Buka ya Bibela ya bo 39—Malaki
Mokwadi: Malaki
Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Jerusalema
Go Wediwa ga go E Kwala: Morago ga 443 B.C.E.
1. Ke eng se se bontshang gore Malaki o ne a tlhagafaletse go direla Jehofa?
MALAKI e ne e le mang? Ga go na sepe se se kwadilweng ka batsadi ba gagwe kana hisitori ya gagwe ka boene. Lefa go ntse jalo, go ya ka se se kaiwang ke boperofeti jwa gagwe, go bonala sentle gore o ne a le tlhaga fela thata mo kobamelong ya gagwe go Jehofa Modimo, a tlotlomatsa leina la Gagwe le kobamelo ya gagwe e e itshekileng, le gore o ne a le bogale thata mo go bao ba neng ba ipolela fa ba direla Modimo mme ba direla bosebele jwa bone fela. Leina la ga Jehofa le umakiwa makgetlo a le 48 mo boperofeting jwa gagwe jwa dikgaolo tse nnè.
2. Leina la ga Malaki le ka tswa le raya eng, mme go bonala a ne a tshela leng?
2 Leina la gagwe ka Sehebera ke Mal·ʼa·khiʹ, leo le ka tswang le raya “Morongwa Wa Me.” Dikwalo tsa Sehebera, Septuagint, le fa dibuka di rulaganngwa go ya ka dingwaga tsa tsone tsotlhe di supa gore Malaki ke wa bofelo wa baperofeti ba ba 12 ba go tweng ke ba babotlana. Go ya ka polelo ya bogologolo ya Great Synagogue, o ne a tshela morago ga bo moperofeti Hagai le Sekaria mme o ne a tshela ka nako e le nngwe fela le Nehemia.
3. Ke eng se se supang gore boperofeti jwa ga Malaki bo ne jwa kwalwa morago ga 443 B.C.E.?
3 Boperofeti joo bo ne jwa kwalwa leng? Bo ne jwa kwalwa ka nako ya bolaodi jwa molaodi mongwe, seo se rayang gore bo ne jwa kwalwa ka nako ya go tsosolosiwa ga Jerusalema morago ga dingwaga tse 70 tsa go swafadiwa ga Juda. (Mal. 1:8) Mme molaodi yoo e ne e le ofe? Ereka go umakiwa tirelo ya tempele mme go sa buiwe sepe ka go agiwa ga tempele, e tshwanetse ya bo e ne e le morago ga nako ya ga Mmusi Serubabele, yoo tempele e neng ya fediwa go agiwa mo nakong ya bolaodi jwa gagwe. Go na le mmusi a le mongwe fela yo o umakiwang ka nako eno mo Dikwalong, mme ene ke Nehemia. A boperofeti jono bo tshwanela motlha wa ga Nehemia? Ga go na sepe se se buiwang mo go Malaki kaga go agiwa sesha ga Jerusalema le lorako lwa gagwe, se se supang gore e ne e se ka nako ya fa Nehemia a simolola go nna molaodi. Lefa go ntse jalo, go buiwa ka dilo di le dintsi tse di sa siamang tseo di neng di dirwa ke baperesiti, se se supang gore Malaki e kwadilwe ka nako ya seemo se se neng se le gone fa Nehemia a ne a tla mo Jerusalema labobedi, morago ga Aretaserese a sena go mmitsa labobedi go tla kwa Babelona ka 443 B.C.E., ngwaga wa bo 32 wa puso ya kgosi eo. (Mal. 2:1; Neh. 13:6) Mafoko a a tshwanang mo go Malaki le Nehemia a supa gore boperofeti jono bo ne jwa kwalwa ka yone nako eno.—Mal. 2:4-8, 11, 12—Neh. 13:11, 15, 23-26; Mal. 3:8-10—Neh. 13:10-12.
4. Ke eng se se supang gore buka ya ga Malaki e boammaaruri le gore e tlhotlheleditswe?
4 Bajuda ga ba bolo go nna ba dumela gore buka ya Malaki e boammaaruri. Mafoko a a tsopotsweng mo go yone mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika, bontsi jwa ao a bontshang go diragadiwa ga boperofeti jwa yone, a bontsha gore Malaki e ne e tlhotlheleditswe le gore ke karolo ya Dikwalo tsa Sehebera eo phuthego ya Bokeresete e neng e dumela mo go yone.—Mal. 1:2, 3—Bar. 9:13; Mal. 3:1—Math. 11:10 le Luke 1:76 le 7:27; Mal. 4:5, 6—Math. 11:14 le 17:10-13, Mar. 9:11-13 le Luke 1:17.
5. Ke seemo sefe se se kwa tlase sa bomoya se se neng sa dira gore Malaki a perofete?
5 Boperofeti jwa ga Malaki bo supa gore batho ba ne ba sa tlhole ba tlhagafetse ebile ba le matlhagatlhaga mo tumelong jaaka ba ne ba ile ba kgothadiwa ke bo moperofeti Hagai le Sekaria. Baperesiti jaanong ba ne ba le botlhaswa, ba le boikgodiso, ebile ba ipona ba le tshiamo. Jaanong tirelo ya tempele e ne e le selo se se nyatsegang. Batho ba ne ba sa tlhole ba ntsha ditsabosome le go isa ditshupelo ka gonne ba ne ba ikutlwa gore Modimo o ne o sa tlhole o kgatlhegela Iseraele. Dilo tse ba neng ba solofetse gore Serubabele o tla di dira di ne di ise di bonwe, mme Mesia o ne a ise a goroge, jaaka bangwe ba ne ba solofetse. Seemo sa bomoya jwa Bajuda se ne se le kwa tlase fela thata. A go ne go na le sengwe se se neng se ka ba kgothatsa le go ba naya tsholofelo? Batho ba ne ba ka lemotshiwa jang gore seemo sa bone tota e ne e le sefe mme ba thusiwa gore ba boele ba nne tshiamo? Boperofeti jwa ga Malaki bo ne bo naya karabo.
6. Malaki o dirisitse mokgwa ofe wa go kwala?
6 Mokgwa wa ga Malaki wa go kwala o tlhamaletse ebile o maatla. Santlha o tlhalosa kafa seemo se ntseng ka gone mme go tswa foo a bo a araba dilo tse ba a buang nabo ba sa dumalaneng natso. Kwa bokhutlong, o bolela seemo se a neng a se bolela kwa tshimologong gape. Seno se tiisa lebaka la gagwe le go dira gore a tlhaloganyesege sentle. Go na le go bua ka botswerere ka puo e e tlhotlheletsang, o dirisa mokgwa wa go ntsha mabaka a a tiileng, fale le fale.
SEO SE LENG MO GO MALAKI
7. Jehofa o bolela fa a rata mang mme a ila mang?
7 Taolo ya ga Jehofa go baperesiti (1:1–2:17). Jehofa santlha o bolela kafa a ratang batho ba gagwe ka gone. O ile a rata Jakobe mme a ila Esau. Fa Edoma a ka leka go aga mafelo a gagwe a a kgakgabetseng; Jehofa o tla a rutla mme a tla bidiwa “Molelwane oa boikèpō,” batho ba ba latlhilweng ke Jehofa, ka gonne Jehofa o tla ‘godisiwa kwa moseja ga molelwane wa Iseraele.’—1:4, 5.
8. Baperesiti ba leswafaditse tafole ya ga Jehofa jang, mme ke ka ntlhayang fa a tla ba hutsa?
8 Jaanong Jehofa o bua ka tlhamalalo le ‘baperesiti bao ba nyatsang leina la gagwe.’ Jaaka ba leka go itshiamisa, Jehofa o ba supegetsa ditlhabelo tsa bone tse di difofu, tse di digole, le tse di lwalang, a bo a botsa ka go re, A le mmusi tota o ka amogela ditshupelo tsa go nna jalo? Jehofa ka boene ga a na kgatlhego mo go tsone. Leina la gagwe le tshwanetse go tlotlomadiwa mo merafeng yotlhe, mme banna bano ba mo tlhapatsa ka go bua ba re: “Loyèlō loa [ga Jehofa, NW] lo itshekologile.” Ba tla hutsega ka gonne ba ile ba tlola maikano a bone ka boferefere ka go isa ditshupelo ditlhabelo tse di senang mosola. “Gonne ke Kgosi e Kgolo, go bua Yehofa oa mashomōshomō, me leina ya me lea boitshèga mo Merahiñ.”—1:6, 12, 14.
9. Baperesiti ba paletswe ke go dira eng, mme ba leswafaditse boitshepo jwa ga Jehofa jang?
9 Jehofa jaanong o naya baperesiti taolo, a bolela gore fa ba sa tsenye kgakololo eno mo pelong, o tla ba romelela phutso a bo a hutse le masego a bone. O tla gasetsa lotshotelo lwa meletlo ya bone mo difatlhegong tsa bone ka gonne ba paletswe ke go boloka kgolagano ya ga Lefi. “Gonne dipounama tsa moperisiti di chwanetse go tshegetsa kicō, me batho ba chwanetse go botsa molaō mo molomuñ oa gagwè; gonne ke èna moroñwi oa ga Yehofa oa mashomōshomō.” (2:7) Malaki o bolela boleo jo bogolo jwa Iseraele le Juda. Ba dirile ka bonokwane mongwe mo go yo mongwe mme ebile ba leswafaditse boitshepo jwa ga Jehofa, Rraabone le Mmopi wa bone, ka go nyala morwadi yo o obamelang modimo o sele. Ba lapisitse Jehofa go feta selekanyo. Ba bile ba botsa ba re, “Modimo oa tshiamishō o kae?”—2:17.
10. Morena o tlela go dira tiro efe ya katlholo kwa tempeleng ya gagwe?
10 Morena wa boammaaruri le morongwa (3:1-18). Jaanong boperofeti jono bo fitlha kwa setlhoeng sa jone ka mafoko a ga “Yehofa oa mashomōshomō”: “Bōnañ, ke roma moroñwa oa me, me o tla baakanya tsela ha pele ga me: me Yehofa eo lo mmatlañ, o tla tla mo tempeleñ ea gagwè ka choganeco: me moroñwa oa kgōlaganō, eo lo itumèlañ mo go èna, bōnañ, oè tla.” (3:1) Jaaka montlafatsi, O tla phepafatsa barwa Lefi ebile o tla nna mosupi yo o bofefo wa baikepi ba ba sa Mmoifang. Jehofa ga a fetoge, mme ka baka la go bo ba le barwa ba ga Jakobe, o tla boela kwa go bone ka go ba utlwelabotlhoko fa ba ka boela kwa go ene.
11. Jaanong ba tshwanetse go leka Modimo jang, mme go tla latela masego afe?
11 Ba ne ba ntse ba tsietsa Modimo, mme jaanong ekete ba ka mo leka ka go lere ditsabosome mo mabolokelong e le gore go tle go nne le dijo mo ntlong ya gagwe, ba tshepile gore o tla ba tshololela masego a magolo a gagwe go tswa kwa dikgorong tsa magodimo. Ba tla nna lefatshe la boitumelo le merafe yotlhe e bolelang fa le itumetse. Bao ba boifang Jehofa ba ile ba nna ba buisana, mme Jehofa o ntse a ba tlhokometse mme a ba reeditse. “Me lokwalō loa segopodishō loa kwalwa ha pele ga gagwè, loa kwalèlwa ba ba boihañ Yehofa le ba ba akanyañ leina ya gagwè.” (3:16) Eleruri ba tla nna ba ga Jehofa ka nako e a tla itirelang boswabotshwerwe jwa gagwe ka yone.
12. Go solofediwa eng kaga letsatsi le le boitshegang la ga Jehofa?
12 Letsatsi le legolo le le le boitshegang la ga Jehofa (4:1-6). Leno ke letsatsi le le tlang le le tla nyeletsang baikepi, go sa sale modi ope wa bone lefa e le kala. Mme letsatsi la tshiamo le tla phatsimela bao ba boifang leina la ga Jehofa, mme ba tla fodisiwa. Jehofa o ba kgothaletsa gore ba gakologelwe Molao wa ga Moshe. Jehofa o solofetsa gore o tla romela Elija moperofeti pele ga letsatsi la gagwe le legolo le le le boitshegang. “Me o tla shokololèla pelo ea borra bana mo baneñ ba bōnè, le pelo ea bana kwa go borrabō; e se re kgotsa ka tla, me ka itaea lehatshe ka phucō.”—4:6.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
13. Malaki a reng kaga (a) kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa le lorato lwa gagwe? (b) boikarabelo jwa barutisi ba Lefoko la Modimo? (c) batho bao ba tlolang melao le melaometheo ya Modimo?
13 Buka ya Malaki e thusa gore batho ba tlhaloganye gore melaometheo ya ga Jehofa Modimo ga e fetoge le gore o na le lorato lwa boutlwelobotlhoko. Fela kwa tshimologong, e gatelela lorato lo logolo lo Jehofa a ratang batho ba gagwe “Yakobe” ka lone. O ne a raya bana ba ga Jakobe a re: “Nna Yehofa ga ke hetoge.” Go sa kgathalesege boikepo jwa bone jo bogolo, o ne a iketleeleditse go boela batho ba gagwe fa ba ne ba ka boela kwa go ene. A Modimo o o kutlwelobotlhoko ruri! (Mal. 1:2; 3:6, 7; Bar. 11:28; Ekes. 34:6, 7) Ka Malaki, Jehofa o ne a gatelela gore dipounama tsa moperesiti “di chwanetse go tshegetsa kicō.” Batho botlhe ba ba nang le boikarabelo jwa go ruta Lefoko la Modimo ba tshwanetse go tlhokomela ntlha eno, ba tlhomamisa gore ba naya batho kitso e e tlhomameng. (Mal. 2:7; Bafil. 1:9-11; bapisa Yakobe 3:1.) Jehofa ga a na nako le baitimokanyi, batho ba ba lekang go dira gore go nne jaaka ekete “eo o dihañ boshula o molemō mo ponoñ ea ga Yehofa.” Ga go na motho ope yo o tshwanetseng go akanya gore o ka kgona go tsietsa Jehofa ka go iketsisa fa a isa tshupelo go Kgosi e kgolo eno. (Mal. 2:17; 1:14; Bakol. 3:23, 24) Jehofa o tla nna mosupi yo o bofefo wa botlhe ba ba tlolang melao ya gagwe ya tshiamo le melaometheo; ga go na ope yo o ka akanyang gore o ka dira boikepo mme a seka a bo otlhaelwa. Jehofa o tla ba atlhola. (Mal. 3:5; Baheb. 10:30, 31) Basiami ba ka tlhomamisega ka botlalo gore Jehofa o tla gakologelwa ditiro tsa bone a bo a ba duele. Ba tshwanetse go tlhokomela Molao wa ga Moshe, fela jaaka Jesu le ene a ne a dira, ka gonne o na le dilo di le dintsi tse di diragadiwang mo go ene.—Mal. 3:16; 4:4; Luke 24:44, 45.
14. (a) Malaki o bua ka eng tota se se tla diragalang mo nakong e e tlang? (b) Malaki 3:1 e ne ya diragadiwa jang mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E.?
14 Jaaka buka ya bofelo ya Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng tsa Sehebera, Malaki e bua ka ditiragalo tseo di neng di tla diragala fa Mesia a ne a goroga, yo e rileng fa a bonala makgolo a le manè a dingwaga moragonyana ga dira gore go kwalwe Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika. Jaaka go kwadilwe mo go Malaki 3:1, Jehofa wa masomosomo o ne a re: “Bōnañ, ke roma moroñwa oa me, me o tla baakanya tsela ha pele ga me.” Fa Sekaria yo o tsofetseng a ne a bua ka go tlhotlhelediwa, o ne a bontsha gore mafoko ano a ne a diragadiwa mo morweng wa gagwe, Johane wa Mokolobetsi. (Luke 1:76) Jesu Keresete o ne a tlhomamisa seno, a bua ka yone nako eo a re: “Ga goa coga opè eo mogolo go heta Yohane Mokolobetsi; leha go nntse yalo, eo o leñ mmōtlana mo bogosiñ yoa legodimo o mogolo bogolo go èna.” Johane o ne a romilwe, jaaka Malaki a ne a bolelela pele, ‘go baakanya tsela,’ mo go rayang gore o ne a se gareng ga bao moragonyana Jesu a neng a dira kgolagano ya Bogosi nabo.—Math. 11:7-12; Luke 7:27, 28; 22:28-30.
15. “Eliya” wa boperofeti jwa ga Malaki ke mang?
15 Go tswa foo, mo go Malaki 4:5, 6, Jehofa o ne a solofetsa ka go re: “Bōnañ, ke tla roma Eliya moperofeti kwa go lona pele.” “Eliya” yono ke mang? Jesu mmogo le moengele yo o neng a bonala kwa go Sekaria ba ne ba lebisa mafoko ano go Johane Mokolobetsi, ba bontsha gore ke ene yo o neng a tla “cosholosa dilō cōtlhe” le “go baakanyetsa Morèna seshaba se o se etleedicweñ” gore ba tle ba amogele Mesia. Lefa go ntse jalo, Malaki o bolela gape gore “Eliya” ke mmulatsela wa “motlha o mogolo le o o boitshègañ oa ga Yehofa,” ka go rialo a supa gore go ne go santse go tla nna le tiragatso ya gagwe mo nakong e e tlang mo letsatsing la katlholo.—Math. 17:11; Luke 1:17; Math. 11:14; Mar. 9:12.
16. Malaki o bua ka motlha ofe o o segofaditsweng wa nako e e tlang, mme o naya kgothatso efe e e omosang pelo?
16 Fa Jehofa wa masomosomo a lebela pele kwa letsatsing leo a re: “Go cwa botlhabatsatsi go ea hèla phirimoñ ea yeōna, leina ya me le legolo mo Merahiñ: . . . gonne ke Kgosi e Kgolo, . . . me leina ya me lea boitshèga mo Merahiñ.” Le boitshega eleruri! Ka gonne ‘letsatsi leo le tla tuka jaaka leisho la moubelo, mme batho botlhe ba ba ikgodisitseng le botlhe ba ba dirang boikepo ba tla nna jaaka dirite.’ Lefa go le jalo, go itumela ba ba boifang leina la ga Jehofa, ka gonne bone “letsatsi ya tshiamō le tla [ba] tlhabèla ka phodishō mo diphukeñ.” Mafoko ano a lebisitse go nako e e itumedisang ya fa batho ba ba kutlo ba tla bo ba fodisitswe ka botlalo—semoyeng, maikutlong, mogopolong, le senameng. (Tshen. 21:3, 4) Fa Malaki a bua ka motlha o o itumedisang le o o segofaditsweng oo, o re kgothaletsa gore fa re tlisa ditshupelo tsa rona mo ntlong ya ga Jehofa re bo re dira jalo ka pelo yotlhe: “Lo tlo lo ntèkè ka gōna, go bua Yehofa oa mashomōshomō, lo bōnè bo ga nketla ke lo bulèla dikgōrō tsa legodimo, ke lo goromeletsa lesegō ye go se ketlañ go nna le bonnō yo bo lekanyeñ go le baea.”—Mal. 1:11, 14; 4:1, 2; 3:10.
17. Lemororo Malaki a ntsha ditlhagiso, ke mafoko afe a a kgothatsang a a a buang?
17 Fa buka eno ya bofelo ya Baperofeti e ntse e tlhagisa ka gore ‘lefatshe le tlile go senyediwa ruri,’ e etla e kgothaletsa batho gore ba nne le tsholofelo ba bo ba itumele tumalanong le mafoko a Jehofa a neng a a naya batho ba gagwe a a reng: “Merahe eotlhe e tla lo raea, e re, Lo letlhōgōnōlō: gonne lo tla nna lehatshe ye le kgatlhañ.”—4:6; 3:12.