Buka ya Bibela ya bo 49—Baefesia
Mokwadi: Paulo
Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Roma
Go Wediwa ga go E Kwala: mo e ka nnang ka 60-61 C.E.
1. Paulo o ne a kwalela Baefesia leng mme ebile e le kafa tlase ga maemo afe?
IKAKANYE o le mo kgolegelong. O le mo go yone ka ntlha ya go bogisediwa go tlhagafalela tiro ya gago ya go nna morongwa wa Mokeresete. Ereka jaanong o sa kgone go tlhola o tsamayatsamaya o etela diphuthego le go di kgothatsa, o tla dira eng jaanong? A o ka seke o kwalele botlhe ba ba ileng ba fetoga Bakeresete ka ntlha ya tiro ya gago ya go rera? A gongwe ba ka ne ba sa ipotse gore o tshela jang, mme ebile a gongwe ba ka ne ba sa tlhoke kgothatso ya gago? Totatota! Jalo o simolola go kwala. O dira sone seo se neng sa dirwa ke moaposetoloi Paulo fa a ne a le mo kgolegelong kwa Roma la ntlha, mo e ka nnang ka 59-61 C.E. O ne a dirile boikuelo kwa go Kaesare, mme lemororo a ne a santse a letetse tsheko ebile a disitswe, o ne a na le kgololesego ya go ka dira ditiro dingwe. Paulo o ne a “kwalèla Baefesia” a le kwa Roma, gongwe mo e ka nnang ka 60 kana 61 C.E., mme a romela lokwalo loo ka Tukiko, yo o neng a patilwe ke Onesimo.—Baef. 6:21; Bakol. 4:7-9.
2, 3. Ke eng seo se ntshang bosupi jo bo sa belaesegeng jwa gore Paulo ke ene a kwadileng Baefesia, le gore gape ke karolo ya Dikwalo?
2 Paulo o ne a ikaya gore ke ene mokwadi mo mafokong fela a a mo tshimologong mme ka makgetlo a le manè o ipolela kana o ikaya gore ke “mogolegwi mo Moreneñ.” (Baef. 1:1; 3:1, 13; 4:1; 6:20) Mabaka otlhe a a ntshitsweng a go latofatsa gore Paulo ke ene mokwadi a ile a felela mo sebakeng. Chester Beatty Papyrus No. 2 (P46), e go dumelwang gore e ka nna ya bo e le ya 200 C.E., e na le ditsebe di le 86 go codex ya matlhare e e tshotseng dikwalo tsa ga Paulo. Mo go tsone go na le lokwalo lo lo kwaletsweng Baefesia, mme seo se bontsha gore le ne le akareditswe gareng ga dikwalo tsa gagwe ka nako eo.
3 Bakwadi ba pele ba dikwalo tsa sedumedi ba tiisetsa gore Paulo ke ene a kwadileng lokwalo loo le gore o ne a “kwalèla Baefesia.” Ka sekai, Irenaeus, wa lekgolo la dingwaga la bobedi C.E., o ne a tsopola Baefesia 5:30 jaana: “Jaaka Paulo yo o rategang a bolela mo lokwalong lwa gagwe lwa Baefesia, gore re ditokololo tsa mmele wa gagwe.” Clement wa Alexandria, wa nako yone eo, o ne a tsopola Baefesia 5:21 ka go bega a re: “Mme le ene mo lokwalong lwa gagwe lwa Baefesia a re, Lo ineelane mo poifong ya Modimo.” Fa Origen a ne a kwala mo sephatlong sa ntlha sa lekgolo la dingwaga la boraro C.E., o ne a tsopola Baefesia 1:4 ka go re: “Mme moaposetoloi le ene mo lokwalong lwa Baefesia, o dirisa puo e e tshwanang fa a re, Jaaka o sa le o re itshenkela mo go ene pele ga motheo wa lefatshe.”a Eusebius, yo mongwe gape wa bakwadi ba hisitori ya pele ya Bokeresete (mo e ka nnang ka 260–342 C.E.), o akaretsa Baefesia jaaka karolo ya dikwalo tsa Bibela, mme le bakwadi ba bangwe ka bontsi ba bodumedi ba kaya fa Baefesia e le bontlhanngwe jwa Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng.b
4. Ke eng seo se dirileng gore bangwe ba akanye gore lokwalo lwa Baefesia lo ne lo kwaletswe batho bangwe ba sele, mme ke bosupi bofe jo bo tshegetsang gore lo ne lo kwaletswe go romelwa kwa Efeso?
4 Chester Beatty Papyrus, Vatican Manuscript No. 1209, le Sinaitic Manuscript di tlogela mafoko “kwa Efeso” mo go kgaolo 1, temana 1, mme jalo di sa supe gore lokwalo lo ne lo romelwa kae. Lebaka leno, mmogo le go bo go sena ditumediso tse di romelelwang batho bangwe mo Efeso (lemororo Paulo a ile a dira ka tlhagafalo koo ka dingwaga di le tharo), le ile la dira gore batho bangwe ba konele ka gore lokwalo lono lo tshwanetse lwa bo lo ne lo kwaletswe batho bangwe go sele kana gore e ne e le lokwalokakaretso loo lo ka neng lo ne lo kwaletswe diphuthego tsotlhe tsa kwa Asia Minor, go akaretsa le Efeso. Lefa go ntse jalo, mekwalo e mengwe ka bontsi e akaretsa mafoko a a reng “kwa Efeso,” mme jaaka re tlhalositse, bakwadi ba bodumedi ba ne ba le amogela jaaka lokwalo lo lo kwaletsweng Baefesia.
5. Ke eng seo se neng se tlhomologile kaga Efeso mo motlheng wa ga Paulo?
5 Tshedimosetso nngwe e kgolwane e tla re thusa go tlhaloganya gore ke eng fa lokwalo lono lo ile lwa kwalwa. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga la Motlha o o Tlwaelegileng, Efeso o ne a itsege ka boloi, maselamose, tepodinaledi, le kobamelo ya modimogadi wa lotsalo Artemis.c Mo setshwantshong se se betlilweng sa modimogadi yono, go ne go agilwe namane e tona ya tempele e e magasigasi eo e ileng ya tsewa jaaka nngwe ya dikgakgamatso tse dikgolo tse supa tsa metlha ya bogologolo. Go ya ka diphatololo tse di neng tsa dirwa mo lefelong leno mo lekgolong la bo 19 la dingwaga, tempele eno e ne ya agiwa mo godimo ga serepodi se se neng se le boatlhamo jwa dimetara di le 73 le boleele jwa dimetara di le 127. Tempele ka boyone e ne e ka nna bophara jwa dimetara di le 50 le boleele jwa dimetara di le 105. E ne e na le dipilara tsa mmabole di le 100, nngwe le nngwe e le boleele jo e ka nnang dimetara di le 17. Borulelo e ne e le jwa dithaele tse dikgolo tse ditshweu tsa mmabole. Go bolelwa fa go ile ga dirisiwa gouta mo boemong jwa seretse go lomaganya ditena tsa mmabole. Tempele eno e ne e ketemelwa ke bajanala ba le bantsi thata go tswa mo lefatsheng lotlhe, mme baeti ba ba neng ba tshwara dikete tse di makgolokgolo ba ne ba thelesegela mo motseng oo ka nako ya mekete. Bathudi ba tshipi ba Efeso ba ne ba atlega thata mo kgwebong ya bone ya go rekisa ditshwantshonyana tse di thudilweng tsa ga Artemis mo bajanaleng ba sedumedi go nna segopodiso.
6. Tiro ya ga Paulo e ne e le selekanyo se se kana kang mo Efeso?
6 Paulo o ne a ile a ema mo Efeso mo leetong la gagwe la bobedi la borongwa gore a bone sebaka se sekhutshwane sa go rera mme go tswa foo a tlogela Akwila le Peresila koo go tsweledisa tiro. (Dit. 18:18-21) O ne a boa mo leetong la gagwe la boraro la borongwa mme a nna mo e ka nnang dingwaga di le tharo, a rera le go ruta batho ba le bantsi “Tsela.” (Dit. 19:8-10; 20:31) Paulo o ne a dira ka natla fa a ntse a le mo Efeso. A. E. Bailey o ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya Daily Life in Bible Times: “Tlwaelo ya gale le gale ya ga Paulo e ne e le go dira tiro ya gagwe ya diatla go tloga fa letsatsi le tlhaba go fitlhela ka 11 a.m. (Dit. 20:34, 35) mme ka nako eo e le fa Turano a sena go fetsa go ruta; mme go tloga ka 11 a.m. go ya go fitlha ka 4 p.m. a bo a ya go rera kwa holong, a tshwara diphuthego le bathusi, . . . mme kwa bofelong a tsamaye ka ntlo le ntlo mo tirong ya boefangele go tswa ka 4 p.m. go ya go fitlha fela mo bosigong. (Dit. 20:20, 21, 31) Motho o ka ipotsa gore tota o ne a bona nako leng ya go ja le go robala.”—1943, tsebe 308.
7. Ke matswela afe a a neng a nna gone ka ntlha ya go rera ga ga Paulo ka tlhagafalo?
7 Fa a ntse a le mo tirong eno ya go rera, Paulo o ne a senola kafa tiriso ya ditshwantsho mo kobamelong e sa siamang ka gone. Seno se ne sa gakatsa botlhe ba ba neng ba di dira le go di rekisa, jaaka mothudi wa tshipi yo o neng a bidiwa Demeterio, mme kgabagare Paulo o ne a tshwanelwa ke go tshaba ka ntlha ya kgoberego e e neng ya tsoga mo motseng oo.—Dit. 19:23–20:1.
8. Lokwalo lwa ga Paulo go Baefesia le ne le tshwanela sentle thatathata mo dintlheng dife?
8 Mme jaanong, fa Paulo a ntse a le mo kgolegelong, o nna a ntse a akantse ka mathata ao phuthego ya Efeso e lebaganeng le one, jaaka fa e dikaganyeditswe ke baobamedi ba baheitane mme gape e le moo go leng namane e tona ya tempele ya ga Artemis. Bakeresete bano ba ba tloditsweng kwantle ga pelaelo ba ne ba tlhoka setshwantsho se se tshwanetseng seo Paulo jaanong a se ba fang, a bontsha gore ke bone “tempela e e boitshèpō,” eo Jehofa a nnang mo go yone ka moya wa gagwe. (Baef. 2:21) “Bosaitsiweñ” jo bo senolelwang Baefesia, jo bo malebana le taolo ya Modimo (tsela ya gagwe ya go laola dilo tsa ntlo ya gagwe) joo a tla tsosolosang kutlwano le kagiso ka jone ka Jesu Keresete, kwantle ga pelaelo e ne e le kgothatso e kgolo le kgomotso go bone. (1:9, 10) Paulo o gatelela kafa kutlwano ya Mojuda le Moditšhaba mo go Keresete e tlhokafalang ka gone. O kgothaletsa bongwe fela, kutlwano. Ka jalo, jaanong re ka lemoga sentle bomolemo, bomosola, le gore tota buka eno e tlhotlheleditswe.
SEO SE LENG MO GO BAEFESIA
9. Modimo o bontshitse lorato lwa gagwe lo logolo jang, mme ke eng se Paulo a se rapelelang?
9 Boikaelelo jwa Modimo jwa go tlisa kutlwano ka Keresete (1:1–2:22). Paulo wa moaposetoloi o romela ditumediso. Modimo o tshwanetse go galalediwa ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe jo bo sa tshwanelang. Seno se malebana le go bo Ene a ba tlhophile go nna kutlwanong le Jesu Keresete, yoo ba boneng kgololesego ka ntlha ya thekololo ka madi a gagwe. Mme gape, Modimo o ba bontshitse lorato lo logolo lwa gagwe ka go dira gore thato ya gagwe e e boitshepo e itsiwe. Ka go bo o rulaganyeditse gore go nne le taolo, ya go “shōpanyetsa dilō cotlhe mo go Keresete,” yoo ba ileng ba abelwa go nna baruaboswa mmogo le ene. (1:10) Sesupo sa go sa le gale sa seno ke gore, ba ile ba kanelwa ka moya o o boitshepo. Paulo o rapelela gore ekete ba ka tlhatswega pelo ka botlalo ka tsholofelo eo ba e bileditsweng mme ba lemoge gore Modimo o tla dirisa nonofo e A neng a e dirisa go tsosa Keresete le mo go bone gape le ka go mo goletsa godimo ga goromente mongwe le mongwe le mmuso le go mo dira Tlhogo ya dilo tsotlhe mo phuthegong.
10. Baefesia ba nnile jang “bana ba motse mmōgō le baitshepi”?
10 Ka ntlha ya kutlwelobotlhoko ya gagwe e kgolo le lorato lwa gagwe, Modimo o ba tshedisitse, lemororo ba ne ba sule ka ntlha ya ditlolo tsa bone le maleo, mme o ba beile mmogo mo “mannoñ a selegodimo, mo go Keresete Yesu.” (2:6) Seno sotlhe se nna gone ka ntlha ya bopelonomi jo bo sa tshwanelang le ka ntlha ya tumelo mme ga se ka ntlha ya ditiro dipe fela tsa bone. Keresete ke kagiso ya bone ka go bo a thubile lokotswana, ditaolo tsa Molao, tseo di neng di kgaogantse Baditšhaba le Bajuda. Mme jaanong batho bano botlhe ba ka kgona go atamela Rara ka Keresete. Ka jalo Baefesia ga ba sa tlhole ba le baeng, mme ke “bana ba motse mmōgō le baitshepi” mme ba golela go nna tempele e e boitshepo ya ga Jehofa go nna mo go yone ka moya.—2:19.
11. “Bosaitsiweñ” ke eng, mme ke eng seo Paulo a rapelelang Baefesia mo go sone?
11 “Bosaitsiweñ yoa ga Keresete” (3:1-21). Modimo jaanong o senoletse baaposetoloi ba gagwe ba ba boitshepo le baperofeti “bosaitsiweñ yoa ga Keresete . . . go re, Badichaba ke baruaboshwa mmōgō nabō, le ditokololō tsa mmele mmōgō nabō, le batlhakanedi nabō ba polèlō ea choloheco mo go Keresete Yesu, ka Mahoko a a Molemō.” (3:4, 6) Ka bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa Modimo, Paulo o ne a fetogile modihedi wa seno, go bolela mahumo a a boitshegang a ga Keresete le go dira gore batho ba bone kafa bosaitseweng jo bo boitshepo bo diragadiwang ka teng. Botlhale jo bogolo jwa Modimo bo itsisiwe ka phuthego. Ka ntlha ya seno, Paulo o rapelela gore ba ka fiwa maatla ka moya wa Modimo gore ba tle ba kgone go itse lorato lwa ga Keresete ka botlalo, loo lo fetang kitso yotlhe, le go lemoga gore Modimo o ka “diha segolo thata bogolo go cotlhe tse re di lōpañ le tse re di gopolañ.”—3:20.
12. (a) Bakeresete ba tshwanetse go sepela jang, mme ka ntlhayang? (b) Ke dineo dife tseo Keresete a di fileng batho bangwe, mme a di ba felang? (c) Go ‘apara botho jo bosha’ go kopanyeletsang?
12 Go apara “motho eo mosha” (4:1–5:20). Bakeresete ba tshwanetse go tsamaya kafa go tshwanetseng mo pitsong ya bone, ka boikokobetso, bopelotelele le ka lorato, le ka sebofo se se kopanyang sa kagiso. Ka go bo go moya o le mongwe fela, tsholofelo e le nngwe fela, tumelo e le nngwe fela, le “Modimo o le moñwe hèla, le Rara oa botlhe, eo o godimo ga botlhe, le eo o dihañ ka botlhe, le eo o mo go botlhe.” (4:6) Ka jalo Keresete, ‘Morena yo mongwe fela,’ o tlhomile baperofeti, baefangele, badisa, le barutisi “gore baitshepi ba itekanèdiwè, le gore ba dihè tihō ea tihèlō ea phuthègō, le gore ba agèlèlè mmele oa ga Keresete.” Ka jalo, Paulo o kwala ka go re, “ka go bua boamarure mo loratoñ, re bè re golèlè èna mo diloñ cotlhe, èna eo e leñ tlhōgō, eboñ Keresete,” jaaka mmele oo ditokololo tsotlhe tsa one di dirisanang mmogo ka kutlwano. (4:5, 12, 15) Go tshwanetswe ga latlhiwa ditsela tsa botho jo bogologolo tsa boitsholo jo bo sa siamang, tse di senang mosola, le tsa botlhokakitso; motho mongwe le mongwe o tshwanetse go shafadiwa mo nonofong e e tlhotlheletsang mogopolo wa gagwe mme a ‘apare botho jo bosha jo bo bopilweng mo thatong ya Modimo le mo tshiamong ya boammaaruri le mo boitshepong jwa boammaaruri.’ Ereka botlhe e le boorammogo, ba tshwanetse go bua boammaaruri fa ba buisana le go latlha bogale, ba sa utswe, ba sa bue puo e e leswe, ba se peloetlhoi—ba sa hutsafatse moya o o boitshepo wa Modimo. Go na le moo, ba tshwanetse ‘go nna pelonomi le pelonamagadi mongwe mo go yo mongwe, ba itshwarelane, fela jaaka Modimo a ba itshwaretse fela ka go rata ka Keresete.’—4:24, 32.
13. Go nna moetsi wa Modimo, ke eng se motho a tshwanetseng go se dira?
13 Botlhe ba tshwanetse go nna baetsi ba Modimo. Ga baa tshwanela go fitlhelwa ba dira boaka, bomaswe, le go nna bogagapa, ka gore ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo ga ba kitla ba rua Bogosi. Paulo o kgothatsa Baefesia ka go re: “Sepelañ yaka bana ba lesedi.” “Lo lebè thata” kafa lo sepelang ka gone, lo sola lobaka molemo, ‘ka go bo metlha ke e e bosula.’ Ee, ba tshwanetse gore ba “tlhaloganyè go rata ga Morèna, go re, ke eñ” mme ba bue ka go baka Modimo ka go leboga.—5:8, 15-17.
14. Ke maikarabelo afe a a kopanetsweng ao banna le basadi ba nang le one?
14 Boineelo jo bo tshwanetseng; ntwa ya Bokeresete (5:21–6:24). Basadi ba tshwanetse go ineela mo banneng ba bone, fela jaaka phuthego e ineetse mo go Keresete, mme banna ba tshwanetse go nna ba ntse ba rata basadi ba bone, “hèla yaka Keresete le èna a ratile phuthègō, me a intshetsa eōna.” Ka tsela e e tshwanang, “mosadi a ipōnè, gore a boihè monna oa gagwè.”—5:25, 33.
15. Ke kgakololo efe eo Paulo a e fang malebana le bana le batsadi ba bone, malata le beng ba bone, le diaparo tsa phemelo tsa Mokeresete?
15 Bana ba tshwanetse go nna ka kutlwano le batsadi ba bone, ba le kutlo ba bile ba arabela mo kotlhaong e e tshiamo. Batlhanka le beng ba bone le bone ba tshwanetse go itshwara ka tsela e e itumedisang Modimo, ka go bo Mong wa batho botlhe ‘o kwa legodimong, mme ga go na tlhaolo epe ya batho mo go ene.’ Jalo he, a botlhe ba “nonohalè mo Moreneñ, le mo thateñ ea nonohō ea gagwè,” ba apare diaparo tsa phemelo tsotlhe tsa Modimo gore ba tle ba kgone go emelelana le Diabolo. “Le mo godimo ga cotlhe lo bo lo tseè thèbè ea tumèlō,” le “chaka ea Mōea, e e leñ lehoko ya Modimo.” Lo nne lo rapele, mme lo nne lo tsogile. Paulo o kopa gape gore ba mo rapelele, gore e tle e re ka go bua ka kgololesego a ‘utlwatse bosaitsiweng jwa mafoko a a molemo.’—6:9, 10, 16, 17, 19.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
16. Ke dipotso dife tseo karabo ya tsone e e mosola e fitlhelwang mo go Baefesia, mme ke eng seo se bolelwang kaga botho jo bo kgatlhisang Modimo?
16 Lokwalo lwa Baefesia lo ama karolo nngwe le nngwe ya botshelo jwa Bokeresete. Ka ntlha ya go oketsega ga mathata a jaanong a a hutsafatsang le boganana jo bo mo lefatsheng, kgakololo ya ga Paulo e e utlwalang le e e nang le mosola, e na le thuso e kgolo thata mo bathong ba ba eletsang go tshela ka tshiamo. Bana ba tshwanetse go itshwara jang fa ba na le batsadi ba bone, mme batsadi bone ba tshwanetse go itshwara jang mo baneng? Ke dilo dife tse monna a tshwanetseng go di dira malebana le mosadi wa gagwe, le mosadi mo monneng wa gagwe? Ke eng seo batho ba tshwanetseng go se dira fa ba le mo phuthegong gore go tle go nne le kutlwano le lorato le go boloka boitsheko jwa Bokeresete mo lefatsheng le le tletseng boikepo? Kgakololo ya ga Paulo e akaretsa dipotso tseno tsotlhe, mme o tswelela ka go bontsha seo se tlhokafalang mo go apareng botho jo bosha jwa Bokeresete. Ka go tlhatlhoba Baefesia, batho botlhe ba ka kgona go lemoga sentle gore ke botho jwa mofuta ofe jo bo kgatlhang Modimo le jo bo “bopilweñ mo tshiamoñ, le mo boitshepoñ yoa boamarure.”—4:24-32; 6:1-4; 5:3-5, 15-20, 22-33.
17. Ke eng seo Baefesia e se bontshang malebana le go dirisana ka kutlwano le dithulaganyo tsa phuthego?
17 Lokwalo lono gape lo bontsha gore ke eng fa batho bangwe ba tlhophetswe maemo mangwe le dikabelo mo phuthegong. “Gore baitshepi ba itekanèdiwè, le gore ba dihè tihō ea tihèlō ea phuthègō, le gore ba agèlèlè mmele oa ga Keresete,” gore e tle e gole. Ka go dirisana mmogo ka botlalo mo dithulaganyong tseno tsa phuthego, Mokeresete ‘ka lorato o ka golela ene mo dilong tsotlhe, ene yo e leng tlhogo, ebong Keresete.’—4:12, 15.
18. Ke eng se se tlhalosiwang ka phepafalo malebana le “bosaitsiweñ” le tempele ya semoya?
18 Lokwalo lwa Baefesia lo ne lwa solegela molemo phuthego eo ya pele fela thata mo go direng gore kutlwisiso ya bone kaga “bosaitsiweñ yoa ga Keresete” e oketsege fela thata. E ne ya tlhalosa ka phepafalo gore Bajuda ba ba nang le tumelo le “badichaba” ba ne ba bileditswe go nna “baruaboshwa mmōgō nabō, le ditokololō tsa mmele mmōgō nabō, le batlhakanedi nabō . . . ba polèlō ea choloheco mo go Keresete Yesu, ka Mahoko a a Molemō.” Lokotswana lo lo kgaoganyang, ebong “molaō oa ditaolō,” lo lo neng lo kgaoganya Baditšhaba le Bajuda lo ne lo nyeleditswe, mme jaanong ka ntlha ya madi a ga Keresete, botlhe ba ne ba fetogile batho ba le bangwe fela ba ba itshepileng ebile e le maloko a ntlo ya Modimo. Ka go farologana gotlhelele le tempele ya ga Artemis ya baheitane, bano ba ne ba agiwa mmogo le Keresete Jesu gore ba nne lefelo le Modimo a tla nnang mo go lone ka moya—“tempela e e boitshèpō mo Moreneñ.”—3:4, 6; 2:15, 21.
19. Ke tsholofelo efe le kgothatso tseo Baefesia e ntseng e tsweletse ka go di tlhagisa go fitlha mo motlheng ono?
19 Malebana le “bosaitsiweñ,” Paulo o ne a bua gape ka ‘[taolo, NW] ya go tla a sopaanyetsa dilo tsotlhe mo go Keresete, ebong dilo tse di kwa magodimong [ba ba tlhophetsweng go nna mo Bogosing jwa selegodimo] le dilo tse di mo lefatsheng [botlhe ba ba tla nnang mo lefatsheng mo nakong ya fa go busa Bogosi].’ Ka jalo go tlhalosiwa ka boikaelelo jo bo molemolemo jwa Modimo jwa go tsosolosa kagiso le kutlwano. Paulo o ne a rapelela Baefesia malebana le seno, bao matlho a dipelo tsa bone a neng a bulegile, gore ba tle ba tlhaloganye ka botlalo tsholofelo eo Modimo a neng a e ba file le gore ba bone “letlōtlō ya kgalalèlō ea boshwa yoa ōna mo baitshepiñ.” Mafoko ano a ka nna a bo a ile a ba kgothatsa fela thata mo tsholofelong e ba neng ba na nayo. Mme lokwalo lo lo tlhotlheleditsweng lwa Baefesia le ntse le tsweletse ka go agelela phuthego le go tla motlheng ono, gore re ‘tladiwe go ya go fitlha kwa botlalong jotlhe jwa Modimo.’—1:9-11, 18; 3:19.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Origin and History of the Books of the Bible, 1868, C. E. Stowe, tsebe 357.
b New Bible Dictionary, kgatiso ya bobedi, 1986, e e kwadilweng ke J. D. Douglas, tsebe 175.
c Insight on the Scriptures, Bol. 1, tsebe 182.