Buka ya Bibela ya bo 17—Esethere
Mokwadi: Moredekai
Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Shushana, Elame
Go Wediwa ga go E Kwala: mo e ka nnang ka 475 B.C.E.
Lobaka Lo Lo Tserweng: 493–mo e ka nnang ka 475 B.C.E.
1. Ke polelo efe e e bolelwang mo bukeng ya Esethere?
FA GO buiwa motlhofo fela, seno ke polelo kaga kgosi ya Moperesia Ahasueruse, yoo bangwe ba akanyang gore ke Xerxes I, yoo mosadi wa gagwe yo o senang kutlo Fasheti a tseelwang sebaka ke Esethere mosadi mongwe wa Mojuda, yo e leng ntsalae Moredekai. Hamane wa Moagage o loga leano la go bolaya Moredekai le Bajuda botlhe, mme go pegiwa ene mo mokgorong oo, mme Moredekai ene o dirwa tonakgolo mme Bajuda ba a bolokwa.
2. (a) Ke ka ntlhayang fa bangwe ba belaela gore buka ya Esethere e tlhotlheleditswe? (b) Go lebega leina la Modimo le dirisitswe ka mokgwa ofe mo bukeng ya Esethere?
2 Mme gone, go na le bao ba bolelang gore buka ya Esethere ga e a tlhotlhelediwa ebile ga e mosola mme ke tlhamane fela e e monate. Ba bua seo ba ikaegile ka go bo e sena leina la Modimo mo go yone. Lemororo go le boammaaruri gore Modimo gaa umakiwe ka tlhamalalo, mo mokwalong wa Sehebera go na le makgetlo mangwe a le manè a a farologaneng ao go dirisiwang mafoko a a emelang Tetragrammaton, ditlhaka tsa ntlha tsa mafoko a a latelelanang a manè, tseo di kwadilweng jaaka YHWH (Sehebera, יהוה), kana Jehofa. Ditlhaka tseno tse di simololang di tlhomololwa thata mo mekwalong e e ka nnang meraro ya bogologolo ya Sehebera mme gape di tshwailwe ka ditlhaka tse dikhibidu mo Masora. Gape, mo go Esethere 7:5 go na le mafoko mangwe a a emelang polelo ya bomodimo e e reng “Ke nntse yo ke nntseng.”—Bona dintlhanyana tse di kwa tlase tsa NW mo go Esethere 1:20; 5:4, 13; 7:7, mmogo le 7:5.
3. Ke ditiragalo dife tseo di supang thapelo le tumelo mo Modimong, mme ke ditiragalo dife tse di akantshang gore Modimo o ne o tsentse letsogo mo dilong?
3 Mo rekotong eno yotlhe go bonala sentle gore Moredekai o ne a amogela ebile a ikobela molao wa ga Jehofa. O ne a gana go obama ka go tlotla monna yoo go bonalang e ne e le Moamaleka; Modimo o ne a ikaeletse go nyeletsa Baamaleka gotlhelele. (Esethere 3:1, 5; Dute. 25:19; 1 Sam. 15:3) Mafoko a ga Moredekai a a mo go Esethere 4:14 a bontsha gore o ne a lebeletse gore Jehofa o tla ba golola le gore o ne a dumela gore Modimo o ne a tla nna le seabe mo go laoleng ditiragalo tse di amanang le seno. Go itima dijo ga ga Esethere ka malatsi a le mararo, mmogo le seo Bajuda ba ba bangwe ba neng ba se dira, pele fa a ya kwa kgosing se supa go ikaega ga bone ka Modimo. (Esethere 4:16) Se se bontshang gore Modimo o ne a tsentse letsogo mo dilong ke fa Esethere a ne a ratwa ke Hegai, modisa wa basadi, le ka go tlhobaela ga kgosi mo bosigong jwa fa a ne a batla gore a balelwe direkoto tsa bogosi mme a fitlhela gore Moredekai a ne a sa tlotlwa ka ntlha ya tiro nngwe ya nako e e fetileng e e molemo e a kileng a e dira. (Esethere 2:8, 9; 6:1-3; bapisa Diane 21:1.) Ga go belaetse gore mafoko ano, “mo tihoñ ea bonè ea go ikitsa go ya le ea selelō” a supa thapelo.—Esethere 9:31.
4. Re kgona go bona jang gore buka ya Esethere e boammaaruri le gore ke ya mmatota?
4 Go na le dintlha tse dintsi tseo di tlhomamisang pego eno jaaka e e boammaaruri ebile e le ya mmatota. Bajuda ba ne ba e amogela, mme ba ne ba bitsa buka eno fela ba re Meghil·lahʹ, se se kayang “momeno.” Go lebega e ne ya akarediwa mo Dikwalong tsa Sehebera ke Esere, yoo eleruri a neng a ka se amogele selo se se seng boammaaruri. Go fitlha gompieno, Bajuda ba santse ba tshegetsa moletlo wa Purim, kana Lots, ba keteka letsatsi le legolo la go gololwa ga bone mo motlheng wa ga Esethere. Buka eno e re bolelela ka mekgwa ya Baperesia le tsela eo ba neng ba tshela ka yone mme e dumalana sentle le dintlha tse di itsiweng tsa hisitori le dilo tse di ribolotsweng ke baithutamarope. Ka sekai, buka ya Esethere e tlhalosa ka tlhomamo tsela eo Baperesia ba neng ba tlotlomatsa motho ka yone. (6:8) Dithibololo tsa baithutamarope di ne tsa senola gape gore go tlhalosiwa ga lefelo la kgosi jaaka go ntse mo bukeng ya Esethere go tlhomame tota.a—5:1, 2.
5. Ke go tlhomama gofe goo go supang gore buka ya Esethere ke ya mmatota, mme puo ya yone e dumalana le lobaka lofe lwa nako?
5 Go tlhomama gono gape go bonala mo pegong eno ka boyone, ka go bo e umaka maina a batlhankedi ba puso le batlhanka, e bo e naya le maina a barwa ba ba lesome ba ga Hamane. Losika lwa ga Moredekai le Esethere fa le batliwa go fitlhelwa e le la ga Kishe wa lotso lwa ga Benjamine. (2:5-7) Go umakiwa gape le direkoto tsa puso ya Baperesia. (2:23; 6:1; 10:2) Buka eno e kwadilwe ka Sehebera sa morago, seo se neng se na le mafoko a le mantsi a Seperesia le Searamaika, mme mokgwa o e kwadilweng ka one o tshwana le wa Ditihalō, Esere, le Nehemia, ka gone di nyalana sentle le lobaka loo di kwadilweng ka lone.
6. (a) Buka ya Esethere e supiwa fa e le ya lobaka lofe? (b) Ke eng seo bosupi bo se akantshang ka mokwadi wa yone, mmogo le lefelo le nako e e kwadilweng ka yone?
6 Go akanngwa gore ditiragalo tsa ga Esethere di diragala mo malatsing a fa mmusomogolo wa Peresia o ne o itsetsepetse sentle le gore di tsere lobaka lwa dingwaga tse di ka nnang 18 tsa puso ya ga Ahasueruse (Xerxes I). Lobaka loo lwa nako, loo lo fitlhang mo e ka nnang ka 475 B.C.E., le bontshiwa ke bosupi jo bo tswang mo dikwalong tsa Bagerika, Baperesia, le Bababelona.b Moredekai, jaaka mmonaditiragalo le motho yo o nang le karolo e kgolo mo pegong eno, go lebega e le ene mokwadi wa buka; go tlhamalala ga pego eo le go akaretsa ga yone dintlha di le dintsi go supa gore mokwadi wa yone o tshwanetse a bo a tshetse fa ditiragalo tsa yone di diragala kwa lefelong leo la bogosi kwa Shushana.c Lemororo a sa umakiwe mo dibukeng dipe fela tse dingwe tsa Bibela, ga go belaetse gore Moredekai o kile a tshela. Se se kgatlhisang ke gore go ile ga bonwa mokwalo mongwe wa mokwalo wa dimapo oo o tlhalosiwang ke A. Ungnad wa Jeremane e le oo o umakang Mardukâ (Moredekai?) jaaka mookamedi mongwe wa maemo a a kwa godimo kwa Susa (Shushana) mo pusong ya ga Xerxes I.d Ga go belaetse gore Moredekai o ne a wetsa pego eno ya ditiragalo tsa ga Esethere kwa Shushana fela fa di sena go diragala, mo e ka nnang ka 475 B.C.E.
SEO SE LENG MO GO ESETHERE
7. Go diragala eng kwa moletlong wa dijo wa ga kgosi Ahasueruse, mme kgosi e tsaya kgato efe?
7 Mohumagadi Fasheti o tseelwa maemo (1:1-22). Ke ngwaga wa boraro wa puso ya ga Ahasueruse. O direla balaodi botlhe ba bogosi jwa gagwe moletlo o mogolo, a ba bontsha dikhumo le kgalalelo tsa bogosi jwa gagwe ka malatsi a le 180. Morago, o direla batho botlhe ba Shushana moletlo o mogolo. Ka nako eo, mohumagadi Fasheti le ene o direla basadi moletlo. Kgosi e ipelafatsa ka dikhumo tsa yone le kgalalelo ya yone, mme fa e setse e itumetse ka ntlha ya go nwa beine, e bitsa Fasheti gore a tle go supa bontle jwa gagwe mo bathong le mo dikgosaneng tseo. Mohumagadi Fasheti o nnela go gana. Fa Ahasueruse a gakololwa ke balaodi ba gagwe, bao ba bontshang gore sekao se se bosula seno se ka dira gore kgosi e latlhegelwe ke tlotlo mo mmusong wa yone o mogolo, o tlosa mohumagadi Fasheti mo maemong mme o romela dikwalo tseo di laelang basadi botlhe go ‘naya banna ba bone tlotlo’ le gore monna mongwe le mongwe a ‘nne le taolo mo ntlong ya gagwe.’—1:20, 22.
8. (a) Ke dilo dife tse di diragalang pele Esethere a ka nna mohumagadi? (b) Moredekai o ne a upolola morero ofe, mme go ne ga kwalwa eng ka gone?
8 Esethere o nna mohumagadi (2:1-23). Moragonyana, kgosi e roma balaodi go ya go batla makgarebane a mantle thata mo dikgaolong tsa mmusomogolo wa yone tse 127 le gore ba tlisiwe kwa Shushana, koo ba tlileng go tlhokomelwa sentle ba ntlafadiwa pele ba isiwa fa pele ga kgosi. Esethere ke mongwe wa basadi ba babotlana ba ba tlhophilweng bao. Esethere ke khutsana ya Mojuda, ‘yo moswaana, yo montle,’ mme o ne a godisitswe ke Moredekai ntsalae, molaodi mo Shushana. (2:7) Leina la ga Esethere la Sejuda, Hadase, le kaya “Myrtle.” Esethere o ratiwa ke Hegai, modisa wa basadi, mme o mo tlhokomela ka mo go kgethegileng. Ga go ope yo o itseng gore ke Mojuda, ka go bo Moredekai a mo laile gore a se ka a bolelela ope. Basadi ba babotlana ba tlisiwa kwa kgosing ka go latelelana. O tlhopha Esethere jaaka mohumagadi wa gagwe yo mosha, mme go dirwa moletlo go keteka go rwesiwa ga gagwe serwalo sa bogosi. Go ise go e kae morago ga foo, Moredekai o utlwa ka morero wa go bolaya kgosi, mme o dira gore Esethere a e bolelele “ka leina ya ga Moredekai.” (2:22) Morero oo o a senolwa, mme batsuolodi bao baa kgwagediwa, mme pego eo e kwalwa mo dikwalong tsa segosi.
9. Moredekai o galefisa Hamane jang, mme o ne a batla tetla efe ya molao kgatlhanong le Bajuda?
9 Morero wa ga Hamane (3:1–5:14). Go feta dingwaga tse di ka nnang nnè. Hamane, yo go lebegang e le setlogolwana sa kgosi ya Moamaleka Agage yo o neng a bolawa ke Samuele o nna tonakgolo. (1 Sam. 15:33) Kgosi e godisa maemo a gagwe mme e bo e laela batlhanka botlhe ba gagwe ba ba nnang fa kgorong go ikoba fa pele ga ga Hamane. Bano ba akaretsa Moredekai. Lefa go ntse jalo, Moredekai o gana go dira jalo, a bolelela batlhanka ba kgosi gore ke Mojuda. (Bapisa Ekesodo 17:14, 16.) Hamane o a shakgala mme fa a fitlhela gore Moredekai ke Mojuda, o bona tshono e e molemo ya go fedisa Moredekai le Bajuda botlhe. O tshela bola (pura) go bona gore ke letsatsi lefe le le molemo leo a ka nyeletsang Bajuda ka lone. A dirisa go ratwa ga gagwe ke kgosi, Hamane o bolela gore Bajuda ga ba ikobele molao mme o kopa tetla e e kwadilweng ya gore ba senngwe. Hamane o ntsha moneelo wa ditalenta tsa selefera tse di ka nnang 10 000 (tse di lekanang le mo e ka nnang R171 756 000) e le madi ao a tla dirisetswang polao eo. Kgosi e a dumela, mme dikwalo tse di kwadilweng tsa tetla, di kanwa ka palamonwana ya kgosi, di bo di anamisiwa le mmuso otlhe wa gagwe, mme di bolela gore Bajuda ba tla bolawa ka letsatsi la bo 13 la Adara.
10. Moredekai le Esethere ba tswelela jang go supa tumelo ya bone mo go Jehofa?
10 Fa ba utlwa molao oo, Moredekai le Bajuda botlhe ba a hutsafala ba apara letsela la kgetse le melora. Ba “ikitsa go ya, le go lela, le go kuruetsa.” (Esethere 4:3) Fa Moredekai a mmolelela ka boemo jo bo utlwisang botlhoko jwa Bajuda, kwa tshimologong Esethere o a okaoka go thibela selo seno. Kotlhao ya go tla fa pele ga ga kgosi e sa go bitsa ke loso. Lefa go ntse jalo, Moredekai o bontsha tumelo mo maatleng a ga Jehofa ka go bolela gore fa Esethere a sa ba thuse, le ene o tla swa mme “Bayuda ba tla cogèlwa ke thushō le kgololō e e cwañ go sele.” Mo godimo ga moo, a Esethere o ne a sa nna mohumagadi ka ntlha ya “motlha o o nntseñ yana”? (4:14) Fa a lemoga kgang eno, o dumela go baya botshelo jwa gagwe mo kotsing, mme Bajuda botlhe mo Shushana ba itima dijo ka ntlha ya gagwe ka malatsi a le mararo.
11. Esethere o dirisa go ratwa ga gagwe ke kgosi jang, mme Hamane o loga leano lefe kgatlhanong le Moredekai?
11 Morago, Esethere o apara diaparo tsa gagwe tse dintle thata tsa sehumagadi a bo a ya fa pele ga kgosi. Kgosi e a mo itumelela, mme e mo naya thobane ya yone ya gouta ya bogosi, a boloka botshelo jwa gagwe. O laleletsa kgosi le Hamane moletlo wa dijo. Mo moletlong oo, kgosi e mo kopa gore a bue seo a se kopang, e mo tlhomamisetsa gore e tla se mo naya, “le ha e ka bo e le bontlha ñwe yoa bogosi,” mme ka nako eo o laletsa bobedi joo go tla moletlong o mongwe gape wa dijo mo letsatsing le le latelang. (5:6) Hamane o tsamaya a itumetse. Mme Moredekai o kwa kgorong ya kgosi! O gana gape go tlotla Hamane kana go mo ikobela. Boipelo jwa ga Hamane bo fetoga bogale. Mosadi wa gagwe le ditsala tsa gagwe di akantsha gore a betle mokgoro wa polaelo o o dikubita di le 50 (dimitara di le 22,3) ka boleele mme a batle tetla ya go kgwagetsa Moredekai mo go sone. Hamane o betla mokgoro oo ka bonako.
12. Go ne ga diragala eng se se neng sa fetola dilo gore Ahasueruse a tlotle Moredekai mme a nyenyefatse Hamane?
12 Dilo di a fetoga (6:1–7:10). Kgosi ga e kgone go robala mo bosigong joo. E laela gore buka ya direkoto e tlisiwe kwa go ene mme a e balelwe, mme o fitlhela gore ga a duela Moredekai ka sepe fa a sena go boloka botshelo jwa gagwe. Moragonyana, kgosi e botsa gore ke mang yo o leng mo lolwapeng. Ke Hamane, yo a neng a tlile go kopa tetla mo kgosing go bolaya Moredekai. Kgosi e botsa Hamane gore motho yo a itumedisitseng kgosi a ka tlotliwa jang. A akanya gore kgosi e akantse ka ene, Hamane o bolela ka ditsela tse di manobonobo thata tsa go supa tlotlomatso. Mme kgosi e mo laola jaana: “U dihèlè yalo Moredekai oa Moyuda”! (6:10) Ga go kafa Hamane a ka dirang ka gone fa e se go apesa Moredekai diaparo tse dintle tsa segosi, a mo pege mo pitseng ya kgosi, mme a mo tsamaise kwa lefelong la botlhe la motse, a goa fa pele ga gagwe. Ka a tlhabisitswe ditlhong, Hamane o itlhaganelela kwa legaeng la gagwe a hutsafetse. Ga go kafa mosadi wa gagwe le ditsala tsa gagwe ba ka mo gomotsang ka gone. Hamane o mo maswabing a magolo!
13. Esethere o senola eng kwa moletlong wa dijo, mme seo se felela ka matlhotlhapelo afe mo go Hamane?
13 Jaanong ke nako ya gore Hamane a ye kwa moletlong wa dijo le kgosi le Esethere. Mohumagadi o bolela gore ene le batho ba gaabo ba rekisitswe, go tla go senngwa. Ke mang yo o ka bong a dirile bosula jo bo kalo? Esethere o bua jaana: “Ke moganetsi le mmaba, eboñ Hamane eo, oa moloi eo.” (7:6) Kgosi e a ema e galefile mme e ya kwa tshingwaneng. Fa Hamane a santse a le nosi le mohumagadi, o mo kopa go boloka botshelo jwa gagwe, mme fa kgosi e boa, e galefela kwa pele fa e bona Hamane a ntse mo bolaong jwa mohumagadi. Ka yone nako eo o laela gore Hamane a kgwagediwe mo mokgorong wa polaelo oo Hamane a neng a o diretse Moredekai!—Pes. 7:16.
14. Kgosi e duela Esethere le Moredekai jang, mme o ne a kwala molao ofe o o tshegetsang Bajuda?
14 Moredekai o godisiwa maemo, Bajuda baa gololwa (8:1–10:3). Kgosi e naya Esethere dithoto tsotlhe tsa ga Hamane. Esethere o bolelela Ahasueruse kamano ya gagwe le Moredekai, mme kgosi e mo naya maemo a e neng e le a ga Hamane, e bo e mo naya lenyena la segosi la gouta. Gape, Esethere o baya botshelo jwa gagwe mo kotsing ka go ya gape kwa kgosing go ya go mo kopa gore a senye molao o o kwadilweng wa go bolawa ga Bajuda. Lefa go ntse jalo, ‘melao ya Baperesia le Bameda’ ga e ke e fetolwa! (1:19) Ka gone kgosi e naya Esethere le Moredekai taolo ya go kwala molao o mosha mme ba o kane ka lenyena la kgosi. Molao ono o o kwadilweng, o anamisiwa le mmuso otlhe wa gagwe ka tsela e e tshwanang le wa ntlha, mme e naya Bajuda tshiamelo ya go “phuthèga, le go èmèla botshelō yoa bōnè, go senya, le go bolaea, le go nyeletsa, thata eotlhe ea batho le ea ba kgaolō ea lehatshe ba ba ratañ go ba tlhasèla, go bolaea bōnè le banyana ba bōnè, le basadi ba bōnè, le go gapa dilō tsa bōnè,” mo go lone letsatsi leo molao wa ga Hamane o neng o tla dira ka lone.—8:11.
15. (a) Ntwa e felela jang, mme Moredekai o tlhoma moletlo ofe? (b) Moredekai o golediwa go bona maemo afe, mme o dirisa taolo ya gagwe go fitlhelela eng?
15 Fa letsatsi le le tlhomilweng leo, la bo 13 la Adara le fitlha, ga go motho ope yo o tsogologelang Bajuda. Go ya ka kopo ya ga Esethere, ntwa e tswelela mo letsatsing la bo 14 mo Shushana. Go ne ga bolawa baba ba ba ka nnang 75 000 ba Bajuda go ralala naga eo yotlhe. Go ne ga bolawa ba bangwe ba ba oketsegileng ba ba 810 kwa botshabelong kwa Shushana. Barwa ba ba lesome ba ga Hamane ba ne ba le mo gare ga bao ba bolailweng mo letsatsing la ntlha mme ba pegiwa mo mekgorong ya polaelo mo letsatsing la bobedi. Ga go gapiwe sepe. Go ikhudiwa ka letsatsi la bo 15 la Adara, mme Bajuda ba dira moletlo wa dijo ba itumela. Moredekai jaanong o ntsha ditaolo tse di kwadilweng tsa gore Bajuda botlhe ba keteke moletlo wa “Pura, ke go re bola,” ngwaga mongwe le mongwe mo letsatsing la bo 14 le la bo 15 la Adara, mme ba santse ba dira seo le gompieno. (9:24) Moredekai o a godisiwa mo bogosing mme o dirisa maemo a gagwe jaaka yo o tlhatlhamang Kgosi Ahasueruse, “go re batho ba ga gabō ba bōnè molèmō, a ba a nntse a bua kagishō le losika lotlhe loa gagwè.”—10:3.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
16. Bakeresete ba bona melaometheo efe ya bomodimo le sekao sefe se se tshwanetseng mo bukeng ya Esethere?
16 Lemororo go sena mokwadi ope wa Bibela yo a tsopolang sepe go tswa mo bukeng ya Esethere ka tlhamalalo, buka eno e dumalana ka botlalo le Dikwalo tse dingwe tse di tlhotlheleditsweng. Ebile tota, e re naya ditshwantsho di le dintsi tsa melaometheo ya Bibela eo e neng ya kwalwa gape moragonyana mo Dikwalong tsa Bakeresete tsa Segerika le tseo di dirang mo bathong ba ga Jehofa ba dingwaga tsotlhe. Go ithuta ditemana tse di latelang ga go kitla go go thusa fela gore o bone seo mme gape go tla aga tumelo ya Bokeresete: Esethere 4:5—Bafilipi 2:4; Esethere 9:22—Bagalatia 2:10. Molato o o pegwang Bajuda wa gore ba ne ba sa obamele molao wa kgosi, o tshwana le molato o o neng wa pegwa Bakeresete ba pele. (Esethere 3:8, 9; Ditihō 16:21; 25:7) Batlhanka ba ga Jehofa ba boammaaruri ba thulana le go pegwa molato go go ntseng jalo ba sa boife, mme ba kgona go latela sekao se se molemo sa ga Moredekai, Esethere, le Bajuda ka bone ka go ikaega ka thapelo le maatla a a gololang.—Esethere 4:16; 5:1, 2; 7:3-6; 8:3-6; 9:1, 2.
17. Moredekai le Esethere ba ne ba tlhoma tsela e e tshwanetseng go latelwa mo go ikobeleng Modimo le “babusi ba bagolo” jang?
17 Jaaka Bakeresete, ga re a tshwanela go akanya gore boemo jwa rona bo farologane le jwa ga Moredekai le Esethere. Le rona re tshela kafa tlase ga “babusi ba bagolo” mo lefatsheng le eseng la rona. Re batla go nna baagi ba ba obamelang molao mo nageng epe fela eo re nnang kwa go yone, mme lefa go ntse jalo, re batla gore re farologanye sentle go ‘ntshetsa Kaesare dilo tse eleng tsa ga Kaesare le Modimo tse e leng tsa Modimo.’ (Bar. 13:1; Luke 20:25) Tonakgolo Moredekai le Mohumagadi Esethere ba ne ba tlhoma dikao tse di molemo tsa boineelo le tlotlo mo ditirong tsa bone. (Esethere 2:21-23; 6:2, 3, 10; 8:1, 2; 10:2) Lefa go ntse jalo, Moredekai ka bopelokgale o ne a gana go reetsa taolo ya segosi ya go obama fa pele ga Hamane yo o bosula wa Moagage. Mo godimo ga moo, o ne a tlhokomela gore go dirwa boikuelo mo molaong fa Hamane a ne a dirile morero wa go nyeletsa Bajuda.—3:1-4; 5:9; 4:6-8.
18. (a) Ke eng se se supang gore buka ya Esethere e ‘tlhotlheleditswe ke Modimo ebile e mosola’? (b) E kgothaletsa jang go femela dilo tse di amanang le Bogosi jwa Modimo?
18 Mabaka otlhe a supa fa buka ya Esethere e le karolo ya Bibela e e Boitshepo, ‘e e tlhotlheleditsweng ke Modimo ebile e le mosola.’ Le eleng fa e sa umake Modimo ka leina ka tlhamalalo e re naya dikai tse di molemo tota tsa tumelo. Moredekai le Esethere ga ba a itlhamelwa ke motho yo o tlotlang ditlhamane a ba ikakanyetsa fela, mme e ne e le batlhanka ba mmatota ba ga Jehofa Modimo, batho bao ba neng ba ikanya maatla a ga Jehofa a go golola tota. Lemororo ba ne ba tshela kafa tlase ga “babusi ba bagolo,” mo lefatsheng la seeng, ba ne ba dirisa sengwe le sengwe sa molao go lwela batho ba Modimo le kobamelo ya bone. Le rona gompieno re ka latela sekao sa bone mo go ‘femeleng le mo go tlhomamiseng Mafoko a a Molemo’ a Bogosi jo bo gololang jwa Modimo.—Bafil. 1:7.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Insight on the Scriptures, Bol. 1, tsebe 764; Bol. 2, ditsebe 327-31.
b Insight on the Scriptures, Bol. 2, ditsebe 613-16.
c Cyclopedia ya ga McClintock le Strong, e e kwadilweng bosha ya 1981, Bol. III, tsebe 310.
d A. Ungnad, “Keilinschriftliche Beiträge zum Buch Esra und Ester,” Zeitschrift für die alttestamentliche Wissenschaft, LVIII (1940-41), ditsebe 240-4.