Kgaolo ya Masomeamabedinnè
Lefatshe Leno Ga le Na Thuso Epe
1, 2. (a) Banni ba Jerusalema ba tshositswe ke eng? (b) Ke dipotso dife tse di ka bodiwang malebana le bothata jo Jerusalema a leng mo go jone?
BANNI ba Jerusalema ba tshogile—mme go a utlwala gore ba bo ba tshogile! Asiria, mmusomogolo o o maatla thata wa motlha oo, o tlhasetse “metse yotlhe e e sireletsegileng ya Juda mme a e gapa.” Jaanong, setlhopha se segolo sa masole a Asiria se tshosetsa motsemogolo wa Juda. (2 Dikgosi 18:13, 17) Kgosi Hesekia le banni ba bangwe botlhe ba Jerusalema ba tla dira eng?
2 E re ka metse e mengwe ya naga ya gagabo e setse e ole, Hesekia o a itse gore Jerusalema ga e ka ke ya itshwantsha le mophato o o nonofileng wa sesole wa Asiria. Mo godimo ga moo, Baasiria ba itsege thata ka bosetlhogo le thubakanyo. Mophato wa masole a setšhaba seo o boifisa mo e leng gore baganetsi ba one ba a tle ba tshabe fela ba sa o lwantsha! Fa Jerusalema a le fa gare ga naka tsa nare jaana, banni ba gone ba ka batla thuso kae? A ba ka falola masole a Asiria ka tsela nngwe? Mme go tlile jang gore batho ba Modimo ba tsene mo seemong seno? Go araba dipotso tseno, re tlhoka go leba kwa morago le go bona kafa Jehofa a neng a dirisana ka teng le setšhaba seno se a nang le kgolagano le sone mo dingwageng tse di fetileng.
Botlhanogi Kwa Iseraele
3, 4. (a) Setšhaba sa Iseraele se ne sa kgaoganngwa go nna magosi a mabedi leng le gone jang? (b) Jeroboame o ne a dira jang gore bogosi jwa bokone jwa ditso tse di lesome bo simolole dilo ka tsela e e sa siamang?
3 Go tloga ka nako ya fa Iseraele a ne a tswa kwa Egepeto go fitlha ka loso lwa ga Solomone morwa Dafide—lobaka lwa dingwaga tse di fetang 500 go se kae—ditso tse 12 tsa Iseraele e ne e le setšhaba se le sengwe se se utlwanang. Fa Solomone a sena go swa, Jeroboame o ne a etelela ditso tse di lesome tsa bokone pele fa di tsuologela ntlo ya ga Dafide, mme go tloga ka nako eo go ya pele setšhaba se ne sa kgaoganngwa go nna magosi a le mabedi. E ne e le ka ngwaga wa 997 B.C.E.
4 Jeroboame e ne e le kgosi ya ntlha ya bogosi jwa bokone jwa Iseraele, mme o ne a etelela batho ba gagwe pele mo ditirong tsa botlhanogi ka go emisetsa boperesiti jwa ga Arone le kobamelo e e tshwanetseng ya ga Jehofa ka boperesiti jo bo sa tshwanelang le tsamaiso ya kobamelo ya namane. (1 Dikgosi 12:25-33) Seo se ne se le makgapha mo go Jehofa. (Jeremia 32:30, 35) Ka ntlha ya lebaka leno le mabaka a mangwe, o ne a letla Iseraele a fenngwa ke Asiria. (2 Dikgosi 15:29) Kgosi Hoshea o ne a leka go roba jokwe ya Asiria ka go loga leano le Egepeto, mme leano leo le ne la palelwa.—2 Dikgosi 17:4.
Iseraele o ya Botshabelong Jwa Maaka
5. Iseraele o batla thuso kwa go mang?
5 Jehofa o batla go dira gore Baiseraele ba itharabologelwe.a Ka jalo o romela moporofeti Isaia ka tlhagiso eno: “A bo go latlhega ba ba fologelang kwa Egepeto ba batla thuso, ba ba ikanyang dipitse fela, le ba ba ikanyang dikara tsa ntwa, ka gonne di dintsi, le dipitse tsa ntwa, ka gonne di na le maatla a magolo thata, mme ba sa leba kwa Moitsheping wa Iseraele e bile ba sa batla Jehofa ka boene.” (Isaia 31:1) A mahutsana! Iseraele o ikanya dipitse le dikara tsa ntwa thata go feta Modimo o o tshelang, Jehofa. Go ya ka tsela ya senama e Iseraele a akanyang ka yone, dipitse tsa Egepeto di dintsi e bile di nonofile. Eleruri Egepeto e tla nna tsala ya botlhokwa kgatlhanong le mophato wa masole a Asiria! Le fa go ntse jalo, Baiseraele ba tla tloga ba lemoga gore go ikamanya ga bone le Egepeto ga go na mosola.
6. Ke ka ntlha yang fa go ya kwa Egepeto ga Iseraele go bontsha gore ga a na tumelo gotlhelele mo go Jehofa?
6 Banni ba Iseraele mmogo le Juda ba ineetse mo go Jehofa ka kgolagano ya Molao. (Ekesodo 24:3-8; 1 Ditiragalo 16:15-17) Fa Iseraele a batla thuso kwa Egepeto, o senola gore ga a na tumelo mo go Jehofa e bile o itlhokomolosa melao e e leng karolo ya kgolagano eo e e boitshepo. Ka ntlha yang? Ka gonne nngwe ya ditumalano tsa kgolagano eo ke gore Jehofa o solofeditse go sireletsa batho ba gagwe fa ba ka ineela mo go ene fela. (Lefitiko 26:3-8) Tumalanong le tsholofetso eo, Jehofa ga a bolo go nna a itshupa e le ‘kago ya phemelo mo motlheng wa matshwenyego.’ (Pesalema 37:39; 2 Ditiragalo 14:2, 9-12; 17:3-5, 10) Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a dirisa Moshe, motsereganyi wa kgolagano ya Molao, go bolelela dikgosi tsa nako e e tlang tsa Iseraele gore di se ka tsa ikokeletsa dipitse. (Duteronome 17:16) Go utlwa taelo eno go ne go tla bontsha gore dikgosi tseno di leba kwa go ‘Moitshepi wa Iseraele’ gore a ba sireletse. Ka maswabi, baeteledipele ba Iseraele ga ba na mofuta o o ntseng jalo wa tumelo.
7. Gompieno Bakeresete ba ka ithuta eng mo go tlhokeng tumelo ga Iseraele?
7 Seno se ruta Bakeresete sengwe gompieno. Baiseraele ba ne ba batla tshegetso e e bonalang ya Egepeto go na le e e maatla go gaisa tsotlhe e e tswang kwa go Jehofa. Fela jalo le gompieno, Bakeresete ba ka raelesega gore ba ikanye polokesego e e tswang mo dilong tsa senama—madi a bone a a mo bankeng, maemo mo setšhabeng, go nna le dikgolagano mo lefatsheng—go na le go ikanya Jehofa. Gone ke boammaaruri gore ditlhogo tsa malapa tsa Bakeresete di tsaya boikarabelo jwa tsone masisi jwa go tlhokomela malapa a tsone ka dilo tse di bonalang. (1 Timotheo 5:8) Mme ga ba ikanye dilo tse di bonalang. E bile ba itisa kgatlhanong le “keletso ya bopelotshetlha ya mofuta mongwe le mongwe.” (Luke 12:13-21) Jehofa Modimo ke ene fela “bogodimo jo bo sireletsegileng mo metlheng ya matshwenyego.”—Pesalema 9:9; 54:7.
8, 9. (a) Le fa dithulaganyo tsa Iseraele di ka tswa di lebega di utlwala, di tla felela ka eng, mme ka ntlha yang? (b) Ditsholofetso tsa batho di farologana jang le ditsholofetso tsa ga Jehofa?
8 E bile tota, Isaia o kgoba baeteledipele ba Iseraele ba ba logileng leano la go dira kgolagano le Egepeto, a re: “Gape o botlhale e bile o tla tlisa masetlapelo, mme ga a a busetsa mafoko a gagwe kwa morago; ruri o tla tsogologela ntlo ya badirabosula le thuso ya ba ba dirang se se utlwisang botlhoko.” (Isaia 31:2) Baeteledipele ba Iseraele ba ka nna ba akanya gore ba botlhale. A mme Mmopi wa lobopo ga se ene a leng botlhale go feta batho botlhe? Kafa go lebegang ka teng, leano la Iseraele la go batla thuso kwa Egepeto le botlhale. Le fa go ntse jalo, mo go Jehofa, go dira kgolagano e e ntseng jalo ya bopolotiki ke boaka jwa semoya. (Esekiele 23:1-10) Ka ntlha ya seo, Isaia o bolela gore Jehofa o tla “tlisa masetlapelo.”
9 Ditsholofetso tsa batho di itsege ka gore ga di ikanyege, mme batho ba ka se tlhomamisege gore ba tla sirelediwa. Kafa letlhakoreng le lengwe, Jehofa ene ga a tlhoke go “busetsa mafoko a gagwe kwa morago.” Eleruri o tla diragatsa se a se solofetsang. Lefoko la gagwe ga le boele kwa go ene le sa diragala.—Isaia 55:10, 11; 14:24.
10. Egepeto mmogo le Iseraele ba tla diragalelwa ke eng?
10 A Baegepeto ba tla nna tshireletso e e ikanyegang ya Iseraele? Nnyaa. Isaia o bolelela Iseraele jaana: “Le fa go ntse jalo, Baegepeto ke batho ba mo lefatsheng, ga se Modimo; le dipitse tsa bone ke nama, ga se moya. Jehofa o tla otlolola seatla sa gagwe, mme yo o thusang o tla kgotšwa, le yo o thusiwang o tla wa, mme ba tla khutla botlhe ka nako e le nngwe.” (Isaia 31:3) Fa Jehofa a otlolola seatla sa gagwe gore a diragatse katlholo a dirisa Asiria, mothusi (Egepeto) mmogo le mothusiwa (Iseraele) ba tla kgopiwa, ba we, mme ba tle bokhutlong.
Go wa Ga Samarea
11. Iseraele o itiretse rekoto efe ya boleo, mme go felela ka eng?
11 Jehofa ka boutlwelobotlhoko jwa gagwe o romela baporofeti kgapetsakgapetsa gore ba kgothatse Iseraele gore a ikwatlhaye mme a boele mo kobamelong e e itshekileng. (2 Dikgosi 17:13) Le fa go ntse jalo, Iseraele o oketsa boleo jwa gagwe jwa kobamelo ya namane ka go inaakanya le go laola ka bola, kobamelo ya ga Baale ya boitsholo jo bo sa siamang, le go dirisa dikota tse di boitshepo le mafelo a a kwa godimo. E bile Baiseraele ba dira gore “bomorwaabone le bomorwadiabone ba ralale molelo,” ba isetsa medimo ya badimona setlhabelo ka loungo lwa nama ya bone. (2 Dikgosi 17:14-17; Pesalema 106:36-39; Amose 2:8) Jehofa o ntsha molao ono gore a fedise boikepo jwa Iseraele: “Ruri Samarea le kgosi ya gagwe ba tla didimadiwa, jaaka kalana e e robegileng mo godimo ga metsi.” (Hosea 10:1, 7) Ka 742 B.C.E., masole a Asiria a tlhasela Samarea, motsemogolo wa Iseraele. Morago ga go dikanyediwa dingwaga di le tharo, Samarea o a wa, mme ka 740 B.C.E., bogosi jwa ditso tse di lesome bo a fela.
12. Jehofa o laetse gore go dirwe tiro efe gompieno, mme go diragala eng ka bao ba tlhokomologang tlhagiso eo?
12 Mo motlheng wa rona Jehofa o tlhomile tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe gore a tlhagise “batho gongwe le gongwe gore botlhe ba ikwatlhaye.” (Ditiro 17:30; Mathaio 24:14) Batho ba ba ganang tsela ya Modimo ya poloko ba tla tshwana le “kalana e e robegileng,” ba sentswe jaaka setšhaba sa batlhanogi sa Iseraele. Kafa letlhakoreng le lengwe, ba ba solofetseng mo go Jehofa “ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.” (Pesalema 37:29) Ka jalo he, a bo go le botlhale jang ne gore re tile diphoso tsa bogosi jwa bogologolo jwa Iseraele! A re ikanyeng Jehofa gotlhelele gore a re boloke.
Maatla a a Bolokang a ga Jehofa
13, 14. Jehofa o tshwaretse Siona mafoko afe a a gomotsang?
13 Motsemogolo wa Juda e bong Jerusalema o dikilometara di se kae go tswa mo molelwaneng o o kwa borwa wa Iseraele. Banni ba Jerusalema ba itse sentle gore go diragetse eng ka Samarea. Jaanong ba iphitlhela ba tshosediwa ke ene mmaba yo o tshosang yole yo o neng a fedisa moagelani wa bone wa kwa bokone. A ba tla ithuta sengwe mo go se se diragaletseng Samarea?
14 Mafoko a a latelang a ga Isaia a gomotsa banni ba Jerusalema. O ba tlhomamisetsa gore Jehofa o sa ntse a rata batho bano ba a dirileng kgolagano le bone, a re: “Jehofa o ntheile a re: ‘Fela jaaka tau e duma, tawana e e seriri, ka ntlha ya se e se tsomang, fa e bileditswe badisa ba palo e e feletseng, ga e kitla e tshosiwa ke lentswe la bone e bile ga e kitla e inama ka ntlha ya modumo wa bone; ka tsela e e tshwanang Jehofa wa masomosomo o tla lwela Thaba ya Siona le thota ya gagwe.’” (Isaia 31:4) Jehofa o tla sireletsa motse wa gagwe o o boitshepo e leng Siona ka tlhoafalo, fela jaaka tawana e eme e okame setsongwa sa yone. Go ikgantsha, go bua mafoko ape a go tshosetsa, le fa e le go tshikinyega ga masole a Asiria ga go kitla go faposa Jehofa mo boikaelelong jwa gagwe.
15. Jehofa o dirisana ka lorato le ka bopelotlhomogi jang le banni ba Jerusalema?
15 Jaanong ela tlhoko tsela e e bonolo le e e kutlwelobotlhoko e Jehofa a tla dirisanang ka yone le banni ba Jerusalema: “Jaaka dinonyane tse di fofang, Jehofa wa masomosomo o tla femela Jerusalema fela jalo. O tla mo femela a bo a mo golole. O tla mo rekegela a bo a mo falotse.” (Isaia 31:5) Nonyane e e nang le mamphorwana e a femela ka tlhoafalo e kgolo ka dinako tsotlhe. E fofa mo godimo ga mamphorwana a yone e tsharolotse diphuka, mme e ntshitse matlho dinameng gore e bone selo sepe fela se se ka tswang se le kotsi. Fa sebatana se atamela, e potlakela go tsurama fa tlase go sireletsa mamphorwana a yone. Jehofa le ene o tla tlhokomela banni ba Jerusalema jalo ka lorato ka ntlha ya Baasiria ba ba tlhaselang.
“Boang”
16. (a) Jehofa o ikuela jang ka lorato mo bathong ba gagwe? (b) Go tlhanoga ga batho ba Juda go bonala thata leng? Tlhalosa.
16 Jaanong Jehofa o gakolola batho ba gagwe gore ba leofile mme o ba kgothaletsa gore ba latlhe mekgwa ya bone e e phoso: “Boang, lo boele kwa go Yo bomorwa Iseraele ba mo tlhanogetseng thata.” (Isaia 31:6) Bogosi jwa ditso tse some jwa Iseraele bo ntse bo sa tsuologe bo le bosi. Batho ba Juda, ba gape e leng “bomorwa Iseraele,” ‘ba mo tlhanogetse thata.’ Seno se tla bonala thata bogolo jang fa Hesekia morwa Manase a nna kgosi, fela fa Isaia a sena go konela molaetsa wa gagwe wa boporofeti. Go ya ka pego ya Baebele, “Manase [o ne] a nna a faposa Juda le banni ba Jerusalema gore ba dire se se bosula go feta ditšhaba tse Jehofa a neng a di nyeleditse.” (2 Ditiragalo 33:9) Akanya fela! Jehofa o senya ditšhaba tsa boheitane ka gonne di dira dilo tse di maswe ka tsela e e makgapha, mme banni ba Juda bone, ba ba dirileng kgolagano le Jehofa, bone e bile ba dira bosula go feta batho ba ditšhaba tseo.
17. Maemo a gompieno a tshwana jang le a kwa Juda fa go ne go busa Manase?
17 Fa lekgolo la bo21 le simologa, maemo a tshwana thata le a Juda mo metlheng ya ga Manase. Lefatshe le tswelela pele go kgaokgaoganngwa ke letlhoo la bodumedi, la ditso, le la merafe. Dipolao tse di tsitsibanyang mmele, pogiso, petelelo, le se se bidiwang go twe ke go ganyaolwa ga merafe di amile dimilione tsa batho. Kwantle ga pelaelo, batho le ditšhaba—bogolo jang ditšhaba tsa Labokeresete—‘ba tlhanogile thata.’ Le fa go ntse jalo, re ka tlhomamisega gore Jehofa ga a ne a letla boikepo gore bo tswelele pele ka bosakhutleng. Ka ntlha yang? Ka ntlha ya se se diragetseng mo motlheng wa ga Isaia.
Jerusalema o a Gololwa
18. Rabeshake o tlhagisa Hesekia jang?
18 Dikgosi tsa Asiria di ne di dumela gore medimo ya tsone ke yone e di thusang go fenya mo ntweng. Buka ya Ancient Near Eastern Texts e na le mekwalo ya ga Ashurbanipal, kgosi ya Moasiria e e neng e bolela gore e kaelwa ke “Ashur, Bel, Nebo, medimo e megolo, marena [a gagwe], a (ka metlha) a gwantang fa thoko ga [gagwe], [fa a] fenya masole (a a nang le maitemogelo) a ntwa . . . mo tlhabanong e kgolo.” Mo motlheng wa ga Isaia, Rabeshake, yo o emelang Kgosi Senakeribe wa Asiria, le ene o bontsha gore o dumela kgang ya gore medimo e na le seabe mo dintweng tsa batho fa a bua le Kgosi Hesekia. O tlhagisa kgosi eno ya Bajuda gore e se ka ya ikaega ka kgang ya gore Jehofa o tla e boloka e bile o bolela gore medimo ya ditšhaba tse dingwe e ile ya palelwa ke go sireletsa batho ba yone mo mophatong o o nonofileng wa masole a Asiria.—2 Dikgosi 18:33-35.
19. Hesekia o itshwara jang fa Rabeshake a sotla?
19 Kgosi Hesekia o itshwara jang? Pego ya Baebele ya re: “Fela fa Kgosi Hesekia a utlwa, ka yone nako eo a gagoganya diaparo tsa gagwe a ipipa ka letsela la kgetsi mme a tsena mo ntlong ya ga Jehofa.” (2 Dikgosi 19:1) Hesekia o lemoga gore go na le a le Mongwe fela yo o ka mo thusang mo seemong seno se se tshosang. O a ikokobetsa a bo a kopa kaelo mo go Jehofa.
20. Jehofa o tla tsaya kgato jang go thusa banni ba Juda, mme ba tshwanetse ba ithuta eng mo go seno?
20 Jehofa o naya kaelo e a e kopiwang. O bolela jaana a dirisa moporofeti Isaia: “Mo letsatsing leo mongwe le mongwe wa bone o tla latlha medimo ya gagwe e e se nang mosola ya selefera le medimo ya gagwe e e se nang mosola ya gouta, e diatla tsa lona di e itiretseng e le boleo.” (Isaia 31:7) Fa Jehofa a lwela batho ba gagwe, medimo ya ga Senakeribe e tla senoga se e leng sone—ga e na mosola. Eno ke thuto e banni ba Juda ba tshwanetseng go e tsaya tsia. Le fa Kgosi Hesekia a ikanyega, lefatshe la Juda, fela jaaka Iseraele, le ntse le tletse ka medingwana. (Isaia 2:5-8) Gore banni ba Juda ba boe ba nne le kamano e e siameng le Jehofa go tla tlhokega gore ba ikwatlhaele maleo a bone mme ‘mongwe le mongwe wa bone a latlhe medimo ya gagwe e e se nang mosola.’—Bona Ekesodo 34:14.
21. Isaia o tlhalosa jang ka tsela ya boporofeti ditiro tsa ga Jehofa tsa katlholo kgatlhanong le Moasiria?
21 Jaanong Isaia o tlhalosa ka tsela ya boporofeti ditsela tse Jehofa a tlileng go atlhola mmaba yo o boifisang wa Juda ka tsone: “Moasiria o tla wa ka tšhaka, e seng ya motho; mme tšhaka, e e seng ya motho wa mo lefatsheng, e tla mo laila. Mme o tla tshaba ka ntlha ya tšhaka, le makau a gagwe a tla patelediwa go dira tiro e e boima.” (Isaia 31:8) Fa nako ya makgaolakgang e tla, banni ba Jerusalema ga ba tlhoke le fa e le go ntsha ditšhaka tsa bone mo dikgwatlheng tsa tsone. Tšhaka ya ga Jehofa, e seng ditšhaka tsa batho, e nyeletsa one masole a a ikantsweng thata a mephato ya Asiria. Fa e le Kgosi Senakeribe wa Asiria ene, “o tla tshaba ka ntlha ya tšhaka.” Fa masole a gagwe a le 185 000 a sena go bolawa ke moengele wa ga Jehofa, o boela gae. Moragonyana, fa a ntse a obamela modimo wa gagwe Niseroke, o bolawa ke bomorwawe.—2 Dikgosi 19:35-37.
22. Gompieno Bakeresete ba ka ithuta eng mo ditiragalong tsa ga Hesekia le masole a Asiria?
22 Ga go na ope, le fa e le ene Hesekia tota, yo o neng a kgona go bonela pele kafa Jehofa a neng a tla golola Jerusalema mo masoleng a Asiria ka teng. Le fa go ntse jalo, tsela e Hesekia a itshwarang ka yone mo bothateng jono, ke sekai se se molemo thata mo go bape fela ba ba lebanang le diteko gompieno. (2 Bakorintha 4:16-18) Fa re akanya kafa Baasiria bao ba ba tshosetsang Jerusalema ba itsegeng ba boifisa ka gone, go a utlwala go bo Hesekia a ne a tshogile. (2 Dikgosi 19:3) Le fa go ntse jalo, o ne a tshepa Jehofa, mme a kopa kaelo ya Gagwe, e seng ya motho. A bo go dira jalo go ne ga tlisetsa Jerusalema masego a magolo jang ne! Bakeresete ba ba boifang Modimo gompieno le bone ba ka nna ba fuduega thata mo maikutlong fa ba le mo mathateng. Mo maemong a le mantsi go a utlwala go bo ba ka boifa. Le fa go ntse jalo, fa re ‘latlhela tlhobaelo yotlhe ya rona mo go Jehofa,’ o tla re tlhokomela. (1 Petere 5:7) O tla re thusa go fenya poifo ya rona mme o tla re nonotsha gore re lebane le boemo jo bo re bakelang mathata.
23. Ke ka tsela efe jaanong Senakeribe e leng ene a salang ka letshogo, e seng Hesekia?
23 Kwa bofelong, Senakeribe, e seng Hesekia, ke ene a salang ka letshogo. Re ka batla thuso kwa go mang? Isaia o bolelela pele jaana: “‘Lefika la gagwe le legolo le tla feta ka ntlha ya letshogo le legolo, le dikgosana tsa gagwe di tla tshosiwa ke sesupo,’ go bua Jehofa, yo lesedi la gagwe le leng kwa Siona le yo leubelo la gagwe le leng kwa Jerusalema.” (Isaia 31:9) Medimo ya ga Senakeribe—“lefika” la gagwe, botshabelo jo a bo ikantseng—e a mo swabisa. E “feta ka ntlha ya letshogo le legolo,” jaaka go ka tualo. Mo godimo ga moo, tota le dikgosana tsa ga Senakeribe ga di na thuso epe e e kalo. Le bone ba mo poifong.
24. Ke molaetsa ofe o o utlwalang sentle o o ka ithutiwang mo go se se diragaletseng Moasiria?
24 Karolo eno ya boporofeti jwa ga Isaia ke molaetsa o o utlwalang sentle mo go ope yo o ka ikaelelang go ganetsa Modimo. Ga go na sebetsa sepe, le fa e le maatla, le fa e le sedirisiwa sepe se se ka kganelang maikaelelo a ga Jehofa. (Isaia 41:11, 12) Go ntse go ntse jalo, batho ba ba ipolelang gore ba direla Modimo mme ba mo tlogela ba ya go batla polokesego mo dilong tsa senama ba tla swabisiwa. Bape fela ba ba ‘sa lebang kwa Moitsheping wa Iseraele’ ba tla bona Jehofa a “tlisa masetlapelo.” (Isaia 31:1, 2) Eleruri, botshabelo bo le josi fela jwa mmatota le jo bo nnelang ruri ke Jehofa Modimo.—Pesalema 37:5.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Ditemana tsa ntlha tse tharo tsa Isaia kgaolo 31 di tshwanetse tsa bo di lebisitswe thata kwa go Iseraele. Ditemana tse thataro tsa bofelo di lebega di lebisitswe kwa go Juda.
[Setshwantsho mo go tsebe 319]
Batho ba ba ikanyang dilo tse di bonalang ba tla swaba nko go feta molomo
[Setshwantsho mo go tsebe 322]
Jehofa o tla sireletsa motse wa gagwe o o boitshepo jaaka tau e sireleditse se e se tsomileng
[Ditshwantsho mo go tsebe 324]
Lefatshe le kgaokgaogantswe ke letlhoo la bodumedi, la ditso le la merafe
[Setshwantsho mo go tsebe 326]
Hesekia o ne a ya kwa ntlong ya ga Jehofa a ya go kopa thuso