Kgaolo ya Boraro
Dilotlele Tse Pedi Tsa Lenyalo le le Tla Nnelang Ruri
1, 2. (a) Lenyalo le ne le diretswe go nna lobaka lo lo kana kang? (b) Mme seno se ka kgonega jang?
FA Modimo o ne o nyadisa monna le mosadi ba ntlha, ga go na sepe se se neng se supa gore ba tlile go nna mmogo ka lobakanyana fela. Atame le Efa ba ne ba tshwanetse go nna mmogo botshelo jotlhe. (Genesise 2:24) Modimo o tlhomile molao wa gore lenyalo le le tlotlegang ke la monna a le mongwe le mosadi a le mongwe. Dikwalo di ba letla go tlhalana le gore ba ka nyala gape fela fa mongwe wa bone kana boobabedi ba ka dira boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo.—Mathaio 5:32.
2 A go a kgonega gore batho ba babedi ba tshele mmogo ka boitumelo ka lobaka lo loleele lo lo sa lekanyediwang? Ee, e bile Baebele e bolela dilo tse pedi tsa botlhokwa, kana dilotlele tse di thusang gore seno se kgonege. Fa monna le mosadi ba di dirisa, ba tlile go lotlolola lebati la boitumelo le la masego a mantsi. Dilotlele tseno ke eng?
SELOTLELE SA NTLHA
3. Batho ba ba nyalaneng ba tshwanetse go tlhagolela mefuta efe e meraro ya lorato?
3 Selotlele sa ntlha ke lorato. Se se kgatlhang ke gore Baebele e bua ka mefuta e e farologaneng ya lorato. Lo longwe ke lorato lo lo bothito, lo lo tswang pelong, lorato lo ditsala tse di atamalaneng di ratanang ka lone. (Johane 11:3) Lo longwe ke lorato lo maloko a lelapa a ratanang ka lone. (Baroma 12:10) Lwa boraro ke lo motho a ratang motho wa bong bo sele ka lone. (Diane 5:15-20) Gone mme, monna le mosadi ba tshwanetse ba dira gore ba nne le dinonofo tseno tsotlhe. Mme e bile go na le lorato lo longwe lwa bonè, lo lo botlhokwa go a feta otlhe.
4. Mofuta wa bonè wa lorato ke ofe?
4 Mo puong ya ntlhantlha e Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika di neng di kwadilwe ka yone, mofuta ono wa bonè wa lorato o bidiwa a·gaʹpe. Lefoko leo le dirisiwa mo go 1 Johane 4:8, koo re bolelelwang jaana: “Modimo o lorato.” Eleruri, “rona re a rata, ka gobo [Modimo] o re ratile pele.” (1 Johane 4:19) Mokeresete o ithuta pele go rata Jehofa Modimo morago o ithuta go rata batho ba bangwe. (Mareko 12:29-31) Lefoko a·gaʹpe le dirisiwa gape jaana mo go Baefeso 5:2: “Lo sepele mo loratong, fela jaaka Keresete le ene a lo ratile, a intshetsa rona.” Jesu o ne a bolela gore balatedi ba gagwe ba boammaaruri ba tla bonwa ka go supa mofuta ono wa lorato: “Batho botlhe ba tlaa itse fa lo le barutwa ba me ka mo, fa lo ratana [a·gaʹpe].” (Johane 13:35) Ela tlhoko gape kafa a·gaʹpe e dirisiwang ka teng mo go 1 Bakorinthe 13:13: “Jaana go sala tumelo, le tsholofelo, le lorato, boraro jo; mme se segolo mo borarong jo ke lorato [a·gaʹpe].”
5, 6. (a) Ke eng fa lorato lo feta tumelo le tsholofelo? (b) Ke mabaka afe a a supang gore lorato lo ka dira gore lenyalo le nnele ruri?
5 Ke eng se se dirang gore lorato lono lwa a·gaʹpe lo bo lo le logolo go feta tumelo le tsholofelo? Lo laolwa ke melaometheo—melaometheo e e siameng—e e fitlhelwang mo Lefokong la Modimo. (Pesalema 119:105) Ke go amega ka ba bangwe, go ba direla se se siameng le se se molemo mo matlhong a Modimo ka bopeloephepa, lefa motho yo o direlwang jalo a tshwanela go direlwa jalo kana a sa tshwanele. Lorato lo lo ntseng jalo lo dira gore banyalani ba kgone go latela kgakololo eno ya Baebele: “Lo iphapaanye mongwe le yo mongwe; lo itshwarelane, fa motho mongwe a na le ngongorego ka ga yo mongwe; fela jaaka Morena a lo itshwaretse, le lona lo dire fela jalo.” (Bakolosa 3:13) Banyalani ba ba ratanang ba ‘ratana ka lorato [a·gaʹpe] lo lo tukang gonne lo tle lo bipe bontsi jwa dibe,’ e bile ba a le tlhagolela. (1 Petere 4:8) Ela tlhoko gore lorato lo bipa diphoso. Ga lo di nyeletse gonne ga go na motho ope yo o sa itekaneleng yo o sa direng diphoso.—Pesalema 130:3, 4; Jakobe 3:2.
6 Fa banyalani ba ithuta go rata Modimo le go ratana ka lorato lo lo ntseng jalo, lenyalo la bone le tla nnela ruri e bile ba tla itumela ka go bo “lorato ga lo ke lo tlhaela gope.” (1 Bakorinthe 13:8) Lorato ke “sebofo sa boitekanelo.” (Bakolosa 3:14) Fa e le gore o nyetse, wena le yo o nyalaneng nae lo ka ithuta go nna le mofuta ono wa lorato jang? Balang Lefoko la Modimo mmogo lo bo lo tlotleng ka lone. Ithuteng sekao sa ga Jesu sa lorato mme lo leke go mo etsa, go akanya le go dira jaaka ene. Mo godimo ga moo, nnang teng kwa dipokanong tsa Bokeresete, koo Lefoko la Modimo le rutiwang teng. Mme lo rapele Modimo gore o lo thuse gore lo nne le mofuta ono o o kwa godimo thata wa lorato, loo e leng loungo lwa moya o o boitshepo wa Modimo.—Diane 3:5, 6; Johane 17:3; Bagalatia 5:22; Bahebere 10:24, 25.
SELOTLELE SA BOBEDI
7. Tlotlo ke eng mme ke mang yo o tshwanetseng go supa tlotlo mo lenyalong?
7 Fa batho ba babedi ba ba nyalaneng ba ratana tota, ba tla tlotlana e bile tlotlo ke selotlele sa bobedi se se lereng boitumelo mo lenyalong. Tlotlo e tlhalosiwa e le “go akanyetsa ba bangwe, go ba tseela kwa godimo.” Lefoko la Modimo le gakolola Bakeresete botlhe, go akaretsa le banna le basadi ba ba mo lenyalong jaana: “Mo tlotlong, a mongwe a beye yo mongwe kwa pele.” (Baroma 12:10) Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Lona banna ba lo nyetseng, lo age le basadi ba lona ka fa kitsong, ka go naya mosadi tlotlo, jaaka e le sejana se se seng thata.” (1 Petere 3:7) Mosadi o gakololwa gore “a tlotle monna wa gagwe.” (Baefeso 5:33) Fa o batla go supetsa motho gore o mo tseela kwa godimo, o nna pelonomi mo mothong yoo, o tlotla seriti sa gagwe le dikgopolo tse a di ntshang e bile o nna o iketleeditse go dira sepe fela se a se go kopang.
8-10. Tlotlo e ka thusa ka ditsela dife gore kgolagano ya lenyalo e tlhomame go bo go nne le boitumelo?
8 Botlhe ba ba batlang go itumela mo manyalong a bone ba tlotla ba ba nyalaneng nabo ka go ‘se tlhokomele dilo tse e leng tsa bone fela, fa e se gore, ba tlhokomele le tse e leng tsa [ba ba nyalaneng nabo].’ (Bafilipi 2:4) Ga ba tlhokomele fela se se leng molemo go bone—goo e tla bong e le go supa bogagapa. Go na le moo, ba akanyetsa se se leng molemo thata mo go ba ba nyalaneng nabo. Ruri ba di baya kwa pele.
9 Tlotlo e tla thusa banyalani go dumela gore ba tla farologana ka megopolo. Tota ga go utlwale go lebelela gore batho ba babedi ba ka nna le dikgopolo tse di tshwanang mo go sengwe le sengwe. Se se ka tswang se le botlhokwa mo monneng se ka nna sa bo se se botlhokwa mo mosading, mme se mosadi a se ratang se ka nna sa se ka sa ratwa ke monna. Mme mongwe le mongwe o tshwanetse go tlotla dikgopolo le dilo tse di tlhophiwang ke yo mongwe fela fa di sa tlole melao le melaometheo ya ga Jehofa. (1 Petere 2:16; bapisa Filemone 14.) Mo godimo ga moo, mongwe le mongwe o tshwanetse go tseela seriti sa yo mongwe kwa godimo ka go sa bue dipuo kana metlae e e mo nyenyefatsang, ba le mo bathong kana ba le nosi.
10 Ee, go rata Modimo le go ratana le go tlotlana ke dilotlele tse pedi tse dikgolo tse di ka thusang gore lenyalo le atlege. Di ka dirisiwa jang mo dikarolong tse di botlhokwa thata tsa botshelo jwa lenyalo?
BOTLHOGO JO BO TSHWANANG LE JWA GA KERESETE
11. Go ya ka Dikwalo, tlhogo ya lenyalo ke mang?
11 Baebele e re bolelela gore monna o ne a bopiwa a na le dinonofo tse di neng di tla dira gore a atlege jaaka tlhogo ya lelapa. Ka jalo, monna o ne a tla rwala boikarabelo jo a bo filweng ke Jehofa jwa go tlamela mosadi wa gagwe le bana semoyeng le ka tse di tlhokwang ke mebele ya bone. O ne a tla tshwanela go dira ditshwetso tse di lekalekaneng tse di dumalanang le thato ya ga Jehofa le go nna sekao se se molemo sa motho yo o itsholang ka tsela ya bomodimo. “Basadi ba lo nyetsweng lo ineeleng mo banneng ba e leng ba lona, jaaka e ka bo e le mo go Morena, gonne monna ke tlhogo ya mosadi jaaka Keresete le ene e le tlhogo ya phuthego.” (Baefeso 5:22, 23) Lefa go ntse jalo, Baebele e bolela gore monna le ene o na le tlhogo, Mongwe yo a mo laolang. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Ke rata gore lo itse fa tlhogo ya monna mongwe le mongwe e le Keresete; le tlhogo ya mosadi ke monna; le tlhogo ya ga Keresete ke Modimo.” (1 Bakorinthe 11:3) Monna yo o botlhale o dirisa botlhogo jwa gagwe sentle ka go ithuta go etsa tlhogo ya gagwe, Keresete Jesu.
12. Jesu o ne a tlhoma sekao sefe sa go supa boikobo le go dirisa botlhogo?
12 Jesu le ene o na le tlhogo, ke Jehofa, e bile o Mo ikobela kafa a tshwanetseng ka teng. Jesu o ne a re: ‘Ga ke batle go rata ga me, fa e se go rata ga yo o nthomileng.’ (Johane 5:30) A sekao se se molemo ruri! Jesu ke “motsalwapele mo lobopong lotlhe.” (Bakolosa 1:15) E ne ya nna Mesia. O ne a tlile go nna Tlhogo ya phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng le Kgosi e e tlhophilweng ya Bogosi jwa Modimo, a okametse baengele botlhe. (Bafilipi 2:9-11; Bahebere 1:4) Le mororo Jesu a le mo boemong jo bo kwa godimodimo jalo e bile a lebeletse dilo tse di kwa godimo jalo, fa e ne e santse e le motho o ne a sa tshware batho makgwakgwa, e ne e se motho yo o sa ineeleng kana yo o batlang dilo tse di sa kgonegeng. O ne a sa gatelele, a sa nnele go gakolola barutwa ba gagwe gore ba tshwanetse go mo ikobela. Jesu o ne a le lorato e bile a le kutlwelobotlhoko, segolobogolo mo bathong ba ba neng ba gatelelwa. O ne a re: “Tlang kwano go nna lotlhe ba lo lapileng, ba lo imelwang, mme ke tlaa lo lapolosa. Ipeleseng jokwe ya me, lo ithute ga me; gonne ke bonolo le boingotlo mo pelong, mme lo tlaa bonela mewa ya lona tapologo. Gonne jokwe ya me e bonolo, le morwalo wa me o motlhofo.” (Mathaio 11:28-30) Go ne go le monate tota go nna nae.
13, 14. Monna yo o lorato o tla dirisa botlhogo jwa gagwe jang fa a etsa Jesu?
13 Monna yo o ratang go tshela ka boitumelo le lelapa la gagwe o tshwanetse go akanyetsa dinonofo tse di molemo tsa ga Jesu. Monna yo o molemo ga a tshware batho makgwakgwa e bile ga se modipa, yo o dirisang botlhogo jwa gagwe ka tsela e e sa siamang jaaka molangwana wa go gatelela mosadi wa gagwe. Go na le moo, o a mo rata le go mo tseela kwa godimo. E re ka Jesu a ne a le “boingotlo mo pelong,” monna ene o na le mabaka a mantsi a go nna jalo ka gore, go farologana le Jesu, ene o dira diphoso. Fa a di dirile o batla gore mosadi wa gagwe a mo utlwele botlhoko. Ka jalo, monna yo o boikokobetso o dumela diphoso tsa gagwe, lefa gone mafoko a a reng “Intshwarele; o ne o nepile,” a ka nna bokete go a bua. Mosadi o tla fitlhela go le motlhofo thata go tlotla botlhogo jwa monna yo o sa itseeleng kwa godimo le yo o boikokobetso go na le yo o ikgogomosang le yo o tlhogoethata. Mosadi yo o nang le tlotlo le ene o kopa maitshwarelo fa a dirile phoso.
14 Modimo o tlhodile mosadi a na le dinonofo tse dintle tse a ka di dirisang go lere boitumelo mo lenyalong. Monna yo o botlhale o tla di lemoga mme a ka se ka a mo kganela go di dirisa. Basadi ba bantsi ba kutlwelobotlhoko e bile ba kgona go lemoga se ba bangwe ba se tlhokang, tseo e leng dinonofo tse di tlhokegang mo go tlameleng lelapa le mo go nonotsheng botsalano. Gantsi, mosadi ke setswerere mo go direng legae lefelo le go leng monate go tshela mo go lone. “Mosadi yo o mokgwa o o iphaphileng” yo o tlhalosiwang mo go Diane kgaolo 31 o ne a na le dinonofo tse dintsi tse di kgatlhang le ditalente tse di gaisang e bile di ne di solegela lelapa la gagwe molemo ka botlalo. Ka ntlha yang? Ka gonne ‘pelo ya monna wa gagwe e ne e mo ikantse.’—Diane 31:10, 11.
15. Monna a ka supa lorato le tlotlo e e tshwanang le ya ga Keresete mo mosading wa gagwe jang?
15 Mo bathong ba dingwao tse dingwe, monna o na le taolo e ntsi thata, mo e leng gore go mmotsa potso fela go lejwa e le go mo nyatsa. A ka tshwara mosadi wa gagwe jaaka lelata. Go dirisa botlhogo ka tsela e e ntseng jalo e e phoso ga go dire gore a se ka a nna le botsalano jo bo siameng le mosadi wa gagwe fela mme gape go dira gore a se nne le botsalano jo bo siameng le Modimo. (Bapisa 1 Johane 4:20, 21.) Kafa letlhakoreng le lengwe, banna ba bangwe ga ba etelele pele ka gope mme ba letla basadi ba bone gore ba laole thata mo lelapeng. Monna yo o ikobelang Keresete sentle ga a berekise mosadi wa gagwe thata kana go mo tshwara ka tsela e e sa supeng tlotlo. Go na le moo, o etsa lorato lwa go intsha setlhabelo lwa ga Jesu a bo a dira jaana jaaka Paulo a gakolola: “Banna, ratang basadi ba lona, fela jaaka Keresete le ene a ratile phuthego, mme a intshetsa yone.” (Baefeso 5:25) Keresete Jesu o ne a rata balatedi ba gagwe thata mo a neng a ba swela. Monna yo o siameng o tla leka go nna le boikutlo jo bo tshwanang jwa go tlhoka bogagapa, a leba dilo tse dintle tse mosadi wa gagwe a di dirang go na le gore a batle dilo tse di sa feleng mo go ene. Fa monna a ineetse mo go Keresete e bile a supa lorato le tlotlo tse di tshwanang le tsa ga Keresete, mosadi wa gagwe o tla tlhotlheletsega go ineela mo go ene.—Baefeso 5:28, 29, 33.
GO INEELA JAAKA MOSADI
16. Mosadi o tshwanetse go supa dinonofo dife fa a dirisana le monna wa gagwe?
16 Morago ga lobakanyana fa Atame a sena go bopiwa, “Jehofa Modimo a re: ‘Ga go molemo fa monna a ka nna a le esi; ke tlaa mo direla thuso e e mo lebanyeng.’” (Genesise 2:18) Modimo o ne a bopa Efa gore e nne ‘mothusi,’ e seng motho yo a neng a tlile go gaisana nae. Lenyalo e ne e sa tle go nna sekepe se se nang le bokapotene ba babedi ba ba gaisanang. Monna o ne a tshwanetse go dirisa botlhogo jwa gagwe ka lorato mme mosadi wa gagwe o ne a tshwanetse go supa lorato, tlotlo le go ineela mo go ene fela ka go rata.
17, 18. Mosadi a ka nna mothusi wa mmatota wa monna wa gagwe ka ditsela dife?
17 Lefa go ntse jalo, mosadi yo o molemo ga a ikokobetse fela. O leka go nna mothusi tota, a ema monna wa gagwe nokeng mo ditshwetsong tse a di dirang. Gone mme, go motlhofo go dira jalo fa a dumalana le ditshwetso tsa gagwe. Mme lefa go sa nna jalo, tsela e a dirisanang le ene ka yone e ka thusa gore ditshwetso tsa gagwe di atlege.
18 Mosadi a ka thusa monna wa gagwe gore e nne tlhogo e e molemo ka ditsela dingwe. A ka bolela fa a itumelela maiteko a gagwe a go etelela pele, go na le gore a nnele go mo tshwaya diphoso kana go mo dira gore a ikutlwe gore ga a kake a mo kgotsofatsa le e seng. Fa a dirisana le monna wa gagwe ka tsela e e tshwanetseng, o tshwanetse go gakologelwa gore ‘mowa wa boikokobetso le tidimalo . . . o tlhokega thata mo matlhong a Modimo,’ e seng fela mo matlhong a monna wa gagwe. (1 Petere 3:3, 4; Bakolosa 3:12) Go tweng fa monna wa gagwe a sa dumele? Lefa go ka tswa go ntse jalo kana go sa nna jalo, Dikwalo di kgothaletsa basadi “go rata banna ba bone, le go rata bana ba bone. Le go nna mogopolo o o lekalekanyeng, ba le boitsheko, e le ba ba itirelang mo gae, ba le pelonomi, ba le kutlo mo banneng ba bone, gore lefoko la Modimo le se tlhapadiwe.” (Tito 2:4, 5) Fa go tla dikgang tse di batlang tshwetso e e dirwang go ikaegilwe ka segakolodi, monna yo o sa dumeleng gantsi o tla akanyetsa boemo jwa mosadi wa gagwe fa a bo mmolelela “ka boikokobetso le poifo.” Banna bangwe ba ba sa dumeleng ba ile ba ‘kgonwa kwa ntle ga lefoko ke mokgwa o montle wa basadi ba bone, ba bone mokgwa o montle wa bone, ba le bori go patagane le poifo.’—1 Petere 3:1, 2, 15; 1 Bakorinthe 7:13-16.
19. Mosadi o tshwanetse go dira eng fa monna wa gagwe a mo laela go tlola molao wa Modimo?
19 Go tweng fa monna a kopa mosadi wa gagwe go dira sengwe se Modimo o sa se dumeleleng? Fa go ka diragala, mosadi o tshwanetse go gakologelwa gore Modimo ke ene Mmusi wa gagwe yo mogolo. O tsaya sekao mo go seo baaposetoloi ba neng ba se dira fa balaodi ba ne ba ba laela gore ba tlole molao wa Modimo. Ditiro 5:29 e bolela jaana: “Petere le baaposetole ba fetola ba re: ‘Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.’”
PUISANO E E SIAMENG
20. Ke karolo efe ya botlhokwa e lorato le tlotlo di tlhokegang thata mo go yone?
20 Lorato le tlotlo di botlhokwa gape mo karolong e nngwe ya lenyalo—puisano. Monna yo o lorato o tla tlotla le mosadi wa gagwe ka ditiro tsa mosadi wa gagwe, mathata a gagwe, dikgopolo tsa gagwe ka dikgang tse di farologaneng. Mosadi o tlhoka seno. Monna yo o iphang nako ya go bua le mosadi wa gagwe le yo ruri a mo reetsang fa a bua o supa gore o a mo rata le gore o a mo tlotla. (Jakobe 1:19) Go na le basadi ba ba ngongoregelang gore banna ba bone ba tlotla le bone ka nako e khutshwane thata. Seo se utlwisa botlhoko. Ke boammaaruri gore mo metlheng eno e batho ba tshwaregileng thata mo go yone, banna ba ka nna ba dira diura tse dintsi thata kwa ntle ga legae le mathata a ikonomi a ka nna a dira gore mosadi le ene a ye go dira. Mme banyalani ba tshwanetse ba dira gore ba nne le nako ya go nna mmogo. Go sa nneng jalo, mongwe le mongwe a ka nna a dira dilo yo mongwe a sa itse. Seo se ka baka mathata a masisi fa ba ikutlwa ba patelesega go nna le tsala nngwe kwa thoko e e ka ba utlwelang botlhoko.
21. Puo e e siameng e tla thusa jang go boloka lenyalo le itumetse?
21 Tsela e basadi le banna ba ba nyalaneng ba buisanang ka yone e botlhokwa. “Mafoko a a monate . . . a monate mo moweng, e bile ke phodiso mo marapong.” (Diane 16:24) Kgakololo eno ya Baebele e a dira lefa motho yo o nyalaneng nae a ka tswa a dumela kana e se yo o dumelang: “A puo ya lona e nne ntle ka metlha yotlhe, e lokilwe ka letswai,” ke gore, e le e e tshwanetseng. (Bakolosa 4:6) Fa motho a tlhotse a na le mathata, mafokonyana fela a a supang bopelonomi a go mo utlwela botlhoko a a buiwang ke yo a nyalaneng nae a ka thusa thata. “Lefoko le le buiwang ka tebang ya lone, le tshwana jaaka boapole ba gouta mo dirotong tsa selefera.” (Diane 25:11) Segalo sa lentswe la gagwe le mafoko a o a buang a botlhokwa thata. Ka sekai, mongwe a ka nna a bua jaana le yo mongwe a tletse pelo e bile a sa mo kope: “Tswala lebati leo!” A bo mafoko ano a tla bo a “lokilwe ka letswai” fa a ka a bua a ritibetse ka lentswe le le supang bopelotelele a re, “A o ne o ka se ka wa tswala lebati, tsweetswee?”
22. Banyalani ba tlhoka go nna le boikutlo bofe gore ba buisane sentle?
22 Puisano e nna molemo thata fa mafoko a buiwa ka bonolo le fa lo supa botsalano fa lo lebana le ka mebele, ka bopelonomi, ka botlhale le ka lorato. Fa monna le mosadi ba dira ka natla gore ba buisane sentle ba tla ikutlwa ba gololesegile go bolela dilo tse ba di tlhokang e bile ba ka kgona go gomotsana le go thusana fa ba swabisitswe ke sengwe kana ba ngomogile pelo. Lefoko la Modimo le kgothatsa jaana: “Nametsang ba ba lapang pelo.” (1 Bathesalonika 5:14) Go tla nna le dinako tse monna a tla bong a hutsafetse le dinako tse go tla bong go hutsafetse mosadi. Ba ka ‘nametsana,’ ba agana.—Baroma 15:2.
23, 24. Lorato le tlotlo di tla thusa jang fa ba sa dumalane ka sengwe? Naya sekai.
23 Banyalani ba ba ratanang le ba ba tlotlanang ga e kitla e re nako le nako fa ba sa dumalane ba bo ba leba seo e le bothata jo bogolo. Ba tla dira ka natla gore ba se ka ba “galefelana botlhoko.” (Bakolosa 3:19, NW) Ba tshwanetse go gakologelwa boobabedi gore “phetolo e e bonolo e thibosa bogale.” (Diane 15:1) Ela tlhoko gore o se ka wa nyenyefatsa kana wa kgala motho yo o nyalaneng nae fa a bolela kafa a ikutlwang ka teng mo pelong. Go na le moo, leba seo jaaka tshono ya go itse kgopolo ya gagwe. Lekang lotlhe go rarabolola dilo tse lo sa dumalaneng mo go tsone mme lo dire tshwetso e le nngwe.
24 Gakologelwa nako ya fa Sara a ne a akantsha monna wa gagwe, Aberahame kafa ba neng ba ka rarabolola bothata bongwe ka gone mme ba ikutlwa ka ditsela tse di sa tshwaneng. Lefa go ntse jalo, Modimo o ne a raya Aberahame a re: “O reetse lentswe la ga Sara.” (Genesise 21:9-12) Aberahame o ne a dira fela jalo mme o ne a segofadiwa. Ka tsela e e tshwanang, fa mosadi a akantsha sengwe se se farologaneng le se monna a se akantseng, go ka nna botoka fa a ka mo reetsa. Gape, mosadi ga a tshwanela go nnela go bua mme o tshwanetse go reetsa se monna wa gagwe a batlang go se bua. (Diane 25:24) Monna kana mosadi o a bo a sena lorato fa a gatelela gore dilo di dirwe jaaka ene a batla nako le nako.
25. Puisano e e siameng e tla oketsa jang boitumelo mo dikarolong tse di amang bokopano jwa monna le mosadi tsa botshelo jwa lenyalo?
25 Go botlhokwa thata gore banyalani ba buisane sentle fa go tla mo kgannyeng ya tlhakanelodikobo. Bogagapa le go tlhoka boikgapo di ka senya bokopano jono jwa monna le mosadi jwa lenyalo. Go botlhokwa gore ba bue ba gololesegile, ba supa bopelotelele. Fa yo mongwe a batlela yo mongwe molemo, ke ka sewelo o ka fitlhelang tlhakanelodikobo e le bothata jo bo masisi. Mo kgannyeng eno, fela jaaka mo go tse dingwe “a go se nne motho ope yo o ipatlelang molemo fela, mme a mongwe le mongwe a batlele wa ga gabo molemo.”—1 Bakorinthe 7:3-5; 10:24.
26. Le mororo lenyalo lengwe le lengwe le tla nna le boitumelo mmogo le mathata, banyalani ba tla bona boitumelo jang fa ba reetsa Lefoko la Modimo?
26 A bo Lefoko la Modimo le re neela kgakololo e e molemo jang ne! Ke boammaaruri gore manyalo otlhe a tla nna le dipaka tsa boitumelo le tsa mathata. Mme fa banyalani ba dira dilo go dumalana le megopolo ya ga Jehofa, jaaka e senolwa ke Baebele mme ba thaya botsalano jwa bone mo loratong lo lo laolwang ke melaometheo le tlotlo, ba ka tlhomamisa gore lenyalo la bone le tla nnela ruri le bo le nne le boitumelo. Ka go dira jalo, ba tla tlotlana gape ba tla tlotla le Mosimolodi wa lenyalo, Jehofa Modimo.
MELAOMETHEO ENO YA BAEBELE E KA THUSA . . . BANYALANI JANG GORE LENYALO LA BONE LE NNELE RURI BA BO BA ITUMELE?
Bakeresete ba boammaaruri ba a ratana.—Johane 13:35.
Bakeresete ba iketleeditse go itshwarelana.—Bakolosa 3:13.
Go na le thulaganyo e e tshwanetseng ya botlhogo.—1 Bakorinthe 11:3.
Go botlhokwa thata gore o bue se se siameng ka tsela e e siameng.—Diane 25:11.
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Go ratana le go tlotlana go dira gore lenyalo le atlege