga Arone. Go bolelwa dintlha ka botlalo malebana le go tlhomiwa ga baperesiti le tirelo ya bone, mme Moshe o gakololwa gore Sabata e tla nna lotshwao lwa fa gare ga ga Jehofa le bana ba Iseraele “ka bosakhutleñ.” Moshe jaanong o newa matlapa a mabedi a Bosupi a a kwadilweng ka ‘monwana wa Modimo.’—Ekes. 28:36; 31:17, 18.
24. (a) Batho ba dira boleo bofe, mme go felela ka eng? (b) Jehofa o senolela Moshe leina la gagwe le kgalalelo ya gagwe jang?
24 Fa seno se ntse se diragala batho ba fela pelo mme ba kopa Arone gore a ba direle modimo o o tla ba etelelang pele. Arone o dira jalo, a dira namane ya gouta, mme batho ba e obamela mo go seo ba se bitsang “modihō oa ga Yehofa.” (32:5) Jehofa o bua ka go nyeletsa Iseraele yotlhe, mme Moshe o a tsenelela mo boemong jwa bone, lemororo a thuba maje ka a ne a galefile thata. Bomorwa Lefi jaanong ba emela kobamelo e e itshekileng, ba bolaya batho ba ba 3 000 ba ba leng mo moletlong. Jehofa le ene o ba betsa ka petso. Morago ga gore Moshe o lope Modimo gore a tswelele go etelela batho ba gagwe pele, o bolelelwa gore a ka bona kgalalelo ya Modimo, mme o laelwa gore a dire matlapa a mangwe a mabedi ao Jehofa a tla kwalang Mafoko a a Lesome gape mo go one. Fa Moshe a tlhatlogela kwa thabeng lekgetlo la bobedi, Jehofa o tswelela pele go mmolelela leina Jehofa fa A feta fa go ene a re: “Yehofa, Yehofa, Modimo o o tletseñ bopelotlhomogi, o o tsalanō, o o bonya go galeha, le o o letlōtlō ya boutlwèlō botlhoko le boamarure; O o bolokèlañ ba makgolo kgolo boutlwèlō botlhoko.” (34:6, 7) Morago o boa a bolela seo ba dumalaneng ka sone mo kgolaganong ya gagwe, mme Moshe o e kwala jaaka e ntse gompieno mo go Ekesodo. Fa Moshe a fologa mo Thabeng ya Sinai, letlalo la sefatlhego sa gagwe le ntsha marang ka gonne Jehofa o ne a mo senoletse kgalalelo ya gagwe. Ka ntlha ya seo o tshwanetse gore a apese sefatlhego sa gagwe ka sengwe.—2 Bakor. 3:7-11.
25. Rekoto e re bolelela eng ka motlaagana le kafa Jehofa a neng a supa kgalalelo ya gagwe go ya pele ka gone?
25 Go agiwa ga motlaagana (35:1–40:38). Morago ga moo Moshe o phutha Baiseraele mme o ba bolelela mafoko a ga Jehofa, a ba bolelela gore ba ba dipelo di ratang ba na le tshiamelo ya go dira meneelo ya motlaagana mme ba ba dipelo di botlhale ba na le tshiamelo ya go dira mo go one. Go ise go e kae Moshe o begelwa jaana: “Batho ba lerile thata go hetisa selekanyō sa tihō e Yehofa o e laotseñ gore e dihwè.” (36:5) Batho bao ba ba neng ba kaelwa ke Moshe ba ba neng ba tletse moya wa ga Jehofa ba tswelela go aga motlaagana le go o tsenya dilwana le go dira diaparo tsotlhe tsa baperesiti. Ngwaga morago ga Khudugo, motlaagana o a wediwa mme o agilwe mo lobaleng fa pele ga Thaba ya Sinai. Jehofa o bontsha gore o a o amogela ka go khurumetsa tente ya bophuthegelo ka leru le go tlatsa motlaagana ka kgalalelo ya gagwe, mo eleng gore Moshe ga a kgone go tsena mo tenteng. Lone leru leno le molelo bosigo di supa gore Jehofa o eteletse Baiseraele pele mo maetong otlhe a bone. Jaanong ke mo ngwageng wa 1512 B.C.E., mme pego ya Ekesodo e felela fano, leina la ga Jehofa le itshepisitswe ka mo go galalelang ka ditiro tse di gakgamatsang tseo a di dirileng mo boemong jwa Baiseraele.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
26. (a) Ekesodo e re thusa jang gore re nne le tumelo mo go Jehofa? (b) Go umakiwa ga ga Ekesodo mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika go nonotsha tumelo ya rona jang?
26 Ekesodo e senola Jehofa ka mo go tlhomologileng jaaka Mogolodi yo mogolo le Morulaganyi le Modiragatsi wa maikaelelo a gagwe, mme e dira gore re nne le tumelo mo go ene. Tumelo eno ea oketsega fa re ithuta ka ditsopolo tse dintsi tse di tswang mo go Ekesodo mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika, tseo di bontshang kafa dikarolo tse dintsi tsa kgolagano ya Molao di neng tsa diragadiwa ka gone, di re tlhomamisetsa ka tsogo ya baswi, paakanyetso ya ga Jehofa ya go tshegetsa batho ba gagwe, tiro ya go thusa ba bangwe eo e neng e dirwa pele ga Bokeresete, kgakololo ya gore go tlhokomelwe batsadi, seo se tlhokegang gore re bone botshelo, le ka moo re tshwanetseng go leba kotlhao ya fa go diragadiwa tshiamo ka gone. Kwa bokhutlong Molao o ne wa sobokanngwa ka melao e mebedi e e malebana le go bontsha lorato mo Modimong le go mong ka rona.—Math. 22:32—Ekes. 4:5; Yoh. 6:31-35 le 2 Bakor. 8:15—Ekes. 16:4, 18; Math. 15:4 le Baef. 6:2—Ekes. 20:12; Math. 5:26, 38, 39—Ekes. 21:24; Math. 22:37-40.
27. Rekoto ya hisitori e e mo go Ekesodo e solegela Mokeresete molemo jang?
27 Re bala ka tumelo ya ga Moshe le batsadi ba gagwe mo go Bahebera 11:23-29. Ka tumelo o ne a tswa kwa Egepeto, ka tumelo o ne a keteka Tlolaganyo, ka tumelo gape o ne a etelela Baiseraele pele go ralala Lewatle le Lehibidu. Baiseraele ba ne ba kolobediwa mo go Moshe mme ba ja dijo tsa semoya le go nwa dino tsa semoya. Ba ne ba lebelela pele kwa lejeng la semoya la kgokgotsho, kana Keresete, mme lefa go le jalo ba seka ba amogelwa ke Modimo, ka go bo ba ne ba leka Modimo mme ba obamela medimo ya disetwa, ba gokafala, ba nna bangongoregi. Paulo o tlhalosa gore seno se a dira mo Bakereseteng gompieno: “Me yana dilō tse, di ba dihaletse ka mokgwa oa sekaèlō; me tsa kwalwa gore di nnè tlhagishō mo go rona ba dikhutlō tsa metlha di wetseñ mo go rona. Me ke gōna, eo o gopolañ, go re, o eme, a a itisè gore a se ka a wa.”—1 Bakor. 10:1-12; Baheb. 3:7-13.
28. Dilo tse di neng di tshwantshediwa ke Molao le kwana ya Tlolaganyo di ile tsa diragadiwa jang?
28 Dilo tse di boteng tseo Ekesodo e di bolelang, mmogo le kafa boperofeti jwa yone bo dirang ka gone, go bonwa mo dikwalong tsa ga Paulo, segolobogolo mo go Bahebera dikgaolo 9 le 10. “Gonne molaō, ka o no o na le moruti hèla oa dilō tse di molemō tse di ne di tla, e señ sechwanō sa dilō sebele, baperisiti ga ba kake ba diha gopè, gore ba ba atamèlañ ba nnè boitekanèlō.” (Baheb. 10:1) Ka gone, re kgatlhegela go itse moriti le go tlhaloganya sa ka mmatota seo e se emelang. Keresete o ne a “isetsa rure setlhabèlèlo sa dibe se le señwe hèla.” O tlhalosiwa jaaka “Kwana oa Modimo.” Ga go lerapo lepe la “Kwana” eno leo le neng la rojwa fela jaaka se se neng se e tshwantshetsa se ne se ntse. Moaposetoloi Paulo o akgela jaana: “Gonne le eōna Tlolaganyō ea rona e isicwe setlhabèlō, eboñ Keresete: Me ke gōna, a re diheñ modihō, e señ ka sebedishō se segologolo, leha e le ka sebedishō sa kilō le sa boikepō, me e leñ ka senkgwè se se sa bedisiwañ sa bopelo e phèpa le boamarure.”—Baheb. 10:12; Yoh. 1:29 le 19:36—Ekes. 12:46; 1 Bakor. 5:7, 8—Ekes. 23:15.
29. (a) Bapisa kgolagano ya Molao le kgolagano e ntšha. (b) Ke ditlhabelo dife tseo Baiseraele ba semoya ba di ntshang go Modimo jaanong?
29 Jesu o ne a fetoga Motsereganyi wa kgolagano e ntšha, jaaka fa Moshe e ne e le motsereganyi wa kgolagano ya Molao. Moaposetoloi Paulo o tlhalositse ka phepafalo kafa dikgolagano tseno di farologaneng ka gone, o bua ka ‘lokwalo lo lo kwadilweng lwa molao’ leo le ileng la tlosiwa ka loso lwa ga Jesu lwa mo mokgorong. Jesu yo o tsositsweng jaaka Moperesiti yo Mogolo ke “modihedi oa hèlo ga boitshèpō le oa motlaagana oa amarure, o Morèna o o tlhomileñ, eseñ motho.” Baperesiti ba ba neng ba le kafa tlase ga Molao ba ne ba direla “se e leñ malebèla le moruti oa dilō tsa selegodimo” go ya ka thulaganyo e e neng e neilwe Moshe. “Me yanoñ, èna [Jesu] o bonye tihèlō e e gaisañ, yaka a bile a le motsereganyi oa kgōlaganō e e molemō bogolo, e e theilweñ mo dipoleloñ tsa choloheco tse di molemō bogolo.” Kgolagano e kgologolo e ne ya seka ya tlhola e nna le mosola mme e ile ya tlosiwa jaaka sengwe seo se tlisang loso. Bajuda bao ba sa tlhaloganyeng seno ba tlhalosiwa jaaka bao ditlhaloganyo tsa bone di sa direng, mme bao ba dumelang bao ba anaanelang gore Iseraele wa semoya e tsene mo kgolaganong e ntšha mme ‘ba ka tsabakela jaaka diipone ka kgalalelo ya ga Jehofa ka difatlhego tse di sirilogileng’ ereka ba tshwanelega jaaka badihedi ba yone. Ereka digakolodi tsa bone di tlhatsitswe ba kgona go ntsha ‘tshupelo ya pako, loungo lwa melomo ya bone leo le ipolelang leina la gagwe.’—Bakol. 2:14; Baheb. 8:1-6, 13; 2 Bakor. 3:6-18; Baheb. 13:15; Ekes. 34:27-35.
30. Go gololwa ga Baiseraele le go godisiwa ga leina la ga Jehofa kwa Egepeto go ne go tshwantshetsa eng?
30 Ekesodo e godisa leina la ga Jehofa le bolaodi jwa gagwe, e bolelela pele ka go gololwa go go galalelang ga morafe wa Bakeresete wa Iseraele wa semoya, o go neng ga bolelwa jaana ka one: “Lona, lo losika lo lo itshenkecweñ, lo boperisito yoa segosi, morahe o o boitshèpō, lo chaba e e ruilweñ ke Modimo sebele, gore lo tlè lo bōnatsè go tlotlomala ga eo o lo biditseñ, a lo bitsa lo le mo lehihiñ a lo isa mo lesediñ ya gagwè ye le gakgamatsañ: Eboñ lona ba e rileñ mo metlheñ e e hetileñ loa bo lo se chaba epè, me gompiyeno lo chaba ea Modimo.” Maatla a ga Jehofa jaaka a supiwa ka go phutha Iseraele wa semoya go tswa mo lefatsheng go tla go galaletsa leina la gagwe a gakgamatsa fela jaaka maatla ao a neng a a supa mo boemong jwa batho ba gagwe kwa Egepeto wa bogologolo. Ka go tshola Farwe a ntse a tshela gore a mmontshe thata ya Gagwe le gore leina la Gagwe le bolelwe mo lefatsheng lotlhe, Jehofa o ne a tshwantshetsa bosupi jo bogolwane jo bo tla fitlhelelwang ke Basupi ba Gagwe ba Bakeresete.—1 Pet. 2:9, 10; Bar. 9:17; Tshen. 12:17.
31. Ekesodo e tshwantshetsa eng mabapi le bogosi le go nna gone ga ga Jehofa?
31 Ka gone, re ka bolela gore go tswa mo Dikwalong gore morafe o o neng wa bopiwa kafa tlase ga ga Moshe o ne o tshwantshetsa morafe o mosha kafa tlase ga ga Keresete le bogosi jo bo ka se kakeng jwa tshikinngwa. Ka ntlha ya seno sotlhe, re rotloediwa gore re ‘direle Modimo tirelo e e kgatlhang ka tshisimogo le ka poifo.’ Fela jaaka go nna gone ga ga Jehofa go ne ga khurumetsa motlaagana kwa gareng ga naga, ka jalo o solofetsa jaana gore o tla nna gone ka bosakhutleng mo gare ga ba ba mmoifang: “Bōnañ, boagō yoa Modimo bo mo bathuñ, me o tla aga nabō, me ba tla nna batho ba ōna, le Modimo ka osi o tla nna nabō . . . Kwala: gonne mahoko a, a boikañō, le boamarure.” Eleruri Ekesodo ke karolo e e botlhokwa le e e mosola ya rekoto ya Bibela.—Ekes. 19:16-19—Baheb. 12:18-29; Ekes. 40:34—Tshen. 21:3, 5.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Ekes. 3:14, ntlhanyana e e kwa tlase ya NW; Insight on the Scriptures, Bol. 2, tsebe 12.
b Insight on the Scriptures, Bol. 1, ditsebe 532, 535; Archaeology and Bible History, 1964, J. P. Free, tsebe 98.
c Insight on the Scriptures, Bol. 1, ditsebe 540-1.
d Exodus, 1874, F. C. Cook, tsebe 247.